Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgang Tse di Molemo Tsa Batho ba Ditšhaba Tsotlhe

Dikgang Tse di Molemo Tsa Batho ba Ditšhaba Tsotlhe

 Dikgang Tse di Molemo Tsa Batho ba Ditšhaba Tsotlhe

“Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—DITIRO 1:8.

1. Rona barutisi ba Baebele, re ela eng tlhoko, mme ka ntlha yang?

BARUTISI ba ba nang le bokgoni ga ba ele tlhoko fela gore ba bolelela baithuti ba bone eng mme ba ela tlhoko le gore ba se ba bolelela jang. Rona barutisi ba boammaaruri jwa Baebele, re dira se se tshwanang. Re ela tlhoko molaetsa o re o rerang mmogo le mekgwa e re e dirisang. Molaetsa wa rona, e leng dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, ga o fetoge, mme re fetofetola mekgwa ya rona ya go rera go ya ka seemo. Ka ntlha yang? Gore re fitlhelele batho ba le bantsi kafa re ka kgonang ka teng.

2. Fa re fetofetola mekgwa ya rona ya go rera, re etsa mang?

2 Ka go fetofetola mekgwa ya rona ya go rera, re etsa batlhanka ba Modimo ba bogologolo. Ka sekai, akanya ka moaposetoloi Paulo. O ne a re: “Mo Bajudeng ke ne ka nna jaaka Mojuda . . . Mo go ba ba se nang molao ke ne ka nna jaaka yo o se nang molao . . . Mo go ba ba bokoa ke ne ka nna bokoa, gore ke gape ba ba bokoa. Ke ntse dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, gore kafa go ka kgonegang ka gone ke boloke bangwe.” (1 Bakorintha 9:19-23) Mokgwa wa ga Paulo wa go fetofetoga le seemo o ne o na le matswela. Le rona re tla nna le matswela fa re akanyetsa ba bangwe mme re fetofetola tsela e re rerang ka yone gore e tshwanele batho ba re buang le bone.

Go ya “Kwa Mafelelong a Lefatshe”

3. (a) Ke kgwetlho efe e re lebaneng le yone mo tirong ya rona ya go rera? (b) Mafoko a Isaia 45:22 a diragadiwa jang gompieno?

3 Kgwetlho e kgolo e batho ba ba rerang dikgang tse di molemo ba lebaneng le yone ke bogolo jwa lefelo le ba tshwanetseng go rera mo go lone—“mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Mathaio 24:14) Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ne ba dira ka natla gore ba fitlhe kwa dinageng tse disha gore ba anamise dikgang tse di molemo kwa go tsone. Go ne ga felela ka eng? Ka koketsego e e gakgamatsang mo lefatsheng lotlhe. Fa lekgolo la  bo20 la dingwaga le ne le simolola, pego e ne e bontsha gore tiro ya go rera e ne e dirwa mo dinageng di se kae fela, mme gone jaanong Basupi ba ga Jehofa ba rera mo dinageng di le 235! Ee ruri, dikgang tse di molemo tsa Bogosi di bolelwa le go fitlha “kwa mafelelong a lefatshe.”—Isaia 45:22.

4, 5. (a) Ke bomang ba ba nnileng le seabe se segolo mo go anamiseng dikgang tse di molemo? (b) Diofisi dingwe tsa makala di ne tsa reng ka baboledi ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ba rerang mo tshimong ya makala ao?

4 Ke eng se se dirang gore go nne le koketsego e kana? Go na le mabaka a mantsi. Bangwe ba ba thusitseng thata gore go nne le koketsego eno ke barongwa ba ba thapisitsweng kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, mme bosheng jaana le baalogi ba ba fetang 20 000 ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi. Mme ba bangwe ba ba thusitseng thata ke Basupi ba bantsi ba ba ileng ba fudugela kwa dinageng tse go tlhokegang baboledi ba Bogosi ba ba oketsegileng kwa go tsone, mme ba fuduga jalo e le bone ba ituelelang ditshenyegelo tsa go fuduga. Bakeresete ba ba intshang setlhabelo jalo—banna le basadi, basha le bagolo, ba ba mo lenyalong le ba ba seng mo lenyalong—ba na le seabe se segolo mo tirong ya go rera molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. (Pesalema 110:3; Baroma 10:18) Ba anaanelwa thata. Ela tlhoko gore diofisi dingwe tsa makala di ne tsa reng ka batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ba ileng ba ya go direla kwa go tlhokegang thuso teng mo tshimong ya makala ao.

