Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itumelela ‘Botshelo Jwa Gone Jaanong’ ka Botlalo!

Go Itumelela ‘Botshelo Jwa Gone Jaanong’ ka Botlalo!

 Kgang ya Botshelo

Go Itumelela ‘Botshelo Jwa Gone Jaanong’ ka Botlalo!

JAAKA GO BOLETSE TED BUCKINGHAM

Ke ne ke le modiredi wa nako e e tletseng ka dingwaga di le thataro e bile ke nyetse dikgwedi tse thataro fa ke ne ke tsenwa ka tshoganyetso ke bolwetse jwa pholio. E ne e le ka 1950, mme ke ne ke le dingwaga tse 24 fela. Fa ke ne ke le kwa bookelong ka dikgwedi tse robonngwe, ke ne ka akanya thata ka botshelo jwa me. E re ka jaana ke ne ke golafetse, isagwe ya me le ya mosadi wa me e bong, Joyce, e ne e tlile go nna jang?

KA 1938, rre yo e neng e se motho yo o neng a rata bodumedi, o ne a amogela buka ya Government. * Dikhuduego tsa sepolotiki le ntwa e go neng go bonala sentle gore e tlile go runya gongwe ke tsone tse di neng tsa mo tlhotlheletsa go amogela buka eno. Go ya kafa ke itseng ka teng, o ne a se ka a e bala, mme mmè yo o ratang bodumedi ene o ne a e bala. O ne a tsibogela molaetsa wa yone ka bonako. O ne a tlogela Kereke ya Engelane, mme le fa a ne a ganediwa ke rre, o ne a nna Mosupi yo o ikanyegang wa ga Jehofa go fitlha a tlhokafala ka 1990.

Mmè o ne a tsamaya le nna kwa pokanong ya me ya ntlha ya Bokeresete kwa Holong ya Bogosi kwa Epsom, kwa borwa jwa Lontone. Phuthego e ne e kopanela mo lefelong le pele e neng e le lebenkele, mme re ne ra reetsa puo e e gatisitsweng ya ga J. F. Rutherford, yo o neng a okametse tiro ya Basupi ba ga Jehofa ka nako eo. E ne ya nkama fela thata.

Go thunya thata ga dibomo ka nako ya fa difofane tsa ntwa di ne di tlhasetse kwa Lontone go ne ga dira gore maemo a nne kotsi le go feta. Ka jalo ka 1940 rre o ne a swetsa ka gore a fudusetse lelapa kwa lefelong le le babalesegileng—Maidenhead, torotswana nngwe e e dikilometara di le 45 kwa bophirima jwa Lontone. Seno se ne se le molemo, e re ka maloko a le 30 a phuthego ya koo a ne a re  kgothatsa tota. Fred Smith, Mokeresete yo o nonofileng yo o kolobeditsweng ka 1917, o ne a ntlhokomela mme a nthapisa go nna moreri yo o setswerere. Ke sa ntse ke mo leboga thata ka ntlha ya sekao sa gagwe le thuso e e lorato.

Go Tsenela Tirelo ya Nako e e Tletseng

Ka 1941, ke le dingwaga tse 15, ke ne ka kolobediwa kwa nokeng ya Thames ka letsatsi le le tsididi la March. Ka nako eo, nkgonne e bong Jim, o ne a ikwadiseditse go nna moreri wa nako e e tletseng. Gompieno, ene le mosadi wa gagwe, Madge, ba nna kwa Birmingham, morago ga go fetsa botshelo jwa bone jotlhe mo tirelong ya ga Jehofa mo tirong ya go potologa le ya kgaolo go ralala Boritane. Kgaitsadiake, Robina le monna wa gagwe, Frank, e sa ntse e le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.

Ke ne ke le akhaontente ya lebenkele le le dirang diaparo. Letsatsi lengwe motsamaisimogolo o ne a mpiletsa kwa ofising ya gagwe mme a mpolelela gore o batla go nnaya tiro ya maemo a a kwa godimo ya go rekela feme dilo tse e di tlhokang. Le fa go ntse jalo, ke ne ke feditse lobakanyana ke akanya go latela sekao sa ga morwarre, ka jalo ke ne ka gana ka boikokobetso tiro eo e mothapi wa me a neng a nnaya yone, ke mo tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa ke sa e amogele. Ke ne ka gakgamala fa a ne a nkakgolela go bo ke batla go tswelela ka tiro eo e e botlhokwa ya Bokeresete. Ka jalo morago ga kopano ya kgaolo kwa Northampton ka 1944, ke ne ka nna moreri wa nako e e tletseng.

