Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ya Segosi—Phitlhelelo e e Botlhokwa mo Tirong ya Bokanoki

Baebele ya Segosi—Phitlhelelo e e Botlhokwa mo Tirong ya Bokanoki

 Baebele ya Segosi—Phitlhelelo e e Botlhokwa mo Tirong ya Bokanoki

SEKEPE se ne sa tloga kwa Spain se le mo tseleng se ya kwa setlhaketlhakeng sa Italy mo masimologong a lekgolo la bo16 la dingwaga. Se ne se pegile thoto e e tlhwatlhwakgolo thata—e leng Dibaebele di le dintsi tsa Complutensian Polyglot, tse di gatisitsweng fa gare ga 1514 le 1517. Ka tshoganyetso fela go ne ga tsoga setsuatsue se se bogale. Batho ba ba berekang mo sekepeng ba ne ba leka ka natla go falotsa sekepe, mme ba itaya se fololetse. Sekepe se ne sa nwela ka thoto ya sone e e tlhwatlhwakgolo.

Masetlapelo ao a ne a dira gore go tlhokege kgatiso e ntšha ya Baebele ya Polyglot. La bofelo, mogatisi yo o setswerere wa dibuka e bong Christophe Plantin, o ne a dumela go dira tiro eo e e boima. O ne a tlhoka mongwe yo o humileng yo a neng a ka tshegetsa tiro eno e kgolo ka madi, ka jalo o ne a kopa kgosi ya Spain, e bong Philip II, gore e nne ene a e tshegetsang ka madi. Pele ga gore kgosi e dire tshwetso, e ne ya rerisana le bakanoki bangwe ba kwa Spain, go akaretsa le mokanoki yo o itsegeng wa Baebele e bong Benito Arias Montano. O ne a bolelela Kgosi Philip a re: “Mo godimo ga go direla Modimo le go solegela Kereke ya Roma molemo, go dira jalo go tla tlisetsa leina la gago la segosi tlotlo go bo go tlisetse le wena ka bowena tlotlo.”

E re ka kgatiso e e boeleditsweng ya Complutensian Polyglot e ne e tla nna phitlhelelo e e botlhokwa thata, Philip o ne a swetsa ka gore o tla tshegetsa  tiro ya ga Plantin ka botlalo. O ne a naya Arias Montano tiro e kgolo ya go rulaganya kgatiso e kgabagare e neng ya bidiwa Baebele ya Segosi, kana Antwerp Polyglot. *

Philip o ne a kgatlhegela thata kafa Baebele ya Polyglot e neng e tswelela ka teng mo a ileng a kopa gore ba mo romelele tsebe nngwe le nngwe ya yone. Plantin o ne a sa batle gore tiro ya gagwe e salele kwa morago ka ntlha ya nako e e neng e tla senngwa fa pampiri e romelwa go tswa kwa Antwerp gore kgosi e e bale le go e tlhatlhoba e le kwa Spain e bo e e busa gape. Mme se se neng sa direga ke gore Philip o ne a bona fela tsebe ya ntlha e e neng ya gatisiwa, gongwe le tse dingwe di le mmalwa morago ga moo. Kafa letlhakoreng le lengwe, Montano ene o ne a tswelela a bala le go tlhatlhoba Baebele a thusiwa ke boporofesa ba bararo ba kwa Louvain mmogo le morwadia Plantin, yo o neng a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bosha.

Morati wa Lefoko la Modimo

Arias Montano o ne a ikutlwa a phuthologile fela fa a ne a bereka le bakanoki ba kwa Antwerp. Go amogela ga gagwe dikgopolo tsa ba bangwe go ne ga dira gore Plantin a mo rate, mme botsala jwa bone bo ne jwa nnela ruri. Montano o ne a se botlhokwa fela ka ntlha ya thutego ya gagwe mme le ka go bo a ne a rata Lefoko la Modimo thata. * Fa a ne a sa ntse a le lekawana, o ne a batla go fetsa dithuto tsa gagwe gore a tle a kgone go fetsa nako yotlhe ya gagwe a ithuta Dikwalo.

