Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Go Bona Tlhaloso e e Utlwalang Sentle” ya Baebele go Tswa mo Laeboraring ya Bogologolo ya Russia

“Go Bona Tlhaloso e e Utlwalang Sentle” ya Baebele go Tswa mo Laeboraring ya Bogologolo ya Russia

 “Go Bona Tlhaloso e e Utlwalang Sentle” ya Baebele go Tswa mo Laeboraring ya Bogologolo ya Russia

BAKANOKI ba babedi ba mo letsholong la go batla mekwalo ya bogologolo ya Baebele. Mongwe le mongwe wa bone o tsamaya mo dikakeng le go batla mo dikgageng, mo matlong a baitlami le mo meagong ya bogologolo e e mo dikgageng. Morago ga dingwaga di le mmalwa, ba ne ba kopana mo laeboraring ya bosetšhaba ya bogologolo kwa Russia kwa mekwalo e e kgatlhang ya Baebele e batho ba le bantsi mo lefatsheng ba neng ba ise ba e itse e fitlhelwang gone. Banna bano e ne e le bomang? Go ne ga tla jang gore mekwalo e ba neng ba e fitlhela koo e feleletse e le kwa Russia?

Mekwalo ya Bogologolo e e Femelang Lefoko la Modimo

E le gore re kopane le mongwe wa bakanoki bano ba babedi, re tshwanetse go boela kwa tshimologong ya lekgolo la bo19 la dingwaga ka nako ya fa mokgatlho wa batlhalefi o ne o tlisa diphetogo mo Yuropa yotlhe. E ne e le motlha wa kgatelopele mo go sa saense le mo dilong tsa setso o o neng wa dira gore batho ba simolole go belaela dilo tse ba di dumelang. Batshwayadiphoso bano ba bagolo ba ne ba batla go nyatsa se Baebele e se buang. Tota e bile, bakanoki ba ne ba belaela gore a Baebele e boammaaruri.

Batho bangwe ba ba neng ba femela Baebele ka boikanyegi ba ne ba lemoga gore mekwalo eno e mesha—mekwalo ya bogologolo ya Baebele e e neng e ise e bonwe—kwantle ga pelaelo e ne e tla tshegetsa go ikanyega ga Lefoko la Modimo. Fa go ne go ka fitlhelwa mekwalo ya bogologolo go feta eo, e ne e tla supa gore Baebele ga e na diphoso, le fa go ile ga dirwa maiteko gangwe le gape a go senya molaetsa wa yone kgotsa go o fetola. Gape mekwalo eno e ne e tla senola mafelo a le mmalwa a go neng go sa ranolwa sentle mo go one.

Go ne ga tsoga dikganetsano dingwe tse di bogale kwa Jeremane tsa gore a Baebele e boammaaruri. Porofesa mongwe yo mmotlana o ne a tlogela botshelo jwa gagwe jwa thutego e e kwa godimo mme a tsaya loeto lo lo neng lo tla dira gore a bone mekwalo mengwe ya Baebele e e neng e ise e bonwe. Leina la gagwe e ne e le Konstantin von Tischendorf, mokanoki mongwe wa Baebele yo o neng a sa dumalane le batshwayadiphoso ba bagolo mme loeto lwa gagwe lo ne lwa dira gore a atlege thata mo go femeleng kgang ya gore Baebele e boammaaruri. Loeto lwa  gagwe lwa ntlha go ya kwa nageng ya Sinai ka 1844 lo ne lwa atlega fela thata. Fa a ne a latlhela bofofu mo mokolong wa matlakala mo ntlong ya baitlami o ne a bona khopi ya bogologolo ya Septuagint, kgotsa thanolo ya Segerika ya Dikwalo Tsa Sehebera—e leng thanolo ya bogologolo thata!

A itumetse, Tischendorf o ne a kgona go tsamaya ka dikwalelo di le 43 tsa matlalo. Le fa a ne a tlhatswegile pelo gore go na le tse dintsi, fa a ne a boela ka 1853 o ne a fitlhela di le mmalwa fela. Tse dingwe di ne di le kae? E re ka madi a gagwe a ne a fedile, Tischendorf o ne a batla gore monna mongwe wa mohumi a mo thuse ka madi mme o ne a swetsa go tlogela motse wa gaabo gape go ya go batla mekwalo ya bogologolo. Le fa go le jalo, pele ga a tsaya loeto lono, o ne a tla kopa mmusimogolo wa Russia sengwe.