Kabelo ya me ya ntlha e ne e le kwa Exeter, kwa nageng ya Devon. Ka nako eo motse ono o ne o sa ntse o baakanngwa ka ntlha ya go thuntshiwa ka dibomo ka nako ya ntwa. Ke ne ke nna mo foleteng le babulatsela ba babedi, e bong Frank le Ruth Middleton, ba ba neng ba le pelonomi tota mo go nna. Ke ne ke na le dingwaga tse 18 fela mme ke se na kitso e e kalo ka go tlhatswa le go apaya, mme go ne ga nna botoka fa ke ntse ke ithuta.

Motho yo ke neng ke tsamaya le ene fa ke rera e ne e le Victor Gurd wa dingwaga tse 50, monna wa kwa Ireland yo o sa leng a neela bosupi go simolola ka bo1920. O ne a nthuta go rulaganya nako ya me sentle, go rata thata go bala Baebele, le go lemoga botlhokwa jwa dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele. Ka tsone dingwaga tseo fa ke sa ntse ke gola, sekao se se tlhomameng sa ga Victor se ne sa ntsholegela molemo.

Kgwetlho ya go Boloka Boitlhaodi

Ntwa e ne e tla bokhutlong, mme balaodi ba ne ba sa ntse ba batla gore makawana a tsenele bosole. Ke ne ke tlhagile fa pele ga kgotlatshekelo ka 1943 kwa Maidenhead, koo ke neng ka tlhalosa sentle gore ke se ka ka tsenngwa mo bosoleng jaaka ke le modiredi wa Efangele. Le fa ba ile ba gana boikuelo jwa me, ke ne ka swetsa ka gore ke fudugele kwa Exeter go simolola kabelo ya me. Ka jalo e ne e le kwa Exeter kwa kgabagare ke neng ka kopiwa go tlhagelela fa pele ga kgotlatshekelo ya teng. Fa mmakaseterata a ne a nkatlholela dikgwedi tse thataro tsa go dira tiro e e boima mo kgolegelong, o ne a mpolelela gore o ne a le maswabi ka gonne a sa letlelelwa go nkatlholela lobaka lo loleele. Fa ke sena go fetsa dikgwedi tseo tse thataro, ke ne ka romelwa gape kwa kgolegelong gore ke nne dikgwedi tse di oketsegileng tse nnè.

E re ka e ne e le nna fela Mosupi mo kgolegelong, batlhokomedi ba magolegwa ba ne ba mpitsa Jehofa. Go ne go se monate gore ke arabe fa ke bidiwa ka leina leo mo lenaaneng la maina, mme eleruri e ne ya nna tshiamelo go utlwa leina la Modimo le bidiwa letsatsi le letsatsi! Seno se ne sa dira gore magolegwa a mangwe a itse gore ke ka ntlha ya segakolodi sa me jaaka Mosupi wa ga Jehofa go bo ke tsentswe le bone mo kgolegelong. Kwa morago, Norman Castro o ne a romelwa kwa go yone kgolegelo eo, mme leina la me la fetolwa. Jaanong re ne ra bidiwa Moshe le Arone.

Ke ne ka tlosiwa kwa Exeter go ya kwa Bristol mme kgabagare kwa kgolegelong ya Winchester. Maemo e ne e se a a monate ka dinako tsotlhe mme go se a tseye masisi thata go ne go re thusa. Nna le Norman re ne ra itumelela go keteka Segopotso mmogo fa re le kwa Winchester. Francis Cooke, yo o neng a re etetse kwa kgolegelong, o ne a re neela puo e e kgothatsang ya Segopotso.

 Diphetogo Tsa Morago ga Dingwaga Tsa Ntwa

Kwa kopanong ya Bristol ka 1946, kwa go neng ga gololwa buka ya go ithuta Baebele ya “Let God Be True,” ke ne ka kopana le lekgarebe lengwe le lentle, e bong Joyce Moore, yo o neng a bula tsela kwa Devon. Re ne ra nna ditsala tse dikgolo mme re ne ra nyalana morago ga dingwaga tse nnè kwa Tiverton, kwa ke neng ke le gone fa e sa le ka 1947. Legae la rona e ne e le kamore e re neng re e hirile re e duela boshiling ba le 15 ka beke. E ne e le botshelo jo bo itumedisang!

