Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itshoka Jaaka Lesole la ga Keresete

Go Itshoka Jaaka Lesole la ga Keresete

 Kgang ya Botshelo

Go Itshoka Jaaka Lesole la ga Keresete

JAAKA GO BOLETSE YURII KAPTOLA

“Jaanong ke tlhatswegile pelo gore tota o na le tumelo!” Mafoko ao a ne a buiwa ke motho yo ke neng ke sa lebelela gore a ka a bua—moeteledipele wa masole a kwa Soviet—mme mafoko ao a ne a nkgothatsa ka nako e ke neng ke a tlhoka ka yone. Ke ne ke atlholetswe dingwaga di le dintsi mo kgolegelong mme ke ne ke rapetse Jehofa ka tlhoafalo gore a nthuse. Ke ne ke tlile go lebana le mathata lobaka lo loleele a a neng a tlile go mpatla boitshoko le boikemisetso.

KE BELEGWE ka October 19, 1962, mme ka golela kwa karolong e e kafa bophirima jwa Ukraine. Ka one ngwaga oo, rre, yo le ene a neng a bidiwa Yurii, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae, o ne a nna moobamedi wa ntlha wa ga Jehofa mo motseng wa rona. Tiro ya gagwe e ne ya lemogiwa ke balaodi ba ba neng ba le kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa.

Le fa go ntse jalo, baagelani ba rona ba bantsi ba ne ba tlotla batsadi ba me ka ntlha ya dinonofo tsa bone tsa Bokeresete le go amega ga bone ka ba bangwe. Batsadi ba me ba ne ba dirisa sebaka sengwe le sengwe go nthuta le go ruta bokgaitsadiake ba bararo go rata Modimo go tloga re sa le bannye mme seno se ne sa nthusa go itshokela mathata a le mantsi a ke neng ke kopana le one kwa sekolong. Bothata bongwe jo bo ntseng jalo bo ne jwa tlhaga fa moithuti mongwe le mongwe a ne a tshwanetse go tsenya betšhe e e mo tlhaolang jaaka mongwe wa Bana ba ga Lenin ba October. Ka ntlha ya boitlhaodi jwa me jwa Bokeresete, ga ke a ka ka tsenya betšhe eo mme ka jalo ke ne ke farologane le bone.—Johane 6:15; 17:16.

Moragonyana fa ke ne ke le mo mophatong wa boraro, go ne go lebeletswe gore baithuti botlhe ba tsenele mokgatlho wa basha wa Bokomonise o o bidiwang Young Pioneers. Letsatsi lengwe tlelase ya rona e ne ya isiwa kwa jarateng ya sekolo go  ya go kwadisediwa mokgatlho ono. Ke ne ka ya ke tshogile, ke solofetse gore ke tlile go sotliwa le go kgobiwa. Mongwe le mongwe kwantle ga me o ne a tlile ka sekhafo sa gagwe se sesha se sehibidu sa Pioneer go tswa kwa gae mme baithuti ba ne ba tlhomile mola o moleele fa pele ga mogokgo wa sekolo, barutabana le baithuti ba mephato e megolo. Fa baithuti ba mephato e megolo ba ne ba bolelelwa gore ba bofe dikhafo mo melaleng ya rona, ke ne ka oba tlhogo mme ka leba fa fatshe ke solofela gore ga go na ope yo o tla mponang.

Go Isiwa Kwa Dikgolegelong Tse di Kwa Kgakala

Fa ke le dingwaga tse 18, ke ne ka atlholelwa dingwaga di le tharo mo kgolegelong ka ntlha ya go boloka boitlhaodi jwa Bokeresete. (Isaia 2:4) Ke ne ka fetsa ngwaga wa ntlha kwa toropong ya Trudovoye, kwa Kgaolong ya Vinnitskaya ya Ukraine. Fa ke le koo, ke ne ka kopana le Basupi ba bangwe ba ga Jehofa ba ka nna 30. Re ne ra abiwa ka bobedi le bobedi gore re bereke kwa mafelong a a farologaneng, e re ka balaodi ba ne ba batla go re thibela gore re se ka ra kopana mmogo.

Ka August 1982, nna le Eduard, Mosupi yo mongwe, re ne ra romelwa kwa Dithabeng Tsa Ural tse di kwa bokone re le mo materokong a magolegwa mmogo le setlhopha sa magolegwa a mangwe. Re ne ra itshokela mogote o mogolo le go pitlagana thata ka malatsi a le robedi go fitlha re goroga kwa Kgolegelong ya Solikamsk, e e kwa Kgaolong ya Permskaya. Nna le Eduard re ne ra tsenngwa mo diseleng tse di farologaneng. Morago ga dibeke tse pedi, ke ne ka isiwa kwa bokone jo bo kwa kgakala jwa Vels, kwa kgaolong ya Krasnovishersky.