5 “Basupi bano ba ba rategang ba etelela pele mo tirong ya go rera kwa mafelong a a kwa thoko, ba thusa go tlhoma diphuthego tse disha, mme ba thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba mono go gola semoyeng.” (Ecuador) “Fa baboledi ba ba makgolokgolo ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe mme ba direla mono ba ne ba ka tsamaya, diphuthego di ne di tla nna le mathata. Go a itumedisa go nna le bone.” (Dominican Republic) “Diphuthego tsa rona di le dintsi di tletse ka bokgaitsadi, dingwe tsa tsone di na le diperesente di le 70 tsa bone. (Pesalema 68:11) Bontsi jwa bone ke ba ba sa ntseng ba le basha mo boammaaruring, mme bokgaitsadi ba babulatsela ba  ba sa nyalwang ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba thusa thata ka go thapisa bano ba basha. Re anaanela bokgaitsadi bano ba ba tswang kwa dinageng di sele fela thata!” (Naga nngwe kwa Yuropa Botlhaba) A o kile wa akanyetsa go ya go rera kwa nageng e sele? *Ditiro 16:9, 10.

“Batho ba le Lesome ba ba Tswang mo Dipuong Tsotlhe”

6. Sekarea 8:23 e bontsha jang bothata jo re lebaneng le jone malebana le dipuo mo tirong ya rona ya go rera?

6 Kgwetlho e nngwe e kgolo ke bontsi jwa dipuo tse di buiwang mo lefatsheng. Lefoko la Modimo le ne la bolelela pele jaana: “Go tla diragala mo metlheng eo gore batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” (Sekarea 8:23) Mo tiragatsong ya gompieno ya boporofeti jono, batho ba ba lesome ba emela boidiidi jo bogolo, jo go boleletsweng pele ka jone mo go Tshenolo 7:9. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore go ya ka boporofeti jwa ga Sekarea, “banna ba le lesome” ba ne ba sa tswe mo gare ga ditšhaba tsotlhe fela mme gape e ne e tla nna “ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba.” A karolo e e botlhokwa eno ya boporofeti e diragaditswe? Ee, ruri.

7. Ke dipalo dife tse di bontshang gore jaanong batho “ba ba tswang mo dipuong tsotlhe” ba newa dikgang tse di molemo?

7 A ko o akanye ka dipalo tseno. Dingwaga di le 50 tse di fetileng, dikgatiso tsa rona di ne di gatisiwa ka dipuo di le 90. Mme gompieno di gatisiwa ka dipuo di feta 400. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o dirile sotlhe se se ka kgonegang go gatisa dibuka tota le ka dipuo dingwe tse di buiwang ke batho ba se kae fela. (Mathaio 24:45) Ka sekai, jaanong dibuka tse di theilweng mo Baebeleng di teng ka puo ya Se-Greenland (e e buiwang ke batho ba le 47 000), ya Se-Palau (e e buiwang ke batho ba le 15 000), le ya Se-Yap (e e buiwang ke batho ba ba kwa tlase ga 7 000).

“Kgoro e Kgolo” e e Nayang Ditshiamelo Tse di Oketsegileng

8, 9. Ke phetogo efe e e re buletseng “kgoro e kgolo,” mme Basupi ba le diketekete ba ile ba dira eng malebana le seno?

8 Le fa go ntse jalo, gompieno re ka nna ra se ka ra tlhoka go fudugela kwa dinageng di sele gore re bolelele batho ba dipuo tsotlhe dikgang tse di molemo. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, go goroga ga dimilione tsa batshabi le batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ba tlang mo dinageng tse di tlhabologileng go dirile gore go nne le ditlhotshwana tse dintsi tsa batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ba buang dipuo tse dintsi tse di farologaneng. Ka sekai, kwa Paris, kwa Fora, go buiwa dipuo di ka nna 100 tse di farologaneng. Kwa Toronto, kwa Canada, go buiwa di le 125; mme kwa Lontone, kwa Engelane, go buiwa dipuo tse di fetang 300 tsa dinaga di sele! E re ka go na le batho ba dinaga di sele mo tshimong ya diphuthego tse dintsi, seno se bula “kgoro e kgolo” e e re nayang ditshiamelo tse dingwe tsa gore re rerele batho ba ditšhaba tsotlhe dikgang tse di molemo.—1 Bakorintha 16:9.

