Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla ‘Perela ya Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo’ Gompieno

Go Batla ‘Perela ya Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo’ Gompieno

 Go Batla ‘Perela ya Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo’ Gompieno

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi.”—MATHAIO 24:14.

1, 2. (a) Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba ikutlwa jang ka Bogosi jwa Modimo? (b) Jesu o ne a dirang go thusa batho gore ba tlhaloganye Bogosi sentle mme go ne ga felela ka eng?

BOGOSI jwa Modimo ke kgang e Bajuda ba neng ba e kgatlhegela thata ka nako ya fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng. (Mathaio 3:1, 2; 4:23-25; Johane 1:49) Le fa go ntse jalo, kwa tshimologong bontsi jwa bone ba ne ba sa tlhaloganye sentle gore Bogosi jono bo ne bo tla nna bogolo go le kana kang le gore bo ne bo tla nna maatla go le kana kang; le gone ba ne ba sa tlhaloganye gore e ne e tla nna puso ya kwa legodimong. (Johane 3:1-5) Tota le bangwe ba ba neng ba nna balatedi ba ga Jesu ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo gore Bogosi jwa Modimo ke eng le gore ba tshwanetse ba dirang gore ba bone masego a go nna babusimmogo le Keresete.—Mathaio 20:20-22; Luke 19:11; Ditiro 1:6.

2 Fa nako e ntse e ya, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe dilo tse dintsi ka bopelotelele, go akaretsa le setshwantsho sa perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo se go tlotlilweng ka sone mo setlhogong se se fetileng, a ba bontsha botlhokwa jwa go leka ka natla gore ba bone Bogosi jwa kwa legodimong. (Mathaio 6:33; 13:45, 46; Luke 13:23, 24) Seno se tshwanetse sa bo se ile sa ba ama fela thata ka gonne go ise go ye kae ba ile ba nna baboledi ba ba sa lapeng le ba ba pelokgale ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi go ya kwa dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe, mme buka ya Ditiro e naya bosupi jo bontsi jwa seo.—Ditiro 1:8; Bakolosa 1:23.

3. Jesu o ne a reng ka Bogosi malebana le motlha wa rona?

3 Mme go tweng ka gompieno? Batho ba le dimilionemilione ba rerelwa ka masego a a tla nnang teng mo lefatsheng la paradaise le le tla busiwang  ke Bogosi. Fa Jesu a ne a bolela boporofeti jwa gagwe jwa botlhokwa malebana le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:3, 14; Mareko 13:10) Gape o ne a tlhalosa gore tiro eno e kgolo e tla dirwa le fa go na le dikgoreletsi le mathata a a seng kana ka sepe, tota le pogiso. Le fa go ntse jalo, o ne a re tlhomamisetsa jaana: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:9-13) Seno sotlhe se tlhoka gore motho a itime dilo dingwe le go ineela jaaka go ne ga dira mogwebi yo o tsamayang a batla diperela yo o mo setshwantshong sa ga Jesu. A gompieno go na le batho ba ba bontshang tumelo e e ntseng jalo le tlhoafalo fa ba ntse ba batla Bogosi?

Boipelo Jwa go Bona Boammaaruri

4. Boammaaruri jwa Bogosi bo ama batho jang gompieno?

4 Mogwebi yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a ipela fela thata fa a bona se a neng a se tsaya e le ‘perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo.’ Boipelo joo bo ne jwa mo tlhotlheletsa go dira sotlhe se a ka se kgonang gore a nne le perela eo. (Bahebera 12:1) Gompieno, boammaaruri kaga Modimo le Bogosi jwa gagwe le jone bo ngoka batho e bile bo a ba rotloetsa. Seno se re gopotsa mafoko a ga Mokaulengwe A. H. Macmillan, mo bukeng ya Faith on the March, fa a ne a kwala kafa ene a neng a batla Modimo ka teng e bile a batla go itse se Modimo a se ikaeletseng ka batho. O ne a re: “Ngwaga le ngwaga batho ba le diketekete ba sa ntse ba bona se ke se boneng. Mme ke batho ba ba tshwanang fela le nna le wena, ka gonne ba tswa mo ditšhabeng tsotlhe, mo ditsong tsotlhe, ke batho ba maemo otlhe a botshelo e bile ke batho ba dingwaga tsotlhe. Boammaaruri ga bo tlhaole batho. Bo ngoka batho ba mefuta yotlhe.”

