Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Molemo o Tla Fenyang Bosula ka Teng

Kafa Molemo o Tla Fenyang Bosula ka Teng

 Kafa Molemo o Tla Fenyang Bosula ka Teng

Kgosi Dafide e ne e le monna yo o siameng. O ne a rata Modimo thata, a rata tshiamiso, e bile a rata batho ba maemo a a kwa tlase. Mme le fa go ntse jalo, kgosi eo e e molemo e ne ya dira boaka le mosadi wa mongwe wa banna ba gagwe ba ba ikanyegang. Mme fa Dafide a sena go lemoga gore o ne a imisitse mosadi yoo e bong Bathesheba, o ne a loga leano la gore monna wa gagwe a bolawe. Go tswa foo o ne a nyala Bathesheba e le fa a leka go fitlha melato ya gagwe.—2 Samuele 11:1-27.

GO BONALA sentle gore batho ba na le bokgoni jwa go dira dilo tse dintsi tse di molemo. Mme ke ka ntlha yang fa gape ba dira bosula jo bontsi jaana? Baebele e ntsha mabaka a le mmalwa a konokono. Gape e senola kafa Modimo a tla fedisang bosula ka teng ka bosakhutleng a dirisa Keresete Jesu.

Tshekamelo ya go Dira Bosula

Kgosi Dafide ka boene o ne a lemoga sengwe sa dilo tse di bakang ditiro tse di bosula. Fa melato ya gagwe e sena go senolwa, o ne a e amogela ka botlalo. Go tswa foo o ne a kwala jaana a ikwatlhaya: “Bona! Ke tsholetswe mo tlolong ka ditlhabi tsa pelegi, mmè o ne a inthwalela mo boleong.” (Pesalema 51:5) Maikaelelo a Modimo e ne e se gore bommè ba ime bana ba ba tla leofang. Le fa go ntse jalo, fa Efa le Adame ba ne ba itlhopela go tsuologela Modimo, ba ne ba latlhegelwa ke bokgoni jwa go tshola bana ba ba se nang boleo. (Baroma 5:12) Fa palo ya batho ba ba sa itekanelang e ntse e oketsega, go ne ga bonala sentle gore “tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.”—Genesise 8:21.

Fa tshekamelo eno ya go dira bosula e sa laolwe, e felela ka “kgokafalo, . . . bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko, go fufega,” le boitshwaro jo bongwe jo bo sa siamang jo Baebele  e bo tlhalosang e re ke “ditiro tsa nama.” (Bagalatia 5:19-21) Kgosi Dafide ene o ne a ineela mo bokoeng jwa nama mme a dira boaka, jo bo neng jwa felela ka tlhakatlhakano. (2 Samuele 12:1-12) O ne a ka kgona go ithiba mo tshekamelong eno ya go dira boitsholo jo bo sa siamang. Mme go na le moo go bo Dafide a ile a nna a akanya ka go batla ga gagwe Bathesheba, o ne a latela mokgwa o moragonyana morutwa Jakobe a neng a o tlhalosa jaana: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.”—Jakobe 1:14, 15.

Go ganyaolwa ga batho, petelelo le go thopiwa ga dilo mo go umakilweng mo setlhogong se se fetileng ke dikai tsa ditiro tse di feteletseng tse batho ba di dirang fa ba itetla go laolwa ke dikeletso tse di phoso.

Bosula bo Bakwa ke go Tlhoka Kitso

Se se diragaletseng moaposetoloi Paulo se bontsha lebaka la bobedi la go bo batho ba dira dilo tse di bosula. Ka nako ya fa Paulo a ne a swa o ne a tumile ka gore ke motho yo o bonolo, yo o lorato. O ne a intshitse setlhabelo ka bopelotshweu a direla bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bakeresete. (1 Bathesalonika 2:7-9) Kante pele ga foo, fa a ne a bidiwa Saulo, o ne a sa ntse a “hema go tshosetsa le go bolaya” setlhopha sone seo sa batho. (Ditiro 9:1, 2) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a letlelela dilo tse di bosula tse Bakeresete ba pele ba neng ba di dirwa mme le ene a di dira? A re: “Ka gonne ke ne ke se na kitso.” (1 Timotheo 1:13) Ee, pele Paulo o ne a na le “tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.”—Baroma 10:2.

Jaaka Paulo, batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba dirile ditiro tse di bosula ka gonne ba se na kitso ya boammaaruri ya se thato ya Modimo e leng sone. Ka sekai, Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Nako e etla fa mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla ithayang a re o diretse Modimo tirelo e e boitshepo.” (Johane 16:2) Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba diragalelwa ke sone se Jesu a neng a se bua. Mo dinageng tse dintsi, ba ile ba bogisiwa ba bo ba bolawa ke batho ba ba ipolelang gore ba direla Modimo. Ga go na pelaelo gore tlhagafalo e e ntseng jalo e e seng yone ga e itumedise Modimo wa boammaaruri.—1 Bathesalonika 1:6.

