Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Gore Jehofa e Nne Modimo wa Gago

Dira Gore Jehofa e Nne Modimo wa Gago

 Dira Gore Jehofa e Nne Modimo wa Gago

MO METLHENG ya go kwalwa ga Baebele, batho ba ba rileng ba ne ba itumelela botsalano jo bo gaufiufi le Jehofa mo e leng gore o ne a bidiwa gore ke Modimo wa bone. Ka sekai, mo Dikwalong, Jehofa o tlhalosiwa e le “Modimo wa ga Aborahame,” “Modimo wa ga Dafide,” le “Modimo wa ga Elija.”—Genesise 31:42; 2 Dikgosi 2:14; 20:5.

Go tlile jang gore mongwe le mongwe wa banna bano a nne le botsalano jo bo gaufiufi le Modimo? Ke eng se re ka se ithutang mo go bone gore le rona re nne le botsalano jo bo tla nnelang ruri le Mmopi?

Aborahame O ne A “Dumela mo go Jehofa”

Aborahame e ne e le motho wa ntlha yo Baebele e reng o ne a dumela mo go Jehofa. Tumelo e ne e le nonofo e e tlhomologileng e Aborahame a neng a na le yone e e neng ya dira gore a amogelwe ke Modimo. Tota e bile, Aborahame o ne a itumelela go amogelwa ke Jehofa mo e leng gore kwa morago Mmopi o ne a ikitsise kwa go Moshe e le “Modimo wa ga Aborahame” le wa morwawe le morwa morwawe, e bong Isake le Jakobe.—Genesise 15:6; Ekesodo 3:6.

Go tlile jang gore Aborahame a nne le tumelo e e ntseng jaana mo Modimong? Sa ntlha, Aborahame o ne a na le tumelo e e nonofileng tota. A ka ne a ile a rutwa ditsela tsa ga Jehofa ke morwa wa ga Noa e bong Sheme, yo e neng e le mosupi yo o iponetseng ka matlho ditiro tsa Modimo tsa poloko. Sheme e ne e le mosupi yo o iponetseng wa gore Jehofa ‘o ne a boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba le supa fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi.’ (2 Petere 2:5) Aborahame a ka tswa a ne a ithutile mo go Sheme gore fa Jehofa a solofetsa sengwe, o tla se diragatsa. Ka jalo, fa Aborahame a ne a solofediwa sengwe ke Modimo, o ne a itumela mme tsela e a neng a tshela ka yone e ne e bontsha gore o na le kitso e e tlhomameng ya gore tsholofetso eo e tla diragadiwa.

Tumelo e e nonofileng ya ga Aborahame e ne ya nonotshiwa ke ditiro tsa gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka tumelo Aborahame, e rile a bidiwa, a utlwa ka go tswa a ya mo lefelong le a neng a laoletswe go le amogela e le boswa; mme o ne a tswa, le mororo a ne a sa itse kwa a yang gone.” (Bahebera 11:8) Go nna kutlo moo go ne ga nonotsha tumelo ya ga Aborahame, e morutwa Jakobe a neng a kwala jaana ka yone: “O a bona gore tumelo ya gagwe e ne e dira mmogo le ditiro tsa gagwe mme ka ditiro tsa gagwe tumelo ya gagwe e ne ya itekanedisiwa.”—Jakobe 2:22.

Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a letlelela tumelo ya ga Aborahame gore e lekwe, gore e tle e nonofe. Paulo o ne a tswelela ka go re: “Ka tumelo Aborahame, e rile a lekwa, ga tshwana le fa a ne a isitse Isake tshupelo.” Go lekwa go itshekisa  le go nonotsha tumelo, go e dira “tlhwatlhwakgolo thata go feta gouta.”—Bahebera 11:17; 1 Petere 1:7.

Le fa Aborahame a se kile a tshela go fitlha a bona go diragadiwa ga ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo, o ne a ipelela go bona ba bangwe ba latela sekao sa gagwe. Mosadi wa gagwe e bong Sara le maloko a le mararo a lelapa la gagwe—Isake, Jakobe le Josefa—le bone ke dikai tse di molemo mo Baebeleng ka ntlha ya tumelo ya bone e e tlhomologileng.—Bahebera 11:11, 20-22.

Tumelo e e Tshwanang Le ya Ga Aborahame Gompieno

Tumelo e botlhokwa mo go mongwe le mongwe yo o batlang gore Jehofa e nne Modimo wa gagwe. Paulo o ne a kwala jaana: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa [Modimo] sentle.” (Bahebera 11:6) Gompieno, motlhanka wa Modimo a ka nna jang le tumelo e e nonofileng jaaka ya ga Aborahame?

