Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Go Bona Perela e le Nngwe ya Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo’

‘Go Bona Perela e le Nngwe ya Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo’

 ‘Go Bona Perela e le Nngwe ya Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo’

“Bogosi jwa magodimo ke mokgele o batho ba gagamalelang kwa go one, mme ba ba gagamalelang pele ba a bo gapa.”—MATHAIO 11:12.

1, 2. (a) Jesu o ne a bua kaga go nna le nonofo efe e e sa tlwaelegang mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe tse di buang ka Bogosi? (b) Jesu o ne a reng mo setshwantshong sa perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo?

AGO na le sengwe se o se tsayang se le botlhokwa thata jaana mo o neng o ka itetla go latlhegelwa ke dilo tsotlhe tse o nang le tsone gore o nne le sone? Le fa batho ba a tle ba bolele gore ba ineetse fa ba latelela sengwe—e ka tswa e le madi, go tuma, go nna le thata kgotsa maemo—ke ka sewelo motho a bonang sengwe se a se ratang thata mo a ka iketleetsang go latlhegelwa ke dilo tsotlhe gore a nne le sone. Jesu Keresete o ne a bua kaga go nna le nonofo eno e e sa tlwaelegang mme e ratega mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe tse dintsi tse di fatang maikutlo, tse mo go tsone a neng a bua ka Bogosi jwa Modimo.

2 Setshwantsho seno ke se Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe fela, se se buang ka perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo. Jesu o ne a re: “Bogosi jwa magodimo bo tshwana le mogwebi yo o tsamayang a batla diperela tse dintle. Ya re a bona perela e le nngwe ya tlhwatlhwa e e kwa godimo, a ya a rekisa dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone kwantle ga go diega mme a e reka.” (Mathaio 13:36, 45, 46) Jesu o ne a batla gore bareetsi ba gagwe ba ithute eng mo setshwantshong seno? Mme re ka solegelwa molemo jang ke mafoko a gagwe?

Go Nna Tlhwatlhwakgolo ga Diperela

3. Ke ka ntlha yang fa diperela tse dintle di ne di le tlhwatlhwakgolo jaana mo metlheng ya bogologolo?

3 Go tswa bogologolong, diperela di ntse di tseelwa kwa godimo e le mekgabisa. Buka nngwe e bontsha gore go ya ka mokwadi wa kwa Roma e bong Pliny yo Mogolwane, diperela e ne e le tsone “tsa maemo a a kwa godimo mo dilong tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo.” Diperela di farologane le gouta, selefera le maje a mangwe a a tlhwatlhwakgolo ka gonne tsone di dirwa ke ditshedi. Go itsege sentle gore mefuta mengwe ya di-oyster e kgona go fetola dilo tse di jaaka majana a mannye fa a tsene mo sekgapheng sa tsone go nna diperela tse di lakaselang ka go nna di a apesa ka seedi sa tsone se se bidiwang nacre. Mo metlheng ya bogologolo, bontsi jwa diperela tse dintle thata di ne di tsewa kwa Lewatleng le Lehibidu, kwa Kgogometsong ya Peresia le kwa Lewatleng la India—kgakala le naga ya Iseraele. Kwantle ga pelaelo, leno ke lone lebaka la go bo Jesu a ne a bua ka “mogwebi yo o tsamayang a batla diperela tse dintle.” Gore motho a bone diperela tse di tlhwatlhwakgolo tota, o tshwanetse go dira maiteko a magolo.

