Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Anama ga Bokeresete mo Bajudeng ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

Go Anama ga Bokeresete mo Bajudeng ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

 Go Anama ga Bokeresete mo Bajudeng ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

GO NE ga tshwarwa pokano ya botlhokwa kwa Jerusalema mo e ka nnang ka 49 C.E. Johane, Petere le monnawe Jesu ka mmaagwe e bong Jakobe—“ba ba neng ba bonala e le dipilara” tsa phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga—ba ne ba le teng mo pokanong eo. Bangwe ba babedi ba ba balwang mo palong ya ba ba neng ba le gone mo pokanong eo e ne e le moaposetoloi Paulo le tsala ya gagwe e bong Baranabase. Sengwe sa dilo tse ba neng ba tlile go bua ka tsone e ne e le gore ba ne ba tlile go kgaoganya jang tshimo e kgolo gore ba kgone go rera mo go yone. Paulo o tlhalosa jaana: “Ba ne ba naya nna le Barenabase seatla sa moja sa go tlhakanela mmogo, gore re ye kwa ditšhabeng, mme bone ba ye kwa go ba ba rupileng.”—Bagalatia 2:1, 9. *

Re tshwanetse go tlhaloganya jang tumalano eno? A tshimo e dikgang tse di molemo di neng di tshwanetse go rerwa mo go yone e ne e rulagantswe gore e nne tshimo ya Bajuda le basokologi mo letlhakoreng le lengwe fa kafa go le lengwe go na le ya Baditšhaba? Kgotsa a tumalano eo e ne e le malebana le go kgaoganngwa ga mafelo a tshimo e neng e tlile go berekwa mo go one? Gore re bone se e ka tswang e le karabo ya potso eno re tlhoka go ithuta sengwe ka Bajuda ba Bafaladi ba ba neng ba nna kwa ntle ga Palesetina.

Lefatshe la Bajuda mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

Ke Bajuda ba le kae mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba e neng e le bafaladi? Go lebega bakanoki ba le bantsi ba dumalana le buka ya Atlas of the Jewish World: “Go thata go fitlhelela palo e e tlhomameng mme gone go fopholediwa gore nakwana pele ga 70 [C.E.] go ne go na le Bajuda ba le milione le halofo kwa Judea mme ba bangwe ba ba fetang dimilione di le nnè ba ne ba falaletse kwa dikarolong tse dingwe tsa Roma. . . . Go lebega mo mmusomogolong otlhe wa Roma Bajuda ba ne ba dira diperesente di ka nna lesome tsa baagi botlhe ba mmusomogolo ono mme mo dikgaolong tse ba neng ba le bantsi thata mo go tsone, e leng kwa ditoropong tse di kwa diporofenseng tse di kafa botlhaba ba ka nna ba bo ba ne ba dira diperesente di le 25 kana go feta tsa baagi.”

Mafelo a konokono a Bajuda a ne a le kwa Siria, Asia Minor, Babelona le Egepeto, kwa Botlhaba go ne go na le Bajuda ba le mmalwa ba ba neng ba nna mo Yuropa. Bakeresete bangwe ba bogologolo ba ba itsegeng ba Bajuda ba ba jaaka Barenabase yo o neng a tswa kwa Kupero, Perisila le Akhwila ba ba neng ba tswa kwa Ponto mme ba ya go nna kwa Roma, Apolose yo o neng a tswa kwa Alekesanderia le Paulo yo o neng a tswa kwa Tareso, e ne e le bafaladi.—Ditiro 4:36; 18:2, 24; 22:3.

Bajuda bano ba bafaladi ba ne ba na le dilo di le dintsi tse di neng di ba golaganya le nagagae ya bone. Nngwe ya tsone e ne e le lekgetho le le neng le duelwa ngwaga le ngwaga mme le romelwa kwa Jerusalema e leng tsela e ba neng ba thusa ka yone mo dilong tse di neng di dirwa mo tempeleng le mo kobamelong. Mokanoki John Barclay o ne a akgela jaana ka kgang eno: “Go na le bosupi jo bo tlhomameng jwa gore Bajuda bano ba bafaladi ba ne ka boikanyegi ba phutha madi ano a a neng a okediwa ke meneelo e mengwe e e neng e ntshiwa ke batho ba ba humileng.”

 Sengwe gape se se neng se ba amanya le nagagae ya bone e ne e le bajanala ba le diketekete ba ba neng ba ya meletlong kwa Jerusalema ngwaga le ngwaga. Pego e e malebana le Pentekosete ya 33 C.E. e e mo go Ditiro 2:9-11 e bontsha seno. Bajanala ba Bajuda ba ba neng ba nna gone mo meletlong eno ba ne ba tswa kwa Parathia, Media, Elama, Mesopotamia, Kapadokia, Ponto, Asia, Feregia, Pamfilia, Egepeto, Libia, Roma, Kereta le Arabia.

