Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ponto Pilato E ne E le Mang?

Ponto Pilato E ne E le Mang?

 Ponto Pilato E ne E le Mang?

“PILATO yo o lonyatso le yo o ratang go belaela ke motho yo o umakiwang mo hisitoring yo batho ba sa ntseng ba ipotsa dipotso di le dintsi ka ene. Mo bathong ba bangwe ke moitshepi, mo go ba bangwe ke sekao sa tsela e batho ba leng bokoa ka yone, sekao sa radipolotiki yo o neng a iketleeditse go ntsha monna a le mongwe setlhabelo e le go ritibatsa maemo.”—Pontius Pilate, ya ga Ann Wroe.

Go sa kgathalesege gore o dumalana le dikgopolo tseo kana ga o dumalane le tsone, Ponto Pilato ene o ne a itirela leina ka tsela e a neng a tshwara Jesu Keresete ka yone. Ponto Pilato e ne e le mang? Ke eng se se itsiweng ka ene? Fa re ka tlhaloganya maemo a gagwe sentle, re tla kgona go tlhaloganya sentle ditiragalo tsa botlhokwatlhokwa tse di kileng tsa direga mo lefatsheng.

Maemo, Ditiro Tsa Gagwe le Taolo e a Neng A na Le Yone

Mmusimogolo wa Moroma e bong Tiberio o ne a tlhoma Pilato go nna mmusi wa kgaolo ya Judea ka 26 C.E. Badiredibagolo ba ba ntseng jalo e ne e le masole a a neng a tsamaya ka dipitse—e leng maemo a a kwa tlase fa a bapisiwa le maemo a a kwa godimo a badiredi puso ba nako eo. Go lebega Pilato a ne a nna molaodi yo mmotlana fa a sena go tsenela bosole; mme a nna a tlhatloga ka maemo fa a ntse a le mo maetong a tiro; mme o ne a tlhomiwa go nna mmusi pele a nna le dingwaga di le 30.

Fa Pilato a le mo tirong o ne a apara seaparo sa letlalo le seiphemelo sa sehuba se se dirilweng ka tshipi. Fa a le mo gare ga batho o ne a apara purapura e tshweu e e nang le mokgabiso o o phepole. O ne a na le moriri o mokhutshwane mme a beotse ditedu tsotlhe. Le fa gone bangwe ba dumela gore o ne a tswa kwa Spain, leina la gagwe le supa gore o ne a tswa mo morafeng wa Ba-Pontii—batlotlegi ba Ba-Samnite ba ba tswang kwa borwa jwa Italy.

Gantsi batlhankedibagolo ba ba mo maemong a ga Pilato ba ne ba romelwa kwa dinageng tse di sa tlhabologang. Baroma ba ne ba tsaya Judea e le lefelo le le ntseng jalo. Mo godimo ga tiro ya go tlhomamisa gore dilo di tsamaya ka thulaganyo, Pilato o ne a okamela tiro ya go phuthiwa ga makgetho a batho ba sa a dueleng ka tlhamalalo le makgetho a a duedisiwang motho ka namana. Dikgotlatshekelo tsa Sejuda ke tsone di neng di atlhola melato e e seng masisi thata, mme melato e katlholo ya yone e neng e le loso e ne e romelwa kwa mmusing yo o nang le taolo e e kwa godimo ya go atlhola.

