Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi—Lo Batlela Bana ba Lona Isagwe e e Ntseng Jang?

Batsadi—Lo Batlela Bana ba Lona Isagwe e e Ntseng Jang?

 Batsadi—Lo Batlela Bana ba Lona Isagwe e e Ntseng Jang?

“Lona makau le lona makgarebane . . . A ba bake leina la ga Jehofa.”—PESALEMA 148:12, 13.

1. Ke dilo dife tse batsadi ba tshwenyegang ka tsone ka bana ba bone?

KE MOTSADI ofe yo o sa tshwenyegeng ka isagwe ya bana ba gagwe? Go tloga fela fa lesea le tsholwa—kgotsa le e leng pele ga foo—batsadi ba simolola go tshwenyega ka lone. A le tla nna le botsogo jo bo molemo? A le tla gola sentle? Fa ngwana a ntse a gola, go nna le dilo tse dingwe gape tse ba tshwenyegang ka tsone. Gantsi batsadi ba batla fela dilo tse di molemo ka bana ba bone.—1 Samuele 1:11, 27, 28; Pesalema 127:3-5.

2. Ke eng fa batsadi ba le bantsi gompieno ba batla gore bana ba bone ba nne le botshelo jo bo itumedisang fa ba gola?

2 Le fa go ntse jalo, gompieno mo lefatsheng, ga go motlhofo gore batsadi ba tlamele bana ba bone ka dilo tse di molemo. Batsadi ba le bantsi ba ile ba lebana le dinako tse di boima—dintwa, dikhuduego tsa sepolotiki, mathata a ikonomi, go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng kana mo maikutlong, jalo le jalo. Ga go pelaelo gore batsadi bano ga ba batle bana ba bone le bone ba lebana le dilo tse di ntseng jalo. Mo dinageng tse di humileng, batsadi ba ka bona bana ba ditsala tsa bone le ba masika ba nna le ditiro tsa boitshediso tse di itumedisang e bile ba bonala ba atlega mo botshelong. Ka gone, ba ikutlwa ba patelesega go dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlhomamisa gore bana ba bone le bone ba nna le botshelo jo bo itumedisang le jo bo sireletsegileng—botshelo jo bo kgotsofatsang—fa ba gola.—Moreri 3:13.

Go Tlhopha Botshelo jo bo Itumedisang

3. Ke eng se Bakeresete ba se itlhophetseng?

3 E re ka Bakeresete e le balatedi ba ga Jesu Keresete, ba itlhophetse go neela Jehofa botshelo jwa bone. Ba tsere tsia mafoko ano a ga Jesu: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso malatsi ka go latelana mme a ntshale morago ka metlha.” (Luke 9:23; 14:27) Ee, botshelo jwa Mokeresete bo akaretsa go intsha setlhabelo. Le fa go ntse jalo, botshelo joo ga se botshelo jwa khumanego le jo bo hutsafatsang. Go na le moo, ke botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang ka gonne bo akaretsa go aba, mme jaaka fa Jesu a ile a bolela, “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

4. Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe go gagamalela eng?

4 Batho ba motlha wa ga Jesu ba ne ba tshela mo  maemong a a boima. Mo godimo ga go dira ditiro tsa go itshedisa, ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela puso e e setlhogo ya Roma le jokwe e e gatelelang ya baeteledipele ba bodumedi ba motlha oo. (Mathaio 23:2-4) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ba neng ba bolelelwa ka Jesu ba ne ba itumelela go tlogela dilo tsa bone—tota le ditiro tsa bone tsa boitshediso—mme ba nna balatedi ba gagwe. (Mathaio 4:18-22; 9:9; Bakolosa 4:14) A barutwa bao ba ne ba tsenya isagwe ya bone mo kotsing? Ela tlhoko mafoko ano a ga Jesu: “Mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bomorwadiarraagwe kgotsa rraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya leina la me o tla amogela go menagane gantsi e bile o tla rua botshelo jo bo sa khutleng.” (Mathaio 19:29) Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore Rraagwe wa selegodimo o ne a itse dilo tse ba di tlhokang. Ka gone, o ne a ba kgothatsa jaana: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:31-33.