Ka ngwaga wa rona wa ntlha wa lenyalo, re ne ra fudugela kwa borwa jwa Brixham, toropo e ntle e e gaufi le bogorogelo jwa dikepe kwa tiro e e botswerere ya go tshwara ditlhapi ka lotloa e neng ya simolola teng. Le fa go ntse jalo, re ne re se na lobaka lo loleele gone, fa ke ne ke tshwarwa ke bolwetse jwa pholio ke le mo tseleng ke ya kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Lontone. Ke ne ka nna mo kidibalong e kgolo. Kgabagare ke ne ka ntshiwa mo bookelong—morago ga dikgwedi tse robonngwe, jaaka ke umakile pelenyana. Letsogo la me la moja le maoto a me a mabedi a ne a gobetse thata, jaaka a sa ntse a gobetse le gompieno, mme ke ne ka tshwanelwa ke go dirisa thobane. Mosadi wa me yo o rategang o ne a nna e ntse e le molekane wa me yo o itumetseng ka dinako tsotlhe e bile o ne a nkgothatsa segolobogolo jaaka a ne a kgona go tswelela pele mo bodireding jwa nako e e tletseng. Mme re ne re tla dira eng jaanong? Go ise go ye kae, ke ne ke tla ithuta gore seatla sa ga Jehofa ga se se khutshwane.

Ngwaga o o latelang re ne ra ya kwa kopanong e e kwa Wimbledon, kwa Lontone. Ka nako eno ke ne ke tsamaya ke sa dirise thobane. Fa re le koo, re ne ra kopana le Pryce Hughes yo o neng a okametse tiro kwa Boritane. Ka bonako fela o ne a ntumedisa a bo a nthaya a re: “Re batla o tsene mo tirong ya go potologa!” Seno se ile sa nkgothatsa fela thata! A mme ke ne ke itekanetse sentle mo mmeleng? Nna le Joyce re ne re na le dipelaelo ka seo, mme fa re sena go fetsa beke re ntse re thapisiwa le go ikanya Jehofa ka botlalo, re ne ra ya kwa borwabophirima jwa Engelane, ko ke neng ka abelwa go nna molebedi wa potologo teng. Ka nako eo, ke ne ke le dingwaga tse 25, mme ke sa ntse ke gakologelwa ka kanaanelo e kgolo bopelonomi le bopelotelele jwa Basupi ba ba neng ba nthusa.

Mo dikabelong tsotlhe tsa rona tsa bodiredi, nna le Joyce re ne ra fitlhela gore go etela diphuthego go ne go dira gore re atamalane thata le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete. Re ne re se na koloi, ka jalo re ne re tsamaya ka terena kgotsa ka bese. Le fa ke ne ke sa ntse ke tlwaelana le maemo a go sa kgone go dira se ke neng ke batla  go se dira ka ntlha ya bolwetse jwa me, re ne ra itumelela ditshiamelo tsa rona go fitlha ka 1957. E ne e le botshelo jo bo itumedisang, mme le fa go le jalo, re ne ra lebana le kgwetlho e nngwe gape mo ngwageng oo.

Go Tsenela Tirelo ya Borongwa

Re ne ra itumela tota go amogela taletso ya go ya kwa tlelaseng ya bo30 ya Gileade. Ke ne ke kgona go lepalepana sentle le bokoa jwa me, ka jalo nna le Joyce re ne ra amogela taletso eo ka boitumelo. Go tswa mo maitemogelong, re ne re itse gore Jehofa ka dinako tsotlhe o tla re naya maatla fa re batla go dira thato ya gagwe. Dikgwedi tse tlhano tsa thapiso e e tseneletseng kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, se se kwa lefelong le lentle la South Lansing, New York, U.S.A., di ne tsa feta ka bonako. Baithuti e ne e le segolobogolo banyalani ba ba mo tirong ya go eta. Fa re ne re bodiwa gore a go na le bape ba ba ka ratang go ithaopela go direla kwa tshimong ya borongwa e e kwa dinageng di sele, re ne re le bangwe ba bao ba neng ba ithaopa kwantle ga go etsaetsega. Re ne re tlile go ya kae? Kwa Uganda, Botlhaba jwa Afrika!

