Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ipapisa le Batho ba Bangwe?

A o Ipapisa le Batho ba Bangwe?

 A o Ipapisa le Batho ba Bangwe?

KE MANG wa rona yo o iseng a kopane le motho yo o nang le ditebego tse di gaisang tsa gagwe, a lebega a tumile go mo gaisa, a le bonako go tlhaloganya dilo kana e le moithuti yo o botlhale go mo gaisa? Gongwe batho ba bangwe ba na le botsogo jo bo botoka go na le jwa rona kana tiro e e kgotsofatsang, ba atlegile kana ba bonala ba na le ditsala tse dintsi. Ba ka tswa ba na le dithoto tse dintsi, madi a mantsi, koloi e ntšha kana ba ka tswa ba lebega fela ba itumetse. Fa re ela dilo tseno tlhoko a re ipapisa le batho ba bangwe? A re ka kgona go nna re sa ipapise le batho ba bangwe? Ke eng fa Mokeresete a tshwanetse go tila go dira jalo? Mme gone ke eng se se ka re thusang go nna batho ba ba kgotsofetseng re sa ipapise le batho ba bangwe?

Lebaka La go Bo re Ka Ipapisa le ba Bangwe

Selo sengwe se se ka dirang gore batho ba ipapise le ba bangwe ke ka gonne go dira jalo go ba thusa go nonotsha boikutlo jwa bone jwa go itlotla. Gantsi batho ba kgotsofalela go iphitlhela ba atlegile jaaka balekane ba bone. Selo se sengwe se se dirang gore re ipapise le batho ba bangwe ke go leka go fokotsa go se itshepe, go leka go tlhaloganya dilo tse re ka kgonang go di dira le tse re ka se di kgoneng. Re leba dilo tse batho ba bangwe ba atlegileng go di dira. Fa ba tshwana le rona mo dilong di le dintsi e bile ba kgonne go dira dilo dingwe, re ka ikutlwa gore le rona re ka kgona go dira dilo tseo.

Gantsi batho ba ipapisa le batho ba ba batlang ba tshwana le bone—ba bong jo bo tshwanang, ba dingwaga tse di tshwanang le ba maemo a a tshwanang mo setšhabeng le ba ba itsaneng le bone. Ga se gantsi re ka ipapisang le motho yo re akanyang gore o farologana thata le rona. Tota re ka re, ga se gantsi mosetsana fela yo o tlwaelegileng wa dingwaga tsa bolesome a ipapisang le mmabontle wa maemo a a kwa godimo, go na le moo o tla ipapisa le mongwe yo a tsenang sekolo le ene mme le mmabontle a ka se ipapise le mosetsana yono.

Ke dilo dife tse re ipapisang le ba bangwe ka tsone? Re ipapisa le ba bangwe ka sengwe le sengwe se re nang le sone kana ka dilo tse di tsewang di le botlhokwa mo setšhabeng—e ka ne e le botlhale, bontle, khumo le diaparo. Le fa go ntse jalo, re na le go ipapisa le batho ba bangwe ka dilo tse di re kgatlhang. Ka sekai, re ka nna ra se ka ra eletsa setempe sengwe se molekane wa rona a nang le sone kwantle ga fa le rona re kgatlhegela tiro ya go kgobokanya ditempe.

 Go ipapisa le batho ba bangwe go ama maikutlo a batho ka ditsela tse di farologaneng thata, go tloga ka go kgotsofala go fitlha ka go tshwenyega thata mo maikutlong, go tloga ka go tswa pelo le go batla go etsa motho yo o ipapisang le ene go fitlha ka go se ritibale kana go nna kgatlhanong le motho yoo. Mangwe a maikutlo ano a kotsi, mme ga a tsamaisane le ditsela tsa Bokeresete.

Go Ipapisa le ba Bangwe ka go Gaisana le Bone

Bontsi jwa batho ba ba batlang go nna “bafenyi” fa ba ipapisa le batho ba bangwe ba bontsha go nna le moya wa kgaisano. Ba batla go nna botoka go na le ba bangwe, mme ga ba kgotsofale go fitlha ba ikutlwa ba ba gaisa. Ga go monate go nna gaufi le motho yo o ntseng jalo. Batho ba ba ntseng jalo ba senya botsala e bile motho ga a phuthologe go nna le kamano le bone. Ga se fela gore batho ba ba ntseng jalo ga ba na boikokobetso mme gantsi ga ba dirise kgakololo ya Baebele ya gore ba rate beng ka bone, e re ka go le motlhofo gore boikutlo jono jwa bone bo dire gore batho ba bangwe ba itseele kwa tlase kana ba tlhabiwe ke ditlhong.—Mathaio 18:1-5; Johane 13:34, 35.

