Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Haramagedona—Tshimologo ya Sengwe se se Itumedisang

Haramagedona—Tshimologo ya Sengwe se se Itumedisang

 Haramagedona—Tshimologo ya Sengwe se se Itumedisang

LEFOKO “Haramagedona” le tswa mo lefokong la Sehebera “Har–Magedon,” kana “Thaba ya Megido.” Le fitlhelwa mo go Tshenolo 16:16, e e reng: “Tsa di phuthela mmogo kwa lefelong le le bidiwang Hara-Magedona ka Sehebera.” Ke bomang ba ba phuthelwang kwa Haramagedona, mme ka ntlha yang? Ditemana tse pedi fela pele ga foo, re bala jaana mo go Tshenolo 16:14: ‘Dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ di phuthelwa “kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” Jaaka go ka lebelelwa, dipolelwana tseo di tsosa dipotso tse dingwe tse di kgatlhang thata. ‘Dikgosi’ tseno di lwela kae? Di lwela eng mme di lwa le mang? A jaaka batho ba bantsi ba dumela, dikgosi tseno di tlile go dirisa dibetsa tse di kgonang go ganyaola matshutitshuti a batho? A go na le batho ba ba tla falolang Haramagedona? Baebele e tla re naya dikarabo.

A go umakiwa ga “Thaba ya Megido” go raya gore ntwa ya Haramagedona e tla lwelwa kwa thabeng nngwe kwa Botlhabagare? Nnyaa. Sa ntlha, thaba eo ga e yo—kwa Megido wa bogologolo e neng e le teng, go na le thota fela e e bogodimo jwa dimetara di le 20 fa e bapisiwa le mokgatšha o o sebatla o o fa thoko ga yone. Gape, lefelo le le dikologileng Megido le lennye thata gore le ka tshola ‘dikgosi tsotlhe tsa lefatshe le masole a tsone.’ (Tshenolo 19:19) Le fa go ntse jalo, dingwe tsa dintwa tse di setlhogo thata le tsa makgaolakgang mo hisitoring ya Botlhabagare di tlhabanetswe kwa Megido. Ka jalo, leina Haramagedona le tshwantshetsa ntwa ya makgaolakgang, e e nang le mofenyi a le mongwe felafela.—Bona lebokose le le reng, “Megido—Tshwantshetso e e Tshwanelang,” mo go tsebe 5. 

Haramagedona e ka se nne fela ntwa ya ditšhaba tsa mo lefatsheng, ka gonne Tshenolo 16:14 ya re ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ di nna mophato o le mongwe fela kwa “ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” Jeremia mo boporofeting jwa gagwe jo bo tlhotlheleditsweng o ne a bolela gore “ba Jehofa a ba bolaileng” ba tla gasama “go tloga kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go fitlha ntlheng e nngwe ya lefatshe.” (Jeremia 25:33) Ka jalo, Haramagedona ga se ntwa ya batho e e tla lwelwang kwa lefelong lengwe le le rileng kwa Botlhabagare. Ke ntwa ya ga Jehofa, e bile e ama lefatshe lotlhe.

Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore mo go Tshenolo 16:16, Haramagedona e bidiwa ‘lefelo.’ Mo Baebeleng “lefelo” le ka tshwantshetsa boemo—mme fano le raya gore lefatshe lotlhe le tla bo le le seoposengwe kgatlhanong le Jehofa. (Tshenolo 12:6, 14) Ka Haramagedona ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itira seoposengwe kgatlhanong le “masomo a a neng a le kwa legodimong” a a eteletsweng pele ke “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena,” Jesu Keresete.—Tshenolo 19:14, 16.

Go tweng ka kgang ya gore Haramagedona e tla nna kgailo ya batho e mo go yone go tla bong go dirisiwa dibetsa tse di ganyaolang matshutitshuti a batho kana go thulana ga lefatshe le masedi mangwe a selegodimo? A Modimo yo o lorato o ka letlelela gore batho le legae la bone, e leng lefatshe, di fele setlhogo jalo? Nnyaa. O bolela ka tlhamalalo gore ga a bopela lefatshe “lefela” mme ‘o le bopetse go nniwa.’ (Isaia 45:18; Pesalema 96:10) Ka Haramagedona, Jehofa ga a na go senya lefatshe la rona ka go le fisa ka molelo. Mme o tla “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.

