Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kaelo e e Mosola e e Newang Banyalani

Kaelo e e Mosola e e Newang Banyalani

 Kaelo e e Mosola e e Newang Banyalani

“A basadi ba ikobele banna ba bone jaaka ba ikobela Morena. Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona.”—BAEFESO 5:22, 25.

1. Lenyalo le tshwanetse go lejwa jang?

JESU o ne a re lenyalo ke fa Modimo a golaganya monna le mosadi gore ba nne “nama e le nngwe.” (Mathaio 19:5, 6) Le akaretsa batho ba babedi ba botho jo bo farologaneng ba ba ithutang go kgatlhegela dilo tse di tshwanang le go berekela mekgele e e tshwanang. Lenyalo ke kgolagano ya botshelo jotlhe, ga se tumalano fela ya nakwana e e ka tlogelwang motlhofo. Go tlhala go motlhofo mo dinageng di le dintsi, mme Mokeresete ene o leba lenyalo e le kamano e e boitshepo. Le fedisiwa fela ka lebaka le le masisi tota.—Mathaio 19:9.

2. (a) Banyalani ba ka thusiwa ke eng? (b) Ke eng fa go le botlhokwa go leka go dira gore lenyalo le atlege?

2 Mogakolodi mongwe wa manyalo o ne a re: “Lenyalo le le atlegileng le nna le fetoga fa go ntse go tlhaga dikgang tse disha mo go lone, go rarabololwa mathata a a tsogang mme go dirisiwa dilo tse di thusang tse di a bong di le teng mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo.” Mo banyalaning ba Bakeresete, dithuso tseo di akaretsa kgakololo e e mosola go tswa mo Baebeleng, go tshegediwa ke Bakeresete ka rona le go nna le kamano e e gaufi le Jehofa ka go rapela. Lenyalo le le atlegileng le itshokela mathata mme fa dingwaga di ntse di ya, le dira gore banyalani ba itumele ba bo ba kgotsofale. Sa botlhokwa le go feta, le tlisetsa Jehofa Modimo tlotlo, yo e leng Mosimolodi wa lenyalo.—Genesise 2:18, 21-24; 1 Bakorintha 10:31; Baefeso 3:15; 1 Bathesalonika 5:17.

 Etsa Jesu le Phuthego ya Gagwe

3. (a) Tlhalosa dintlha tsa konokono tsa kgakololo e Paulo a e neetseng banyalani. (b) Jesu o ne a re tlhomela sekao sefe se se molemo?

3 Dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng, moaposetoloi Paulo o ne a naya banyalani ba Bakeresete kgakololo e e mosola fa a ne a kwala jaana: “Jaaka phuthego e ikobela Keresete, jalo a basadi le bone ba nne jalo mo banneng ba bone mo go sengwe le sengwe. Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baefeso 5:24, 25) A bo tseno e le dipapiso tse di tshwanelang jang ne! Basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba ba nnang ba ikokobeleditse banna ba bone ba etsa phuthego ka go amogela le go ikobela molaomotheo wa botlhogo. Banna ba ba dumelang ba ba tswelelang pele ba rata basadi ba bone, e ka tswa e le mo maemong a a siameng kgotsa mo dinakong tse di thata, ba bontsha gore ba latela thata sekao sa ga Keresete sa go rata phuthego le go e tlhokomela.

4. Banna ba ba nyetseng ba ka latela sekao sa ga Jesu jang?

4 Banna ba ba nyetseng ba Bakeresete ke ditlhogo tsa malapa a bone, mme le bone ba na le tlhogo, Jesu. (1 Bakorintha 11:3) Ka gone, fela jaaka Jesu a ne a tlhokomela phuthego ya gagwe, banna ba ba nyetseng le bone ba tlhokomela malapa a bone ka lorato ka dilo tsa semoya le tsa senama, le fa go ka tlhokega gore ba itime dilo dingwe. Ba baya boitumelo jwa malapa a bone kwa pele ga dilo tse ba di eletsang le tse ba di ratang. Jesu o ne a re: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Molaomotheo oo o dira thata mo lenyalong. Paulo o ne a bontsha seno fa a ne a re: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. . . . Ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela.” (Baefeso 5:28, 29) Monna o tshwanetse a fepa a bo a ngomaela mosadi wa gagwe fela jaaka a dira ka natla go iphepa le go ingomaela.

