Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gone Jaanong ke Nako ya go Tsaya Kgato ka Bonako

Gone Jaanong ke Nako ya go Tsaya Kgato ka Bonako

 Gone Jaanong ke Nako ya go Tsaya Kgato ka Bonako

“Lo tla okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng ka lobaka lo lo kae?”—1 DIKGOSI 18:21.

1. Ke eng se se dirang gore motlha wa rona o farologane thata jaana le metlha e e fetileng?

A O DUMELA gore Jehofa ke ene fela Modimo o o osi wa boammaaruri? A o a dumela gape gore boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno e e boikepo ya ga Satane? (2 Timotheo 3:1) Fa e le gore o a dumela, ga go pelaelo gore o tla dumalana gore nako e re tshelang mo go yone ke nako ya go tsaya kgato ka bonako. Batho ga ba ise ba ko ba tsamaye ba nne mo kotsing jaana mo hisitoring yotlhe ya bone.

2. Go ne go diregang mo bogosing jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele fa go ne go busa Kgosi Ahabe?

2 Mo lekgolong la bo lesome la dingwaga B.C.E., Baiseraele ba ne ba lebanwe ke go dira tshwetso e e masisi fela thata. Ba ne ba tlile go direla mang? Kgosi Ahabe, a tlhotlhelediwa ke mosadi wa gagwe wa moheitane, e bong Jesebele, o ne a kgothaletsa gore go obamelwe Baale mo bogosing jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele. Baale e ne e le modimo wa tsalo, yo go neng go twe o tshwanetse go tlisa pula le go dira gore dijalo di ungwe. Baobamedi ba le bantsi ba ga Baale ba tshwanetse ba bo ba ile ba atla medingwana ya bone kgotsa ba e ikobela. Go dira gore Baale a segofatse dijalo tsa bone kgotsa leruo la bone, baobamedi ba gagwe ba ne ba kopanela le diaka tsa tempele mo ditirong tse di tlhabisang ditlhong tsa tlhakanelodikobo. Gape ba ne ba na le mokgwa wa go itshegakaka go dira gore madi a elele.—1 Dikgosi 18:28.

3. Kobamelo ya ga Baale e ne ya ama batho ba Modimo jang?

3 Go ne go setse Baiseraele ba ka nna 7 000 ba ba neng ba gana go kopanela mo kobamelong eno ya medingwana, ya boitshwaro jo bo sa siamang, le e e tletseng thubakanyo. (1 Dikgosi 19:18) Ba ne ba nna ba kgomaretse kgolagano ya bone le Jehofa Modimo, mme seno sa dira gore ba bogisiwe. Ka sekai, Kgosigadi Jesebele o ne a bolaya baporofeti ba le bantsi ba ga Jehofa. (1 Dikgosi 18:4, 13) Ka ntlha ya maemo ano a a lekang, Baiseraele ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba dirisa mofuta o le mongwe wa kobamelo, ba ne ba leka go itumedisa Jehofa  kafa letlhakoreng le lengwe le Baale kafa go le lengwe. Mme ka go hularela Jehofa jalo mme ba obamela modimo wa maaka, Baiseraele ba ne ba bontsha botlhanogi. Jehofa o ne a solofetsa Baiseraele gore o ne a tla ba segofatsa fa ba ne ba ka mo rata le go ikobela melao ya gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a ba tlhagisa gore fa ba ne ba ka se ka ba mo naya “boineelo jo bo feletseng,” ba ne ba tla nyelediwa.—Duteronome 5:6-10; 28:15, 63.

4. Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba bolelela pele gore go ne go tlile go diregang mo gare ga Bakeresete, mme seno se ne sa diragadiwa jang?

