Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Ikemiseditse go Tswelela ke Direla Mmopi wa Me

Ke Ikemiseditse go Tswelela ke Direla Mmopi wa Me

 Kgang ya Botshelo

Ke Ikemiseditse go Tswelela ke Direla Mmopi wa Me

JAAKA GO BOLETSE CONSTANCE BENANTI

Dilo tsotlhe di diregile ka bonako thata! Mo malatsing a le marataro fela, morwadiarona, e bong Camille, yo o neng a na le dikgwedi di le 22 o ne a tlhaselwa ke letshoroma mme a tlhokafala. Ke ne ka sala ke utlwile botlhoko thata. Le nna ke ne ke batla go swa. Ke ne ka ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a letlelela selo se se ntseng jalo go direga? Ke ne ke tlhakane tlhogo.

BATSADI ba me e ne e le bafaladi ba ba tswang kwa Castellammare del Golfo, e leng toropo e e mo Sicily, kwa Italy. Ba ne ba fudugela kwa New York City kwa ke neng ka tsholelwa gone ka December 8, 1908. Maloko a lelapa la rona e ne e le mmè le rre le bana ba bone ba le robedi, basimane ba le batlhano le basetsana ba le bararo. *

Ka 1927, rre, e bong Santo Catanzaro, o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong tsa setlhopha se sennye sa Basupi ba ga Jehofa ba ka nako eo ba neng ba bidiwa Baithuti ba Baebele. Mokaulengwe mongwe wa Montadiana, e bong Giovanni De Cecca, yo o direlang kwa ntlokgolo (e e bidiwang Bethele) kwa Brooklyn, New York, o ne a tshwarela dipokano kwa re neng re nna gone kwa New Jersey. Fa nako e ntse e tsamaya, rre o ne a simolola go rera a bo a tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng, e leng tiro e a neng a tswelela a e dira go fitlha a tlhokafala ka 1953.

Fa Mmè a ne a sa ntse a le mosha, o ne a batla go nna moitlami mme batsadi ba gagwe ga ba a ka ba mo letla go dira jalo. Kwa tshimologong,  Mmè o ne a ntlhotlheletsa gore ke se ka ka nna le rre fa a ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, ke ne ka lemoga tsela e rre a neng a fetogile ka yone. O ne a nna motho yo o ritibetseng mo maikutlong le yo o bonolo mme seno se ne sa dira gore go rene kagiso mo lelapeng. Ke ne ke rata seo thata.

Ka yone nako eo, ke ne ka kopana le Charles yo o neng a lekana le nna ka dingwaga mme a tsholetswe kwa Brooklyn. Lelapa la gabone le ne le tswa kwa Sicily fela jaaka la gaetsho. Go ise go ye kae o ne a mpeeletsa mme fa rre a boa kwa kopanong e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwaretswe kwa Columbus, Ohio ka 1931, re ne ra nyalana. Ngwaga fela morago ga moo, morwadiarona, e bong Camille, o ne a tsholwa. Mme fa a tlhokafala, pelo ya me e ne e rotha kgodu e khibidu. Letsatsi lengwe Charles yo le ene a neng a lela o ne a nthaya a re: “Le nna Camille e ne e le morwadiake. Ke ka ntlha yang fa re sa tswelele ka matshelo a rona mme re gomotsane?”

Re Amogela Boammaaruri Jwa Baebele

Charles o ne a nkgakolola gore rre o ne a bua ka tsholofelo ya tsogo ya baswi fa a ne a neela puo kwa phitlhong ya ga Camille. Ke ne ka mmotsa ka re: “A tota o dumela mo tsogong ya baswi?”

O ne a nkaraba ka go re: “Ee ke a dumela! Ke ka ntlha yang fa re sa ithute mo go tseneletseng gore Baebele ya reng ka kgang eno?”

Ga ke a ka ka bona boroko mo bosigong joo. Ka ura ya borataro mo mosong wa letsatsi le le latelang ke ne ka ya kwa go rre pele a ya tirong mme ka mmolelela gore nna le Charles re batla go ithuta Baebele. O ne a itumetse tota mme a ntlamparela. Mmè, yo ka nako eo a neng a sa ntse a le mo bolaong, o ne a re utlwa fa re ntse re bua. O ne a mpotsa gore tota go diregileng. Ke ne ka mo raya ka re: “Ga go a direga sepe tota. Nna le Charles re dirile fela tshwetso ya gore re batla go ithuta Baebele.”