5. Batsadi bangwe ba ikutlwa jang ka mafoko a ga Jesu a gore Modimo o tla tlhokomela batlhanka ba gagwe?

5 Le gompieno go ntse fela jalo. Jehofa o itse dilo tse re di tlhokang mme batho ba ba dirang gore dilo tsa Bogosi di tle pele mo botshelong jwa bone, segolobogolo ba ba gagamalelang bodiredi jwa nako e tletseng, le bone ba ka tlhomamisega jalo gore o tla ba tlhokomela. (Malaki 3:6, 16; 1 Petere 5:7) Le fa go ntse jalo, batsadi bangwe ba a etsaetsega mo kgannyeng eno. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ka rata go bona bana ba bone ba gatela pele mo tirelong ya ga Jehofa, gongwe fa nako e ntse e ya ba tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Mme kafa go le lengwe, ka ntlha ya maemo a lefatshe a ikonomi le a ditiro gompieno, ba ka akanya gore go botlhokwa gore bana ba bone ba nne pele le thuto e e molemo e le gore ba kgone go bona tiro e e kgotsofatsang kana go nna le sengwe se ba ka ikaegang ka sone fa go tlhokega. Gantsi batsadi ba ba ntseng jalo ba akanya gore go nna le thuto e e molemo go kaya gore bana ba bone ba nne le thuto e e kwa godimo.

Go Ipaakanyetsa Isagwe

6. Fa go buiwa ka “thuto e e kwa godimo” mo setlhogong seno, go a bo go buiwa ka eng?

6 Tsamaiso ya thuto e a farologana go ya ka dinaga. Ka sekai kwa United States, dikolo di ruta thuto ya motheo e e tsayang dingwaga di le 12. Morago ga moo, baithuti ba ka tlhopha gore a ba rata go ya go ithuta kwa yunibesithing kana kwa kholetšheng ka dingwaga di le nnè kana go feta, e le gore ba nne le dikirii kgotsa gore morago ga go nna le dikirii ba ithute go ya pele mo dithutong tsa kalafi, tsa molao, tsa boenjeniri, jalo le jalo. Fa go buiwa ka “thuto e e kwa godimo” mo setlhogong seno, go a bo go buiwa ka thuto eo ya yunibesithi. Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le ditheo tse di rutang dikhoso tsa botegeniki le ditiro tse dingwe, e le dikhoso tse di tsayang nako e khutshwane tse morago ga tsone motho a newang setifikeiti kana dipoloma ya tiro nngwe ya diatla.

7. Ke kgatelelo efe e baithuti ba lebanang le yone kwa dikolong tse dikgolo?

7 Gantsi gompieno dikolo tse dikgolo kana tsa sekontari di ruta baithuti ba tsone ka boikaelelo jwa go ba baakanyetsa go ya ditheong tsa thuto e e kwa godimo. Bontsi jwa dikolo tseno di dira jalo ka go ruta thata dirutwa tse di tla thusang baithuti go bona maduo a a kwa godimo a a tla ba dumelelang go tsena kwa diyunibesithing go na le go ba ruta dikhoso tse di tla ba thusang go bona ditiro. Gompieno baithuti ba dikolo tse dikgolo ba lebana le kgatelelo e kgolo tota go tswa mo barutising ba bone, bagakolodi ba dikolo le baithuti ba bangwe gore ba lwele go tsena mo diyunibesithing tsa maemo a a kwa godimo, tse go lebeletsweng gore ka didikirii tsa tsone ba kgone go bulegelwa ke ditshono tsa go bona ditiro tse di molemo le tse di duelang madi a a kgotsofatsang.

