Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Amogela ‘Dikopo Tsa Pelo ya Me’

Ke ne Ka Amogela ‘Dikopo Tsa Pelo ya Me’

 Kgang ya Botshelo

Ke ne Ka Amogela ‘Dikopo Tsa Pelo ya Me’

JAAKA GO BOLETSE DOMINIQUE MORGOU

Kgabagare ka December 1998, ke ne ke le mo Afrika! Jaanong ke ne ke fitlheletse keletso e ke neng ke ntse ke na le yone go tloga ke le monnye. Ka metlha ke ne ke kgatlhega tota fa ke akanya ka mafelo a a bulegileng a Afrika le diphologolo tsa naga tse di kgatlhang. Jaanong ke ne ke gorogile mo Afrika! Ka yone nako eo, ke ne ke fitlheletse keletso e nngwe gape e ke neng ke sa bolo go nna le yone. Ke ne ke le moreri wa efangele wa nako e e tletseng kwa nageng e sele. Ba le bantsi ba ne ba tsaya gore seno ga se kitla se kgonega. Ga ke bone sentle, mme ke tsamaya mo mebileng e e tletseng motlhaba ya metse ya Afrika ke thusiwa ke ntša e e thapiseditsweng go tsamaya mo mebileng ya ditoropo tsa Yuropa. Mma ke go tlotlele gore go tlile jang gore ke ye go direla kwa Afrika le kafa Jehofa a neng a nnaya ‘dikopo tsa pelo ya me’ ka gone.—Pesalema 37:4.

KE BELEGWE ka June 9, 1966, kwa borwa jwa Fora. E ne e le nna yo mmotlana mo baneng ba le supa—basimane ba le babedi le basetsana ba le batlhano—mme rotlhe re ne re tlhokometswe ke batsadi ba ba lorato. Le fa go ntse jalo, go na le selo se le sengwe se se utlwisang botlhoko se se neng sa direga mo dingwageng tsa fa ke ne ke sa ntse ke le monnye. Nna, nkoko, mmè le mongwe wa bonkgonne, re gotsitse bolwetse jo fa nako e tsamaya bo feleletsang bo foufatsa motho gotlhelele.

Fa ke sa ntse ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ka tshwanelwa ke go itshokela tlhaolele le boitimokanyo, mme seo se ne sa dira gore ke nne seganana. E ne e le ka yone nako eno e e thata fa re ne re fudugela kwa kgaolong nngwe e e bidiwang Hérault. Fa re le koo, go ne ga direga sengwe se se itumedisang.

Moso mongwe go le Sontaga, Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ne ba re etela kwa lapeng. Mmè o ne a ba itse ka jalo a ba amogela mo lapeng. Mongwe  wa basadi bano o ne a botsa mmè gore a o a gakologelwa gore o kile a mo solofetsa gore letsatsi lengwe o tla dumela go ithuta Baebele. Mmè o ne a gakologelwa mme a re, “Re tla simolola leng?” Ba ne ba dumalana gore ba tla kopana moso mongwe le mongwe wa Sontaga, mme ke yone tsela e mmè a neng a ithuta “boammaaruri jwa dikgang tse di molemo” ka yone.—Bagalatia 2:14.

Go Nna le Kitso

Mmè o ne a iteka ka natla gore a tlhaloganye le go gakologelwa dilo tse a ithutileng tsone. E re ka a ne a foufetse, o ne a tshwanetse go tshwara dilo tseno tsotlhe ka tlhogo. Basupi ba ne ba le pelotelele thata le ene. Fa e le nna, nako le nako fa Basupi ba re etela, ke ne ke iphitlha mo kamoreng ya me mme ke tswa fa ba setse ba tsamaile. Le fa go ntse jalo, maitseboa mangwe, Mosupi mongwe yo o bidiwang Eugénie, o ne a kopana le nna mme a simolola go tlotla le nna. O ne a mpolelela gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tlile go fedisa boitimokanyo jotlhe jo bo leng mo lefatsheng, letlhoo le tlhaolele. O ne a re: “Modimo ke ene fela yo o ka rarabololang bothata jono.” O ne a mpotsa gore a nka rata go itse go le gontsi ka kgang eno. Re ne ra simolola thuto ya Baebele mo letsatsing le le latelang.

Dilo tsotlhe tse ke neng ke ithuta tsone e ne e le sa ntlha ke di utlwa. Jaanong ke ne ke tlhaloganya gore Modimo o ne a na le mabaka a a molemo a go bo a letleletse boikepo ka nakwana mo lefatsheng. (Genesise 3:15; Johane 3:16; Baroma 9:17) Ke ne ka ithuta gape le gore Jehofa ga a re tlogela fela re se na tsholofelo. O re neile tsholofelo e e molemolemo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:29; 96:11, 12; Isaia 35:1, 2; 45:18) Mo Paradaiseng eo, ke tla kgona go boa ke bona gape, ka jaana ke ne ke setse ke simolotse go foufala ka bonya ka bonya.—Isaia 35:5.

Go Tsenela Tirelo ya Nako e e Tletseng

Ka December 12, 1985, ke ne ka ineela mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing, ke etsa nkgonne, e bong Marie-Claire yo o neng a setse a tsere kgato eno. Go ise go ye kae kgaitsadiake e bong Jean-Pierre le ene o ne a kolobediwa mmogo le mmè yo o rategang.

Mo phuthegong e ke neng ke kopanela mo go yone, go ne go na le babulatsela ba nako e e tletseng kana bareri ba efangele ba nako e e tletseng ba le mmalwa. Ke ne ka kgothadiwa thata ke tsela e ba neng ba itumetse ka yone le e ba neng ba tlhagafaletse bodiredi ka yone. Tota le Marie-Claire, yo o neng a na le bothata jwa matlho e bile a rwele setlhako se se thusang batho ba ba golafetseng go tsamaya mo leotong le le lengwe, o ne a tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Sekai sa gagwe se sa ntse se nkgothatsa thata semoyeng go fitlha le gompieno. Go nna ke dikologilwe ke babulatsela kwa phuthegong le kwa lapeng, go ne ga nthusa gore le nna ke nne le keletso e kgolo ya go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Ka jalo, ka November 1990, ke ne ka simolola go nna mmulatsela kwa Béziers.—Pesalema 94:17-19.

Go Itshokela go Kgobega Marapo

Fa ke le mo bodireding, ke ne ke thusiwa ke babulatsela ba ba neng ba ntlhokometse. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape ke ne ke ikutlwa ke kgobegile marapo ka gonne ke sa kgone go dira kafa ke neng nka rata go dira ka gone, ke ne ke eletsa e kete nka dira go le gontsi. Mme gone Jehofa o ne a ntshegetsa ka dinako tseo tse ke neng ke kgobegile marapo ka tsone. Ke ne ka dira dipatlisiso mo go Watch Tower Publications Index, ke batla dikgang tsa botshelo tsa babulatsela ba ba neng ba na le bothata jo bo tshwanang le jwa me jwa go se bone sentle. Ke ne ka gakgamala tota fa ke bona gore ba ne ba le bantsi tota! Dipego tseno tse di kgothatsang di ne tsa nthuta gore ke anaanele se ke neng ke kgona go se dira ke bo ke amogele makoa a me.

Gore ke kgone go itlamela ka dilo tse ke di tlhokang, ke ne ke phepafatsa kwa marekelong mmogo le Basupi ba bangwe. Letsatsi lengwe ke ne ka lemoga gore badirikanna ba ne ba phepafatsa gape mo ke neng ke fetsa go phepafatsa teng. Ga go pelaelo gore ke ne ke tsamaya ke tlogela leswe le lentsi kwa morago. Ke ne ka ya go bona Valérie, yo e neng e le mmulatsela yo o okametseng setlhopha sa rona sa go phepafatsa mme ka mo kopa gore a mpolelele boammaaruri gore a ke ne ke ba thatafaletsa dilo. O ne a mpolelela ka bopelonomi gore fa ke bona e kete ga ke tlhole ke kgona, ke gololesegile go tlogela. Ka March 1994, ke ne ka tlogela tiro ya me ya go phepafatsa.

Ke ne ka fekeediwa gape ke go ikutlwa ke se na mosola. Ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo, mme ke a itse gore o ne a utlwa dithapelo tsa me. Ke ne ka thusiwa gape ke go ithuta Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete. Le fa gone matlho a me a ne a ntse a koafala, keletso ya me ya go direla Jehofa yone, e ne e ntse e gola le go feta. Ke ne ke tla dirang?

 Ke Bolelelwa Pele Gore ke Lete, Morago ga Moo ke Tshwanelwa ke go Dira Tshwetso ka Bonako

Ke ne ka dira kopo ya go ya go thapisiwa kwa Setheong sa go Thusa Batho ba ba Foufetseng Le ba Ba sa Boneng Sentle se se kwa Nîmes, mme kgabagare ke ne ka amogelwa ka dikgwedi tse tharo. Nako e ke e feditseng koo, e ne ya nthusa tota. Ke ne ka simolola go tlhaloganya gore ke ne ke golafetse go le kae le go ithuta go tlwaelana le boemo jwa me. Go kopana le batho ba ba nang le makoa a a farologaneng go ne ga nthusa go lemoga gore tsholofelo e ke neng ke na le yone ka isagwe e ne e le e e itumedisang go le kae. Nna ke ne ke na le se ke se tshelelang mme ka gone botshelo jwa me e ne e se tshenyo ya nako. Mo godimo ga moo, ke ne ka ithuta Mokwalo wa Difofu wa Sefora.

Fa ke boela kwa gae, bagaetsho ba ne ba lemoga kafa thapiso eo e neng e nthusitse ka gone. Mme gone selo se le sengwe fela se ke neng ke sa se rate e ne e le thupa e tshweu e ke neng ke tshwanelwa ke go tsamaya ke e tshotse. Go ne go le thata gore ke tlwaele go dirisa ‘thobanenyana’ eo. Ke ne nka itumelela go bona sengwe gape se se neng se tla nthusa—gongwe ntša e e tla nkaelang.

Ke ne ka dira kopo ya go newa ntša eo mme ka bolelelwa gore go ne go na le lenaane le leleele la batho ba ba neng ba letile. Gape mokgatlho wa teng o ne o tshwanetse go dira dipatlisiso pele. Ntša eno ga e newe mang le mang fela. Letsatsi lengwe mosadi yo o thusang go tsamaisa mokgatlho wa batho ba ba foufetseng o ne a mpolelela gore mokgatlho wa tenese wa mo lefelong la rona o ne o tlile go naya motho mongwe yo o foufetseng kana yo o sa boneng sentle wa mo lefelong la rona ntša e e kaelang difofu. O ne a mpolelela gore o ne a ntse a akanya ka nna. A ke tla amogela mpho eo? Ke ne ka lemoga gore Jehofa o ne a kaela kgang eno mme ka amogela mpho eo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke tshwanetse go e letela.

Ke ne Ke sa Ntse ke Akanya ka Afrika

Fa ke ntse ke letile, ke ne ka tlhoma mogopolo mo sengweng se sele. Jaaka fa go bontshitswe pelenyana, ke ne ke kgatlhegela thata go ya Afrika go tloga ke sa ntse ke le ngwana. Le fa matlho a me a ne a  koafala le go feta, keletso ya me yone e ne e nonofile go feta pele, segolobogolo fa ke sena go utlwa gore batho ba le bantsi mo Afrika ba ne ba kgatlhegela Baebele le go direla Jehofa. Nako nngwe ke ne nkile ka umaka ke feta fela mo go Valérie gore ke ne ke eletsa thata go etela kwa Afrika. Ke ne ka mmotsa gore a o ne a ka rata go tsamaya le nna. O ne a dumela mme ra kwalela makala a le mmalwa a kwa Afrika a Basupi ba ga Jehofa a a mo dinageng tse go buiwang Sefora mo go tsone.

Re ne ra arabiwa kwa Togo. Ke ne ke itumetse tota mme ka kopa Valérie gore a mpalele lekwalo leo. Lekwalo leo le ne le kgothatsa tota, mme Valérie a re: “Re tla bo re sa ntse re emetse eng re sa tsamaye?” Morago ga go kwalelana le bakaulengwe ba kwa lekaleng, ke ne ka golaganngwa le Sandra yo e neng e le mmulatsela kwa Lomé, mo motsengmoshate. Re ne ra rulaganya gore re tsamaye ka December 1, 1998.

Go ne go farologane thata le kwa re tswang teng mme gone re ne re itumetse! Re ne ra tswa mo sefofaneng fa se sena go kotama kwa Lomé, mme ra utlwa mogote wa Afrika o re apesa jaaka kobo. Sandra o ne a kopana le rona kwa boemafofane. E ne e le la ntlha re bonana mme re ne re ikutlwa e kete re ditsala tsa bogologolo. Pelenyana ga re goroga, Sandra le kgaitsadi yo o neng a bula tsela le ene e bong Christine, ba ne ba tlhomilwe go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Tabligbo, e leng torotswana e nnye e e kwa bogareng. Jaanong re ne re na le tshiamelo ya go tsamaya le bone kwa kabelong ya bone e ntšha. Re ne ra nna dikgwedi tse pedi kwa Togo, mme fa re boela gae, ke ne ke itse gore nna ke tlile go boa gape.

