Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Itumelela Seabe se ke Nnileng le Sone mo Tirong ya Lefatshe Lotlhe ya go Ruta Batho Baebele

Ke Itumelela Seabe se ke Nnileng le Sone mo Tirong ya Lefatshe Lotlhe ya go Ruta Batho Baebele

 Kgang ya Botshelo

Ke Itumelela Seabe se ke Nnileng le Sone mo Tirong ya Lefatshe Lotlhe ya go Ruta Batho Baebele

JAAKA GO BOLETSE ANNA MATHEAKIS

Sekepe se ne se tuka. Fa se ne se ka nwela, sekepe seno sa boleele jwa dimetara tse 171 se ne se tla nwela le nna. Ke ne ka thuma ka thata gore ke ipoloke ke lwantshana le makhubu a a bogale. Tsela e le nosi fela ya gore ke se ka ka nwela e ne e le gore ke itshwarelele ka seaparo sa mosadi mongwe se se neng se mo thusa go kokobala mo metsing. Ke ne ka rapela Modimo gore a nneye maatla le bopelokgale. E ne e le sone fela sotlhe se ke neng ke ka se dira.

ENE e le ka ngwaga wa 1971, mme ke ne ke boela kwa kabelong ya me ya boraro ya borongwa kwa Italy. Fa sekepe seo se ne se thubega, ke ile ka batla ke latlhegelwa ke sengwe le sengwe se ke neng ke na le sone. Mme ga ke a ka ka latlhegelwa ke dilo tse di botlhokwa thata—botshelo jwa me, bakaulengwe ba ba lorato ba Bakeresete le tshiamelo ya go direla Jehofa. Tiro eo e ne e setse e nkisitse kwa dikontinenteng tse tharo mme go thubega ga sekepe e ne e le sengwe sa dilo tse di neng tsa direga mo botshelong jwa me jo ke neng ke diragalelwa ke dilo di le dintsi mo go jone.

Ke belegwe ka 1922. Ba lelapa la me ba ne ba nna kwa Rām Allāh, dikilometara tse di ka nnang 16 kwa bokone jwa Jerusalema. Batsadi ba me ka bobedi ba ne ba tswa kwa setlhaketlhakeng sa Kereta, mme rre o ne a godiseditswe kwa Nasaretha. Re ne re le bana ba batlhano, basimane ba bararo le basetsana ba babedi, mme nna ke ne ke le gofejane. Ba lelapa la rona ba ne ba utlwisiwa botlhoko thata ke loso lwa ngwana wa bobedi mo basimaneng, yo o neng a nwela mo Nokeng ya Joredane fa a le mo loetong lwa sekolo. Mmè o ne a gana go nna kwa Rām Allāh morago ga masetlapelo ano, mme re ne ra fudugela kwa Athena, Gerika, fa ke ne ke na le dingwaga tse tharo.

Ba Lelapa la Gaetsho ba Utlwa Boammaaruri Jwa Baebele

Ka bonako fela fa re sena go goroga kwa Gerika, nkgonne, e bong Nikos, yo o neng a le dingwaga tse 22 ka nako eo, o ne a kopana le Baithuti ba  Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege jalo ka nako eo. Go nna le kitso ya Baebele go ne ga mo itumedisa thata le go dira gore a tlhagafalele bodiredi jwa Bokeresete. Seno se ne sa galefisa rre mme o ne a koba Nikos mo gae. Le fa go ntse jalo, e ne e re fa rre a etela kwa Palesetina, nna, mmè le kgaitsadiake re ne re tle re tsamaye le Nikos go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ke sa ntse ke kgona go gakologelwa sentle mmè a bua ka tlhagafalo ka dilo tse a neng a di utlwa kwa dipokanong tseo. Ka bonakonyana fela morago ga moo, o ne a tsenwa ke bolwetse jwa kankere mme a tlhokafala a na le dingwaga tse 42. Ka nako eo ya mathata, kgaitsadiake, Ariadne, o ne a tlhokomela lelapa la rona ka lorato. Le fa a ne a le monnye, o ne a fetsa dingwaga di le dintsi e kete ke mmè wa me.

Rre o ne a tsamaya le nna ka dinako tsotlhe go ya kwa Kerekeng ya Orthodox fa a ne a le kwa Athena, mme fa a sena go tlhokafala, ke ne ka tswelela ke ya kwa kerekeng, le fa e ne e se ka metlha. Ka go bo ke sa bona sesupo sepe sa poifo ya bomodimo kwa kerekeng, kgabagare ke ne ka tlogela go ya.