 9 Basupi ba le diketekete ba lebana le kgwetlho eno ka go ithuta puo e nngwe. Ba le bantsi ba bone ba fitlhela go le thata; mme go kgaratlha ga bone go duelwa ka boipelo jwa go thusa batho ba ba tswang kwa dinageng di sele le batshabi go ithuta boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo. Ngwaga mongwe bosheng jaana, mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa botlhe ba ba neng ba kolobediwa mo dikopanong tsa kgaolo kwa nageng nngwe ya Yuropa Bophirima ba ne ba tswa kwa nageng e sele.

10. A o ile wa dirisa bukana ya Good News for People of All Nations? (Bona lebokose le le reng “Dikarolo Tsa Bukana ya Good News for People of All Nations,” mo tsebeng 26.)

10 Ee, bontsi jwa rona seemo ga se re letle gore re ka ithuta puo e sele. Le fa go ntse jalo, re ka nna le seabe mo go thuseng batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ka go dirisa bukana e e sa tswang go gololwa ya Good News for People of All Nations, * e e nang le molaetsa o o kgatlhang wa Baebele o o kwadilweng ka dipuo tse dintsi tse di farologaneng. (Johane 4:37) A o dirisa bukana eno mo bodireding?

Fa Batho ba sa Amogele Molaetsa

11. Ke kgwetlho efe e nngwe gape e baboledi ba lebanang le yone mo masimong mangwe?

11 Fa tlhotlheletso ya ga Satane e ntse e gola mo lefatsheng, go na le kgwetlho e nngwe e gantsi baboledi ba lebanang le yone—go na le masimo mangwe a batho ba ba mo go one ba sa amogeleng molaetsa. Gone ke boammaaruri, seemo seno ga se re gakgamatse ka gonne Jesu o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna jalo. O ne a bolela jaana a bua ka motlha wa rona: “Lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.” (Mathaio 24:12) Ee ruri, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba dumela mo Modimong le fa e le go tlotla Baebele. (2 Petere 3:3, 4) Ka jalo, mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, ke batho ba se kae fela ba ba nnang barutwa ba basha ba ga Keresete. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba Bakeresete ba ba rerang ka metlha mo tshimong e e ntseng jalo ba berekela lefela. (Bahebera 6:10) Ka ntlha yang? Akanyetsa dintlha tse di latelang.

12. Dintlha tse pedi tse re batlang go di fitlhelela fa re rera ke dife?

12 Efangele ya ga Mathaio e gatelela dintlha tse pedi tsa botlhokwa tse re batlang go di fitlhelela fa re rera. E nngwe ke ya gore re “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19) E nngwe ke gore molaetsa wa Bogosi e nne “bosupi.” (Mathaio 24:14) Dintlha tseno di botlhokwa ka bobedi, mme ya bofelo ya gore molaetsa wa Bogosi e nne bosupi e botlhokwa le go feta. Ka ntlha yang?

13, 14. (a) Karolo e e tlhomologileng ya sesupo sa go nna gone ga ga Keresete ke eng? (b) Re tshwanetse go nna re gopotse eng, bogolo jang fa re rera mo mafelong a batho ba one ba sa amogeleng molaetsa?

13 Mokwadi wa Baebele e bong Mathaio o ne a kwala gore baaposetoloi ba ne ba botsa Jesu ba re: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Mathaio 24:3) Jesu o ne a araba ka go bolela gore karolo e e tlhomologileng ya sesupo seo e ne e tla nna tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. A o ne a bua ka tiro ya go dira barutwa? Nnyaa. O ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Ka jalo Jesu o ne a bontsha gore tiro ya go rera ka Bogosi ka boyone e ne e tla nna karolo ya botlhokwa ya sesupo.

14 Ka jalo, fa re ntse re rera dikgang tse di molemo  tsa Bogosi, re gopola gore le fa re sa atlege ka metlha go dira barutwa, gone re a bo re naya “bosupi.” Le fa batho ba ka itshwara ka tsela epe fela, ba a itse gore re dira eng, mme ka jalo re thusa go diragatsa boporofeti jwa ga Jesu. (Isaia 52:7; Tshenolo 14:6, 7) Jordy, mosha wa Mosupi kwa Yuropa Bophirima o ne a re: “Ke itumedisiwa thata ke go itse gore ke dirisiwa ke Jehofa gore ke thuse go diragatsa Mathaio 24:14.” (2 Bakorintha 2:15-17) Le wena o tshwanetse wa bo o ikutlwa jalo.