E re ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Uganda ka nako eo, ke ne ka gakololwa gore ke nne mo nageng eo mme ke batle tiro. Morago ga loeto lo loleele ka terena le sekepe, re ne ra goroga kwa Kampala, kwa Uganda. Badiredibagolo ba ne ba sa itumelela go re bona mme ba re letla go nna dikgwedi di le mmalwa fela. Morago ga moo re ne ra laelwa gore re tsamaye. Ntlokgolo e ne ya re laela gore re ye kwa Bokone jwa Rhodesia (e gone jaanong e leng Zambia). Fa re le koo, re ne ra itumelela go kopana le baithuti ka rona ba banè ba Gileade—Frank le Carrie Lewis le Hayes le Harriet Hoskins. Go tloga teng, re ne ra abelwa gape moragonyana kwa Borwa jwa Rhodesia (e gone jaanong e leng Zimbabwe).

Re ne re tsamaya ka terena mme ra bona go se kae Victoria Falls e ntle lekgetlho la ntlha pele re goroga kwa Bulawayo. Re ne ra nna go se kae le ba lelapa la ga McLuckie, ba e neng e le bone Basupi ba ntlha go nna koo. Re ne ra nna le tshiamelo ya go ba itse sentle mo dingwageng tse 16 tse di neng tsa latela.

Go Tlwaelana le Diphetogo

Morago ga dibeke tse pedi tsa go thapisiwa gore re tlwaelane le tshimo ya Seafrika, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa kgaolo. Go neela bosupi mo magaeng a a mo dikgweng tsa Afrika go ne go batla gore motho a tsamaye a tshotse metsi, dijo, dilo tsa go robala, diaparo, porojeketara ya difilimi le generator ya motlakase, sekerine se segolo le dilo tse dingwe tse di tlhokegang. Tseno tsotlhe di ne tsa tsenngwa mo loring e e nonofileng go re tsamaisa mo tseleng e e dikhuti.

Ke ne ke bereka le balebedi ba potologo ba Maafrika fa Joyce ene a ne a thusa basadi ba bone le bana ba ba neng ba tsamaya le rona. Go tsamaya mo sekgweng sa Afrika go a lapisa, segolobogolo mo mogoteng wa letsatsi, mme go ise go ye kae ke  ne ka lemoga gore mo tlelaemeteng eno, go ne go le motlhofo go itshokela bokoa jo ke nang najo mme ke ne ka itumelela seo.

Gantsi batho ba ne ba humanegile. Ba le bantsi ba ne ba tseneletse mo setsong le mo botlhoding e bile ba nyala lefufa; le fa go ntse jalo ba ne ba tlotla Baebele fela thata. Mo mafelong mangwe, dipokano tsa phuthego di ne di tshwarelwa kafa tlase ga ditlhare tse dikgolo tse di nang le moriti mme maitseboa re ne re bonesa ka dipone tse di tshelwang lookwane re di kgwageditse mo ditlhareng. Ka dinako tsotlhe re ne re tlala ka kanaanelo fa re ithuta Lefoko la Modimo re le kafa tlase ga magodimo a a tletseng dinaledi, e leng karolo e e ntle ya popo ya gagwe.

Go bontsha difilimi tsa Mokgatlho wa Watch Tower kwa metseng ya Afrika e ne e le boitemogelo jo bongwe jo bo sa lebalesegeng. Phuthego e ka nna le Basupi ba le 30, mme ka dipaka tseo, re ne re itse gore gantsi re ka lebelela palo ya batho ba le 1 000 kgotsa go feta!

Kwa boboatsatsi, motho a ka lwala ka dinako tse dingwe, mme go botlhokwa gore ka dinako tsotlhe re nne le pono e e siameng. Nna le Joyce re ne ra ithuta go lebana le seno ka katlego—ke ne ka lebana le go tlhaselwa gantsi ke malaria mme Joyce ene o ne a itshokela bolwetse jo bo neng bo bakiwa ke di-amoeba.