4 Go na le boemo jo bo tshwanang le mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete gompieno. Maloko a kereke a ipitsa Bakeresete, mme malatsi a ba a ketekang, boitshwaro jwa bone, le dilo tse ba di dumelang ga di dumalane le se Baebele e se rutang. Fela jaaka Jesebele, baruti ba ditumelo tseno tse di ipitsang tsa Bokeresete ba di goga kwa pele mo go bogiseng Basupi ba ga Jehofa. Gape bone baruti bano ba itsiwe ka go tshegetsa dintwa mme ka go rialo ba na le molato mo go bolaweng ga dimilionemilione tsa batho ba bangwe ba ba tsenang kereke. Mo Baebeleng fa bodumedi bo tshegetsa dipuso tsa lefatshe ka tsela eno, seno se tsewa e le boaka jwa semoya. (Tshenolo 18:2, 3) Mo godimo ga moo, ditumelo tseno tse di ipitsang tsa Bokeresete di letlelela boaka jwa mmatota, tota le fa bo dirwa ke baruti. Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba bolelela pele gore go ne go tla nna le botlhanogi jo bogolo jono. (Mathaio 13:36-43; Ditiro 20:29, 30; 2 Petere 2:1, 2) Go tlile go felela kae ka batho ba ba fetang bilione ba ba mo ditumelong tseno tse di ipitsang tsa Bokeresete? Mme baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ba na le boikarabelo bofe mo go bone le mo go ba bangwe botlhe ba ba tsieditsweng ke bodumedi jwa maaka? Re kgona go araba dipotso tseno sentle fa re sekaseka ditiragalo tse di kgatlhang tse di neng tsa isa kwa go ‘nyelediweng ga ga Baale mo Iseraele.’—2 Dikgosi 10:28.

Lorato Lwa Modimo mo Bathong ba Gagwe ba ba Duleng mo Tseleng

5. Jehofa o ne a bontsha jang gore o amega ka batho ba gagwe ba ba duleng mo tseleng?

5 Jehofa Modimo ga a kgatlhwe ke go otlhaya ba ba sa ikanyegeng mo go ene. Jaaka Rre yo o lorato, o eletsa gore batho ba ba boikepo ba ikotlhaye mme ba sokologele kwa go ene. (Esekiele 18:32;  2 Petere 3:9) Go bontsha seno, Jehofa o dirisitse baporofeti ba le bantsi mo metlheng ya ga Ahabe le Jesebele go tlhagisa batho ba Gagwe ka se se tla diregang fa ba obamela Baale. Mongwe wa baporofeti bano e ne e le Elija. Morago ga leuba le le neng le tlhasetse, le go neng ga itsisiwe ka lone go sa le gale, Elija o ne a bolelela Kgosi Ahabe gore a phuthele Baiseraele le baporofeti ba ga Baale kwa Thabeng ya Karemele.—1 Dikgosi 18:1, 19.

6, 7. (a) Elija o ne a senola jang se tota se bakileng botlhanogi jwa Iseraele? (b) Baporofeti ba ga Baale ba ne ba dirang? (c) Elija ene o ne a dirang?

6 Go ne ga phuthegelwa kwa lefelong le go neng go na le sebeso sa ga Jehofa gone, “se se neng se rutlolotswe,” gongwe e le go itumedisa Jesebele. (1 Dikgosi 18:30) Ka maswabi, Baiseraele ba ba neng ba le teng moo ba ne ba sa tlhomamisege gore, e le Jehofa le Baale, ke mang yo o neng a kgona go nesa pula e ba neng ba e tlhoka thata jaana ka nako eo. Baale o ne a emetswe ke baporofeti ba le 450, fa Elija e ne e le ene fela moporofeti yo o emetseng Jehofa. Elija o ne a botsa batho potso eno go ba bontsha se tota e neng e le bothata: “Lo tla okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng ka lobaka lo lo kae?” Go tswa foo, a ba raya jaana a dirisa mafoko ano a a sa raraanang: “Fa Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, mo saleng morago; mme fa Baale e le ene, mo saleng morago.” Go tlhotlheletsa Baiseraele bano ba ba neng ba akabetse, gore ba neye Jehofa boineelo jo bo feletseng, Elija o ne a ntsha tshitshinyo ya gore go dirwe diteko gore go bonwe gore Modimo wa boammaaruri ke mang. Go ne go tshwanetse ga tlhabiwa dipoo tse pedi gore go dirwe ditlhabelo ka tsone, e nngwe e le ya ga Jehofa mme e nngwe e le ya ga Baale. Modimo wa boammaaruri o ne a tla ja setlhabelo sa gagwe ka molelo. Baporofeti ba ga Baale ba ne ba baakanya setlhabelo sa bone, go tswa foo ba fetsa diura di le dintsi ba ntse ba tlhaeletsa ba re: “Baale, re arabe tlhe!” Fa Elija a simolola go ba sotla, ba itshegakaka go fitlhelela madi a elela, mme ba goela kwa godimo thata. Mme go ne go se na karabo.—1 Dikgosi 18:21, 26-29.