Fa Batho ba Ganetsa Molaetsa wa Rona

15. (a) Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe ka eng go sa le pele? (b) Ke eng se se dirang gore re kgone go rera le fa re ganediwa?

15 Go ganediwa le gone ke kgwetlho mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana go sa le pele: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” (Mathaio 24:9) Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, balatedi ba ga Jesu gompieno ba ile ba tlhoiwa, ba ganediwa ba bo ba bogisiwa. (Ditiro 5:17, 18, 40; 2 Timotheo 3:12; Tshenolo 12:12, 17) Kwa dinageng dingwe, gone jaanong dipuso di ba thibetse. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri kwa dinageng tseo ba ikobela Modimo ka go tswelela pele ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Amose 3:8; Ditiro 5:29; 1 Petere 2:21) Ke eng se se dirang gore ba kgone go dira jalo, bone mmogo le Basupi ba bangwe botlhe mo lefatsheng lotlhe? Jehofa o ba naya maatla ka moya wa gagwe o o boitshepo.—Sekarea 4:6; Baefeso 3:16; 2 Timotheo 4:17.

16. Jesu o ne a bontsha jang gore tiro ya go rera e amana le moya wa Modimo?

16 Jesu o ne a gatelela kafa moya wa Modimo o amanang thata ka teng le tiro ya go rera fa a ne a bolelela balatedi ba gagwe a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8; Tshenolo 22:17) Tatelano ya ditiragalo mo temaneng eno e botlhokwa. Sa ntlha, barutwa ba ne ba amogela moya o o boitshepo, go tswa foo ba ne ba simolola tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Thuso ya moya wa Modimo ke yone fela e neng e ka ba naya maatla a go itshoka fa ba ntse ba naya “bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:13, 14; Isaia 61:1, 2) Ka jalo, go a tshwanela go bo Jesu a ne a bitsa moya o o boitshepo a re ke “mothusi.” (Johane 15:26) O ne a raya gore moya wa Modimo o ne o tla ruta barutwa ba gagwe le go ba kaela.—Johane 14:16, 26; 16:13.

17. Fa re lebane le kganetso e kgolo, moya o o boitshepo o re thusa jang?

17 Moya wa Modimo o re thusa ka ditsela dife gompieno fa re lebane le kganetso e kgolo mo tirong ya rona ya go rera dikgang tse di molemo? Moya wa Modimo o a re nonotsha, mme o ganetsa ba ba re bogisang. Re ka tshwantsha seno ka go  sekaseka tiragalo nngwe mo botshelong jwa ga Kgosi Saulo.

Go Ganediwa ke Moya wa Modimo

18. (a) Saulo o ne a fetoga ka tsela efe e e sa siamang? (b) Saulo o ne a dirisa mekgwa efe go bogisa Dafide?

18 Saulo o ne a simolola sentle e le kgosi ya ntlha ya Iseraele, mme moragonyana o ne a se ka a ikobela Jehofa. (1 Samuele 10:1, 24; 11:14, 15; 15:17-23) Ka ntlha ya moo, moya wa Modimo ga o a ka wa tlhola o ema kgosi eno nokeng. E re ka go ne ga tlodiwa Dafide gore a nne kgosi e e latelang mme jaanong a engwe nokeng ke moya wa Modimo, Saulo o ne a mo galefela fela thata. (1 Samuele 16:1, 13, 14) Go ne go lebega go le motlhofo go tlhasela Dafide. Aitsane, o ne a na le harepa fela mme Saulo ene a na le lerumo. Ka jalo letsatsi lengwe fa Dafide a ntse a letsa harepa, “Saulo a konopa lerumo a re: ‘Ke tla tlhabelela Dafide mo loboteng!’ mme Dafide a fapoga fa pele ga gagwe, gabedi.” (1 Samuele 18:10, 11) Morago ga moo, Saulo o ne a reetsa Jonathane morwawe, tsala ya ga Dafide mme a ikana a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, [Dafide] ga a kitla a bolawa.” Mme go tswa foo, Saulo o ne a boa gape “a batla go tlhabelela Dafide mo loboteng ka lerumo.” Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a tila fa pele ga ga Saulo, mo a neng a tlhaba lobota ka lerumo.” Dafide o ne a sia, mme Saulo o ne a mo latelela. Mo nakong eo e e thata, moya wa Modimo o ne wa simolola go ganetsa Saulo. Jang?—1 Samuele 19:6, 10.

19. Moya wa Modimo o ne wa sireletsa Dafide jang?

19 Dafide o ne a siela kwa go moporofeti Samuele, mme Saulo o ne a romela banna ba gagwe go ya go tshwara Dafide gone. Le fa go ntse jalo, fa ba goroga kwa Dafide a neng a iphitlhile teng, “moya wa Modimo [o ne] wa nna mo batlhankeng ba ga Saulo, mme le bone ba simolola go itshwara jaaka baporofeti.” Ba ne ba fekeediwa ke moya wa Modimo mo ba neng ba lebala gotlhelele gore kana ba ne ba tletse eng. Saulo o ne a romela banna ba gagwe makgetlho a mangwe gape a mabedi gore ba ye go tshwara Dafide, mme ga nna ga direga se se tshwanang mo makgetlhong ao a mabedi. Kgabagare, Kgosi Saulo ka boene o ne a ya kwa go Dafide, mme Saulo le ene  o ne a palelwa ke go emelana le moya wa Modimo. Tota e bile, moya o o boitshepo o ne wa dira gore a se ka a kgona go suta “letsatsi leo lotlhe le bosigo joo jotlhe”—a naya Dafide nako e e lekaneng ya go sia.—1 Samuele 19:20-24.

20. Pego ya fa Saulo a ne a bogisa Dafide e re ruta eng?

20 Pego eno ya ga Saulo le Dafide e na le thuto e e botlhokwa: Batho ba ba bogisang batlhanka ba Modimo ba ka se atlege fa ba ganediwa ke moya wa Modimo. (Pesalema 46:11; 125:2) Jehofa o ne a ikaeletse gore Dafide a nne kgosi ya Iseraele. Go ne go se na ope yo o ka fetolang seo. Mo motlheng wa rona, go ya ka se Jehofa a se ikaeletseng, “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa.” Ga go na ope yo o ka thibelang seo go diragala.—Ditiro 5:40, 42.

21. (a) Baganetsi bangwe ba itshwara jang gompieno? (b) Re tlhomamisegile ka eng?

21 Baeteledipele bangwe ba bodumedi le ba bopolotiki ba dirisa maaka le dikgoka go leka go re kgoreletsa. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jehofa a ile a sireletsa Dafide semoyeng, o tla sireletsa batho ba Gagwe fela jalo le gompieno. (Malaki 3:6) Ka jalo, fela jaaka Dafide, re ka bolela jaana re tlhomamisegile: “Ke ikantse Modimo. Ga ke na go boifa. Motho wa mo lefatsheng o ka ntirang?” (Pesalema 56:11; 121:1-8; Baroma 8:31) Ka thuso ya ga Jehofa, e kete re ka tswelela pele re lebana le dikgwetlho tsotlhe fa re ntse re dira tiro e Modimo a re romileng go e dira, e leng go rerela batho ba ditšhaba tsotlhe dikgang tse di molemo tsa Bogosi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Bona lebokose le le reng “Ba Ikutlwa ba Kgotsofetse Tota,” mo tsebeng 22.

^ ser. 10 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa re fetofetola mekgwa ya rona ya go rera go ya ka maemo?

• Go bulegile “kgoro e kgolo” e e re fang ditshiamelo dife tse disha?

• Tiro ya rona ya go rera e fitlhelela eng, tota le mo tshimong ya batho ba ba sa amogeleng molaetsa?

• Ke ka ntlha yang fa go se na moganetsi ope yo o ka emisang tiro ya go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Ba Ikutlwa ba Kgotsofetse Tota

“Ba itumetse e bile ba ipelela go direla Jehofa ba le seoposengwe.” Mafoko ano a bua ka lelapa lengwe le le neng la fuduga go tswa kwa Spain mme la ya kwa Bolivia. Ngwana mongwe wa mosimane mo lelapeng leno o ne a ile kwa Bolivia go ya go thusa setlhopha sa teng se se kwa thoko. Tsela e a neng a itumetse ka yone fa a sena go boa e ne ya kgatlha batsadi ba gagwe thata mo e leng gore go ise go ye kae, lelapa lotlhe fela—go akaretsa le basimane ba teng ba banè ba dingwaga tsa go tloga ka 14 go fitlha ka 25—le ne la ya go rera gone. Gone jaanong, basimane ba teng ba bararo ke babulatsela, mme yo o neng a dira gore lelapa le fudugele teng ene o sa tswa go aloga mo Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi.

