Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Solegelwa Molemo ke Thuto E e Di Gaisang Tsotlhe!

Solegelwa Molemo ke Thuto E e Di Gaisang Tsotlhe!

 Solegelwa Molemo ke Thuto E e Di Gaisang Tsotlhe!

BAEBELE ya re Jehofa Modimo ke Mmopi wa dilo tsotlhe, go akaretsa le batho. (Genesise 1:27; Tshenolo 4:11) Jaaka e le Motlhatlheledi yo Mogolo Thata, o ne a ruta banyalani ba ntlha, Adame le Efa, mme a ba baakanyetsa gore ba tshele mo tshingwaneng e ntle ya Edene. O ne a ikaeletse go tswelela a ba ruta le go ba tlhokomela ka bosakhutleng. (Genesise 1:28, 29; 2:15-17; Isaia 30:20, 21) Akanya fela ka isagwe e e ntseng jalo!

Le fa go ntse jalo, ka maswabi batho ba ntlha ba babedi ba ne ba itshenyetsa bokamoso. Go tlhoka kutlo ga bone go ne ga dira gore batho ba simolole go nna le boitsholo jo bo sa siamang le go koafala mo mmeleng. (Genesise 3:17-19; Baroma 5:12) Baebele e bolela jaana fa e bua ka dikokomana di se kae tse di neng tsa tshela fa batho ba sena go bopiwa: “Jehofa o ne a bona gore bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe.”—Genesise 6:5.

Go setse go fetile dingwaga di ka nna 4 500 fa e sale Jehofa a bona gore batho ba nna ba sekametse mo bosuleng, mme jaanong boemo jwa batho bo maswe go feta le fa e le leng pele. Batho ga ba tlhabisiwe ditlhong ke go bua maaka, ba a utswa e bile ba tlhasela ba bangwe. Mathata a oketsega letsatsi le letsatsi, mme batho ga ba amege go le kalo ka ba bangwe. Batho ba le bantsi ba na le mathata a magolo le batho ba bangwe, tota le ba maloko a malapa a bone, a ga go jalo? Le fa go ntse jalo, re ka se pege Modimo molato ka ntlha ya maemo a gone jaanong, e bile seno ga se reye gore ga a tlhole a amega ka mathata a a leng teng gompieno. Jehofa ga a bolo go rata gore batho ba tshele sentle mme o iketleeleditse go ruta ba ba batlang gore a ba kaele kafa ba ka tshelang botshelo jo bo itumedisang ka teng. Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, o ne a romela Morwawe, Jesu Keresete mo lefatsheng mme a bontsha gore O rata go ruta batho ba ba batlang go atlega mo botshelong. Jesu o ne a tlhoma sekao sa thuto e e itekanetseng ka gonne o ne a rutilwe ke Motlhatlheledi yo Mogolo Thata ka diketekete tsa dingwaga.

Bokeresete Jwa Boammaaruri ke Thuto

Jesu Keresete o ne a simolola Bokeresete jwa boammaaruri, jo e leng mokgwa wa botshelo o o theilweng mo loratong. Mo Bokereseteng jwa boammaaruri, dikakanyo tsotlhe le ditiro di tshwanetse go dumalana le thato ya Modimo, ka maikaelelo a go tlisa tlotlo le kgalalelo mo leineng la gagwe. (Mathaio 22:37-39; Bahebera 10:7) Rraagwe Jesu, Jehofa, ke ene a neng a mo kaela gore a rute batho kaga tsela eno ya botshelo. Re bala kafa Jesu a neng a engwe nokeng ka teng ke Modimo mo go Johane 8:29: “Yo o nthomileng o na le nna; o ne a se ka a ntlogela ke le nosi, ka gonne ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” Jesu o ne a engwe nokeng ke Rraagwe e bile a mo kaela mo bodireding jotlhe jwa gagwe. Balatedi ba ga Jesu ba pele ga ba ka ba lebana le mathata a botshelo ba se na kaelo. Jehofa o ne a ba ruta a dirisa Morwawe. Ba ne ba nna batho ba ba botoka fa ba latela dithuto tsa ga Jesu le sekao sa gagwe. Go ntse fela jalo le ka barutwa ba gagwe gompieno.—Bona lebokose le le reng, “Kafa Batho ba Tlhotlheleditsweng ka Teng ke Jesu le Dithuto Tsa Gagwe,” mo go tsebe 6.

Bokeresete jwa boammaaruri bo tlhomologile ka gore bo ruta thuto e e amang mogopolo le pelo, e e fetolang botho jwa batho. (Baefeso 4:23, 24) Ka sekai akanya ka se Jesu a neng a se bua ka  go se ikanyege ga motho mo molekaneng wa gagwe: “Lo utlwile gore go ne ga twe, ‘O se ka wa dira boaka.’ Mme nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:27, 28) Ka go bua jalo Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba tshwanetse go boloka dipelo tsa bone di le phepa le gore fa motho a na le dikakanyo le dikeletso tse di sa siamang, le fa a ise a di diragatse, di ka nna le diphelelo tse di maswe. A ga go boammaaruri gore dikakanyo tse di bosula di ka felela ka gore motho a dire ditiro tse di kgopisang Modimo le tse di utlwisang batho ba bangwe botlhoko?