Go dira gore batho ba bangwe ba ikutlwe e se “batho ba sepe” go a gobatsa ka tsela nngwe. Go ya ka mokwadi mongwe, “makoa a rona a nna botlhoko le go feta fa go bonala e kete batho ba ba mo maemong a a tshwanang le a rona ba kgona go nna le dilo tse rona re sa kgoneng go nna le tsone.” Ka gone go nna le moya wa kgaisano go dira gore motho a fufegele ba bangwe, a ba ile le go se ba itumelele ka ntlha ya dilo tse ba nang le tsone, katlego ya bone, maemo a bone, jalo le jalo. Seno se dira gore go nne le moya o o sa feleng wa kgaisano. Baebele e kgala ‘go gaisana.’—Bagalatia 5:26.

Batho ba ba lefufa ba leka go fenya go inyatsa ga bone ka go leka go nyenyefatsa katlego ya batho ba ba gaisanang le bone. Seo se ka lebega e le selo se se sa reng sepe, le fa go ntse jalo fa motho a sa ele seo tlhoko le go se laola se ka dira gore a dire sengwe se se maswe. Akanya ka dipego tse pedi tsa Baebele tse di bontshang matswela a lefufa.

Ka nako ya fa Isake a ne a nna mo gare ga Bafilisitia o ne a segofaditswe ka “matsomane a dinku le metlhape ya dikgomo le setlhopha se segolo sa batlhanka, mo Bafilisitia ba neng ba simolola go mo fufegela.” Ba ne ba tsibogela seo ka go katela didiba tse rraagwe Isake e bong Aborahame a neng a di epile mme dikgosi tsa bone tsa kopa Isake gore a tswe mo nageng eo. (Genesise 26:1-3, 12-16) Lefufa la bone le ne le na le letlhoo e bile le le kotsi. Ba ne ba sa tlhole ba kgona go itshokela go bona katlego ya ga Isake.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Dafide o ne a itshupa e le mogale mo ntweng. Basadi ba Iseraele ba ne ba itumelela katlego ya gagwe, mme ba opela jaana: “Saulo o kgemethile dikete tsa gagwe, mme Dafide dikete tsa gagwe di le masome.” Le fa Saulo le ene mafoko ano a ne a mo tlotlomatsa, o ne a tsaya go bapisiwa jalo e le selo se se mo nyenyefatsang, mme a tlala lefufa mo pelong. Go tloga ka nako eo go ya pele, o ne a simolola go ila Dafide. Go ise go ye kae, o ne a dira maiteko a gagwe a ntlha mo go a le mmalwa a go bolaya Dafide. Ruri lefufa le ka feleletsa le dirile gore motho a nne boikepo tota!—1 Samuele 18:6-11.

Ka jalo, fa go ipapisa le batho ba bangwe—katlego ya bone kana melemo ya bone—go dira gore o nne lefufa kana o gaisane le bone, nna kelotlhoko! Maikutlo ao ke maikutlo a a sa siamang a a sa dumalaneng le tsela ya go akanya ya Modimo. Mme pele re sekaseka kafa maikutlo a a ntseng jalo a ka tilwang ka teng, mma re sekaseke sengwe gape se se dirang gore batho ba ipapise le ba bangwe.

Go Itshekatsheka le go Kgotsofala

‘A ke motho yo o botlhale, yo montle, yo o nang le bokgoni, yo o itekanetseng sentle, yo o nang le seriti, yo o rategang? Ke na le selekanyo se se kae sa dilo tseno?’ Ga se gantsi re emang fa pele ga seipone re bo re ipotsa dipotso tseno. Le fa go ntse jalo, go ya ka mokwadi mongwe, “dipotso tse di ntseng jalo di na le go tla mo megopolong ya rona mme gantsi di na le go dira gore re tle ka dikarabo tse ka tsela nngwe di kgotsofatsang.” Motho yo o sa tlhomamisegeng ka dilo tse a ka  kgonang go di dira a ka akanya ka dilo tseno kwantle ga go nna le moya wa kgaisano kana go nna lefufa. Tota se a se dirang ke go itshekatsheka fela. Ga go sepe se se phoso go le kalo ka go dira jalo. Le fa go ntse jalo, tsela e e siameng ya go dira jalo ga se ka go ipapisa le batho ba bangwe.

