Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nnang lo Ipontshe se Lona ka Bolona lo Leng Sone”

“Nnang lo Ipontshe se Lona ka Bolona lo Leng Sone”

 “Nnang lo Ipontshe se Lona ka Bolona lo Leng Sone”

“Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.”—2 BAKORINTHA 13:5.

1, 2. (a) Go se tlhomamisege ka dilo tse re di dumelang go ka re ama jang? (b) Ke seemo sefe kwa Korintha wa lekgolo la ntlha la dingwaga se se neng se ka nna sa dira gore bangwe ba se ka ba tlhomamisega gore ba tsamaye jang?

FA MOTHO a ntse a tsamaya mo motseng o fitlha fa tsela e a leng mo go yone e nnang maphata mabedi gone. E re ka a sa tlhomamisege gore ke tsela efe e e tla mo gorosang kwa a yang teng, o kopa batho ba ba fetang gore ba mo kaele mme ba mo naya dikarabo tse di sa tshwaneng. O tlhakana tlhogo a bo a palelwa ke go tswelela le mosepele. Fa re nna le dipelaelo ka dilo tse re ntseng re di dumela, le rona re ka amega fela jalo. Go se tlhomamisege go ka re kgoreletsa gore re se ka ra kgona go dira ditshwetso, ga dira gore re se ka ra itse gore re tseye tsela efe.

2 Go ne ga nna le seemo se se neng se ka felela jalo mo bathong bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ka lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Korintha, kwa Gerika. ‘Baaposetoloi ba ba molemo go feta selekanyo’ ba ne ba nyatsa taolo ya ga moaposetoloi Paulo, ba re: “Makwalo a gagwe a bokete e bile a maatla, mme fa a le gone ka namana o bokoa e bile puo ya gagwe e a nyatsega.” (2 Bakorintha 10:7-12; 11:5, 6) Go leba dilo jalo go ka tswa go ile ga dira gore bangwe ba phuthego ya kwa Korintha ba se ka ba tlhomamisega gore ba tsamaye jang.

3, 4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela kgakololo e Paulo a neng a e naya Bakorintha?

3 Paulo o ne a thaya phuthego ya kwa Korintha fa a ne a etetse teng la ntlha ka 50 C.E. O ne a nna kwa Korintha “ngwaga le dikgwedi di le thataro, a ruta lefoko la Modimo mo gare ga bone.” Ee, “ba le bantsi ba Bakorintha ba ba neng ba utlwa [ba ne] ba simolola go dumela ba bo ba kolobediwa.” (Ditiro 18:5-11) Paulo o ne a kgatlhegela thata bomoya jwa badumedi ka ene kwa Korintha. Mo godimo ga moo, Bakorintha ba ne ba kwaletse Paulo ba kopa kgakololo ka dikgang dingwe. (1 Bakorintha 7:1) Ka jalo o ne a ba neela kgakololo e e molemo tota.

4 Paulo o ne a kwala a re: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.” (2 Bakorintha 13:5) Go dirisa kgakololo eno go ka bo go ile ga thusa bakaulengwe bao ba kwa Korintha gore ba tlhomamisege gore ke tsela efe e ba neng ba tshwanetse go tsamaya ka yone. Kgakololo eno ya ga Paulo e ka re thusa jalo gompieno. Mme re ka e dirisa jang? Re ka iteka jang go bona gore a re mo tumelong? Mme go ipontsha se rona ka borona re leng sone go akaretsa eng?

“Nnang lo Leke Gore A lo Mo Tumelong”

5, 6. Ke eng se re ka se dirisang go iteka go bona gore a re mo tumelong, mme ke ka ntlha yang fa e le sone se se tshwanelang tota se re ka se dirisang?

5 Gantsi fa go na le teko nngwe go a bo go lekwa sengwe kgotsa mongwe mme go a bo go na le selo sengwe se a lekwang ka sone. Mo kgannyeng eno, se se lekwang ga se tumelo—e leng dilo tse re ntseng re di dumela. Mme go lekwa rona. Selo se se dirisiwang go re leka ke selo se se itekanetseng. Pina e e tlhamilweng ke mopesalema  Dafide ya re: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa moya. Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo. Ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame, di dira gore pelo e ipele; taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho.” (Pesalema 19:7, 8) Mo Baebeleng go na le melao ya ga Jehofa e e itekanetseng le ditaelo tsa gagwe tse di siameng, dikgakololo tsa gagwe tse di ikanyegang le melao ya gagwe e e phepa. Molaetsa o o mo go yone ke one o o tshwanelang tota go re leka.