8. Ke ditshwetso dife tse batsadi ba Bakeresete ba lebanang le tsone?

8 Ka gone, ke eng se batsadi ba Bakeresete ba ka se dirang? Ga go pelaelo gore ba batla gore bana ba bone ba atlege kwa sekolong le gore ba ithute bokgoni jo ka jone ba ka kgonang go itlamela mo isagweng. (Diane 22:29) Mme gone, a ba tshwanetse go letla bana ba bone ba tsewa maikutlo ke moya wa kgaisano le wa go rata go gatela pele? Ba kgothaletsa bana ba bone go ipeela mekgele e e ntseng jang, ka se ba se buang kana ka sekao sa bone? Batsadi bangwe ba dira ka natla le go boloka madi a mantsi gore fa nako e fitlha ba kgone go romela bana ba bone kwa ditheong tsa thuto e e kwa godimo. Ba bangwe ba iketleeleditse go tsena mo melatong ka ntlha ya seo. Le fa go ntse jalo, go dira tshwetso e e ntseng jalo ga go tlhoke fela gore  go akanyediwe ditshenyegelo tsa madi. Ditshenyegelo tse dingwe tse di tsamaisanang le go latelela thutego e e kwa godimo ke dife gompieno?—Luke 14:28-33.

Ditshenyegelo Tsa go Latelela Thuto e e Kwa Godimo

9. Go ka tweng ka ditshenyegelo tsa thuto e e kwa godimo gompieno?

9 Fa re akanya ka ditshenyegelo, gantsi re akanya ka ditshenyegelo tsa madi. Mo dinageng dingwe, thuto e e kwa godimo e etleediwa ke puso mme baithuti ba ba tshwanelegang ga ba tlhoke go duela madi a dithuto tseo. Le fa go ntse jalo, mo mafelong a le mantsi thuto e e kwa godimo e ja madi a mantsi mme madi a teng a tlhatloga go ya pele. Setlhogo sengwe mo tsebeng nngwe ya New York Times se akgela jaana: “Thuto e e kwa godimo e kile ya bo e tsewa e le selo se se bulelang batho ditshono di le dintsi. Mo malatsing ano ke yone e e bontshang pharologano e kgolo e e leng teng gareng ga bahumi le bahumanegi.” Ka mafoko a mangwe, thuto e e kwa godimo e setse e fetoga selo se se tlhaolang bahumi le batho ba maemo ba ba isang bana ba bone kwa ditheong tsa yone go tlhomamisa gore le bone ba nna bahumi le batho ba maemo mo setšhabeng. A batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhophela bana ba bone mokgele o o ntseng jalo?—Bafilipi 3:7, 8; Jakobe 4:4.

10. Thuto e e kwa godimo e amana jang le go tsweledisetsa pele dilo tsa tsamaiso eno ya dilo?

10 Tota le mo mafelong a thuto e e kwa godimo e leng mahala mo go one, o ka nna wa tshwanelwa ke go duelela thuto eo ya mahala ka ditsela tse dingwe. Ka sekai, The Wall Street Journal e bega gore, kwa nageng nngwe ya Bokonebotlhaba jwa Asia, puso e tlhomile “thulaganyo ya sekolo e boikaelelo jwa yone e leng go tlhatlosa baithuti ba ba gaisang botlhe gore ba fitlhelele maemo a a kwa godimo.” Kwa bofelong “maemo ano a a kwa godimo” a akaretsa go isiwa kwa ditheong tse di tlotlegang thata, tse di jaaka yunibesithi ya Oxford le ya Cambridge kwa Engelane, kana dikolo tsa Ivy League kwa United States, le tse dingwe. Ke eng fa puso e dirile dithulaganyo tse di ntseng jalo? Pego eno e bolela jaana: “Boikaelelo ke go godisa ikonomi ya naga.” Thuto eo e ka nna ya bo e le mahala, le fa go ntse jalo baithuti ba duela ka go dira gore botshelo jwa bone bo nwelelele thata mo go tswelediseng pele dilo tsa tsamaiso eno ya dilo. Le fa batho ba le bantsi mo lefatsheng ba gagamalela botshelo jo bo ntseng jalo, joo ga se botshelo jo batsadi ba Bakeresete ba bo batlelang bana ba bone.—Johane 15:19; 1 Johane 2:15-17.

11. Dipego di bontsha eng ka kgang ya go nwa bojalwa bobe le boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo mo baithuting ba diyunibesithi?