Kwa morago re ne ra abelwa go ya kwa ofising ya lekala kwa Salisbury (e gone jaanong e leng Harare), koo e ileng ya nna tshiamelo go bereka le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, bangwe ba bone e ne e le Lester Davey le George le Ruby Bradley. Puso e ne ya ntlhoma go nna mokwadisi wa manyalo, se se neng sa dira gore ke kgone go nyadisa bakaulengwe ba Maafrika, mme seo sa dira gore ke kgone go nonotsha sebofo sa lenyalo la Bakeresete mo diphuthegong. Morago ga dingwaga di le mmalwa, ke ile ka nna le tshiamelo e nngwe gape. Ke ne ke tshwanetse go etela diphuthego tsotlhe tse di sa diriseng dipuo tse di buiwang mo nageng eno. Go feta dingwaga di le lesome, nna le Joyce re ne ra itumelela go itse bakaulengwe ba rona ka tsela eno mme re ne ra itumelela go gatela pele ga bone semoyeng. Gape ka nako eo re ne ra etela bakaulengwe ba rona kwa Botswana le Mozambique.

Go Fudugela Kwa Lefelong le Lengwe Gape

Morago ga dingwaga tse dintsi tse di itumedisang mo borwa jwa Afrika, ka 1975 re ne ra abelwa go ya kwa Sierra Leone, Afrika Bophirima. Go ise go ye kae re ne ra ya go nna kwa ofising ya lekala mme ra itumelela gape tiro ya rona e ntšha, mme seno ga se a ka sa tsaya lobaka lo loleele. Ke ne ka lwala mme ka nna bokoa ka ntlha ya go tlhaselwa ke malaria mme kgabagare ka tshwanela go alafiwa kwa Lontone, ko ke neng ka gakololwa gore ke se ka ka boela kwa Afrika. Re ne ra hutsafadiwa ke seno, mme nna le Joyce re ne ra amogelwa ka diatla tsoopedi mo lelapeng la Bethele la Lontone. Bakaulengwe ba bantsi ba Maafrika mo diphuthegong tse dintsi tsa Lontone le bone ba ne ba dira gore re se ka ra utlwa gore re ne re le mo lefelong le lesha. Jaaka fa botsogo jwa me bo tokafala, re ne ra tlwaela botshelo jo bongwe gape, mme ke ne ka kopiwa go tlhokomela Lephata la Theko. Koketsego e re neng ra e bona mo dingwageng tse di neng tsa latela, ruri e ne e le selo se se itumedisang.

Mo dingwageng tse di simololang tsa bo1990, Joyce wa me yo o rategang o ne a lwala ka ntlha ya bolwetse jwa motor neuron, mme o ne a tlhokafala ka 1994. O ne a itshupa e le mosadi yo o lorato, yo o ikanyegang, ka dinako tsotlhe a ikemiseditse go itlwaelanya le maemo a a farologaneng a re neng re kopana le one. Go lebana le go latlhegelwa ke molekane, ke bone gore go botlhokwa go nna le pono e e siameng ya dilo tsa semoya le go nna ke lebile pele. Go rapela Jehofa gore a nthuse go nna le thulaganyo e e molemo ya puso ya Modimo, go akaretsa le go rera, go nthusa gore ke nne ke na le sengwe se se mosola se ke se dirang.—Diane 3:5, 6.

Go direla kwa Bethele ke tshiamelo e bile ke tsela e e siameng ya botshelo. Go na le basha ba bantsi ba o ka berekang le bone le dilo tse di molemo tse lo ka di abalanang. Lesego le lengwe ke baeng ba bangwe ba bantsi ba ba nnang ba ntse ba re etela mono mo Lontone. Ka dinako tse dingwe ke bona ditsala tse di rategang go tswa mo dikabelong tse ke neng ke le kwa go tsone kwa Afrika mme ke bo ke gakologelwa dilo tse dintsi tse di itumedisang. Seno sotlhe se nthusa go tswelela ke itumelela ka botlalo “botshelo jaanong” le go akanya ka tsholofelo ka botshelo “jo bo tla tlang.”—1 Timotheo 4:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa ka 1928, mme ga e sa tlhole e gatisiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le mmè ka 1946

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le Joyce ka letsatsi la rona la lenyalo, ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Kwa kopanong ya Bristol ka 1953

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Ke etetse setlhopha se se kwa thoko (fa godimo) le phuthego nngwe (kafa molemeng) kwa Borwa jwa Rhodesia, e gone jaanong e leng Zimbabwe