6 Moaposetoloi Paulo o bolela jaana ka molaetsa oo o o tlhotlheleditsweng ke Modimo: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Ee ruri, lefoko la Modimo le ka leka pelo ya rona—e leng se tota re leng sone mo teng. Re ka dirisa jang molaetsa ono wa lone o o maatla? Mopesalema o re tlhalosetsa sentle gore re ka dira seo jang. O ne a opela a re: “Go itumela motho . . . [yo o natefelelwang] ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo.” (Pesalema 1:1, 2) “Molao wa ga Jehofa” o fitlhelwa mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng, e leng Baebele. Re tshwanetse ra itumelela go bala Lefoko la ga Jehofa. Ee, re tshwanetse ra ipha nako ya go le balela kwa tlase, kgotsa go tlhatlhanya ka lone. Fa re ntse re dira jalo, re tshwanetse ra letla se se kwadilweng mo go lone gore se re leke—rona ba re lekwang.

7. Tsela ya konokono ya go iteka go bona gore a re mo tumelong ke efe?

7 Ka jalo tsela ya konokono ya go iteka go bona gore a re mo tumelong ke gore re bale re bo re tlhatlhanye ka tlhoafalo ka Lefoko la Modimo mme re tlhatlhobe gore boitshwaro jwa rona bo tsamaisana go le kana kang le se re se ithutang. Go a itumedisa go bona gore re na le dilo di le dintsi tse di re thusang go tlhaloganya Lefoko la Modimo.

8. Dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” di ka re thusa jang go iteka go bona gore a re mo tumelong?

8 Jehofa o re neile dithuto le kaelo a dirisa dikgatiso tse di tlhalosang Baebele tse di gatisitsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Ka sekai, akanya ka lebokose la setlhogo se se reng “Dipotso Tsa go Tlhatlhanya” le le kwa bofelong jwa bontsi jwa dikgaolo tsa buka ya Atamalana le Jehofa. * Karolo eno ya buka e naya motho sebaka se se molemo tota sa gore a itlhatlhobe! Dikgang tse dintsi tse go tlotliwang ka tsone mo dimakasineng tsa rona tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le tsone di re thusa go iteka go bona gore a re mo tumelong. Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a bolela jaana malebana le ditlhogo tse di kwadilweng mo dimakasineng tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo tse di tlhalosang buka ya Diane: “Ditlhogo tseno di mosola tota. Di nthusa go sekaseka go bona gore a tota dilo tse ke di buang, boitshwaro jwa me le mekgwa e ke nang le yone di tsamaisana le melao ya ga Jehofa e e siameng.”

9, 10. Ke dithulaganyo dife tsa ga Jehofa tse di re thusang go nna re iteka go bona gore a re mo tumelong?

9 Gape re newa kaelo le kgothatso e ntsi tota kwa dipokanong tsa phuthego, le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Tseo ke dingwe tsa dithulaganyo tsa semoya tse Modimo a di diretseng batho ba Isaia a neng a porofeta jaana ka bone: “Go tla diragala gore go ela kwa bofelong jwa metlha thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlhomamisiwe thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba, eleruri e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota; mme ditšhaba tsotlhe di tla ologela kwa go yone. Ruri ditšhaba di le dintsi di tla ya di re: ‘Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, . . . mme o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.’” (Isaia 2:2, 3) Ruri go rutiwa ditsela tsa ga Jehofa jalo go re solegela molemo tota.

10 Gape re ka dirisa kgakololo e re e newang ke ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya, go akaretsa bagolwane ba Bakeresete. Baebele e bolela  jaana ka bone: “Bakaulengwe, le eleng fa motho mongwe a tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga, lona ba lo nang le ditshwanelego tsa semoya, lekang go lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya o o bonolo, mongwe le mongwe wa lona a ntse a ipeile leitlho, e se re kgotsa le lona lwa raelwa.” (Bagalatia 6:1) A bo re lebogela thulaganyo eno ya go re thusa jang ne!

11. Go iteka go bona gore a re mo tumelong go tlhoka eng?

11 Dikgatiso tsa rona, dipokano tsa Bokeresete, banna ba ba tlhomilweng—tseno ke dithulaganyo tse di molemo tse di tswang kwa go Jehofa. Le fa go ntse jalo, go iteka go bona gore a re mo tumelong go tlhoka gore re itshekatsheke. Ka jalo fa re ntse re bala dikgatiso tsa rona kgotsa re reeditse kgakololo ya Dikwalo, re tshwanetse ra ipotsa jaana: ‘A se go buiwang ka sone fano se tlhalosa tsela e ke ntseng ka yone? A ke dira jaaka go bolelwa fano? A ke latela dithuto tsa Bokeresete?’ Tsela e re ikutlwang ka yone ka tshedimosetso e re e newang ka dithulaganyo tseno le yone e ama seemo sa bomoya jwa rona. Baebele ya re: “Motho wa senama ga a amogele dilo tsa moya wa Modimo, gonne ke boeleele mo go ene. . . . Le fa go ntse jalo, eleruri motho wa semoya o sekaseka dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 2:14, 15) Ruri go botlhokwa gore se re se balang mo dibukeng, mo dimakasineng le mo dikgatisong tse dingwe tsa rona le se re se utlwang kwa dipokanong le mo bagolwaneng, re leke go se leba ka tsela e e siameng, e e bontshang gore re rata dilo tsa semoya.