Koloi ya rona e ne ya fitlha mo gare ga mpa ya bosigo mme go ne go le lefifi tota. Le fa go ne go le lefifi, moeteledipele mongwe wa masole o ne a laela setlhopha sa rona go kgabaganya noka ka mokoro. Re ne re sa kgone go bona noka kgotsa mokoro! Le fa go ntse jalo, re ne ra apaapa go fitlha re bona mokoro mme le fa re ne re tshogile, re ile ra kgona go kgabaganya noka eo sentle. Fa re sena go tshela noka, re ne ra ya kwa leseding le re neng re le bona mo thoteng e e fa gaufi, mme ra fitlhela go tlhomilwe ditente di le mmalwa gone. Seno e ne e tla nna legae la rona le lesha. Ke ne ke nna mo tenteng e kgolo le magolegwa a mangwe a ka nna 30. Ka nako ya mariga, re ne ra itshokela botsididi jwa themperetšha e ka dinako tse dingwe e neng e wela kwa tlase ga didikirii tse 40 kafa tlase ga boswakgapetla, mme go ne go le tsididi tota mo tenteng. Tiro e kgolo e magolegwa a neng a e dira e ne e le go rema ditlhare, mme ke ne ke dira tiro ya go aga matlwana a magolegwa.

Dijo Tsa Semoya di Fitlha Kwa Lefelong la Rona la Bonno le le Kwa Thoko

Ke ne ke le Mosupi ke le nosi fela mo lefelong leo; le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a se ka a ntatlha. Letsatsi lengwe go ne ga fitlha sephuthelwana sengwe se se tswang kwa go mmè, yo o neng a sa ntse a nna kwa bophirima jwa Ukraine. Fa modisa wa kgolegelo a bula sephuthelwana seno, selo sa ntlha se a neng a se bona e ne e le Baebele e potlana. O ne a e tsaya mme a e phetlha. Ke ne ka leka go akanya ka sengwe se ke neng ke tla se bua go dira gore letlotlo leno la semoya le se ka la tsewa. Modisa o ne a botsa jaana ka tshoganyetso: “Selo se ke eng?” Pele ga ke akanya ka karabo, moeteledipele wa masole yo o neng a eme gaufi le nna o ne a araba a re: “Ke dikishinare.” Ke ne ka didimala fela. (Moreri 3:7) Modisa o ne a phuruphutsa sephuthelwana seno sotlhe mme a nnaya sone le Baebele. Ke ne ke itumetse fela thata mo e leng gore ke ne ka mo naya manoko a a neng a le mo sephuthelwaneng sa me. Fa ke ne ke amogela sephuthelwana seno, ke ne ke itse gore Jehofa o ne a sa ntebala. O ne a nthusa a bo a ntlhokomela ka dilo tse ke di tlhokang semoyeng.—Bahebera 13:5.

Go Rera Kwantle ga go Kgaotsa

Morago ga dikgwedi di le mmalwa, ke ne ka gakgamala fa ke amogela lekwalo le le tswang kwa mokaulengweng mongwe wa Mokeresete yo o neng a le mo kgolegelong e e bokgakala jwa dikilometara tse di ka nnang 400. O ne a nkopa gore ke batle monna mongwe yo o neng a bontshitse kgatlhego yo a ka neng a le mo kgolegelong e ke leng mo go yone. Go ne go se botlhale go kwala makwalo a a ntseng jalo, ka go bo makwalo a rona a ne a balwa. Ga go gakgamatse gore moeteledipele mongwe wa masole o ne a mpiletsa kwa ofising ya gagwe a bo a nkgalemela ka bogale gore ke se ka ka rera. Morago ga moo o ne a ntaela  gore ke saene lekwalo le le bolelang gore ke tla tlogela go bolelela ba bangwe se ke se dumelang. Ke ne ka mmolelela gore ga ke tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go saena lekwalo le le ntseng jalo, e re ka mongwe le mongwe a ne a setse a itse gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka mmolelela gore magolegwa a mangwe a ne a batla go itse gore ke ka ntlha yang fa ke ne ke golegilwe. Ke tshwanetse go ba raya ke reng? (Ditiro 4:20) Moeteledipele yono wa masole o ne a lemoga gore o ne a sa kgone go ntshosetsa, ka jalo o ne a swetsa ka gore a ntlose mo kgolegelong eo. Ke ne ka romelwa kwa kgolegelong e nngwe.

