Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Bolokwa ka Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang, e Seng ka Ditiro Fela

Re Bolokwa ka Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang, e Seng ka Ditiro Fela

 Re Bolokwa ka Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang, e Seng ka Ditiro Fela

“Lo bolokilwe ka tumelo . . . Ga se ka ntlha ya ditiro, gore go se ka ga nna le motho ope yo o nnang le lebaka la go ipelafatsa.”—BAEFESO 2:8, 9.

1. Bakeresete ba farologana jang le batho ka kakaretso malebana le dilo tse ba di dirileng, mme ka ntlha yang?

GOMPIENO batho ba le bantsi ba motlotlo ka dilo tse ba di dirileng, mme gantsi ba ikgantsha ka tsone. Bakeresete ga ba a nna jalo. Ga ba bue thata ka dilo tse ba di fitlheletseng, tota le fa e le dilo tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri. Le fa ba ipelela dilo tse batho ba ga Jehofa ba di dirang e le setlhopha, ga ba tlotlomatse se bone ka bobone ba se dirileng. Ba lemoga gore mo tirelong ya ga Jehofa, maitlhomo a a siameng a botlhokwa go feta dilo tse motho a di dirang ka boene. Mongwe le mongwe yo kgabagare a nnang le mpho ya botshelo jo bo sa khutleng, o tla bo a e bone, e seng ka ntlha ya dilo tse a di fitlheletseng ka boene, mme ka tumelo le ka bopelonomi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang.—Luke 17:10; Johane 3:16.

2, 3. Paulo o ne a ikgantsha ka eng, mme ka ntlha yang?

2 Moaposetoloi Paulo o ne a itse ntlha eno sentle. Fa a sena go rapela gararo gore a ntshiwe “mutlwa mo nameng,” Jehofa o ne a mo araba jaana: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng.” Paulo o ne a bolela jaana a  amogela tshwetso ya ga Jehofa ka boikokobetso: “Jalo, ke ka mpa ka ipelafatsa ka makoa a me ka go itumela thata, gore maatla a ga Keresete a tle a nnele ruri mo go nna jaaka mogope.” Re tshwanetse ra batla go etsa boikokobetso jwa ga Paulo.—2 Bakorintha 12:7-9.

3 Le fa Paulo a ne a dira ditiro tsa Bokeresete ka tsela e e tlhomologileng, o ne a lemoga gore dilo tse a neng a di dira e ne e se ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe. O ne a bolela jaana ka boingotlo: “Nna, motho yo o kwa tlase ga yo mmotlana thata mo baitsheping botlhe, ke ne ka newa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jono, gore ke tle ke bolelele ditšhaba dikgang tse di molemo ka ga dikhumo tse di ka se kang tsa tlhaloganngwa tsa ga Keresete.” (Baefeso 3:8) Mafoko ano a bontsha gore o ne a sa ikgantshe e bile a se mabela ka go ipona e kete o siame thata go feta batho ba bangwe. “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang.” (Jakobe 4:6; 1 Petere 5:5) A re latela sekao sa ga Paulo, re ipona ka boikokobetso re le kwa tlase ga yo mmotlana thata wa bakaulengwe ba rona?

‘Go Tsaya ba Bangwe ba le Kwa Godimo ga Rona’

4. Ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe re fitlhela go le thata go tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga rona?

4 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Lo [se] dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.” (Bafilipi 2:3) Seno e ka nna bothata bogolo jang fa re na le maikarabelo a a rileng. Gongwe bothata bo bakwa ke gore re tlhotlheleditswe ka tsela nngwe ke moya wa kgaisano o o anameng thata mo lefatsheng gompieno. E ka tswa e le gore fa re ne re le bana re ne re rutiwa go gaisana, gongwe le bana ba mo lwapeng kgotsa le balekane ba rona kwa sekolong. Gongwe ka metlha re ne re kgothalediwa gore re leke go fitlhelela maemo a go nna mmampodi wa mabelo mo sekolong, kgotsa moithuti yo o ba gaisang botlhe. Gone ke boammaaruri gore go molemo gore re dire bojotlhe mo ditirong dipe fela tse di siameng. Le fa go ntse jalo, fa Bakeresete ba dira jalo, e a bo e se gore ba bonwe, mme e a bo e le gore ba solegelwe molemo ka botlalo ke se ba se dirang, gongwe le gore ba thuse le ba bangwe. Le fa go ntse jalo, go ka nna kotsi gore motho a batle gore nako le nako a bo a ntse a le kwa pele. Ka ntlha yang?