Mmusimogolo o Tshegetsa Tiro ya ga Konstantin

Tischendorf, mokanoki wa Porosetanta a ka tswa a ne a ipotsa gore o ne a tla amogelwa jang kwa Russia, e leng naga e e neng e amogetse bodumedi jwa Orthodox jwa Russia. Se se itumedisang ke gore Russia e ne e tsene mo motlheng o o itumedisang wa diphetogo. E re ka kgang ya go rutega e ne e gatelelwa, seno se ne sa dira gore go agiwe Laeborari ya Puso ya St. Petersburg ka 1795 ke Kgosigadi Catherine II (yo gape a itseweng e le Catherine yo Mogolo). E re ka e ne e le laeborari ya ntlha ya bosetšhaba mo Russia, go ne go na le dibuka tse dintsintsi tse batho ba ka di balang.

Le fa Laeborari ya Puso e ne e itsege e le nngwe ya dilaeborari tse di molemo kwa Yuropa, e ne e na le bothata bongwe. Dingwaga tse 50 fa e sena go agiwa, laeborari eno e ne e na le mekwalo e merataro fela ya Sehebera. E ne e sa kgone go lepalepana le batho ba bantsi ba kwa Russia ba ba kgatlhegelang go ithuta puo ya Baebele le dithanolo tsa yone. Catherine II o ne a rometse bakanoki kwa diyunibesithing tsa kwa Yuropa go ithuta Sehebera. Fa bakanoki bano ba sena go boa, dikhoso tsa Sehebera di ne tsa simololwa mo diseminareng tse dikgolo tsa Orthodox ya Russia mme ka lekgetlho la ntlha, bakanoki ba kwa Russia ba ne ba simolola go ranola Baebele sentle go tswa mo Sehebereng sa bogologolo go ya mo puong ya Se-Russia. Mme ba ne ba se na madi e bile ba ne ba ganediwa ke baeteledipele ba kereke. Go sedifala ga mmatota go ne go ise go nne teng mo bathong ba ba batlang go itse Baebele.

Mmusimogolo, Alexander II, o ne a tlhaloganya ka bonako maikaelelo a ga Tischendorf mme a thusa ka madi. Le fa bangwe ba ne ba “fufega e bile ba ganetsa,” Tischendorf o ne a boa kwa a neng a ile gone go ya kwa Sinai ka khopi e e feletseng ya Septuagint. * Kwa morago e ne ya bidiwa Codex Sinaiticus, mme e sa ntse e le nngwe ya mekwalo ya bogologolo ya Baebele e e leng gone. Kwa St. Petersburg, Tischendorf o ne a itlhaganelela kwa ntlong ya mmusimogolo, e leng Imperial Winter Palace. O ne a kopa gore mmusimogolo a tshegetse “tiro e e seng kana ka sepe ya go ithuta Baebele ka tsela e e tseneletseng”—e leng mokwalo o ba neng ba sa tswa go o bona, o moragonyana o neng wa tsenngwa mo Laeboraring ya Puso. Mmusimogolo o ne a dumela ka bonako, mme Tischendorf yo o neng a itumetse o ne a kwala jaana moragonyana: “Modimo o neile batho ba motlha wa rona . . . Baebele ya Sinaitic, gore e re tlhalosetse ka botlalo se se kwadilweng mo Lefokong la Modimo le go re thusa go femela boammaaruri jwa Baebele.”

 Mekwalo ya Baebele e e Tswang Kwa Crimea

Mokanoki yo mongwe yo o neng a batla Baebele o umakilwe kwa tshimologong. E ne e le mang? Dingwaga di le mmalwa pele Tischendorf a boela kwa Russia, Laeborari ya Puso e ne ya newa mekwalo e mentsi e e gakgamatsang mo e leng gore selo seno se ne sa kgatlha mmusimogolo a bo a tlisa bakanoki kwa Russia go tswa Yuropa yotlhe. Ba ne ba gakgametse tota. Fa pele ga bone e ne e le mokoa wa mekwalo e mentsi ya bogologolo le dibuka tse dingwe. Palo ya one e ne e le 2 412 go akaretsa mekwalo e le 975 le memeno. Gareng ga tsone go ne go na le mekwalo ya Baebele e le 45 ya pele ga lekgolo la bolesome la dingwaga. Le fa go bonala go gakgamatsa, mekwalo eno yotlhe e ile ya kokoanngwa ke Abraham Firkovich a sa thusiwe ke ope, mokanoki wa Mokaraite yo ka nako eo a neng a le dingwaga tse di fetang 70! Mme Bakaraite e ne e le bomang? *