Pilato le mosadi wa gagwe ba ne ba nna kwa motseng o mogolo wa Kaesarea gaufi le boemakepe mmogo le bakwadi ba le mmalwa ba ba neng ba mo direla, ditsala tsa gagwe le barongwa ba gagwe. Pilato o ne a laola ditlhopha di le tlhano tsa masole tse sengwe le sengwe se neng se na le banna ba ka nna 500 go ya go 1 000 mmogo le mophato wa batlhabani ba dipitse o o neng o ka nna le banna ba le 500. Gantsi masole a gagwe a ne a bapola batho ba ba neng ba tlola molao. Ka nako ya kagiso motho o ne a bolawa fa go sena go tshwarwa tsheko e khutshwanyane, mme ka nako ya dikhuduego batsuolodi ba ne ba bolawa ka bontsi le gone ka yone nako eo. Ka sekai, Baroma ba ne ba bolaya makgoba a le 6 000 e le go fedisa botsuolodi jo bo neng bo bakilwe ke  Spartacus. Fa go ne go bonala go tla runya mathata mo Judea mmusi o ne a ka kopa thuso kwa moemeding wa puso yo e neng e le moeteledipele wa mophato wa masole kwa Siria. Le fa go ntse jalo, nako e ntsi e Pilato a neng a busa ka yone moemedi yoo o ne a seyo mme Pilato ke ene a neng a tshwanetse go fedisa tlhakatlhakano e e nnang teng ka bonako.

Babusi ba ne ba buisana le mmusimogolo ka metlha. O ne a tshwanetse go begelwa dikgang tse di neng di ama seriti sa gagwe kgotsa tse di neng di tshosetsa puso ya Roma mme mmusimogolo o ne a tla ntsha ditaelo tsa gore go dirweng. Mmusi o ne a ka batla gore e nne ene a bolelelang mmusimogolo se se diragetseng mo kgaolong ya gagwe pele ba bangwe ba ka simolola go ngongorega ka maemo. E re ka go ne go runtse dikhuduego mo Judea, Pilato o ne a tsaya mathata a a a begelwang masisi thata.

Kwantle ga se Diefangele di se begang ka Pilato, borahisitori e bong Flavius Josephus le Philo ke bone ba nang le tshedimosetso e ntsi ka ene. Rahisitori wa Moroma e bong Tacitus le ene o ne a bolela gore Pilato o ne a bolaya Christus, yo Bakeresete ba tsereng leina la bone mo go ene.

Se se Neng sa Dira Gore Bajuda ba Tsose Dikhuduego

Josephus o bolela gore babusi ba Roma ba ne ba sa tsenye difolaga tsa sesole tse di nang le setshwantsho sa mmusimogolo mo Jerusalema, ka gonne Bajuda ba ne ba sa di batle. E re ka Pilato a ne a tlogelela fela gore di tsenngwe, Bajuda ba ba galefileng ba ne ba ya go ngongorega kwa Kaesarea. Pilato o ne a fetisa malatsi a le matlhano a sa dire sepe ka gone. Mo letsatsing la borataro, o ne a laela masole a gagwe gore a dikanyetse bangongoregi bao le go ba tshosetsa ka gore ba tla ba bolaya fa ba sa phatlalale. Fa Bajuda bano ba bolela gore go botoka gore ba swe go na le gore ba lebe fela Molao wa bone o tlolwa, Pilato o ne a ineela mme a laela gore ditshwantsho tseo di ntshiwe.

Pilato o ne a kgona go dirisa dikgoka. Mo tiragalong nngwe e e begilweng ke Josephus, Pilato o ne a simolola tiro ya go epa mosele o o tsenyang metsi mo Jerusalema mme o ne a dirisa madi a a tswang mo polokelong ya tempele go duelela tiro eo. Pilato ga a ka a tsaya fela madi ao ka gonne o ne a itse gore go tsaya dilo fela mo tempeleng e ne e le go sa bontshe tlotlo mme seo se ne se tla dira gore Bajuda ba ba galefileng ba kope Tiberio gore a mo leleke mo tirong. Ka jalo go lebega balaodi ba tempele ba ne ba thusa Pilato. Fa go bonwe tetla, madi a moneelo a a bidiwang “korobane” a ne a ka dirisediwa dilo tse setšhaba se di tlhokang fa e le gore seo se ne se tla solegela motse molemo. Le fa go ntse jalo, diketekete tsa Bajuda di ne tsa phuthega go supa kgalefo ya bone.

