Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Philo wa Alekesanderia—O Fopholetsa Bokao Jwa Dikwalo

Philo wa Alekesanderia—O Fopholetsa Bokao Jwa Dikwalo

 Philo wa Alekesanderia—O Fopholetsa Bokao Jwa Dikwalo

KA 332 B.C.E., Alexander yo Mogolo le masole a gagwe ba ne ba tlhasela Egepeto. Pele a gwantela kwa bophirima go ya go fenya lefatshe, o ne a tlhoma motse o a neng a o bitsa Alekesanderia. Motse oo o ne wa nna lefelo le le neng le tletse ka setso sa Bagerika. Mo motseng oo, mo e ka nnang ka 20 B.C.E., go ne ga tsholwa mofenyi yo mongwe, yo dibetsa tsa gagwe e neng e se ditšhaka le marumo, mme e le megopolo ya filosofi. O itsege e le Philo wa Alekesanderia, kana Philo Judaeus, ka gonne a godile e le Mojuda.

Go falala ga Bajuda go go neng ga direga morago ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E., go ne ga felela ka gore Bajuda ba le bantsi ba nne kwa Egepeto. Diketekete tsa bone di ne di nna kwa Alekesanderia. Le fa go ntse jalo, go ne go na le mathata fa gare ga Bajuda le Bagerika. Bajuda ba ne ba gana go obamela medimo ya Bagerika, fa Bagerika bone ba ne ba nyatsa Dikwalo Tsa Sehebera. E re ka Philo a ne a ithutetse kwa Gerika e bile a godisitswe e le Mojuda, o ne a itse kaga mathata ano. O ne a dumela gore tumelo ya Sejuda e ne e le yone bodumedi jwa boammaaruri. Mme go farologana le batho ba bantsi, Philo o ne a batla tsela ya go sokololela Baditšhaba kwa Modimong ka kagiso. O ne a batla gore ba amogele tumelo ya Sejuda.

O Tlhalosa Mekwalo ya Bogologolo ka Tsela e Ntšha

Puo ya kwa gaabo Philo e ne e le Segerika fela jaaka go ne go ntse ka Bajuda ba bantsi ba kwa Alekesanderia. Ka jalo o ne a dirisa Septuagint ya Segerika go ithuta Dikwalo Tsa Sehebera ka yone. Fa a ntse a tlhatlhoba mokwalo wa Septuagint, o ne a simolola go dumela gore mokwalo ono o ne o na le dintlha dingwe tsa filosofi le gore Moshe e ne e le “mofilosofi yo o setswerere.”

Makgolokgolo a dingwaga pele ga moo, batlhalefi ba Bagerika ba ne ba fitlhetse go le thata go dumela ditlhamane tse di kaga medimo le medimogadi—tse di buang ka mekaloba le madimona a mainane a bone a Segerika. Ba ne ba simolola go tlhalosa ditlhamane tseo ka tsela e ntšha. Mokanoki mongwe wa hisitori e bong James Drummond o ne a bua jaana ka mokgwa ono wa go tlhalosa dilo: “Mofilosofi o ne a simolola ka go batla bokao jo bo fitlhegileng jwa ditlhamane tsa bogologolo, a bo a swetsa ka gore bakwadi ba ditlhamane tseno tse di se nang tlhaloganyo ba ne ba batla go dirisa mafoko a mantle go tlhagisa boammaaruri jo ba tsayang gore bo ruta batho sengwe.” Mokgwa ono o bidiwa phuthololo ya ditlhamane mme Philo o ne a leka go tlhalosa Dikwalo a dirisa one mokgwa ono.

Ka sekai, akanya ka Genesise 3:22 mo thanolong ya Septuagint ya ga Bagster, e e reng: “Morena Modimo o ne a direla Adame le mosadi wa gagwe diaparo tsa letlalo, mme a ba apesa.” Bagerika ba ne ba akanya gore Modimo Mogodimodimo o ne a na le maemo a a kwa godimo thata mo a ka se kang a dira tiro e e ntseng jalo. Ka jalo Philo o ne a akanya gore temana eo e ne e na le bokao bongwe jwa tshwantshetso a bo a re: “Seaparo sa letlalo se tshwantshetsa letlalo la tlholego, ke gore, mmele wa rona; ka gonne  fa Modimo a simolola go dira setshedi se se botlhale, o ne a se bitsa Adame; morago ga moo o ne a bopa selo se a neng a se bitsa Botshelo. Kwa bofelong o ne a bopa mmele, mme a o bitsa ka mafoko a tshwantshetso gore ke seaparo sa matlalo.” Ka jalo, Philo o ne a leka go tsaya tiro e Modimo a e dirileng ya go apesa Adame le Efa e le ntlha ya filosofi e e tlhokang go akanyediwa.

