Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi, Sireletsang Boswa Jwa Lona jo bo Botlhokwatlhokwa

Batsadi, Sireletsang Boswa Jwa Lona jo bo Botlhokwatlhokwa

 Batsadi, Sireletsang Boswa Jwa Lona jo bo Botlhokwatlhokwa

“Botlhale ke tshireletso . . . bo boloka beng ba jone ba tshela.”—MORERI 7:12.

1. Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go leba bana ba bone e le dimpho?

ATSADI ba kgona go dira gore mothonyana yo mosha yo o nang le ditebego le botho jo bo tshwanang le jwa bone a tsholwe mo lefatsheng. Baebele ya re bathonyana bano ke “boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.” (Pesalema 127:3) E re ka Jehofa e le ene Moneibotshelo o abela batsadi se totatota e leng sa gagwe. (Pesalema 36:9) Batsadi, lo leba jang mpho eno e e tlhwatlhwakgolo e lo e abetsweng ke Modimo?

2. Manoa o ile a dira eng fa a utlwa gore o tla tloga a nna le ngwana?

2 Ga go pelaelo gore re tshwanetse go amogela dimpho tseno ka boikokobetso le ka kanaanelo. Dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng, Moiseraele yo o bidiwang Manoa o ne a bontsha kanaanelo e e ntseng jalo fa mosadi wa gagwe a ne a itsisiwe ke moengele gore o tlile go tshola ngwana. Fa Manoa a sena go bolelelwa dikgang tseo tse di molemo o ne a rapela jaana: “Tshwarelo Jehofa. Monna wa Modimo wa boammaaruri yo o sa tswang go mo romela, tsweetswee mma a tle gape kwa go rona mme a re rute se re tshwanetseng go se dira ngwana yo o tla tsholwang.” (Baatlhodi 13:8) Batsadi, ke eng se lo ka ithutang sone mo sekaong seno sa ga Manoa?

Lebaka La go Bo re Tlhoka Thuso ya Modimo

3. Ke eng fa segolobogolo gompieno batsadi ba tlhoka thuso ya Modimo go godisa bana?

3 Batsadi ba tlhoka thuso ya ga Jehofa go feta le fa e le leng pele gore ba kgone go godisa bana. Ka ntlha yang? Satane Diabolo le baengele ba gagwe ba latlhetswe mo lefatsheng go tswa kwa legodimong. Baebele ya re: “A bo go latlhega lefatshe . . . ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a  le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:7-9, 12) Gape Baebele ya re: “Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) Gantsi ditau di tlhasela diphologolo tse di ka tlhaselwang motlhofo, segolo jang tse di sa ntseng di le dinnye. Ka gone, go molemo gore batsadi ba Bakeresete ba senke kaelo ya ga Jehofa go sireletsa bana ba bone. O dira maiteko a a kana kang go sireletsa bana ba gago?

4. (a) Batsadi ba tshwanetse go tsiboga jang fa ba itse gore go na le tau mo motseng? (b) Bana ba tlhoka eng gore ba sirelediwe?

4 Fa o ne o itse gore go na le tau mo motseng, ga go pelaelo gore o ne o tla amega thata ka go sireletsa bana ba gago. Satane ke selalome. O batla go tlhasela batho ba Modimo gore Modimo a se ka a tlhola a ba amogela. (Jobe 2:1-7; 1 Johane 5:19) Bana ke bone ba tlhaselwang motlhofo. Gore bana ba tile dirai tsa ga Diabolo, ba tshwanetse go itse Jehofa le go mo ikobela. Go botlhokwa gore ba nne le kitso ya Baebele. Jesu o ile a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Mo godimo ga moo, bana ba tlhoka botlhale—bokgoni jwa go tlhaloganya le go dirisa se ba ithutang sone. E re ka “botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela” lona batsadi lo tshwanetse go nwetsa boammaaruri mo dipelong tsa bana ba lona. (Moreri 7:12) Lo ka dira seo jang?

5. (a) Motho a ka abelwa botlhale jang? (b) Diane e tlhalosa jang botlhokwa jwa botlhale?

5 O tshwanetse go balela bana ba gago Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, go ba thusa go rata Jehofa le go mo ikobela ga go tlhoke fela gore o ba balele, go tlhoka gore ba tlhaloganye. Ka sekai: Ngwana a ka laelwa gore a se ka a kgabaganya mmila a sa leba pele mo matlhakoreng oomabedi. Le fa go ntse jalo, bana bangwe ga ba ikobele molao oo. Ka ntlha yang? Ba ka nna ba bo ba sa tlhalosediwa sentle gore fa ba sa dire jalo ba tla thulwa ke dikoloi kana ba ka nna ba bo ba sa tlhalosediwa ka tsela e e gatelelang mo mogopolong wa bone gore ba tlhaloganye gore fa ba sa ikobele molao oo ba ka nna ba tlhagelwa ke kotsi. Go thusa bana go nna botlhale go tsaya nako e bile go tlhoka bopelotelele. Mme a bo botlhale bo le botlhokwa jang ne! Baebele ya re: “Ditselana tsa jone ke ditselana tsa monate, mme ditsela tsotlhe tsa jone ke kagiso. Ke setlhare sa botshelo mo go ba ba bo tshwarang, mme ba ba bo ngangatlelang ba tla bidiwa ba ba itumetseng.”—Diane 3:13-18; 22:15.

Thuto e e Nayang Motho Botlhale

6. (a) Ke eng fa gantsi bana ba sa itshware sentle? (b) Ke ntwa efe e batsadi ba tshwanetseng go e lwa?

6 Gantsi bana ga ba itshware sentle e le ka gonne thuto e ba e rutilweng e ise e ba fitlhelele pelo, e seng ka gonne ba sa rutwa se se siameng. Diabolo o batla go laola dipelo tsa bana. Maikaelelo a gagwe ke go dira gore ba tlhotlhelediwe ke mekgwa e e sa siamang ya lefatshe la gagwe. Gape o leka go dirisa bosaitekanelang jwa bone go dira gore ba dire dilo tse di sa siamang. (Genesise 8:21; Pesalema 51:5) Batsadi ba tshwanetse go lemoga gore ba tlhoka go lwa ntwa e e matlhomahibidu gore ba kgone go gapa dipelo tsa bana ba bone.

7. Ke eng fa go sa lekana go bolelela ngwana fela se se siameng kana se se sa siamang?

7 Gantsi batsadi ba bolelela ngwana se se siameng le se se sa siamang, ba akanya gore fa ba dira jalo ba a bo ba mo rutile molaomotheo mongwe wa boitshwaro. Ba ka nna ba bolelela ngwana gore go bua maaka, go utswa kana go tlhakanela dikobo le motho yo a sa nyalanang le ene ga go a siama. Le fa go ntse jalo, ngwana ga a tshwanela go ikobela melaometheo eo fela ka gonne batsadi ba mo laela go dira jalo, o tshwanetse go thusiwa gore a ikobele yone ka ntlha ya sengwe se segolo go feta seo. Melao eno ke melao ya ga Jehofa. Ngwana o tshwanetse go ithuta gore go botlhale go ikobela ditaelo tsa Modimo.—Diane 6:16-19; Bahebera 13:4.

8. Ke tsela e e ntseng jang ya go ruta e e ka thusang bana go dira dilo ka botlhale?

8 Dilo tse di gakgamatsang mo popong, mefutafuta ya ditshedi, go fetofetoga ga ditlha tsa ngwaga—dilo tseo tsotlhe di ka thusa ngwana go lemoga gore go na le Mmopi yo o botlhale. (Baroma 1:20; Bahebera 3:4) Mo godimo ga moo, ngwana o tshwanetse go rutwa gore Modimo o a mo rata le gore o dirile thulaganyo ya gore a bone botshelo jo bo sa khutleng ka setlhabelo sa Morwawe le gore a ka itumedisa Modimo ka go ikobela se a mo laelang sone. Seo se ka nna sa dira gore ngwana a batle go direla Jehofa, go sa kgathalasege maiteko a ga Diabolo a go mo thibela go dira jalo.—Diane 22:6; 27:11; Johane 3:16.

9. (a) Tsela ya go ruta e e namolang matshelo e tlhoka batsadi eng? (b) Borre ba laelwa go dira eng, mme seno se akaretsa eng?

 9 Tsela ya go ruta e e ka sireletsang ngwana le go mo tlhotlheletsa go dira se se siameng, e tlhoka nako, tlhokomelo le thulaganyo. E tlhoka gore batsadi ba amogele kaelo ya Modimo. Baebele ya re: ‘Lona, borre, . . . tswelelang lo godisetsa bana ba lona mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’ (Baefeso 6:4) Seo se bolela eng? Go ya ka Segerika sa ntlhantlha ‘taolo ya mogopolo’ e naya kgopolo ya “go tsenya mogopolo.” Ka gone, borre ba laelwa go tsenya mogopolo wa ga Jehofa mo baneng ba bone. A bo seo se tla sireletsa bana thata jana ne! Fa mogopolo wa Modimo, tsela ya gagwe ya go akanya e jalelelwa mo mogopolong wa bana, seo se tla ba sireletsa gore ba se ka ba dira dilo tse di sa siamang.

Keletso e e Tlhotlhelediwang ke Lorato

10. Ke eng se go leng botlhokwa gore o se itse e le gore o kgone go ruta ngwana ka tsela e e molemo?

10 Le fa go ntse jalo, gore o kgone go godisa bana ba gago ka tsela e e siameng, o tshwanetse wa dira maiteko ao ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke lorato. Selo se se botlhokwa ke go nna le puisano e e molemo. Leka go bona gore ke eng se se diregang mo botshelong jwa ngwana le gore o ikutlwa jang. Fa lo iketlile fela kgothaletsa ngwana go bua a gololesegile. Ka dinako tse dingwe, o ka garolwa pelo ke se a se buang. Ela tlhoko gore o se ka wa bontsha gore o garoga pelo. Go na le moo, mo sekegele tsebe ka tlhoafalo.

11. Motsadi a ka thusa ngwana jang go nna le mogopolo wa Modimo?

11 Ke boammaaruri gore, o ka tswa o ile wa balela ngwana wa gago melao ya Modimo go tswa mo Baebeleng e e thibelang boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, gongwe e bile o dira jalo makgetlo a le mmalwa. (1 Bakorintha 6:18; Baefeso 5:5) Seno se ka tswa se ile sa gatelela mo ngwaneng wa gago dilo tse di itumedisang Jehofa le tse di sa mo itumediseng. Le fa go ntse jalo, go tsenya tsela ya go akanya ya ga Jehofa mo mogopolong wa ngwana go tlhoka se se fetang seo. Bana ba tlhoka go thusiwa gore ba itse botlhokwa jwa melao ya ga Jehofa. Ba tshwanetse go tlhatswega pelo gore melao ya gagwe e siame e bile e molemo le gore go e ikobela go molemo e bile go bontsha lorato. Ke fela fa o beelana mabaka le bana ba gago ka Dikwalo e le gore ba lebe dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone go ka tweng o ba thusitse go nna le mogopolo wa gagwe.

12. Motsadi a ka thusa ngwana jang go nna le pono e e siameng ka kgang ya tlhakanelodikobo?

12 Fa o bua le bone ka kgang ya tlhakanelodikobo, o ka nna wa botsa jaana, “A o akanya gore go ikobela molao wa ga Jehofa wa gore re se ka ra tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go tla amoga motho boitumelo?” Kgothaletsa ngwana go tlhalosa lebaka la go bo a araba ka tsela e a arabang ka yone. Fa o sena go bua le ene ka thulaganyo e e molemo ya Modimo ya go tshola bana, o ka nna wa botsa jaana: “A o akanya gore Modimo wa rona yo o lorato o ne a ka re tlhomela melao ka boikaelelo jwa gore e re amoge boitumelo mo botshelong? Kgotsa a o akanya gore o tlhomile melao eno gore re itumele le go re sireletsa?” (Pesalema 119:1, 2; Isaia 48:17) Leka go utlwa gore ngwana o ikutlwa jang ka kgang eno. Go tswa foo o ka mo lemotsha dikai  tse di bontshang kafa boitshwaro jo bo sa siamang bo bakelang batho mahutsana le mathata ka teng. (2 Samuele 13:1-33) Ka go beelana mabaka le ngwana wa gago e le gore a tlhaloganye pono ya Modimo le go e amogela, o tla bo o dirile go ka tlala seatla gore a nne le tsela ya Modimo ya go akanya. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe gape se o ka se dirang.

13. Ngwana a ka tlhotlheletsega go ikobela Jehofa fa a tlhaloganya eng?

13 Ke boammaaruri gore, ga o kitla o ruta ngwana wa gago matswela a a sa itumediseng a go se ikobele Jehofa fela mme gape o tla mo tlhalosetsa kafa tsela e re tshelang ka yone e amang Jehofa ka teng. Bontsha ngwana go tswa mo Baebeleng gore fa re sa dire thato ya ga Jehofa re ka mo utlwisa botlhoko. (Pesalema 78:41) O ka nna wa botsa, “Ke eng fa o sa batle go utlwisa Jehofa botlhoko?” mme o bo o tlhalosa jaana: “Mmaba wa Modimo e bong Satane o bolela gore re direla Jehofa fela ka mabaka a bogagapa e seng ka gonne re mo rata.” Go tswa foo tlhalosa gore Jobe o ile a itumedisa Modimo ka go nna a ikanyega, mme ka go dira jalo a supa fa maiphako a ga Satane a se boammaaruri. (Jobe 1:9-11; 27:5) Ngwana o tshwanetse go tlhaloganya gore a ka utlwisa Jehofa botlhoko kana a mo itumedisa, go ikaegile ka gore o itshwara jang. (Diane 27:11) Bana ba ka rutwa dilo tseno le tse dingwe tse di botlhokwa ka go dirisa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. *

Matswela a a Itumedisang

14, 15. (a) Ke dithuto dife mo bukeng ya Ithute mo Morutising tse di ileng tsa tlhotlheletsa bana? (b) Ke matswela afe a a molemo a o nnileng le one ka go dirisa buka eno? (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 18-19.)

14 Rremogolo mongwe wa kwa Croatia yo o balelang setlogolo sa gagwe sa dingwaga tse supa buka ya Ithute mo Morutising o tlhalosa mo lekwalong gore mosimane yono o ne a mmolelela jaana: “Mama o ne a re ke dire sengwe, mme ke ne ke sa batle go se dira. Ka nako eo ke ne ka gopola kgaolo e e reng ‘Go Utlwa go a Sireletsa,’ ka jalo ke ne ka boela kwa go ene mme ka mmolelela gore ke tla mo ikobela.” Malebana le kgaolo e e reng “Lebaka La go Bo re Sa Tshwanela go Bua Maaka,” banyalani bangwe ba kwa Florida, U.S.A., ba ne ba re: “E botsa dipotso tse di dirang gore bana ba itlhalose maikutlo le go dumela diphoso tse ba neng ba ka se ka ba di dumela.”