11 Selo se sengwe se se tshwanetseng go akanyediwa ke maemo a bana ba tla lebanang le one kwa ditheong tseno. Mafelo a bonno a diyunibesithi le a dikholetšhe a itsege thata ka boitsholo jo bo sa siamang—go ja diokobatsi le go nwa bojalwa bobe, boitshwaro jo bo maswe, go tsietsa, go sotlwa ga baithuti ba basha, jalo le jalo. Akanya ka kgang ya go nwa bojalwa bobe. Makasine wa New Scientist o tlhalosa jaana fa o bua ka kgang ya go nwa bojalwa bobe ka boikaelelo jwa go tagwa: “Mo e ka nnang diperesente di le 44 [tsa baithuti ba yunibesithi kwa United States] ba nwa bojalwa bobe bobotlana gangwe mo bekeng nngwe le nngwe.” Go ntse jalo le ka basha ba Australia, Boritane, Russia, le dinaga tse dingwe. Malebana le boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, gompieno baithuti ba diyunibesithi ba bua thata ka go intsha le motho yo ba sa rataneng le ene, e leng se makasine wa Newsweek o se tlhalosang e le “go dira ditiro dingwe tsa boitshwaro jo bo sa siamang tse di akaretsang go sunana kgotsa go robala mmogo le motho yo o mo itseng fela mme lo sa ikaelela go nna le kamano epe morago ga moo.” Dipatlisiso di bontsha  gore mo e ka nnang diperesente di le 60 go ya go di le 80 tsa baithuti di dira selo se se ntseng jalo. Mmatlisisi mongwe a re, “bontsi jwa baithuti ba yunibesithi ba a go dira.”—1 Bakorintha 5:11; 6:9, 10.

12. Ke dikgatelelo dife tse baithuti ba dikholetšhe ba lebanang le tsone?

12 Kwantle ga maemo ao a a kotsi, gape go na le kgatelelo e kgolo ya tiro ya sekolo le ditlhatlhobo. Baithuti ba tshwanelwa ke go ithuta le go dira tiro ya sekolo gore ba falole ditlhatlhobo. Ba bangwe ba ka tshwanelwa ke go nna le tiro ya nakwana fa ba ntse ba tsena sekolo. Maikarabelo ano otlhe a ba tseela nako e ntsi le maatla. Ba tla salelwa ke nako e e kana kang ya dilo tsa semoya? Fa kgatelelo e oketsega ba tla simolola ka go fokotsa eng pele? A ba tla tswelela ka go dira gore dilo tsa Bogosi e nne tsone di tlang pele, kgotsa ba tla di beela kwa thoko? (Mathaio 6:33) Baebele e kgothatsa Bakeresete jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.” (Baefeso 5:15, 16) A bo go utlwisa botlhoko jang gore bangwe ba ile ba koafala tumelo ka ntlha ya go ineelela kgatelelo ya maikarabelo a a jang nako e ntsi le maatla kana ka ntlha ya go inaakanya le boitshwaro jo bo sa dumalaneng le Dikwalo kwa dikholetšheng!

13. Ke dipotso dife tse batsadi ba Bakeresete ba tshwanetseng go di akanyetsa?

13 Ke boammaaruri gore, boitshwaro jo bo maswe,  go tlhoka maitseo le dikgatelelo ga di fitlhelwe fela mo mafelong a bonno a dikholetšhe kana a diyunibesithi. Le fa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba lefatshe ba leba dilo tseno tsotlhe e le dilo fela tse e leng karolo ya thulaganyo ya thuto, mme ga ba bone molato ope ka tsone. Mme gone, a batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go letla bana ba bone go fetsa dingwaga tse nnè kana go feta ba le kwa ditheong tseno ba ntse ba itse gore ba tlile go lebana le maemo a a ntseng jalo? (Diane 22:3; 2 Timotheo 2:22) A molemo o mosha a ka o bonang go tswa mo go seno o botlhokwa thata mo go ka tlhokomologiwang dikotsi tseno tse a tla lebanang le tsone? Mme se se botlhokwa go feta, mosha o tla bo a ithuta eng ka kgang ya gore ke dilo dife tse di tshwanetseng go tla pele mo botshelong jwa gagwe? * (Bafilipi 1:10; 1 Bathesalonika 5:21) Batsadi ba tshwanetse go akanyetsa dipotso tseno ka kelotlhoko le ka thapelo, ba bo ba akanyetse le kotsi e e ka nnang teng fa ba romela bana ba bone kwa sekolong sepe fela kwa motseng o sele kana kwa nageng e sele.