Fa rre a sena go tlhokafala, ke ne ka kgona go bona tiro e e siameng mo lefapheng la tsa madi. Le fa go ntse jalo, morwarre ene o ne a tlhophile go dirisa botshelo jwa gagwe mo tirong ya go rera ka Bogosi, mme o feditse dingwaga di le dintsi a dira tiro eo kwa Gerika. Ka 1934 o ne a fudugela kwa Kupero. Ka nako eo, go ne go se na Basupi ba ga Jehofa ba ba kolobeditsweng kwa setlhaketlhakeng seo, ka jalo o ne a nna le tshiamelo ya go tsweledisa tiro ya go rera kwa go sone. Fa a sena go nyala, mosadi wa gagwe Galatia le ene o ne a nna modiredi wa nako e e tletseng ka dingwaga di le dintsi. * Nikos o ne a re romelela dibuka tse di theilweng mo Baebeleng le dimakasine gangwe le gape, mme re ne re sa di bale le ka motlha. O ne a nna kwa Kupero go fitlha a tlhokafala.

Go Dira Gore Boammaaruri Jwa Baebele e Nne Jwa Me

Ka 1940, George Douras, Mosupi yo o tlhagafetseng kwa Athena e bile e le tsala ya ga Nikos, o ne a re etela mme a re laletsa gore re nne bangwe ba setlhopha se sennye se se neng se ithuta Baebele mo legaeng la gagwe. Re ne ra amogela taletso eo ka boitumelo. Go ise go ye kae, re ne ra simolola go bolelela ba bangwe se re neng re se ithuta. Go ithuta se Baebele e neng e se bolela go ne ga tlhotlheletsa nna le kgaitsadiake go neela matshelo a rona mo go Jehofa. Ariadne o ne a kolobediwa ka 1942, mme nna ka 1943.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e fela, Nikos o ne a re kopa gore re tle go nna kwa Kupero, ka jalo ka 1945 re ne ra fudugela kwa Nicosia. Go farologana le kwa Gerika, tiro ya go rera e ne e sa thibelwa kwa Kupero. Re ne re sa rere fela ka ntlo le ntlo mme gape le mo bodireding jwa mmila.

Morago ga dingwaga tse pedi, Ariadne o ne a tshwanelwa ke go boela kwa Gerika. Fa a le koo, o ne a kopana le monna wa gagwe wa mo isagweng, moobamedi ka ene wa ga Jehofa, ka jalo o ne a sala kwa Athena. Go ise go ye kae, kgaitsadiake le monna wa gagwe ba ne ba nkgothaletsa go boela kwa Gerika go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng kwa Athena. E re ka go bula tsela e ne e le mokgele wa me ka metlha, ke ne ka boela kwa Athena, kwa go neng go na le tlhokego e kgolo gone.

Go Bulegelwa ke Ditshono Tse Disha

Ka November 1, 1947, ke ne ka simolola go bula tsela, ke fetsa diura di le 150 kgwedi le kgwedi mo tirong ya go rera. Tshimo ya phuthego ya rona e ne e le kgolo, mme ke ne ke tsamaya thata. Le fa go ntse jalo, ke ne ka itumelela masego a mantsi. Gantsi mapodise a ne a tshwara Basupi bape ba a neng a ba fitlhela ba rera kgotsa ba le kwa dipokanong tsa Bokeresete, ka jalo go ise go ye kae, ke ne ka tshwarwa.

 Ke ne ka latofadiwa ka gore ke sokololela batho mo bodumeding jwa me, e leng molato o o neng o le mogolo ka nako eo. Ke ne ka atlholelwa dikgwedi tse pedi mo Kgolegelong ya Basadi ya Averof kwa Athena. Kgaitsadi yo mongwe wa Mosupi o ne a setse a le gone koo, mme ka bobedi jwa rona re ne ra itumelela botsalano jo bo molemo le jo bo kgothatsang jwa Bokeresete le fa re ne re tshwerwe. Fa ke sena go wetsa sekwebo sa me, ke ne ka tswelela ke bula tsela ka boitumelo. Ba le bantsi ba ke neng ke ithuta le bone Baebele ka nako eo e sa ntse e le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mme seno se dira gore ke itumele thata.

Ka 1949, ke ne ka amogela taletso ya go ya kwa tlelaseng ya bo16 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade kwa United States, kwa batlhanka ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba thapisediwang tiro ya borongwa gone. Nna le ba losika lwa me re ne ra itumelela taletso eo fela thata. Ke ne ka rulaganya go ya kwa kopanong ya ditšhabatšhaba kwa New York City ka selemo sa 1950 mme morago ga moo go ya kwa Gileade.