Ke gone ka moo Baebele e nayang kgakololo eno: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) O ka nna wa botsa jaana, ‘A tota go a kgonega go fetola mogopolo ka thuto?’ Go fetola mogopolo go akaretsa go o tlhotlheletsa go dira dilo ka tsela e sele ka go ithuta melaometheo le dithuto tse di mo Lefokong la Modimo. Motho a ka dira seno ka go amogela thuto e Modimo a e nayang ka Lefoko la gagwe.

Ba ne Ba Tlhotlhelediwa go Fetoga

“Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” (Bahebera 4:12) Le gompieno le santse le tlhotlheletsa batho ka tsela e e maatla, ka jalo le itshupa gore ga le felelwe ke nako. Le ka rotloetsa motho go fetola tsela ya gagwe ya botshelo, go amogela Bokeresete jwa boammaaruri, le go nna motho yo o botoka. Dikai tse di latelang di bontsha kafa thuto ya Baebele e leng botlhokwa ka teng.

Emilia yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, a re: “Go dira maiteko ke le esi go ne go sa tokafatse seemo kwa lapeng. Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka lemoga gore nka bona thuso mme ka simolola go fetola tsela e ke neng ke leba dilo ka yone. Ke ne ka ithuta go nna pelotelele le go reba bogale jwa me jo bo boitshegang. Fa nako e ntse e ya, monna wa me o ne a kopanela mo thutong mmogo le nna. Go ne go le thata gore a tlogele go nwa, mme kgabagare o ne a kgona. Seno se ne sa re bulela sebaka se sengwe sa go leka go atlegisa lenyalo la rona. Jaanong re Bakeresete ba ba itumetseng mme re ruta bana ba rona melaometheo e e molemo ya Baebele.”—Duteronome 6:7.

Thuto ya Bokeresete jwa boammaaruri e ka ntsha motho mo mekgweng e e bosula le mo boitsholong jo bo sa siamang. Manuel * o ne a iponela gore seno se boammaaruri. Fa a ne a na le dingwaga di le 13 o ne a tshaba kwa gae mme a simolola go dirisa marijuana. Fa nako e ntse e ya, a simolola go dirisa heroine. O ne a tlhakanela dikobo le banna le basadi gore a bone lefelo le a ka robalang mo go lone le madi. Ka dinako tse dingwe Manuel o ne a itshedisa ka go thukhutha batho. O ne a nna fela a tagilwe ke diokobatsi. Go nna mabifi ga gagwe gantsi go ne ga dira gore a  tsenngwe mo kgolegelong gangwe le gape. Nako nngwe o ne a nna dingwaga di le nnè kwa kgolegelong mme fa a le koo a simolola go dira kgwebo e e seng kafa molaong ya dibetsa. Fa Manuel a sena go nyala, mokgwa wa gagwe wa botshelo o ne wa mo tshedisa botlhoko thata. A re: “Re ne ra felela re nna mo lefelong le e neng e le la dikoko. Ke sa ntse ke gakologelwa mosadi wa me a apeela mo godimo ga ditena. Re ne re le mo maemong a a maswe mo e leng gore ba lelapa la gaetsho ba ne ba kgothaletsa mosadi wa me gore a ntlogele.”

Ke eng se se neng sa fetola botshelo jwa gagwe? Manuel a re: “Motho mongwe yo ke neng ke mo tlwaetse o ne a tla kwa legaeng la rona a bua ka Baebele. Ke ne ka dumela gore a nne a nketele e le fela gore ke tle ke mmontshe gore ga go na Modimo yo o amegang ka batho. Ke ne ke itsaya ke le bosupi jwa seo. Ke ne ka gakgamala fa ke bona Mosupi yoo a le pelotelele e bile a le maitseo, mme ke ne ka dumela go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Le fa batho bangwe ba ke ba fitlhetseng koo ba ne ba itse gore ke tshela jang, ba ne ba ntumedisa ba le botsalano. Ba ne ba dira gore ke ikutlwe ke amogelesegile. Seno se ne sa nkgomotsa thata. Ke ne ka amega maikutlo mo ke neng ka dira tshwetso ya gore ke tlogele diokobatsi mme ke batle tiro e e siameng. Dikgwedi di le nnè morago ga gore ke simolole go ithuta Baebele, ke ne ka tshwanelega go simolola tiro ya go rera, mme dikgwedi di le nnè morago ga foo ke ne ka kolobediwa ka nna Mosupi wa ga Jehofa.”

