Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boporofeti Jwa ga Hosea bo re Thusa go Tsamaya le Modimo

Boporofeti Jwa ga Hosea bo re Thusa go Tsamaya le Modimo

 Boporofeti Jwa ga Hosea bo re Thusa go Tsamaya le Modimo

“Ba tla tsamaya ba setse Jehofa morago.”—HOSEA 11:10.

1. Ke terama efe ya tshwantshetso e e fitlhelwang mo bukeng ya Hosea?

A O ITUMELELA diterama tse di nang le batshameki ba ba kgatlhang le melaetsa e e itumedisang? Buka ya Baebele ya Hosea e na le terama e e tshwantshetsang sengwe. * Terama eno e tlhalosa ditiragalo tsa lelapa la moporofeti wa Modimo e bong Hosea mme e amana le kgolagano ya lenyalo la tshwantshetso e Jehofa a e dirileng le Iseraele wa bogologolo ka go dirisa kgolagano ya Molao wa ga Moshe.

2. Ke tshedimosetso efe e re nang le yone ka Hosea?

2 Dintlha tse di ka ga terama eno di tlhalosiwa mo kgaolong ya 1 ya Hosea. Go bonala Hosea a ne a tshela mo kgaolong ya bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele (jo gape bo bidiwang Eferaime, ka go bo e ne e le lotso lo logolo mo go tse dingwe). O ne a nna moporofeti mo motlheng wa balaodi ba bofelo ba ba supa ba Iseraele le mo motlheng wa dikgosi tsa Juda e bong Kgosi Usia, Jothame, Ahase le Hesekia. (Hosea 1:1) Ka gone, Hosea o ile a porofeta ka dingwaga di ka nna 59. Le mororo buka eno e e bidiwang ka leina la gagwe e ile ya wediwa moragonyana fela ga 745 B.C.E., molaetsa wa yone o a re ama gompieno, mo motlheng ono o dimilione tsa batho di lekang ka natla go tshela go ya ka tsela e e tshwanang le e go boleletsweng pele jaana ka yone: “Ba tla tsamaya ba setse Jehofa morago.”—Hosea 11:10.

Se Tshobokanyo ya Buka Eno e se Senolang

3, 4. Ka bokhutshwane tlhalosa se go buiwang ka sone mo go Hosea kgaolo ya 1 go ya go ya 5.

3 Tshobokanyo e khutshwane ya kgaolo ya 1 go ya go ya 5 ya Hosea 1-5 e tla nonotsha go ititaya sehuba ga rona gore re tla tsamaya le Modimo ka go bontsha tumelo mo go ene le go tshela ka tsela e e dumalanang le thato ya gagwe. Le fa baagi ba bogosi jwa Iseraele ba ile ba dira boaka jwa semoya, Modimo o ne a tla ba utlwela botlhoko fa ba ne ba ka ikwatlhaya. Seno se ne sa tshwantshediwa ke tsela e Hosea a ileng a dirisana ka yone le mosadi wa gagwe, e bong Gomere. Fa Gomere a sena go nna le ngwana le Hosea, go bonala a ile a nna le bana ba bangwe ba babedi le monna o sele. Le fa go ntse jalo, Hosea o ne a boelana le ene, fela jaaka Jehofa a ne a iketleeleditse go utlwela Baiseraele ba ba ikwatlhayang botlhoko.—Hosea 1:1–3:5.

4 Jehofa o ne a na le kgang e a batlang go e seka le Iseraele ka gonne go ne go sa tlhole go na le boammaaruri, bopelonomi jwa lorato kgotsa kitso ya Modimo mo nageng eo. O ne a tla dira gore Iseraele, e e neng e obamela medingwana le Juda e e neng e fetogile motlhanogi, ba ikarabelele maleo a bone. Mme gone, e ne e tle e re fa batho ba Modimo ba le “mo mathateng a magolo” ba senke Jehofa.—Hosea 4:1–5:15.

Terama e a Simolola

5, 6. (a) Kgokafalo e ne e aname go le kana kang mo bogosing jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome? (b) Ke eng fa tlhagiso e e neng ya newa Iseraele wa bogologolo e le botlhokwa mo go rona gompieno?