5. Basadi ba ba nyetsweng ba ka etsa phuthego ya Bokeresete jang?

5 Basadi ba ba obamelang Modimo ba latela sekao sa phuthego ya Bokeresete. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, balatedi ba gagwe ba ne ba itumelela go tlogela dilo tse ba neng ba di dira pele ba bo ba mo sala morago. Morago ga loso lwa gagwe, ba ne ba tswelela pele ba mo ikobela, mme mo dingwageng di ka nna 2 000 tse di fetileng, phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete e ntse e ikobela Jesu e bile e latela botlhogo jwa gagwe mo dilong tsotlhe. Basadi ba Bakeresete le bone ga ba nyatse banna ba bone e bile ga ba tseye thulaganyo ya Dikwalo ya botlhogo motlhofo mo lenyalong. Go na le moo, ba tshegetsa banna ba bone e bile ba a ba ikobela, ba dirisana le bone mme ka jalo ba a ba kgothatsa. Fa monna le mosadi ba dirisana mmogo ka tsela e e lorato jalo, lenyalo la bone ruri le tla atlega mme boobabedi ba tla le itumelela.

Tswelelang lo Nna le Bone

6. Petere o ne a naya banna ba ba nyetseng kgakololo efe, mme ke ka ntlha yang fa e le botlhokwa?

6 Moaposetoloi Petere le ene o ne a na le se a ka gakololang banyalani ka sone, mme mafoko a a neng a a raya banna ba ba nyetseng a ne a le maatla tota. O ne a re: “Tswelelang lo nna le [basadi ba lona] ka mokgwa o o tshwanang go ya ka kitso,  lo ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoa, sa sesadi, e re ka le lona lo le baruaboswa le bone ba letlhogonolo le le sa re tshwanelang la botshelo, e le gore dithapelo tsa lona di se ka tsa kgoreletsega.” (1 Petere 3:7) Bomasisi jwa kgakololo ya ga Petere bo bonala mo mafokong a bofelo a temana eo. Fa monna a sa tlotle mosadi wa gagwe, seno se tla ama kamano ya gagwe le Jehofa. Dithapelo tsa gagwe di tla kgoreletsega.

7. Monna o tshwanetse a tlotla mosadi wa gagwe jang?

7 Ka jalo, banna ba ba nyetseng ba ka tlotla basadi ba bone jang? Go tlotla mosadi wa gago go kaya go dirisana le ene ka lorato le go mo naya seriti. Ba le bantsi ba ne ba ka bona go tshwara mosadi ka bopelontle jalo e le sengwe se se sa tlwaelegang. Mokanoki mongwe wa Mogerika o kwala jaana: “Mo molaong wa Baroma, mosadi o ne a se na ditshwanelo. Go ya ka molao o ne a nnela ngwana ruri. . . . O ne a ineela gotlhelele mo monneng wa gagwe, monna a mo laola ka botlalo.” A bo seo se ne se farologane thata jang ne le dithuto tsa Bokeresete! Monna wa Mokeresete o ne a tlotla mosadi wa gagwe. O ne a dirisana le ene go ya ka melaometheo ya Bokeresete, e seng ka tsela e a ikutlwang ka yone ka nako eo. Mo godimo ga moo, o ne a mo akanyetsa “go ya ka kitso,” a gopola gore ke sejana se se bokoa.

Ke “Sejana se se Bokoa” ka Tsela Efe?

8, 9. Basadi ba lekana le banna ka ditsela dife?

8 Fa Petere a ne a re mosadi ke “sejana se se bokoa,” o ne a sa reye gore basadi ba bokoa go feta banna mo tlhaloganyong kgotsa mo dilong tsa semoya. Ee, banna ba le bantsi ba Bakeresete ba na le ditshiamelo mo phuthegong, tse basadi ba ka se solofeleng go nna le tsone. Mme mo lelapeng, basadi ba ikobela banna ba bone. (1 Bakorintha 14:35; 1 Timotheo 2:12) Le fa go ntse jalo, batho botlhe, banna le basadi, ba tshwanetse go nna le tumelo, boitshoko le melao e e kwa godimo ya boitsholo ka tsela e e tshwanang. Mme jaaka Petere a boletse, banna mmogo le basadi ke “baruaboswa . . . ba letlhogonolo le le sa re tshwanelang la botshelo.” Fa go tliwa mo kgannyeng ya poloko, ba tshwana fela fa pele ga ga Jehofa Modimo. (Bagalatia 3:28) Fa Petere a ne a kwala mafoko ao, o ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka gone, mafoko a  gagwe a ne a gopotsa banna ba Bakeresete gore jaaka e le “baruaboswammogo le Keresete,” bone le basadi ba bone ba ne ba na le tsholofelo e e tshwanang ya go ya legodimong. (Baroma 8:17) Letsatsi lengwe, botlhe ba ne ba tla direla e le baperesiti le dikgosi mo Bogosing jwa Modimo kwa legodimong!—Tshenolo 5:10.

