Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo jo bo Kgotsofatsang Tota mo Lefatsheng le Lesha la Modimo

Botshelo jo bo Kgotsofatsang Tota mo Lefatsheng le Lesha la Modimo

 Botshelo jo bo Kgotsofatsang Tota mo Lefatsheng le Lesha la Modimo

DAVID, * yo e leng monna wa Mokeresete e bile e le rre wa lelapa, o ne a fudugela kwa United States, a tlhomamisegile gore o tsaya kgato e e tshwanetseng. Le fa a ne a sa itumelele go tlogela mosadi wa gagwe le bana, o ne a tlhomamisegile gore fela fa a ka nna le madi a mantsi, a ka dira gore botlhe ba tshele botshelo jo bo botoka. Ka jalo o ne a dumela fa ba losika lwa gagwe ba ba nnang kwa New York ba ne ba mmitsa mme ka bonako o ne a bona tiro koo.

Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, David o ne a simolola go felelwa ke tsholofelo. O ne a sa tlhole a na le nako ya go dira dilo tsa semoya. Go na le nako e a kileng a batla a felelwa ke tumelo mo Modimong. O ne a itharabologelwa fa a sena go wela mo thaelong ya go dira boitsholo jo bo maswe. Ka gonne a ne a tlhomile mogopolo mo khumong, ka bonya ka bonya o ne a katogela  kgakala le sengwe le sengwe se a se tsayang se le botlhokwa. E ne e le nako ya gore a dire diphetogo.

Jaaka David, ngwaga le ngwaga batho ba bantsi ba fuduga kwa dinageng tse di humanegileng, ba na le tsholofelo ya gore ba tla tokafatsa seemo sa bone sa itsholelo. Mme gantsi ba latlhegelwa thata semoyeng. Bangwe ba setse ba kile ba ipotsa gore, ‘A Mokeresete a ka latelela dikhumo mme gape a huma malebana le Modimo?’ Bakwadi ba ba tumileng le baruti ba re go a kgonega. Mme jaaka David le ba bangwe ba ile ba lemoga, go thata tota gore o nne le se sengwe mme o se ka wa latlhegelwa ke se sengwe.—Luke 18:24.

Madi ga se Selo se se Maswe

Ee, madi a dirilwe ke batho. Jaaka dilo tse dingwe tse dintsi tse di dirilweng ke batho, one ka boone ga a maswe e bile ga a phoso. Tota one ke selo fela sa go reka. Ka jalo fa a dirisiwa sentle, a ka dira dilo tse di molemo. Ka sekai Baebele e a dumela gore ‘madi ke tshireletso,’ segolobogolo mo mathateng a a tlisiwang ke lehuma. (Moreri 7:12) Mme go lebega batho bangwe ba tsaya gore “madi ke tharabololo ya sengwe le sengwe.”—Moreri 10:19, New International Version.

Baebele e kgala botshwakga mme e re kgothaletsa go dira ka natla. Re tshwanetse go tlamela ba malapa a rona, mme fa re na le se se setseng, re na le ‘sengwe se re ka se abelang mongwe yo o tlhokang.’ (Baefeso 4:28; 1 Timotheo 5:8) Gape Baebele ga e kgothaletse go itshotla, mme e re kgothaletsa gore re itumelele dithoto tsa rona. Re bolelelwa gore re ‘tshole kabelo ya rona’ mme re itumelele go ja mofufutso wa diphatla tsa rona. (Moreri 5:18-20) Tota e bile, go na le dikai di le mokawana mo Baebeleng tsa banna le basadi ba ba ikanyegang ba gape ba neng ba humile.

Banna ba ba Ikanyegang ba ba Neng ba Humile

Aborahame yo e neng e le motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo, o ne a na le selefera le gouta e ntsi, e bile a na le batlhanka ba le makgolokgolo. (Genesise 12:5; 13:2, 6, 7) Le Jobe yo o siameng o ne a humile thata. O ne a na le diruiwa, batlhanka, gouta le selefera. (Jobe 1:3; 42:11, 12) Banna bano ba ne ba humile le fa re leba dilo ka tsela ya segompieno, mme gape ba ne ba humile malebana le Modimo.

Moaposetoloi Paulo o bitsa Aborahame a re ke “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo.” Aborahame o ne a sa timane e bile o ne a sa baya pelo ya gagwe mo dithotong tsa gagwe. (Baroma 4:11; Genesise 13:9; 18:1-18) Ka tsela e e tshwanang Modimo ka boene o ne a tlhalosa Jobe e le motho “yo o se nang molato e bile a thokgame.” (Jobe 1:8) Ka metlha o ne a nna a iketleeleditse go thusa bahumanegi le ba ba bogisiwang. (Jobe 29:12-16) Aborahame le Jobe ba ne ba ikantse Modimo go na le dikhumo tsa bone.—Genesise 14:22-24; Jobe 1:21, 22; Baroma 4:9-12.

Kgosi Solomone ke sekai se sengwe. E re ka Solomone e ne e le mojaboswa wa setulo sa  Modimo sa bogosi kwa Jerusalema, o ne a neilwe botlhale jwa bomodimo mme gape a na le dikhumo tse dintsi le kgalalelo. (1 Dikgosi 3:4-14) O ne a tshetse ka go ikanyega karolo e kgolo ya botshelo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa gagwe tsa bogolo “pelo ya gagwe [Solomone] e ne ya se ka ya itshupa e feletse mo go Jehofa.” (1 Dikgosi 11:1-8) Tota, tiragalo eno e e botlhoko e bontsha mangwe a mamena a a bakwang ke khumo. A re sekaseke a le mmalwa a one.

Mamena a Khumo

Kotsi e kgolo go di feta tsotlhe ke go rata madi le se a ka se rekang. Khumo e dira gore batho ba bangwe ba se ka ba kgotsofala le e seng. Fa Solomone a ne a simolola go busa, o ne a lemoga mokgwa oo mo bathong ba bangwe. O ne a kwala a re: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno. Seno le sone ke lefela.” (Moreri 5:10) Jesu le Paulo moragonyana ba ne ba tlhagisa Bakeresete ka lorato lono lo lo tsietsang.—Mareko 4:18, 19; 2 Timotheo 3:2.

Fa re simolola go rata madi re sa a tseye fela e le selo sa go re thusa go fitlhelela dilo dingwe, re itsenya mo kotsing ya go welwa ke dithaelo tsa mefuta yotlhe, go akaretsa go bua maaka, go utswa le boferefere. Judase Isekariota, mongwe wa baaposetoloi ba ga Keresete, o ne a oka mong wa gagwe fela ka ntlha ya dipapetlana di le 30 tsa selefera. (Mareko 14:11; Johane 12:6) Go rata madi ka tsela e e feteletseng go dirile gore bangwe ba obamele madi go na le go obamela Modimo. (1 Timotheo 6:10) Ka jalo ka metlha Bakeresete ba tshwanetse go leka go ikanyega fa ba tlhatlhoba maitlhomo a bone a go nna le madi a mantsi.—Bahebera 13:5.

Go lelekisa khumo gape go na le dikotsi tse dingwe tse di fitlhegileng. Sa ntlha, dikhumo di dira gore motho a itshepe. Jesu o ne a umaka seno fa a ne a bua ka “maatla a a tsietsang a dikhumo.” (Mathaio 13:22) Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe le ene o ne a tlhagisa Bakeresete gore ba se ka ba lebala Modimo fa ba dira dithulaganyo tsa kgwebo. (Jakobe 4:13-16) Ka gonne madi a dira gore re ikutlwe re ikemetse ka tsela nngwe, ba ba nang le one ba nna ba le mo kotsing ya go ikanya madi a ba nang le one go na le go ikanya Modimo.—Diane 30:7-9; Ditiro 8:18-24.

Sa bobedi, jaaka David yo o umakilweng kwa tshimologong a ile a lemoga, go lelekisa dikhumo go tlhoka gore motho a dirise nako e ntsi thata ya gagwe le nonofo mme seno ka bonya ka bonya se mo katosetsa kgakala le dilo tsa semoya. (Luke 12:13-21) Bahumi ba nna ba lebane le thaelo ya go dirisa se ba nang le sone fela gore ba ijese monate le gore ba dire dilo tse ba di ratang.