 Haramagedona—E Tla Tla Leng?

Fa makgolokgolo a dingwaga a ntse a feta, potso e kgolo e e dirileng gore batho ba fopholetse dilo tse dintsi tse di farologaneng ke gore, Haramagedona e tla tla leng? Fa re sekaseka buka ya Tshenolo re e bapisa le se dikarolo tse dingwe tsa Baebele di se buang, seo se ka re thusa go lemoga gore ntwa eno ya botlhokwatlhokwa e tla tla leng. Tshenolo 16:15 e amanya Haramagedona le go tla ga ga Jesu jaaka legodu. Setshwantsho seo gape se dirisiwa ke Jesu fa a tlhalosa go tla ga gagwe a tla go atlhola tsamaiso eno ya dilo.—Mathaio 24:43, 44; 1 Bathesalonika 5:2.

Jaaka go bontshitswe ke go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele, fa e sale go tloga ka 1914 re ntse re tshela mo malatsing a bofelo a tsamaiso eno ya dilo. * Karolo ya bofelo ya metlha ya bofelo e tla bonwa ka motlha o Jesu a neng a o bitsa “pitlagano e kgolo.” Baebele ga e bue gore e tla tsaya lobaka lo lo kae, mme masetlapelo a e tla a bakang a tla nna maswe go feta le fa e le ape fela a a kileng a direga mo lefatsheng. Pitlagano e kgolo e tla felela ka Haramagedona.—Mathaio 24:21, 29.

E re ka Haramagedona e le ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ ga go na sepe se batho ba ka se dirang go e thibela. Jehofa o beile “nako e e tlhomilweng” ya gore ntwa eo e simolole. “Ga e kitla e tla morago ga nako.”—Habakuke 2:3.

 Modimo wa Tshiamo o Tlhabana Ntwa ya Tshiamo

Ke ka ntlha yang fa Modimo a ka tlhabana ntwa mo lefatsheng lotlhe? Haramagedona e amana thata le nngwe ya dinonofo tsa gagwe tse di tlhomologileng, e leng tshiamiso. Baebele e bolela jaana: “Jehofa ke morati wa tshiamiso.” (Pesalema 37:28) O ile a bona ditiro tsotlhe tsa go tlhoka tshiamiso di dirwa mo hisitoring ya batho. Go a utlwala gore seno se dira gore a galefe ka tsela e e siameng. Ka jalo, o tlhomile Morwawe gore a tlhabane ntwa e e siameng gore a tle a senye tsamaiso eno yotlhe e e bosula.

Ke Jehofa fela a ka kgonang go tlhabana ntwa ya tshiamo e e senyang fela ba ba tshwanetseng go senngwa, e mo go yone batho ba ba dipelo di siameng ba tla bolokwang, go sa kgathalesege gore ba kwa kae mo lefatsheng. (Mathaio 24:40, 41; Tshenolo 7:9, 10, 13, 14) E bile ke ene fela a nang le tshwanelo ya go busa lefatshe lotlhe, ka gonne ke ene a le bopileng.—Tshenolo 4:11.

Jehofa o tla dirisa ditsela dife go senya baba ba gagwe? Ga re itse seo. Se re se itseng ke gore o na le bokgoni jwa go senya batho ba ba boikepo gotlhelele. (Jobe 38:22, 23; Sefania 1:15-18) Le fa go ntse jalo, baobamedi ba Modimo ba mo lefatsheng ga ba na go tsaya karolo mo ntweng eo. Ponatshegelo e e mo go Tshenolo kgaolo 19 e bontsha gore ke masomosomo a legodimo le Jesu Keresete fela ba ba tla nnang le seabe mo ntweng eo. Ga go na batlhanka bape ba ga Jehofa ba Bakeresete ba ba tla nnang le seabe mo ntweng eo.—2 Ditiragalo 20:15, 17.

Modimo yo o Botlhale o Tlhagisa Go sa Le Gale

Go tweng ka bafalodi? Ruri go ne go sa tlhokege gore go nne le mongwe yo o swang ka Haramagedona. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Jehofa . . . ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Mme moaposetoloi Paulo o ne a re ‘thato ya Modimo ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’—1 Timotheo 2:4.

