Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lenyalo le ka Atlega mo Lefatsheng la Gompieno

Lenyalo le ka Atlega mo Lefatsheng la Gompieno

 Lenyalo le ka Atlega mo Lefatsheng la Gompieno

“Aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—BAKOLOSA 3:14.

1, 2. (a) Ke eng se se itumedisang ka phuthego ya Bokeresete? (b) Lenyalo le le atlegileng ke le le ntseng jang?

FA RE lebelela phuthego ya Bokeresete, a ga re itumedisiwe ke go bona banyalani ba bantsi jaana ba ba ntseng ba nna mmogo ka boikanyegi dingwaga di le 10, 20, 30 kgotsa go feta? Ba ntse ba wa ba tsoga mmogo.—Genesise 2:24.

2 Ba le bantsi ba tla dumela gore ba nnile le mathata mo manyalong a bone. Mongwe yo o etseng manyalo tlhoko o ne a kwala jaana: “Ga se gore manyalo a a itumetseng ga a na mathata. Go na le dinako tsa go itumela e bile go na le dinako tsa mathata . . . Mme ka tsela nngwe . . . batho bano ba kgonne go nna ba nyalane le fa botshelo jwa gompieno bo tletse [mathata].” Batho ba ba atlegileng mo manyalong a bone ba ithutile go emelana le mathata a a ka se kang a tilwa a a bakwang ke dikgatelelo tsa botshelo, bogolo jang fa ba na le bana. Banyalani bao ba ithutile gore lorato lwa boammaaruri “ga lo ke lo fela.”—1 Bakorintha 13:8.

3. Dipalo di bontsha eng ka lenyalo le tlhalo, mme seo se tsosa dipotso dife?

3 Mme manyalo a mangwe a le dimilionemilione one a thubegile. Pego nngwe ya re: “Go lebeletswe gore halofo ya manyalo otlhe a a mo [United States] a felele ka tlhalo. Mme halofo ya manyalo ao a tla thubega mo dingwageng tsa ntlha tse 7,8 tsa lenyalo . . . Mo karolong ya diperesente di le 75 ya batho ba ba nyalang gape, karolo ya diperesente di le 60 tsa palo eo e tla tlhala gape.” Tota le kwa dinageng tse pele go neng go na le palo e e kwa tlase ya batho ba ba tlhalang, dilo di fetogile. Ka sekai, kwa Japane, palo ya batho ba ba tlhalanang e batlile e oketsega go menagane gabedi mo dingwageng tsa bosheng. Dingwe tsa dikgatelelo tse di bakileng seemo seno ke dife, tse ka dinako tse dingwe di amang le batho ba ba mo phuthegong ya Bokeresete? Ke eng se se tlhokegang gore lenyalo le atlege le fa Satane a leka go senya thulaganyo eo?

 Mamena a a Tshwanetseng go Tilwa

4. Dilo dingwe tse di ka tlisang mathata mo lenyalong ke dife?

4 Lefoko la Modimo le re thusa go tlhaloganya dilo tse di ka koafatsang lenyalo. Ka sekai, akanya ka mafoko a ga moaposetoloi Paulo malebana le maemo a a neng a tla nna teng mo metlheng eno ya bofelo: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone; mme bano o ba fularele.”—2 Timotheo 3:1-5.

5. ‘Moithati’ a ka tsenya lenyalo la gagwe mo kotsing jang, mme kgakololo ya Baebele ya reng ka ntlha eno?

5 Fa re sekaseka mafoko a ga Paulo, re bona gore dilo tse dintsi tse a di badileng di ka thuba manyalo. Ka sekai, batho ba e leng “baithati” ba bogagapa mme ga ba akanyetse ba bangwe. Banna kgotsa basadi ba e leng baithati ka metlha ba tatalalela gore dilo di dirwe ka tsela ya bone. Ba manganga. A boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka thusa gore lenyalo le itumele? Le e seng. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana ka botlhale, go akaretsa le ba ba leng mo lenyalong: “Lo [se ka lwa dira] sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona, lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafilipi 2:3, 4.