Ke ne ka fudusediwa kwa motseng wa Vaya, o o bokgakala jwa dikilometara di le 200. Fa ke le koo, baeteledipele ba masole ba ne ba tlotla boemo jwa me jwa Bokeresete mme ba nkabela tiro e e seng ya bosole—la ntlha jaaka mmetli, morago ga moo jaaka ramotlakase. Mme ditiro tseno di ne di na le mathata a tsone. Ka nako nngwe, ke ne ka bolelelwa gore ke tseye didirisiwa tsa me mme ke ye kwa holong nngwe ya motse. Fa ke fitlha teng, masole a a neng a le moo a ne a itumeletse go mpona. Ba ne ba na le bothata jwa go dira gore dipone tse neng di bonesitse mekgabiso ya sesole di bereke sentle. Ba ne ba batla gore ke ba thuse go baakanya dilo tseno ka gonne ba ne ba ipaakanyetsa moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Red Army Day. Fa ke sena go rapela le go akanya ka kgang eno, ke ne ka ba bolelela gore ga nkitla ke kgona go dira tiro ya mofuta oo. Ke ne ka ba naya didirisiwa tsa me mme ka tsamaya. Ke ne ka begiwa kwa motlatsamotsamaising, mme selo se se neng sa nkgakgamatsa ke gore o ne a reetsa dilo tse ba neng ba di ngongorega ka nna mme a bo a araba jaana: “Ke a mo tlotla ka ntlha ya seo. Ke monna yo o latelang melaometheo.”

Kgothatso go Tswa Motsweding O o Sa Lebelelwang

Ka June 8, 1984, morago ga dingwaga di le tharo ke tshwerwe, ke ne ka gololwa. Fa ke sena go boela kwa Ukraine, ke ne ka tshwanelwa ke go ikwadisa mo sesoleng jaaka motho yo o neng a tshwerwe. Baeteledipele ba masole ba ne ba mpolelela gore ke tla sekisiwa gape mo dikgweding tse thataro le gore go tla nna botoka gore ke tswe mo kgaolong eo gotlhelele. Ka jalo ke ne ka tswa mo Ukraine mme kgabagare ka bona tiro kwa Latvia. Ke ne ka kgona go rera le go kopanela le setlhopha se sennye sa Basupi ba ba neng ba nna kwa motsemogolong wa Riga le mo tikologong ya one. Le fa go ntse jalo, morago ga ngwaga fela, ke ne ka bidiwa gape gore ke tsenele bosole. Kwa ofising e go ikwadisediwang mo go yone, ke ne ka bolelela moeteledipele wa masole gore ke ile ka gana go tsenela bosole mo nakong e e fetileng. Fa a nkaraba, o ne a goa a re: “A tota o a itse gore o dirang? A re bone gore o tla raya lefotenentekolonele o reng!”

O ne a tsamaya le nna go ya kwa phaposing e e kwa boalong jwa bobedi kwa lefotenentekolonele a neng a ntse gone kafa morago ga tafole e telele. O ne a ntheetsa ka kelotlhoko fa ke mo tlhalosetsa boemo jwa me mme kwa morago ga moo o ne a mpolelela gore ke sa ntse ke na le nako ya go akanya gape ka tshwetso ya me pele ga ke kopana le komiti e e kwadisetsang batho bosole. Fa re tswa mo ofising ya ga lefotenentekolonele, moeteledipele wa masole yo o neng a nkomantse pelenyana o ne a bolela jaana: “Jaanong ke tlhatswegile pelo gore o na le tumelo tota!” Fa ke ne ke tlhagelela fa pele ga komiti ya sesole, ke ne ka ba tlhalosetsa boemo jwa me jwa go sa tseye letlhakore gape mme ba ne ba ntlogela gore ke tsamaye.

 Ka nako eo, ke ne ke nna mo hoseteleng. Maitseboa mangwe, ke ne ka utlwa mongwe a kokotela kwa tlase fa kgorong. Ke ne ka bula kgoro mme ka fitlhela monna mongwe a apere sutu a tshotse beke ya dibuka. O ne a mpolelela leina la gagwe a bo a re: “Ke tswa kwa lephateng la Pabalesego ya Puso. Ke a itse gore o na le mathata e bile o tlile go sekisiwa kwa kgotlatshekelong.” Ke ne ka araba ka re: “Ee, go ntse jalo.” Monna yono o ne a tswelela ka go re: “Re ka go thusa fa o ka dumela go bereka le rona.” Ke na ka re: “Nnyaa, ga go kgonege. Ke tla nna ke ikanyega mo tumelong ya me ya Bokeresete.” Kwantle ga go ntshwenya gape, o ne a tsamaya.