5 Modimo o ne a laela Hosea jaana: “Tsamaya, o  itseele mosadi wa kgokafalo le bana ba kgokafalo, ka gonne ka kgokafalo ruri lefatshe le tlogela go sala Jehofa morago.” (Hosea 1:2) Kgokafalo e ne e aname go le kana kang mo Iseraele? Re bolelelwa jaana: “Moya wa kgokafalo o dirile gore [batho ba bogosi jwa ditso tse di lesome] ba timele, gape ka kgokafalo ba tswa kafa tlase ga Modimo wa bone. . . . Bomorwadialona ba [dira] kgokafalo le dingwetsi tsa lona di [dira] boaka. . . . Fa e le banna, ba ne ba intshetsa kwa thoko le diaka, mme ba ntsha setlhabelo le diaka tsa tempele tsa basadi.”—Hosea 4:12-14.

6 Kgokafalo e ne e aname ka tsela ya mmatota le ka tsela ya semoya kwa Iseraele. Ka gone Jehofa o ne a tla dira gore Iseraele a “ikarabelele.” (Hosea 1:4; 4:9) Tlhagiso eno e botlhokwa mo go rona gompieno ka gonne Jehofa o tla dira gore batho ba ba dirang boitshwaro jo bo maswe le ba ba nnang le seabe mo kobamelong e e leswe ba ikarabelele. Mme batho ba ba tsamayang le Modimo ba tshela go ya ka melao ya gagwe e e malebana le kobamelo e e phepa e bile ba a itse gore “ga go na mogokafadi ope . . . yo o nang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le jwa Modimo.”—Baefeso 5:5; Jakobe 1:27.

7. Lenyalo la ga Hosea le Gomere le ne le tshwantshetsa eng?

7 Go bonala Gomere a ne a sa itse monna fa Hosea a ne a mo nyala, e bile e ne e le mosadi yo o ikanyegang ka nako ya fa a “mo tsholela morwa.” (Hosea 1:3) Jaaka fa terama eno ya tshwantshetso e bontsha, ka bonako fela morago ga Modimo a sena go golola Baiseraele kwa bokgobeng jwa Egepeto ka 1513 B.C.E., le ene o ne a dira kgolagano le bone, kgolagano e e neng e tshwana le go tsena mo kgolaganong e e phepa ya lenyalo. Fa Iseraele a ne a dumalana le kgolagano eo, o ne a solofetsa Jehofa, “monna yo e leng mong” wa gagwe gore o tla ikanyega mo go ene. (Isaia 54:5) Ee, lenyalo leno la tshwantshetso la Modimo le Iseraele le ne le tshwantshediwa ke lenyalo le le phepa la ga Hosea le Gomere. Mme a bo dilo di ile tsa fetoga thata jang ne!

8. Go ne ga tla jang gore bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele bo nne teng, mme o ka reng ka kobamelo ya jone?

8 Mosadi wa ga Hosea o ne “a ima gape, a tshola morwadi.” Go ka direga gore ngwana yoo wa mosetsana le yo mongwe yo Gomere a ileng a mo tshola e ne e le bana ba monna o sele. (Hosea 1:6, 8) E re ka Gomere a ne a tshwantshetsa Iseraele, o ka ipotsa go re, ‘Go ne ga tla jang gore Iseraele a itire seaka?’ Ka 997 B.C.E., ditso di le lesome tsa Iseraele di ne tsa kgaogana le ditso tsa borwa tsa Juda le Benjamine. Bogosi jwa bokone jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele bo ne jwa tlhoma kobamelo ya namane e le gore batho ba jone ba se ka ba ya kwa Juda go ya go obamela Jehofa kwa tempeleng ya gagwe kwa Jerusalema. Kobamelo ya modimo wa maaka Baale, e e neng e akaretsa ditiro tsa tlhakanelodikobo, e ne ya anama thata kwa Iseraele.

