Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgakgamatso Tse o di Iponetseng!

Dikgakgamatso Tse o di Iponetseng!

 Dikgakgamatso Tse o di Iponetseng!

LEFOKO “kgakgamatso” le na le bokao jo bongwe gape jo bo rayang “tiragalo, sengwe kgotsa phitlhelelo e e tlhomologileng thata kgotsa e e sa tlwaelegang.” Rotlhe re kile ra bona mofuta ono wa kgakgamatso e e diragalang e se ka go bo e ne e dirwa ke Modimo.

Fa batho ba ntse ba nna le kitso e e oketsegileng ka melao ya tlholego, ba ile ba kgona go fitlhelela dilo tse pele go neng go tsewa gore di ka se fitlhelelwe. Ka sekai, dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, gongwe batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore go ka se kgonege go dira dilo tse gompieno jaana di dirwang ka dikhomputara, thelebishene, botegeniki jwa go dira dilo tse di tsamayang mo loaping le dilo tse dingwe tse di ileng tsa dirwa mo metlheng ya segompieno.

Fa baitsesaense bangwe ba sena go lemoga gore ba na le kitso e se kae fela ya dilo tse di gakgamatsang tsa saense tse di fitlhelwang mo popong ya Modimo, ba ile ba dumela gore ba ka se kgone go  bolela ka tlhomamo gore sengwe se ka se direge. Gantsi ba rata gore ba re go ka direga gore se se ka sa direga. Ka go dira jalo, ba akanyetsa “dikgakgamatso” tse saense e ka nnang ya kgona go di dira mo isagweng.

Tota le fa re dirisa bokao jwa konokono jwa lefoko “kgakgamatso,” le le kayang dilo “tse di dirilweng ke mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho,” re sa ntse re ka bolela gore mongwe le mongwe wa rona o kile a bona dikgakgamatso. Ka sekai, re bona letsatsi, ngwedi le dinaledi—dilo tse tsotlhe di dirilweng ke “mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho,” e bong Mmopi ka boene. Mo godimo ga moo, ke mang yo o ka tlhalosang ka botlalo kafa mmele wa motho o dirang ka gone? kafa boboko bo dirang ka gone? kgotsa kafa lesea le le imilweng le golang ka teng? Buka ya The Body Machine ya re: “Mmele wa motho o o laolwang ke thulaganyo ya ditshika tse dikgolo tsa boboko e bile e dira gore di dirisane mmogo, ke sediriswa se se raraaneng thata sa kutlo, enjene e e kgonang go tsamaya le go dira dilo sentle ka boyone fela, khomputara e e kgonang go itirisa ka boyone—popo e e gakgamatsang le e e ka se tlhaloganngweng ka ditsela di le dintsi.” Modimo yo o bopileng “mmele wa motho” ruri o dirile kgakgamatso e le gone jaanong e sa ntseng e re akabatsa. Go na le mefuta e mengwe ya dikgakgamatso tse o kileng wa di bona, le fa gone o ka tswa o sa di tseye e le dikgakgamatso.

A Buka e ka Nna Kgakgamatso?

Ga go na buka epe e anamisiwang thata jaaka Baebele. A o tsaya Baebele e le kgakgamatso? A re ka bolela gore e dirilwe ke “mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho”? Ke boammaaruri gore Baebele ke buka e e ileng ya kwalwa ke batho, mme gone ba ne ba bolela gore ba ne ba kwala megopolo ya Modimo, e seng ya bone. (2 Samuele 23:1, 2; 2 Petere 1:20, 21) A o ke o akanye ka seno. E ne e le batho ba le 40, ba ba neng ba tshela ka dinako tse di farologaneng mo dingwageng di le 1 600. Ba ne ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng, bangwe e le badisa, masole, batshwari ba ditlhapi, ba ba direlang batho mo setšhabeng, dingaka, baperesiti le dikgosi. Le fa go ntse jalo, ba ile ba kgona go kwala molaetsa o o utlwanang wa tsholofelo o o boammaaruri le o o siameng.

