Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ruthe

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ruthe

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ruthe

KE KGANG e e amang pelo ya botshelo jwa basadi ba babedi ba ba neng ba ratana ka lorato lo logolo. Ke pego e e kaga go anaanela Jehofa Modimo le go ikanya dithulaganyo tsa gagwe. Ke kgang e e gatelelang kafa Jehofa a kgatlhegelang thata ka teng tatelano ya losika lwa ga Mesia. Ke tiragalo e e amang pelo e e bontshang menate la mahutsana a lelapa. Buka ya Baebele ya Ruthe e tshwere dilo tseno tsotlhe le tse dingwe tse dintsi.

Buka ya Ruthe e akaretsa ditiragalo tse di tsereng dingwaga di ka nna 11 “mo malatsing a fa baatlhodi ba ne ba diragatsa tshiamiso” mo Iseraele. (Ruthe 1:1) Ditiragalo tse di kwadilweng mo go yone di tshwanetse tsa bo di diragetse mo tshimologong ya motlha wa Baatlhodi e re ka Boase mongwe wa batho ba go buiwang ka bone mo tiragalong eno ya mmatota, e ne e le morwa wa ga Rahabe wa motlha wa ga Joshua. (Joshua 2:1, 2; Ruthe 2:1; Mathaio 1:5) Go ka direga gore tiragalo eno e ne ya kwalwa ke Moporofeti Samuele ka 1090 B.C.E. Buka eno ke yone fela buka ya Baebele e e bidiwang ka leina la mosadi yo e neng e se Moiseraele. Molaetsa o o mo go yone o a ‘tshela e bile o naya maatla.’—Bahebera 4:12.

“KWA O YANG GONE KE TLA YA GONE”

(Ruthe 1:1–2:23)

Fa Naomi le Ruthe ba goroga kwa Bethelehema, ba ne ba ngoka kgatlhego ya batho ba le bantsi. Basadi ba motse ba ne ba nna ba botsa jaana ka Naomi ka e ne e le ene yo mogolo: “A yo ke ene Naomi?” Naomi o ne a araba ka go re: “Lo se ka lwa mpitsa Naomi. Lo mpitse Mara, ka gonne Mothatayotlhe o ntiretse mo go botlhoko thata. Ke ne ke tletse fa ke tsamaya, mme Jehofa o dirile gore ke boe ke iphotlhere.”—Ruthe 1:19-21.

Fa leuba le pateletsa lelapa la ga Naomi go fuduga mo Bethelehema go ya kwa Moabe, o ne a “tletse” ka tsela ya gore o ne a na le monna le barwa ba babedi. Le fa go ntse jalo, moragonyana fa ba sena go goroga kwa Moabe, monna wa gagwe e bong Elimeleke o a swa. Morago ga moo, barwa ba bone ba babedi ba nyala basadi ba Moabe e bong Orepa le Ruthe. Go feta dingwaga di ka nna lesome, mme barwa bano ba babedi le bone ba a swa ba se na bana, ba tlogela basadi bano ba bararo ba le bosi. Fa matsalaabone e bong Naomi a tsaya tshwetso ya go boela kwa Juda, batlholagadi bano ba bomorwaawe ba tsamaya le ene. Mo tseleng Naomi o kopa dingwetsi tseno tsa gagwe gore di boele kwa Moabe go ya go ipatlela banna mo bathong ba gabone. Orepa o dira jalo. Mme Ruthe ene o gana go kgaogana le Naomi ka go mo raya a re: “Kwa o yang gone ke tla ya gone, le kwa o lalang gone bosigo ke tla lala gone. Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.”—Ruthe 1:16.

Naomi le Ruthe ba goroga kwa Bethelehema ka nako ya fa go simololwa thobo ya barele. Ruthe o ne a dirisa thulaganyo e e neng e tlhomilwe mo Molaong wa Modimo, mme o simolola go ronopa mo tshimong e go neng ga direga gore e bo e le ya mongwe wa losika lwa ga Elimeleke—monnamogolo mongwe wa Mojuda yo o bidiwang Boase. Boase o ne a kgatlhwa ke Ruthe mme a mo letla go tswelela a ronopa mo tshimong ya gagwe “go fitlha thobo ya barele le thobo ya korong” e tla bokhutlong.—Ruthe 2:23.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:8—Ke eng fa Naomi a ile a laela dingwetsi tsa gagwe gore “mongwe le mongwe a ye kwa  ntlong ya ga mmaagwe” go na le gore a re kwa ntlong ya ga rraagwe? Ga go umakwe gore a ka nako eo rraagwe Orepa o ne a tshela kana nnyaa. Le fa go ntse jalo, rraagwe Ruthe ene o ne a sa ntse a tshela. (Ruthe 2:11) Le fa go ntse jalo, Naomi o ne a umaka bommaabone gongwe a akanya gore go dira jalo go tla ba gopotsa lorato lo logolo lo mmè a nang le lone. Seno se ne se ka nna sa gomotsa dingwetsi tseno tse di neng di hutsafaletse go kgaogana le matsalaatsone yo di mo ratang. Mafoko ano gape a ka tswa a bontsha gore magae a bommè ba ga Ruthe le Orepa e ne e se a a iphotlhereng jaaka la ga Naomi.

