Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mo Lewatleng la Galalea

Mo Lewatleng la Galalea

 Mo Lewatleng la Galalea

PEGO nngwe e e mo go Mareko 4:35-41 e tlhalosa gore Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba palama sekepe gore ba kgabaganye Lewatle la Galalea. Re bala jaana: “Jaanong ga tsoga phefo e kgolo ya matsubutsubu e e bogale, mme makhubu a nna a itaaganela mo teng ga mokoro, mo mokoro o neng o tloga o tlala metsi. Mme [Jesu] o ne a le fa lemoragong la mokoro, a robetse mo godimo ga mosamo.”

Lefoko leno la Segerika la “mosamo” le tlhaga mo temaneng eno fela mo Baebeleng. Ka jalo bakanoki ga ba itse gore lefoko le le dirisitsweng fano tota le rayang. Bontsi jwa Dibaebele bo ranola lefoko leno ka go re “mosamo.” Le fa go ntse jalo, e ne e le mosamo o o ntseng jang? Mo puong ya ntlhantlha, tsela e Mareko a buang ka mosamo ka yone e dira gore go bonale e kete mosamo ono e ne e le sengwe sa dilo tse di dirisiwang mo sekepeng. Sekepe sengwe se se fitlhetsweng gaufi le Lewatle la Galalea ka 1986 se ile sa re naya lesedinyana la go tlhaloganya gore lefoko leno la Segerika le le dirisitsweng ke Mareko le kaya eng.

Dipatlisiso di bontsha gore sekepe seno sa dimetara di le robedi se ne se kgweediwa ka diseile le dikota tse di fetlhang metsi gore se kgone go tsamaya. Se ne se dirisediwa go tshwara ditlhapi mme kwa morago mo go sone go na le boalo jo bo kwa godimo jo ba neng ba kgona go baya matloa a magolo a go tshwara ditlhapi mo go jone. Go dumelwa gore sekepe seno se ne se dirisiwa fa gare ga 100 B.C.E. le 70 C.E., mme se ka nna sa bo e le mofuta wa sekepe oo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba se dirisa. Shelley Wachsmann, mongwe wa batho ba ba neng ba ribolola sekepe seno, o ne a kwala buka ya setlhogo se se reng The Sea of Galilee Boat—An Extraordinary 2000 Year Old Discovery. A re go bonala “mosamo” o Jesu a neng a robetse mo go one e ne e le kgetsi e e neng e tletse mmu e e neng e dirisiwa go dira gore sekepe se itsetsepele. Monna mongwe wa kwa Jaffa yo o sa bolong go tshwara ditlhapi ka matloa o ne a re: “Fa ke ne ke le mosha, sekepe se ke neng ke bereka mo go sone kwa Mediterranean gantsi se ne se na le kgetsi e le nngwe ya mmu kana di le pedi. . . . Dikgetsi tseno di ne di bewa mo sekepeng go dira gore se itsetsepele. Mme fa di ne di sa dirisiwe, re ne re di baya kwa morago mo boalong jo bo kwa tlase jwa sekepe. Mme fa mongwe a ne a lapile, o ne a tsena mo boalong jo bo kwa tlase jwa sekepe, a bo a sama kgetsi eo, a robala.”

Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore tlhaloso ya ga Mareko e ne e raya gore Jesu o ne a sama kgetsi e e neng e dira gore sekepe se itsetsepele a le mo boalong jo bo kwa tlase jwa sekepe, e e leng karolo e e sireletsegileng thata ya sekepe. Go sa kgathalesege gore mosamo oo o ne o ntse jang, se se botlhokwa thata ke se se neng sa direga morago ga moo. Ka ntlha ya go thusiwa ke maatla a Modimo, Jesu o ne a ritibatsa lewatle le le galefileng. Le e leng barutwa ba ne ba botsa ba re: “Tota yono ke mang, ka gonne le e leng phefo le lewatle di a mo utlwa?”