Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Ntlha

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Ntlha

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Ntlha

“FA BASIAMI ba ntsifala, batho ba a ipela; mme fa ope yo o boikepo a busa, batho ba a fegelwa.” (Diane 29:2) Buka ya Baebele ya Dikgosi wa Ntlha e bontsha sentle gore seane seno se boammaaruri go le kana kang. E tlotla ka kgang ya botshelo jwa ga Solomone, yo ka nako ya puso ya gagwe Baiseraele ba neng ba nna setšhaba se se atlegileng thata e bile se sireletsegile. Dikgosi wa Ntlha e bua gape le kafa setšhaba seo se ileng sa aroganngwa ka gone morago ga loso lwa ga Solomone le kaga dikgosi tse 14 tse di neng tsa busa morago ga gagwe, bangwe ba bone mo Iseraele mme ba bangwe mo Juda. Ke dikgosi tse pedi fela mo go tseno tse di neng tsa tswelela di ikanyega mo go Jehofa. Mo godimo ga moo, buka eno e bua ka ditiro tsa baporofeti ba le barataro, go akaretsa le Elija.

Pego eno e e kwadilweng kwa Jerusalema le Juda ke moporofeti Jeremia, e tsaya lobaka lwa dingwaga tse di ka nnang 129—go tloga ka 1040 B.C.E. go fitlha ka 911 B.C.E. Fa Jeremia a ne a ntse a kwala buka eno, o tshwanetse a bo a ile a bala dipego tsa bogologolo tse di tshwanang le “[buka] ya ditiragalo tsa ga Solomone.” Dibuka tseo ga di tlhole di le gone.—1 Dikgosi 11:41; 14:19; 15:7.

KGOSI E E BOTLHALE E ROTLOETSA KAGISO LE KATLEGO

(1 Dikgosi 1:1–11:43)

Dikgosi wa Ntlha e simolola ka pego e e kgatlhang ya fa morwa Kgosi Dafide e bong Adonija a leka go tsaya setulo sa bogosi sa ga rraagwe ka dikgoka. Go tsaya kgato ka bonako ga ga moporofeti Nathane go ne ga dira gore leano la gagwe le se ka la atlega, mme morwa Dafide e bong Solomone ke ene yo o tlhomiwang go nna kgosi. Jehofa o itumedisiwa ke kopo ya kgosi e e sa tswang go tlhongwa mme o mo naya “pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang” le “dikhumo mmogo le kgalalelo.” (1 Dikgosi 3:12, 13) Botlhale jwa kgosi ga bo tshwane le jwa ga ope mme khumo ya gagwe ke e e sa ka keng ya lekanngwa. Iseraele e itumelela lobaka lwa kagiso le go atlega.

Dingwe tsa dikago tse Solomone a di fetsang ke tempele ya ga Jehofa le dikago dingwe tsa puso. Jehofa o tlhomamisetsa Solomone jaana: “Ke tla tlhomamisa setulo sa bogosi jwa gago mo Iseraele ka bosakhutleng,” fa fela kgosi e ka tswelela e mo ikobela. (1 Dikgosi 9:4, 5) Gape Modimo wa boammaaruri o mo tlhagisa le ka matswela a go sa utlwe. Le fa go ntse jalo, kgabagare Solomone o nna le basadi ba bantsi ba ditšhaba di sele. Ka tlhotlheletso ya bone, o simolola go obamela medimo ya maaka fa a setse a tsofetse. Jehofa o bolelela pele gore bogosi jwa gagwe bo tla kgaoganngwa. Puso ya ga Solomone ya dingwaga tse 40 e tla bokhutlong fa a swa ka 997 B.C.E. Morwawe e bong Rehoboame ke ene a nnang mo setulong sa bogosi.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:5—Ke ka ntlha yang fa Adonija a ne a leka go gapa bogosi fa Dafide a ne a sa ntse a tshela? Baebele ga e re bolelele lebaka. Le fa go ntse jalo, go a utlwala go swetsa ka gore e re ka bomogoloe Adonija e bong Amenone le Abesalome ba ne ba setse ba sule, e bile go ka direga le gore morwawe Dafide e bong Kileabe le ene o ne a sule, ka jalo Adonija o ne a ithaya a re o ne a na le tshwanelo ya go tsaya setulo sa bogosi e re ka e ne e le ene morwa yo mogolo wa barwa ba ba neng ba tshela ba ga Dafide. (2 Samuele 3:2-4; 13:28, 29; 18:14-17) E re ka a ne a engwa nokeng ke modiredi yo mogolo wa masole e bong Joabe le moperesiti yo mogolo yo o neng a na le maemo e bong Abiathare, go ka direga gore Adonija o ne a tlhomamisegile gore o ne a tla atlega go gapa bogosi. Baebele ga e bolele gore a Adonija o ne a itse ka leano la ga Dafide la gore Solomone e nne ene yo o tsayang bogosi. Le fa go ntse jalo, Adonija ga a ka a laletsa Solomone le ba bangwe  ba ba neng ba ikanyega mo go Dafide kwa ‘setlhabelong.’ (1 Dikgosi 1:9, 10) Seno se bontsha gore o ne a tsaya Solomone e le mmaba.