Dilo Tse Dingwe Tse di ka Akanyediwang

14, 15. (a) Ke kgakololo efe ya Baebele e e molemo gompieno go sa kgathalasege kgopolo e bontsi bo nang le yone? (b) Ke dipotso dife tse basha ba ka ipotsang tsone?

14 Gompieno, batho ba le bantsi ba akanya gore tsela e le nngwe fela ya gore basha ba atlege ke fa ba nna le thuto ya yunibesithi. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba reetsa kgakololo eno ya Baebele go na le gore ba latele tsela e e ntseng jalo ya go akanya: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Mo karolong eno ya bofelo ya nako ya bokhutlo, thato ya Modimo ke eng ka batho ba gagwe, ba basha le ba bagolo? Paulo o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “Nna o thantse mo tlhaloganyong mo dilong tsotlhe, boga bosula, dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.” Mafoko ano a re ama rotlhe gompieno.—2 Timotheo 4:5.

15 Go na le gore re inaakanye le moya wa lefatshe leno wa go rata dikhumo, rotlhe re tshwanetse go ‘nna re thantse’—re tlhomile mogopolo mo dilong tsa semoya. Fa o le mosha, ipotse jaana: ‘A ke leka ka bojotlhe go “wetsa bodiredi jwa me,” gore ke nne modiredi wa Lefoko la Modimo yo o tshwanelegang? Ke dira dithulaganyo dife gore ke diragatse bodiredi jwa me ka “botlalo”? A ke akanyeditse go dira gore tirelo ya nako e tletseng e nne tiro ya me ya botshelo jotlhe?’ Dipotso tseno ga se dipotso tse di motlhofo, segolobogolo fa o bona basha ba bangwe ba gagamalela botshelo jwa bogagapa, ba “ipatlela dilo tse dikgolo” tse ba akanyang gore di tla ba thusa go nna le isagwe e e itumedisang. (Jeremia 45:5) Ka gone, ka botlhale batsadi ba Bakeresete ba thapisa bana ba bone le go ba thusa gore ba gole ba rata dilo tsa semoya go tloga ba sa le bannye.—Diane 22:6; Moreri 12:1; 2 Timotheo 3:14, 15.

16. Batsadi ba Bakeresete ba ka thusa bana ba bone jang ka botlhale gore ba gole ba rata dilo tsa semoya?

16 Morwa yo mogolo mo go ba bararo ba lelapa lengwe le mmè wa lone a nang le dingwaga di le dintsi a le mo bodireding jwa nako e e tletseng, o gakologelwa jaana: “Mmè o ne a ela tlhoko thata gore re tsalana le bomang. Re ne re tsalana fela le ba ba mo phuthegong ba ba nang le mekgwa e e molemo ya semoya, re sa tsalane le bana ba re tsenang sekolo le bone. Gape ka metlha o ne a laletsa bakaulengwe ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng—barongwa, balebedi ba ba etang, badiredi ba Bethele le babulatsela—go tla mo lelapeng la rona gore re tsalane le bone. Go utlwa maitemogelo a bone le go bona boipelo jo ba nang le jone go ne go re thusa go nna le keletso e kgolo ya go batla go tsenela tirelo ya nako e e tletseng.” A bo go itumedisa jang gompieno go bona barwa botlhe ba bararo ba lelapa leno ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng—yo mongwe o direla kwa Bethele, yo mongwe o ile a ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi mme yo mongwe ke mmulatsela!

17. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang fa ba tshwanelwa ke go tlhopha dithuto le go thapisediwa ditiro dingwe tsa diatla kwa sekolong? (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 29.)