Mmè o ne a araba ka go re: “Rotlhe re tshwanetse go ithuta Baebele.” Ka jalo lelapa la rona lotlhe go akaretsa le bonnake botlhe—re le 11—re ne ra simolola go ithuta Baebele mmogo.

Thuto ya Baebele e ne ya nkgomotsa tota mme ka bonya ka bonya kakabalo le khutsafalo tse ke neng ke na le tsone di ne tsa fela mme ka simolola go nna le tsholofelo. Ngwaga morago ga foo, ka 1935, nna le Charles re ne ra simolola go nna le seabe mo go rereleng ba bangwe ka boammaaruri jwa Baebele. Ka February 1937, re ne ra kolobediwa mo hoteleng e e fa gaufi mmogo le ba bangwe ba le bantsi, fa re sena go utlwa puo e e neng e neetswe kwa ntlokgolo kwa Brooklyn e e neng e tlhalosa se Dikwalo di se bolelang ka go kolobediwa mo metsing. Ke ne ke sa kolobediwe fela ka gonne ke solofetse go bona morwadiake gape letsatsi lengwe mme gape e ne e le ka gonne ke eletsa go direla Mmopi wa rona yo ke neng ke setse ke mo itse e bile ke mo rata.

 Go Tsenela Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng

Go bua le ba bangwe ka se ke ithutileng sone go ne go itumedisa e bile go na le matswela, segolobogolo ka gore ka nako eo batho ba le bantsi ba ne ba amogela molaetsa wa Bogosi e bile ba nna le seabe mo go o boleleleng ba bangwe. (Mathaio 9:37) Ka 1941 nna le Charles re ne ra nna babulatsela, e leng tsela e Basupi ba ga Jehofa ba bitsang badiredi ba bone ba nako e e tletseng ka yone. Nakwana fela morago ga foo, re ne ra reka tereilara mme Charles o ne a tlogela feketeri ya rona ya go dira marokgwe gore e sale e tlhokometswe ke kgaitsadiake, e bong Frank. Fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra itumela tota fa re amogela lekwalo le le neng le re itsise gore re tlhomilwe go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Kwa tshimologong, re ne ra direla kwa New Jersey mme moragonyana ra romelwa kwa New York State.

Ka 1946 fa re le kwa kopanong e kgolo kwa Baltimore kwa Maryland, re ne ra kopiwa go nna teng mo pokanong e e neng e tshwerwe ke baemedi ba ba kgethegileng ba Basupi ba ga Jehofa. Fa re fitlha koo, re ne ra kopana le Nathan H. Knorr le Milton G. Henschel. Ba ne ba bua le rona ka tiro ya borongwa segolobogolo ka go ya go rera kwa Italy. Ba ne ba re kopa gore re akanyetse go ya Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade.

Ba ne ba re raya ba re: “Akanyang ka gone, mme lo re neye karabo.” Fa re tswa mo ofising eo, nna le Charles re ne ra lebana, ra retologa mme ra boela gape mo ofising eo. Fa re tsena re ne ra re: “Re akantse ka gone, re ikemiseditse go ya Gileade.” Malatsi a le lesome morago ga moo, ke fa re simolola le tlelase ya bosupa ya Gileade.

Ga re na go lebala dikgwedi tse re neng ra amogela thapiso ka tsone. Selo se se neng sa re kgatlha thata ke tsela e batlhatlheledi ba neng ba le pelotelele e bile ba le lorato ka yone, ba re baakanyetsa go lebana le mathata a re neng re tla kopana le one kwa tshimong e sele. Fa re sena go aloga ka July 1946, re ne ra abelwa go ya go rera ka nakwana kwa New York City kwa go neng go na le baagi le ba bantsi ba Bantadiana gone. Mme letsatsi le le neng la re itumedisa thata le ne la goroga! Ka June 25, 1947 re ne ra ya kwa kabelong ya rona ya borongwa kwa Italy.