Mosimolodi wa Bosula

Jesu o ne a tlhalosa lebaka la konokono la go bo bosula bo le teng. Fa a ne a bua le baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba ikemiseditse go mmolaya, o ne a re: “Lo tswa mo go rraalona Diabolo, mme lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona. Ene yoo e ne e le mmolai fa a ne a simologa.” (Johane 8:44) Satane ke ene yo ka ntlha ya mabaka a gagwe a bopelotshetlha a ileng a raela Adame le Efa gore ba tsuologele Modimo. Botsuolodi joo bo ne jwa tlisa boleo le loso mo bathong botlhe.

Mokgwa wa ga Satane wa go rata go bolaya o ne wa senolwa mo tseleng e a neng a dirisana le Jobe ka yone. Fa Jehofa a ne a naya Satane tetla ya go leka boikanyego jwa ga Jobe, Satane o ne a sa kgotsofalela fela go amoga Jobe dithoto tsa gagwe. Gape o ne a bolaya bana ba gagwe ba ba lesome. (Jobe 1:9-19) Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, batho ba ile ba bona jaaka bosula  bo oketsega ka selekanyo se segolo, bo bakwa ke go bo batho ba sa itekanela le go bo ba se na kitso mme gape e le ka ntlha ya go bo Satane a itshunya nko mo dikgannyeng tsa batho. Baebele e tlhalosa gore Diabolo o ne a ‘piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba gagwe ba piriganyediwa kwa tlase le ene.’ Jone boporofeti joo bo ne jwa bolela bo nepile gore go piriganngwa moo ga ga Satane go ne go tla tlisetsa lefatshe ‘tatlhego’ e e iseng e ko e direge pele. Le fa Satane a sa kgone go pateletsa batho go dira dilo tse di bosula, ke mankge yo o “tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.”—Tshenolo 12:9, 12.

Tshekamelo ya go Dira Bosula e a Tlosiwa

Gore bosula bo fedisediwe ruri mo bathong, go tshwanetse ga fedisiwa pele tshekamelo e batho ba nang le yone ya go dira bosula, go tlhoka ga bone kitso e e tlhomameng, le tlhotlheletso ya ga Satane. Sa ntlha, tshekamelo e motho a tshotsweng a na le yone ya go dira boleo e ka tlosiwa jang mo pelong ya gagwe?

Ga go na ngaka epe kana kalafi epe ya batho e e ka dirang seo. Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o naya botlhe ba ba ratang kalafi ya boleo jo re bo ruileng le bosaitekanelang. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Madi a ga Jesu . . . a re phepafatsa mo boleong jotlhe.” (1 Johane 1:7) Fa motho yo o itekanetseng, Jesu a ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo ka go rata, o ne a “sikara maleo a rona mo mmeleng wa gagwe mo koteng, e le gore re tle re kgaogane gotlhelele le maleo re bo re tshelele tshiamo.” (1 Petere 2:24) Loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo lo tlosa diphelelo tsa bosula jo Adame a bo dirileng. Paulo a re Keresete Jesu o ne a nna “thekololo e e lekanang a e ntshetsa botlhe.” (1 Timotheo 2:6) Ee, loso lwa ga Keresete lo ne lwa bulela batho botlhe sebaka sa gore ba boe ba bone se Adame a neng a se latlha ka gore ba itekanele gape.

Le fa go ntse jalo, o ka nna wa botsa jaana, ‘Fa e le gore loso lwa ga Jesu dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng lo dirile gore batho ba boe ba itekanele gape, ke ka ntlha yang fa bosula le loso di ntse di le teng?’ Go bona karabo ya potso eo go ka thusa go fedisa selo sa bobedi se se bakang bosula—go bo batho ba sa itse maikaelelo a Modimo.

Molemo o Nonotshiwa ke Kitso e e Tlhomameng

Go nna le kitso e e tlhomameng ya se Jehofa le Jesu ba se dirang gone jaanong go fedisa bosula go ka nna ga thibela motho yo o peloephepa gore a se ka a mpampetsa ditiro tse di bosula a sa ikaelela kgotsa, se se maswe le go feta seo, gore a nne yo o tlhabanang “le Modimo.” (Ditiro 5:38, 39) Jehofa Modimo o ikaeletse go tlhokomologa diphoso tsa mo nakong e e fetileng tse batho ba di dirileng ka botlhokakitso. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua kwa Athena, o ne a re: “Modimo o tlodisitse dinako tsa botlhokakitso jo bo ntseng jalo matlho, le fa go ntse jalo jaanong o bolelela batho gongwe le gongwe gore botlhe ba ikwatlhaye. Ka gonne o tlhomile letsatsi le ka lone a ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo ka monna yo a mo tlhomileng, e bile o tlhomamiseditse batho botlhe ka seno ka a mo tsositse mo baswing.”—Ditiro 17:30, 31.

Paulo o ne a itse sentle gore Jesu o tsositswe mo baswing, ka gonne Jesu yo o tsositsweng o ne a bua le Paulo mme a dira gore a tlogele go bogisa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (Ditiro 9:3-7) Fa Paulo a sena go amogela kitso e e tlhomameng ka maikaelelo a Modimo, o ne a fetoga mme a nna motho yo o molemo tota a etsa Keresete. (1 Bakorintha 11:1; Bakolosa 3:9, 10) Gape, Paulo o ne a rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” ka matlhagatlhaga. (Mathaio 24:14) Mo dingwageng di ka nna 2 000 fa e sa le Jesu a swa a bo a tsoga, Keresete o tlhophile batho ba jaaka Paulo, ba tla busang le ene mo Bogosing jwa gagwe.—Tshenolo 5:9, 10.

Mo lekgolong la dingwaga le le fetileng go tla go fitlha gompieno Basupi ba ga Jehofa ba diragaditse thomo eno ya ga Jesu ka matlhagatlhaga: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”  (Mathaio 28:19, 20) Batho ba ba amogelang molaetsa ono ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng mo pusong ya ga Keresete ya kwa legodimong. Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Go thusa mongwe go bona kitso eno ke molemo o mogolo thata o motho a ka o direlang yo mongwe.

Batho ba ba amogelang dikgang tse di molemo tsa Bogosi ba na le dinonofo tse di tshwanang le “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo,” le fa ba dikologilwe ke bosula jo bontsi. (Bagalatia 5:22, 23) Ba etsa Jesu ka gore ba se ka ba “busetsa ope bosula ka bosula.” (Baroma 12:17) Mongwe le mongwe wa bone o leka ka natla go ‘nna a fenya bosula ka molemo.’—Baroma 12:21; Mathaio 5:44.

Fa Bosula bo Fenyediwa Ruri

Batho fela ka bobone ba ka se tsoge ba kgonne go fenya motshegetsi yo mogolo wa bosula, Satane Diabolo. Le fa go ntse jalo, mo bogautshwaneng Jehofa o tla dirisa Jesu go tapeta tlhogo ya ga Satane. (Genesise 3:15; Baroma 16:20) Gape Jehofa o tla kaela Keresete Jesu gore a ‘thubaganye a fedise’ ditsamaiso tsotlhe tsa bopolotiki, tse bontsi jwa tsone di sa bolong go baka bosula jo bontsi jaana mo hisitoring. (Daniele 2:44; Moreri 8:9) Mo letsatsing le le tlang la katlholo, botlhe ba ba “sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu . . . ba tla tlelwa ke kotlhao ya katlholo ya tshenyego ya bosakhutleng.”—2 Bathesalonika 1:8, 9; Sefania 1:14-18.

Fa Satane le botlhe ba ba mo emang nokeng ba fedisitswe, Jesu o tla thusa bafalodi go busetsa lefatshe kwa boemong jwa lone jwa pele, a dira seo a le kwa legodimong. Gape Keresete o tla tsosa botlhe ba ba tshwanelwang ke gore ba tshele mo lefatsheng le le baakantsweng. (Luke 23:32, 39-43; Johane 5:26-29) Ka go dira jalo, o tla dirolola dingwe tsa diphelelo tsa bosula jo bo bogisitseng batho.

Jehofa ga a na go pateletsa batho gore ba ikobele dikgang tse di molemo kaga Jesu. Le fa go ntse jalo, o naya batho sebaka sa gore ba nne le kitso e e isang botshelong. Go botlhokwa gore o dirise sebaka seno gone jaanong! (Sefania 2:2, 3) Fa o dira jalo, o tla ithuta kafa o ka lebanang ka teng le bosula jo bo sulafatsang botshelo jwa gago gone jaanong. Gape o tla bona kafa Keresete a tla etelelang pele ka teng fa bosula bo fenyediwa ruri.—Tshenolo 19:11-16; 20:1-3, 10; 21:3, 4.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Saulo o ne a mpampetsa ditiro tse di bosula ka gonne a ne a se na kitso e e tlhomameng

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go thusa mongwe gore a nne le kitso e e tlhomameng ka Modimo ke molemo o mogolo go feta yotlhe o motho a ka o direlang yo mongwe