9. Go ne ga direga eng ka Iseraele jaaka fa go boleletswe pele mo go Hosea 1:6?

9 Modimo o ne a laela Hosea jaana ka nako ya fa Gomere a ne a tshola ngwana wa bobedi, yo go ka diregang gore e ne e le wa monna o sele: “Mo reye leina o re Lo-ruhama [mo go rayang “O ne A se Ka a Bontshiwa Kutlwelobotlhoko”], gonne ga nkitla ke tlhola ke utlwela ntlo ya Iseraele botlhoko gape, ka gonne ruri ke tla ba tsamaisa.” (Hosea 1:6) Jehofa o ne a “ba tsamaisa” fa Baasiria ba ne ba isa Baiseraele botshwarwa ka 740 B.C.E. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a bontsha bogosi jwa ditso tse pedi tsa Juda kutlwelobotlhoko mme a di boloka, e seng ka bora, tšhaka, ntwa, dipitse kgotsa bapalami ba dipitse. (Hosea 1:7) Mo bosigong bo le bongwe fela ka 732 B.C.E., moengele a le mongwe fela o ne a bolaya masole a Baasiria a le 185 000 a a neng a leka go tlhasela Jerusalema, motsemogolo wa Juda.—2 Dikgosi 19:35.

Kgang e Jehofa a e Sekang le Iseraele

10. Boaka jwa ga Gomere bo ne bo tshwantshetsa eng?

10 Gomere o ne a tlogela Hosea mme a iphetola “mosadi wa kgokafalo,” ka go dira kgokafalo le monna  o sele. Seno se ne se tshwantshetsa kafa bogosi jwa Iseraele bo neng jwa dira kgolagano ya sepolotiki ka teng le ditšhaba tse di obamelang medingwana mme ba simolola go ikaega ka tsone. Go na le gore Iseraele a tseye Jehofa e le ene yo o mo thusitseng go atlega mo dilong tse di bonalang, o ne a tsaya medimo ya ditšhaba tseo e le yone e e mo thusitseng mme a senya kgolaganyo a gagwe ya lenyalo le Modimo ka go inaakanya le kobamelo ya maaka. Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a na le kgang e a batlang go e seka le setšhaba seno se se dirang boaka jwa semoya!—Hosea 1:2; 2:2, 12, 13.

11. Go ne ga direga eng ka kgolagano ya Molao fa Jehofa a ne a letla gore Iseraele le Juda ba isiwe botshwarwa?

11 Ke kotlhao efe e Iseraele a neng a otlhaiwa ka yone ka ntlha ya go tlogela Monna yo e leng Mong wa gagwe? Modimo o ne a dira gore “a ye kwa nageng” ya Babelonia, e leng setšhaba se se neng sa gapa Asiria, kwa Baiseraele ba neng ba ya botshwarwa teng ka 740 B.C.E. (Hosea 2:14) Ka gone fa Jehofa a ne a dira gore bogosi jwa ditso tse di lesome bo se ka jwa tlhola bo nna teng, o ne a se ka a fedisa kgolagano ya gagwe ya lenyalo e a neng a e dirile le ditso tsa ntlhantlha tse 12. Tota e bile, fa Modimo a ne a letla gore Jerusalema e senngwe ke Bababelona ka 607 B.C.E. le gore batho ba Juda ba isiwe botshwarwa, o ne a se ka a fedisa kgolagano ya Molao wa ga Moshe e e tshwanang le kgolagano ya lenyalo e ditso tse 12 tsa Iseraele di neng di e dirile le ene. Kamano eo e ne ya fedisiwa fela morago ga gore baeteledipele ba Bajuda ba gane Jesu Keresete le go dira gore a bolawe ka 33 C.E.—Bakolosa 2:14.

Jehofa o Gakolola Iseraele

12, 13. Ke molaetsa ofe wa botlhokwa o o mo go Hosea 2:6-8, mme mafoko ao a ne a diragadiwa jang mo go Iseraele?