Go Simolola mo Kabelong ya Rona

Re ne ra tsaya loeto ka sekepe se pele se neng se dirisediwa ntwa. Morago ga malatsi a le 14 re ne ra goroga kwa boemakepeng jwa Italy kwa Genoa. Mo toropong eo, re ne re kgona go bona tshenyo e e bakilweng ke Ntwa ya Lefatshe II e e neng ya fela dingwaga di le pedi fela tse di fetileng. Ka sekai, difensetere tse di kwa seteisheneng sa diterena di ne di se na digalase ka ntlha ya dibomo tse di neng tsa thuntshiwa foo. Re ne ra palama terena ya dithoto go tswa kwa Genoa go ya kwa Milan kwa ofisi ya lekala le legae la barongwa di neng di le gone.

Morago ga ntwa, maemo a botshelo kwa Italy a ne a le maswe thata. Le fa gone ba ne ba setse ba simolotse go tsosolosa lefelo leno, khumanego e ne e iphile maatla. Go ise go ye kae, ke ne ka simolola go lwala thata. Go ya ka ngaka nngwe, pelo ya me e ne e na le bothata tota mo a neng a tlhalosa gore go ne go ka nna botoka gore ke boele kwa United States. Ke itumela tota go lemoga gore o ne a fositse. Dingwaga di le 58 morago ga moo, ke sa ntse ke le mo kabelong ya me mo Italy.

Re ne re na le dingwaga di le mmalwa fela re le mo kabelong ya rona fa bokgaitsadiake ba ba nnang kwa United States ba ne ba batla go re naya koloi. Mme Charles o ne a gana, e leng tshwetso e ke neng ka e itumelela. Go ya kafa re neng re itse ka gone, ka nako eo, go ne go se Mosupi ope mo Italy yo o neng a na le koloi, ka jalo Charles o ne a bona go le botoka gore re tshele botshelo jo bo tshwanang le jwa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Re ne ra nna re se na koloi go fitlha ka 1961 fa re ne re reka e nnye.

Holo ya rona ya Bogosi ya ntlha e e neng e le kwa Milan e ne e le mo phaposing e e kafa tlase ga  lefatshe mme boalo jwa yone e le jwa letsopa. E ne e se na ntlwana ya boithomelo mme e ne e elela metsi fa fatshe fa pula e na. Gape go ne go na le dipeba tse di nnye tse di neng di tabogaka gotlhe. Re ne re dirisa mabone a mabedi a motlakase mo dipokanong tsa rona. Go sa kgathalesege mathata ao a re neng re na le one, go ne go kgothatsa tota go bona batho ba ba kgatlhegang ba tla mo dipokanong tsa rona mme kgabagare ba nna le seabe le rona mo bodireding.

Maitemogelo a Borongwa

Nako nngwe re ne ra tlogelela monna mongwe bukana ya setlhogo se se reng Peace—Can It Last? Fa re setse re tsamaya, mosadi wa gagwe e bong Santina o ne a goroga a rwele dikgetse tse di tletseng korosari. O ne a seregile go se kae a bolela gore o na le bana ba le robedi ba basetsana ba a tshwanetseng go ba tlhokomelo ka jalo ga a na nako ya go re reetsa. Fa ke boela gape kwa go Santina, ke ne ka fitlhela monna wa gagwe a seyo mme ene o ne a ntse a loga. O ne a re: “Ga ke na nako ya go reetsa. E bile ga ke itse le go bala.”

Ke ne ka rapela Jehofa mo pelong mme ka kopa Santina gore a logele monna wa me jeresi mme ke mo duele. Dibeke di le pedi morago ga moo, Santina o ne a setse a feditse go loga jeresi eo mme nna le ene re ne ra simolola go ithuta Baebele ka metlha ka buka ya “The Truth Shall Make You Free.” Santina o ne a ithuta go bala mme le fa monna wa gagwe a ne a mo ganetsa, o ne a gatela pele mme a kolobediwa. Bomorwadie ba le batlhano ba ne ba nna Basupi mme Santina o ne a thusa le batho ba bangwe gape ba bantsi gore ba amogele boammaaruri jwa Baebele.

Ka March 1951, rona le barongwa ba bangwe ba babedi—Ruth Cannon * le Loyce Callahan, yo moragonyana a neng a nyalana le Bill Wengert—re ne ra romelwa kwa Brescia kwa go neng go se na Basupi gone. Re ne ra nna mo foleteng e e nang le difanitšhara mme dikgwedi di le pedi morago ga moo, mong wa yone o ne a re bolelela gore o re naya diura di le 24 gore re tswe mo go yone. E re ka go ne go se na Basupi ba bangwe mo lefelong leo, re ne ra patelesega go ya kwa hoteleng kwa re neng ra nna dikgwedi di ka nna pedi gone.