5. Fa motho a sa ikele tlhoko, moya wa kgaisano o ka felela ka eng?

5 Fa motho a sa ikele tlhoko, moya wa kgaisano kgotsa wa go ipatla kwa pele o ka dira gore a felelwe ke tlotlo kgotsa a ikgodise. A ka nna a tswela bokgoni jwa batho ba bangwe le ditshiamelo tsa bone pelo. Diane 28:22 ya re: “Motho yo o leitlho le tswelang dilo pelo o itlhaganelela dilo tse di tlhwatlhwakgolo, mme ga a itse gore o tla tlelwa ke letlhoko.” A ka nna a ba a ipagololela mogodu a batla maemo a a sa mo lebanang. A ka nna a buelela tsela e a itshwarang ka yone ka go simolola go ngongorega le go tshwaya ba bangwe diphoso—mekgwa e Bakeresete ba tshwanetseng go e tila. (Jakobe 3:14-16) Le fa go ntse jalo, o mo kotsing ya gore a ka nna le moya wa boithati.

6. Baebele e tlhagisa jang ka moya wa kgaisano?

6 Ka jalo, Baebele e rotloetsa Bakeresete jaana: “A re se ikgogomoseng, re gaisana, re fufegelana.”  (Bagalatia 5:26) Moaposetoloi Johane o ne a bua ka Mokeresete ka ene yo go lebegang a ne a simolola go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo. Johane o ne a re: “Ke ne ka kwalela phuthego sengwe, mme Dioterefese, yo o ratang go nna le maemo a ntlha mo gare ga bone, ga a amogele sepe mo go rona ka tlotlo. Ke gone ka moo e tla reng fa ke tla, ke tla dirang gore go gakologelwe ditiro tsa gagwe tse a tswelelang a di dira, a balabala ka rona ka mafoko a boikepo.” A bo e le seemo se se hutsafatsang jang ne gore Mokeresete a wele mo go sone!—3 Johane 9, 10.

7. Mokeresete o tla tila eng mo ditirong tsa gompieno tse di tletseng moya wa kgaisano?

7 Gone ke boammaaruri gore go tla bo go sa utlwale go tsaya gore Mokeresete a ka tila ditiro tsa kgaisano gotlhelele. Ka sekai, mo tirong ya gagwe ya boitshediso, go ka tswa go gaisanwa le ba bangwe kgotsa le dikgwebo tse dingwe tse di dirang dilwana tse di tshwanang kgotsa tse di dirang ditirelo tse di tshwanang. Le fa go ntse jalo, tota le mo maemong a a ntseng jalo, Mokeresete o tla batla go dira kgwebo ya gagwe ka moya wa tlotlo, lorato le go akanyetsa ba bangwe. A ka se ka a latela mekgwa e e seng kafa molaong kgotsa e e seng ya Bokeresete mme o tla tila go itsege e le motho yo o ratang go gaisana le ba bangwe go sa kgathalesege ditlamorago. A ka se akanye gore go nna wa pele—e ka tswa e le mo go eng fela—ke gone go leng botlhokwa go feta dilo tsotlhe mo botshelong. E re ka Mokeresete a tshwanetse go bontsha boikutlo jo bo ntseng jalo mo dilong tse e seng tsa semoya, a bo a tshwanetse go bo bontsha bogolo jang mo dilong tse di amang kobamelo!