15 Buka ya Ithute mo Morutising e na le ditshwantsho tse di fetang 230, mme setshwantsho sengwe le sengwe se na le mafoko a a se tlhalosang. Mmè mongwe yo o anaanelang buka eno a re: “Gantsi morwaake o na le go tlhoma setshwantsho matlho a bo a sa batle re fetela mo tsebeng e nngwe. Ditshwantsho tseno di a kgatlha mme gape di ruta dithuto tse di botlhokwa e bile di dira gore bana ba botse dipotso. Malebana le setshwantsho sa ngwana yo o lebileng thelebishine mo phaposing e e lefifi, morwaake o ne a mpotsa jaana, ‘Mama,  mosimane yono o dira eng?’ a botsa ka lentswe le le bontshang gore o ne a lemoga gore mosimane o dira sengwe se se phoso.” Mafoko a a tlhalosang setshwantsho a re: “Ke mang yo o kgonang go bona sengwe le sengwe se re se dirang?”

Thuto e e Botlhokwa Gompieno

16. Ke eng se go leng botlhokwa gore bana ba se rutwe gompieno, mme ka ntlha yang?

16 Bana ba tshwanetse go rutwa tsela e e siameng le e e sa siamang ya go dirisa dirwe tsa bone tsa tsalo. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha go leng motlhofo go bua ka kgang eno. Mmegadikgang mongwe wa lokwalodikgang o ile a bolela gore o goletse mo motlheng o mo go one go neng go tsewa e le matlhapa go bua ka dirwe tsa tsalo. O ne a kwala jaana malebana le tsela e a rutang bana ba gagwe ka yone: “Ke tla tshwanelwa ke go fenya ditlhong tse ke nang le tsone.” Ee, go tila go bua le bana ka tlhakanelodikobo ka gonne e go tlhabisa ditlhong, ga go ba sireletse. Batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ba dirisa go tlhoka kitso ga bana go ba sotla. Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo e tlotla ka kgang eno ka tsela e e molemo le e e nang le seriti. Go ruta bana ka tlhakanelodikobo ga se go ba ruta bosula mme go se ba rute ke gone go ka dirang gore ba tsiediwe go dira bosula.

17. Buka ya Ithute mo Morutising e thusa batsadi jang go ruta bana ba bone ka tsa tlhakanelodikobo?

17 Mo kgaolong ya 10, ngwana o bodiwa jaana fa go tlhalosiwa baengele ba ba boikepo ba ba neng ba tla go nna le bana le basadi ba mo lefatsheng: “Ke eng se o se itseng ka go kopanela dikobo?” Buka eno e araba ka tsela e e motlhofo le e e nang le seriti. Moragonyana, kgaolo ya 32 e tlhalosa kafa bana ba ka sirelediwang ka teng mo bathong ba ba tlhakanelang dikobo le bana. Go ile ga amogelwa makwalo a le mantsi a a tlhalosang gore thuto e e ntseng jalo e botlhokwa thata. Motsadi mongwe o ile a re: “Beke e e fetileng fa ke ne ke isitse morwaake Javan kwa ngakeng ya malwetse a bana, ngaka e ne ya mpotsa gore a ke tlotlile le ene ka tsela e e siameng ya go dirisa dirwe tsa tsalo. Ngaka e ne ya kgatlhwa ke go utlwa gore ke ne ke tlotlile le morwaake ka kgang eno ke dirisa buka eno e ntšha.”

18. Buka ya Ithute mo Morutising e tlhalosa kobamelo ya ditshwantsho tsa naga jang?

18 Kgaolo e nngwe e tlhalosa pego ya Baebele e e kaga basha ba bararo ba Bahebera, e bong Shaderake, Meshake le Abedenego, ba ba neng ba gana go  obamela setshwantsho se se neng se emela Puso ya Babelona. (Daniele 3:1-30) Bangwe ba ka nna ba se ka ba lemoga gore go dumedisa folaga go tshwana le go obamela setshwantsho jaaka fa buka ya Ithute mo Morutising e bontsha. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se se neng sa tlhalosiwa ke Edward Gaffney yo e leng mokwadi wa dibuka, fa a ne a botsolodiwa ke makasine wa U.S. Catholic. O tlhalosa gore fa morwadie a ne a mo itsise gore o ithutile “thapelo e ntšha kwa sekolong” mo letsatsing la gagwe la ntlha, o ne a mo kopa gore a mmolelele thapelo eo. Gaffney a re: “O ne a baya seatla sa gagwe mo pelong, a bo a simolola go bua jaana a le motlotlo, ‘Ke ikana fa ke tla ikanyega mo folageng . . . ’” Gaffney o tswelela ka go re: “Ka yone nako eo ke ne ka simolola go lemoga sengwe. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nepile. Go na le mofuta mongwe wa kobamelo ya setšhaba o o rotloediwang kwa dikolong go tloga fela fa bana ba sa le bannye—e leng gore ba nne le boikanyegi jo bo feteletseng mo matshwaong a setšhaba.”

Maiteko a e Seng a Lefela

19. Ke melemo efe e e nnang gone ka ntlha ya go ruta bana?

19 Ruri go ruta bana ba gago ga se maiteko a lefela. Mmè mongwe wa kwa Kansas, U.S.A., o ne a rothisa keledi fa a sena go amogela lekwalo le le tswang kwa go morwawe. Morwa yono o ne a re: “Ruri ke lesego go bo ke godisitswe ka tsela eno e e nthusitseng go tlhomama mo maikutlong. Wena le Papa lo tshwanelwa ke go akgolwa.” (Diane  31:28) Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo e ka thusa batsadi ba le bantsi go ruta bana ka tsela e e tla sireletsang boswa jono jwa bone jo bo botlhokwatlhokwa.

20. Ke eng se ka metlha batsadi ba sa tshwanelang go se lebala, mme seo se tshwanetse go ba ama jang?

20 Bana ba rona ba tshwanelwa ke gore re ba abele nako ya rona, re ba tlhokomele le go ba direla sotlhe se re ka se kgonang. Ga ba kitla ba nnela bana ruri. Dirisa tshono nngwe le nngwe ka botlalo go ipha nako le bone le go ba thusa. Le ka motlha o ka se ka wa ikwatlhaela go dira jalo. Seo se tla dira gore ba go rate. Ka metlha o se lebale gore bana ba gago ke mpho e o e abetsweng ke Modimo. Ke boswa jo bo botlhokwatlhokwa! (Pesalema 127:3-5) Ka jalo, ba tshware jaaka boswa jo bo botlhokwatlhokwa ka gonne o tla ikarabelela mo Modimong go ya kafa o ba godisang ka teng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Bona kgaolo 40, e e reng “Kafa re ka Itumedisang Modimo ka Gone.”

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng fa segolobogolo gompieno batsadi ba tshwanetse go sireletsa bana ba bone?

• Ke tsela e e ntseng jang ya go ruta e e ka thusang bana go nna le botlhale?

• Ke dilo dife tse di botlhokwa gompieno tse o tshwanetseng go di tlotla le bana ba gago?

• Buka ya Ithute mo Morutising e thusitse batsadi jang go ruta bana ba bone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Buka ya Batho Botlhe

Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo e diretswe go thusa batsadi kgotsa bagolo ba bangwe go bala le go tlotla ka dithuto tsa ga Jesu Keresete le bana ba bone. Le fa go ntse jalo, bagolo ba ba ipaletseng buka eno ba anaanetse thata se ba se ithutileng.

Monna mongwe kwa Texas, U.S.A., o ne a re: “Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo e kwadilwe ka tsela e e motlhofo fela, e e kgonang go tlhotlheletsa batho ba dingwaga tsotlhe—le nna tota yo ke nang le dingwaga tse 76. Ke lo leboga fela thata, nna yo ke diretseng Jehofa go tswa bosheng.”

Mmadi mongwe go tswa kwa Lontone, Engelane, o bega jaana: “Ditshwantsho tse dintle tsa yone di tla kgatlha batsadi le bana ka tsela e e tshwanang. Dipotso le tsela e dintlha tsa yone di rulagantsweng ka yone di tlhomologile, mme go kgatlha tota go bona kafa go tlotliwang ka gone ka dikgang tse di masisi, jaaka mo kgaolong ya 32, ‘Kafa Jesu a Neng a Sirelediwa ka Teng.’” O ne a konela jaana: “Le fa tota buka eno e diretswe segolobogolo bana ba Basupi ba ga Jehofa, ke akanya gore barutabana le batho ba bangwe ba tla itumelela thata go nna le yone. Ke lebile pele go e dirisa mo bogautshwaneng le mo nakong e e tlang.”

Mosadi mongwe go tswa kwa Massachusetts, U.S.A., o ne a akgela ka “ditshwantsho tsa yone [tse dintsi] tse di rulagantsweng sentle.” O ne a kwala jaana: “Ke lemogile gore le fa buka eno e diretswe bana, ditlhogo tse go tlotliwang ka tsone di ka thusa le rona bagolo go akanya ka kamano ya rona le Jehofa.”

Mosadi mongwe go tswa kwa Maine, U.S.A., o ne a re: “A bo e le buka e e kgatlhang jang ne! Ga se ya bana fela mme ke ya rona rotlhe jaaka bana ba Modimo. E nkamile maikutlo fela thata ya ba ya nkgomotsa. Ke ikutlwa ke le gaufi thata le Jehofa jaaka Rre. O alafile botlhoko jo ke feditseng dingwaga di le dintsi ke na le jone a bo a dira gore ke tlhaloganye boikaelelo jwa gagwe sentle.” O ne a konela jaana: “Ke bolelela mongwe le mongwe jaana, ‘Tsweetswee e bale.’”

Mosadi mongwe go tswa kwa Kyoto, Japane, o bega gore fa a ne a e balela ditlogolwana tsa gagwe, ba ne ba botsa dipotso tse di jaaka: “‘Mosimane yono o dira eng? Ke ka ntlha yang fa mosetsanyana yono a kgalemelwa? Mmè yono ene o dira eng? Tau eno e dira eng?’ E ruta ka dilo tse re di kgatlhegelang, ka jalo ke e rata thata go gaisa buka epe e nka e bonang kwa laeboraring.”

Rre mongwe kwa Calgary, Canada, a re ka bonako fela fa a sena go amogela buka eno, o ne a simolola go e balela morwadie wa dingwaga di le thataro le morwawe wa dingwaga di le robonngwe. O bega jaana: “Ba ne ba tsibogela seno ka bonako tota. Banake ba ne ba reeditse ka tlhoafalo fa ke ntse ke bala e bile ba araba dipotso go tswa pelong. Ba ne ba ikutlwa ba na le seabe mo thutong, mme e ne e ba naya tshono ya go itlhalosa. E ba kgatlhile tota mme morwadiake a re o batla go ithuta buka eno e ntšha bosigo bongwe le bongwe.”

Morago ga thuto e le nngwe, rre yono o ne a re: “Nna le morwaake re ne ra tlotla diura di le dintsi ka Jehofa le boikaelelo jwa gagwe. O ne a na le dipotso tse dintsi ka buka eno. Ke ne ka gelela dikeledi fa a ne a re ke robale sentle a bo a botsa jaana: ‘A re tlile go bala gape, Papa? Ke na le dipotso di le dintsi thata mme ke batla go itse sengwe le sengwe ka Jehofa.’”

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Batsadi, lo ka ithuta eng mo sekaong sa ga Manoa?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Bana, lo ka ithuta eng mo sekaong sa Bahebera ba bararo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Ditshwantsho le mafoko a a di tlhalosang mo bukeng ya “Ithute mo Morutising” ke didirisiwa tse di molemo tsa go ruta

Ananiase o aketsa Petere a reng?

Ke mang yo o kgonang go bona sengwe le sengwe se re se dirang?