Potso eno e ne ya kgatlha mmusimogolo fela thata. Russia e ne e atolositse melelwane ya yone gore e akaretse mafelo a pele e neng e le a dinaga tse dingwe. Seno se ne se dirile gore ditso tse disha di tle mo mmusomogolong ono. Kgaolo e kgolo ya Crimea e e mo lotshitshing lwa Lewatle le Lentsho, e ne e tletse ka batho ba e neng e kete ke Bajuda mme ba na le meetlo ya Se-Turkey e bile ba bua puo e e tshwanang le Se-Tatar. Bakaraite bano ba simologa kwa Bajudeng ba ba neng ba isitswe kwa botshwarong kwa Babelona fa Jerusalema e sena go senngwa ka 607 B.C.E. Le fa go ntse jalo, go farologana le borabi ba Bajuda, ba ne ba gana Talmud mme ba gatelela go bala Dikwalo. Bakaraite ba kwa Crimea ba ne ba leka go naya mmusimogolo bosupi jwa gore ba ne ba sa tshwane le borabi ba Bajuda, mme seno se ne se dira gore ba tsewe ka go farologana. Ka go ntsha mekwalo ya bogologolo ya Bakaraite, ba ne ba tsaya gore ba tla bontsha gore ba tswa mo Bajudeng ba ba neng ba fudugetse kwa Crimea morago ga botshwaro kwa Babelona.

Fa Firkovich a ne a tsaya matsapa a go batla direkoto le mekwalo ya bogologolo, o ne a simolola ka mafelo a a mo magageng a Crimea a ga Chufut-Kale. Dikokomana tsa Bakaraite di ne di nna le go obamela mo matlong ano a mannye a a agilweng ka matlapa a a gabilweng mo magageng. Bakaraite ga ba a ka ba senya dikhopi tse di onetseng tsa Dikwalo tse leina la Modimo, Jehofa, le tlhagelelang mo go tsone ka gonne ba ne ba tsaya gore go dira seo ke tlhapatso. Mekwalo eno e ne e tsentswe ka kelotlhoko mo matlong a mannye a polokelo a a bidiwang genizah, e leng “lefelo la go iphitlha” ka Sehebera. Ka gonne Bakaraite ba ne ba tlotla leina la Modimo thata, gantsi mafelo a a ntseng jalo a ne a sa tshwenngwe.

Firkovich o ne a batla mo mafelong a genizah ka kelotlhoko a sa kgobiwe marapo ke lerole le le neng le pakile ka makgolokgolo a dingwaga. Mo lefelong lengwe, o ne a fitlhela mokwalo o o itsegeng wa 916 C.E. O bidiwa Codex ya Petersburg ya Baporofeti ba Bofelo, mme ke nngwe ya dikhopi tsa bogologolo tsa Dikwalo Tsa Sehebera tse di sa bolong go nna teng.

Firkovich o ne a kgona go kokoanya mekwalo e le mentsi, mme ka 1859 o ne a dira tshwetso ya go neela Laeborari ya Puso mekwalo e mentsi e a neng a e kokoantse. Ka 1862, Alexander II o ne a thusa go rekela laeborari mekwalo eno e mentsi ka madi a mantsi a ka nako eo e neng e le di-ruble di le 125 000. Ka nako eo, madi a a neng a abetswe  laeborari a ne a sa fete di-ruble di le 10 000 ka ngwaga! Mekwalo eno e e neng ya rekwa e ne e akaretsa Codex ya Leningrad (B 19A) e e itsegeng. Ke ya 1008 mme ke khopi e e feletseng ya bogologolo ya lefatshe ya Dikwalo Tsa Sehebera. Mokanoki mongwe o ne akgela ka gore “gongwe ke mokwalo o le osi o o botlhokwa wa Baebele, ka go bo e bontshitse mekwalo ya dikgatiso tsa bosheng jaana tse di tshwayang diphoso tsa Baebele ya Sehebera.” (Bona lebokoso le le mo setlhogong seno.) Ka one ngwaga oo, 1862, go ne ga gatisiwa Codex Sinaiticus ya ga Tischendorf gore e tlotlomadiwe lefatshe ka bophara.

Go Phatsimelwa ke Lesedi la Semoya mo Metlheng ya Gompieno

Laeborari e gone jaanong e itsegeng e le Laeborari ya Bosetšhaba ya Russia e na le mekwalo ya bogologolo e le mentsi mo lefatsheng. * Fa e tlhalosa ka hisitori ya Russia, leina la laeborari eno le ile la fetolwa makgetlho a le supa mo makgolong a le mabedi a dingwaga. Leina le lengwe le le itsegeng ke Laeborari ya Bosetšhaba ya Puso ya Saltykov-Shchedrin. Le fa dikhuduego tsa lekgolo la bo20 la dingwaga di ne tsa senya laeborari eno, mekwalo ya yone e ne ya se ka ya nyelela ka dintwa tsa lefatshe le ka nako ya fa go thopiwa Leningrad. Mekwalo eno e re solegela molemo jang?