‘Go se Ipapise le Motho yo Mongwe’

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa go se na lebaka lepe la gore bagolwane ba Bakeresete ba gaisane? (b) Ke ka ntlha yang fa 1 Petere 4:10 e dira mo batlhankeng botlhe ba Modimo?

8 Boikutlo jo Bakeresete ba tshwanetseng ba nna le jone mo kobamelong ya bone bo tlhalosiwa mo mafokong ano a a tlhotlheleditsweng: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.” (Bagalatia 6:4) E re ka bagolwane mo phuthegong ba itse gore ga ba gaisane, ba dirisana mmogo e bile ba bereka mmogo e le setlhopha. Ba ipelela seabe se mongwe le mongwe a nang le sone go thusa gore dilo tsotlhe di tsamaye sentle mo phuthegong. Ka jalo ba tila kgaisano e e senyang mme ba tlhomela phuthego sekao se se molemo sa go nna le kutlwano.

9 Ka ntlha ya dingwaga tsa bone, maitemogelo kgotsa bokgoni fela jwa tlholego, bagolwane ba bangwe ba ka tswa ba kgona dilo dingwe go feta ba bangwe, kgotsa ba ka tswa ba na le temogo e e fetang ya ba bangwe. Ka ntlha ya seo, bagolwane ba na le maikarabelo a a farologaneng mo phuthegong ya ga Jehofa. Mo boemong jwa go ipapisa le ba bangwe, ba nna ba gopotse kgakololo eno: “Go ya ka selekanyo se mongwe le mongwe a amogetseng mpho ka sone, e diriseng mo go direlaneng jaaka balebedi ba ba molemo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tse di farologaneng.” (1 Petere 4:10) Tota temana eno e dira mo batlhankeng botlhe ba ga Jehofa, ka gonne botlhe ba  amogetse selekanyo se se rileng sa mpho ya kitso ya boammaaruri mme botlhe ba na le tshiamelo ya go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete.

10. Ke jang fela tirelo ya rona e e boitshepo e ka amogelegang mo go Jehofa?

10 Tirelo ya rona e e boitshepo e itumedisa Jehofa fa fela e dirwa ka lorato le boineelo, e seng ka gonne re batla go itlotlomatsa mo go ba bangwe. Ka jalo, go botlhokwa go nna le pono e e siameng ka tiro ya rona e re e dirang go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri. Le fa go se na ope yo o ka kgonang go bona sentle gore motho yo mongwe o na le maitlhomo afe, Jehofa ‘o tlhatlhoba dipelo.’ (Diane 24:12; 1 Samuele 16:7) Ka jalo, re tshwanetse ra ipotsa jaana gangwe le gape, ‘Ke dira ditiro tsa tumelo ka maitlhomo afe?’—Pesalema 24:3, 4; Mathaio 5:8.

Go Leba Tiro ya Rona ka Tsela e e Tshwanetseng

11. Ke dipotso dife malebana le bodiredi jwa rona tse go utlwalang gore re di sekaseke?

11 Fa e le gore maitlhomo a botlhokwa go gaisa sengwe le sengwe gore re amogelwe ke Jehofa, re tshwanetse go amega go le kana kang ka ditiro tsa rona tsa tumelo? Fa fela re dira bodiredi jwa rona ka boitlhomo jo bo siameng, a tota go botlhokwa go nna le rekoto ya gore re dirang kgotsa re dira go le kana kang? Tseno ke dipotso tse di utlwalang ka gonne ga re batle go tsaya dipalo di le botlhokwa go feta ditiro tsa tumelo kgotsa go dira gore go nna le pego e ntle e nne gone ga botlhokwa thata mo tirong ya rona ya Bokeresete.

12, 13. (a) Mangwe a mabaka a go bo re boloka rekoto ya pego ya tirelo ya rona ya tshimo ke afe? (b) Ke dilo dife tse di re ipedisang fa re leba pego ya lefatshe lotlhe ya tiro ya go rera?