6. Go rata madi go ka koafatsa lenyalo jang?

6 Go rata madi go ka kgaoganya monna le mosadi. Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:9, 10) Ka maswabi, manyalo a le mantsi gompieno a diragaletswe ke se Paulo a neng a tlhagisa ka sone. Ka ntlha ya go batla go huma, batho ba le bantsi ba ba mo lenyalong ba tlhokomologa dilo tse balekane ba bone ba lenyalo ba di tlhokang, go akaretsa se ba se tlhokang thata, e leng go tlhokomelwa mo maikutlong le go nna le tsala e e lorato ka metlha.

7. Ka dinako tse dingwe, ke boitshwaro bofe jo bo ileng jwa felela ka gore motho a se ka a ikanyega mo lenyalong?

7 Paulo gape o ne a bolela gore bangwe mo metlheng eno ya bofelo e ne e tla nna batho “ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe.” Maikano a lenyalo ke tsholofetso e e masisi e e tshwanetseng ya felela ka kgolagano e e nnelang ruri, e seng ka gore mongwe a fetogele yo mongwe. (Malaki 2:14-16) Le fa go ntse jalo, bangwe ba ile ba simolola go bontsha lorato mo bathong ba e seng balekane ba bone ba lenyalo. Mosadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo30 yo monna wa gagwe a neng a mo tlogela o ne a tlhalosa gore le pele a mo tlogela, o ne a ile a nna botsalano thata le basadi ba bangwe. Monna yono o ne a sa lemoge gore o ne a sa itshware ka tsela e e tshwanelang monna yo o nyetseng. Mosadi wa gagwe o ne a utlwa botlhoko thata fa a bona seno se diragala mme a leka go mo tlhagisa sentle gore tsela e a neng a e tsaya e ne e le kotsi. Mme le fa go ntse jalo, monna yono o ne a dira boaka. Le fa a ne a tlhagisitswe ka bopelontle, o ne a sa batle go tsaya tlhagiso tsia. O ne a wela ka tlhogo mo serung.—Diane 6:27-29.

8. Ke eng se se ka felelang ka boaka?

8 Ruri Baebele e tlhagisa ka boaka e sa potapote! “Le fa e le mang yo o dirang boaka le mosadi ga a botlhale; yo o bo dirang o senya moya wa gagwe.” (Diane 6:32) Gantsi ga go itiragalele fela gore motho a dire boaka, le gone ga a bo dire ka go phamoga fela. Fela jaaka mokwadi wa Baebele e bong Jakobe a ile a bontsha, gantsi motho o dira boleo jo bo jaaka boaka fa a sena go nna a  akanya ka go bo dira. (Jakobe 1:14, 15) Ka iketlo molekane yo o phoso o tlogela go ikanyega mo mothong yo a neng a ikanne gore o tla ikanyega mo go ene botshelo jotlhe. Jesu o ne a re: “Lo utlwile gore go ne ga twe, ‘O se ka wa dira boaka.’ Mme nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.”—Mathaio 5:27, 28.

9. Ke kgakololo efe e e botlhale e e fitlhelwang mo go Diane 5:18-20?

9 Ka jalo tsela e e bontshang botlhale le go ikanyega e kgothalediwa mo bukeng ya Diane: “A motswedi wa gago wa metsi o segofale, mme o ipele le mosadi wa bosha jwa gago, kgama e namagadi e e rategang le podi ya mo dithabeng e e bontle bo gogelang. A mabele a gagwe a go tlhapele ka metlha. O tlhapelwe ke boitumelo ka lorato lwa gagwe ka metlha. Ka jalo ke ka ntlha yang, morwaaka, fa o tlhapelwa ke boitumelo le mosadi o sele kgotsa o tlamparela sehuba sa mosadi wa seeng?”—Diane 5:18-20.