Mekwalo ya bogologolo ke metswedi e e ikanyegang e Dibaebele di le dintsi tsa gompieno di ranolwang ka yone. Mekwalo eno e dira gore batho ba ba batlang boammaaruri ba itumelele thanolo e e tlhaloganyesegang sentle ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Codex ya Sinaiticus le ya Leningrad di thusitse thata mo go ranoleng Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa mme ya gololwa e feletse ka 1961. Ka sekai, Biblia Hebraica Stuttgartensia le Biblia Hebraica ya ga Kittel e e dirisitsweng ke Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha, e tswa mo Codex ya Leningrad mme e dirisa Thaterakeramatone kgotsa leina la Modimo, makgetlho a le 6 828 mo mekwalong ya ntlhantlha.

Ke babadi ba le mmalwa fela ba Baebele ba ba lemogang gore ba thusitswe fela thata ke laeborari eno ya kwa St. Petersburg e batho ba le bantsi ba sa e itseng mmogo le mekwalo ya yone, e mengwe ya yone e nang le leina la pele la motse, e leng Leningrad. Le fa go ntse jalo, re thusitswe thata ke Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa, yo o phatsimisang lesedi la semoya. Ka jalo mopesalema o ne a mo kopa jaana: “Romela lesedi la gago le boammaaruri jwa gago. E kete tseno di ka nkgoga.”—Pesalema 43:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Gape o ne a tlisa khopi e e feletseng ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ya lekgolo la bonè la dingwaga C.E.

^ ser. 13 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Bakaraite, bona setlhogo se se reng “Bakaraite le go Batla Boammaaruri ga Bone,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 1995.

^ ser. 19 Bontsi jwa Codex ya Sinaiticus bo ne jwa rekisetswa Musiamo wa Boritane. Go setse mekwalo e se mekae mo Laeboraring ya Bosetšhaba ya Russia.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

LEINA LA MODIMO LE A ITSIWE E BILE LE A DIRISIWA

Jehofa ka botlhale jwa gagwe o ne a tlhomamisa gore Lefoko la gagwe, e leng Baebele le bolokilwe go fitlha mo motlheng wa gompieno. Tiro ya bakwadi go ralala dingwaga e ile ya dira gore e bolokiwe. Bakwadi ba ba neng ba le kelotlhoko thata e ne e le ba Masora, bakwadi ba porofeshenale ba Bahebera ba ba neng ba e ranola ka lekgolo la borataro la dingwaga C.E. go fitlha mo go la bolesome. Sehebera sa bogologolo se ne se kwalwa kwantle ga ditumanosi. Fa nako e ntse e feta, seno se ne se dira gore go se ka ga kgonega go bitsa mantswe sentle e re ka Searamaika se ne sa tseela Sehebera sebaka. Bakwadi ba Masora ba ne ba tlhama thulaganyo ya go tsenya ditumanosi mo mokwalong wa Baebele go re bontsha gore mantswe a Sehebera a ka bidiwa sentle jang.

Bakwadi ba Masora ba ne ba tsenya ditumanosi mo Codex ya Leningrad gore di bontshe kafa Thaterakeramatone e bidiwang sentle ka gone—e leng ditumammogo tse nnè tsa Sehebera tse di dirang leina la Modimo—jaaka Yehwah’, Yehwih’, le Yeho·wah’. Gone jaanong leina leno le itsege fela thata ka go bidiwa “Jehofa.” Leina la Modimo le ne le le gone, mme bakwadi ba Baebele le batho ba bangwe ba bogologolo ba ne ba le itse. Gompieno, leina la Modimo le a itsege e bile le dirisiwa ke batho ba le dimilione ba ba dumelang gore ‘Jehofa, a le esi ke Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.’—Pesalema 83:18.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Lefelo la mekwalo ya bogologolo mo Laeboraring ya Bosetšhaba

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Kgosigadi Catherine II

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Konstantin von Tischendorf (fa gare) le Alexander II, mmusimogolo wa Russia

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Abraham Firkovich

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

Both images: National Library of Russia, St. Petersburg

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]

Catherine II: National Library of Russia, St. Petersburg; Alexander II: From the book Spamers Illustrierte Weltgeschichte, Leipzig, 1898