12 Ela tlhoko se buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa e se bolelang: “Barutwa ba pele ba ga Jesu Keresete ba ne ba kgatlhegela dipego tse di kaga kgatelopele mo tirong ya go rera. (Mareko 6:30) Buka ya Baebele ya Ditiro e re bolelela gore go ne go na le batho ba ka nna 120 ba ba neng ba le gone fa moya o o boitshepo o tshololelwa mo barutweng ka Pentekosete. Go ise go ye kae palo ya barutwa e ne ya tlhatlogela go 3 000 mme go tswa foo ba nna 5 000. . . . (Ditiro 1:15; 2:5-11, 41, 47; 4:4; 6:7) Dikgang tseno tse di malebana le koketsego e e neng ya nna gone di tshwanetse tsa bo di ile tsa kgothatsa barutwa tota!” Ka ntlha ya lone lebaka leo, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba leka go boloka direkoto tse di tlhomameng ka se se dirwang mo lefatsheng lotlhe go dumalana le mafoko ano a ga Jesu: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e  nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Dipego tse di ntseng jalo di bontsha se tota se dirwang mo tshimong lefatshe lotlhe. Di bontsha kwa go tlhokegang thuso teng le gore go tlhokega dibuka dife le gone di le kae gore tiro ya go rera e tswelele pele.

13 Ka jalo, go bega tiro ya rona ya go rera go re thusa go dira thomo ya rona ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka botlalo. Mo godimo ga moo, a ga re kgothadiwe ke go utlwa ka tiro e bakaulengwe ba rona ba e dirang mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe? Fa re utlwa pego ya gore tiro e a gola e bile e a ata mo lefatsheng lotlhe, re tlala boipelo, re batla go dira mo gontsi le go feta pele e bile re tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa. Mme a bo go kgotsofatsa jang ne go itse gore pego ya se rona re se dirileng le yone e teng mo pegong ya lefatshe lotlhe! Pego ya rona e potlana fa e bapisiwa le palogotlhe, mme Jehofa o e ela tlhoko. (Mareko 12:42, 43) Gakologelwa, fa pego ya gago e ka bo e seyo, pego ya lefatshe lotlhe e ka bo e sa felela.

14. Kwantle ga go rera le go ruta, ke eng gape se se akarediwang mo kobamelong ya rona go Jehofa?

14 Gone ke boammaaruri, bontsi jwa dilo tse Mosupi mongwe le mongwe a di dirang mo boikarabelong jwa gagwe jwa go nna motlhanka wa ga Jehofa yo o ineetseng ga di bonale mo pegong ya gagwe. Ka sekai, motho ga a bege thuto ya fa a ithuta Baebele a le esi ka metlha, go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo go tsone, go dira ditiro tsa phuthego, go thusa badumedi ka ene kafa go tlhokegang ka teng, go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Bogosi ka madi, le tse dingwe fela jalo. Ka jalo, le fa gone pego ya rona ya tirelo ya tshimo e na le seabe sa botlhokwa e bile e re thusa go nna re tlhagafetse mo tirong ya go rera le gore re se ka ra kgobega marapo, re tshwanetse go e leba ka tsela e e tshwanetseng. Ga re a tshwanela go akanya gore pego eno ke setlankana sa semoya, gore ke yone e tla dirang gore re tshwanelegele go bona botshelo jo bo sa khutleng.

‘Go Tlhoafalela Ditiro Tse di Molemo’

15. Le fa ditiro ka botsone fela di ka se ka tsa re boloka, ke ka ntlha yang fa di tlhokega?

15 Go bonala sentle gore, le fa ditiro ka botsone fela di ka se ka tsa re boloka, mme di a tlhokega. Ke sone se Bakeresete ba bidiwang “setlhopha sa batho ba ka tsela e e kgethegileng e leng ba gagwe” e bile ba kgothalediwa gore ba ‘akanyetsane gore ba tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ (Tito 2:14; Bahebera 10:24) Mokwadi yo mongwe wa Baebele e bong Jakobe o e baya ka tlhamalalo le go feta, a re: “Jaaka mmele kwantle ga moya o sule, jalo le tumelo kwantle ga ditiro e sule.”—Jakobe 2:26.