5. Pego ya ngwaga wa tirelo wa 2004 e bontsha matswela afe a a molemo?

5 Boammaaruri jwa mafoko ao bo bonala ngwaga le ngwaga fa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba le dikete tse di makgolokgolo, ba ntse ba tlhotlhelediwa ke dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo gore ba neele matshelo a bone mo go Jehofa ba bo ba dire thato ya gagwe. Ngwaga wa tirelo wa 2004, o o simologileng ka September 2003 mme wa fela ka August 2004, le one o tsamaile fela jalo. Mo dikgweding tseo tse 12, batho ba le 262 416 ba ne ba tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go Jehofa phatlalatsa ka go kolobediwa mo metsing. Seno se diragetse mo dinageng di le 235, tse mo go tsone Basupi ba ga Jehofa ba tshwarang dithuto tsa magae tsa Baebele di le 6 085 387 beke le beke gore ba thuse batho ba mefuta yotlhe, ba ba tswang mo ditšhabeng le mo ditsong tse dintsi e bile e le ba dipuo tse di farologaneng gore ba iphepe ka boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo jo bo nayang botshelo.—Tshenolo 7:9.

6. Ke eng se se dirang gore ngwaga le ngwaga go nne le koketsego?

6 Ke eng se se neng sa dira gore seno sotlhe se kgonege? Kwantle ga pelaelo Jehofa o gogela batho bano ba ba nang le tshekamelo e e siameng kwa go ene. (Johane 6:65; Ditiro 13:48) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go tlodisa matlho moya wa bopelotshweu le matsapa a batho ba ba ntseng ba dira ka natla go batla Bogosi. Mokaulengwe Macmillan o ne a kwala jaana a na le dingwaga di le 79: “Fa e sa le ka nako e ke neng ke simolola go utlwa dilo tse di solofediwang batho ba ba lwalang le ba ba swang, tsholofelo ya me ka se molaetsa ono wa Baebele o se senolang ga e ise e fele. Ka yone nako eo, ke ne ka ititaya sehuba gore ke itse mo go oketsegileng ka se Baebele e se rutang gore ke kgone go thusa ba bangwe ba ba tshwanang le nna ba ba batlang kitso kaga Jehofa Modimo Mothatayotlhe le maikaelelo a gagwe a a molemo ka batho.”

7. Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang boipelo le tlhoafalo ya batho ba ba bonang boammaaruri jwa Baebele?

 7 Batlhanka ba ga Jehofa gompieno le bone ba na le tlhoafalo eo. Ka sekai, akanya ka Daniela, yo o tswang kwa Vienna, kwa Austria. O ne a re: “Modimo e ntse e le tsala ya me e kgolo, go tloga bongwaneng jwa me. Ga ke bolo go batla go itse leina la gagwe ka gonne ke ne ke bona go mmitsa ‘Modimo’ go sa bontshe go mo itse. Mme ke ne ka tshwanelwa ke go leta go fitlha ke nna le dingwaga tse 17, fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nketela. Ba ne ba tlhalosa sengwe le sengwe se ke neng ke batla go se itse kaga Modimo. Kgabagare ke ne ke bone boammaaruri, mme bo ne bo le molemo tota! Ke ne ke itumetse thata mo ke neng ka simolola go rerela mongwe le mongwe.” Go ise go ye kae ba a tsenang sekolo le bone ba ne ba simolola go mo sotla ka ntlha ya tlhoafalo ya gagwe. Daniela o ne a tswelela jaana: “Le fa go ntse jalo, mo go nna e ne e kete ke bona boporofeti jwa Baebele bo diragadiwa, ka gonne ke ne ke ithutile gore Jesu o ne a rile balatedi ba gagwe ba ne ba tla tlhoiwa le go bogisiwa ka ntlha ya leina la gagwe. Ke ne ke itumetse thata e bile ke gakgamatse.” Go ise go ye kae, Daniela o ne a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa, a kolobediwa mme a simolola go latelela mokgele wa tirelo ya borongwa. Fa Daniela a sena go nyalwa, ene le monna wa gagwe e bong Helmut ba ne ba simolola go rera mo ditšhabeng tsa Baafrika, Ba-China, Ba-Filipino le Ba-India kwa Vienna. Jaanong Daniela le Helmut ke barongwa kwa borwabophirima jwa Afrika.

Ga ba Latlhele Seditse

8. Batho ba le bantsi ba bontshitse ka tsela efe e e molemo gore ba rata Modimo e bile ba ikanyega mo Bogosing jwa gagwe?