1:13, 21—A Jehofa o ne a sulafaletsa Naomi botshelo le go mmakela masetlapelo? Nnyaa, Naomi o ne a sa pege Modimo molato. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di neng di mo diragaletse, o ne a akanya gore Jehofa o ne a le kgatlhanong le ene. O ne a utlwile botlhoko e bile a kgobegile marapo. Mo godimo ga moo, mo malatsing ao, leungo la sebopelo le ne le tsewa e le masego a a tswang kwa Modimong mme go nna moopa e le phutso. E re ka Naomi a ne a se na ditlogolo e bile a swetswe ke barwa, a ka tswa a ile a ikutlwa gore o na le lebaka le le utlwalang la go akanya gore Jehofa ke ene yo o mo kokobeditseng.

2:12—Ke ‘tuelo efe e e feletseng’ e Jehofa a neng a duela Ruthe ka yone? Ruthe o ne a nna le morwa mme a newa tshiamelo ya gore e nne ene a gokaganyang losika lo lo botlhokwa go gaisa otlhe mo hisitoring—losika lwa ga Jesu Keresete.—Ruthe 4:13-17; Mathaio 1:5, 16.

Se re Ithutang Sone:

1:8; 2:20. Le fa Naomi a ile a welwa ke ditiragalo tse di sa itumediseng, o ne a tswelela a tshepa bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa. Le rona re tshwanetse go dira jalo, segolobogolo fa re lebane le diteko tse di masisi.

1:9. Legae ga le a tshwanela go nna fela lefelo le ba lelapa ba jang le go robala mo go lone. E tshwanetse go nna lefelo la kagiso le la kgothatso.

1:14-16. Orepa o ne a boela “kwa bathong ba gagabo le kwa medimong ya gagwe.” Ruthe ene o ne a se ka a dira jalo. O ne a tlogela manobonobo le tshireletsego ya naga ya gaabo mme a tswelela a ikanyega mo go Jehofa. Go lwela go nna le lorato lo lo ikanyegang mo Modimong le go bontsha moya wa go intsha setlhabelo go tla re sireletsa gore re se ka ra ineelela dikeletso tsa bogagapa le gore re se ka ra ‘kata ka morago go ya tshenyegong.’—Bahebera 10:39.

2:2. Ruthe o ne a batla go dirisa ka botlalo thulaganyo ya go ronopa e e neng e diretswe batho ba ba tswang kwa dinageng di sele le batho ba ba sotlegang. O ne a le boikokobetso mo pelong. Mokeresete yo o tlhokang ga a tshwanela go nna boikgogomoso ka go gana thuso e e lorato ya badumedi ka ene kana go gana thuso epe fela ya puso e a ka tshwanelegang go e newa.

2:7. Le fa Ruthe a ne a na le tshwanelo ya go ronopa o ne a kopa tetla pele ga a dira jalo. (Lefitiko 19:9, 10) Seno se ne se bontsha gore ke motho yo o pelonolo. Go molemo gore le rona re ‘batle bopelonolo,’ ka gonne “ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Sefania 2:3; Pesalema 37:11.

2:11. Ruthe o ile a bontsha gore o ne a sa amane fela le Naomi ka losika. E ne e le tsala ya gagwe ya boammaaruri. (Diane 17:17) Botsala jwa bone bo ne bo tlhomame ka gonne bo ne bo ikaegile ka dinonofo tse di jaaka lorato, boikanyegi,  kutlwelobotlhoko, bopelonomi le moya wa go intsha setlhabelo. Selo se se botlhokwa le go feta ke gore, bo ne bo ikaegile ka bomoya jwa bone—keletso ya bone ya go batla go direla Jehofa le go nna mongwe wa baobamedi ba gagwe. Le rona re na le ditshono tse di molemo tsa go lwela go nna le botsala jwa boammaaruri le baobamedi ka rona ba ba ikanyegang.