16. Ke eng se se botlhokwa go feta ditiro, mme re tshwanetse ra itlhokomela mo go eng?

16 Le fa ditiro tse di molemo di ka nna botlhokwa, maitlhomo a go di dira a botlhokwa le go feta. Ka jalo go molemo gore gangwe le gape re sekaseke maitlhomo a rona. Le fa go ntse jalo, e re ka go se motho yo o ka itseng sentle gore maitlhomo a motho yo mongwe ke afe, re tshwanetse gore re itlhokomele re se ka ra iphitlhela re atlhola ba bangwe. Re bodiwa jaana: “Wena o mang o atlholang motlhanka wa ntlo wa motho yo mongwe?” Mme karabo e e tlhamaletseng ke eno: “Go ema ga gagwe le go wa ke ga mong wa gagwe.” (Baroma 14:4) Jehofa, Mong wa botlhe,  le Moatlhodi wa gagwe yo a mo tlhomileng, Keresete Jesu, o tla re atlhola, e seng ka ditiro tsa rona fela mme le ka maitlhomo a rona, ditshono tse di re bulegetseng, lorato lwa rona le boineelo jwa rona. Jehofa le Keresete Jesu ke bone fela ba ba ka atlholang sentle gore a re dirile se Bakeresete ba gakololwang gore ba se dire, jaaka moaposetoloi Paulo a bolela: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.”—2 Timotheo 2:15; 2 Petere 1:10; 3:14.

17. Fa re ntse re leka go dira bojotlhe jwa rona, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re gopotse Jakobe 3:17?

17 Jehofa ga a lebelele gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona. Go ya ka Jakobe 3:17, gareng ga tse dingwe, “botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . bo tekatekano.” A go tla bo go se botlhale go etsa Jehofa mo ntlheng eno, e bile go bontsha gore re fitlheletse sengwe sa botlhokwa? Ka jalo, ga re a tshwanela go lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona, e bile ga re a tshwanela go lebelela seo mo bakaulengweng ba rona.

18. Re ka lebelela pele kwa go eng fa re leba ka tsela e e tshwanetseng ditiro tsa rona le bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang?

18 Fa fela re leba ka tsela e e tshwanetseng ditiro tsa rona tsa tumelo le bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang, re tla nna re na le boipelo jo bo tlhaolang batlhanka ba ga Jehofa ba boammaaruri. (Isaia 65:13, 14) Re ka ipelela masego a Jehofa a a tshololelang batho ba gagwe jaaka setlhopha, go sa kgathalesege gore rona ka borona re kgona go dira go le kana kang. Fa re tswelela pele ka “thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo,” re tla kopa Modimo gore a re thuse re dire sotlhe se re ka se kgonang. Go tswa foo, kwantle ga pelaelo, “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa [rona] le maatla a [rona] a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:4-7) Ee, re ka gomodiwa le go kgothadiwa ke go itse gore re ka bolokiwa, e seng ka ditiro fela, mme le ka bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang!

Ke ka Ntlha Yang fa Bakeresete . . .

• ba sa ikgantshe ka dilo tse mongwe le mongwe wa bone a di dirileng?

• ba sa gaisane?

• ba bega tiro ya bone ya Bokeresete ya bodiredi jwa tshimo?

• ba sa atlhole Bakeresete ka bone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

“Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane”

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Bagolwane ba ipelela seabe se mongwe le mongwe wa bone a nang le sone go thusa gore dilo tsotlhe di tsamaye sentle mo phuthegong

[Ditshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Fa pego ya gago e ka bo e seyo, pego ya lefatshe lotlhe e ka bo e sa felela