7 Morago ga moo ga latela sebaka sa ga Elija. Sa ntlha, o ne a baakanya sebeso sa ga Jehofa mme a baya powana e e kgabetleletsweng mo go sone. Go tswa foo a laela gore go tshelwe dinkgo di le nnè tse dikgolo tsa metsi mo godimo ga setlhabelo. Go ne ga nna ga dirwa jalo gararo go fitlhela mosele o o neng o epilwe go dikologa sebeso o tlala ka metsi. Go tswa foo Elija a rapela a re: “Tlhe Jehofa, Modimo wa ga Aborahame, Isake le Iseraele, gompieno a go itsewe gore o Modimo mo Iseraele mme ke motlhanka wa gago le gore ke ka lefoko la gago ke dirileng dilo tseno tsotlhe. Nkaraba, tlhe Jehofa, nkaraba, gore batho bano ba itse gore wena, Jehofa, o Modimo wa boammaaruri le gore wena ka bowena o busitse pelo ya bone.”—1 Dikgosi 18:30-37.

8. Modimo o ne a arabela thapelo ya ga Elija jang, mme moporofeti yono o ne a tsaya kgato efe?

8 Modimo wa boammaaruri o ne a arabela ka go nyeletsa setlhabelo le sebeso ka molelo go tswa kwa legodimong. Molelo oo o ne wa nyeletsa le one metsi a a neng a le mo meseleng go dikologa  sebeso! Akanya fela gore go ile ga ama Baiseraele jang. “Ka bonako fela ba wa ka difatlhego tsa bone mme ba re: ‘Jehofa ke Modimo wa boammaaruri! Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!’” Mme jaanong Elija a tsaya kgato e nngwe ka bonako, a laela Baiseraele jaana: “Tshwarang baporofeti ba ga Baale! Lo se ka lwa letla ope wa bone go falola!” Mme baporofeti botlhe ba le 450 ba ga Baale ba ya go bolaelwa kwa tlase ga Thaba ya Karemele.—1 Dikgosi 18:38-40.

9. Baobamedi ba boammaaruri ba ne ba lekwa jang gape?

9 Mo letsatsing leo la ditiragalo, Jehofa o ne a tlisa pula mo lefatsheng lekgetlho la ntlha morago ga dingwaga di le tharo le sephatlo! (Jakobe 5:17, 18) O ka akanya fela Baiseraele ba tsamaya ba bua fa ba boela gae; Jehofa o bontshitse gore ke ene Modimo wa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, baobamedi ba ga Baale ga ba a ka ba latlhela seditse. Jesebele o ne a tswelela mo letsholong la gagwe la go bogisa batlhanka ba ga Jehofa. (1 Dikgosi 19:1, 2; 21:11-16) Ka gone batho ba Modimo ba ne ba lekwa gape gore ba ikanyega go le kana kang mo go ene. A ba ne ba tlile go naya Jehofa boineelo jo bo feletseng fa letsatsi la gagwe la katlholo mo baobameding ba ga Baale le tla?

Tsaya Kgato ka Bonako Gone Jaanong

10. (a) Mo metlheng ya rona, ke eng se Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntseng ba se dira? (b) Go rayang go ikobela taelo e e fitlhelwang mo go Tshenolo 18:4?

10 Mo metlheng ya rona, Bakeresete ba ba tloditsweng ba dirile tiro e e tshwanang le ya ga Elija. Ka molomo le ka dibuka, ba ile ba tlhagisa batho ba ditšhaba tsotlhe ba ba mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete le ba ba seng mo go tsone ka kotsi ya bodumedi jwa maaka. Ka ntlha ya moo ba le bantsi ba ile ba tsaya kgato ka bonako mme ba tswa mo bodumeding jwa maaka. Ba ile ba ineela mo go Jehofa mme ba nna barutwa ba ba kolobeditsweng ba ga Jesu Keresete. Ee, ba ile ba tsaya tsiya boikuelo jono jwa Modimo malebana le bodumedi jwa maaka: “Tswang mo go ene, batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe.”—Tshenolo 18:4.