Ke ne Ka Itumelela go Boela Gape Kwa Togo

Fa ke fitlha fela kwa Fora, ke ne ka simolola go ipaakanyetsa loeto lwa me lwa bobedi lwa go ya Togo. Ka thuso ya ba lelapa la gaetsho ke ne ka kgona go dira dithulaganyo tsa gore ke nne teng dikgwedi di le thataro. Ka jalo ka September 1999, ke ne ke le mo sefofaneng se se yang Togo gape. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlong leno ke ne ke tsamaya ke le esi. O ka akanya fela gore ba lelapa la gaetsho ba ne ba ikutlwa jang fa ba mpona ke tsamaya ke le esi go sa kgathalesege bokoa jo ke neng ke na le jone! Mme gone go ne go se na lebaka la gore ba tshwenyege. Ke ne ka tlhomamisetsa batsadi ba me gore ditsala tsa me tse di neng di setse di tshwana le lelapa mo go nna, di ne di tlile go ntetela kwa Lomé.

Ruri ke ne ke itumetse tota go boela gape mo lefelong leno le batho ba teng ba bantsi ba kgatlhegelang Baebele jaana! Go tlwaelegile gore o bone batho ba bala Baebele mo seterateng. Kwa Tabligbo batho ba a go bitsa gore o tle go tlotla le bone ka Baebele. A bo e ne e le tshiamelo e e molemo jang ne go nna mmogo le bokgaitsadi ba babedi ba babulatsela ba ba kgethegileng! Ke ne ka simolola go itse setso se sengwe, tsela e e farologaneng ya go leba dilo. Mme se se botlhokwa le go feta, ke ne ka lemoga gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba mo Afrika ba dira gore go direla Modimo e nne selo se se tlang pele mo matshelong a bone. Ka sekai, dikilometara tse dintsintsi tse ba tshwanelwang ke go di tsamaya go ya kwa Holong ya Bogosi ga di ba thibele go nna gone kwa dipokanong. Gape lorato lwa bone le moya wa go amogela baeng di nthutile dilo di le dintsi.

Letsatsi lengwe fa ke boa kwa bodireding jwa tshimo, ke ne ka bolelela Sandra gore ke tshaba go boela kwa Fora. Matlho a me a ne a koafetse le go feta. Ke ne ke akanya ka mebila ya kwa Béziers e e tletseng batho le e e modumo, le ka ditepisi tse di mo dikagong tsa teng tse di tshwaraganeng le ka dilo tse dingwe tse dintsintsi tse di ka dirang gore motho yo o  sa boneng sentle a thatafalelwe ke botshelo. Kafa letlhakoreng le lengwe, ditsela tsa kwa Tabligbo, le fa e ne e le tsa mmu, di ne di farologana le tsa kwa Fora ka gore mo go tsone go ne go sa tlhanasele—go se batho ba bantsintsi le dikoloi tse dintsi. Ke ne ke tla kgona go tshela sentle jang kwa Fora e re ka jaanong ke ne ke setse ke tlwaetse go tshela kwa Tabligbo?

Malatsi a le mabedi morago ga moo, mmè o ne a nteletsa mogala mme a nkitsise gore batho ba kwa sekolong sa dintša tse di kaelang difofu ba ne ba ntetile. Ntšanyana ya mofuta wa Labrador e e bidiwang Océane e ne e siametse go nna “matlho” a me. Le mo lekgetlhong leno ke ne ka newa dilo tse ke di tlhokang mme ditlhobaelo tsa me tsa fela. Morago ga dikgwedi di le thataro tsa tirelo e e itumedisang kwa Tabligbo, ke ne ke le mo tseleng ya go boela kwa Fora go ya go kopana le Océane.

Fa Océane e se na go thapisiwa dikgwedi di le mmalwa ke ne ka e neelwa gore e ntlhokomele. Go ne go se motlhofo kwa tshimologong. Nna le yone re ne re tshwanetse go ithuta go tlhaloganyana. Mme gone kgabagare ke ne ka lemoga gore tota ke tlhoka Océane. Ke boammaaruri gore gone jaanong ga nkake ka kgona go tshela kwantle ga Océane. Batho ba kwa Béziers ba ne ba dirang fa ba bona ke tla kwa magaeng a bone ke tsamaya le ntša? Bontsi jwa bone ba ne ba ntlotla e bile ba le pelonomi. Océane o ne a fetoga “mogaka” wa mo lefelong le re neng re agile mo go lone. E re ka batho ba le bantsi ba sa ikutlwe ba gololesegile fa ba na le motho yo o nang le bogole bongwe, ntša eno e ne e nthusa gore ke kgone go bua ke gololesegile ka bokoa jwa me. Batho ba ne ba phuthologa ba bo ba ntheetsa. Eleruri, Océane o ne a nthusa thata gore ke kgone go simolola motlotlo.

Ke le Kwa Afrika le Océane

Ke ne ke sa lebala ka Afrika, ka jalo ke ne ka simolola go ipaakanyetsa loeto lwa me lwa boraro lwa go boela teng. Mo lekgetlong leno, ke ne ke tsamaya le Océane. Gape ke ne ke tsamaya le banyalani bangwe ba basha e bong Anthony le Aurore le tsala ya me e bong Caroline—mme botlhe e ne e le babulatsela jaaka nna. Ka September 10, 2000 re ne ra goroga kwa Lomé.

Kwa tshimologong batho ba le bantsi ba ne ba tshaba Océane. Batho ba le bantsi mo Lomé ga ba ise ka ko ba bone ntša e kgolo jaana ka gonne bontsi jwa dintša tsa mo Togo di ne di le dinnye. Bangwe ba ne ba akanya gore ke phologolo e e bogale e e tlhokang go thibiwa fa ba bona mabanta a e neng e bofilwe ka one. Mme seno se ne sa dira gore Océane a nne le mokgwa wa go batla go itshireletsa le go ntshireletsa mo go sengwe le sengwe fela se a neng a akanya gore se kotsi. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Océane o ne a simolola go phuthologa le go tlwaela tikologo eno e ntšha. Fa ke mo tsentse mabanta, o ne a itse gore o mo tirong—a itshwara sentle, e bile a nna fela gaufi le nna. Mme fa ke mo golola, o ne a rata go tshameka e bile ka dinako tse dingwe a tshwenya. Re rata go tshameka thata nna le ene.

Re ne ra lalediwa rotlhe go ya go nna le Sandra le Christine kwa Tabligbo. Go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba lefelo leo go tlwaelana le Océane, re ne re ba laletsa gore ba tle go re etela mme re ba tlhalosetsa tiro ya ntša eno e e kaelang difofu, lebaka la go bo ke ne ke e tlhoka le kafa ba neng ba tshwanetse go itshwara ka teng fa ba na le yone. Bagolwane ba ne ba dumela gore Océane a tle le nna kwa Holong ya Bogosi. E re ka seno se ne se sa tlwaelega kwa Togo, ba ne ba dira kitsiso mo phuthegong ba tlhalosa kgang eno. Océane o ne a tsamaya le nna mo tshimong fa ke ya kwa maetong a go boela le fa ke ya go tshwara dithuto tsa Baebele fela—e leng maemo a mo go one batho ba teng ba neng ba tla tlhaloganya motlhofo lebaka la go bo a le gone.

Go sa ntse go itumedisa tota go rera mo tshimong eno. Ka metlha ke ne ke amiwa thata ke tsela e batho ba ba bonolo ba akanyetsang ka yone, mme ba supa seno ka ditiro tsa bone tsa bopelonomi tse di jaaka go nnaya setulo ka bonako fa ke tsena. Ka October 2001, mmè o ne a tla le nna mo loetong lwa me lwa bonè go ya kwa Togo. Morago ga dibeke di le thataro, o ne a boela kwa Fora a kgotsofetse gore ke siame e bile a itumetse.

Ke leboga Jehofa thata go bo ke kgonne go direla kwa Togo. Ke tlhomamisegile gore Jehofa o tla tswelela a nnaya ‘dikopo tsa pelo ya me’ fa ke ntse ke tswelela go dirisa sotlhe se ke nang le sone mo bodireding jwa gagwe. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 37 Kgaitsadi Morgou o ne a boela kwa Fora mme go tloga ka October 6, 2003, go ya go February 6, 2004 o ne a boela kwa Togo lekgetlho la botlhano. Ka maswabi, ka ntlha ya mathata a botsogo, loeto loo e ka nna lone lwa bofelo lwa go ya kwa Togo mo tsamaisong eno ya dilo. Le fa go ntse jalo, keletso ya gagwe e kgolo e sa ntse e le go direla Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Ka metlha ke ne ke kgatlhega tota fa ke akanya ka mafelo a a bulegileng a Afrika le diphologolo tsa naga tse di kgatlhang

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Océane o ne a tsamaya le nna fa ke dira maeto a go boela

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Bagolwane ba ne ba dumela gore ke tle le Océane kwa dipokanong