Go Boela Kwa Kgolegelong le mo Tirong ya go Rera

Ka August 26, 1986, Kgotlatshekelo ya Bosetšhaba ya kwa Riga e ne ya nkatlholela dingwaga di le nnè tsa go dira tiro e e boima, mme ke ne ka isiwa kwa Riga Central Prison. Ba ne ba ntsenya mo seleng e kgolo le magolegwa a mangwe a le 40 mme ke ne ka leka go rerela legolegwa lengwe le lengwe mo seleng eo. Bangwe ba ne ba bolela gore ba dumela mo Modimong; ba bangwe bone ba ne ba sotla. Ke ne ke lemogile gore banna bano ba ne ba kokoane ka ditlhopha mme morago ga dibeke di le pedi baeteledipele ba ditlhopha tseno ba ne ba mpolelela gore ke ne ke sa letlelelwa go rera e re ka ke ne ke sa dumalane le melao ya bone e e sa kwalwang. Ke ne ka ba bolelela gore ke ne ke tshwaretswe lone lebaka leo—ke ne ke tshela ka melao e e farologaneng le ya bone.

Ke ne ka tswelela ke rera ka botlhale, mme fa ke ne ke bona ba ba neng ba kgatlhegela dilo tsa semoya, ke ne ka kgona go ithuta Baebele le ba le banè ba bone. Fa re ne re tlotla, ba ne ba kwala dithuto tsa motheo tsa Baebele mo bukeng. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, ke ne ka romelwa kwa kgolegelong e e sireleditsweng thata kwa Valmiera, ko ke neng ka bereka gone jaaka ramotlakase. Fa ke le koo, ke ne ka kgona go ithuta Baebele le ramotlakase yo mongwe yo morago ga dingwaga di le nnè a ileng a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Ka March 24, 1988, ke ne ka fudusiwa go tswa kwa kgolegelong e e neng e sireleditswe thata go ya kwa kampeng e nngwe e e fa gaufi. Seno e ne e le masego a magolo tota ka gonne ke ne ka kgona go nna le kgololesego e e oketsegileng. Ke ne ka abelwa go bereka mo mafelong a a farologaneng a go aga mme ka dinako tsotlhe ke ne ke batla ditshono tsa go rera. Gantsi ke ne ke nna ke seyo mo kampeng, ke ile go rera go fitlha bosigo thata, mme ke ne ke se na mathata ape fa ke boela kwa kampeng eo.

Jehofa o ne a segofatsa maiteko a me. Basupi ba le mmalwa ba ne ba nna gaufi le kgolegelo eno, mme kwa toropong go ne go na le Mosupi a le mongwe fela, Vilma Krūmin̗a—kgaitsadi yo o godileng. Nna le kgaitsadi Krūmin̗a re ne ra simolola go tshwara dithuto di le dintsi tsa Baebele le basha. Ka dinako tse dingwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tla ba tswa kwa Riga ba tla go nna le seabe mo bodireding mme babulatsela bangwe ba ka metlha bone ba ne ba tla go tswa kwa Leningrad (e gone jaanong e leng St. Petersburg). Ka thuso ya ga Jehofa, re ne ra simolola dithuto di le mmalwa tsa Baebele, mme go ise go ye kae, ke ne ka ikwadisetsa tirelo ya bobulatsela, ke dira diura di le 90 ka kgwedi mo tirong ya go rera.

Ka April 7, 1990, tsheko ya me e ne ya sekasekiwa gape kwa People’s Court kwa Valmiera. Fa tsheko e simolola, ke ne ka lemoga gore ke itse mosekisi. E ne e le lekawana lengwe le nkileng ka tlotla le lone ka Baebele! O ne a ntemoga a bo a nyenya mme a se ka a bua sepe. Ke sa ntse ke gakologelwa gore moatlhodi o ne a nthaya a reng kwa tshekong eo ka letsatsi leo: “Yurii, tshwetso ya go go tsenya mo kgolegelong dingwaga di le nnè tse di fetileng e ne e se kafa molaong. Ba tshwanetse ba ka bo ba sa go bona molato.” Ka bonako fela, ke ne ke gololesegile!

Lesole la ga Keresete

Ka June 1990, ke ne ka tshwanelwa gape gore ke ye go ikwadisa kwa ofising gore ke bone lekwalo la go ya go nna kwa Riga. Ke ne ka tsena mo ofising eo gape e e nang le tafole e telele, e dingwaga di le nnè pelenyana ke ileng ka bolelela lefotenentekolonele ke le mo go yone gore ga nkitla ke tsenela bosole. Mo nakong eno, o ne a ema a tla go ntumedisa, a ntshwara ka seatla a bo a re:  “Go tlhabisa ditlhong go bo o ile wa tshwanelwa ke go diragalelwa ke dilo tseno tsotlhe. Ke maswabi gore dilo di ile tsa direga ka tsela eno.”

Ke ne ka araba ka re: “Ke lesole la ga Keresete mme ke tshwanetse go diragatsa thomo ya me. Baebele e ka go thusa le wena gore o itumelele se Keresete a se solofeditseng balatedi ba gagwe—botshelo jo bo itumedisang le isagwe ya bosakhutleng.” (2 Timotheo 2:3, 4) Mokolonele o ne a araba a re: “Bosheng jaana ke ne ka reka Baebele, mme ke a e bala.” Ke ne ke tshwere buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. * Ke ne ka e bula mo kgaolong e e tlotlang ka sesupo sa metlha ya bofelo mme ka mmontsha kafa boporofeti jwa Baebele bo amanang ka gone le motlha wa rona. Ka tlotlo, mokolonele o ne a ntshwara ka seatla gape mme a nkeleletsa katlego mo tirong ya me.

Ka nako eno, masimo a ne a le masweu tota go ka rojwa kwa Latvia. (Johane 4:35) Ka 1991, ke ne ka nna mogolwane mo phuthegong. Go ne go na le bagolwane ba le babedi fela ba ba tlhomilweng mo nageng yotlhe! Morago ga ngwaga, phuthego e le nngwe fela ya kwa Latvia e ne ya kgaoganngwa go nna diphuthego tse pedi—e nngwe e ne e dirisa puo ya Se-Latvia mme e nngwe yone e ne e dirisa puo ya Se-Russia. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go kopanela le phuthego ya Se-Russia. Koketsego e ne ya direga ka bonako mo e leng gore ngwaga o o latelang phuthego ya rona e ne ya kgaoganngwa go nna tse tharo! Fa ke leba kafa dilo di ileng tsa tsamaya ka gone, go bonala sentle gore Jehofa o ne a kaela dinku tsa gagwe kwa phuthegong ya gagwe.

Ka 1998, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa Jelgava, toropo e e bokgakala jwa dikilometara di le 40 kwa borwabophirima jwa Riga. Ka one ngwaga oo, ke ne ka nna wa ntlha go tswa kwa Latvia go lalediwa go nna gone kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi se se tshwarwang ka puo ya Se-Russia kwa Solnechnoye, gaufi le St. Petersburg, kwa Russia. Fa ke le kwa sekolong, ke ne ka lemoga kafa go leng botlhokwa ka gone go rata batho gore o atlege mo bodireding. Se se neng sa nkgatlha go feta dilo tse re neng ra di rutiwa kwa sekolong, e ne e le lorato le tlhokomelo e lelapa la Bethele le barutisi ba sekolo ba neng ba re bontsha tsone.

Ke ne ka fitlhelela sengwe se sentle thata mo botshelong jwa me ka 2001 fa ke nyala Karina, mosadi mongwe yo montle wa Mokeresete. Karina o ne bereka le nna mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng, mme letsatsi le letsatsi, ke a kgothala fa ke bona mosadi wa me a boa a tswa kwa tirelong ya tshimo a itumetse thata. Eleruri, go direla Jehofa go itumedisa e le tota. Dilo tse di maswe tse di ntiragaletseng mo pusong ya Bokomonise di nthutile go mo ikanya ka botlalo. Motho o tlelwa ke masego fa a dira ka natla gore a nne tsala ya ga Jehofa le go tshegetsa bolaodi jwa gagwe. Go thusa ba bangwe go ithuta ka Jehofa go dirile gore botshelo jwa me bo nne le boikaelelo. Ke nnile le tshiamelo e e molemo tota ya go direla Jehofa “jaaka lesole le le molemo la ga Keresete.”—2 Timotheo 2:3.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 29 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le nnè tsa go dira tiro e e boima kwa Riga Central Prison

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke na le Karina mo bodireding