Batsamaisi ba tempele kwa Jerusalema ba ne ba ikgolaganya le Bajuda ba bafaladi ka go kwalelana le bone. Go a itsege gore Gamaliele, morutisi wa molao yo go buiwang ka ene mo go Ditiro 5:34, o ne a romela makwalo kwa Babelona le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Fa moaposetoloi Paulo a ne a goroga kwa Roma e le motshwarwa mo e ka nnang ka 59 C.E., “banna ba bagolo ba Bajuda” ba ne ba mo raya ba re, “ga re a amogela makwalo kaga gago a a tswang Judea, le gone ga go na ope wa bakaulengwe ba ba gorogileng yo o begileng kgotsa yo o buileng sepe sa boikepo kaga gago.” Seno se bontsha gore gangwe le gape go ne go romelwa dipego tse di tswang kwa nagagaeng ya bone di romelwa kwa Roma.—Ditiro 28:17, 21.

Baebele ya Bajuda ba bafaladi e ne e le thanolo ya Segerika ya Dikwalo tsa Sehebera e e bidiwang Septuagint. Buka nngwe ya ditshupiso ya re: “Go a utlwala go swetsa ka gore LXX [Septuagint] e ne ya balwa le go amogelwa ke Bajuda botlhe ba bafaladi e le Baebele ya Sejuda ya bafaladi kana ‘Dikwalo tse di Boitshepo.’” Yone thanolo eo e ne e dirisiwa thata ke Bakeresete ba bogologolo fa ba ruta.

Maloko a setlhopha se se laolang sa Bakeresete kwa Jerusalema a ne a tlwaelane le maemo ano. Dikgang tse di molemo di ne di setse di fitlhile kwa Bajudeng ba bafaladi ba ba neng ba nna kwa Siria le kwa dinageng tse dingwe, go akaretsa Damaseko le Antioka. (Ditiro 9:19, 20; 11:19; 15:23, 41; Bagalatia 1:21) Go lebega ba ba neng ba le gone kwa pokanong e e neng e tshwerwe ka 49 C.E., ba ne ba dira dithulaganyo tsa tiro e e neng e tlile go dirwa mo nakong e e tlang. A re sekasekeng se Baebele e se buang malebana le kafa tiro eno e neng ya gola ka gone mo Bajudeng le mo basokologing.

Maeto a ga Paulo le Bajuda ba Bafaladi

Kabelo e moaposetoloi Paulo a neng a e neetswe kwa tshimologong e ne e le “gore a sikarele leina la [ga Jesu Keresete] kwa ditšhabeng mmogo le kwa dikgosing le kwa go bomorwa Iseraele.” * (Ditiro 9:15) Morago ga pokano e e neng e tshwerwe kwa Jerusalema, Paulo o ne a tswelela a leka go thusa Bajuda ba bafaladi gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone. (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 14.) Seno se supa gore tumalano eno e ne e amana le mafelo a ba neng ba tshwanetse go ya kwa go one. Paulo le Barenabase ba ne ba atolosetsa tiro ya bone ya borongwa kwa bophirima, mme ba bangwe bone ba ne ba direla mo nagagaeng ya Bajuda le mo dikarolong tse dingwe tse dintsi tsa Bajuda tse di neng di le kafa Botlhaba.

Fa Paulo le ditsala tsa gagwe ba simolola loeto lwa bone lwa bobedi lwa borongwa go tswa kwa Antioka, kwa Siria, ba ne ba kaelwa gore ba ye kwa bophirima go kgabaganya Asia Minor go ya Teroase. Go tswa foo, ba ne ba kgabaganyetsa kwa Makedonia ka gonne ba ne ba sweditse ka gore “Modimo o ne a [ba] biditse go ya go bolela dikgang tse di molemo kwa [bathong ba kwa Makedonia].” Morago ga moo, go ne ga tlhongwa diphuthego mo metseng e mengwe ya Yuropa go akaretsa Athena le Korintha.—Ditiro 15:40, 41; 16:6-10; 17:1–18:18.

Mo e ka nnang ka 56 C.E., kwa bofelong jwa loeto lwa boraro lwa borongwa lwa ga Paulo, o ne a rulaganya go ya kgakajana kwa bophirima e le gore a atolose tshimo e a neng a e abetswe kwa pokanong ya kwa Jerusalema. O ne a kwala jaana: “Ke na le tlhagafalo ya go bolela dikgang tse di molemo le mo go lona koo kwa Roma,” mme “ke tla feta ka lona fa ke tloga ke ya Sepeine.” (Baroma 1:15; 15:24, 28) Mme go tweng ka Bajuda ba le bantsintsi ba bafaladi ba ba neng ba nna kwa Botlhaba?