Arias Montano o ne a dumela gore Baebele e tshwanetse go ranolwa lefoko ka lefoko. O ne a batla go ranola se tota se neng se kwadilwe mo  mokwalong wa ntlhantlha, ka go dira jalo a naya babadi tshono ya go bala Lefoko la boammaaruri la Modimo. Montano o ne a latela mokgwa wa ga Erasmus, yo a neng a rotloetsa bakanoki “go rera ka Keresete jaaka fa go kwadilwe mo mokwalong wa ntlhantlha.” Go ne go fetile makgolokgolo a dingwaga bokao jwa mmatota jwa Dikwalo jwa dipuo tsa ntlhantlha bo ntse bo fitlhetswe batho ka ntlha ya go bo go le boima go tlhaloganya Selatine.

Baebele e Rulaganyediwa go Gatisiwa

Arias Montano o ne a kgona go bona mekwalo yotlhe ya bogologolo e Alfonso de Zamora a neng a e rulagantse go gatisa Baebele ya Complutensian Polyglot, mme Montano o ne a e dirisa go rulaganya Baebele ya Segosi. *

Kwa tshimologong, Baebele ya Segosi e ne e diretswe gore e nne kgatiso ya bobedi ya Complutensian Polyglot, mme e ne ya nna se se fetang moo. Mekwalo ya Sehebera le ya Segerika ya Septuagint e ne ya tsewa mo Baebeleng ya Complutensian; mme ga okediwa ka mekwalo e mesha mmogo le dintlha tse di oketsegileng. Kwa bokhutlong, Polyglot e ntšha e ne ya nna le dibolumo tse robedi. Go ne ga tsaya dingwaga tse tlhano go e gatisa, go tloga ka 1568 go fitlha ka 1572—e leng nako e khutshwane fa re akanya ka tiro e ntsi e e neng e tshwanetse go dirwa. La bofelo, go ne ga gatisiwa dikhopi di le 1 213.

Le fa gone Complutensian Polyglot ya 1517 e ne e le “bosupi jwa bokgoni jwa go gatisa le kitso ya Dikwalo,” Antwerp Polyglot e ntšha e ne e e feta ka boleng le ka diteng tsa yone. E ne e le phitlhelelo e nngwe mo hisitoring ya go gatisa, mme se se botlhokwa le go feta, ke gore e ne e le Baebele e e neng e ka dirisiwa go ranola Dibaebele tse dingwe.

Baba ba Lefoko la Modimo Ba a E Tlhasela

Ga go gakgamatse gore go ise go ye kae, go ne ga tlhaga batho ba ba neng ba le kgatlhanong le go ranolwa ga Baebele ka boikanyego. Le fa gone mopapa a ne a amogela Antwerp Polyglot e bile Arias Montano a ne a itsege e le mokanoki yo o setswerere, Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Botlhanogi e ne ya pega Arias Montano molato.  Baganetsi ba ne ba re Baebele ya gagwe e ne e dira gore go lebege e kete mokwalo o o tokafaditsweng wa Selatine wa ga Santes Pagninus o lebege e le one thanolo e e siameng ya Sehebera le Segerika sa ntlhantlha go gaisa wa Vulgate e e neng e ranotswe makgolokgolo a dingwaga pelenyana ga moo. Gape ba ne ba pega Montano molato wa gore o ne a dirisa dipuo tsa ntlhantlha ka gonne o ne a batla go nna le thanolo e e boammaaruri ya Baebele—tiro e ba neng ba e leba e le e e sa tshwanelang go dirwa.

Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Botlhanogi e ne ya gatelela le gore “Kgosi ga ya ka ya bona tlotlo epe ka ntlha ya go tshegetsa tiro eo ka madi.” Ba ne ba bolela fa ba swabile ka go bo Montano a ne a sa dirisa Vulgate e e neng e dirisiwa ka nako  eo fa a ranola. Le fa ba ne ba mo latofatsa jalo, ba ne ba se na bosupi jo bo lekaneng jwa go tshwara Montano kana go senya Baebele ya gagwe ya Polyglot. Kwa bofelong, Baebele ya Segosi e ne ya amogelwa ke batho ba le bantsi mme e ne ya nna yone e e dirisiwang mo diyunibesithing tse di farologaneng.