Fa ke sena go goroga kwa United States, ke ile ka nna le tshiamelo ya go phepafatsa mo diphaposing ka dikgwedi di le mmalwa kwa ntlongkgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York City. E ne e le lefelo le le phepa, le le itumedisang e bile go kgothatsa go nna mo go lone mme ke ne ke nna le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba itumetseng. Ka dinako tsotlhe ke tla nna ke gakologelwa ka boitumelo dikgwedi tse thataro tse ke neng ka di nna koo. Jaanong e ne e le nako ya go ya kwa Sekolong sa Gileade, mme dikgwedi tse tlhano tsa thuto e e tseneletseng di ne tsa feta ka bonako. Rona baithuti re ne ra lemoga kafa go leng molemo ka gone go nna le kitso ya Dikwalo, mme seno se ne sa oketsa boitumelo jwa rona le keletso ya rona ya go abela ba bangwe kitso ya boammaaruri e e nayang botshelo.

Kabelo Ya me Ya Ntlha ya Borongwa

Kwa Sekolong sa Gileade, re ne ra letlelelwa go tlhopha ba re tla berekang le bone mo isagweng pele ga re amogela dikabelo tsa rona tsa borongwa. Ruth Hemmig (yo gone jaanong e leng Bosshard), kgaitsadi yo o molemo, ke ene yo o neng a tla bereka le nna. Nna le Ruth re ne re itumetse thata fa re ne re amogela kabelo ya rona ya go ya kwa Istanbul, Turkey—mo ditsela tse di yang Asia le Yuropa di kopanelang teng! Re ne re itse gore tiro ya go rera e ne e ise e letlelelwe semolao mo nageng eo, mme re ne re se na dipelaelo dipe tsa gore Jehofa o tla re thusa.

Istanbul ke motse o montle wa batho ba ditso tse di farologaneng. Re ne ra fitlhela go na le mabenkele a le mantsi, dijo tsa mefutafuta, dimusiamo tse di kgatlhang, tikologo e ntle le mafelo a mantle a a agilweng fa thoko ga metsi. Se se botlhokwa le go feta, re ne ra fitlhela go na le batho ba ba peloephepa ba ba batlang go ithuta ka Modimo. Bontsi jwa batho ba ba neng ba bopa setlhopha se sennye sa Basupi kwa Istanbul e ne e le Ba-Armenia, Bagerika le Bajuda. Le fa go ntse jalo, go ne go na le ditšhaba tse dingwe tse dintsi mme go ne go le molemo go ithuta dipuo di le mmalwa, go akaretsa Se-Turkey. Re ne ra itumelela thata go kopana le batho ba ditšhaba tse di farologaneng ba ba neng ba nyoretswe boammaaruri. Ba le bantsi ba bone ba tswelela go direla Jehofa ka boikanyegi.

Ka maswabi, go ne ga se ka ga kgonega gore Ruth a ntšhafatse lekwalotetla lwa go nna mo nageng mme o ne a tshwanelwa ke go tswa mo nageng eo. O sa ntse a le mo tirelong ya nako e e tletseng kwa Switzerland. Morago ga dingwaga tseno tsotlhe, ke sa ntse ke mo tlhologelelwa tota.

Go Fudugela Kwa Karolong e Nngwe ya Lefatshe

Ka 1963 lekwalotetla lwa me lwa go nna kwa Turkey le ne la se ka la ntšhafadiwa. Go ne go se motlhofo go tlogela kwa morago Bakeresete ka nna ba ke ba boneng ba gatela pele semoyeng e bile ba lwa ka thata go fenya mathata a le mantsi.  Ba losika lwa me ba ne ba nkgomotsa ka go ntuelela go tla kwa New York City gore ke kgone go nna gone kwa kopanong eo. Ke ne ke ise ke amogele kabelo ya me e e latelang.

Morago ga kopano, ke ne ka abelwa go ya go dira kwa Lima, Peru. Ke ne ka ya ka tlhamalalo kwa kabelong ya me e ntšha ke tswa kwa New York, ke tsamaya le kgaitsadi yo mosha yo ke neng ke tlile go bereka nae. Ke ne ka ithuta Se-Spain mme ke ne ke nna kwa legaeng la barongwa le le neng le le fa godimo ga ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Go ne go itumedisa thata go rera koo le go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba lefelo leo.