Ka ntlha ya go ithuta Baebele ka kelotlhoko, Basupi ba ga Jehofa ba e amogela jaaka fa moaposetoloi Paulo a kwadile a re “e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo.” (1 Bathesalonika 2:13) Dikgatiso tsa bone ga di bolo go tlhalosa ka dingwagangwaga gore dilo tse batho ba tsayang gore di a ikganetsa mo Baebeleng di dumalana le molaetsa wa yone otlhe. Go dumalana ga yone ka bogone fela ke bosupi jwa gore e kwadilwe ke Modimo. *

Ga go na buka epe e nngwe e batho ba ileng ba leka ka natla go e nyeletsa jaaka ba ile ba dira ka Baebele. Le fa ka dinako dingwe e le dikarolo dingwe tsa yone fela, gone e sa ntse e le teng ka dipuo di ka nna 2 000. Go sirelediwa ga yone gore e se ka ya nyelediwa le go nna ga yone e ikanyega go bontsha gore Modimo o ile a nna le seabe. Ruri Baebele ke kgakgamatso!

Kgakgamatso e e ‘Tshelang e Bile e Naya Maatla’

Dikgakgamatso tsa bogologolo—go fodisiwa ka kgakgamatso le go tsosiwa ga baswi—ga di tlhole di direga. Mme re na le lebaka la go tshepa gore mo lefatsheng le le tlang le lesha la Modimo, dikgakgamatso tse di ntseng jalo di tla direga gape, ka nako eo e le mo lefatsheng lotlhe. Di tla re tlisetsa kgololo e e nnetseng ruri e bile e le ka tsela e gone jaanong re ka se kgoneng go e tlhaloganya.

 Baebele e e tlileng mo go rona ka tsela e e gakgamatsang le gompieno e ka kgona go dira kgakgamatso ya go tlhotlheletsa batho go tokafatsa botho jwa bone. (Bona sekai mo lebokosong le le reng “Maatla a Lefoko la Modimo,” mo tsebeng ya 8.) Bahebera 4:12 ya re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” Ee, Baebele e ile ya thusa thata go fetola botshelo jwa batho ba feta dimilione di le thataro ba ba nnang mo lefatsheng lotlhe, e dira gore ba nne le boikaelelo mo botshelong le go ba naya tsholofelo e e gakgamatsang ka isagwe.

Ke eng fa o sa letle Baebele gore e dire kgakgamatso mo botshelong jwa gago?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Fa e le gore o ka rata go sekaseka dilo tseno tse go tweng di a ikganetsa gore o bone kafa di dumalanang ka teng, go na le dikai di le dintsi tse go tlotliwang ka tsone mo kgaolong 7 ya buka ya BibelaA Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

A O NE A SETSE A SULE KGOTSA O NE A SA NTSE A TSHELA?

Go ya ka Johane 19:33, 34, Jesu o ne a setse a sule fa “mongwe wa masole a tlhaba letlhakore la gagwe ka lerumo, [mme] ka nako eo madi le metsi tsa tswa.” Le fa go ntse jalo, Mathaio 27:49, 50 e bontsha gore Jesu o ne a sa ntse a tshela fa seno se ne se direga. Ke ka ntlha yang fa dipego tseo di sa tshwane?

Molao wa ga Moshe o ne o sa dumelele gore sekebekwa se tlogelwe se kaleditswe bosigo jotlhe mo koteng e se bolaetsweng mo go yone. (Duteronome 21:22, 23) Ka jalo, mo motlheng wa ga Jesu, fa sekebekwa se se bapotsweng se ne se sa ntse se tshela maitseboa, go ne go tlwaelegile go se kgaola maoto, gore se tle se swe ka bonako. O ne a ka se tlhole a kgona go ema gore a heme sentle. Go bo masole a ile a kgaola maoto a badirabosula ba ba neng ba bapotswe mmogo le Jesu mme ba sa kgaola a ga Jesu go bontsha gore ba ne ba akanya gore o sule. Lesole le ka tswa le ne la mo tlhaba letlhakore fela gore le intshe pelo ya pelaelo le go tlhomamisa gore a se ka a tloga a tsiboga moragonyana mme ga buiwa maaka go twe o tsogile mo baswing.

Temana ya Mathaio 27:49, 50 e tlhalosa tatelano ya ditiragalo ka tsela e e farologaneng. Ya re: “Monna yo mongwe a tsaya lerumo mme a tlhaba letlhakore la gagwe, mme madi le metsi tsa tswa. Jesu a goa ka lentswe le le kwa godimo gape, mme a lesa moya wa gagwe.” Seele se se kwadilweng ka mokwalo o sekameng, ga se yo mo mekwalong yotlhe ya seatla ya bogologolo ya Baebele. Baitse ba le bantsi ba dumela gore mafoko ao a ile a tsenngwa moragonyana mo Efangeleng ya ga Johane mme a ne a tsentswe fa go sa tshwanelang gone. Ka jalo, dithanolo tse dintsi di tsenya seele seno mo masakaneng, di tlhalosa ka go dirisa mokwalo o o kwa tlase kgotsa di tlosa seele seno gotlhelele.

Mekwalo ya ntlhantlha e e neng ya kgobokanngwa ke Westcott le Hort, e e neng e dirisiwa thata e le motheo wa go ranola Thanolo ya Lefatshe le Lesha, e tsenya seele seno mo masakaneng. E tlhalosa gore “go ka direga fela thata gore bakwadi bangwe ba bo ba ile ba oketsa ka seele seno fano.”

Bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa mo go Johane 19:33, 34 bo bontsha gore Jesu o ne a setse a sule fa lesole la Moroma le ne le mo tlhaba ka lerumo.

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

MAATLA A LEFOKO LA MODIMO

Detlef yo o sa ntseng a le mosha le yo batsadi ba gagwe ba kgaoganeng, o ne a simolola go dirisa diokobatsi, bojalwa le go reetsa mmino wa heavy metal. * O ne a ikopanya le segongwana sengwe sa dinokwane tse di ratang go itira tlhogo e e legwete mme go ise go ye kae boitshwaro jwa gagwe jwa thubakanyo bo ne jwa dira gore a batliwe ke mapodise.

Ka 1992, segongwana seno sa dinokwane di le 60 se ne sa lwantshana le se sengwe sa maphanka a le 35 kwa resetšhurenteng le kwa bareng nngwe e e kwa bokonebotlhaba jwa Jeremane. Mongwe wa maphanka ano e bong Thomas, o ne a iteilwe maswe thata mo e leng gore o ne a swa ka ntlha ya dikgobalo tse a ileng a nna le tsone. Baeteledipele ba le mmalwa ba digongwana tseno, go akaretsa le Detlef, ba ne ba isiwa kgolegelong morago ga gore tsheko ya bone e tlhage mo metsweding ya dikgang gangwe le gape.

Ka bonako fela fa Detlef a sena go gololwa kwa kgolegelong, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo naya pampitshana nngwe gore a e bale. Pampitshana eo e ne e na le setlhogo se se reng “Ke Eng fa Botshelo bo Tletse Mathata Jaana?” Detlef o ne a lemoga ka yone nako eo gore e bua boammaaruri, mme a simolola go ithuta Baebele le Basupi. Seno se ne sa fetola botshelo jwa gagwe gotlhelele. Fa e sa le go simolola ka 1996, e ntse e le Mosupi wa ga Jehofa yo o tlhagafetseng.

Siegfried, yo pele e neng e le lephanka, e ne e le tsala e kgolo ya ga Thomas, lekawana le le neng la bolawa; mme le ene moragonyana o ne a nna Mosupi mme jaanong ke mogolwane mo phuthegong. Fa Siegfried a ne a etetse phuthego ya ga Detlef a ile go neela puo e e theilweng mo Baebeleng (tota e bile o ne a fitlhela gore mmaagwe Thomas le ene o ya dipokanong teng ka dinako tse dingwe), Detlef o ne a mo laletsa go tla go ja dijo tsa motshegare. Dingwaga di ka nna lesome tse di fetileng, ba ne ba itaana ka noga e utlwa. Gompieno ba ratana ka lorato lwa bokaulengwe.

Detlef le Siegfried ba lebile pele go amogela Thomas mo lefatsheng la paradaise. Detlef a re: “Ke seka dikeledi fa ke akanya ka seno. Ke maswabi tota ka se ke se dirileng.” Boobabedi ba ka rata go thusa Thomas ka nako eo, gore a itse Jehofa mme a itumelele tsholofelo e e tswang mo Baebeleng, jaaka gompieno ba thusa ba bangwe.

Eleruri Lefoko la Modimo le maatla tota!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 25 Maina a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Mmele wa motho o bopilwe ka tsela e e gakgamatsang

[Motswedi wa Setshwantsho]

Anatomy Improved and Illustrated, London, 1723, Bernardino Genga