1:49-53; 2:13-25—Ke ka ntlha yang fa Solomone a ne a bolaya Adonija fa ene Solomone a sena go mo itshwarela? Le fa gone Bathesheba a ne a palelwa ke go lemoga seno, Solomone ene o ne a lemoga maitlhomo a mmatota a go bo Adonija a ne a kopa Bathesheba gore a kope kgosi gore e mo neye Abishage gore e nne mosadi wa gagwe. Le fa gone Dafide a ne a sa tlhakanela dikobo le ene, Abishage yo montle o ne a tsewa e le mogadingwana wa ga Dafide. Go ya ka ngwao ya nako eo, Abishage o ne a tla nna mosadi wa moruaboswa wa ga Dafide. Gongwe Adonija o ne a akanya gore fa a ne a ka tsaya Abishage go nna mosadi wa gagwe, o ne a ka leka gape go gapa bogosi. E re ka Solomone a ne a lemoga gore kopo ya ga Adonija e ne e bontsha gore o ne a batla bogosi, Solomone o ne a tlogela go mo itshwarela.

6:37–8:2—Tempele e ne ya neelwa leng? Tempele e ne ya wediwa mo kgweding ya borobedi ya ngwaga wa 1027 B.C.E., e leng ngwaga wa bo11 wa puso ya ga Solomone. Go bonala go kgabisa tempele le go baakanya dilo tse dingwe go ne ga tsaya dikgwedi di le 11. Tempele e tshwanetse ya bo e ile ya neelwa mo kgweding ya bosupa ya ngwaga wa 1026 B.C.E. Pego eno e bua ka dikago tse dingwe tse di ileng tsa agiwa fa tempele e sena go wediwa le pele e neelwa, go bonala e dira jalo e le go re tlhalosetsa ka botlalo ditiro tsotlhe tsa go aga tse di neng tsa dirwa.—2 Ditiragalo 5:1-3.

9:10-13—A Solomone o ne a dira go dumalana le Molao wa ga Moshe fa a ne a naya Kgosi Hirame wa kwa Ture metse e le 20 e e neng e le mo Galalea jaaka mpho? Molao o o mo go Lefitiko 25:23, 24 o ne o ka tsewa o raya fela lefelo le Baiseraele ba neng ba nna mo go lone. Go ka direga gore go ne go sa nne Baiseraele mo metseng e Solomone a neng a e naya Hirame, le fa gone e ne e le gaufi le melelwane ya Lefatshe le le Solofeditsweng. (Ekesodo 23:31) Go bo Solomone a ne a dira jalo go ka bontsha le gore o ne a palelwa ke go ikobela Molao ka botlalo, jaaka ka nako ya fa a ne a “ikokeletsa dipitse” le go itseela basadi ba bantsi. (Duteronome 17:16, 17) Le fa mabaka a ne a ka tswa e le afe, Hirame o ne a sa itumelela mpho eo. Gongwe metse eo e ne e sa tlhokomelwa sentle ke banni ba yone ba baheitane, kana go ka direga gore e ne e se mo lefelong le a neng a le rata.

11:4—A go koafala tlhaloganyo ka ntlha ya bogodi ke gone go neng ga dira gore Solomone a se ka a ikanyega? Ga go lebege go le jalo. Solomone o ne a sa ntse a le mosha fa a ne a simolola go busa, mme le fa a ne a busa ka dingwaga di le 40, ga a ka a tshela go fitlha a tsofala thata. Mo godimo ga moo, ga a ka tlogela go obamela Jehofa gotlhelele. Go lebega a ile a leka go tlhakanya ditumelo.

Se re Ithutang Sone:

2:26, 27, 35. Dilo tse Jehofa a di bolelelang pele di a direga ka metlha. Go tlosiwa ga ga Abiathare, e bong setlogolwana sa ga Eli, go ne go diragatsa “lefoko la ga Jehofa le a neng a le buile kgatlhanong le ntlo ya ga Eli.” Go dira gore  Sadoke yo e neng e le wa losika lwa ga Finehase e nne moperesiti mo boemong jwa ga Abiathare go ne go diragatsa mafoko a a mo go Dipalo 25:10-13.—Ekesodo 6:25; 1 Samuele 2:31; 3:12; 1 Ditiragalo 24:3.