Pilato o ne a dira gore masole a itlhakanye le boidiidi jono mme a ba laela gore ba se ka ba dirisa ditšhaka, go na le moo ba betse bangongoregi bano ka dithobane. O tshwanetse a bo a ne a batla go laola segopa seno kwantle ga go se gaila. Go lebega go ne ga direga fela jaaka a ne a lebeletse le fa gone bangwe ba bone ba ne ba swa. Batho bangwe ba ba neng ba begela Jesu gore Pilato o ne a tlhakantse madi a Bagalalea bangwe le ditlhabelo tsa bone, ba ka tswa ba ne ba bua ka tiragalo eno.—Luke 13:1.

“Boammaaruri ke Eng?”

Se se neng sa dira gore Pilato a itsege thata ke dipatlisiso tse di malebana le molato o o neng o begilwe ke baperesiti ba bagolo ba Bajuda le ke banna ba ba godileng wa gore Jesu o itira Kgosi. Fa Pilato a sena go utlwa ka tiro ya ga Jesu ya go supa ka boammaaruri mo lefatsheng, o ne a lemoga gore motshwarwa yono o ne a sa tshosetse puso ya Roma ka gope. Ka jalo o ne a botsa jaana: “Boammaaruri ke eng?” e re ka a ne a akanya gore boammaaruri e ne e le selo se se thata go se tlhaloganya mo go sa tlhokegeng gore motho a ka akanya ka sone. Jaanong o ne a swetsa ka go reng? “Ga ke bone molato ope mo go ene.”—Johane 18:37, 38; Luke 23:4.

Tsheko ya ga Jesu e ne e tshwanetse go fela ka yone nako eo, mme Bajuda ba ne ba gatelela gore  Jesu o sokamisa setšhaba. Pilato o ne a itse sentle gore bopelotshetlha ke jone bo dirileng gore baperesiti ba bagolo ba golege Jesu. Gape o ne a itse gore go ne go tla nna le mathata fa a ka leka go golola Jesu, e leng selo se a neng a sa batle gore se direge. Go ne go setse go na le mathata ka gonne Barabase le ba bangwe ba ne ba golegilwe ka ntlha ya boepapuso le polao. (Mareko 15:7, 10; Luke 23:2) Mo godimo ga moo, dikganetsano tse Pilato a neng a setse a nnile le tsone le Bajuda di ne di mo sentse leina mo go Tiberio yo o neng a tumile ka go otlhaya botlhoko babusi ba ba sa direng tiro ya bone sentle. Le fa go ntse jalo, go ineela mo Bajudeng go ne go tla supa gore o bokoa. Ka jalo Pilato o ne a le mo mathateng.

Fa Pilato a sena go utlwa gore Jesu o ne a tswa kae o ne a leka go fetisetsa kgetsi eo kwa mmusing wa kgaolo ya Galalea e bong Herode Antipase. Fa maiteko a go dira jalo a folotsa, Pilato o ne a leka go dira gore batho ba ba neng ba kokoane kafa ntle ga moshate wa gagwe ba kope go gololelwa Jesu go dumalana le tlwaelo ya bone ya go golola motshwarwa ka nako ya moletlo wa Tlolaganyo. Boidiidi joo bo ne jwa goeletsa gore go gololwe Barabase.—Luke 23:5-19.

Pilato a ka tswa a ne a batla go dira se se siameng mme gape o ne a batla go boloka maemo a gagwe ka go itumedisa batho. Kgabagare o ne a dira gore maemo a gagwe a nne botlhokwa go na le go reetsa segakolodi sa gagwe le go dira se se siameng. O ne a kopa gore a tlisediwe metsi, a tlhapa diatla mme a bolela gore ene ga a na molato wa polao e a neng a sa tswa go e letlelela. * Le fa gone Pilato a ne a dumela gore Jesu ga a molato, o ne a dira gore a kgwathisiwe mme a letlelela masole gore a mo sotle, a mo iteye a bo a mo kgwele mathe.—Mathaio 27:24-31.

