Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moperesiti yo Mogolo yo o Neng a Atlholela Jesu Loso

Moperesiti yo Mogolo yo o Neng a Atlholela Jesu Loso

 Moperesiti yo Mogolo yo o Neng a Atlholela Jesu Loso

KA November 1990, banna ba ba berekang mo parakeng le mo tseleng e e ka nnang sekgala sa kilometara kafa borwa jwa Motse wa Bogologolo wa Jerusalema ba ne ba ribolola sengwe se se kgatlhang. Terekere e ne ya phutlhamisa ka phoso marulelo a legaga la bogologolo le go neng go fitlhelwa baswi mo go lone. Go tloga mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E. go ya go la ntlha la dingwaga C.E. lefelo leo e ne e le lefelo le legolo la go fitlha baswi. Mme selo se baithutamarope bano ba neng ba se fitlhela mo legageng leno se ne se kgatlha tota.

Mo legageng leno go ne go na le dibokoso di le 12 tse e leng polokelo ya marapo a ditopo, tse marapo a baswi a neng a tsenngwa mo go tsone fa setopo se sena go tlogelwa ngwaga otlhe mo mabitleng gore dinama tse di mo go sone di bole pele. Go ne ga fitlhelwa lebokoso lengwe le lentle le le gabilweng mo letlhakoreng, mme e ne e le lengwe la a mantle a a fitlhetsweng foo. Le ne le gabilwe leina leno, Yehosef bar Caiapha (Josefa morwa Kaiafase).

Bosupi bo akantsha gore lebitla leno e ka tswa e le la moperesiti yo o kwa godimo yo o neng a tshwere kgetsi e e botlhokwatlhokwa ya kgotlatshekelo e e kileng ya nna gone—ya ga Jesu Keresete. Rahisitori wa Mojuda e bong Josephus a re moperesiti yono yo o kwa godimo e ne e le “Josefa yo o neng a bidiwa Kaiafase.” Mo Dikwalong o bidiwa fela go twe ke Kaiafase. Ke ka ntlha yang fa re kgatlhegela go utlwa ka ene? Ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa gore a atlholele Jesu loso?

Lelapa le a Tswang mo go Lone

Kaiafase o ne a nyala morwadia moperesiti yo mongwe yo o kwa godimo yo o neng a bidiwa Anase. (Johane 18:13) Go ka direga gore kgolagano eno ya lenyalo e ne ya rulaganngwa dingwaga di le dintsi pele ba ka nyalana ka gonne malapa ano a mabedi a ne a batla go tlhomamisa gore bana ba bone ba nyalana le batho ba ba siameng. Seno se ne se raya gore lelapa lengwe le lengwe le sekaseke ka kelotlhoko masika a lelapa le lengwe go tlhomamisa gore ga go tsene ope mo losikeng lwa bone lwa seperesiti yo o sa tshwanelang go tsena. Go lebega malapa ano ka bobedi a ne a humile e bile e le a batho ba maemo a a kwa godimo, mme ba ka tswa ba ne ba humisiwa ke ditsha tse dikgolo tse ba neng ba ipha tsone mo Jerusalema. Ga go pelaelo gore Anase o ne a batla go tlhomamisa gore mogwe wa gagwe wa kamoso o tla nna radipolotiki yo  a tla mo ikanyang. Go lebega Anase le Kaiafase e ne e le maloko a lekoko le le nonofileng la Basadukae.—Ditiro 5:17.

E re ka Kaiafase e ne e le leloko la lelapa le le tlhageletseng la seperesiti, o tshwanetse a bo a ne a ithutile Dikwalo tsa Sehebera le thanolo ya tsone. O simolotse go direla kwa tempeleng a le dingwaga di le 20 mme ga go itsiwe gore o nnile moperesiti yo o kwa godimo leng.

Baperesiti ba ba Kwa Godimo le Baperesiti ba Bagolo

Kwa tshimologong, motho o ne a tlhomiwa go nna moperesiti yo o kwa godimo gonne a tswa mo lelapeng la baperesiti mme o ne a tla nna ene botshelo jotlhe jwa gagwe. Mme mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., Baheshemone ba ne ba tsaya ka dikgoka maemo a go nna moperesiti yo o kwa godimo. * Herode yo Mogolo o ne a tlhoma le go tlosa baperesiti ba ba kwa godimo a dira gore go bonale sentle gore ke ene yo o nang le thata ya go ba baya mo maemong ao. Babusi ba Baroma le bone ba ne ba dira sone se Herode a neng a se dira.

Diphetogo tseno di ne tsa dira gore go tlhamiwe setlhopha se Dikwalo di se bitsang “baperesiti ba bagolo.” (Mathaio 26:3, 4) Kwantle ga Kaiafase, setlhopha seno gape se ne se akaretsa ba e kileng ya bo e le baperesiti ba ba kwa godimo, mme ba tlositswe mo maemong ao, mme gone ba sa ntse ba tsewa e le baperesiti ba ba kwa godimo, ba ba tshwanang le Anase. Gape mo setlhopheng seno go ne go na le maloko a a gaufi a ba lelapa la baperesiti ba ba kwa godimo kana ba e kileng ya bo e le bone.

Baroma ba ne ba letla gore Bajuda ba maemo a a kwa godimo go akaretsa baperesiti ba bagolo e nne bone ba tsamaisang dilo mo Judea. Seno se ne sa dira gore puso ya Roma e kgone go laola porofense ya Judea le go bona madi a makgetho kwantle ga gore ba romele masole a le mantsi kwa Judea. Baroma ba ne ba lebeletse gore baperesiti bano ba Bajuda ba dire gore go nne le thulaganyo mo Judea le go sireletsa dilo tsa Roma. Babusi ba Roma ba ne ba sa rate baeteledipele ba Bajuda, mme baeteledipele ba Bajuda le bone ba ne ba tlhoile puso ya Roma. Mme gore Bajuda ba nne le puso e e tlhomameng le gore ba tshele sentle ba ne ba tshwanetse go dirisana mmogo le Baroma bano.

Ka nako ya ga Kaiafase, moperesiti yo o kwa godimo e ne e le moeteledipele wa dipolotiki yo e neng e le Mojuda. Anase o ne a tlhongwa mo maemong ano ke Quirinius, yo e neng e le mmusi wa Moroma kwa Siria ka 6 kana 7 C.E. Dipolelo tsa bogologolo tsa borabi di bontsha gore malapa a Bajuda ba maemo a a kwa godimo a a neng a eteletse pele a ne a le pelotshetlha, a ja ka losika, a le bagateledi e bile a tletse thubakanyo. Mokwadi mongwe o dumela gore e re ka Anase e ne e le moperesiti yo o kwa godimo, o ne a tla tlhomamisa gore mogwe wa gagwe o “tlhatlosiwa maemo ka bonako mme o newa maemo a a kwa godimo mo tempeleng; ka gonne fa Kaiafase a ne a le mo maemong a a kwa godimo o ne a tla solegela Anase molemo thata.”

Valerius Gratus, yo e neng e le mmusi wa kwa Judea, o ne a tlosa Anase mo maemong a gagwe mo e ka nnang ka 15 C.E. Ba bangwe ba bararo go akaretsa le mongwe wa bana ba ga Anase ba ne ba nna ba tlhatlhamana mo maemong ano mo lobakeng lo lokhutshwane thata. Kaiafase o ne a nna moperesiti yo o kwa godimo mo e ka nnang ka 18 C.E. Ponto Pilato yo o neng a tlhomiwa go nna mmusi wa Judea ka 26 C.E. o ne a tlogela Kaiafase e le moperesiti yo o kwa godimo dingwaga di le lesome tsa puso ya gagwe. Kaiafase o ne a ntse a le mo maemong ao a gagwe fa Jesu a ntse a dira bodiredi jwa gagwe le fa barutwa ba ntlha ba ne ba simolola tiro ya go rera. Mme gone Kaiafase o ne a sa rate molaetsa wa Bakeresete.

O Boifa Jesu le Baroma

Kaiafase o ne a tsaya Jesu a le kotsi e bile a le letshwenyo. Jesu o ne a ganetsa tsela e baperesiti ba neng ba tlhalosa melao ya Sabata ka yone a bo a leleka bagwebi le ba ba ananyang ka madi mo tempeleng a ba bolelela gore ba fetotse tempele “logaga lwa dinokwane.” (Luke 19:45, 46) Borahisitori bangwe ba dumela gore marekisetso ao a a neng a le mo tempeleng e ne e le a lelapa la ga Anase—gongwe leo e ne e le lengwe la mabaka a a neng a dira gore Kaiafase a leke go bolaya Jesu. Fa baperesiti ba bagolo ba ne ba rometse badiredibagolo gore ba ye go tshwara Jesu, badiredibagolo bano ba ne ba jele kgakge tota ka ntlha ya dilo tse a neng a di bua mo ba neng ba boa fela ba sa mo tshwara.—Johane 2:13-17; 5:1-16; 7:14-49.