11. Ke eng se motho a tshwanetseng go se dira gore Jehofa a mo amogele?

11 Batho ba bangwe ba bantsintsi, le fa gone ba rata molaetsa wa Baebele o Basupi ba ga Jehofa ba o rerang, ba sa ntse ba sa tlhomamisege gore ke kgato efe e ba tshwanetseng go e tsaya. Bangwe ba bone ba na le go nna ba tla nako le nako mo dipokanong tsa Bokeresete, tse di tshwanang le fa go ketekwa Sejo sa Morena sa Maitseboa kgotsa go tla go reetsa dipuo dingwe tsa dikopano tse dikgolo. Re kgothaletsa bano botlhe go akanyetsa mafoko ano a ga Elija ka kelotlhoko: “Lo tla okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng ka lobaka lo lo kae?” (1 Dikgosi 18:21) Go na le go senya nako, ba tshwanetse go tsaya kgato ka bonako mme ba leke ka tlhagafalo go nna baobamedi ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa. Go seng jalo ga ba na go bona botshelo jo bo sa khutleng!—2 Bathesalonika 1:6-9.

12. Bakeresete bangwe ba ba kolobeditsweng ba wetse mo boemong bofe jo bo kotsi, mme ke eng se ba tshwanetseng go se dira?

12 Ka maswabi, Bakeresete bangwe ba ba kolobeditsweng ba simolotse go se kopanele ka metlha mo kobamelong, kgotsa le eleng go tlogela gotlhelele. (Bahebera 10:23-25; 13:15, 16) Bangwe ga ba tlhole ba tlhagafetse jaaka pele ka gonne ba tshaba go bogisiwa, ba tlhobaela ka dilo tsa go itshedisa, ba leka go huma, kgotsa ba batla go tshela botshelo jwa menate ka bopelotshetlha. Jesu o ne a tlhagisa gore tsone dilo tseno di ne di tla kgopa bangwe ba balatedi ba gagwe, di ba hupetse le e leng go ba raela. (Mathaio 10:28-33; 13:20-22; Luke 12:22-31; 21:34-36) Go na le go nnela go dira jaaka e kete ba ‘okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi,’ batho bano ba tshwanetse go ‘tlhoafala le go ikwatlhaya’ ka go tsaya kgato ka bonako gore ba dire tumalanong le go ineela ga bone mo Modimong.—Tshenolo 3:15-19.

Bodumedi Jwa Maaka bo Tla Khutla go sa Lebelelwa

13. Tlhalosa gore boemo bo ne bo ntse jang kwa Iseraele fa Jehu a tlodiwa go nna kgosi.

13 Se se diragetseng kwa Iseraele dingwaga di ka nna 18 morago ga tiragalo ele ya go supa yo e leng Modimo wa boammaaruri kwa Thabeng ya Karemele se thusa motho go bona gore ke ka ntlha yang fa go potlakile jaana gore batho ba tseye kgato ka bonako. Letsatsi la ga Jehofa la katlholo mo kobamelong ya ga Baale le ne la tla ka tshoganyetso, go sa lebelelwa ka nako ya fa go ne go porofeta motlhatlhami wa ga Elija, e bong Elisha. Jehorame, morwa Kgosi Ahabe, o ne a busa Iseraele, mme Jesebele  o ne a sa ntse a tshela, e le mmaagwe kgosi. Elisha o ne a romela motlhokomedi wa gagwe ka sephiri, gore a ye go tlotsa molaodi wa masole a Iseraele, e bong Jehu, gore e nne kgosi e ntšha. Ka nako eo, Jehu o ne a le kafa botlhaba ga Joredane kwa Ramothe-gileade, a kaela ntwa kgatlhanong le baba ba Iseraele. Kgosi Jehorame o ne a le kwa Jesereele kwa mokgatšheng o o gaufi le Megido, a sa ntse a ikoka dintho tsa ntwa.—2 Dikgosi 8:29–9:4.

14, 15. Jehu o ne a romiwa go ya go dirang, mme o ne a arabela jang?