O se Ka wa Itlhaganelela Lenyalo

10. Ke eng fa go le botlhale go ipha nako ya go itse motho yo o tlileng go nyalana le ene?

10 Mathata a lenyalo a ka tsoga fa batho ba itlhaganelela go nyala. Ba ka tswa ba le basha thata e bile ba se na maitemogelo. Kgotsa gongwe ga ba iphe nako ya go itsane—dilo tse ba di ratang le tse ba sa di rateng, mekgele ya bone mo botshelong le gore ba goletse mo malapeng a a ntseng jang. Go molemo go nna pelotelele, o ipha nako ya go itse motho yo o tla nyalanang le ene. Akanya ka Jakobe, morwa Isake. O ne a tshwanelwa ke go direla rraagwe Ragele dingwaga di le supa pele a ka letlelelwa go nyala Ragele. O ne a iketleeleditse go dira jalo ka gonne maikutlo a gagwe a ne a theilwe mo loratong lwa mmatota, o ne a sa ngokiwe ke tebego ya kafa ntle fela.—Genesise 29:20-30.

11. (a) Kgolagano ya lenyalo e kopanya eng? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore banyalani ba laole tsela e ba buang ka yone?

11 Lenyalo ga se go ratana fela. Lenyalo le golaganya batho ba babedi ba ba goletseng mo malapeng a a sa tshwaneng, ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng le maikutlo a a sa tshwaneng, e bile gantsi ba na le thutego e e sa tshwaneng. Ka dinako tse dingwe le golaganya batho ba ditso tse pedi, gongwe le dipuo tse pedi. Mme le fa go ka nna jang, le golaganya batho ba babedi ba ba kgonang go tlhalosa maikutlo a bone a a sa tshwaneng mo dikgannyeng tse dintsi tse di farologaneng. Maikutlo a batho bano ka bobedi a botlhokwa thata mo kgolaganong ya lenyalo. Ba ka nna ba tshwaya diphoso le go ngongorega ka dinako tsotlhe, kgotsa ba ka kgothatsana le go nonotshana. Ee, re ka dirisa mafoko go utlwisa molekane wa rona botlhoko, kgotsa go mo fodisa. Fa banyalani ba sa laole tsela e ba buang ka yone, go ka nna le mathata tota mo lenyalong.—Diane 12:18; 15:1, 2; 16:24; 21:9; 31:26.

12, 13. Re kgothalediwa go nna le pono efe ka lenyalo e e ka re thusang gore re se ka ra lebelela dilo tse di ka se kang tsa direga?

12 Ka jalo, go botlhale go ipha nako ya go itse motho yo o tla nyalanang le ene sentle. Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o nang le maitemogelo o kile a re: “Fa o akanya ka mongwe yo o ka nyalanang le ene, akanya ka dilo di ka nna lesome tsa konokono tse o ka ratang go di bona mo  mothong yoo. Fa o ka bona a na le di le supa fela, ipotse, ‘A nka tlodisa tse tharo tse di seyong matlho? A letsatsi le letsatsi nka kgona go itshokela dilo tseno tse a tlhaelang mo go tsone?’ Fa o belaela, ema o ikakanye gape.” Mme gone ga o a tshwanela go lebelela dilo tse di ka se kang tsa direga. Fa o batla go nyala kgotsa go nyalwa, itse gore o ka se tsoge o bone molekane yo o itekanetseng. Mme le fa go ntse jalo, motho yo o tla felelang o nyalane le ene, le ene o tla bo a sa nyalana le motho yo o itekanetseng!—Luke 6:41.

13 Lenyalo le tlhoka gore motho a ithontshe dilo dingwe. Paulo o ne a bontsha seo fa a ne a re: “Ke batla gore lo se ka lwa tlhobaela. Monna yo o sa nyalang o tlhobaela ka dilo tsa Morena, kafa a ka bonang kamogelo ya Morena ka gone. Mme monna yo o nyetseng o tlhobaela ka dilo tsa lefatshe, kafa a ka bonang kamogelo ya mosadi wa gagwe ka gone, mme o kgaogane. Gape, mosadi yo o sa nyalwang, le kgarebane, o tlhobaela ka dilo tsa Morena, gore a nne boitshepo mo mmeleng wa gagwe le mo moyeng wa gagwe. Le fa go ntse jalo, mosadi yo o nyetsweng o tlhobaela ka dilo tsa lefatshe, kafa a ka bonang kamogelo ya monna wa gagwe ka gone.”—1 Bakorintha 7:32-34.

Mabaka A go Bo Manyalo Mangwe a Thubega

14, 15. Ke eng se se ka koafatsang lenyalo?