Fela jaaka Aborahame, tumelo ya rona e tshwanetse go nna e e nonofileng. Tsela e e molemo ya go dira seno ke go ithuta Baebele ka metlha le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Go bala Baebele le go tlhatlhanya ka se re se balang go ka re tlhomamisetsa gore ditsholofetso tsa Modimo di tla diragadiwa. Ka jalo seno se tla re tlhotlheletsa go dira gore tsela e re tshelang ka yone e dumalane le tsholofetso eo e e tlhomamisegileng. Tumelo ya rona e nonotshiwa gape ke ditiro tse di bontshang kutlo, tse di akaretsang go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa le go nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete.—Mathaio 24:14; 28:19, 20; Bahebera 10:24, 25.

Tumelo ya rona e tla lekwa, gongwe ka dikganetso, bolwetse jo bo masisi, loso lwa motho yo re mo ratang kgotsa sengwe se sele. Fa re nna re ikanyega mo go Jehofa le fa re lekwa, diteko tseo di nonotsha tumelo ya rona, di e dira tlhwatlhwakgolo go gaisa gouta. Le fa re ka kgona go tshela go fitlha re bona ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo di diragadiwa kgotsa re se kitla re tshela go fitlha re di bona, tumelo ya rona e tla re atametsa gaufi le Jehofa. Mo godimo ga moo, sekai sa rona se tla kgothatsa ba bangwe go etsa tumelo ya rona. (Bahebera 13:7) Go ne go ntse jalo ka Ralph, yo o neng a ela tlhoko tumelo ya batsadi ba gagwe a bo a e etsa. O tlhalosa jaana:

“Fa ke ne ke nna kwa gae, batsadi ba me ba ne ba kgothatsa lelapa lotlhe go tsoga phakela gore re tle re kgone go bala Baebele mmogo. Re ne ra bala Baebele yotlhe ka tsela eo.” Ralph o sa ntse a bala Baebele moso mongwe le mongwe, mme seno se dira gore a simolole letsatsi sentle. Ralph o ne a tlwaetse go ya kwa bodireding jwa phatlalatsa le rraagwe beke le beke. “Ke ne ka ithuta go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele ka nako eo.” Gone jaanong Ralph ke moithaopi kwa go nngwe ya diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa. A bo seo e le tuelo e e molemo jang ne ya tumelo ya batsadi ba gagwe!

Monna yo o Amogelwang ke Pelo ya ga Jehofa

Dafide, yo o belegweng dingwaga tse di ka nnang 900 morago ga ga Aborahame, ke mongwe wa batho ba ba tlhomologileng mo gare ga batlhanka ba ga Jehofa ba ba umakilweng mo Dikwalong. Malebana le go tlhophiwa ga ga Dafide ke Jehofa jaaka kgosi ya mo isagweng, moporofeti Samuele o ne a re: “Ruri Jehofa o tla iponela monna yo o amogelwang ke pelo ya gagwe.” Go ne go na le botsalano jo bo gaufiufi gareng ga Jehofa le Dafide mo e leng gore moporofeti Isaia o ne a bua le Kgosi Hesekia ka “Jehofa Modimo wa ga Dafide rragomogologolwane.”—1 Samuele 13:14; 2 Dikgosi 20:5; Isaia 38:5.

Le fa Dafide a ne a amogelwa ke pelo ya ga Jehofa, ka dinako tse dingwe o ne a letla dikeletso tsa gagwe go mo fekeetsa. O ne a dira diphoso tse di masisi gararo: O ne a letlelela letlole la kgolagano gore le tsamaisiwe ka mokgwa o o sa tshwanelang  go ya kwa Jerusalema; o ne a akafala le Bathesheba a bo a loga leano la gore monna wa gagwe e bong Uria a bolawe; e bile o ne a bala batho ba Iseraele le Juda a sa laelwa ke Jehofa. Mo go nngwe le nngwe ya dintlha tseno, Dafide o ne a tlodile Molao wa Modimo.—2 Samuele 6:2-10; 11:2-27; 24:1-9.

Le fa go ntse jalo, fa Dafide a ne a bolelelwa ka maleo a gagwe, o ne a amogela molato wa gagwe mme a se ka a tshwaya ba bangwe phoso. O ne a dumela gore go tsamaisiwa ga Letlole go ne go sa rulaganngwa sentle, a bo a re ‘ga ba a ka ba batla Jehofa kafa mokgweng.’ Fa moporofeti Nathane a senola boaka jwa ga Dafide, Dafide o ne a araba ka go re: “Ke leofetse Jehofa.” E rile fela fa Dafide a lemoga boeleele jo a bo dirileng jwa go bala batho, o ne a dumela jaana: “Ke leofile thata ka se ke se dirileng.” Dafide o ne a ikwatlhaela maleo a gagwe mme a nna gaufi le Jehofa.—1 Ditiragalo 15:13; 2 Samuele 12:13; 24:10.