14 Jehofa o ne a laela Jehu jaana: “O kgemethe ntlo ya ga Ahabe morena wa gago, mme ke tla busolosa madi a batlhanka ba me baporofeti le madi a batlhanka botlhe ba ga Jehofa mo seatleng sa ga Jesebele. Mme ntlo yotlhe ya ga Ahabe e tshwanetse go nyelela; . . . Jesebele o tla jewa ke dintša mo sebateng sa naga kwa Jesereele, mme go tla bo go se na ope yo o tla mo fitlhang.”—2 Dikgosi 9:7-10.

15 Jehu e ne e se motho yo o okaokang fa a dira dilo. Ka yone nako eo a tsena mo kareng ya gagwe ya ntwa mme a itlhaganelela kwa Jesereele. Molebedi yo o kwa Jesereele o ne a lemoga go kgweetsa ga ga Jehu mme a begela Kgosi Jehorame, mme Jehorame a pagama kara ya gagwe mme a ya go kgatlhantsha molaodi wa gagwe wa masole. Fa ba kopana, Jehorame a botsa a re: “A go na le kagiso, Jehu?” Jehu a araba a re: “Go ka nna le kagiso efe fa fela go sa ntse go na le dikgokafalo tsa ga Jesebele mmago le boloi jwa gagwe jo bontsi?” E ne ya re fela fa Kgosi Jehorame a re o a tshaba, Jehu a ntsha bora jwa gagwe mme a tlhaba Jehorame ka lerumo mme la phunyeletsa go ya go fitlha le kwa pelong.—2 Dikgosi 9:20-24.

16. (a) Badiredi ba ntlo ya kgosi ba ga Jesebele ba ne ba lebana le boemo bofe ba sa lebelela? (b) Lefoko la ga Jehofa ka Jesebele le ne la diragadiwa jang?

16 Jehu ga a ka a tlhola a senya sebaka, o ne a tswa a itlhaganelela kwa motseng. Jesebele yo o neng a itlamukile ka ditlolontlafatsi o ne a ntse a lebile Jehu ka fensetere a le kwa godimo, mme a mo dumedisa ka tsela e e neng e tshosetsa Jehu gore a se ka a mo atamela. Jehu o ne a mo itlhokomolosa mme a batla ba ba tla emang le ene: “Ke mang yo o nang le nna? Ke mang?” Batlhokomedi ba ga Jesebele jaanong ba ne ba tshwanetse go tsaya kgato ka bonako. Badiredi ba ka nna babedi kgotsa bararo ba ntlo ya kgosi ba ntsha ditlhogo. Ka yone nako eo ba ne ba tshwanetse go supa gore ba  eme mo letlhakoreng la ga mang. Jehu a laela a re: “Mo digeng!” Badiredi bano ba digela Jesebele kwa tlase mo mmileng, mme a gatakwa ke dipitse tsa ga Jehu le ke kara ya ga Jehu ya ntwa. Motlhotlheletsi yo mogolo wa kobamelo ya ga Baale a swa jalo, mme go tshwanela. A ise a bo a fitlhwe, dintša di ne di setse di jele dinama tsa gagwe, fela jaaka go boleletswe pele.—2 Dikgosi 9:30-37.

17. Katlholo e Modimo a atlhotseng Jesebele ka yone e tshwanetse ya nonotsha tumelo ya rona mo tiragalong efe e e tlileng go direga mo isagweng?

17 Go tlile go direga selo se se tshosang, se se tshwanang, ka seaka sa tshwantshetso se se bidiwang “Babelona o Mogolo.” Seaka seno se tshwantshetsa ditumelo tsa maaka tsa lefatshe la ga Satane, tse di simolotseng kwa motseng wa bogologolo wa Babelona. Morago ga go senngwa ga bodumedi jwa maaka, Jehofa Modimo o tla bo jaanong a itebaganya le batho botlhe ba ba bopang dikarolo tse e seng tsa bodumedi tsa lefatshe la ga Satane. Bano le bone ba tla senngwa, e le fa go baakanyediwa lefatshe le lesha la tshiamo.—Tshenolo 17:3-6; 19:19-21; 21:1-4.

18. Morago ga loso lwa ga Jesebele, go ne ga diregang ka baobamedi ba ga Baale kwa Iseraele?

18 Morago ga loso lwa ga Jesebele, Kgosi Jehu ga a ka a tlhola a senya sebaka. O ne a bolaya losika lotlhe lo lo setseng lwa ga Ahabe le botlhe ba ba neng ba mo tshegetsa. (2 Dikgosi 10:11) Mme go ne go sa ntse go setse Baiseraele ba le bantsi ba ba obamelang Baale mo nageng. Jehu o ne a tsaya kgato ka bonako go bontsha gore ‘ga a letle gore Jehofa a pataganngwe le ope.’ (2 Dikgosi 10:16) Jehu o ne a dira jaaka e kete ene ka boene ke moobamedi wa ga Baale, mme a rulaganya moletlo o mogolo kwa tempeleng ya ga Baale e e neng e agilwe ke Ahabe kwa Samarea. Botlhe ba ba neng ba obamela Baale mo Iseraele ba ne ba tla mo moletlong ono. Banna ba ga Jehu ba ne ba ba tswalela mo tempeleng mme ba ba bolaya botlhe fela. Baebele e konela pego eno ka mafoko a a reng: “Ka jalo Jehu a nyeletsa Baale mo Iseraele.”—2 Dikgosi 10:18-28.

19. “Boidiidi jo bogolo” jwa baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba letetswe ke eng se se itumedisang?

19 Kobamelo ya ga Baale e ne e tlositswe mo Iseraele. Ditumelo tsa maaka tsa lefatshe leno le tsone di tlile go khutla fela jalo ka tshoganyetso, ka tsela e e tshosang. Wena o tla bo o le mo letlhakoreng la ga mang mo letsatsing le legolo leo la katlholo? Tsaya kgato ka bonako gone jaanong, mme o tla nna le tshiamelo ya go nna gareng ga “boidiidi jo bogolo” jwa batho ba ba tla falolang ‘pitlagano e kgolo.’ Ka nako eo o tla kgona go leba kwa morago o itumetse mme o tla baka Modimo gonne a diragaditse katlholo ya gagwe mo ‘seakeng se segolo se se neng sa senya lefatshe ka kgokafalo ya sone.’ Wena le baobamedi ba bangwe ba boammaaruri lo tla bo lo dumalana le mafoko ano a a itumedisang a a opelwang ke dibopiwa tse di kwa legodimong: “Bakang Jah, lona batho, ka gonne Jehofa Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o simolotse go busa e le kgosi.”—Tshenolo 7:9, 10, 14; 19:1, 2, 6.

Dipotso Tsa go Tlhatlhanya

• Go ne ga direga jang gore Iseraele wa bogologolo a nne le molato wa kobamelo ya ga Baale?

• Baebele e ne ya bolelela pele ka botlhanogi bofe jo bogolo, mme boporofeti joo bo ne jwa diragadiwa jang?

• Jehu o ne a nyeletsa jang kobamelo ya ga Baale?

• Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re falole fa letsatsi la Modimo la katlholo le tla?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mmapa mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Sokho

Afeka

Helekathe

Jokeneame

Megido

Taanake

Dothane

SAMAREA

Ene-dore

Shunema

Ofera

Jesereele

Ibeleame (Gathe-rimone)

Tiresa

Bethe-shemeshe

Bethe-sheane (Bethe-shane)

Jabeshe-gileade?

Abele-mehola

Ntlo ya ga Arabele

Ramothe-gileade

Ditlhoa Tsa Dithaba

Thaba ya Karemele

Thaba ya Tabore

More

Thaba ya Gileboa

[Metswedi ya metsi]

Lewatle la Mediterranean

Lewatle la Galalea

[Noka]

Noka ya Joredane

[Motswedi le sediba]

Sediba sa ga Harode

[Motswedi wa Setshwantsho]

Based on maps copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Go kopanela ka metlha mo tirong ya go rera ka Bogosi le go nna teng mo dipokanong tsa Bokeresete ke dikarolo tse di botlhokwa thata tsa kobamelo ya boammaaruri

[Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Fela jaaka Jehu, botlhe ba ba batlang go falola ka letsatsi la ga Jehofa ba tshwanetse go tsaya kgato ka bonako gone jaanong