Bajuda ba Bafaladi Kwa Botlhaba

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., go ne go na le Bajuda ba bafaladi kwa Egepeto segolobogolo mo motsemogolong wa Alexandria. Palo ya Bajuda ba ba neng ba nna mo lefelong leno la kgwebo le setso e ne e fitlha go dikete di le makgolokgolo mme go ne go na le disinagoge gongwe le gongwe mo toropong eo. Philo e bong Mojuda wa kwa Alexandria o bolela gore mo Egepeto yotlhe  go ne go na le Bajuda ba ka nna milione ka nako eo. Gape ba le bantsinyana ba bone ba ne ba agile kwa Libia mo toropong ya Kurene le mo mafelong a a e dikologileng.

Bajuda bangwe ba ba neng ba nna Bakeresete ba ne ba tswa mo mafelong ano. Re bala ka “Apolose, motho wa kwa Alekesanderia,” “banna bangwe ba Kupero le Kurene,” le “Lukio wa Kurene,” yo o neng a ema nokeng phuthego ya Siria ya kwa Antioka. (Ditiro 2:10; 11:19, 20; 13:1; 18:24) Kwantle ga ditemana tseno, Baebele ga e bue sepe ka tiro ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha, e e neng ya dirwa mo Egepeto le mafelo a a e dikologileng mme gone e bua ka moreri wa Mokeresete e bong Filipo yo o neng a rerela moopafadiwa wa Moethiopia.—Ditiro 8:26-39.

Toropo e nngwe e kgolo e ne e le Babelona e dikarolo dingwe tsa puso ya yone di neng di fitlha le kwa Parathia, Media le Elama. Rahisitori mongwe o bolela jaana: “Kgaolo nngwe le nngwe mo dipoeng tsa Tigris le Euferatese, go tswa Aremenia go ya kwa kgogometsong ya Peresia mmogo le kwa bokonebotlhaba jwa Lewatle la Caspian le go ya kwa botlhaba jwa Media e ne e na le Bajuda ba ba nnang mo go yone.” Encyclopaedia Judaica e fopholetsa gore palo ya bone e ne e ka nna 800 000 kana go feta. Rahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga Josephus, o re bolelela gore Bajuda ba le diketekete ba ba neng ba nna kwa Babelona ba ne ba ya meletlong kwa Jerusalema ngwaga le ngwaga.

A bangwe ba bajanala bano ba Bababelona ba ne ba kolobediwa ka Pentekosete ya 33 C.E.? Ga re itse mme gone bangwe ba batho ba ba neng ba utlwa moaposetoloi Petere mo letsatsing leo ba ne ba tswa Mesopotamia. (Ditiro 2:9) Se re se itseng ke gore moaposetoloi Petere o ne a le kwa Babelona mo e ka nnang ka 62-64 C.E. Fa a le koo, o ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha gongwe le la bobedi. (1 Petere 5:13) Go lebega Babelona e go neng go na Bajuda ba le bantsi kwa go yone e ne e tsewa e le karolo ya tshimo e e neng e abetswe Petere, Johane le Jakobe kwa pokanong e e umakiwang mo lekwalong le le kwaletsweng Bagalatia.

Phuthego ya Jerusalema le Bajuda ba Bafaladi

Jakobe yo o neng a le teng le mo pokanong e go neng go buiwa ka ditshimo mo go yone, e ne e le molebedi mo phuthegong ya Jerusalema. (Ditiro  12:12, 17; 15:13; Bagalatia 1:18, 19) E ne e le mosupi yo o boneng ka matlho ka Pentekosete ya 33 C.E. fa diketekete tsa Bajuda ba bafaladi ba ba neng ba etile ba ne ba amogela mafoko a a molemo mme ba kolobediwa.—Ditiro 1:14; 2:1, 41.

Go tloga ka nako eo go ya pele diketekete tsa Bajuda di ne di nna gone mo meletlong eo e e neng e tshwarwa ngwaga le ngwaga. Toropo eo e ne e tlala thata mme baeng ba ne ba tshwanelwa ke go ya go nna mo metseng e e fa gaufi kgotsa ba tlhome ditente. Kwantle fela ga go kopana le ditsala tsa bone, Encyclopaedia Judaica e tlhalosa gore bajanala bano ba ne ba tsena mo tempeleng go tla go obamela, go ntsha ditlhabelo le go ithuta Torah.

Ga go pelaelo gore Jakobe le maloko a mangwe a phuthego ya Jerusalema ba ne ba dirisa ditshono tseno go rerela Bajuda ba bafaladi. Gongwe baaposetoloi ba ne ba dira jalo ka botlhale ka nako e ka yone ‘pogiso e kgolo e neng e tsogetse phuthego e e mo Jerusalema’ ka ntlha ya go bolawa ga ga Setefane. (Ditiro 8:1) Dipego di bontsha gore pele ga tiragalo eno le morago ga yone, tlhagafalo ya go rera ya Bakeresete bano e ne ya dira gore go nne le koketsego e kgolo.—Ditiro 5:42; 8:4; 9:31.