Fa re Leofa

Sekai sa ga Dafide se a kgothatsa fa re ntse re leka go dira gore Jehofa e nne Modimo wa rona. Fa monna yo a neng a amogelwa ke pelo ya ga Jehofa a ne a kgona go dira maleo a a masisi jalo, ga re a tshwanela go kgobega marapo fa re leofa ka dinako tse dingwe kgotsa re dira diphoso tse di masisi, le fa re leka ka natla gore re se ka ra dira jalo. (Moreri 7:20) Re ka gomodiwa ke gore fa Dafide a ne a ikwatlhaya, maleo a gagwe a ne a itshwarelwa. Ke se se neng sa direga ka Uwe * dingwaga tse di fetileng.

Uwe e ne e le mogolwane mo phuthegong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa. Ka nako nngwe, o ne a itetla go fenngwa ke keletso e e sa siamang mme a nna le seabe mo boitsholong jo bo maswe. La ntlha, Uwe, jaaka Kgosi Dafide, o ne a leka go fitlha boleo jono jwa gagwe, a tsaya gore Jehofa o tla itlhokomolosa molato wa gagwe. La bofelo, segakolodi sa ga Uwe se ne sa mo tshwenya thata mme a bolelela mogolwane ka ene mme go ne ga tsewa kgato go thusa Uwe gore a boe a lolame semoyeng.

Uwe o ne a ikwatlhaela maleo a gagwe mme a nna gaufi le Jehofa le phuthego. O ne a itumelela thata thuso e a neng a e bona mo e leng gore morago ga dibeke di sekae o ne a kwalela bagolwane lekwalo a ba lebogela thuso ya bone go tswa pelong. O ne a kwala jaana: “Lo nthusitse gore ke tlose kgobo mo leineng la ga Jehofa.” Uwe o ne a kgona go boloka botsalano jwa gagwe le Jehofa mme fa nako e ntse e ya o ne a tlhomiwa gape go nna motlhanka mo phuthegong eo.

“Monna yo o Nang le Maikutlo a a Tshwanang le a Rona”

Elija, yo o neng a tshela mo lekgolong la dingwaga morago ga Dafide, e ne e le moporofeti wa ntlhantlha wa Iseraele. Elija o ne a femela kobamelo ya boammaaruri ka nako e go neng go aname boferefere le boitsholo jo bo sa siamang, mme boineelo jwa gagwe mo go Jehofa e ne e le jo bo sa reketleng. Ga go gakgamatse go bo motlhatlhami wa gagwe e bong, Elisha, a kile a bitsa Jehofa “Modimo wa ga Elija”!—2 Dikgosi 2:14.

Le fa go ntse jalo, Elija e ne e le motho yo o tshwanang fela le batho ba bangwe. Jakobe o ne a kwala jaana: “Elija e ne e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jakobe 5:17) Ka sekai, fa a sena go fenya baobamedi ba ga Baale setlhogo kwa Iseraele, Kgosigadi Jesebele o ne a tshosetsa go mmolaya. O ne a itshwara jang? O ne a boifa mme a tshabela kwa nageng. Fa a le koo, a ntse kafa tlase ga setlhare sa monnamotswe, Elija o ne a re: “Go lekane! Jaanong tlhe Jehofa, tsaya moya wa me, gonne ga ke botoka mo go borremogologolwane.” Elija o ne a sa tlhole a batla go nna moporofeti mme go na le moo o ne a batla go swa.—1 Dikgosi 19:4.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bontsha gore o ne a tlhaloganya kafa Elija a ikutlwang ka gone. Modimo o ne a mo nonotsha, a tlhomamisetsa Elija gore o ne a se esi, e re ka go ne go na le ba bangwe ba le bone ba neng ba ikanyega mo kobamelong ya boammaaruri. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a sa ntse a ikanya Elija e bile o ne a na le tiro e a neng a e mo neile gore a e dire.—1 Dikgosi 19:5-18.

Go tlalelwa ga ga Elija e ne e se sesupo sa gore Modimo o ne a mo latlhile. Morago ga dingwaga tse di ka nnang 1 000, fa Keresete Jesu a ne a fetolwa ponalo fa pele ga Petere, Jakobe le Johane, Jehofa o ne a tlhopha mang go bonala mo ponatshegelong fa thoko ga ga Jesu? Moshe le Elija.  (Mathaio 17:1-9) Ruri, Jehofa o ne a tsaya Elija e le moporofeti yo o tlhomang sekao. Le fa Elija e ne e le “monna yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona,” Modimo o ne a anaanela tiro ya gagwe e e boima ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri le go itshepisa leina la gagwe.