Angelica wa kwa Canada wa dingwaga tse 30, yo o dirang tiro ya go rera kwa Yuropa Botlhaba, a re: “Go na le dikgwetlho di le dintsi mme ke ne ke itumedisiwa ke go thusa batho mo bodireding. Gape, ke amiwa maikutlo ke go bo Basupi ba bantsi ba lefelo leo ba tla go nteboga gantsintsi ka ntlha ya go tla go ba thusa.”

Bokgaitsadi ba babedi ba e leng bana ba motho go tswa kwa United States ba ba dirang tiro ya go rera kwa Dominican Republic, ba ba atamelang dingwaga tse 30 ba re: “Go ne go na le dingwao tse dintsi tse di farologaneng tse re neng re tshwanetse go di tlwaela. Le fa go ntse jalo, re ne ra itshoka mo kabelong ya rona, mme batho ba le supa ba re neng re ithuta Baebele le bone jaanong ba tla dipokanong.” Bokgaitsadi bano ba babedi ba ne ba thusa go rulaganya setlhopha sa baboledi ba Bogosi mo toropong e go se nang phuthego mo go yone.

Laura, kgaitsadi yo o atamelang dingwaga tse 30, o feditse dingwaga tse di fetang nnè a rera kwa nageng e sele. A re: “Ke dira gore ke tshele botshelo jo bo sa raraanang. Seno se thusa baboledi go bona gore motho a ka tshela botshelo jo bo ntseng jalo ka gonne a tlhopha go tshela jalo e bile a akanya sentle, e se ka gonne a sotlega. Ke ntse ke itumedisiwa thata ke go bo ke kgona go thusa ba bangwe, segolobogolo basha, mme go dira jalo go dira gore ke se ka ka utlwalelwa ke mathata a go rera mo nageng e sele. Nka se tlogele go rera mo lefelong leno e bile ga ke batle go tshela ka tsela epe e sele, mme ke tla tswelela ke nna mo go lone fa fela Jehofa a letla.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

Dikarolo Tsa Bukana ya Good News for People of All Nations

Bukana ya Good News for People of All Nations e na le molaetsa o o tsayang tsebe e le nngwe fela o o kwadilweng ka dipuo di le 92. Molaetsa ono o kwadilwe go dirisiwa lesupi la motho wa ntlha. Ka jalo, fa mong wa ntlo a bala molaetsa o o kwadilweng mo go yone, go nna jaaka e kete wena o bua le ene ka tlhamalalo.

Khabara e e kafa teng ya yone e na le setshwantsho sa mmapa wa lefatshe. Dirisa mmapa ono go simolola motlotlo o o botsalano le mong wa ntlo. Gongwe o ka mo supetsa naga e wena o nnang mo go yone o bo o mo kopa gore ene a go bontshe gore o tswa kwa nageng efe. Fa o dira jalo, gongwe o ka kgona go dira gore a phuthologe go tshwara motlotlo o o botsalano le wena.

Ketapele ya bukana eno e na le dintlha dingwe di le mmalwa tse re tshwanetseng go di dirisa gore re kgone go thusa batho ba ba buang puo nngwe e re sa e tlhaloganyeng. Tsweetswee bala dintlha tseno ka kelotlhoko mme o leke go di dirisa.

Mo tsebeng ya yone ya diteng, ga go a tlhomaganngwa dipuo fela ka go latelana ga tsone mme gape go beilwe letshwao la puo fa thoko ga nngwe le nngwe ya tsone. Karolo eno ya yone e tla go thusa go bona gore matshwao a dipuo tse di farologaneng a a kwadilweng mo dipampitshaneng tsa rona le mo dikgatisong tse dingwe ke a dipuo dife.

[Setshwantsho]

A o dirisa bukana eno mo bodireding?

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Jaanong dikgatiso tsa rona tsa Baebele di gatisiwa ka dipuo tse di fetang 400

GHANA

PHILIPPINES

LAPLAND (SWEDEN)

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

A o ka kgona go ya go rera kwa baboledi ba Bogosi ba tlhokegang thata gone?

ECUADOR

DOMINICAN REPUBLIC