17 Mo godimo ga go thusa bana go gola ba rata dilo tsa semoya, batsadi ba tshwanetse gore gape ba ba neye kaelo e e tshwanetseng malebana le dirutwa tsa sekolo tse ba ka di tlhophang le mekgele e  ba ka ipeelang yone go tloga fela ba sa ntse ba le bannye. Lekawana lengwe le gone jaanong le leng kwa Bethele la re: “Batsadi ba me ka bobedi e ne e le babulatsela pele ba nyalana le morago ga go nyalana mme ba ne ba leka ka natla go thusa lelapa lotlhe go nna le moya wa bobulatsela. Nako le nako fa re ne re tshwanelwa ke go tlhopha dithuto tsa sekolo kana go dira ditshwetso tse di neng di tla ama isagwe ya rona, ka metlha ba ne ba re kgothaletsa go dira ditshwetso tse di neng di tla re naya tshono e e molemo ya go bona tiro ya nakwana le go dira tiro ya bobulatsela.” Batsadi le bana ba tshwanetse go akanyetsa dikhoso tse di tla thusang bana go latelela mekgele ya dilo tsa semoya go na le go tlhopha dirutwa tse boikaelelo jwa tsone e leng go ba dira gore ba gagamalele thuto ya yunibesithi. *

18. Ke ditiro dife tse basha ba ka di akanyetsang?

18 Dipatlisiso di bontsha gore mo dinageng di le dintsi go tlhokega thata batho ba ba ka dirang ditiro tsa diatla e seng ba ba nang le thuto ya yunibesithi. Kgatiso ya USA Today e bega gore “mo masomeng a a tlang a dingwaga, 70% ya badiri e tla bo e sa tlhole e tlhoka dikirii e e tsayang dingwaga tse nnè, go na le moo, e tla bo e tlhoka dikirii ya kholetšhe ya botegeniki kana setifikeiti sa tiro nngwe ya diatla.” Bontsi jwa ditheo tseo di na le dikhoso tsa ditiro tsa ofisi, go baakanya dikoloi, go baakanya dikhomputara, tiro ya go tsenya dipeipi tsa metsi, go baakanya moriri le ditiro tse dingwe tse dintsi. A ditiro tseno ke ditiro tse di botlhokwa? Ee, di botlhokwa! Gongwe ga di tseelwe kwa godimo jaaka bangwe ba akanya, le fa go ntse jalo di naya motho tshono ya go kgona go laola nako ya gagwe, e leng selo se se ka thusang thata batho ba ba batlang go dira tirelo ya ga Jehofa go nna tiro ya bone ya botshelo jotlhe.—2 Bathesalonika 3:8.

19. Ke tiro efe e ruri e ka leretseng motho boipelo le kgotsofalo?

19 Baebele e gakolola jaana: “Lona makau le lona makgarebane . . . a ba bake leina la ga Jehofa, gonne leina la gagwe le le losi le kwa bogodimong jo bo sa fitlhelesegeng. Seriti sa gagwe se kwa godimo ga lefatshe le legodimo.” (Pesalema 148:12, 13) Fa o bapisa tirelo ya nako e e tletseng le maemo le dituelo tse lefatshe le di solofetsang, ga go pelaelo gore go direla Jehofa ke tsela ya botshelo e ruri e ka leretseng motho boipelo le kgotsofalo. Se lebale kgothatso eno ya Baebele: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—Diane 10:22.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Go bona dipego tsa ba ba ileng ba tsaya thuto ya dilo tsa semoya e le botlhokwa go feta thuto ya yunibesithi, bona Tora ya Tebelo ya May 1, 1982, ditsebe 3-6 (ka Seesemane); April 15, 1979, ditsebe 5-10 (ka Seesemane); Tsogang! ya June 8, 1978, tsebe 15 (ka Seesemane); le ya August 8, 1974, tsebe 3-7 (ka Seesemane).

^ ser. 17 Bona Tsogang! ya October 8, 1998, “Go Senka Botshelo jo bo Sireletsegileng,” tsebe 4-6 (ka Seesemane), le buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, “Ke Tshwanetse go Tlhopha Tiro Efe mo Botshelong?” tsebe 174-179, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• Bakeresete ba ikantse go bona isagwe e e sireletsegileng kae?

• Batsadi ba Bakeresete ba lebana le dikgwetlho dife malebana le isagwe ya bana ba bone?