8 Ee ruri, gompieno tirelo ya borongwa ke nngwe ya ditsela tse batho ba ga Jehofa ba bontshang go rata Modimo ka yone le go ikanyega mo Bogosing jwa gagwe. Fela jaaka mogwebi yo o mo setshwantshong sa ga Jesu, ba ba tsenang mo tirelong eno ba iketleeleditse go ya kwa mafelong a a kgakala ka ntlha ya Bogosi. Gone ke boammaaruri, barongwa bano ga ba tseye mesepele gore ba ye go batla dikgang tse di molemo tsa Bogosi; mme ba di isa kwa bathong ba ba nnang kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe, ba ba ruta le go ba thusa gore ba nne barutwa ba ga Jesu Keresete. (Mathaio 28:19, 20) Mo dinageng di le dintsi, ba tshwanelwa ke go itshokela mathata a magolo. Mme ba segofadiwa thata ka ntlha ya boitshoko jwa bone.

9, 10. Barongwa ba ba kwa mafelong a a kgakala a a jaaka Central African Republic ba nna le maitemogelo afe a a itumedisang?

9 Ka sekai, akanya ka Central African Republic, kwa ngogola batho ba ba neng ba tla Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ba neng ba le 16 184, palo e e fetang ya baboledi ba Bogosi ba naga eo go menagane ga supa. E re ka dikarolo tse dintsi tsa naga eo di se na motlakase, gantsi batho ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi kwa ntle, mo moriting wa setlhare. Ka jalo go a utlwala gore barongwa ba bo ba ka dira tiro ya bone jalo—ba tshware dithuto tsa bone tsa Baebele ba ntse kwa  ntle mo moriting wa setlhare. Kwa ntle go lesedi e bile go tsiditsana mme go na le mosola o mongwe gape. Batho ba koo ke batho ba ba ratang Baebele, mme go tlotla ka dikgang tsa bodumedi ke sengwe se se tlwaelegileng fela jaaka batho ba ka tlotla ka metshameko kgotsa maemo a bosa mo ditsong tse dingwe. Gantsi fa batho ba feta, ba lemoga se se diragalang ba bo ba kopanela mo thutong.

10 Ka jalo, fa morongwa mongwe a ne a tshwere thuto ya Baebele kwa ntle ga ntlo, lekawana lengwe le le nnang gaufi le ne la tla mme la bolela gore e re ka lone le sa etelwa, morongwa o ne a tshwanetse go tla kwa go lone mme a le rute Baebele. Ee, morongwa o ne a itumelela go dira seo, mme lekawana leo le gatela pele ka bofefo. Kwa nageng eo, gantsi mapodise a emisa Basupi mo tseleng, e se ka gonne ba batla go ba biletsa tshekong kgotsa go ba duedisa, mme e le ka gonne ba batla makasine wa bosheng wa Tora ya Tebelo le Tsogang! kgotsa ba batla go ba lebogela setlhogo sengwe se ba se itumeletseng thata.

11. Le fa batho ba ba nnileng barongwa ka nako e telele ba lebana le diteko, ba ikutlwa jang ka tirelo ya bone?

11 Ba le bantsi ba ba tseneng mo tirelong ya borongwa dingwaga di le 40 kgotsa 50 tse di fetileng ba sa ntse ba direla ka boikanyegi mo tshimong. A bo seo e le sekao se se molemo jang ne sa tumelo le boitshoko se rotlhe re ka se latelang! Mo dingwageng tse 42 tse di fetileng, banyalani bangwe ba ile ba dira mmogo e le barongwa mo dinageng tse tharo tse di farologaneng. Monna a re: “Go ile ga nna le dinako tse di thata. Ka sekai, re ne ra lwantshana le bolwetse jwa malaria ka dingwaga di le 35. Le fa go ntse jalo, ga re ise re ke re ikwatlhaele tshwetso ya rona ya go nna barongwa.” Mosadi wa gagwe o oketsa jaana: “Ka dinako tsotlhe go a bo go na le dilo tse dintsi tse re ka di lebogelang. Tirelo ya tshimo e itumedisa fela thata, e bile go motlhofo go simolola dithuto tsa Baebele. Fa o bona batho ba o ithutang le bone ba tla dipokanong e bile ba simolola go itsane, nako le nako go nna jaaka e kete ke kokoano ya lelapa.”

Ba “Tsaya Dilo Tsotlhe e le Tatlhegelo”

12. Batho ba bontsha jang gore ba tsaya Bogosi bo le botlhokwa thata?

12 Fa mogwebi yo o tsamayang a batla diperela a bona perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo, o ne “a ya a rekisa dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone kwantle ga go diega mme a e reka.” (Mathaio 13:46) Batho ba ruri ba anaanelang botlhokwa jwa Bogosi ba na le go iketleetsa jalo gore ba latlhegelwe ke dilo tse di tsewang di le botlhokwa. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana e le mongwe yo o tla nnang le seabe le Keresete mo kgalalelong ya Bogosi: “Eleruri gape ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me. Ka ntlha ya  gagwe ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi, gore ke bone Keresete.”—Bafilipi 3:8.