12 Modimo o ne a gakolola Iseraele go “tlosa kgokafalo ya gagwe,” le fa go ntse jalo o ne a batla go latela ba ba mo ratang ka lorato lo lo tukang. (Hosea 2:2, 5) Jehofa o ne a re: “Ka jalo bona, ke dira legora mo tseleng ya gago ka mitlwa; mme ke tla mo thibela ka go koelela lobota lwa maje, gore a se ka a bona ditsela tsa gagwe. Mme o tla lelekisa ba ba mo ratang ka lorato lo lo tukang, mme ga a kitla a ba tshwara; ruri o tla ba batla, le fa go ntse jalo ga a kitla a ba bona. O tla re, ‘Ke batla go tsamaya ke boele kwa monneng wa me wa ntlha, gonne dilo di ne di le botoka ka nako eo go na le jaanong.’ Le fa go ntse jalo o ne a sa lemoge gore ke nna ke neng ke mo neile dijo tsa ditlhaka le beine e e monate le leokwane, le gore ke dirile gore selefera e mo totafalele, le gouta, e ba neng ba e dirisetsa Baale [kana e ba neng ba dira setshwantsho sa ga Baale ka yone].”—Hosea 2:6-8.

13 Le mororo Iseraele a ile a senka thuso ya ditšhaba tse e neng e le “ba ba mo ratang ka lorato lo lo tukang,” go ne go se ope wa bone yo o neng a kgona go mo thusa. O ne a kanetswe jaaka e kete ke ka legora la mitlwa e e kitlaneng e le gore ba se ka ba kgona go mo thusa ka tsela epe fela. Fa Asiria e sena go dikaganyetsa motsemogolo wa gagwe wa Samarea ka dingwaga tse tharo, o ne a wa ka 740 B.C.E., mme bogosi jwa ditso tse di lesome bo ne jwa se ka jwa tlhola bo tlhomiwa gape. Ke Baiseraele ba se kae fela ba ba neng ba ile botshwarwa ba ba neng ba tla lemoga kafa maemo a neng a le botoka ka teng fa borraabonemogolo ba ne ba ntse ba direla Jehofa. Masalela ao a ne a tla gana go obamela Baale e bile a ne a tla batla go tsosolosa kgolagano ya bone le Jehofa.

Go Leba Dintlha Tse Dingwe Tsa Terama Eno

14. Ke eng fa Hosea a ile a tsosolosa lenyalo la gagwe le Gomere?

14 Go tlhaloganya ka botlalo tsela e maemo a lelapa la ga Hosea a neng a amana ka yone le kamano  ya ga Jehofa le Iseraele, akanyetsa mafoko ano: “Jehofa a nthaya a re: ‘Tsamaya gape, o rate mosadi yo o ratiwang ke molekane e bile a dira boaka.’” (Hosea 3:1) Hosea o ile a dira dilo go ya ka taelo eno ka go reka Gomere gape go tswa mo monneng yo a neng a nna le ene. Morago ga foo, Hosea o ile a kgalema mosadi wa gagwe jaana: “O tla nna o le wa me malatsi a le mantsi. O se ka wa dira kgokafalo, mme o se ka wa nna wa monna yo mongwe.” (Hosea 3:2, 3) Gomere o ne a tsibogela kgalemelo eo mme Hosea a tsosolosa lenyalo la bone. Seno se ne sa direga jang malebana le tsela e Modimo a neng a dirisana le batho ba gagwe ba Iseraele le Juda ka yone?

15, 16. (a) Ke maemo afe a a neng a ka dira gore Modimo a utlwele setšhaba sa gagwe botlhoko? (b) Hosea 2:18 e ile ya diragadiwa jang?

15 Ka nako ya fa batshwarwa ba Iseraele le Juda ba ne ba le kwa Babelona, Modimo o ne a dirisa baporofeti ba gagwe go ‘bua le dipelo tsa bone.’ Gore Modimo a utlwele batho ba gagwe botlhoko, ba ne ba tshwanetse go bontsha gore ba a ikwatlhaya mme ba boele kwa Monneng yo e leng Mong wa bone, fela jaaka Gomere a ile a boela kwa monneng wa gagwe. Go tswa foo Jehofa o ne a tla ntsha setšhaba sa gagwe se se ikwatlhaileng sa sekamosadi kwa “nageng” ya Babelona mme a se busetsa kwa Juda le Jerusalema. (Hosea 2:14, 15) O ne a diragatsa tsholofetso eo ka 537 B.C.E.

16 Modimo o ne a diragatsa le tsholofetso eno: “Ke tla ba direla kgolagano mo motlheng oo malebana le sebatana sa naga le sebopiwa se se fofang sa magodimo le segagabi sa fa fatshe, mme ke tla fedisa bora le tšhaka le ntwa mo lefatsheng, mme ke tla dira gore ba robale ba bolokesegile.” (Hosea 2:18) Masalela a Bajuda a a neng a boela kwa nageng ya one a ne a tshela ka polokesego, a sa boife diphologolo dipe. Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa le ka 1919 C.E., fa masalela a Iseraele wa semoya a ne a gololwa mo botshwarong jwa “Babelona o Mogolo,” bodumedi jotlhe jwa maaka. Gone jaanong ba tshelela mo polokesegong mme ba itumelela go tshela mo paradaiseng ya semoya le ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Bakeresete bano ba boammaaruri ga ba na mekgwa ya sephologolo.—Tshenolo 14:8; Isaia 11:6-9; Bagalatia 6:16.

Tsaya Tsia se o Ithutang Sone

17-19. (a) Ke dinonofo dife tsa Modimo tse re kgothalediwang go di etsa fano? (b) Re tshwanetse go amiwa jang ke bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa?

17 Modimo o kutlwelobotlhoko e bile o pelotlhomogi, mme le rona re tshwanetse go nna jalo. Eo ke nngwe ya dithuto tse re ithutang tsone mo dikgaolong tse di simololang tsa Hosea. (Hosea 1:6, 7; 2:23) Tsela e Modimo a neng a iketleeleditse go utlwela Baiseraele ba ba neng ba ikwatlhaile botlhoko ka yone e tsamaisana le seane seno se se tlhotlheleditsweng: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” (Diane 28:13) Baleofi ba ba ikwatlhayang ba ka gomodiwa le ke mafoko ano a mopesalema: “Ditlhabelo tse di yang kwa Modimong ke moya o o ngomogileng; pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng, wena Modimo, ga o kitla o e nyatsa.”—Pesalema 51:17.

 18 Boporofeti jwa ga Hosea bo gatelela bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko ya Modimo yo re mo obamelang. Tota le fa batho bangwe ba ka fapoga ditsela tsa gagwe tse di siameng, ba ka ikwatlhaya mme ba sokologa. Fa ba dira jalo, Jehofa o a ba amogela. O ne a utlwela botlhoko setšhaba sa Iseraele se se neng se ikwatlhaile, se a neng a nyalane le sone ka tsela ya tshwantshetso. Le fa ba ile ba se ka ba ikobela Jehofa mme ‘ba utlwisa Moitshepi wa Iseraele botlhoko, o ne a ba utlwela botlhoko mme a nna a gakologelwa gore ba ne ba le nama.’ (Pesalema 78:38-41) Kutlwelobotlhoko e e ntseng jalo e tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re nne re tsamaye le Modimo wa rona yo o pelotlhomogi e bong Jehofa.

19 Le fa Iseraele a ne a tletse ka maleo a a jaaka go bolaya, go utswa le go dira boaka, Jehofa o ne a ‘bua le pelo ya gagwe.’ (Hosea 2:14; 4:2) Le rona dipelo tsa rona di tshwanetse go tlhotlheletsega mme le kamano ya rona le Jehofa e tshwanetse go nonofa fa re ntse re akanya ka bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko ya gagwe. Ka gone a re ipotseng jaana: ‘Nka etsa bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa jang fa ke dirisana le batho ba bangwe? Fa Mokeresete ka nna yo o nkgopisitseng a kopa gore ke mo itshwarele, a ke iketleeleditse go mo itshwarela fela jaaka Modimo a dira?’—Pesalema 86:5.

20. Naya sekai se se bontshang gore re tshwanetse go ikanya tsholofelo e Modimo a re nayang yone.

20 Modimo o re naya tsholofelo ya boammaaruri. Ka sekai o solofeditse jaana: “Ke tla mo naya . . . lebala le le kwa tlase la Akore e le kgoro ya tsholofelo.” (Hosea 2:15) Phuthego ya ga Jehofa ya bogologolo ya sekamosadi e ne e na le tsholofelo e e tlhomameng ya go busediwa kwa nageng ya bone, e “lebala le le kwa tlase la Akore” le neng le le kwa go yone. Go diragadiwa ga tsholofetso eo ka 537 B.C.E., go re naya lebaka le le utlwalang la go itumelela tsholofelo e e tlhomameng e Jehofa a re solofetsang yone.

21. Kitso e ka re thusa jang go nna re tsamaya le Modimo?

21 Gore re tswelele pele re tsamaya le Modimo, re tshwanetse go tswelela re nna le kitso ka ga gagwe le go e dirisa mo botshelong jwa rona. Kitso ya go itse Jehofa e ne e tlhaela thata kwa Iseraele. (Hosea 4:1, 6) Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba tsaya thuto ya Modimo e le botlhokwa thata, ba dira tumalanong le yone mme ba ne ba segofadiwa fela thata. Hosea e ne e le mongwe wa bone. Ba bangwe ba ba neng ba e tsaya e le botlhokwa jalo e ne e le batho ba le 7 000 ba motlha wa ga Elija ba ba neng ba se ka ba obamela Baale. (1 Dikgosi 19:18; Baroma 11:1-4) Tsela e re anaanelang thuto ya Modimo ka yone e tla re thusa go nna re tsamaya le ene.—Pesalema 119:66; Isaia 30:20, 21.

22. Re tshwanetse go leba botlhanogi jang?

22 Jehofa o lebeletse gore banna ba ba eteletseng pele mo bathong ba gagwe ba se ka ba letlelela botlhanogi. Le fa go ntse jalo, Hosea 5:1 ya re: “Utlwang seno, lona baperesiti, mme lo tlhwaye tsebe, lona ba ntlo ya Iseraele, le lona, lona ba ntlo ya kgosi, sekegang tsebe, gonne katlholo eno e ama lona; ka gonne lo fetogile serai mo go Misepa e bile lo ntse jaaka letlowa le le tsharolotsweng mo godimo ga Tabore.” Baeteledipele ba batlhanogi e ne e le serai e bile e le letloa mo Baiseraeleng, ba ba raela gore ba obamele medingwana. Go ka direga gore Thaba ya Tabore le lefelo le le bidiwang Mesipa e ne e le one mafelo a go neng go dirwa kobamelo eo ya maaka mo go one.

23. O solegetswe molemo jang ke go ithuta Hosea kgaolo 1 go ya go 5?

23 Go fitlha jaanong, boporofeti jwa ga Hosea bo re bontshitse gore Jehofa ke Modimo yo o pelotlhomogi yo o nayang batho ba ba dirisang ditaelo tsa gagwe tsholofelo le go ba segofatsa fa ba sa letlelele botlhanogi. Ka gone, jaaka Baiseraele ba ba ikwatlhaileng ba nako e e fetileng, a re senkeng Jehofa mme ka metlha re leke go mo itumedisa. (Hosea 5:15) Fa re dira jalo, re tla roba se se molemo le go nna le boipelo jo bo sa tshwaneng le bope le kagiso e e bonwang fela ke batho ba ba tsamayang le Modimo ka boikanyegi.—Pesalema 100:2; Bafilipi 4:6, 7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 1 Terama nngwe ya tshwantshetso e fitlhelwa mo go Bagalatia 4:21-26. Go bona dintlha ka yone bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 693-4, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

O ne O ka Araba Jang?

• Lenyalo la ga Hosea le Gomere le ne le tshwantshetsa eng?

• Ke eng fa Jehofa a ile a nna le kgang e a e sekang le Iseraele?

• Ke thuto efe mo go Hosea kgaolo 1 go ya go 5 e e go kgatlhileng thata?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

A o itse gore mosadi wa ga Hosea o tshwantshetsa mang?

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Baagi ba Samarea ba ne ba gapiwa ke Baasiria ka 740 B.C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Batho ba ba ipelang ba ne ba boela kwa nageng ya bone