2:15-17. Tota le fa Boase a ile a dira gore Ruthe a kgone go iphokoletsa tiro, o ne “a tswelela a ronopa mo tshimong go fitlha maitseboa.” Ruthe e ne e le senatla. Mokeresete o tshwanetse go itsege e le motho yo o dirang ka natla.

2:19-22. Naomi le Ruthe ba ne ba itumelela motlotlo o o monate ka nako ya maitiso, yo mogolo a bontsha go kgatlhegela ditiro tsa yo mmotlana, boobabedi ba bolelelana megopolo le maikutlo ba gololesegile. A ga go a tshwanela gore go nne jalo mo lelapeng la Bakeresete?

2:22, 23. Go farologana le morwadie Jakobe e bong Dina, Ruthe ene o ne a tlhopha go itsalanya le baobamedi ba ga Jehofa. A sekao se se molemo ruri!—Genesise 34:1, 2; 1 Bakorintha 15:33.

NAOMI O A ‘TLALA’

(Ruthe 3:1–4:22)

Naomi o setse a tsofetse mo a ka sekang a tshola bana. Ka jalo o laela Ruthe gore a nne le bana mo boemong jwa gagwe ka thulaganyo ya go nyalana le morekolodi kana go nyalana le mongwe wa losika lwa monna. Ruthe o latela kgakololo ya ga Naomi ka go kopa Boase gore a nne morekolodi. Boase o iketleeleditse go dira jalo. Le fa go ntse jalo, go na le mongwe yo o amanang thata le bone ka losika yo e tshwanetseng go nna ene yo o newang tshono pele.

Ka bonako fela Boase o leka go rarabolola kgang eo. Mo mosong o o latelang, o phutha banna ba bagolo ba le lesome ba Bethelehema gore ba tle fa pele ga monna yono wa losika mme a bo a mmotsa gore a o batla go nna morekolodi. Monna yono o a gana. Ka gone, Boase o nna morekolodi mme o nyalana le Ruthe. Fa ba sena go nyalana ba nna le morwa, Obede yo e leng rremogolo wa ga Kgosi Dafide. Go tswa foo basadi ba Bethelehema ba raya Naomi ba re: “A go bakwe Jehofa . . . O ntse motsosolosi wa moya wa gago le yo o tla otlang botsofe jwa gago, ka gonne ngwetsi ya gago e e go ratang, e e botoka mo go wena go na le bana ba basimane ba le supa, e mmelege.” (Ruthe 4:14, 15) Mosadi yono yo o neng a boetse Bethelehema a “iphotlhere” o boile gape o “tletse”!—Ruthe 1:21.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

3:11—Ke eng se se dirileng gore Ruthe a itsege e le “mosadi yo o molemo”? Selo se se neng se dira gore batho ba tlotle Ruthe e ne e se “go loga moriri loetse kafa ntle” kana “go rwala mekgabiso ya gouta kgotsa wa go apara diaparo tsa kafa ntle.” Go na le moo, e ne e le “motho wa sephiri wa pelo”— boikanyegi le lorato lwa gagwe, boikokobetso le bopelonolo, go dira ga gagwe ka natla le moya wa go intsha setlhabelo. Mosadi ope yo o boifang Modimo yo o batlang go itsege ka tsela e e tshwanang le e Ruthe a neng a itsege ka yone o tshwanetse go lwela go nna le dinonofo tse di ntseng jalo.—1 Petere 3:3, 4; Diane 31:28-31.

3:14—Ke eng fa Ruthe le Boase ba ile ba tsoga pele bosigo bo sa? E ne e se ka gonne ba nnile le boitshwaro jo bo maswe mo bosigong joo mme ba batla go fitlha se ba se dirileng. Go bonala  se Ruthe a se dirileng mo bosigong joo se ne se dumalana le tlwaelo e e neng e dirwa ke mosadi yo o batlang go newa tshwanelo ya go nyalana le mongwe wa losika lwa monna wa gagwe. O ne a dira se Naomi a neng a mo laetse sone. Mo godimo ga moo, tsela e Boase a ileng a arabela ka yone e bontsha sentle gore o ne a sa bone sepe se se phoso ka se Ruthe a neng a se dirile. (Ruthe 3:2-13) Go bonala Ruthe le Boase ba ile ba tsoga pele bosigo bo sa e le gore go se ka ga nna le ope yo o ka nnang le lebaka la go simolola magatwe a a seng boammaaruri.