“Nnang lo Ipontshe se Lona ka Bolona lo Leng Sone”

12. Go ipontsha se rona ka borona re leng sone go akaretsa eng?

12 E le gore re ipontshe se rona ka borona re leng sone, re tshwanetse go itshekatsheka. Gone re ka tswa re le mo boammaaruring, mme potso ke gore bo laola botshelo jwa rona go le kana kang? Re ka itshupa se re leng sone ka go dira dilo ka tsela e e bontshang gore re godile semoyeng e bile re anaanela dithulaganyo tsa semoya.

13. Go ya ka Bahebera 5:14, ke eng se se bontshang gore re godile semoyeng?

13 Ke eng se re ka batlang go se bona mo go rona se se bontshang gore re Bakeresete ba ba godileng sentle semoyeng? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Bahebera 5:14) Re bontsha gore re godile semoyeng ka go thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga. Fela jaaka mesifa mengwe ya mmele wa moatleletiki e tlhoka go thapisiwa ka go dirisiwa kgapetsakgapetsa pele a ka kgona motshameko wa gagwe, bokgoni jwa rona jwa go lemoga bo tshwanetse jwa thapisiwa ka go dirisa melaometheo ya Baebele.

14, 15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka ka thata go ithuta dilo tse di kwa teng tsa Lefoko la Modimo?

14 Le fa go ntse jalo, pele re thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga, re tshwanetse ra nna le kitso. Mme gore re nne le yone, re tshwanetse go ithuta ka tlhoafalo. Fa re ithuta re le rosi ka metlha—bogolo jang fa re ithuta dilo tse di boteng tsa Lefoko la Modimo—bokgoni jwa rona jwa go lemoga bo a tokafala. Fa dingwaga di ntse di feta, go ile ga tlhalosiwa dilo tse dintsi tse di boteng mo makasineng wa Tora ya Tebelo.  Re itshwara jang fa re kopana le ditlhogo tse di tlhalosang dintlha tse di boteng tsa boammaaruri? A re di tlhokomologa fela ka gonne di na le “dilo dingwe tse di thata go tlhaloganngwa”? (2 Petere 3:16) Mo boemong jwa seo, re leka thata go tlhaloganya se go buiwang ka sone.—Baefeso 3:18.

15 Go tweng fa re go fitlhela go le thata go ithuta re le rosi? Go botlhokwa gore re lwele go rata go ithuta re bo re go itumelele. * (1 Petere 2:2) Gore re gole semoyeng, re tshwanetse ra itlwaetsa go ikotla ka dijo tse di tiileng tsa semoya, dithuto tse di boteng tsa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Go seng jalo, maatla a rona a go lemoga a ka se gole. Le fa go ntse jalo, go ipontsha gore re godile semoyeng ga go tlhoke fela gore re nne le maatla a go lemoga. Letsatsi le letsatsi re tshwanetse go dirisa kitso e re e bonang ka go ithuta re le rosi ka tlhoafalo.

16, 17. Morutwa Jakobe o naya kgakololo efe kaga go nna “badiri ba lefoko”?

16 Bosupi jwa se rona ka borona re leng sone bo bonala le mo dilong tse di bontshang gore re anaanela boammaaruri—e leng ditiro tsa rona tsa tumelo. Morutwa Jakobe o bolela jaana a dirisa setshwantsho se se maatla go tlhalosa mokgwa ono wa go itshupa se re leng sone: “Nnang badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela, lo itsietsa ka tsela e e phoso ya go akanya. Gonne fa motho e le moutlwi wa lefoko, mme e se modiri, yono o tshwana le monna yo o lebileng sefatlhego sa gagwe sa tlholego mo seiponeng. Gonne o a iteba, mme a tswe a tsamaye mme ka yone nako eo a lebale gore ke motho wa mofuta ofe. Mme yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one, motho yono, ka gonne a sa nna moutlwi yo o lebalang bobe, mme a nnile modiri wa tiro, o tla itumela mo go o direng ga gagwe.”—Jakobe 1:22-25.