14 Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a utlwa botlhoko jwa tlhalo bosheng jaana fa monna wa gagwe a ne a mo tlogela a bo a simolola go ratana le mosadi yo mongwe morago ga dingwaga di le 12 ba nyalane. A go na le dilo dingwe tse a neng a di lemoga pele ba kgaogana? O tlhalosa jaana: “Go ne ga tla nako mo a neng a sa tlhole a rapela. O ne a ntsha diipato tse di sa utlwaleng gore a se ka a ya dipokanong tsa Bokeresete kgotsa tshimong. Fa re tshwanetse go fetsa nako re le mmogo o ne a tlhola a re o tshwaregile ka dilo dingwe kgotsa o lapile. O ne a sa mpuise. Re ne re sa tlhole re tlotla ka dilo tsa semoya. Go ne go utlwisa botlhoko go mmona a fetoga jalo. E ne e sa tlhole e le ene monna yole yo ke nyalaneng le ene.”

15 Ba bangwe le bone ba bolela gore ba ne ba lemoga matshwao a a tshwanang, a a akaretsang go koafala semoyeng, mo go bonalang ka gore molekane a tlogele go ithuta Baebele a le esi, go rapela kgotsa go ya dipokanong tsa Bokeresete. Ka mafoko a mangwe, batho ba le bantsi ba kgabagare ba ileng ba tlogela balekane ba bone ba ne ba letla kamano ya bone le Jehofa e koafala. Ka ntlha ya seo, pono ya bone ya semoya e ne ya nna letobo. Ba ne ba sa tlhole ba tsaya Jehofa e le Modimo yo o tshelang. Lefatshe le lesha la tshiamo le Modimo a le solofeditseng le ne le sa tlhole e le la mmatota mo go bone. Ka dinako tse dingwe, molekane yo o sa ikanyegeng o ne a simolola go koafala jalo semoyeng tota le pele a ratana le motho o sele.—Bahebera 10:38, 39; 11:6; 2 Petere 3:13, 14.

16. Ke eng se se nonotshang lenyalo?

16 Go fapaana le seo, banyalani bangwe ba ba itumetseng tota ba bolela gore lenyalo la bone le atlegile ka ntlha ya bomoya jwa bone jo bo nonofileng. Ba rapela mmogo e bile ba ithuta mmogo. Monna a re: “Re bala Baebele mmogo. Re ya tshimong mmogo. Re itumelela go dira dilo mmogo.” Se re se ithutang fano se bonala sentle: Go tswelela lo na le kamano e e molemo le Jehofa go tla thusa thata gore lenyalo le nne le nonofile.

Se Lebeleleng Dilo Tse Di ka Se Kang Tsa Direga Mme lo Buisane

17. (a) Ke dilo dife tse pedi tse di thusang gore lenyalo le atlege? (b) Paulo o tlhalosa lorato lwa Bokeresete jang?

17 Go na le dilo tse dingwe gape tse pedi tse di thusang gore lenyalo le atlege: lorato lwa Bokeresete le go buisana. Fa batho ba babedi ba ratana, gantsi mongwe le mongwe o tlhokomologa diphoso tsa yo mongwe. Banyalani ba ka tsena mo lenyalong ba lebeletse dilo tse di feteletseng, gongwe ba ya ka se ba se badileng mo dibukeng tsa marato kgotsa se ba se boneng mo difiliming. Le fa go ntse jalo, kgabagare banyalani ba tshwanetse ba lebana le botshelo jaaka bo ntse. Mme diphosonyana tse e seng tsa sepe kgotsa mekgwanyana e e serang e ka fetoga mathata a matona. Fa seo se direga, Bakeresete ba tshwanetse ba bontsha maungo a moya, a longwe lwa one e leng lorato. (Bagalatia 5:22, 23) Ee ruri, lorato lo maatla—ke gore lorato lwa Bokeresete, e seng lwa baratani. Paulo o ne a tlhalosa lorato lono lwa Bokeresete jaana: “Lo pelotelele e bile lo pelonomi. . . . Ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege.  Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. . . . Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:4-7) Go bonala sentle gore lorato lwa mmatota lo itshokela makoa a motho yo mongwe. E re ka lorato lo sa lebelele dilo tse di ka se kang tsa direga, ga lo lebelele gore motho a se ka a dira diphoso.—Diane 10:12.