3:15—Ke eng se se tshwantshediwang ke go bo Boase a ile a abela Ruthe dilekanyo di le thataro tsa barele? Gongwe seno se ne se bontsha gore fela jaaka letsatsi la go ikhutsa le ne le latelwa ke malatsi a marataro a tiro, letsatsi la go ikhutsa la ga Ruthe le ne le atametse. Boase o ne a tla tlhomamisa gore o nna le “lefelo la boikhutso” mo ntlong ya monna wa gagwe. (Ruthe 1:9; 3:1) Gape go ka direga gore dilekanyo tse thataro tsa barele e ne e le tsone fela tse Ruthe a neng a ka kgona go di rwala.—Bona mokwalo o o kwa tlase wa NW.

3:16—Ke eng fa Naomi a ile a botsa Ruthe a re: “O mang morwadiaka?” A o ne a sa kgone go lemoga gore ke ngwetsi ya gagwe? Go ka direga gore o ne a sa mo lemoge ka gonne go ka tswa go ne go setse go le lefifi fa Ruthe a boela kwa go Naomi. Le fa go ntse jalo, potso eno gape e ka tswa e kaya gore Naomi o ne a botsa Ruthe ka maemo a gagwe a masha malebana le yo e neng e tla nna morekolodi wa gagwe.

4:6—Morekolodi o ne a ka “senya” boswa jwa gagwe jang ka go rekolola? Sa ntlha, fa motho yo o wetsweng ke khumanego a ile a rekisa boswa jwa gagwe jwa naga, morekolodi o ne a tshwanelwa ke go ntsha madi go reka naga eo ka tlhwatlhwa e e tsamaelanang le dingwaga tse di setseng pele ga Jubile e e latelang e fitlha. (Lefitiko 25:25-27) Go dira jalo go ne go tla fokotsa boleng jwa dithoto tse a nang le tsone. Mo godimo ga moo, fa go ne go ka direga gore Ruthe a tshole morwa, morwa yoo, e ne e tla nna ene moruaboswa wa naga eo e e rekilweng ke morekolodi yoo, e seng ope fela o sele wa losika lwa morekolodi.

Se re Ithutang Sone:

3:12; 4:1-6. Boase o ne a latela thulaganyo ya ga Jehofa ka kelotlhoko. A le rona re kelotlhoko jalo go latela dithulaganyo tsa puso ya Modimo?—1 Bakorintha 14:40.

3:18. Naomi o ne a tshepa Boase. A le rona ga re a tshwanela go tshepa Bakeresete ka rona jalo ba ba ikanyegang? Ruthe o ne a iketleeleditse go nyalana le monna yo a sa mo itseng, yo o sa umakwang ka leina mo Baebeleng. (Ruthe 4:1) Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a tshepa thulaganyo eno ya Modimo. A le rona re tshepa Modimo ka tsela e e ntseng jalo? Ka sekai, fa re batla molekane wa lenyalo, a re sekegela tsebe kgakololo ya gore re nyale “mo Moreneng fela”?—1 Bakorintha 7:39.

4:13-16. A bo Ruthe a ile a nna le tshiamelo e e molemo jang ne le mororo e ne e le mosadi wa Moabe e bile e kile ya bo e le moobamedi wa modimo Kemoshe! Seno se bontsha boammaaruri jwa molaomotheo wa go re “go ikaegile, e seng ka yo o eletsang kgotsa ka yo o sianang, mme ka Modimo yo o kutlwelobotlhoko.”—Baroma 9:16.

Modimo ‘o Tla go Godisa mo Nakong e e Tshwanetseng’

Buka ya Ruthe e senola Jehofa e le Modimo wa bopelonomi jwa lorato, yo o tsayang kgato go thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (2 Ditiragalo 16:9) Fa re akanya kafa Ruthe a ileng a segofadiwa ka teng, re kgona go bona botlhokwa jwa go ikanya Modimo re sa belaele sepe, re dumela ka botlalo “gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

Ruthe, Naomi le Boase ba ne ba ikanya dithulaganyo tsa ga Jehofa ka botlalo mme dilo di ile tsa ba tsamaela sentle. Ka tsela e e tshwanang, “Modimo o dira gore ditiro tsotlhe tsa gagwe di dirisane mmogo molemong wa ba ba ratang Modimo, e leng ba ba neng ba bidiwa go ya ka boikaelelo jwa gagwe.” (Baroma 8:28) Ka gone, a re sekegeleng tsebe kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore a tle a lo godise mo nakong e e tshwanetseng; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Petere 5:6, 7.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

A o itse gore ke eng fa Ruthe a ile a se ka a kgaogana le Naomi?

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke eng se se dirileng gore Ruthe a itsege e le “mosadi yo o molemo”?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke ‘tuelo efe e e feletseng’ e Jehofa a neng a duela Ruthe ka yone?