• Motho o tshwanetse go akanyetsa eng fa a akanyetsa go tsenela thuto e e kwa godimo?

• Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go dira tirelo ya ga Jehofa go nna tiro ya bone ya botshelo jotlhe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Molemo wa Thuto e e Kwa Godimo ke Ofe?

Bontsi jwa batho ba ba ikwadisang kwa diyunibesithing ba solofetse gore go ithuta teng go tla ba thusa go nna le dikirii e e tla ba bulelang ditshono tsa go bona ditiro tse di tla ba duelang madi a a kgotsofatsang le tse di tla nnelang ruri. Le fa go ntse jalo, dipego tsa puso di bontsha gore ke diperesente di le 25 fela tsa batho ba ba yang kholetšheng ba ba feleletsang ba bone dikirii mo dingwageng tse thataro—palo e nnye tota. A seo se bolela gore le bone bao ba tla bona ditiro tse di itumedisang? Ela tlhoko se dipatlisiso tsa bosheng di se bolelang.

“Go ya kwa [yunibesithing ya] Harvard kana ya Duke ga go bolele gore motho o tla bona tiro e e botoka le tuelo e e kgotsofatsang. Dikhampani ga di itse sepe se se kalo ka basha ba ba batlang ditiro. Go ka nna ga bo go kgatlha go bona motho a na le dithuto tsa maemo a a kwa godimo (gongwe dikirii ya kwa Ivy League). Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ke se motho a kgonang go se dira kana se a sa kgoneng go se dira.”—Newsweek, November 1, 1999.

“Le mororo ditiro tsa gompieno di batla bokgoni jo bogolo go feta mo nakong e e fetileng . . . , bokgoni jo bo batlegang thata mo ditirong tseno ke jo motho a bo ithutang mo dithutong tsa sekolo se segolo—go itse dipalo, go bala sentle, go kwala sentle fa a le mo mophatong wa bosupa . . . , e seng bokgoni jo a ithutang jone kwa kholetšheng. . . . Baithuti ga ba tlhoke go ya kholetšheng gore ba bone tiro e e molemo, le fa go ntse jalo ba tlhoka go nna le bokgoni jo bo molemo mo dithutong tsa sekolo se segolo.”—American Educator, Dikgakologo tsa 2004.

“Dikholetšhe di le dintsi ga di thuse basha go le kalo go ipaakanyetsa go nna badiri ba ba molemo morago ga go wetsa dithuto tsa bone tsa kholetšhe. Palo ya baithuti ba ba yang dikolong tsa dithuto tsa tiro ya diatla e a oketsega. Palo ya bone e ne ya oketsega ka 48% go tloga ka ngwaga wa 1996 go ya go ngwaga wa 2000. . . . Kafa letlhakoreng le lengwe, dithuto tsa kholetšhe tse di jang madi a mantsi le tse di tsayang lobaka lo loleele ga di tlhole di le botlhokwa go le kalo.”—Time, January 24, 2005.

“Dipalopalo tse di fopholediwang ke Lefapha la Badiri la United States tsa ngwaga otlhe wa 2005 di senola sengwe se se tshosang se se ka nnang sa direga, e leng gore bobotlana nngwetharong ya baithuti botlhe ba ba alogang kwa dikholetšheng morago ga go fetsa dithuto tsa dingwaga tse nnè, ga ba kitla ba bona ditiro tse di tsamaelanang le dikirii e ba ithutetseng yone.”—The Futurist, July/August 2000.

Ka ntlha ya seno sotlhe, barutisi ba le bantsi ba ipotsa gore a thuto e e kwa godimo e sa ntse e le botlhokwa gompieno. Pego ya Futurist, e ngongorega jaana: “Re rutela batho ditiro tse di sa tsamaisaneng le mekgele ya bone.” Go farologana le seo, ela tlhoko se Baebele e se buang ka Modimo: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”—Isaia 48:17, 18.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ba ne ba tlogela ditiro tsa bone mme ba sala Jesu morago

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ka botlhale batsadi ba Bakeresete ba thusa bana ba bone gore ba gole ba rata dilo tsa semoya go tloga ba sa le bannye