Pilato o ne a dira maiteko a bofelo a go golola Jesu, mme boidiidi bo ne jwa goa bo re fa a dira jalo ga a tlhole a le tsala ya ga Kaesara. (Johane 19:12) Fa Pilato a utlwa seo, o ne a ineela. Mokanoki mongwe o ne a bua jaana ka tshwetso ya ga Pilato: “Tharabololo ya kgang eo e ne e le motlhofo: monna yono a a bolawe. Ba ne ba tla latlhegelwa ke botshelo jwa Mojuda a le mongwe fela yo go neng go lebega a se botlhokwa; e ne e tla bo e le tshwetso ya boeleele go mo golola go bo go tsoga mathata fela ka ntlha ya gagwe.”

Go ne Ga Diragalang ka Pilato?

Tiragalo ya bofelo e e begilweng ka tiro ya ga Pilato e ne e le kgotlhang e nngwe gape e a kileng a nna le yone. Josephus o bolela gore boidiidi jwa Basamaria ba ba neng ba tlhometse ba ne ba kokoana mo Thabeng ya Gerisima ba solofetse go ribolola matlotlo a ba neng ba akanya gore Moshe o ne a a epetse foo. Pilato o ne a leka go ba thibela go dira jalo mme masole a gagwe a bolaya bontsi jwa ba ba neng ba le mo boidiiding joo. Basamaria ba ne ba ya go ngongorega kwa go Lucius Vitellius yo e neng e le mmusi wa Siria mme a feta Pilato ka maemo. Ga go bolelwe gore a Vitellius o ne a akanya gore Pilato o ne a feteleditse dilo jaanong. Mme gone o ne a laela Pilato gore a ye kwa Roma a ye go ikarabela kwa mmusimogolong ka ntlha ya ditiro tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, Tiberio o ne a swa pele Pilato a fitlha kwa go ene.

Motswedi mongwe wa tshedimosetso o bolela jaana: “Go tloga ka nako eo, makwalo a hisitori ga a umake sepe gape ka ga Pilato fa e se ditlhamane fela.” Ba le bantsi ba lekile go ntsha dintlha tse di neng di ise di umakiwe ka Pilato. Go ne ga twe Pilato o ne a fetoga Mokeresete. “Bakeresete” ba kwa Ethiopia ba ne ba mo dira “moitshepi.” Eusebius yo o neng a kwala kwa bokhutlong jwa lekgolo la boraro la dingwaga le kwa tshimologong ya lekgolo la bonè e ne e le ene motho wa ntlha mo go ba le bantsi yo o neng a kwala gore Pilato o ne a ipolaya fela jaaka Judase Isekariota. Le fa go ntse jalo, ga go ope yo o itseng se totatota se diregileng ka Pilato.

Pilato a ka tswa a ne a le tlhogoethata, a le lonyatso e bile e le mogateledi. Mme gone o ne a tswelela a le mo tirong ya gagwe ka dingwaga di le lesome, fa bontsi jwa batlhankedibagolo ba kwa Judea bone ba ne ba dira ka lobaka lo lo khutshwanyane fela. Ka jalo, go ya ka tsela e Baroma ba lebang dilo ka yone, Pilato o ne a dira tiro ya gagwe sentle. O ne a bidiwa legatlapa le le neng la dira gore Jesu a tlhokofadiwe a bo a bolawe gore le tle le itshireletse. Bangwe ba bolela gore tiro e kgolo ya ga Pilato e ne e se go diragatsa tshiamiso mme e ne e le go rotloetsa kagiso le go naya Baroma dilo tse ba di tlhokang.

Motlha o Pilato a tshetseng mo go one o farologane thata le o rona re tshelang mo go one. Le fa go ntse jalo, ga go moatlhodi yo o ka bonang go tshwanela gore a atlhole monna yo a tsayang gore ga a molato. Fa Ponto Pilato a ka bo a sa ka a kopana le Jesu, o ka bo a tshwana fela le batho ba bangwe ba go sa buiweng thata ka bone mo dibukeng tsa hisitori.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Go tlhapa diatla e ne e le tsela ya Bajuda e seng ya Baroma ya go supa gore ga ba nne le seabe mo tshololong ya madi.—Duteronome 21:6, 7.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Mokwalo ono o o bolelang gore Ponto Pilato e ne e le Motlhankedimogolo wa Judea o ne wa fitlhelwa kwa Kaesarea