Re na le bokgoni jo bo sa tshwaneng, jo bo ikaegileng ka dilo tse di farologaneng. Ka metlha go tla nna go ntse go na le batho ba go bonalang ba le botoka go na le rona. Ka gone, go na le gore re ba lebe ka go ba fufegela, re tshwanetse go lekanya bokgoni jwa rona go ya ka melao ya Modimo e e siameng e e re nayang kaelo e e molemo ya se se siameng le se se molemo. Jehofa o kgatlhegela tsela e mongwe le mongwe wa rona a leng ka yone. Ga a tlhoke go re bapisa le batho ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o gakolola jaana: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”—Bagalatia 6:4.

Go Fenya Lefufa

E re ka batho botlhe ba sa itekanela, go ka tlhokega maiteko a magolo le a a sa kgaotseng a go fenya lefufa. Motho a ka nna a bo a itse gore Dikwalo di a re: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele,” mme go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go dira jalo. Paulo o ne a dumela gore o na le tshekamelo ya go dira boleo. O ne a tshwanelwa ke go lwa le yone ka go “itaya mmele [wa gagwe le go o] tshwara jaaka motlhanka.” (Baroma 12:10; 1 Bakorintha 9:27) Mme rona go dira jalo go ka re tlhoka gore re lwe le maikutlo a go gaisana, re dira gore a tseelwe sebaka ke maikutlo a a siameng. Re tshwanetse go rapela, re kopa Jehofa gore a re thuse gore re ‘se ka ra ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.’—Baroma 12:3.

Go ithuta Baebele le go tlhatlhanya le gone go a thusa. Ka sekai, akanya ka Paradaise ya mo isagweng e Modimo a e solofetsang. Ka nako eo batho botlhe ba tla nna le kagiso, boitekanelo, dijo tse dintsi, magae a mantle le tiro e e kgotsofatsang. (Pesalema 46:8, 9; 72:7, 8, 16; Isaia 65:21-23) A go tla nna le mongwe yo o ka nnang le tshekamelo ya go gaisana le batho ba bangwe? Le e seng. Go tla bo go se na lebaka la go dira jalo. Ke boammaaruri gore, Jehofa ga a re tlhalosetsa dintlha ka botlalo gore botshelo bo tla bo bo ntse jang ka nako eo, mme gone re ka solofela gore batho botlhe ba tla kgona go dira ditiro le bokgoni jo bo ba kgatlhang. Yo mongwe o tla kgona go ithuta ka dinaledi, yo mongwe o tla kgona go dira matsela a mantle. A go ka nna le lebaka la gore motho a fufegele yo mongwe? Re tla itumelela katlego ya beng ka rona, re sa ba fufegele. Lefufa le le ntseng jalo le tla bo le sa tlhole le le gone.

Fa e le gore re eletsa botshelo jo bo ntseng jalo, a ga re a tshwanela go lwela gore re nne le boikutlo jo bo ntseng jalo gone jaanong? Re setse re itumelela paradaise ya semoya, e e se nang mathata a lefatshe leno le nang le one. E re ka go tla bo go se na moya wa kgaisano mo lefatsheng le lesha la Modimo, ruri re na le lebaka la go o tila gone jaanong.

Mme gone, a go phoso go ipapisa le batho ba bangwe? Kgotsa a go na le dinako tse ka tsone go dira jalo go siameng?

Go Ipapisa le ba Bangwe ka Tsela e e Siameng

Mekgwa e le mentsi ya go ipapisa le batho ba bangwe e bakile maemo a a sa itumediseng kana a a ngomolang pelo, le fa go ntse jalo, ga se ka metlha go leng jalo. Malebana le seno, ela tlhoko kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.” (Bahebera 6:12) Go ka nna molemo go lwela go nna le dinonofo tseo tse di tshwanang  le tse batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba bogologolo ba neng ba na le tsone. Ke boammaaruri gore, seo se ka akaretsa gore motho a ipapise le bone ka tsela nngwe. Le fa go ntse jalo, go ka re thusa go bona dikai tse re ka di etsang le dilo tse re ka tokafatsang mo go tsone.