A lebaka le lengwe la go bo Solomone a ile a swa semoyeng e ka tswa e le go bo a ile a letla botshelo jwa gagwe jwa manobonobo gore bo mo iteye tsebe? (Luke 21:34) O ne a itse gore Modimo o ne a iletsa go dira kgolagano epe ya lenyalo le batho ba ditšhaba di sele. Mme le fa go ntse jalo, o ile a nyala lesomo la basadi ba ka nna sekete. (Duteronome 7:3) E re ka a ne a batla go itumedisa basadi ba gagwe ba ditšhaba di sele, o ne a leka go tlhakanya ditumelo gore a ba itumedise. Jaaka re bone fa godimo, ka bonya ka bonya pelo ya ga Solomone e ne ya katogela kgakala le Jehofa.

Ruri dikai tseno di re bontsha gore kgakololo eno ya ga Jesu e boammaaruri: “Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” (Mathaio 6:24) Ka jalo, Mokeresete a ka kgona jang go lebana le mathata a itsholelo a batho ba bantsi ba lebaneng le one gone jaanong? Sa botlhokwa le go feta seo, a re ka solofela botshelo jo bo botoka mo isagweng?

Botshelo jo bo Kgotsofatsang Tota bo Gaufi

Go farologana le ditlhogo tsa lotso Aborahame le Jobe le setšhaba sa Iseraele, balatedi ba ga Jesu ba neilwe thomo ya gore ba “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19, 20) Go diragatsa thomo eo go tlhoka nako le maiteko tse di neng di ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe. Ka jalo, selo sa botlhokwa se re ka se dirang gore re atlege ke gore re dire se Jesu a re laetseng gore re se dire: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi [jwa Modimo] le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:33.

David o ne a itharabologelwa fa a sena go batla a latlhegelwa ke lelapa la gagwe le bomoya jwa gagwe. Jaaka Jesu a solofeditse, fa David a ne a simolola gape go baya thuto ya Baebele, thapelo le bodiredi  jwa gagwe kwa pele mo botshelong, dilo tse dingwe tsotlhe di ne tsa simolola go tsamaya sentle. Ka iketlo kamano ya gagwe le mosadi wa gagwe le bana e ne ya boela gape ya nna jaaka e ne e ntse. O ne a boa gape a itumela a bo a nna le kgotsofalo. O sa ntse a dira ka natla. Ga se motho yo o ileng a huma fela ka bonako. Mme le fa go ntse jalo, o ithutile dithuto dingwe tsa botlhokwa thata mo tiragalong eno e e botlhoko.

David o ile a boa a akanya sentle ka mosola wa go fudugela ga gagwe kwa United States, mme o ititeile sehuba gore a ka se tlhole a letlelela madi gore a laole ditshwetso tse a di dirang. Jaanong o itse gore dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong—lelapa le le lorato, ditsala tse di molemo, le kamano le Modimo—di ka se rekwe ka madi. (Diane 17:17; 24:27; Isaia 55:1, 2) Ruri boitsholo jo bo siameng bo botlhokwa thata go feta dikhumo. (Diane 19:1; 22:1) David mmogo le lelapa la gagwe ba ikemiseditse go baya dilo tse di tlang pele kwa pele mo botshelong jwa bone.—Bafilipi 1:10.

Maiteko a batho ba a dirang go bopa setšhaba se se humileng tota mme se na le boitsholo jo bontle a iteile sefololetse gantsintsi. Le fa go ntse jalo, Modimo o solofeditse gore Bogosi jwa gagwe bo tla re naya letlepu la dilo tsa nama le tsa semoya tse re di tlhokang gore re tshele re itumetse. (Pesalema 72:16; Isaia 65:21-23) Jesu o ne a ruta gore batho ba itumela fa ba lemoga se ba se tlhokang semoyeng pele. (Mathaio 5:3) Ka jalo, re ka tswa re humile kana re humanegile, go baya dilo tsa semoya kwa pele gone jaanong ke tsela e e molemolemo e mongwe le mongwe wa rona a ka ipaakanyetsang ka yone lefatshe le lesha la Modimo le le tlang. (1 Timotheo 6:17-19) Ruri lefatshe leo e tla bo e le la setšhaba se se atlegileng mo dikhumong le ka tsela ya semoya.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Leina le fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Jobe o ne a ikanya Modimo, e seng dikhumo tsa gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong di ka se rekwe ka madi