Akanya gape le ka Genesise 2:10-14, e e tlhalosang motswedi wa metsi a tshimo ya Edene le go umaka dinoka tse nnè tse di neng di elela go tswa mo tshimong eo. Philo o ne a leka go bona bokao jo bo fitlhegileng jwa mafoko a a tlhalosang tshimo eo. Fa a sena go bua ka naga ka boyone, o ne a re: “Gongwe le temana eno e na le bokao jwa tshwantshetso; ka gonne dinoka tse nnè di emela dinonofo tse nnè.” O ne a fopholetsa gore noka ya Pishone e ne e emela botlhale, noka ya Gihone e emela bomasisi, noka ya Tigris e emela nonofo, fa noka ya Euferatese yone e emela tshiamo. Ka jalo mo go bone, seno se raya gore mafelo a mmatota jaanong a tseelwa sebaka ke mafelo a tshwantshetso.

Philo o ne a dirisa tshwantshetso go tlhalosa dintlha tse di buang ka popo, ka pego ya fa Kaine a bolaya Abele, ka Morwalela wa motlha wa ga Noa, ka go tlhakatlhakanngwa ga dipuo kwa Babele le ka melaometheo e mentsi ya Molao wa ga Moshe. Jaaka sekai se se mo serapeng se se fetileng se bontsha, gantsi o ne a tsaya temana ya Baebele fela jaaka e ntse a bo a tlhalosa gore e tshwantshetsa eng ka mafoko a a tshwanang le ano: “Gongwe re tlhoka go leba dilo tse go buiwang  ka tsone fano e le tsa tshwantshetso.” Mo mekwalong ya ga Philo, o ne a tlhalosa dilo tse dintsi ka tsela ya tshwantshetso mme ka maswabi a itlhokomolosa bokao jwa mmatota jwa Dikwalo.

Modimo ke Mang?

Philo o ne a dirisa setshwantsho sengwe se se maatla go supa gore Modimo o teng. Fa a sena go tlhalosa lefatshe, dinoka, dipolanete le dinaledi, o ne a konela ka go re: “Lefatshe ke selo se se dirilweng ka botswerere go feta dilo tsotlhe tse dingwe, e kete le bopilwe ke mongwe yo o neng a le setswerere e bile a itse sengwe le sengwe. Ke sone se se ileng sa dira gore re dumele gore Modimo o teng.” Mabaka ano a ne a utlwala tota.—Baroma 1:20.

Mme fa Philo a ne a tlhalosa gore Modimo Mothatayotlhe o ntse jang, o ne a fapoga thata mo boammaaruring. Philo o ne a re Modimo “ga a na dinonofo tse di tlhomologileng” le gore Modimo “ga a tlhaloganyesege.” Philo o ne a sa kgothaletse batho go ithuta ka Modimo, a re “e tla bo e le boeleele fa motho a leka go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo, a leka go itse dinonofo tse di tlhomologileng tsa gagwe.” Go akanya jalo go ne go sa tswe mo Baebeleng, mme go ne go tswa mo mofilosofing wa moheitane e bong Plato.

Philo o ne a re go thata jaana go tlhaloganya gore Modimo o ntse jang mo e leng gore ga go kgonege le go mmitsa ka leina. Philo o ne a re: “Ka jalo, go ne go utlwala tota gore ene yo e leng Modimo yo o tshelang a se ka a kgona go newa leina la mmatota.” Seno ga se boammaaruri gotlhelele!

Baebele e bontsha kwantle ga pelaelo gore Modimo o na le leina. Pesalema 83:18 ya re: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Isaia 42:8 e bua ka Modimo e re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” Ke ka ntlha yang fa Philo, Mojuda yo o neng a itse ditemana tseno tsa Baebele sentle, a ne a ruta gore Modimo ga a na leina? Ka gonne o ne a sa tlhalose Modimo wa mmatota wa Baebele, mme a tlhalosa modimo wa filosofi ya Segerika, yo o se nang leina e bile a sa kgone go atamelwa.

Moya (Soul) ke Eng?