Re Ithuta Eng?

Eleruri, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya matsapa gore ba ikgolaganye le Bajuda gongwe le gongwe kwa ba neng ba nna gone. Ka yone nako eo, Paulo le ba bangwe ba ne ba leka go fitlhelela Baditšhaba ba ba nnang kwa tshimong e e kwa Yuropa. Ba ne ba boloka taelo e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe fa a kgaogana le bone ya gore ba dire “batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.”—Mathaio 28:19, 20.

Sekai sa bone se re ruta botlhokwa jwa go rera ka tsela e e rulaganeng e le gore Jehofa a re tshegetse ka moya wa gagwe. Gape re kgona go bona melemo ya go ikgolaganya le batho ba ba tlotlang Lefoko la Modimo, segolobogolo mo ditshimong tse go nang le Basupi ba ga Jehofa ba le mmalwa mo go tsone. A dikarolo tse dingwe tsa tshimo e e abetsweng phuthego ya lona di na le matswela go feta tse dingwe? Gongwe go ka nna molemo gore lo di bereke gangwe le gape. A go na le tiragalo nngwe e e tlileng go dirwa mo lefelong la lona e e ka go thusang gore o dire maiteko a a kgethegileng a go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo le jwa mmila mo go yone?

Re tla solegelwa molemo tota fa re sa bale fela ka Bakeresete ba bogologolo mo Baebeleng mme gape re itlwaelanye le dingwe tsa ditiragalo tsa hisitori le mafelo a batho bao ba neng ba nna mo go one. Sedirisiwa sengwe se re ka se dirisang go oketsa tsela e re tlhaloganyang dikgang tseno ka yone ke boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ jo bo nang le dimmapa di le dintsi le ditshwantsho.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Go lebega pokano eno e ne e tshwerwe ka nako e setlhopha se se laolang se neng se tshwere puisano ka yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga e e malebana le go rupa.—Ditiro 15:6-29.

^ ser. 13 Setlhogo seno se bua thata ka Paulo fa a ne a rerela Bajuda, e seng ka ditiro tsa gagwe e le “moaposetoloi mo ditšhabeng.”—Baroma 11:13.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

KAFA MOAPOSETOLOI PAULO A NENG A AMEGILE KA GONE KA BAJUDA BA BAFALADI

PELE GA POKANO YA KWA JERUSALEMA KA 49 C.E.

Ditiro 9:19, 20 Damaseko — “a simolola go rera mo disinagogeng”

Ditiro 9:29 Jerusalema — “a bua . . . le Bajuda ba ba buang

Segerika”

Ditiro 13:5 Salamisa, Kupero — ‘ba itsise lefoko la Modimo

phatlalatsa mo disinagogeng

tsa Bajuda’

Ditiro 13:14 Antioka mo Pisidia— “ba tsena mo sinagogeng”

Ditiro 14:1 Ikonio — “ba tsena . . . mo sinagogeng ya Bajuda”

MORAGO GA POKANO YA KWA JERUSALEMA KA 49 C.E.

Ditiro 16:14 Filipi — “Lidia . . . moobamedi wa Modimo”

Ditiro 17:1 Thesalonika — “sinagoge ya Bajuda”

Ditiro 17:10 Berea — ‘sinagoge ya Bajuda’

Ditiro 17:17 Athena — ‘o bontshana mabaka le Bajuda mo

sinagogeng’

Ditiro 18:4 Korintha — ‘o neela puo mo sinagogeng’

Ditiro 18:19 Efeso — “a tsena mo sinagogeng mme a bontshana

mabaka le Bajuda”

Ditiro 19:8 Efeso — “ya re a tsena mo sinagogeng, a bua ka

bopelokgale dikgwedi di le tharo”

Ditiro 28:17 Roma — “a phutha . . . banna ba bagolo ba Bajuda”

[Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Ba ba neng ba utlwa mafoko a a molemo ka Pentekosete ya 33 C.E. ba ne ba tswa mo mafelong a a farologaneng

ILIRIKOMO

ITALI

Roma

MAKEDONIA

GERIKA

Athena

KERETA

Kurene

LIBIA

BITHINIA

GALATIA

ASIA

FEREGIA

PAMFILIA

KUPERO

EGEPETO

ETHIOPIA

PONTO

KAPADOKIA

KILIKIA

MESOPOTAMIA

SIRIA

SAMAREA

Jerusalema

JUDEA

MEDIA

Babelona

ELAMA

ARABIA

PARATHIA

[Metswedi ya metsi]

Lewatle la Mediterranean

Lewatle le Lentsho

Lewatle le Lehibidu

Kgogometso ya Peresia