Kabelo e Nngwe le Puo e Nngwe

Fa nako e ntse e ya, ba losika lwa me kwa Gerika ba ne ba simolola jaanong go tsofala le go nna le mathata a botsogo. Le ka motlha ga ba ise ba nkgothaletse go tlogela tirelo ya nako e e tletseng le go boela kwa botshelong jo go tweng bo tlwaelegile gore ke ba thuse. Le fa go ntse jalo, fa ke sena go akanya thata ka seno le go rapela, ke ne ka lemoga gore go tla bo go le botoka fa nka ya go direla gaufi le ba lelapa la me. Bakaulengwe ba kwa ofising ya lekala ba ne ba dumela mme ba nkabela go ya go direla kwa Italy mme ba losika lwa me ba ne ba ntuelela madi a go fudugela koo. Totatota, ke ne ka fitlhela gore tota e bile, go ne go tlhokega thata bareri kwa Italy.

Gape, ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta puo e ntšha, e leng Sentadiana. Kabelo ya me ya ntlha e ne e le kwa motseng wa Foggia. Moragonyana, ke ne ka fudusediwa kwa Naples, ko go neng go na le tlhokego e kgolo gone. Tshimo ya me e ne e le Posilipo, nngwe ya dikarolo tse dintle tsa Naples. E ne e le kgolo tota mme go ne go na le mmoledi a le mongwe fela wa Bogosi. Ke ne ke itumelela tiro fela thata mme Jehofa o ne a nthusa go simolola dithuto di le dintsi tsa Baebele. Fa nako e ntse e ya, go ne ga nna le phuthego e kgolo mo kgaolong eo.

Gareng ga batho ba ntlha ba ke neng ka ithuta le bone Baebele e ne e le mmè mongwe le bana ba gagwe ba banè. Mmè yono le bomorwadie ba babedi e sa ntse e le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ithuta gape le banyalani bangwe ba ba neng ba na le ngwana yo monnye wa mosetsana. Lelapa lotlhe le ne la gatela pele mo boammaaruring mme ba tshwantshetsa boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing. Gone jaanong morwadiabone o nyetswe ke motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa mme ka bobedi jwa bone ba direla Modimo ka tlhoafalo. Fa ke ne ke ithuta Baebele le lelapa lengwe le legolo, ke ne ka kgatlhwa thata ke go bona maatla a Lefoko la Modimo. Fa re ne re bala ditemana di le mmalwa tse di bontshang gore Modimo ga a amogele kobamelo ya ditshwantsho, mmè yono o ne a se ka a emela thuto gore e fele. Gone fela foo, o ne a latlha ditshwantsho tsotlhe mo ntlung ya gagwe!

Mo Dikotsing Kwa Lewatleng

Fa ke ne ke boaboa fa gare ga Italy le Gerika, ke ne ke tsamaya ka sekepe ka dinako tsotlhe. Gantsi loeto lono lo ne lo itumedisa thata. Mme loeto longwe, ka selemo sa 1971, lone le ne le sa itumedise. Ke ne ke boela kwa Italy ka sekepe se se bidiwang Heleanna. Mo mosong wa August 28, molelo o ne wa runya mo ntlwaneng ya boapeelo mo sekepeng. Molelo ono o ne wa anama mme bapalami le bone ba simolola go tshoga. Basadi ba ne ba idibala, bana ba lela mme banna ba ne ba galefile tota. Batho ba ne ba tabogela kwa mekorong e e falodisang batho e e kafa matlhakoreng a sekepe. Le fa go ntse jalo, go ne go na le diaparo tse dinnye fela tse di dirang gore batho ba se ka ba nwela mme motšhine o o folosetsang mekoro e e falodisang batho o ne o sa bereke sentle. Ke ne ka se ka ka kgona go iponela seaparo sa mo sekepeng se se dirang gore ke se ka ka nwela mme dikgabo tsa molelo di ne di golela kwa godimo mme selo se le sosi fela se ke neng ke ka se dira e ne e le go itatlhela mo lewatleng.

 Fa ke sena go itatlhela mo metsing, ke ne ka bona mosadi mongwe gaufi le nna yo o neng a apere seaparo se se falodisang motho gore a se ka a nwela. Go bonala a ne a sa kgone go thuma, ka jalo ke ne ka mo tshwara ka letsogo ka mo gogela kgakala le sekepe se se nwelang. Lewatle le ne le ntse le gakalela pele mme ke ne ka lapisiwa ke go kgaratlha gore ke se ka ka nwela. Ke ne ka felelwa ke tsholofelo mme ke ne ka nna ka kopa Jehofa bopelokgale mme seno se ne sa nnonotsha. Ke ne ke sa kgone go lebala go thubega ga sekepe se moaposetoloi Paulo a neng a tsamaya ka sone.—Ditiro, kgaolo 27.