Gore seo se fitlhelelwe, Jehofa ka botlhale o tlhomamisitse gore “dikgang tse di molemo tsa bogosi” di bolelwe mo lefatsheng lotlhe, ka dipuo di le makgolokgolo. Batho gongwe le gongwe ba newa sebaka sa go falola le sa go bolokwa. (Mathaio 24:14; Pesalema 37:34; Bafilipi 2:12) Ba ba arabelang sentle fa ba bolelelwa dikgang tse di molemo ba ka falola Haramagedona mme ba tshelela ruri ba itekanetse mo lefatsheng la paradaise. (Esekiele 18:23, 32; Sefania 2:3; Baroma 10:13) A seno ga se sone se motho a ka lebelelang gore Modimo yo e leng lorato a se dire?—1 Johane 4:8.

A Modimo yo o Lorato o ka Tlhabana mo Ntweng?

Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo yo e leng lorato a ka bolaya le go senya batho. Boemo jono bo ka tshwantshiwa le ntlo e e tletseng ditshenekegi. A ga o dumele gore mong wa legae yo o kelotlhoko o tshwanetse go sireletsa botsogo le boitekanelo jwa ba lelapa la gagwe ka go bolaya ditshenekegi tseo?

Ka tsela e e tshwanang, go bo ntwa ya Haramagedona e tshwanetse go lowa go bontsha kafa Jehofa a ratang batho thata ka teng. Maikaelelo a Modimo ke go dira lefatshe paradaise le go dira gore batho ba itekanele ba bo ba nne mo kagisong, go “se na ope yo o ba boifisang.” (Mika 4:3, 4; Tshenolo 21:4) Go tweng he ka batho ba ba lekang go fedisa kagiso le polokesego ya batho ba bangwe? Modimo o tshwanetse go bolaya “ditshenekegi” tse di ntseng jalo—batho ba ba bosula mo ba ka se fetogeng—gore ba ba siameng ba solegelwe molemo.—2 Bathesalonika 1:8, 9; Tshenolo 21:8.

Bontsi jwa dikgotlhang le tshololo ya madi tse di leng teng gompieno di bakwa ke go bo go busa batho ba ba sa itekanelang le ba ba lekang ka bopelotshetlha go dira fela dilo tse di solegelang ditšhaba tsa bone molemo. (Moreri 8:9) Ka gonne dipuso tsa batho di batla go oketsa taolo ya tsone, di tlhokomologa gotlhelele Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng. Ga go lebege di tla tlogela bobusi jwa tsone gore Modimo le Keresete e nne bone ba busang. (Pesalema 2:1-9) Dipuso tse di ntseng jalo di tshwanetse go tlosiwa gore di sutele puso ya tshiamo ya Bogosi jwa ga Jehofa jo bo eteletsweng pele ke Keresete. (Daniele 2:44) Ntwa ya Haramagedona e tshwanetse go lowa  gore kgang ya gore ke mang yo o nang le tshwanelo ya go busa lefatshe le batho e rarabololelwe ruri.

Fa Jehofa a tsaya kgato ka Haramagedona o tla bo a batla go thusa batho. Jaaka maemo a lefatshe a nnela maswe kwa pele, puso e e itekanetseng ya Modimo ke yone fela e tla nayang batho dilo tse ba di tlhokang ka botlalo. Ke ka Bogosi jwa gagwe fela go tla nnang le kagiso ya mmatota le katlego. Maemo a lefatshe a ka bo a ntse jang fa nkabo Modimo a sa tseye kgato gotlhelele? A letlhoo, thubakanyo le dintwa di ne di se na go sotla batho jaaka go diregile jalo fa go ntse go feta makgolokgolo a dingwaga mo pusong ya batho? Ntwa ya Haramagedona e tla solegela batho molemo tota!—Luke 18:7, 8; 2 Petere 3:13.

Ntwa e e Tla Fedisang Dintwa Tsotlhe

Haramagedona e tla fitlhelela sengwe se go se nang ntwa epe e e kileng ya se fitlhelela—e tla fedisa dintwa tsotlhe. Ke mang yo o sa tlhologelelweng nako e ka yone ntwa e tla bong e le selo sa maabane? Le fa go ntse jalo, batho ba paletswe ke go fedisa ntwa. Go palelwa ga batho jalo gantsintsi go fedisa ntwa go gatelela fela boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jeremia: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Baebele e solofetsa jaana malebana le se Jehofa a tla se dirang: “O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.”—Pesalema 46:8, 9.