Fa re Le mo Tlalelong

Gompieno, batlhanka ba ga Jehofa ka dinako tse dingwe ba ka nna ba ikutlwa ba kgobegile marapo kgotsa ba tlhobaela. A bo go gomotsa jang ne go itse gore Elija o ne a ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo! Mme a bo go gomotsa jang ne go itse gore fela jaaka Jehofa a ne a tlhaloganya kafa Elija a ikutlwang ka gone, o a tlhaloganya fa re le mo tlalelong.—Pesalema 103:14.

Re rata Modimo le beng ka rona e bile re eletsa go dira tiro ya ga Jehofa ya go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Le fa go ntse jalo re ka nna ra kgobiwa marapo ke go bo batho ba sa arabele sentle fa re rera kgotsa ra tshwenngwa ke go tshosiwa ke baba ba kobamelo ya boammaaruri. Fela jaaka Jehofa a ile a tlhomelela Elija go tswelela pele, o tlhomelela batlhanka ba gagwe gompieno. Ka sekai, akanya ka Herbert le Gertrud.

Herbert le Gertrud ba ne ba kolobeditswe jaaka Basupi ba ga Jehofa kwa Leipzig, kwa German Democratic Republic ya pele ka 1952. Botshelo bo ne bo le boima ka nako eo mo batlhankeng ba Modimo e re ka bodiredi jwa bone jwa phatlalatsa bo ne bo thibetswe. Herbert o ne a ikutlwa jang ka go rera ka ntlo le ntlo?

“Re ne re tlhobaela ka dinako tse dingwe. Fa re ne re tsamaya ka ntlo le ntlo, re ne re sa itse gore a balaodi ba ne ba tla tlhaga ka tshoganyetso ba bo ba re tshwara.” Ke eng se se neng sa thusa Herbert le ba bangwe gore ba se ka ba boifa? “Re ne re ithuta Baebele thata. Mme Jehofa o ne a re naya maatla a go tswelela pele ka tiro ya rona ya go rera.” Mo bodireding jwa gagwe jwa phatlalatsa, Herbert o ne a na le maitemogelo a mantsi a a neng a mo nonotsha—le go mo itumedisa tota.

Herbert o ne a kopana le mosadi mongwe wa dingwaga tsa bogareng yo o neng a kgatlhegela Baebele. Fa Herbert a ne a boela kwa go ene morago ga malatsi a le mmalwa, lekawana lengwe le ne le le gone mme le ne la reetsa motlotlo. Morago ga metsotso e se mekae Herbert o ne a bona sengwe se se neng sa dira gore a tshoge. Go ne go na le hutse ya lepodise mo setulong se se neng se le fa khoneng ya phaposi. E ne e le ya lekawana leno, le e neng e le lepodise le le neng le ikemiseditse go golega Herbert.

Lekawana leno le ne la re: “O mongwe wa Basupi ba ga Jehofa! A ke bone lokwaloitshupo lwa gago.” Herbert o ne a mo naya lokwaloitshupo. Jaanong go ne ga direga sengwe se se neng se sa lebelelwa. Mosadi yono o ne a leba lepodise leno mme a le tlhagisa jaana: “Fa sengwe se ka diragalela monna yono wa Modimo, ga o sa tlhole o amogelwa mo ntlong eno.”

Lekawana leno le ne la ema go se kae, la naya Herbert lokwaloitshupo lwa gagwe mme la mo letla go tsamaya. Kwa morago Herbert o ne a lemoga gore lepodise leno le ne le ratana le ngwana wa mosadi yono. Go phepafetse gore o ne a bona gore dilo di tla mo tsamaela sentle fa a tswelela a ratana le mosetsanyana yono go na le gore a tshware Herbert.

Go Dira Gore Jehofa e Nne Modimo wa Rona

Ke eng se re ka se ithutang go tswa mo ditiragalong tseno? Fela jaaka Aborahame, re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa. Fela jaaka Dafide, re tshwanetse go ya kwa go Jehofa re ikwatlhaile ka mmatota fa re leofile. Mme fela jaaka Elija, re tshwanetse go ikaega ka Jehofa gore a re nonotshe mo dinakong tsa matshwenyego. Fa re dira jalo, re ka kgona go dira gore Jehofa e nne Modimo wa rona gone jaanong le ka bosakhutleng, e re ka e le ‘Modimo yo o tshelang, yo e leng Mmoloki wa batho ba mefuta yotlhe, segolobogolo wa ba ba ikanyegang.’—1 Timotheo 4:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Leina le fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Ditiro tsa go bontsha kutlo di ne tsa nonotsha tumelo ya ga Aborahame

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Fela jaaka Dafide, re tshwanetse go ikwatlhaya fa re leofa

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Fela jaaka Jehofa a ne a tlhaloganya kafa Elija a ikutlwang ka gone, o tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone