Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditlamorago Tse di Botlhoko Tsa Loso

Ditlamorago Tse di Botlhoko Tsa Loso

 Ditlamorago Tse di Botlhoko Tsa Loso

“NGWANA WA DINGWAGA TSE THATARO O IPOLAILE.” Setlhogo seno sa dikgang se se garolang pelo se ne se bua ka loso lo lo botlhoko lwa mosetsanyana yo o bidiwang Jackie. Mmaagwe o ne a sa tswa go bolawa ke bolwetse bongwe jo bo sa foleng. Pele ga Jackie a ema fa pele ga terena e e tsamayang, o ne a reile bomonnawe le bomogolowe a re o batla ‘go nna moengele mme a nne le mmaagwe.’

Ian o ne a na le dingwaga di le 18 fa a ne a kopa moruti wa gagwe gore a mo tlhalosetse lebaka la go bo rraagwe Ian a bolailwe ke kankere. Moruti o ne a re Modimo o ne a batla rraagwe Ian kwa legodimong ka gonne e ne e le monna yo o siameng. Fa Ian a sena go utlwa tlhaloso eo, o ne a swetsa ka gore ga a batle go itse Modimo yo o setlhogo jalo. E re ka botshelo bo ne bo lebega bo se na bokao jalo, Ian o ne a dira tshwetso ya gore a tshelele menate. Fa a ntse a lateletse menate jalo, o ne a simolola go nwa bojalwa mo go feteletseng, a dirisa diokobatsi a bo a dira boitsholo jo bo sa siamang. Botshelo jwa gagwe bo ne bo ikela go sele.

“Batshedi ba a Itse Gore ba Tla Swa”

Ditiragalo tseno tse pedi tse di utlwisang botlhoko di bontsha kafa loso lo ka senyang matshelo a batho ka teng, segolobogolo fa lo tla lo sa lebelelwa. Ke boammaaruri gore batho botlhe ba itse se se kaiwang ke mafoko ano a a boammaaruri a a kwadilweng mo Baebeleng: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa.” (Moreri 9:5) Mme batho ba bantsi ba tlhopha gore ba itlhokomolose boammaaruri jono jo bo botlhoko. Wena wa reng? Re dirisa nako e ntsi re dira dilo tse dintsi mo botshelong mme seno se dira gore re se ka ra akanya ka loso, re lo tsaya e le selo se se ka se kang sa direga gone jaanong.

The World Book Encyclopedia ya re: “Batho ba bantsi ba tshaba go swa mme ba leka go tila go akanya ka gone.” Mme le fa go ntse jalo, kotsi e e maswe kana bolwetse jo bo bolayang di ka dira gore ka tshoganyetso re patelesege go akanya ka loso. Kana gongwe fa re le kwa phitlhong ya tsala kana ya mongwe wa losika re ka gakologelwa ka tsela e e botlhoko gore rotlhe re emetswe ke se se tshwanang.

Le fa go ntse jalo, batho ba ba hutsafetseng kwa diphitlhong ba na le go re, “Botshelo jone bo tswela pele.” Mme go ntse fela jalo. Tota e bile, botshelo bo ka lebega bo feta ka bonako mo e leng gore mo nakong fela e khutshwane motho o tshwanelwa ke go lebana le mathata a a tlisiwang ke botsofe. Fa motho a setse a le mo boemong joo, loso ga lo tlhole lo le kgakala. Re ya diphitlhong tse dintsi, re tshwanelwa ke go itshokela go swa ga batho ba le bantsi ba e neng e le ditsala tsa rona ka lobaka lo loleele. Gantsi batsofe ba bantsi ba ipotsa potso eno e e tshwenyang, “Nna ke swa leng?”

Masaitsiweng a Magolo

Mongwe le mongwe o a dumela gore loso lo teng, mme potso e e salang ke gore go diragalang morago ga loso. Ditlhaloso tse dintsi tse di ikganetsang di ka dira gore motho yo o belaelang a di tseye e le kganetsano fela e e se nang thuso ka masaitsiweng. Motho yo o lebang dilo jaaka di ntse o ka nna a re e re ka “o tshela gangwe fela,” o tlhomamise gore o itumelela dilo tse di monate mo botshelong.

Ba bangwe bone ba gana go dumela gore fa motho a swa go fela sengwe le sengwe. Mme le fa go  ntse jalo, ga ba itse gore ke eng se se latelang morago ga loso. Bangwe ba tsaya gore motho o tswelela a tshela mo lefelong lengwe le le monate ka bosakhutleng, mme ba bangwe bone ba akanya gore ba tla boa ba tshela gape mo isagweng, gongwe ba fetogile motho mongwe o sele.

Ba losika ba ba tlhokafaletsweng ke mongwe ba nna ba ipotsa jaana, “Baswi ba kae?” Dingwaga di sekae tse di fetileng, maloko a setlhopha se se tshamekang kgwele ya dinao a ne a ya kwa motshamekong mongwe mme lori ya thulana le khombi e ba neng ba e palame, mme ya gogela khombi kwa ntle ga tsela. Go ne ga swa ba le batlhano mo setlhopheng seo. Fa e sa le mmè mongwe a tlhokafalelwa ke ngwana mo kotsing eo ga a ka a kgona go tswelela pele sentle le botshelo ka tsela e e tlwaelegileng. O tshwenngwa ke go bo a sa tlhaloganye gore ngwana wa gagwe o kae. O etela lebitla la gagwe gangwe le gape a bo a leka go bua le ene ka nako e telele. O bua jaana ka bohutsana: “Ga ke kgone go dumela gore ga go na sepe se se diregang morago ga loso, mme ga ke tlhomamisege ka seo.”

Go bonala sentle gore tsela e re lebang loso ka yone e ka ama matshelo a rona gone jaanong. Tsela e batho ba itshwarang ka yone fa ba welwa ke masetlapelo a loso e tsosa dipotso di le mmalwa. Akanya kafa o ka di arabang ka teng. A re tshwanetse go lebala ka loso mme re tswelele fela ka botshelo? A re tshwanetse go dira gore go itse ga rona gore loso lo nna lo re okame jaaka leru go re sulafaletse botshelo? A ba losika ba ba hutsafetseng ba tshwanetse go nna ba ipotsa gore moratiwa wa bone yo o suleng o kae? A loso lo tshwanetse go nna e le masaitsiweng?