Fa ditšhaba di tla bo di dirisa dibetsa tsa tsone tse di kotsi mo ditšhabeng tse dingwe e bile di tshosetsa go senya tikologo, Modiri wa lefatshe o tla tsaya kgato—kwa ntweng ya Haramagedona e e umakiwang mo Baebeleng! (Tshenolo 11:18) Ntwa eno e tla dira se batho ba ba boifang Modimo ba sa bolong go se solofela ka dingwagangwaga. E tla tlotlomatsa tshwanelo e Mong wa lefatshe, Jehofa Modimo, a nang le yone ya go busa popo yotlhe ya gagwe.

Ka jalo, batho ba ba ratang tshiamo ga ba a tshwanela go boifa Haramagedona. Go na le gore ba boife, e ba naya lebaka la go nna le tsholofelo. Ntwa ya Haramagedona e tla tlosa ditiro tsotlhe tse di seng kafa molaong le boikepo mme e bulele sebaka tsamaiso e ntšha ya tshiamo ya dilo e e tla bong e busiwa ke Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia. (Isaia 11:4, 5) Go na le gore Haramagedona e bo e le go fela ga lefatshe ka masetlapelo, e tla nna tshimologo ya motlha o o itumedisang mo bathong ba ba siameng ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng la paradaise.—Pesalema 37:29.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Bona Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, kgaolo 11, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

MEGIDOTSHWANTSHETSO E E TSHWANELANG

Motse wa bogologolo wa Megido o ne o le mo lefelong le le tshwanelang sentle, o le fa godimo gaufi le karolo e e kwa bophirima ya Mokgatšha o o nonneng wa Jesereele, kwa bokone jwa Iseraele. O ne o laola kgwebo ya ditšhabatšhaba le ditsela tsa masole tse di neng di kopanela foo. Ka jalo, Megido e ne ya nna lefelo la dintwa tsa makgaolakgang. Porofesa Graham Davies o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Cities of the Biblical World—Megiddo: “Go ne go le motlhofo gore bagwebi le bafaladi ba tsene mo motseng wa Megido . . . go tswa mo dintlheng tsotlhe; mme gape fa o ne o le maatla thata o ne o kgona le go laola kafa go tsenwang ka teng mo go one o dirisa ditselana tseno mme ka go dira jalo o kgona go kaela dilo tsa kgwebo le tsa ntwa. Ka jalo ga go gakgamatse go bo . . . batho ba ne ba lwela motse ono, mme fa ba fentse ba o sireletsa fela thata.”

Hisitori ya Megido e simologile ka mileniamo wa bobedi B.C.E. fa mmusi wa kwa Egepeto Thutmose III a ne a fenya balaodi ba Bakanana teng. E ne ya tswelela go ralala makgolokgolo a dingwaga go fitlha ka 1918 fa Mojenerale wa Boritane Edmund Allenby a ne a fenya masole a kwa Turkey setlhogo. Modimo o ne a dira gore Moatlhodi Barake a fenye Kgosi Jabine wa Mokanana botlhoko kwa Megido. (Baatlhodi 4:12-24; 5:19, 20) Moatlhodi Gidione o ne a fenya Bamidiana setlhogo gaufi le lefelo leo. (Baatlhodi 7:1-22) Kgosi Ahasia le Kgosi Josia le bone ba ne ba bolaelwa koo.—2 Dikgosi 9:27; 23:29, 30.

Ka jalo go a tshwanela go amanya Haramagedona le lefelo leo, e re ka e ne e le lefelo le go ileng ga lowa dintwa di le mmalwa tsa makgaolakgang kwa go lone. Ke tshwantshetso e e tshwanelang sentle ya kafa Modimo a tla fenyang ka teng gotlhelele dipuso tsotlhe tse di kgatlhanong le ene.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Batho mo lefatsheng lotlhe ba newa tlhagiso e bile ba bulelwa sebaka sa go falola Haramagedona

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Haramagedona e tla nna tshimologo ya motlha o o itumedisang