9 Ruri basadi ba ba tloditsweng ba Bakeresete ba ne ba sa tsewe ba le kwa tlase ka maemo fa ba bapisiwa le banna ba bone ba ba tloditsweng ba Bakeresete. Mme tota go ntse fela jalo le ka ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Banna mmogo le basadi ba “boidiidi jo bogolo” ba tlhatswa dikobo tsa bone ba di sweufatsa mo mading a Kwana. Banna mmogo le basadi ba nna le seabe mo tirong ya go goa ba baka Jehofa “motshegare le bosigo” mo lefatsheng lotlhe. (Tshenolo 7:9, 10, 14, 15) Banna mmogo le basadi ba lebile pele kwa nakong e ba tla bong ba ipelela “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo,” fa ba tla bo ba ipelela “botshelo jwa mmatota.” (Baroma 8:21; 1 Timotheo 6:19) Bakeresete botlhe, le fa e ka tswa e le batlodiwa kgotsa e le ba dinku tse dingwe, ba direla Jehofa mmogo e le “letsomane le le lengwe” le “modisa a le mongwe.” (Johane 10:16) A bo leo e le lebaka le le maatla jang ne la gore monna le mosadi ba ba nyalaneng ba Bakeresete ba bontshane tlotlo jaaka go tshwanetse!

10. Basadi ke ‘dijana tse di bokoa’ ka tsela efe?

10 Mme basadi ke ‘dijana tse di bokoa’ ka tsela efe he? Gongwe Petere o ne a bua ka ntlha ya gore, ka kakaretso fela, basadi ba na le mmele o monnye fa ba bapisiwa le banna e bile ga ba na maatla a mmele a a lekanang le a banna. Mo godimo ga moo, e re ka re sa itekanela, tshiamelo e e molemo ya go tshola bana e tlisetsa basadi mathata a botsogo. Basadi ba ba mo dingwageng tsa go tshola bana ba ka nna le mathata a botsogo gangwe le gape. Ruri ba tlhoka tlhokomelo e kgolo le go akanyediwa fa ba ntse ba le mo dinakong tseno tse di seng monate kgotsa ba itshokela go lapa mo go bakwang ke go ima le go belega. Monna yo o tlotlang mosadi wa gagwe, a lemoga kafa a tlhokang go tlhokomelwa ka teng mo maikutlong, o tla thusa thata gore lenyalo le atlege.

Mo Lelapeng le le Kgaoganeng ka Bodumedi

11. Lenyalo le ka atlega jang le fa monna le mosadi ba le mo madumeding a a farologaneng?

11 Mme go tweng fa balekane ba lenyalo ba sa dumalane ka mogopolo mo dikgannyeng tsa bodumedi ka gonne mongwe wa bone a amogetse boammaaruri jwa Bokeresete lobaka lo lo rileng morago ga gore ba nyalane mme yo mongwe a sa bo amogela? A lenyalo le le ntseng jalo le ka atlega? A le mantsi a a ntseng jalo a ile a atlega. Monna le mosadi ba ba sa dumalaneng mo dikgannyeng tsa bodumedi ba sa ntse ba ka atlega mo lenyalong ka tsela ya gore lenyalo la bone le ka nnela ruri mme la dira gore boobabedi ba itumele. Kwantle ga moo, lenyalo leo le lone le siame mo matlhong a ga Jehofa; le bone ke “nama e le nngwe.” Ka jalo, molekane wa Mokeresete o gakololwa gore a tswelele a nna le molekane yo o sa dumeleng fa molekane yoo a dumela go tswelela a nna le ene. Fa  go na le bana, ba solegelwa molemo ka ntlha ya boikanyegi jwa motsadi yo e leng Mokeresete.—1 Bakorintha 7:12-14.

12, 13. Go ya ka kgakololo ya ga Petere, basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba ka thusa jang banna ba bone ba ba sa dumeleng?

12 Petere o gakolola ka bopelonomi basadi ba Bakeresete ba ba nnang mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi. Mafoko a gagwe a ka dirisiwa le ke banna ba Bakeresete ba ba mo seemong se se tshwanang. Petere o kwala jaana: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.”—1 Petere 3:1, 2.