Ke ne ke thuma ka bothata mo makhubung ka diura di le nnè ke itshwareletse ka tsala ya me, ke thuma fa ke na le maatla mme ke rapela Jehofa gore a nthuse. Kgabagare ke ne ka bona mokorwana o atamela. Ke ne ka falodisiwa mme tsala ya me yone e ne e setse e tlhokafetse. Fa re fitlha kwa toropong ya Bari, kwa Italy, ke ne ka isiwa kwa bookelong, ko ke neng ka amogela thuso ya potlako gone. Ke ne ka tshwanelwa ke go nna kwa bookelong ka malatsi a le mmalwa mme Basupi ba le bantsi ba ne ba nketela, ba ntlamela ka sotlhe se ke neng ke se tlhoka. Lorato lwa bone lwa Bokeresete lo ne lwa kgatlha ba bangwe thata ba ba neng ba na le nna mo kamoreng ya bookelo. *

Fa ke sena go fola, ke ne ka abelwa go ya go dira kwa Roma. Ke ne ka abelwa go bereka tshimo ya kgwebo mo bogareng jwa motse, mme ke ne ka e bereka dingwaga di le tlhano ka thuso ya ga Jehofa. Mo dingwageng tsotlhe tse 20, ke ne ka itumelela bodiredi kwa Italy mme ke ne ka rata batho ba Italy.

Go Boela Kwa ke Simolotseng Gone

Fa nako e ntse e ya, botsogo jwa ga Ariadne le monna wa gagwe bo ne jwa nna maswe go ya pele. Ke ne ka lemoga gore fa ke ne ke ka nna gaufi le bone, ke ne ke tla kgona go ba bontsha gore ke lebogela sotlhe se ba neng ba ntirela sone ka lorato. Go ne go le botlhoko tota go tswa kwa Italy. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba ba ikarabelang ba ne ba ntetla go tsamaya, mme fa e sa le ka selemo sa 1985 ke ntse ke bula tsela kwa Athena ko ke simolotseng tirelo ya nako e e tletseng ka 1947.

Ke rera mo tshimong e e abetsweng phuthego e ke leng mo go yone mme ke ne ka botsa bakaulengwe kwa ofising ya lekala gore a nka rera mo tshimong ya kgwebo e e mo gare ga toropo. Ke ne ka e bereka dingwaga tse tharo le mmulatsela ka nna. Re ne ra kgona go neela batho ba re neng re sa ba fitlhele motlhofo kwa magaeng a bone bosupi ka botlalo.

Le fa go le jalo, fa nako e ntse e feta, keletso ya me ya go direla Jehofa e nna e ntse e oketsega le fa gone ke koafala mo mmeleng. Jaanong monna wa kgaitsadiake o tlhokafetse. Ariadne, yo e ntseng e le mmè mo go nna, ga a sa tlhole a bona. Fa e le nna, botsogo jwa me bo ne bo le molemo ka dingwaga tse ke neng ke le mo tirelong ya nako e e tletseng ka tsone. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, ke ne ka wa mo ditepising tsa mmabole mme ka robega letsogo la moja. Morago ga moo ke ne ka wa mme ka robega noka. Ke ne ka tshwanelwa ke go dirwa karo mme ka lwala ka lobaka lo loleele. Jaanong ga ke kgone go tsamaya sentle. Ke dirisa thobane mme ke kgona go tswela kwa ntle fa go na le mongwe yo o tsamayang le nna. Le fa go ntse jalo, ke leka ka natla, ke solofela gore botsogo jwa me bo tla nna botoka. Go nna le seabe mo tirong ya go ruta Baebele le fa e le ka tsela e potlana, ke sengwe se se sa ntseng se ntlisetsa boitumelo le kgotsofalo.

Fa ke gakologelwa dingwaga tse di itumedisang tse ke di dirisitseng mo bodireding jwa nako e e tletseng, ke leboga Jehofa thata. O re kaetse le go re thusa ka phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng, mme seno se dirile gore ke dirise bokgoni jwa me ka botlalo ke mo direla. Keletso ya me ke gore Jehofa a nnonotshe gore ke tswelele pele mo tirelong ya gagwe. Ke itumelela seabe se sennye se ke nnang le sone mo tirong e a e kaelang ya go ruta Baebele.—Malaki 3:10.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Bona ditsebe 73-89 tsa 1995 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 34 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tsogang! ya February 8, 1972, tsebe 12-16 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ke na le kgaitsadiake, Ariadne, le monna wa gagwe, Michalis fa ke ya Gileade

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Nna le Ruth Hemmig re ne ra abelwa go ya kwa Istanbul, Turkey

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Kwa Italy, mo masimologong a bo1970

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke na le kgaitsadiake gompieno, e bong Ariadne