Ela tlhoko se se neng sa direga fa baeteledipele ba Bajuda ba utlwa gore Jesu o tsositse Lasaro. Efangele ya ga Johane e bega gore: “Baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba phutha Sanehederine mmogo mme ba re: ‘Re tla dirang, ka gonne monna yono o dira  ditshupo di le dintsi? Fa re mo lesa ka tsela eno, botlhe ba tla dumela mo go ene, mme Baroma ba tla tla mme ba tseye lefelo la rona mmogo le setšhaba sa rona.’” (Johane 11:47, 48) Sanehederine e ne e leba Jesu jaaka motho yo o tlileng go ganetsa taolo e setlhopha seno sa bodumedi se nang le yone le yo o dirang gore go se ka ga nna le tolamo mo setšhabeng se Pilato a neng a lebeletse gore ba se tlhokomele. Mokgatlho le fa e ka nna ofe o Baroma ba neng ba ka o tsaya e le wa botsuolodi o ne o ka dira gore Baroma ba batle go tsenya letsogo mo tsamaisong ya Sejuda—e leng sengwe se Sanehederine e neng e sa batle gotlhelele gore se direge.

Le fa gone Kaiafase a ne a dumela gore Jesu o dira ditiro tse di gakgamatsang, ga a ka a dumela mo ene, go na le moo o ne a itlhophela go boloka maemo a gagwe le dithata tse a neng a na le tsone. Kaiafase o ne a ka amogela jang gore Lasaro o tsositswe? E re ka e ne e le Mosadukae, o ne a sa dumele mo tsogong ya baswi!—Ditiro 23:8.

Kaiafase o ne a itshupa gore o boikepo fa a ne a raya babusi ka ene a re: “Ga lo akanye gore go tswela lona mosola gore motho a le mongwe a swe mo boemong jwa batho mme e seng gore setšhaba sotlhe se senngwe.” Pego eo e tswelela jaana: “Le fa go ntse jalo, seno o ne a se ka a se bua go tswa mo go ene; ka gonne e ne e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, o ne a porofeta gore Jesu o ne a laoletswe go swela setšhaba, mme e seng setšhaba fela, mme go na le moo e le gore bana ba Modimo ba ba faletseng le bone a tle a ba phuthe ba nne bangwe. Jalo go tloga ka letsatsi leo go ya pele ba gakololana gore ba [bolaye Jesu].”—Johane 11:49-53.

Kaiafase o ne a sa lemoge se tota se neng se kaiwa ke mafoko a a neng a a bua. E re ka e ne e le moperesiti yo o kwa godimo, o ne a porofeta. * Loso lwa ga Jesu lo ne lo tla solegela batho molemo—mme e seng Bajuda fela. Setlhabelo sa gagwe sa thekololo se ne se tla golola batho botlhe mo bokgobeng jwa boleo le loso.

Leano la Polao

Baperesiti ba bagolo ba Bajuda le banna ba ba godileng ba ne ba kokoana kwa lelapeng la ga Kaiafase go tlotla ka kgang ya gore ba ne ba tla tshwara jang Jesu le go mmolaya. Go lebega moperesiti yo o kwa godimo a ne a ba thusa ka go buisana le Judase Isekariota ka madi a Judase a neng a tla a batla gore a oke Jesu. (Mathaio 26:3, 4, 14, 15) Le fa go ntse jalo, go bolaya motho a le mongwe fela go ne go se kitla go kgotsofatsa boikaelelo jo bo bosula jwa ga Kaiafase. “Baperesiti ba bagolo jaanong ba gakololana go bolaya le Lasaro, ka gonne ka ntlha ya gagwe bontsi jwa Bajuda bo ne bo . . . dumela mo go Jesu.”—Johane 12:10, 11.

Mongwe wa batho ba ba neng ba le mo setlhopheng se se neng se rometswe go ya go tshwara Jesu e ne e le motlhanka wa ga Kaiafase e bong Maleko. Motshwara o ne a isiwa pele kwa go Anase gore a mmotsolotse mme morago ga moo a isiwa kwa go Kaiafase yo o neng a setse a phuthile banna ba bagolo ba Bajuda gore ba tle go tshwara tsheko ya bosigo e e neng e se kafa molaong.—Mathaio 26:57; Johane 18:10, 13, 19-24.

Kaiafase ga a ka a tshwenyega fa basupi ba maaka ba ne ba sa dumalane ka dilo tse ba neng ba di bua kgatlhanong le Jesu. Moperesiti yono yo o kwa godimo o ne a itse sentle se balogamaano ka ene ba neng ba se akanya ka mongwe le mongwe yo o neng a ipitsa Mesia. Ka jalo o ne a batla go itse gore a Jesu o ne a ipitsa jalo. Jesu o ne a araba ka gore batho bano ba ba neng ba mmaya molato ba ne ba tla mmona a “ntse ka fa seatleng sa moja sa maatla mme a tla ka maru a legodimo.” A dira jaaka e kete ke modumedi tota, “moperesiti yo mogolo a gagola diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle, a re: ‘O tlhapaditse! Re sa ntse re tlhokelang basupi?’” Sanehederine e ne ya dumalana ka gore Jesu o tshwanelwa ke go swa.—Mathaio 26:64-66.

Baroma ke bone ba neng ba ntsha tetla ya gore motho a bolawe. Go lebega Kaiafase yo e neng e le motsereganyi fa gare ga Baroma le Bajuda e ne ya nna ene a tlhalosang kgetsi eno ya ga Jesu mo go Pilato. Fa Pilato a ne a batla go golola Jesu, Kaiafase o tshwanetse a bo a ne a le fa gare ga baperesiti ba bagolo ba ba neng ba goa ba re: “Mmapole! Mmapole!” (Johane 19:4-6) Kaiafase o tshwanetse a bo a ne a rotloetsa boidiidi gore bo goe thata gore go gololwe mmolai go na le gore go gololwe Jesu, e bile o ne a le fa gare ga baperesiti ba bagolo ba ba neng ba ntse ba itimokanya ka go re: “Ga re na kgosi epe fa e se Kaesara.”—Johane 19:15; Mareko 15:7-11.

Kaiafase o ne a gana bosupi jwa gore Jesu o tsositswe. O ne a ganetsa Petere le Johane mme morago a ganetsa le Setefane. Gape Kaiafase o ne a naya Saulo tetla ya gore a tshware Mokeresete mongwe le mongwe yo a neng a ka mo fitlhela mo Damaseko. (Mathaio  28:11-13; Ditiro 4:1-17; 6:8–7:60; 9:1, 2) Le fa go ntse jalo, ka 36 C.E., mmusi wa Moroma kwa Siria e bong Vitellius, o ne a tlosa Kaiafase mo maemong a gagwe.

Mekwalo ya Sejuda ga e bue bontle ka ba lelapa la bo Kaiafase. Ka sekai Talmud ya kwa Babelona e bolela jaana ka kutlobotlhoko: “Ruri ke latlhegile ka ntlha ya bantlo ya ga Hanin [Anase], ruri ke latlhegile ka ntlha ya ditshebo tsa bone,” kana “go ntatofatsa ka dilo tse ke sa di dirang.” Go akanngwa gore ngongorego eno e kaya “dipokano tsa sephiri tse di neng di tshwarwa e le go loga maano a go gatelela batho.”

Se re Ithutang Sone ka Kaiafase

Moithuti mongwe o ne a tlhalosa baperesiti ba ba kwa godimo e le banna ba ba neng ba “nonofile, ba tletse tsietso e bile ba na le bokgoni—mme go ka direga gore ba ne ba ikgodisa.” Kaiafase o ne a palelwa ke go amogela Mesia gonne a ne a le boikgodiso. Ka jalo le rona ga re a tshwanela go kgobega marapo gompieno fa batho ba gana molaetsa wa Baebele. Bangwe ga ba kgatlhegele boammaaruri jwa Baebele mo ba ka tlogelang ditumelo tsa bone tse ba di ratang. Bangwe ba na le maikutlo a gore go fetoga bareri ba ba ikokobeditseng ba dikgang tse di molemo ke go ikisa kwa tlase. Mme melao ya Bokeresete le yone e dira gore ba ba sa ikanyegeng le ba ba pelotshetlha ba se ka ba batla go nna Bakeresete.

Moperesiti yo o kwa godimo e bong Kaiafase a ka bo a thusitse Bajuda mmogo le ene gore ba amogele Mesia, mme go rata go laola go ne ga dira gore a atlholele Jesu loso. Go lebega Kaiafase a ne a tswelela e le moganetsi go fitlha a swa. Pego ya tsela e Kaiafase a neng a itshwere ka yone e bontsha gore fa re swa, ga re tlogele marapo a rona fela kwa morago. Ka tsela e re itshwarang ka yone, re itirela leina le Modimo e ka tswa e le le le siameng kana le le sa siamang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Go bala ka hisitori ya Baheshemone, tsweetswee bona makasine wa Tora ya Tebelo ya June 15, 2001, ditsebe 27-30.

^ ser. 19 Mo nakong e e fetileng Jehofa o ne a kile a dirisa Balaame go bua mafoko a a boammaaruri a boporofeti a a neng a le malebana le Baiseraele.—Dipalo 23:1–24:24.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Josefa morwa Kaiafase

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Polokelo ya marapo a ditopo e e sa tswang go ribololwa

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Ossuary, inscription, and cave in background: Courtesy of Israel Antiquities Authority