17 Jakobe a re: ‘Tlhodumela seipone sa lefoko la Modimo, mme o itshekatsheke. Tswelela pele o dira jalo, mme o itlhatlhobe o dirisa se o se balang mo lefokong la Modimo. Go tswa foo, o se ka wa itlhaganelela go lebala se o se boneng. Dira diphetogo tse di tlhokegang.’ Mme ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go dirisa kgakololo eno.

18. Ke ka ntlha yang fa go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go dirisa kgakololo ya ga Jakobe?

18 Ka sekai, akanya ka tiro e re tshwanetseng go e dira ya go rera ka Bogosi. Paulo o ne a kwala jaana: “Motho o supa tumelo ka pelo go bona tshiamo, mme o dira polelo phatlalatsa ka molomo go bona poloko.” (Baroma 10:10) Go dira polelo phatlalatsa ka molomo gore motho a bone poloko go tlhoka gore a dire diphetogo di le mmalwa. Mo go ba le bantsi ba rona, tiro ya go rera ga e motlhofo. Go dira tiro eno ka tlhoafalo le go e tsaya e le ya botlhokwa jaaka go tshwanetse mo matshelong a rona go re tlhoka go dira diphetogo tse di oketsegileng le go itima dilo dingwe. (Mathaio 6:33) Mme fa re setse re le badiri ba tiro eno e re e neilweng ke Modimo, re itumedisiwa ke pako e e yang kwa go Jehofa ka ntlha ya tiro eno. Ka jalo, a re baboledi ba ba tlhoafetseng ba Bogosi?

19. Ditiro tsa rona tsa tumelo di tshwanetse tsa akaretsa eng?

 19 Ditiro tsa rona tsa tumelo di tshwanetse tsa akaretsa eng? Paulo a re: “Dilo tse lo di ithutileng le tse lo di amogetseng mme lwa di utlwa lwa ba lwa di bona ka ga me, tlwaelang go dira dilo tseno; mme Modimo wa kagiso o tla nna le lona.” (Bafilipi 4:9) Re itshupa se re leng sone ka go dirisa se re se ithutileng, se re se amogetseng, se re se utlwileng le se re se boneng—e leng se se supang ka botlalo gore re barutwa e bile re Bakeresete ba ba ineetseng. Jehofa o laela jaana a dirisa moporofeti Isaia: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.”—Isaia 30:21.

20. Ke batho ba mofuta ofe ba ba thusang thata mo phuthegong?

20 Banna le basadi ba e leng baithuti ba ba tlhoafetseng ba Lefoko la Modimo, ba ba rerang dikgang tse di molemo ka tlhoafalo, ba ba emang ba nitame mo dilong tsotlhe le ba ba emang Bogosi nokeng ka metlha ba solegela phuthego molemo fela thata. Fa ba kopanela le phuthego nngwe, phuthego eo e a nonofa. Ba thusa thata, bogolo jang ka gonne go na le ba basha ba le bantsi ba ba tlhokang go tlhokomelwa. Fa re tsaya tsia kgakololo ya ga Paulo ya gore re ‘nne re leke gore a re mo tumelong, re nne re ipontshe se rona ka borona re leng sone,’ le rona re tlhotlheletsa ba bangwe ka tsela e e siameng.

Itumelele go Dira Thato ya Modimo

21, 22. Ke eng se se ka re thusang go itumelela go dira thato ya Modimo?

21 Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a opela a re: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.” (Pesalema 40:8) Dafide o ne a itumelela go dira thato ya Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne molao wa ga Jehofa o ne o le mo pelong ya ga Dafide. Dafide o ne a tlhomamisegile gore ke tsela efe e a neng a tshwanetse go tsamaya ka yone.

22 Fa molao wa Modimo o le mo dipelong tsa rona, re tla nna re tlhomamisegile gore ke tsela efe e re tshwanetseng go tsamaya ka yone. Re itumelela go dira thato ya Modimo. Ka jalo, a re “itekeng ka tlhagafalo” fa re ntse re direla Jehofa go tswa pelong.—Luke 13:24.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 15 Go bona dikakantsho tse di mosola kaga go ithuta, bona tsebe 27-32 mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Re ka iteka jang go bona gore a re mo tumelong?

• Go ipontsha se re leng sone go akaretsa eng?

• Re ka itshupa jang gore re Bakeresete ba ba godileng semoyeng?

• Ditiro tsa rona tsa tumelo di re thusa jang go sekaseka se re leng sone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

A o itse tsela ya konokono ya go iteka go bona gore a o mo tumelong?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Re itshupa gore re Bakeresete ba ba godileng sentle ka go dirisa maatla a rona a go lemoga

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Re ipontsha se re leng sone ka gore re ‘se nne bautlwi ba ba lebalang bobe mme re nne badiri ba lefoko’