2:37, 41-46. A bo go le kotsi jang ne gore motho a akanye gore a ka tlola molao wa Modimo a bo a sa otlhaelwe seo! Batho ba ba tlogelang go tsamaya mo ‘tseleng e tshesane e e isang botshelong’ ka boomo ba tla bona ditlamorago tsa ditshwetso tsa bone tse di seng botlhale.—Mathaio 7:14.

3:9, 12-14. Jehofa o araba dithapelo tse di tlhoafetseng tsa batlhanka ba gagwe fa ba mo kopa botlhale, tlhaloganyo le kaelo gore ba kgone go mo direla.—Jakobe 1:5.

8:22-53. A bo Solomone a ne a bontsha gore o leboga Jehofa go tswa pelong jang ne—Modimo yo o nang le bopelonomi jwa lorato, Modiragatsi wa ditsholofetso le Moutlwi wa thapelo! Fa re tlhatlhanya ka mafoko a thapelo e Solomone a neng a e rapela ka nako ya fa a neela tempele, go tla dira gore re anaanele dinonofo tseno tsa Modimo le dikarolo tse dingwe tsa botho jwa gagwe.

11:9-14, 23, 26. Fa Solomone a ne a simolola go tlhoka kutlo fa a setse a tsofetse, Jehofa o ne a mo tsosetsa baganetsi. Moaposetoloi Petere a re: “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—1 Petere 5:5.

11:30-40. Kgosi Solomone o ne a batla go bolaya Jeroboame ka ntlha ya se Ahija a neng a se boleletse pele ka Jeroboame. Mme kgosi e ne ya arabela ka tsela e e farologaneng dingwaga tse di ka nnang 40 pelenyana fa a ne a gana go ipusolosetsa mo go Adonija le batho ba bangwe ba ba neng ba loga maano a a boferefere! (1 Dikgosi 1:50-53) Phetogo eno e ne ya nna gone ka ntlha ya go bo a ne a tlogetse Jehofa.

BOGOSI JO BO KOPANENG BO A KGAOGANNGWA

(1 Dikgosi 12:1–22:53)

Jeroboame le batho ba bangwe ba tla kwa go Kgosi Rehoboame go mo kopa gore a tlhofofatse mokgweleo o ba neng ba o rwesitswe ke rraagwe e bong Solomone. Go na le gore a dire jaaka ba kopa, Rehoboame o ba tshosetsa ka gore o tla ba rwesa mokgweleo o o boima go feta oo. Ditso tse di lesome di a mo tsogologela mme di tlhoma Jeroboame gore e nne kgosi ya bone. Bogosi bo a kgaogana. Rehoboame o busa bogosi jwa borwa, jo bo dirilweng ka ditso tsa Juda le Benjamine, mme Jeroboame ene o busa bogosi jwa kwa bokone jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele.

Jeroboame o tlhoma dinamane tse pedi tsa gouta—e nngwe kwa Dana mme e nngwe kwa Bethele, e le go thibela batho gore ba se ka ba ya Jerusalema go ya go obamela gone. Dikgosi dingwe tse di neng tsa busa mo Iseraele morago ga Jeroboame ke Nadabe, Baasha, Ela, Simeri, Tibini, Omeri, Ahabe le Ahasia. Abijame, Asa, Jehoshafate le Jehorame bone ba ne ba busa morago ga Rehoboame kwa Juda. Batho ba e neng e le baporofeti ka nako ya dikgosi tseo ba ne ba akaretsa Ahija, Shemaia le monna mongwe wa Modimo yo o sa bidiwang ka leina mmogo le Jehu, Elija le Mikaia.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

18:21—Ke ka ntlha yang fa batho ba ne ba didimala fela fa Elija a ba kopa gore ba tlhophe gore a ba tla latela Jehofa kana Baale? Go ka direga gore ba ne ba ikutlwa ba le molato ka gonne ba ne ba lemoga gore ba ne ba paletswe ke go  obamela Jehofa a le esi jaaka a ne a batla ba dira. Kana gongwe ba ne ba sule digakolodi mo ba neng ba sa bone go le phoso go obamela Baale mme kafa letlhakoreng le lengwe ba ntse ba obamela le Jehofa. Ke fela fa Jehofa a sena go ba bontsha maatla a gagwe ba ileng ba re: “Jehofa ke Modimo wa boammaaruri! Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!”—1 Dikgosi 18:39.