13. Mongwe kwa Czech Republic o ne a bontsha jang gore o rata Bogosi?

13 Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi gompieno ba iketleeleditse go dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone gore ba tle ba bone masego a Bogosi. Ka sekai, ka October 2003, mogokgo yo o dingwaga di 60 wa sekolo sengwe kwa Czech Republic o ne a bona buka nngwe e e thusang go ithuta Baebele ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Fela fa a sena go e bala o ne a ikopanya le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la ga bone gore ba ithute Baebele le ene. O ne a gatela pele sentle semoyeng mme go ise go ye kae a simolola go ya dipokanong tsotlhe. Le fa go ntse jalo, go tweng ka maikaelelo a gagwe a go nna ntlhopheng wa ratoropo mme moragonyana a bo a leka go tlhophiwa go nna leloko la lekgotla le le tlhomang melao la puso? O ne a tlhopha go dira ka natla mo tirong e sele—ya go nna mmoledi wa Bogosi. O ne a re, “Ke ne ka kgona go tsamaisetsa baithuti ba me dibuka tse dintsi tsa Baebele.” O ne a tshwantshetsa boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing mo kopanong e kgolo ka July 2004.

14. (a) Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di tlhotlheleditse batho ba le dimilionemilione go dira eng? (b) Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa dipotso dife tse di fatang maikutlo?

14 Batho ba bangwe ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba ile ba dira se se tshwanang fa ba sena go amogela dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ba dule mo lefatsheng le le boikepo, ba apotse botho jwa bone jo bogologolo, ba tlogetse ditsala tsa bone tsa pele, e bile ba tlogetse dilo tse ba neng ba di dira tsa lefatshe. (Johane 15:19; Baefeso 4:22-24; Jakobe 4:4; 1 Johane 2:15-17) Ke ka ntlha yang fa ba dira dilo tseno tsotlhe? Ka gonne ba tsaya masego a Bogosi jwa Modimo a le botlhokwa go feta sepe fela se sele se tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo e ka se nayang. A o ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi? A di go tlhotlheletsa go dira diphetogo dipe tse di tlhokegang mo botshelong jwa gago, mo dilong tse o di tsayang di le botlhokwa le mo mekgeleng ya gago gore e dumalane le se Jehofa a se batlang? Go dira jalo go tla go tlisetsa masego a magolo, jaanong le mo isagweng.

Thobo e Fitlha Kwa Setlhoeng sa Yone

15. Go ne ga bolelelwa pele gore batho ba Modimo ba ne ba tla dira eng mo metlheng ya bofelo?

15 Mopesalema o ne a kwala jaana: “Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa gago wa sesole.” Ba ba ithaopileng ba akaretsa ‘setlhopha sa makau se se jaaka marothodi a monyo’ le “lesomo le legolo” la “basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo.” (Pesalema 68:11; 110:3) Mo metlheng eno ya bofelo, go tlhoafala le go itima dilo dingwe ga batho ba ga Jehofa—banna le basadi, basha le bagolo—go feletse ka eng?

16. Naya sekai sa kafa batlhanka ba Modimo ba lekang ka natla ka teng go thusa ba bangwe go ithuta kaga Bogosi.

16 Mmulatsela mongwe, kgotsa mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng kwa India, o ne a ipotsa gore batho ba ba fetang dimilione tse pedi ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba mo nageng eo ba ka thusiwa jang gore ba itse kaga Bogosi. (Isaia 35:5) O ne a swetsa ka gore a ikwadise mo sekolong sengwe kwa Bangalore gore a ithute puo ya diatla. Fa a le koo o ne a kgona go bolelela batho ba le bantsi ba ba sa utlweng mo ditsebeng tsholofelo ya Bogosi, mme go ne ga tlhomiwa ditlhopha  tsa go ithuta Baebele. Mo dibekeng di se kae fela, batho ba feta lesome le bobedi ba ne ba simolola go tla dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Moragonyana, e ne ya re kwa moletlong wa lenyalo mmulatsela yono a kopana le lekawana le le sa utlweng mo ditsebeng le tswa Calcutta mme le na le dipotso tse dintsi e bile le kgatlhegela thata go itse mo go oketsegileng ka Jehofa. Le fa go ntse jalo, go ne go na le bothata. Mosha yono o ne a tshwanetse go boela kwa Calcutta, sekgala sa dikilometara di ka nna 1 600 a ya go simolola go tsena sekolo kwa kholetšheng, mme go ne go se na Basupi bape ba ba itseng puo ya diatla koo. O ne a tshwanelwa ke go leka ka natla go dira gore rraagwe a mo letle go ya go tsena sekolo kwa Bangalore bogolo, gore a kgone go tswelela pele a ithuta Baebele. O ne a gatela pele sentle semoyeng, mme morago ga mo e ka nnang ngwaga, o ne a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa. Le ene o ne a ithuta Baebele le bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng, go akaretsa mongwe yo e sa leng e le tsala ya gagwe go tloga ba sa le bannye. Ofisi ya lekala ya kwa India jaanong e rulaganyetsa gore babulatsela ba ithute puo ya diatla gore ba thuse mo tshimong eo.