Dijo fela tse re neng re na le tsone e ne e le kofi, dijonyana tse di motlhofo, tšhisi le maungo. Go sa kgathalesege mathatanyana ano, re ne re itumetse. Fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra bona folete e nnye e re neng re nna mo go yone mme kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 1952, go ne go na le batho ba le 35 mo kamotshaneng e nnye e re neng re e dirisa jaaka Holo ya Bogosi.

Go Lebana le Dikgwetlho

Ka nako eo, baruti ba ne ba sa ntse ba laola batho thata. Ka sekai, fa re ne re rera kwa Brescia, moruti o ne a tlhotlheletsa basimanyana bangwe gore ba re konope ka matlapa. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, batho ba le 16 ba ne ba simolola go ithuta Baebele le rona mme mo nakong e khutshwanyane fela ba ne ba nna Basupi. Mme ke mang yo o neng a le teng mo bathong bao? Mongwe wa basimanyana ba ba neng ba re tshosetsa ka gore ba tla re konopa ka matlapa! Gone jaanong ke mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tse di mo Brescia. Ka 1955 fa re tloga kwa Brescia, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 40 ba ba neng ba nna le seabe mo tirong ya go rera.

Morago ga foo, re ne ra ya go direla dingwaga di le tharo kwa Leghorn (Livorno) kwa bontsi jwa Basupi ba teng e leng basadi. Seno se ne se raya gore rona bokgaitsadi re ne re tshwanetse go dira ditiro tsa phuthego tse gantsi di abelwang bakaulengwe. Fa re tswa koo re ne ra fudugela kwa Genoa kwa re simolotseng tiro ya rona teng dingwaga di le 11 tse di fetileng. Go ne go setse go na le phuthego jaanong. Holo ya Bogosi e ne e le mo boalong jwa ntlha mo kagong e folete ya rona e neng e le mo go yone.

Fa re goroga kwa Genoa, ke ne ka simolola thuto le mosadi mongwe yo monna wa gagwe e kileng ya nna ramabole e bile e le manejara wa lefelo le boramabole ba ikatisetsang mo go lone. Mosadi yono o ne a gatela pele semoyeng mme go ise go ye kae, a nna Mokeresete. Le fa go ntse jalo, monna wa gagwe o ne a mo ganetsa mme o ne a tswelela a mo ganetsa jalo ka nako e telele. O ne a simolola go felegetsa mosadi wa gagwe fa a ya dipokanong. Go na le gore a tsene mo holong, o ne a reetsa a le kwa ntle. Moragonyana fa re setse re tlogile kwa Genoa, re ne ra utlwa gore o ne a sala a kopa go rutwa Baebele. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a kolobediwa mme a nna molebedi yo o lorato wa Mokeresete. O ne a nna a ikanyega go fitlha a tlhokafala.

Gape ke ne ka ithuta Baebele le mosadi yo o neng a beeleditswe ke lepodise. Kwa tshimologong, monna  yono o ne a lebega a kgatlhega mme morago ga lenyalo a fetoga. O ne a ganetsa mosadi wa gagwe mo mosadi yono a neng a emisa go ithuta. Moragonyana fa mosadi yono a sena go tsosolosa thuto ya gagwe ya Baebele, monna wa gagwe o ne a mo tshosetsa ka gore fa a ka fitlhela re ithuta, o tla re thuntsha ka bobedi. Mme gone mosadi yono o ne a gatela pele semoyeng a bo a nna Mosupi yo o kolobeditsweng. Mme e bile monna yono ga a ka a re thuntsha. Se tota se neng sa direga dingwaga moragonyana ke gore fa ke ne ke le kwa kopanong kwa Genoa, mongwe o ne a tla kafa morago ga me, a mpipa matlho ka diatla a bo a re ke fopholetse gore ke ene mang. Ke ne ka tsholola dikeledi fa ke bona gore ke monna wa mosadi yole. Fa a sena go ntlamparela, o ne a mpolelela gore o ne a bontshitse boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa mo letsatsing lone leo!