Philo o ne ruta gore moya le mmele ke dilo tse pedi tse di farologaneng. A re motho “o na le mmele le moya.” A moya (soul) o kgona go swa? Ela tlhoko tlhaloso ya ga Philo: “Fa re tshela, mmele wa rona o a tshela mme moya one o sule e bile o fitlhilwe mo mmeleng wa rona, e kete mo lebitleng. Mme gone fa o [mmele] swa, moya one jaanong o tshela botshelo jo o tshwanetseng go bo tshela, o gololwa mo bosuleng le mo mmeleng o o suleng o moya o golegilweng mo go one.” Mo go Philo, go swa ga moya e ne e le ga tshwantshetso fela. Mo go ene moya ga o swe.

Le fa go ntse jalo, Baebele yone e ruta eng ka moya? Genesise 2:7 ya re: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme motho a nna moya o o tshelang.” Go ya ka Baebele, motho ga a na moya (soul); go na le moo, motho ke moya (soul).

Gape Baebele e ruta gore moya (soul) o a swa. Esekiele 18:4 ya re: “Moya o o leofang—go tla swa one.” Go ya ka ditemana tseno, re kgona go dira tshwetso e e siameng: Motho ke moya (soul). Ka jalo, fa motho a swa, go swa moya (soul).—Genesise 19:19. *

Fa Philo a sena go swa, Bajuda ba ne ba mo itlhokomolosa. Le fa go ntse jalo, batho ba ditumelo tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete ba ne ba simolola go dumela dithuto tsa gagwe. Eusebius le baeteledipele ba bangwe ba kereke ba ne ba dumela gore Philo o ne a fetogile Mokeresete. Jerome o ne a mo umaka e le mongwe wa Borara ba Kereke. Go na le gore e nne Bajuda ba ba neng ba boloka mekwalo ya ga Philo, Bakeresete ba batlhanogi ke bone ba ba neng ba dira jalo.

Mekwalo ya ga Philo e ne ya dira gore go nne le diphetogo mo go tsa bodumedi. Tlhotlheletso ya gagwe e ne ya dira gore Bakeresete ba ba tlwaelegileng ba dumele dithuto tse e seng tsa Dikwalo tsa gore moya ga o swe. Mme le thuto ya ga  Philo malebana le Logos (kana Lefoko) e ne ya dira gore go simolole Tharonngwe, e leng thuto e e seng ya Baebele e e dumelwang ke Bakeresete ba batlhanogi.

Lo se Ka Lwa Tsiediwa

Fa Philo a ne a ithuta Dikwalo Tsa Sehebera, o ne a tlhomamisa gore ga a “tlogele go tlhalosa bokao bope jwa tshwantshetso jo bo ka tswang bo fitlhegile mo mafokong a a tlwaelegileng.” Le fa go ntse jalo, mo go Duteronome 4:2, Moshe o ne a bua jaana malebana le Molao wa Modimo: “Lo se ka lwa oketsa lefoko le ke le lo laolelang, le gone lo se ka lwa tlosa sepe mo go lone, gore lo boloke ditaelo tsa ga Jehofa Modimo wa lona tse ke di lo laolelang.” Le fa gone Philo a ne a na le maitlhomo a a siameng, o ne a fopholetsa dilo di le dintsi, mme seno se ne sa dira gore kaelo e e tlhamaletseng ya Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo e se ka ya bonala sentle.

Moaposetoloi Petere o ne a re: “E ne e se ka go latela dipolelo tsa maaka tse di logetsweng maano ka boferefere go bo re ne ra lo tlwaelanya le maatla le go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete.” (2 Petere 1:16) Go farologana le mekwalo ya ga Philo, kaelo e Petere a neng a e naya phuthego ya bogologolo ya Bokeresete e ne e theilwe mo boammaaruring e bile e kaelwa ke moya wa Modimo, “moya wa boammaaruri,” o o neng o ba kaela mo boammaaruring jotlhe.—Johane 16:13.

Fa e le gore o rata go obamela Modimo wa Baebele, o tlhoka kaelo ya boammaaruri, e seng ditlhaloso tse di theilweng mo dikgopolong tsa batho. O tlhoka kitso ya boammaaruri kaga Jehofa le thato ya gagwe, mme o tlhoka go nna boikokobetso gore o nne moithuti yo o tlhoafetseng. Fa o ithuta Baebele o na le nonofo eo e e molemo, o tla kgona go itse “mekwalo e e boitshepo . . . e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko ka tumelo e e ka ga Keresete Jesu.” O tla bona gore Lefoko la Modimo le ka dira gore o nne o “tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 Timotheo 3:15-17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 The Jewish Encyclopedia ya 1910 e bua jaana ka moya (soul): “Tumelo ya gore moya (soul) o tswelela go tshela fa mmele o sena go bola ke selo se se fopholediwang ke bafilosofi, ga se tumelo ya motheo, mme ka jalo ga go na koo e rutwang gone mo Dikwalong Tse di Boitshepo.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