18. Puisano e ka nonotsha lenyalo jang?

18 Go buisana le gone go botlhokwa. Go sa kgathalesege gore go fetile dingwaga tse kae batho ba nyalane, ba tshwanetse go tlotla mmogo le go reetsana tota. Monna mongwe yo o nyetseng a re: “Re ntsha maikutlo a rona re sa fitlhe sepe, mme re dira jalo ka botsalano.” Fa nako e ntse e ya, monna yo o nyetseng kgotsa mosadi yo o nyetsweng o ithuta go reetsa e seng fela se molekane wa gagwe a se buang mme le se a sa se bueng tota. Ka mafoko a mangwe, fa dingwaga di ntse di ya, banyalani ba ba mo lenyalong le le itumetseng ba ithuta go lemoga dikakanyo tse di sa buiweng kgotsa maikutlo a a sa ntshiwang. Basadi bangwe ba re banna ba bone tota ga ba ba reetse. Banna bangwe bone ba ngongorega ka gore basadi ba bone gantsi ba rata go tlotla ka dinako tse di sa ba siamelang. Puisano e tshwanetse go dirwa ka kutlwelobotlhoko le ka go tlhaloganya. Go buisana sentle go botlhokwa mo monneng mmogo le mo mosading.—Jakobe 1:19.

19. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka nna thata go kopa maitshwarelo? (b) Ke eng se se tla re rotloetsang go kopa maitshwarelo?

19 Ka dinako tse dingwe puisano e akaretsa go ikopa maitshwarelo. Ga se ka metlha go leng motlhofo go dira jalo. Go tlhoka boikokobetso gore motho a dumele diphoso tsa gagwe. Mme mo lenyalong go dira jalo go thusa fela thata! Go kopa maitshwarelo ka bopeloephepa go ka fedisa seemo sepe se se ka tlisang kgotlhang mo isagweng mme gape go ka dira gore yo o phoso a itshwarelwe tota mme bothata bo rarabologe. Paulo o ne a bolela jaana: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakolosa 3:13, 14.

20. Mokeresete o tshwanetse go dirisana jang le molekane wa gagwe wa lenyalo fa ba le babedi fela le fa ba le mo gare ga batho?

20 Selo se sengwe se se botlhokwa mo lenyalong ke go tshegetsana. Monna le mosadi ba Bakeresete  ba tshwanetse ba kgona go tshepana, gore mongwe le mongwe a ikaege ka yo mongwe. Ga go ope wa bone yo o tshwanetseng a nyatsa yo mongwe kgotsa a dira ka ditsela tse dingwe gore a se ka a tlhola a itshepa. Re akgola batho ba re nyalaneng le bone ka lorato; ga re batle go ba tshwaya diphoso ka tsela e e botlhoko. (Diane 31:28b) Eleruri re ka se batle go ba isa kwa tlase ka go dira metlae ya boeleele ka bone le e e sa akanyetseng maikutlo a bone. (Bakolosa 4:6) Go tshegetsana jalo go nonotshiwa ke go bontshana lorato ka metlha. Fa motho a ama molekane wa gagwe kgotsa a mmolelela ka bonolo mafoko mangwe a a monate seno se ka naya molekane yoo molaetsa o o reng: “Ke sa ntse ke go rata. Ke itumelela go nna le wena.” Tseno ke dingwe tsa dilo tse di ka nonotshang lenyalo mme tsa thusa gore le atlege mo lefatsheng la gompieno. Go na le tse dingwe, mme setlhogo se se latelang se tla naya kaelo e nngwe ya Dikwalo malebana le kafa lenyalo le ka atlegang ka teng. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• Dingwe tsa dilo tse di ka koafatsang lenyalo ke dife?

• Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go itlhaganelela go nyala?

• Bomoya bo ama lenyalo jang?

• Ke dilo dife tse di thusang go nonotsha lenyalo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Lenyalo ga se go ratana fela

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Go nna le kamano e e nonofileng le Jehofa go thusa banyalani go atlega mo lenyalong