20:34—Fa Jehofa a sena go dira gore Ahabe a fenye Baasiria, ke ka ntlha yang fa Ahabe a ile a boloka kgosi ya Baasiria, e bong Bene-hadade? Go na le gore Ahabe a bolaye Bene-hadade, o ne a dira tumalano le ene ya gore a mo neye mebila mengwe mo motsemogolong wa Siria, e leng Damaseko, gore ene Ahabe a tlhome marekisetso mo go yone. Pelenyana ga moo, rraagwe Bene-hadade le ene o ne a itseetse mebila mengwe mo Samarea go gweba mo go yone. Ka jalo Bene-hadade o ne a gololwa gore Ahabe a tle a kgone go simolola kgwebo mo Damaseko.

Se re Ithutang Sone:

12:13, 14. Fa re dira ditshwetso tse di botlhokwa mo botshelong, re tshwanetse go kopa kgakololo mo bathong ba ba godileng ba ba botlhale, ba ba itseng Dikwalo sentle e bile ba tlotla melaometheo ya Modimo thata.

13:11-24. Fa modumedi mongwe ka rona yo o tlhoafetseng a re naya kgakololo kana kakantsho nngwe mme go lebega e belaetsa, re tshwanetse go sekaseka gore Lefoko la Modimo le a reng ka yone.—1 Johane 4:1.

14:13. Jehofa o a re tlhatlhoba gore a tle a bone gore a go na le molemo mongwe mo go rona. Le fa molemo oo o ka nna o monnye go le kana kang, o kgona go dira gore o gole fa re dira bojotlhe jwa rona go mo direla.

15:10-13. Re tshwanetse go gana botlhanogi ka bopelokgale mme go na le moo re tsweledise kobamelo ya boammaaruri pele.

17:10-16. Motlholagadi wa kwa Sarepate o ne a lemoga gore Elija e ne e le moporofeti mme a mo amogela jaaka moporofeti, mme Jehofa o ne a segofatsa ditiro tsa gagwe tse di bontshang tumelo. Gompieno, Jehofa o bona le ditiro tsa rona tse di bontshang tumelo, mme o segofatsa ba ba tshegetsang tiro ya Bogosi ka ditsela tse di farologaneng.—Mathaio 6:33; 10:41, 42; Bahebera 6:10.

19:1-8. Fa re lebana le pogiso e e bokete, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re tshegetsa.— 2 Bakorintha 4:7-9.

19:10, 14, 18. Baobamedi ba boammaaruri ga ba ke ba nna ba le bosi. Ba na le Jehofa le bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe.

19:11-13. Jehofa ga se maatla mangwe fela a tlholego.

20:11. Fa Bene-hadade a ne a ikgantsha gore o sentse Samarea, kgosi ya Iseraele e ne ya araba ka go re: “O se ka wa letla yo o ikgatlhang [ka diaparo tsa gagwe tsa ntwa go ya ntweng] a ipelafatsa jaaka yo o ipofololang” diaparo tsa gagwe tsa ntwa fa a sena go fenya kwa ntweng. Fa re newa tiro e ntšha, ga re a tshwanela go itshepa thata jaaka motho yo o boikgodiso.—Diane 27:1; Jakobe 4:13-16.

Sengwe Se se Ka re Thusang Thata

Fa Moshe a ne a bua ka nako ya fa a ne a newa Molao kwa Thabeng ya Sinai, o ne a raya bana ba Iseraele jaana: “Bonang, gompieno ke baya fa pele ga lona tshegofatso le phutso: tshegofatso, fa e le gore lo tla utlwa ditaelo tsa ga Jehofa Modimo wa lona tse ke di lo laelang gompieno; le phutso, fa e le gore ga lo kitla lo utlwa ditaelo tsa ga Jehofa Modimo wa lona mme lo fapoga mo tseleng e ke e lo laelang gompieno, lo sala medimo e lo sa e itseng morago.”—Duteronome 11:26-28.

A bo re rutwa thuto e e botlhokwa thata jang ne mo bukeng eno ya Dikgosi wa Ntlha! Jaaka fa re bone, buka eno e re ruta le dithuto tse dingwe tse di botlhokwa. Ruri molaetsa wa yone o a tshela e bile o naya maatla.—Bahebera 4:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Tempele le dikago tse dingwe tse di neng tsa agiwa ke Solomone

[Setshwantsho mo go tsebe 30, 31]

Fa Jehofa a sena go bontsha maatla a gagwe, batho ba ne ba goeletsa ba re: “Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!”