Bokeresete jwa boammaaruri bo diretse Manuel le lelapa la gagwe eng? “Fa e ka bo e se ka thuto ya Baebele nkabo ke sa bolo go swa. Tsela ya botshelo e Jesu a neng a e ruta e ne ya nthusa gore nna le ba lelapa la me re bo re sa ntse re le mmogo gompieno. Ga go tlhokege gore bongwanake ba babedi ba diragalelwe ke se se ntiragaletseng fa ke sa le mosha. Ke motlotlo tota e bile ke leboga Jehofa thata ka ntlha ya kamano e jaanong ke nang le yone le mosadi wa me. Bangwe ba batho ba ke neng ke ba tlwaetse ba ile ba nkakgola mme ba mpolelela gore ba akanya gore jaanong ke tshela ka tsela e e molemo thata.”

 Mo mokgweng wa Bokeresete wa botshelo, go nna phepa mo boitshwarong go tsamaisana le go nna phepa mo mmeleng. John, yo o nnang mo karolong ya batho ba ba humanegileng thata kwa Afrika Borwa, o ne a lemoga seno. A re: “Ka dinako tse dingwe morwadiarona o ne a fetsa beke a sa tlhapa, mme ga go na ope wa rona yo o neng a amega ka seo.” Mosadi wa gagwe a re legae la bone le ne le le leswe thata. Mme fa ba sena go bona thuto ya Bokeresete, dilo di ne tsa fetoga. John o ne a tlogela go ikopanya le segopa sa magodu a dikoloi mme a simolola go tlhokomela lelapa la gagwe. “Re ne ra ithuta gore jaaka re le Bakeresete, mebele ya rona le diaparo tsa rona di tshwanetse go nna phepa. Ke rata mafoko a a mo go 1 Petere 1:16, e e re rotloetsang go nna boitshepo ka gonne Jehofa Modimo o boitshepo. Jaanong re leka go dira gore le legae la rona la maemo a a kwa tlase le lebege sentle.”

O ka Bona Thuto e e Molemo go di Gaisa Tsotlhe

Dilo tse di fa godimo ga di a diragalela batho ba ba umakilweng bao fela. Batho ba le diketekete ba ithutile go tshela matshelo a a botoka ka ntlha ya go bona thuto e e theilweng mo Baebeleng. Bathapi ba bone ba ba tseela kwa godimo ka gonne ba ikanyega e bile ba dira ka natla. Ba fetogile baagelani le ditsala tse di molemo mme ba amega ka batho ba bangwe. Ba ikemiseditse go tlogela dilo tse di bosula le ditshekamelo tsa senama, mme ka jalo ba tlhokometse botsogo jwa bone jwa mo mmeleng, jwa tlhaloganyo le jwa maikutlo. Go na le gore ba senye madi a bone mo mekgweng e e leswe, ba ithuta go a dirisa ka tsela e e tla solegelang bone le ba malapa a bone molemo. (1 Bakorintha 6:9-11; Bakolosa 3:18-23) Ee ruri, go dirisa se Jehofa a se kwadileng mo Baebeleng go bontsha gore matswela a go tshela ka tsela ya Bokeresete jwa boammaaruri ke tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya botshelo, go re naya thuto e e molemolemo. Baebele e bua jaana ka motho yo o tshelang ka melao ya Modimo: “Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”—Pesalema 1:3.

Go a kgothatsa go itse gore Modimo Mothatayotlhe Jehofa, o batla go re ruta. O itlhalosa jaana: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” (Isaia 48:17) Jehofa o re bontshitse tsela ka sekao le dithuto tsa Morwawe Jesu Keresete. Dithuto tsa gagwe di ne di tokafatsa matshelo a batho ba bantsi ba ba neng ba mo itse fa a ne a santse a le mo lefatsheng, mme le gompieno di tokafatsa matshelo a batho ba bantsi ba ba tshelang tumalanong le tsone. Ke eng o sa iphe nako ya go ithuta ka dithuto tseno? Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go thusa gore o bone thuto eo e e molemolemo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Maina mangwe a fetotswe.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Kafa Batho ba Tlhotlheleditsweng ka Teng ke Jesu le Dithuto Tsa Gagwe

Sakaio o ne a dirisa maemo a gagwe jaaka e ne e le mokgethisi yo mogolo, mme o ne a ikhumisa ka go tseela batho madi ka tsietso le ka go thukutha batho ba maemo a a kwa tlase. Mme o ne a fetola mokgwa wa gagwe wa botshelo ka go dirisa dithuto tsa ga Jesu.—Luke 19:1-10.

Saulo wa kwa Tareso o ne a tlogela go bogisa Bakeresete, a sokologela mo Bokereseteng, mme a nna moaposetoloi Paulo.—Ditiro 22:6-21; Bafilipi 3:4-9.

Bakeresete bangwe ba kwa Korintha e ne e kile ya bo e le ‘bagokafadi, baobamedi ba medingwana, baakafadi, basodoma, magodu, ba ba bogagaru, matagwa, bagobolodi le ba ba tsayang ka dikgoka.’ Mme fa ba sena go nna Bakeresete ba boammaaruri, ba ne ba ‘tlhapisiwa ba nna phepa, ba itshepisiwa, ba bolelwa e le ba ba siameng mo leineng la Morena wa bone Jesu Keresete.’—1 Bakorintha 6:9-11.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Baebele e ka go thusa go atlega