MOTSE WA GAABO PHILO

Philo o ne a nna kwa Alekesanderia wa kwa Egepeto e bile o ne a bereka teng. Ka makgolo a dingwaga motse oo e ne e le motsemogolo wa dibuka tsa lefatshe le koo bakanoki ba neng ba kopana gone go tshwara metlotlo ya bone.

Baithuti ba ne ba rutiwa ke bakanoki ba ba itsegeng thata ba ba neng ba ruta mo motseng oo. Laeborari ya kwa Alekesanderia e ne ya nna e e itsegeng mo lefatsheng lotlhe. E ne e na le dibuka di le makgolo a a diketekete e re ka batlhokomedi ba dilaeborari ba ne ba batla go nna le dikhopi tsa mokwalo mongwe le mongwe.

Moragonyana, batho ba ne ba tlogela go kgatlhegela dibuka tse dintsi tsa laeborari ya kwa Alekesanderia. Babusi ba Roma ba ne ba simolola go leba motse wa bone wa Roma e le one o o botlhokwa, mme boremelelo jwa setso bo ne jwa fudugela kwa Yuropa. Go wa ga Alekesanderia go ne ga bonala thata mo lekgolong la bosupa C.E. fa batho ba ba neng ba tlhasela motse oo ba ne ba o gapa. Le e leng gompieno bakwadi ba hisitori ba sa ntse ba lelela go senngwa ga laeborari eo e e tumileng, mme bangwe ba bone ba dumela gore tlhabologo e ne ya busediwa kwa morago ka dingwaga tse 1 000.

[Motswedi wa Setshwantsho]

L. Chapons/Illustrirte Familien-Bibel nach der deutschen Uebersetzung Dr. Martin Luthers

[Lebokoso mo go tsebe 12]

GO TLHALOSA DILO KA MOKGWA WA TSHWANTSHETSO GOMPIENO

Gantsi go dirisa puo ya tshwantshetso ke “go dirisa ditlhamane go tlhalosa dilo tse batho ba di dirang kana go tlhalosa go nna teng ga bone.” Go bolelwa gore mekwalo e e dirisang puo ya tshwantshetso e na le dilo tse dintsi tse di botlhokwa thata tse di fitlhegileng. Fela jaaka Philo wa kwa Alekesanderia, baruti ba le bantsi ba bodumedi gompieno ba dirisa puo ya tshwantshetso go tlhalosa Baebele.

Akanya ka dikgaolo 1-11 tsa Genesise 1-11, tse mo go tsone go buiwang ka go bopiwa ga batho go ya go fitlha ka go phatlalatswa ga bone kwa toreng ya Babele. Thanolo ya Baebele ya Katoliki ya The New American Bible e bua jaana ka dikgaolo tseo tsa Baebele: “Go dira gore Baiseraele ba ba neng ba tshwanetse go boloka boammaaruri jo bo mo dikgaolong tseo ba tlhaloganye boammaaruri jono, boammaaruri joo bo ne bo tshwanetse go tlhalosiwa go dirisiwa dilo tse batho ba motlha oo ba neng ba di tlhaloganya. Ka ntlha ya seno, boammaaruri bo tshwanetse go farologanngwa thata le mafoko fela a a sa reyeng sepe.” Go raya gore, dikgaolo 1-11 tsa Genesise 1-11 di ne di sa tshwanelwa go tsewa fela jaaka di ntse. Go na le moo, fela jaaka diaparo di fitlha mmele, le mafoko ao a na le tlhaloso e e fitlhegileng.

Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ruta gore dikgaolo tseo tsa ntlhantlha tsa Genesise di ne di ntse fela jaaka di ntse. (Mathaio 19:4-6; 24:37-39) Moaposetoloi Paulo le Petere le bone ba ne ba dira jalo. (Ditiro 17:24-26; 2 Petere 2:5; 3:6, 7) Baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele ga ba dumele ditlhaloso tse di sa dumalaneng le Lefoko lotlhe la Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ntlo e kgolo ya dipone tse di kaelang dikepe kwa Alekesanderia

[Motswedi wa Setshwantsho]

Archives Charmet/Bridgeman Art Library