Akanya ka Jonathane. Ka tsela nngwe o ne a na le lebaka la go nna lefufa. E re ka Jonathane e ne e le morwa yo mogolo wa ga Kgosi Saulo wa Iseraele, a ka tswa ka nako nngwe a ile a solofela gore o tla nna kgosi, le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhopha motho yo o neng a le monnye mo go ene ka dingwaga tse 30, e bong Dafide. Go na le gore Jonathane a nne ka pelo e e lofuto, o ne a itshupa e le motho yo o farologaneng ka go nna tsala e e seng bogagapa ya ga Dafide yo Jehofa a neng a mo tlhophile go nna kgosi, mme a mo ema nokeng. Jonathane e ne e le monna wa semoya tota. (1 Samuele 19:1-4) Jonathane o ne a se ka a tshwana le rraagwe yo o neng a fufegela Dafide, ene o ne a lemoga gore Jehofa ke ene yo o neng a kaela dilo gore di nne jalo mme a ikokobeletsa thato ya ga Jehofa; o ne a se ka a ipapisa le Dafide ka go botsa jaana, “Ke eng fa go tlhophilwe Dafide e seng nna?”

Fa re na le Bakeresete ka rona ga re a tshwanela go ikutlwa re sa gololesega, jaaka e kete ba bangwe ba batla go re fenya kana go tsaya maemo a rona. Lefufa ga le a siama. Bakeresete ba ba nonofileng semoyeng ba bonala ka go nna le moya wa tirisanommogo, wa kutlwano le lorato, e seng wa kgaisano. Moithutaloago mongwe e bong Francesco Alberoni a re: “Lorato ke mmaba yo mogolo wa lefufa. Fa re rata mongwe, re mo eleletsa dilo tse di molemo mme re a itumela fa a atlega le fa a itumela.” Ka jalo, fa motho mongwe mo phuthegong ya Bokeresete a newa maikarabelo mangwe, tsela e e lorato ke go itumelela seo. Ke tsela e Jonathane a neng a dira ka yone. Le rona jaaka ene, re tla segofala fa re ema nokeng batho ba ka boikanyegi ba newang maikarabelo mo phuthegong ya ga Jehofa.

Re ka lwela go etsa sekao se se molemo se re se beelwang ke Bakeresete ka rona. Go ipapisa le bone ka tsela e e siameng go ka re tlhotlheletsa gore re etse tumelo ya bone ka tsela e e molemo. (Bahebera 13:7) Mme fa re se kelotlhoko, go etsa batho ba bangwe go ka felela ka gore re nne le moya wa kgaisano. Fa re ikutlwa re gaisiwa ke mongwe yo re mo tswelang pelo mme re bo re leka go mo nyenyefatsa kana go mo tshwaya diphoso, seo se ka felela ka lefufa.

Ga go na motho ope yo o sa itekanelang yo o se nang makoa. Ke gone ka moo Dikwalo di reng: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” Gape di a re: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (Baefeso 5:1, 2; 1 Petere 2:21) Dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa le Jesu—lorato, botsalano, kutlwelobotlhoko le boikokobetso—ke tsone tse re tshwanetseng go lwela go di etsa. Re tshwanetse go ipha nako ya go ipapisa le dinonofo tsa bone, maikaelelo a bone le ditsela tse ba dirang dilo ka tsone. Go ipapisa jalo le bone go tla nonotsha botshelo jwa rona, go re neela kaelo e e molemo, e e tlhomameng le go re sireletsa, e bile go tla re thusa go nna banna le basadi ba Bakeresete ba ba godileng sentle. (Baefeso 4:13) Fa re leka ka natla go dira sotlhe se re ka se kgonang go etsa sekao sa bone se se molemo, ruri ga re kitla re nna le bothata jo bogolo jwa go ipapisa le batho ba bangwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Kgosi Saulo o ne a fufegela Dafide

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Jonathane ga ise a ko a fufegele Dafide yo mmotlana