Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithuto Tsa Boammaaruri Tse di Itumedisang Modimo

Dithuto Tsa Boammaaruri Tse di Itumedisang Modimo

 Dithuto Tsa Boammaaruri Tse di Itumedisang Modimo

MODIMO o tshwanetse go senolela batho ba mo lefatsheng dikakanyo tsa gagwe gore ba tle ba itse dithuto tse di boammaaruri le tse di mo itumedisang. Gape o tshwanetse go dira gore dikakanyo tseno di senolelwe batho botlhe. Fa a sa dire jalo, batho ba ka itse jang gore Modimo o amogela dithuto, kobamelo le boitshwaro jwa mofuta mang? A Modimo o ba neile tshedimosetso eo? Fa e le gore go ntse jalo, o e ba neile jang?

A motho ope fela yo o tshelang dingwaga di le masome a sekae a ka kgona go buisana le batho botlhe mme a nna ene yo Modimo a mo dirisang go buisana le batho? Nnyaa. Mme se Modimo a ka se dirisang ke sengwe se se kwadilweng se se sa fetogeng. Ka jalo, a go tla bo go sa tshwanela gore se Modimo a se senolang se kwalwe mo bukeng nngwe? Nngwe ya dibuka tsa bogologolo e e ipolelang gore e tlhotlheleditswe ke Modimo ke Baebele. Mongwe wa bakwadi ba Baebele a re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.” (2 Timotheo 3:16) A re sekasekeng Baebele mme re boneng gore a ke yone e nang le dithuto tsa boammaaruri.

E na Le Lobaka lo lo Kae?

Mo dibukeng tsa konokono tsa bodumedi, Baebele ke nngwe ya tsa bogologolo tala. Dikarolo tsa yone tsa ntlha di ne tsa kwalwa dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng. Buka eno e weditswe ka 98 C.E. * Le fa Baebele e kwadilwe ke banna ba ka nna 40 ka lobaka lwa dingwaga di le 1 600, ke mekwalo e e dumalanang. Lebaka la seo ke gore Mokwadi wa yone tota ke Modimo.

Baebele ke buka e e anamisitsweng thata le e e ranotsweng go feta tse dingwe tsotlhe mo hisitoring. Ngwaga le ngwaga, go anamisiwa dikhopi di ka nna dimilione tse 60 tsa Baebele e feletse kana  dikarolo tsa yone. Baebele e e feletseng kana dikarolo dingwe tsa yone e ranoletswe mo dipuong di feta 2 300. Batho ba feta diperesente di le 90 ba na le Baebele, kana karolo ya yone, ka puo ya bone. Buka eno ke ya ditšhaba tsotlhe, merafe yotlhe le ditso tsotlhe.

E Rulagantswe Jang?

Fa o na le Baebele, e bule o bone gore e rulagantswe jang. * Pele bula lenaane la dibuka tse di mo go yone. Dibaebele tse dintsi di na le tsebe e e bontshang se se mo teng ga yone kwa tshimologong, e e nang le lenaane la buka nngwe le nngwe le gore e fitlhelwa mo tsebeng efe. O tla bona gore tota Baebele ke dibuka tse dintsi tse di kopantsweng, nngwe le nngwe ya dibuka tseo e na le leina la yone. Buka ya ntlhantlha ke Genesise, mme ya bofelo ke Tshenolo kana Apokalipisi. Dibuka tseno di kgaogantswe ka dikarolo tse pedi. Dibuka tsa ntlha tse 39 di bidiwa Dikwalo tsa Sehebera, ka gonne bontsi jwa tsone di ne di kwadilwe ka puo ya Sehebera. Dibuka tsa bofelo tse 27 di ne di kwadilwe ka puo ya Segerika mme di bidiwa Dikwalo tsa Segerika. Ba bangwe ba bitsa dikarolo tseno tse pedi ba re ke Tesetamente e Kgologolo le Tesetamente e Ntšha.

Dibuka tsa Baebele di na le dikgaolo le ditemana gore o kgone go di bona motlhofo. Fa go umakilwe dikwalo mo makasineng, morago ga leina la lekwalo leo la Baebele, palo ya ntlha e bontsha kgaolo, mme ya bobedi ke temana. Ka sekai, “2 Timotheo 3:16” e raya lokwalo lwa Timotheo wa Bobedi, kgaolo 3, temana 16. Leka go batla temana eo mo Baebeleng.

A ga o dumele gore tsela e e molemo ya go itse Baebele ke go e bala ka metlha? Bangwe ba lemogile gore go a thusa go bala Dikwalo tsa Segerika pele, ba simolola ka lokwalo lwa Mathaio. O ka bala Baebele yotlhe ka ngwaga o le mongwe fa o ka bala dikgaolo di ka nna tharo go ya go tse tlhano ka letsatsi. Mme ke eng se se ka dirang gore o tlhomamisege gore se o se balang mo Baebeleng tota se tlhotlheleditswe ke Modimo?

A o ka Ikanya Baebele?