Sedirisiwa se se Molemo sa go Ranola Baebele

Le fa gone Antwerp Polyglot e ne e sa direlwa batho botlhe, go ise go ye kae, e ne ya nna sedirisiwa se se molemo mo baranoding ba Baebele. Fela jaaka Complutensian Polyglot e e neng e tlile pele ga yone, Antwerp Polyglot e ne ya thusa go tokafatsa Dikwalo tse di neng di le gone. Gape e ne ya thusa baranodi go tlhaloganya dipuo tsa ntlhantlha botoka. E ne ya thusa gore Baebele e ranolelwe mo dipuong tse dingwe tse di buiwang thata kwa Yuropa. Ka sekai, The Cambridge History of the Bible e bega gore baranodi ba Baebele e e itsegeng thata ya King James Version, kana Authorized Version, ya 1611, ba ne ba thusiwa thata ke Antwerp Polyglot fa ba ranola go tswa mo dipuong tsa ntlhantlha. Gape Baebele ya Segosi e ne ya dirisiwa thata fa go ne go ranolwa Dibaebele tse pedi tsa Polyglot tse di botlhokwa tse di neng tsa gatisiwa mo lekgolong la bo17 la dingwaga.—Bona lebokoso le le reng “Dibaebele Tsa Polyglot.”

Selo sengwe se se botlhokwa ka Antwerp Polyglot ke gore e ne ya dira gore e nne la ntlha bakanoki ba kwa Yuropa ba nna le thanolo ya Dikwalo Tsa Segerika ka Sesiria sa bogologolo. Mokwalo oo wa Sesiria sa bogologolo o ne o kwadilwe go bapa le thanolo ya Selatine ya lefoko ka lefoko. Seno se ne se thusa thata, e re ka mokwalo ono wa Sesiria sa bogologolo e ne e le nngwe ya dithanolo tsa bogologolo thata tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Thanolo ya Sesiria sa bogologolo e e neng e kwadilwe mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E., e ne e theilwe mo mekwalong e e neng e le ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Go ya ka The International Standard Bible Encyclopedia, “go tlwaelegile gore go dirisiwe Peshitta [Sesiria sa bogologolo] go tlhatlhoba mekwalo ya Baebele go bona gore a e boammaaruri. Ke yone mongwe wa mekwalo e e botlhokwa ya bogologolo e e nang le tshedimosetso kaga dingwao tsa bogologolo.”

Lewatle le le galefileng, tota le Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Botlhanogi ya kwa Spain ga di a ka tsa kgona go thibela go nna gone ga kgatiso e nngwe e e tokafaditsweng le e kgolwane ya Complutensian Polyglot ka 1572 e e neng ya bidiwa Baebele ya Segosi. Se se neng sa direga ka Baebele ya Antwerp Polyglot ke sengwe sa dikai tsa maiteko a batho ba ba tlhoafetseng ba ileng ba a dira go femela Lefoko la Modimo.

E ka tswa ba ne ba itse kana ba sa itse, tiro eno e banna bano ba ba ineetseng ba neng ba e dira kwantle ga bogagapa e bontsha boammaaruri jwa mafoko a boporofeti a ga Isaia. O ne a kwala jaana dingwaga di ka nna dikete tse tharo tse di fetileng: “Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile; mme fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng.”—Isaia 40:8.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 E ne e bidiwa Baebele ya Segosi ka gonne e ne e tshegeditswe ka madi ke Kgosi Philip, e bile e bidiwa Antwerp Polyglot ka gonne e ne e gatisitswe mo motseng wa Antwerp, o ka nako eo o neng o le karolo ya Mmuso wa Spain.

^ ser. 7 O ne a le sethakga mo puong ya Searabia, Segerika, Sehebera, Selatine le mo puong ya Sesiria sa bogologolo, e leng dipuo tse tlhano tse dikgolo tse di neng di dirisiwa mo Baebeleng ya Polyglot. Gape e ne e le serutegi mo go tsa thutamarope, kalafi, saense le bodumedi, dilo tse di neng tsa mo thusa thata fa a ne a rulaganya dintlha tse di oketsegileng tsa Baebele ya Polyglot.

^ ser. 10 Go bona tlhaloso e e malebana le botlhokwa jwa Baebele ya Complutensian Polyglot, bona Tora ya Tebelo ya April 15, 2004.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

“Fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 12]

DIBAEBELE TSA POLYGLOT

Mokanoki mongwe wa kwa Spain e bong Federico Pérez Castro o tlhalosa jaana: “Baebele ya Polyglot ke Baebele e e nang le dipuo tse di farologaneng mo go yone. Le fa go ntse jalo, gantsi lefoko leno le raya Dibaebele tse mokwalo wa tsone e leng wa dipuo tsa ntlhantlha. Fa e le gore Baebele ya Polyglot e tlhalosiwa ke bongwe jwa bokao jo bo fa godimo, go raya gore go na le Dibaebele tsa Polyglot di le mmalwa fela.”

1. The Complutensian Polyglot (1514-17), e e neng ya tshegediwa ka madi ke Mokadinale Cisneros, e ne ya gatisiwa kwa Alcalá de Henares, kwa Spain. Dibolumo tsa yone tse thataro di ne di na le mokwalo wa Baebele o o kwadilweng ka dipuo tse nnè: Sehebera, Segerika, Searamaika le Selatine. E ne ya nna yone thanolo ya Dikwalo Tsa Sehebera le Searamaika e baranodi ba lekgolo la bo16 la dingwaga ba neng ba e dirisa.

2. The Antwerp Polyglot (1568-72), e e neng e rulagantswe ke Benito Arias Montano, e ne ya tsenya thanolo ya Peshitta ya Sesiria sa bogologolo ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le Targum ya Searamaika ya ga Jonathan mo mokwalong wa Complutensian. Mokwalo wa Sehebera, o o neng o na le matshwao a ditumanosi le matshwao a kafa mafoko a tshwanetseng go bidiwa ka gone, o ne wa tokafadiwa go dirisiwa mokwalo wa Sehebera wa ga Jacob ben Hayyim. E ne ya nna tsone Dikwalo Tsa Sehebera tse baranodi ba Baebele ba neng ba di dirisa fa ba ranola.

3. The Paris Polyglot (1629-45) e ne ya tshegediwa ka madi ke mmueledi mongwe wa Mofora e bong Guy Michel le Jay. E ne e theilwe mo go Antwerp Polyglot, le fa gone e ne e na le mokwalo mongwe wa Sesamarea le wa Searabia.

4. The London Polyglot (1655-57), e e neng e rulagantswe ke Brian Walton le yone e ne e theilwe mo go Antwerp Polyglot. Polyglot eno e ne e na le dithanolo tsa bogologolo tsa Baebele ka Seethiopia le Seperesia, le fa di ne di sa tlhalose Baebele botoka go le kalo.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Banner and Antwerp Polyglots (two underneath): Biblioteca Histórica. Universidad Complutense de Madrid; Antwerp Polyglot (on top): By courtesy of Museum Plantin-Moretus/Stedelijk Prentenkabinet Antwerpen; London Polyglot: From the book The Walton Polyglot Bible, Vol. III, 1655-1657

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Philip II, kgosi ya kwa Spain

[Motswedi wa Setshwantsho]

Philip II: Biblioteca Nacional, Madrid

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Arias Montano

[Motswedi wa Setshwantsho]

Montano: Biblioteca Histórica. Universidad Complutense de Madrid

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Metšhine ya bogologolo ya go gatisa kwa Antwerp, Belgium

[Motswedi wa Setshwantsho]

Press: By courtesy of Museum Plantin-Moretus/Stedelijk Prentenkabinet Antwerpen

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Kafa molemeng: Christophe Plantin le tsebe ya ntlha ya Antwerp Polyglot

[Motswedi wa Setshwantsho]

Title page and Plantin: By courtesy of Museum Plantin-Moretus/Stedelijk Prentenkabinet Antwerpen

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Kwa godimo: Dikholomo di le nnè tsa mokwalo wa Ekesodo kgaolo 15

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]

Title page and Plantin: By courtesy of Museum Plantin-Moretus/Stedelijk Prentenkabinet Antwerpen

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

Biblioteca Histórica. Universidad Complutense de Madrid