Go tloga ka 1964 go ya go 1972, ke ne ka nna le tshiamelo ya go tsamaya le Charles fa a etela diphuthego go ya go di nonotsha semoyeng. Re ne ra direla mo e ka nnang mo dinageng tsotlhe tse di kafa bokone jwa Italy—kwa Piedmont, Lombardy le kwa Liguria. Morago ga moo re ne ra tswelela ka go bulatsela gaufi le kwa Florence mme moragonyana kwa Vercelli. Ka 1977 go ne go na le phuthego e le nngwe fela kwa Vercelli, mme fa re tloga teng ka 1999 di ne di le tharo. Mo ngwageng oo, ke ne ke tshwara dingwaga di le 91, mme re ne ra kgothalediwa gore re fudugele kwa legaeng la barongwa kwa Roma e leng kago e nnye e ntle e e mo lefelong le le neng le se modumo go le kalo.

Tiragalo e Nngwe Gape e e Neng ya Nkutlwisa Botlhoko

Ka March 2002, Charles, yo e neng e se motho yo o lwalang thata jalo o ne a tlhaselwa ke bolwetse ka tshoganyetso. Botsogo jwa gagwe bo ne jwa koafala go fitlha a tlhokafala ka May 11, 2002. Mo dingwageng di le 71 tse re neng re nyalane ka tsone, re ne re lela mmogo fa re tlhagelwa ke mahutsana mme re itumela mmogo fa re segofadiwa. Loso lwa gagwe e ne ya nna tatlhegelo e e neng ya nkhutsafatsa thata.

Gantsi ke akanya ka Charles a apere sutu mme a rwele hutshe ya gagwe e e neng e rwalwa thata mo dingwageng tsa bo1930. Ke akanya ka ene a nyenya kana ke utlwa e kete o a tshega. Ke leboga thata thuso ya ga Jehofa le lorato lwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba molemo ba Bakeresete ka gonne ke ne ka kgona go itshoka mo nakong eno e ke neng ke utlwile botlhoko ka yone. Ke letile ka tlhoafalo nako e ke tlileng go bona Charles gape ka yone.

Go Tswelela ka Tirelo ya Me

Go direla Mmopi wa me ke sone selo se se molemolemo mo botshelong jwa me. Mo dingwageng tsotlhe tse ke ntseng ke mo direla ka tsone, ke ‘lekile mme ka bona gore Jehofa o molemo.’ (Pesalema 34:8) Ke ne ka bona kafa a nthatang ka gone le kafa a ntlhokomelang ka gone. Le fa gone ke ne ka swelwa ke ngwanake, Jehofa o ne a nnaya barwa le barwadi ba le bantsi ba semoya—ba ba gasameng mo Italy yotlhe—ba ba neng ba itumedisa pelo ya me le ya gagwe.

Go bua le ba bangwe ka Mmopi wa me ke selo se ke ratang go se dira go feta le fa e ka nnang eng. Ke gone ka moo ke tsweletseng ke rera e bile ke tshwara dithuto tsa Baebele. Ka dinako tse dingwe ke utlwa botlhoko go bo ke sa kgone go dira mo go oketsegileng ka ntlha ya botsogo jwa me. Mme gone ke a lemoga gore Jehofa o a itse gore ke kgona go le kae le gore o a nthata e bile o anaanela thata se ke kgonang go se dira. (Mareko 12:42) Ke leka ka natla go tshela go dumalana le mafoko a Pesalema 146:2: “Ke tla baka Jehofa mo nakong ya fa ke sa ntse ke tshela. Ke tla leletsa Modimo wa me pina fa fela ke sa ntse ke le teng.” *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Boitemogelo jwa ga nnake, e bong Angelo Catanzaro, bo ne jwa gatisiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 1, 1975, ditsebe 205-7 (ka Seesemane).

^ ser. 28 Go bala ka kgang ya gagwe ya botshelo, bona Tora ya Tebelo, ya May 1, 1971, ditsebe 277-80 (ka Seesemane).

^ ser. 41 Kgaitsadi Benanti o tlhokafetse ka July 16, 2005 fa setlhogo seno se sa ntse se baakanyediwa go gatisiwa. O ne a na le dingwaga di le 96.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Camille

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Letsatsi la rona la lenyalo ka 1931

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Mmè, yo o neng a sa kgatlhege pele, o ne a dumela gore rotlhe re tshwanetse go ithuta Baebele

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Re na le Mokaulengwe Knorr kwa dikalogong tsa Gileade ka 1946

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ke na le Charles pelenyana fela ga a tlhokafala