A buka e e kwaletsweng batho botlhe e e tlhotlheleditsweng ke Modimo ga e a tshwanela go nna le kgakololo e e tlhomameng e e ka kaelang batho gore ba tshele jang? Baebele e tlhalosa batho ka tsela e e tshwanelang kokomana nngwe le nngwe ya batho mme melaometheo ya yone e molemo gompieno fela jaaka fa e ne e kwalwa la ntlha. Seno se bonala sentle mo puong e e itsegeng thata e e neng ya bewa ke Jesu Keresete, Mosimolodi wa Bokeresete. E kwadilwe mo go Mathaio kgaolo 5 go ya go 7. Puo eno e e itsegeng e le Thero ya kwa Thabeng, e re bontsha kafa re ka bonang boitumelo jwa mmatota ka teng, kafa re ka rapelang ka teng, kafa re tshwanetseng go leba ka teng dilo tse re di tlhokang le dilo tse dingwe tse dintsi. Mo therong eno le mo Baebeleng yotlhe re bolelelwa sentle gore ke eng se re tshwanetseng go se dira le se re sa tshwanelang go se dira gore re itumedise Modimo mme re tokafatse matshelo a rona.

Lebaka le lengwe la go bo o ka ikanya Baebele ke gore buka eno ya bogologolo e boammaaruri fa e bua ka dilo tsa saense. Ka sekai, ka nako ya fa batho ba bantsi ba ne ba akanya gore lefatshe le sephaphathi, Baebele e ne ya bua ka “kgolokwe [kana potokwe] ya lefatshe.” * (Isaia 40:22) Mme dingwaga di feta 3 000 pele ga rasaense yo o itsegeng Sir Isaac Newton a ne a tlhalosa gore dipolanete di akgega mo lefaufaung ka ntlha ya maatlakgogedi, Baebele e ne ya re ‘lefatshe le lepeletse mo go se nang sepe.’ (Jobe 26:7) Gape akanya ka tlhaloso eno ya modikologo wa metsi, o go kwadilweng ka one dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng: “Melatswana yotlhe e ya kwa lewatleng, mme lewatle ka bolone ga le a tlala. Lefelo le melatswana e tswang kwa go lone, e boela kwa go lone gape.” (Moreri 1:7, New International Version) Ee, Mmopi wa lobopo lotlhe gape ke Mokwadi wa Baebele.

 Go bo Baebele e nepile mo dilong tsa hisitori go dumalana le ntlha ya gore e tlhotlheleditswe ke Modimo. Ditiragalo tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng, ga se ditlhamane fela. Di amana le matlha a mmatota, batho ba mmatota le mafelo a mmatota. Ka sekai, Luke 3:1 e tlhalosa dintlha ka botlalo fa e bua ka “ngwaga wa bolesome le botlhano wa puso ya ga Tiberio Kaesara, fa Ponto Pilato a ne a le molaodi wa Judea, mme Herode a ne a le mmusi wa kgaolo ya Galalea.”

Le fa bakwalahisitori ba bogologolo gantsi ba ne ba kwala ka dilo tse babusi ba atlegileng mo go tsone le kafa ba leng molemo ka teng, bakwadi ba Baebele ba ne ba bega dilo fela jaaka di ntse, ba kwala le ka diphoso tse bone ka bobone ba di dirileng. Ka sekai, Kgosi Dafide wa Iseraele o ne a ipolela jaana: “Ke leofile thata ka se ke se dirileng. . . . Ke dirile ka boeleele fela thata.” Mafoko ao a kwadilwe fela jaaka a ntse mo Baebeleng. (2 Samuele 24:10) Mme mokwadi wa Baebele Moshe ka boene o ne a kwala ka tiragalo e mo go yone a neng a se ka a bontsha gore o ikanya Modimo wa boammaaruri.—Dipalo 20:12.

Baebele e na le bosupi jo bongwe gape jwa gore e tlhotlheleditswe ke Modimo. Bosupi joo ke boporofeti jwa yone jo bo diragaditsweng—hisitori e e kwalwang e ise e diragale. Bongwe jwa boporofeti jono bo amana le Jesu Keresete. Ka sekai, dingwaga di feta 700 pele ga Jesu a tsholwa, Dikwalo tsa Sehebera di ne tsa bolelela pele di nepile gore Yono yo o Solofeditsweng o tla tsholelwa kwa “Bethelehema wa Judea.”—Mathaio 2:1-6; Mika 5:2.

Akanya ka sekai se sengwe. Mo go 2 Timotheo 3:1-5 Baebele ya re: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.” A gompieno batho ka kakaretso ga ba a nna jalo? Mafoko ano a kwadilwe ka ngwaga wa 65 C.E., dingwaga di feta 1 900 tse di fetileng!

Baebele e re Ruta Eng?