13 Go molemo fa mosadi ka botlhale a ka kgona go tlhalosetsa monna wa gagwe dilo tse a di dumelang. Mme go tweng fa monna a sa batle go reetsa? Eo ke tshwetso ya gagwe. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le tsholofelo ka gonne boitshwaro jwa Mokeresete le jone bo naya bosupi jo bogolo. Banna ba le bantsi ba kwa tshimologong ba neng ba sa kgatlhegele dilo tse basadi ba bone ba di dumelang, kgotsa e bile ba di ganetsa, ba ile ba nna “le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng” fa ba sena go bona boitshwaro jo bo molemo jwa basadi ba bone. (Ditiro 13:48) Tota le fa monna a sa amogele boammaaruri jwa Bokeresete, o sa ntse a ka kgatlhiwa thata ke boitshwaro jwa mosadi wa gagwe, mme seo sa nna le diphelelo tse di molemo mo lenyalong. Monna mongwe yo mosadi wa gagwe e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a ipolela gore tota ene a ka se kgone go latela melao e e kwa godimo ya bone. Le fa go ntse jalo, o ne a itlhalosa e le “monna yo o itumetseng wa mosadi yo o molemo” mme a baka mosadi wa gagwe le Basupi ba bangwe ka bopelontle mo lekwalong le a neng a le kwalela pampiri ya dikgang.

14. Banna ba ka thusa jang basadi ba bone ba ba sa dumeleng?

14 Banna ba Bakeresete ba ba ileng ba dirisa melaometheo ya mafoko a ga Petere le bone ba ile ba gapa basadi ba bone ka boitshwaro jwa bone. Basadi ba ba sa dumeleng ba ile ba bona banna ba bone ba simolola go nna le maikarabelo, ba tlogela go senya madi ka go goga, go nwa le go betšha e bile ba latlha puo ya matlhapa. Bangwe ba balekane bano ba ile ba tlwaelana le maloko a mangwe a phuthego ya Bokeresete. Ba ne ba kgatlhiwa ke bokaulengwe jwa bone jo bo lorato jwa Bokeresete, mme se ba neng ba se bona mo bakaulengweng se ne sa ba gogela mo go Jehofa.—Johane 13:34, 35.

“Motho wa Sephiri wa Pelo”

15, 16. Monna yo o sa dumeleng a ka gapiwa ke boitshwaro jo bo ntseng jang jwa mosadi wa gagwe wa Mokeresete?

15 Monna a ka gapiwa ke boitshwaro jo bo ntseng jang? Tota ke boitshwaro jo gantsi bo tlhagolelwang ke basadi ba Bakeresete. Petere a re: “A mokgabo wa lona e se ka ya nna wa go loga moriri loetse kafa ntle le wa go rwala mekgabiso ya gouta kgotsa wa go apara diaparo tsa kafa ntle, mme a e nne motho wa sephiri wa pelo yo o apereng diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo. Gonne pele, basadi ba ba boitshepo ba ba neng ba solofetse mo Modimong le bone ba ne ba tle ba ikgabise jalo, ba ipaya mo taolong ya banna ba bone, jaaka Sara a ne a tlwaetse go utlwa Aborahame, a mmitsa ‘morena.’ Mme lo fetogile bana ba gagwe, fa fela lo nna lo dira molemo e bile lo sa boife sepe se se tshosang.”—1 Petere 3:3-6.

16 Petere o gakolola mosadi wa Mokeresete gore a se ka a ikaega ka ditebego tsa kafa ntle. Go na le moo, o tshwanetse a dira gore monna wa gagwe a lemoge kafa motho wa gagwe wa kafa teng a amiwang ke dithuto tsa Baebele ka teng. Monna wa gagwe o tshwanetse a bona gore o setse a apere botho jo bosha. Gongwe o tla bona pharologanyo fa gare ga botho jono jo bosha jwa mosadi wa gagwe le jo a kileng a bo a na le jone. (Baefeso 4:22-24) Ruri o tla fitlhela ‘moya wa gagwe o o didimetseng le o o bonolo’ o lapolosa e bile o ratega. Ga se fela gore moya o o ntseng jalo o tla itumedisa monna wa gagwe fela, mme gape o ‘botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.’—Bakolosa 3:12.

17. Sara ke sekao se se molemo jang mo basading ba Bakeresete?

17 Sara o tlhalosiwa e le sekao, mme ke sekao se se molemo se se ka latelwang ke basadi ba ba nyetsweng  ba Bakeresete, le fa banna ba bone ba ka tswa ba dumela kgotsa ba sa dumele. Ga go na pelaelo epe gore Sara o ne a tsaya Aborahame e le tlhogo ya gagwe. Tota le mo pelong o ne a mmitsa “morena” wa gagwe. (Genesise 18:12) Mme seo se ne se sa dige Sara seriti. Go bonala sentle gore e ne e le mosadi yo o nonofileng semoyeng, a na le tumelo e e tlhomameng mo go Jehofa. Ee ruri, ke mongwe wa ‘leru le legolo la basupi’ ba sekao sa bone sa tumelo se tshwanetseng sa re tlhotlheletsa go ‘taboga ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.’ (Bahebera 11:11; 12:1) Fa mosadi yo o nyetsweng wa Mokeresete a tshwana le Sara, seo ga se mo ise kwa tlase.

18. Go tshwanetse ga gopolwa melaometheo efe mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi?

18 Mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi, monna e sa ntse e le ene tlhogo. Fa e le gore ke ene yo o mo boammaaruring, o tla akanyetsa dilo tse mosadi wa gagwe a di dumelang mme a sa letle gore seno se koafatse tumelo ya gagwe. Fa mosadi e le ene a leng mo boammaaruring, le ene ga a ne a tlogela dilo tse a di dumelang. (Ditiro 5:29) Le fa go ntse jalo, ga a ne a nyatsa botlhogo jwa monna wa gagwe. O tla tlotla maemo a gagwe mme a nne a le kafa tlase ga ‘molao wa monna wa gagwe.’—Baroma 7:2.

Kgakololo e e Mosola ya Baebele

19. Mangwe a mathata a a koafatsang lenyalo ke afe, mme mathata ano a ka fenngwa jang?

19 Gompieno go na le dilo tse dintsi tse di ka koafatsang lenyalo. Banna bangwe ga ba dire maikarabelo a bone. Basadi bangwe ba gana go amogela botlhogo jwa banna ba bone. Mo manyalong a mangwe gone, motho o sotliwa ke molekane wa gagwe wa lenyalo. Mo Bakereseteng, mathata a ikonomi, bosaitekanelang jwa batho le moya wa lefatshe ka boitsholo jwa lone jo bo sa siamang le tsela e e sokameng e le lebang mekgwa e e siameng ka yone, di ka leka go ikanyega ga bone mo balekaneng ba bone. Le fa go ntse jalo, banna le basadi ba Bakeresete ba ba latelang melaometheo ya Baebele ba amogela masego a ga Jehofa, le fa ba ka tswa ba le mo seemong sefe. Le fa melaometheo ya Baebele e dirisiwa ke molekane a le mongwe fela wa lenyalo, seemo se nna botoka go na le fa go ka bo go se na ope wa bone yo o dirang jalo. Mo godimo ga moo, Jehofa o rata e bile o thusa batlhanka ba gagwe ba ba nnang ba ikanyega mo maikanong a bone a lenyalo tota le fa maemo a le thata. Ga a lebale boikanyegi jwa bone.—Pesalema 18:25; Bahebera 6:10; 1 Petere 3:12.

20. Petere o gakolola Bakeresete botlhe jang?

20 Fa moaposetoloi Petere a sena go gakolola banna le basadi ba ba mo lenyalong, o ne a konela ka mafoko a a nametsang a kgothatso. O ne a re: “La bofelo, nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, lo na le lorato lwa bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo le boikokobetso mo mogopolong, lo sa duele go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa botlhoko kgotsa go gobololwa ka go gobolola, mme go na le moo, lo segofatse, ka gonne lo ne lwa bilediwa tsela eno, gore lo rue tshegofatso.” (1 Petere 3:8, 9) A bo kgakololo eno e le mosola, bogolo jang mo banyalaning!

A o A Gakologelwa?

• Banna ba Bakeresete ba etsa Jesu jang?

• Basadi ba Bakeresete ba etsa phuthego jang?

• Banna ba ka tlotla basadi ba bone ka tsela efe?

• Ke tsela efe e e molemo e mosadi wa Mokeresete yo monna wa gagwe a sa dumeleng a ka e tsayang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Monna yo o nyetseng wa Mokeresete o rata mosadi wa gagwe e bile o a mo tlhokomela

Mosadi yo o nyetsweng wa Mokeresete o tlotla monna wa gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Dithuto tsa Bokeresete di ne di sa tshwane le molao wa Baroma ka gonne di ne di re monna a tlotle mosadi wa gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Banna mmogo le basadi ba “boidiidi jo bogolo” ba solofetse go tshelela ruri mo Paradaiseng

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Sara o ne a tsaya Aborahame e le morena wa gagwe