4. Thuto ya konokono ya setshwantsho sa ga Jesu sa mogwebi yo o tsamayang a batla diperela ke efe?

4 Le fa diperela tse dintle di sa bolo go lopa madi a mantsi, go bonala sentle gore tlhwatlhwa  ya tsone ya madi e ne e se yone thuto ya konokono ya setshwantsho sa ga Jesu. Mo setshwantshong seno, Jesu o ne a sa tshwantshe Bogosi jwa Modimo le perela e e tlhwatlhwakgolo fela; o ne a bua ka “mogwebi yo o tsamayang a batla diperela tse dintle” le tsela e a ileng a itshwara ka yone fa a bona nngwe ya tsone. Mogwebi yo o tsamayang a batla diperela o ne a sa tshwane le ralebenkele fela yo o tlwaelegileng ka gonne mogwebi yono e ne e le mongwe yo re ka mmitsang mankge mo kgwebong, motho yo o nang le leitlho le le bogale kgotsa bokgoni jwa go lemoga dilo dingwe tse di sa bonaleng sentle le tse di sa lemotshegeng tse di dirang gore perela e tlhomologe mo go tse dingwe. O ne a itse perela ya mmatota ka go e leba fela mme o ne a sa tsiediwe ka diperela tse di rekisiwang e le tsa maemo a a kwa tlase kgotsa tse e seng tsa mmatota.

5, 6. (a) Ke eng se se tlhomologileng thata ka mogwebi yo o mo setshwantshong sa ga Jesu? (b) Setshwantsho sa letlotlo le le fitlhilweng se senola eng ka mogwebi yo o tsamayang a batla diperela?

5 Go na le selo se sengwe gape ka mogwebi yono se re ka se elang tlhoko. Mogwebi yo o tlwaelegileng a ka leba pele gore perela eno e rekwa ka bokae gore a bone gore a ka e duelela bokae fa a batla go dira morokotso. Gape a ka sekaseka go bona gore a perela e e ntseng jalo e a rekwa gore a e rekise ka bonako. Ka mafoko a mangwe, a ka rata go dira morokotso ka bonako ka perela e a e rekileng, go na le gore e nne ya gagwe. Mme mogwebi yo o mo setshwantshong sa ga Jesu ene o ne a sa nna jalo. O ne a sa amege thata ka madi kgotsa go nna le poelo. Tota e bile, o ne a iketleeditse go latlhegelwa ke “dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone”—gongwe dithoto tsotlhe tsa gagwe—e le gore a bone se a neng a ntse a se batla.

6 Bagwebi ba bangwe ba bantsi ba ne ba ka nna ba bona se monna yo o mo setshwantshong sa ga Jesu a se dirileng se se botlhale. Rakgwebo yo o botlhale o ne a ka se akanye ka go tsena mo kgwebong e e ntseng jalo e e ka nnang ya se ka ya atlega. Mme mogwebi yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a leba dilo tsa botlhokwa ka tsela e sele. O ne a sa itumedisiwe ke dipoelo dipe tsa madi mme o ne a batla go bona boitumelo le kgotsofalo ya go nna le sengwe se se tlhwatlhwakgolo. Ntlha eno e bontshiwa sentle ke setshwantsho se sengwe se Jesu a neng a se bolela se se tsamaisanang le seno. O ne a re: “Bogosi jwa magodimo bo tshwana le letlotlo le le fitlhilweng mo tshimong, le monna mongwe a neng a le bona mme a le fitlha; mme ka ntlha ya boipelo jo a nang le jone o a tsamaya a bo a rekisa dilo le fa e le dife tse a nang le tsone mme a reke tshimo eo.” (Mathaio 13:44) Ee, boitumelo jwa go bona le go nna le letlotlo leo bo ne jwa dira gore monna yono a rekise dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone. A batho ba ba tshwanang le bao ba teng gompieno? A go na le letlotlo lengwe le le ka tshwanelwang ke gore motho a latlhegelwe ke dilo tsotlhe jalo gore a nne le lone?

Ba ba Neng ba Tsaya Bogosi bo le Botlhokwa Thata

7. Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a tsaya Bogosi bo le botlhokwa thata?

7 Fa Jesu a ne a bolela setshwantsho sa gagwe, o ne a bua ka “bogosi jwa magodimo.” Ene ka boene o ne a tsaya Bogosi bo le botlhokwa thata. Dipego tsa Efangele di supela seo tota. Fa Jesu a sena go kolobediwa ka 29 C.E., o ne “a simolola go rera a re: ‘Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.’” O ne a tsaya dingwaga di le tharo le sephatlo a ruta boidiidi jwa batho kaga Bogosi. O ne a ralala naga, a “eta go tswa motseng go ya motseng le go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.”—Mathaio 4:17; Luke 8:1.

8. Jesu o ne a dirang go supa se Bogosi bo tla se dirang?

8 Ka go dira dikgakgamatso tse dintsi go ralala naga eo—go akaretsa go fodisa balwetse, go fepa ba ba tshwerweng ke tlala, go laola maatla a tlholego, tota le go tsosa baswi—Jesu gape o ne a bontsha se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang. (Mathaio 14:14-21; Mareko 4:37-39; Luke 7:11-17) La bofelo, o ne a supa gore o ikanyega mo Modimong le mo Bogosing ka go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, a swa loso lwa moswelatumelo mo koteng ya tlhokofatso. Fela jaaka mogwebi yoo yo o tsamayang a batla diperela a ile a iketleeletsa go latlhegelwa ke dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone gore a nne le ‘perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo,’ Jesu o ne a tshelela Bogosi a bo a bo swela.—Johane 18:37.

9. Ke nonofo efe e e bonwang sewelo e e neng ya bonwa mo barutweng ba ntlhantlha ba ga Jesu?

 9 Jesu ga a ka a tlhoma mogopolo mo Bogosing fela mme gape o ne a kokoanya setlhotshwana sa balatedi. Bano le bone ba ne ba tsaya Bogosi bo le botlhokwa thata. Mongwe wa bone e ne e le Anderea, yo kwa tshimologong e neng e le morutwa wa ga Johane Mokolobetsi. Fa Anderea le yo mongwe wa barutwa ba ga Johane—yo e ka tswang e ne e le mongwe wa bomorwa Sebede yo le ene a neng a bidiwa Johane—ba sena go utlwa Johane a re Jesu ke “Kwana ya Modimo,” ka bonako fela ba ne ba ikutlwa ba rata go tla kwa go Jesu mme ba nna badumedi. Mme ga go a ka ga felela foo. Ka yone nako eo, Anderea o ne a ya kwa go morwarraagwe e bong Simone mme a mo raya a re: “Re bone Mesia.” Ka bonako fela morago ga moo, Simone (yo moragonyana a neng a bidiwa Kefase, kgotsa Petere) mmogo le Filipi le tsala ya gagwe Nathanaele, le bone ba ne ba simolola go lemoga fa Jesu e le Mesia. Tota e bile, Nathanaele o ne a tlhotlheletsega go raya Jesu a re: “O Morwa Modimo, o Kgosi ya Iseraele.”—Johane 1:35-49.

Ba ne Ba Tlhotlheletsega go Tsaya Kgato

10. Barutwa ba ne ba arabela jang fa Jesu a ne a tla go ba bitsa moragonyana ga gore a kopane le bone lekgetlho la ntlha?

10 Boitumelo jwa ga Anderea, Petere, Johane le ba bangwe fa ba ne ba bona Mesia bo ka tshwantshiwa le jwa mogwebi yo o tsamayang a batla diperela fa a ne a bona perela e e tlhwatlhwakgolo. Ba ne ba tla dira eng jaanong? Efangele ga e re bolelele go le gontsi malebana le se ba neng ba se dira fela fa ba sena go bona Jesu lekgetlho leno la ntlha. Go lebega bontsi jwa bone ba ne ba boa ba ya go tshela matshelo a bone a a tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang dikgwedi di le thataro kgotsa ngwaga moragonyana, Jesu o ne a kopana gape le Anderea, Petere, Johane le morwarraagwe Johane e bong Jakobe ba le mo tirong ya bone ya go tshwara ditlhapi mo Lewatleng la Galalea. * Fa Jesu a ba bona o ne a re: “Ntshalang morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.” Ba ne ba arabela jang? Pego ya ga Mathaio e bolela jaana kaga Petere le Anderea: “Ba tlogela matlowa ka yone nako eo, ba mo sala morago.” Re bala jaana ka Jakobe le Johane: “Ba tlogela mokoro le rraabone ka yone nako eo, ba mo sala morago.” Pego ya ga Luke e oketsa ka go  re ba ne “ba tlogela sengwe le sengwe ba mo sala morago.”—Mathaio 4:18-22; Luke 5:1-11.

11. Ke eng se se ka tswang se bakile gore barutwa ba tseye kgato ka bonako fa Jesu a ba bitsa?

11 A lebaka la go bo barutwa ba ile ba arabela ka bonako le kaya gore ba ne ba dira tshwetso ka lepotlapotla? Nnyaa le eseng! Le fa gone ba ile ba boela kwa kgwebong ya go tshwara ditlhapi ya malapa a gagabo morago ga go kopana le Jesu la ntlha, kwantle ga pelaelo se ba neng ba se bone le go se utlwa ka nako eo se ne sa ba ama thata mo pelong le mo mogopolong. E re ka go ne ga feta lobaka lwa mo e ka nnang ngwaga, ba tshwanetse ba bo ba ile ba nna le nako e e lekaneng ya go akanya thata ka dilo tseno. Jaanong e ne e le nako ya gore ba dire tshwetso. A ba ne ba tla tshwana le mogwebi yo o tsamayang a batla diperela yo pelo ya gagwe e neng ya amiwa thata ke go bona perela ya botlhokwa mo e leng gore, jaaka Jesu a ne a tlhalosa, o ne a ya a dira sotlhe se a neng a tshwanetse a se dira “kwantle ga go diega” gore a reke perela eo? Ee, ba ne ba tshwana le ene. Se ba neng ba se bone le se ba neng ba se utlwile se ne sa ba ama dipelo. Ba ne ba lemoga gore e ne e le nako ya go tsaya kgato. Ka jalo, jaaka dipego di re bolelela, ba ne ba tlogela sengwe le sengwe ba sa okaoke mme ba nna balatedi ba ga Jesu.

12, 13. (a) Batho ba le bantsi ba ba neng ba utlwa thero ya ga Jesu ba ne ba arabela jang? (b) Jesu o ne a reng ka barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, mme mafoko a gagwe a kaya eng?

12 A bo batho bano ba ba ikanyegang ba ne ba farologane jang ne le ba bangwe ba ba umakilweng moragonyana mo dipegong tsa Efangele! Ba le bantsi ba ne ba fodisiwa kgotsa ba fepiwa ke Jesu mme go tswa foo ba bo ba tswelela fela le matshelo a bone. (Luke 17:17, 18; Johane 6:26) Ba bangwe ba bile ba ikgogela morago fa Jesu a ne a ba laletsa gore ba nne balatedi ba gagwe. (Luke 9:59-62) Go fapaana le seo, moragonyana Jesu o ne a bolela jaana ka ba ba ikanyegang: “Go tswa malatsing a ga Johane Mokolobetsi go fitlha jaanong bogosi jwa magodimo ke mokgele o batho ba gagamalelang kwa go one, mme ba ba gagamalelang pele ba a bo gapa.”—Mathaio 11:12.

13 Go ‘gagamalela’ le go ‘gagamalela pele’ go kaya eng? Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words e bolela jaana malebana le lediri la Segerika le mafoko ano a tswang mo go lone: “Lediri leno le bontsha go leka ka thata.” Mme mokanoki wa Baebele e bong Heinrich Meyer o bolela jaana ka temana eno: “Ka tsela eno go tlhalosiwa kafa batho ba neng ba kgatlhegela le go gagamalela bogosi jo bo tlang jwa ga Mesia ka tlhoafalo e kgolo ka teng . . . Ba kgatlhegela bogosi jaana mo e leng gore ba na le tlhoafalo le matlhagatlhaga (ga ba tlhole ba iketlile fela ba letile).” Fela jaaka mogwebi yole yo o tsamayang a batla diperela, batho bano ba ba mmalwa ba ne ba lemoga ka bonako se tota se leng tlhwatlhwakgolo, mme ka ntlha ya Bogosi ba ne ba tlogela dilo tsotlhe tse ba neng ba na le tsone, mme ba dira jalo ka go rata.—Mathaio 19:27, 28; Bafilipi 3:8.

Ba Bangwe ba Ile ba Thusa go Batla

14. Jesu o ne a baakanyetsa baaposetoloi tiro ya go rera ka Bogosi jang, mme go ne ga felela ka eng?

14 Fa Jesu a ntse a tswelela pele mo bodireding jwa gagwe, o ne a thapisa ba bangwe a bo a ba thusa go batla Bogosi. Sa ntlha, o ne a tlhopha ba le 12 mo barutweng ba gagwe mme a ba tlhoma go nna baaposetoloi, kgotsa ba ba romilweng ke ene. Jesu o ne a ba naya ditaelo tse di utlwalang sentle tsa kafa ba neng ba tla dira bodiredi jwa bone ka teng a bo a ba tlhagisa ka mathata a ba neng ba tla kopana le one. (Mathaio 10:1-42; Luke 6:12-16) Mo dingwageng di ka nna pedi tse di neng tsa latela, ba ne ba tsamaya le Jesu fa a ntse a tsamaya a rera mo nageng yotlhe, ba na le botsalano jo bo gaufi le ene. Ba ne ba utlwa mafoko a gagwe, ba bona ditiro tsa gagwe tse di maatla mme ba bona sekao sa gagwe ka namana. (Mathaio 13:16, 17) Kwantle ga pelaelo, sotlhe seno se ne sa ba ama fela thata, mo e leng gore fela jaaka mogwebi yole yo o tsamayang a batla diperela, ba ne ba batla Bogosi ka tlhoafalo le ka pelo yotlhe.

15. Jesu o ne a re lebaka la konokono la gore balatedi ba gagwe ba ipele e ne e le lefe?

15 Mo godimo ga baaposetoloi ba ba 12, o ne “a tlhaola ba bangwe ba le masome a supa mme a ba romela ka bobedi le bobedi pele ga gagwe kwa motseng mongwe le mongwe le lefelo koo ene ka boene a neng a tlile go tla gone.” Gape o  ne a ba bolelela ka diteko le mathata a a neng a larile kwa pele mme a ba laela gore ba bolelele batho ba re: “Bogosi jwa Modimo bo lo atametse.” (Luke 10:1-12) Fa ba ba 70 ba boa, ba ne ba itumela thata mme ba begela Jesu jaana: “Morena, le e leng madimona a bewa mo taolong ya rona ka tiriso ya leina la gago.” Mme gongwe se se neng sa ba gakgamatsa ke fa Jesu a ne a bolela gore ba ne ba tla bona boitumelo jo bogolwane le go feta ka ntlha ya tlhoafalo ya bone ka Bogosi. O ne a ba bolelela a re: “Lo se ka lwa ipelela seno, gore meya e dirwa gore e nne mo taolong ya lona, mme ipeleng ka gonne maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.”—Luke 10:17, 20.

16, 17. (a) Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang eng mo bosigong jwa bofelo a na le bone? (b) Mafoko a ga Jesu a ne a itumedisa le go tlhomamisetsa baaposetoloi jang?

16 Sa bofelo, mo bosigong jwa bofelo jo Jesu a neng a na le baaposetoloi ba gagwe ka jone, ka Nisane 14, 33 C.E., o ne a tlhoma se moragonyana se neng sa bidiwa Sejo sa Morena sa Maitseboa, mme a ba laela gore ba keteke tiragalo eo. Mo maitseboeng ao, Jesu o ne a raya barutwa ba ba 11 ba ba setseng a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi, gore lo tle lo je lo bo lo nwe fa tafoleng ya me mo bogosing jwa me, lo bo lo nne mo ditulong tsa bogosi go atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.”—Luke 22:19, 20, 28-30.

17 Baaposetoloi ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipela thata le go kgotsofala fa ba utlwa mafoko ao a ga Jesu! Ba ne ba newa tlotla le tshiamelo e e tlhomologileng thata go feta e motho ope a neng a ka nna le yone. (Mathaio 7:13, 14; 1 Petere 2:9) Fela jaaka mogwebi yole yo o tsamayang a batla diperela, ba ne ba tlogetse dilo tse dintsi gore ba latele Jesu, ba batla Bogosi. Jaanong ba ne ba tlhomamisediwa gore matsapa a ba neng ba a tsere go tla go fitlha jaanong e ne e se a lefela.

18. Kwantle ga baaposetoloi ba ba 11, ke bomang gape ba kgabagare ba neng ba tla solegelwa molemo ke Bogosi?

18 Baaposetoloi ba ba neng ba na le Jesu mo bosigong joo ga se bone fela ba ba neng ba tla solegelwa molemo ke Bogosi. Thato ya ga Jehofa e ne e le gore batho ba le 144 000 ba tsenngwe mo kgolaganong ya Bogosi e le baruaboswammogo le Jesu Keresete mo Bogosing jo bo galalelang jwa kwa legodimong. Mo godimo ga moo, moaposetoloi Johane o ne a bona mo ponatshegelong “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, . . . ba eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, . . . ba re: ‘Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, yo o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.’” Bano ke babusiwa ba Bogosi ba mo lefatsheng. *Tshenolo 7:9, 10; 14:1, 4.

19, 20. (a) Batho ba ditšhaba tsotlhe ba bulegetswe ke sebaka sa go dira eng? (b) Go tla sekasekiwa potso efe mo setlhogong se se latelang?

 19 Nakwana fela pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a laela balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:19, 20) Ka jalo, batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ne ba tla nna barutwa ba ga Jesu Keresete. Bano le bone ba ne ba tla tlhoma pelo ya bone mo Bogosing—gore ba bone tuelo ya kwa legodimong kgotsa ya mo lefatsheng—fela jaaka mogwebi yo o tsamayang a batla diperela a ne a dira ka perela e ntle.

20 Mafoko a ga Jesu a ne a bontsha gore tiro ya go dira barutwa e ne e tla tswelela pele go fitlha fela kwa “bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” Ka jalo, mo motlheng wa rona, a go sa ntse go na le batho ba ba tshwanang le mogwebi yo o tsamayang a batla diperela, ba ba iketleeditseng go latlhegelwa ke dilo tsotlhe gore ba bone Bogosi jwa Modimo? Potso eno e tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Johane, morwa Sebede, o ka tswa a ile a sala Jesu morago mme a bona dingwe tsa dilo tse a neng a di dira fa a sena go kopana le bone lekgetlho la ntlha, mme ka jalo Johane a kgona go kwala ka tsone sentle jaana mo pegong ya gagwe ya Efangele. (Johane, kgaolo 2-5) Le fa go ntse jalo, gone o ne a boela ka lobakanyana kwa kgwebong ya lelapa la gagabo ya go tshwara ditlhapi pele Jesu a mmitsa.

^ ser. 18 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 10 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• Thuto ya konokono ya setshwantsho sa mogwebi yo o tsamayang a batla diperela ke efe?

• Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a tsaya Bogosi bo le botlhokwa thata?

• Ke eng se se neng sa dira gore Anderea, Petere, Johane le ba bangwe, ba arabele ka bonako fa Jesu a ne a ba bitsa?

• Batho ba ditšhaba tsotlhe ba bulegetswe ke sebaka sefe se se molemo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

‘Ba ne ba tlogela sengwe le sengwe mme ba sala Jesu morago’

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire barutwa