Fa o ntse o bala Baebele, o tla kgona go bona gore Baebele e tswa kwa motsweding wa botlhale jwa maemo a a kwa godimo. E re naya dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di tshwanang le tseno: Modimo ke mang? A tota Diabolo o teng? Jesu Keresete ke mang? Ke eng fa batho ba boga? Go diragalang ka rona fa re swa? Fa batho ba leka go araba dipotso tseno ba bua dilo tse di sa tshwaneng fela jaaka ditumelo le dingwao tsa bone di sa tshwane. Mme Baebele e tlhalosa boammaaruri ka dikgang tseno le tse dingwe tse dintsi. Gape, ga go na kaelo epe e e ka gaisang ya Baebele fa go tliwa mo kgannyeng ya tsela e motho a tshwanetseng go itshwara ka yone mo bathong ba bangwe le mo babusing ba bagolo le tsela e a ba lebang ka yone. *

Baebele e senola eng ka maikaelelo a Modimo ka lefatshe le ka batho? E solofetsa jaana: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:10, 11) “Modimo ka boene o tla nna le [batho]. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

Gape Baebele e bolelela pele gore dintwa, bokebekwa, thubakanyo le bosula di gaufi le go fela. Bolwetse, botsofe le loso di tla bo di sa tlhole di le teng. Batho ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Abo tseno e le ditebelelo tse di molemo jang ne! Mme seno sotlhe se bontsha kafa Modimo a ratang batho ka teng!

O Tla Dirang?

Baebele ke mpho e e molemolemo e e tswang kwa Mmoping. O tshwanetse go ikutlwa jang ka  buka eno? Monna mongwe wa Mohindu o ne a dumela gore molaetsa o o tswang kwa Modimong o tshwanetse wa bo o kwadilwe bogologolo fa batho ba ne ba simolola go tlhabologa, gore o solegele batho botlhe molemo. Fa a sena go lemoga gore dikarolo dingwe tsa Baebele di kwadilwe bogologolo go feta bontsi jwa mekwalo ya Sehindu, e e bidiwang Veda, o ne a swetsa ka gore a bale Baebele mme a tlhatlhobe se se kwadilweng mo go yone. * Porofesa mongwe wa yunibesithi kwa United States le ene o ne a lemoga gore pele ga a ka tlhalosa kafa a ikutlwang ka teng ka Baebele, go botlhokwa go bala buka eno e e anamisitsweng go di feta tsotlhe mo lefatsheng.

Go bala Baebele le go dirisa se e se rutang go tla go solegela molemo tota. Baebele ya re: ‘Go itumela motho . . . yo o natefelelwang ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. Mme ruri o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.’ * (Pesalema 1:1-3) Go ithuta Baebele le go sekaseka se e se buang go tla dira gore o itumele ka gonne o tla bona se o se tlhokang semoyeng. (Mathaio 5:3) Baebele e tla go bontsha kafa o ka tshelang botshelo jo bo atlegileng ka teng le kafa o ka lebanang le mathata ka teng ka katlego. Ee, “go . . . boloka [melao ya Modimo e e kwadilweng mo Baebeleng] go na le maduo a magolo.” (Pesalema 19:11) Gape go ikanya ditsholofetso tsa Modimo go tla go tlisetsa masego gone jaanong le tsholofelo e e molemolemo ya isagwe.

Baebele e re kgothatsa jaana: “Jaaka masea a a sa tswang go tsalwa, tlhologelelwang mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko.” (1 Petere 2:2) Lesea le tlhoka go fepiwa mme le emelela mmaalone gore a le fepe. Ka tsela e e tshwanang, eleruri re ikaegile ka kitso e e tswang kwa Modimong. Ka jalo, ‘tlhologelelwa,’ kana o eletse Lefoko la gagwe thata. Baebele ke buka e e nang le dithuto tsa boammaaruri tse di tswang kwa Modimong. Ipeele mokgele wa go e bala ka metlha. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go thusa gore o solegelwe molemo ka botlalo ke go ithuta Baebele. Re go kopa ka lorato gore o ikgolaganye le bone. Kana o ka kwalela bagatisi ba makasine ono.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 C.E. e raya “Common Era [Motlha wa Rona,]” mme gantsi o bidiwa A.D. e e emelang Anno Domini, e e kayang “ka ngwaga wa Morena.” B.C.E. e raya “Before the Common Era [Pele ga Motlha wa Rona].”

^ ser. 8 Fa o se na Baebele, Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go e go naya.

^ ser. 13 Lefoko la puo ya ntlhantlha le le ranotsweng go twe “kgolokwe” mo go Isaia 40:22 gape le ka bidiwa “potokwe.” Dithanolo dingwe tsa Baebele di balega jaana, “kgolokwe ya lefatshe” (Douay Version) le “lefatshe le le sediko.”—Moffatt.

^ ser. 19 Go buiwa ka dikgang tseno mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo Bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 23 Go dumelwa gore difela tsa ntlhantlha tsa Veda di kwadilwe dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng mme di ne di anamisiwa ka molomo fela. P. K. Saratkumar mo bukeng ya gagwe ya A History of India a re: “Veda e kwadilwe ka lekgolo la bo14 la dingwaga A.D.”

^ ser. 24 Jehofa ke leina la Modimo yo o kwadileng Baebele. Mo dithanolong tse dintsi tsa Baebele, leina leo le fitlhelwa mo go Pesalema 83:18.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

‘Tlhologelelwa’ Lefoko la Modimo. Ithute Baebele ka metlha

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

Setshwantsho sa NASA