17. Tlhalosa se o bonang se kgothatsa thata ka pego ya ngwaga wa tirelo ya 2004 e e mo go tsebe 19 go ya go 22.

17 Mo tsebeng ya 19 go ya go 22 ya makasine ono, o tla fitlhela pego ya lefatshe lotlhe ya tirelo ya tshimo ya Basupi ba ga Jehofa mo ngwageng wa tirelo wa 2004. Iphe nako ya go e sekaseka mme o bone ka bowena bosupi jwa gore batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tlhomile mogopolo thata mo go batleng ‘perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo’ gompieno.

“Nnang lo Batle Pele Bogosi”

18. Ke tshedimosetso efe e Jesu a sa e akaretsang mo setshwantshong sa mogwebi yo o tsamayang a batla diperela, mme ka ntlha yang?

18 Fa re boela gape mo setshwantshong sa ga Jesu sa mogwebi yo o tsamayang a batla diperela, re bona gore Jesu ga a ka a bolela sepe malebana le gore mogwebi o ne a tla itshedisa ka eng fa a sena go rekisa sotlhe se a neng a na le sone. Go a utlwala go bo bangwe ba ka botsa jaana: ‘Mogwebi yono o ne a tla bona jang dijo, diaparo le bonno mme go se na madi ape a a setseng? Perela eo e e tlhwatlhwakgolo e ne e tla mo solegela molemo ka eng?’ Motho a ka botsa dipotso tseo fa a leba dilo ka tsela ya senama. A mme Jesu ga a ka a kgothatsa barutwa ba gagwe a re: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa”? (Mathaio 6:31-33) Ntlha ya konokono ya setshwantsho seno ke gore re tlhoka go bontsha gore re ineetse mo Modimong ka pelo yotlhe e bile re tlhoafetse mo dilong tse di direlwang Bogosi. A go na le se re ka se ithutang mo go seno?

19. Ke thuto efe ya botlhokwa e re ka e ithutang mo setshwantshong sa ga Jesu sa perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo?

19 Le fa e ka tswa e le gone re ithutang ka dikgang tse di molemo kgotsa re sa bolo go latelela Bogosi le go bolelela ba bangwe ka masego a jone ka masomesome a dingwaga, re tshwanetse go tswelela pele re tlhoma mogopolo mo Bogosing. Dinako tseno ke dinako tsa mathata, mme re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore se re se latelelang ke sa mmatota e bile ga go na sepe se se tshwanang le sone—fela jaaka perela e mogwebi a neng a e bona. Ditiragalo tsa lefatshe le boporofeti jo bo diragetseng jwa Baebele di naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.’ (Mathaio 24:3) Fela jaaka mogwebi yo o neng a tsamaya a batla diperela, a ka pelo yotlhe re bontsheng tlhoafalo ka Bogosi jwa Modimo mme re itumelele tshiamelo ya go bolela dikgang tse di molemo.—Pesalema 9:1, 2.

A o A Gakologelwa?

• Fa dingwaga di ntse di feta, ke eng se se dirileng gore baobamedi ba boammaaruri ba oketsege?

• Batho ba e leng barongwa ba bontsha boikutlo bofe?

• Batho bangwe ba dirile diphetogo dife ka ntlha ya dikgang tse di molemo tsa Bogosi?

• Ke thuto efe ya botlhokwa e re ka e ithutang mo setshwantshong sa ga Jesu sa perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

 [Tšhate mo go tsebe 19-22]

PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 2004

 (Leba kgatiso)

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

“Boammaaruri . . . bo ngoka batho ba mefuta yotlhe.”—A. H. Macmillan

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Daniela le Helmut ba ne ba rera mo tshimong ya puo e sele kwa Vienna

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Fela jaaka mogwebi yo o neng a tsamaya a batla diperela, barongwa gompieno ba segofadiwa thata

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

“Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata”