Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo Jwa Gago bo Tlhwatlhwakgolo go le Kana Kang?

Botshelo Jwa Gago bo Tlhwatlhwakgolo go le Kana Kang?

 Botshelo Jwa Gago bo Tlhwatlhwakgolo go le Kana Kang?

FA BATHO ba le bantsintsi ba ne ba bolawa kwa Yuropa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, go ne go dirwa maiteko a magolo a go boloka matshelo a batho kwa Antarctica. Mmatlisisi wa Moesemane wa kwa Ireland e bong Ernest Shackleton le ditsala tsa gagwe ba ne ba welwa ke masetlapelo a magolo fa sekepe sa bone, Endurance, se ne se phatlakana se bo se nwela ka ntlha ya kgapetla ya metsi. Shackleton o ne a kgona go namola banna ba a neng a tsamaya le bone ka go ba isa kwa lefelong lengwe le le neng le sa babalesega go le kalo la Setlhaketlhake sa Elephant mo Lewatleng la South Atlantic. Mme ba ne ba sa ntse ba le mo kotsing tota.

Shackleton o ne a lemoga gore tsela fela ya gore ba falole ke gore a romele banna bangwe gore ba ye go kopa thuso kwa setlhaketlhakeng sa South Georgia kwa lefelong le go tsomiwang maruarua kwa go lone. Setlhaketlhake seo se ne se le bokgakala jwa dikilometara di le 1 100, mme o ne a na le mokoro o o falotsang o o boteng jwa dimetara di le 7 o a neng a o tsere mo sekepeng seo sa Endurance. Seemo sa bone se ne se tlhobaetsa.

 Le fa go ntse jalo, ka May 10, 1916, morago ga malatsi a le 17 a mathata, Shackleton le batho ba le mmalwa ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba goroga kwa South Georgia, mme ka ntlha ya maemo a a sa iketlang a lewatle ba ne ba patelesega go fologa kwa ntlheng e sele ya setlhaketlhake seo. Ba ne ba tshwanetse go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 30 mo dithabeng tse ba sa di itseng tse di bipilweng ke kapoko gore ba goroge kwa ba yang teng. Le fa a ne a na le dikgoreletsi tse dintsi—serame se se feteletseng le go tlhoka didirisiwa tse di tshwanetseng tsa go palama dithaba—Shackleton le ditsala tsa gagwe ba ne ba goroga kwa ba yang teng, mme kgabagare a namola banna ba gagwe botlhe ba ba neng ba gaeletswe. Ke ka ntlha yang fa Shackleton a ne a dira maiteko a magolo jaana? Mokwadi wa dipolelo tsa matshelo a batho e bong Roland Huntford o kwala jaana: “Mokgele wa gagwe e ne e le gore a namole mongwe le mongwe wa banna ba gagwe ba tshela.”

“Ga go Le fa E le Nngwe ya Tsone e e Tlhaelang”

Ke eng se se neng sa dira gore banna ba ga Shackleton ba se ka ba itlhoboga gotlhelele fa ba ne ba ikhutagantse mme ba letile mo lefelong “le le tsididi le go leng thata go fitlha kwa go lone le boalo jwa lone e leng jwa leje le le khurumeditsweng ke aese le sekgala sa lone go tswa ka kwa letlhakoreng le lengwe go ya ka kwa go le lengwe e leng dikilometara di le masomeamararo”? Ke go dumela gore moetapele wa bone o tla ba namola fela jaaka a solofeditse.

Gompieno batho ba tshwana le banna bao ba ba neng ba gaeletswe mo Setlhaketlhakeng sa Elephant. Batho ba bantsi ba tshela mo maemong a a maswe tota mme ba kgaratlhela fela gore ba tshele. Mme le fa go ntse jalo, ba ka nna le tsholofelo e e feletseng ya gore Modimo o tla “namola yo o bogisiwang” mo kgatelelong le mo tlalelong. (Jobe 36:15) Tlhomamisega gore Modimo o tsaya botshelo jwa mongwe le mongwe bo le tlhwatlhwakgolo. Jehofa Modimo, Mmopi a re: “Mpitse mo motlheng wa matshwenyego. Ke tla go namola.”—Pesalema 50:15.

A o thatafalelwa ke go dumela gore Mmopi o go tsaya o le botlhokwa thata—wena o le esi mo gare ga batho ba mo lefatsheng ba ba dibilione? Fa go ntse jalo ela tlhoko se moporofeti Isaia a neng a se kwala ka dibilione tsa dinaledi tse di mo masagaripeng a le dibilione mo lobopong lo logolo lo lo re dikologileng. Re bala jaana: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.”—Isaia 40:26.

A o tlhaloganya gore seo se rayang? Losagaripa lwa rona lwa Molala wa Tladi—le thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego e leng fela karolo ya lone—lo na le dinaledi di ka nna dimilione di le dikete di le 100. Mme go na le masagaripa a mangwe gape a le kae? Ga go na ope yo o itseng tota, mme bangwe ba akanyetsa gore a ka nna dimilione di le dikete di le 125. Go tshwanetse ga bo go na le dinaledi tsa bontsi jo bo boitshegang tota! Le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela gore Mmopi wa lobopo o itse nngwe le nngwe ya dinaledi ka leina.

“Meriri ya Ditlhogo Tsa Lona e Badilwe Yotlhe”

Mongwe o ka nna a re, ‘mme go itse maina a dinaledi di le dimilione di le diketekete, kgotsa go itse batho ba le dimilione di le diketekete, ga go reye gore o amega ka mongwe le mongwe wa bone.’ Khomputara e e kgonang go boloka tshedimosetso e ntsi e kgona go boloka maina a batho ba le dibilione. Mme gone, ga go na ope yo o ka akanyang gore khomputara e amega ka ope wa batho bao. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore ga se fela gore Jehofa Modimo o itse maina a batho ba le dibilione, mme gape o amega ka mongwe le mongwe wa bone. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: ‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.’—1 Petere 5:7.

Jesu Keresete o ne a re: “A dithaga tse pedi ga di rekisiwe ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa  tlase? Le fa go ntse jalo ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona. Mme meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Jalo se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” (Mathaio 10:29-31) Tlhokomela gore Jesu ga a ka a re Modimo o tla itse fela se se diragaletseng dithaga le batho. O rile: “Lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” Ke ka ntlha yang fa o le botlhokwa go di feta? Ke ka gonne o dirilwe mo “setshwanong sa Modimo”—o na le bokgoni jwa go tlhagolela le go bontsha dinonofo tsa semoya, go nna botlhale, le go nna le melao ya boitsholo, tse tsotlhe di bontshang dinonofo tsa Modimo tsa maemo a a kwa godimo.—Genesise 1:26, 27.

“Di Dirilwe ka Botlhale”

O se ka wa tsiediwa ke batho ba ba reng ga go na Mmopi. Go ya ka bone, o dirilwe ke maatla mangwe a a sa bonweng, a e seng motho. Ba re go na le gore o bo o bopilwe “mo setshwanong sa Modimo,” ga o farologane gope le diphologolo tsotlhe tse di mo lefatsheng, go akaretsa dithaga.

A mo go wena go a utlwala gore botshelo bo itiragaletse fela, kgotsa bo nnile gone ka ntlha ya maatla mangwe a a sa bonaleng? Go ya ka moitse thutatshelo ya dimolekhule Michael J. Behe, “dithulaganyo tse di raraaneng tota tsa dikhemikale” tse di laolang botshelo di dira gore kgopolo eo e se ka ya utlwala gotlhelele. A re bosupi jwa saense ya ditshedi bo dira gore re swetse re sa belaele gore “ditshedi tsa maemo otlhe mo lefatsheng . . . di dirilwe ka botlhale.”—Darwin’s Black Box—The Biochemical Challenge to Evolution.

Baebele e re bolelela gore ditshedi tsa maemo otlhe mo lefatsheng di dirilwe ka botlhale. Gape e re bolelela gore Motswedi wa tiro eno e e botlhale ke Jehofa Modimo, Mmopi wa lobopo.—Pesalema 36:9; Tshenolo 4:11.

O se ka wa letla gore lebaka la go bo re tshwanelwa ke go itshoka mo lefatsheng le le tletseng kutlobotlhoko le go boga, le go thibele go dumela gore go na le Mmopi le Motlhami wa lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang mo go lone. Nna o gakologetswe dintlha tseno tse pedi tsa konokono. Ya ntlha ke gore Modimo ga se ene a dirileng bosaitekanelang jo re bo bonang. Ya bobedi ke gore Mmopi wa rona o na le mabaka a a utlwalang a go bo a letlelela bosaitekanelang ka nakwana. Jaaka makasine ono o setse o kile wa tlhalosa gangwe le gape, Jehofa Modimo o letlile gore boikepo bo nne teng ka nakwana fela, gore a rarabololele ruri dikgang tsa melao ya se se siameng le se se phoso tse di neng tsa tsoga ka lekgetlho la ntlha fa batho ba ne ba gana bolaodi jwa gagwe. *Genesise 3:1-7; Duteronome 32:4, 5; Moreri 7:29; 2 Petere 3:8, 9.

“O Tla Golola Mohumanegi yo o Goang a Kopa Thuso”

Botshelo e sa ntse e le mpho e e molemo thata le fa batho ba bantsi gompieno ba boga. Mme re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re bo babalele. Botshelo jwa mo isagweng jo Modimo a bo solofetsang e tla bo e se go kgaratlhela fela gore re tshele mo maemong a a maswe le a a botlhoko—jaaka banna ba ga Shackleton mo Setlhaketlhakeng sa Elephant. Boikaelelo jwa Modimo ke go re namola mo seemong se gone jaanong re leng mo go sone se se botlhoko le sa go tsaya botshelo bo se mosola, gore re “tshware botshelo jwa mmatota ka thata” jo Modimo a sa leng a ikaeletse go bo naya batho kwa tshimologong fa a ne a ba bopa.—1 Timotheo 6:19.

Modimo o tla dira dilo tseno tsotlhe ka gonne mongwe le mongwe wa rona o botlhokwa mo matlhong a gagwe. O rulaganyeditse gore Morwawe, Jesu Keresete, a tswe setlhabelo sa thekololo se se neng se tlhokega go re golola mo boleong, bosaitekanelang le loso tse re di ruileng mo batsading ba  rona ba ntlha, Adame le Efa. (Mathaio 20:28) Jesu Keresete o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene . . . a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Modimo o tla direla batho ba botshelo jwa bone bo tletseng kutlobotlhoko le kgatelelo eng? Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le re bolelela jaana ka Morwawe: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.” O tla dira seno ka lebaka lefe? Ka gonne “madi a bone [kgotsa, botshelo jwa bone] a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.”Pesalema 72:12-14.

Batho ba ntse ba boga ka makgolokgolo a dingwaga ka ntlha ya boleo le bosaitekanelang, go ntse jaaka e kete ba a “fegelwa.” Modimo o ne a letlelela seno fela ka gonne a itse gore o tla fedisa tshenyo epe fela e e neng e tla bakwa ke seo. (Baroma 8:18-22) Go ise go ye kae o tla dira gore go ‘tsosolosiwe dilo tsotlhe’ a dirisa puso ya Bogosi e e tla bong e eteletswe pele ke Morwawe, Jesu Keresete.—Ditiro 3:21; Mathaio 6:9, 10.

Seo se akaretsa go tsosiwa ga batho ba ba ileng ba boga ba bo ba swa mo nakong e e fetileng. Modimo o tla nna a ba gakologetswe. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Mo bogautshwaneng ba tla bona botshelo “ka letlotlo”—botshelo jo bo sa khutleng ba itekanetse mo lefatsheng la paradaise ba sa utlwe botlhoko e bile ba sa boge. (Johane 10:10; Tshenolo 21:3-5) Mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela ka nako eo o tla itumelela botshelo ka botlalo mme a tlhagolele dinonofo tse di molemo le bokgoni jo batho ba ba dirilweng mo “setshwanong sa Modimo” ba nang le jone.

A o tla nna teng gore o itumelele botshelo jo Jehofa a bo solofeditseng? Go tla ikaega ka se o se tlhophang. Re go kopa gore o dirise dithulaganyo tse Modimo a di dirileng gore a tle a tlise masego ano otlhe. Bagatisi ba makasine ono ba tla itumelela go go thusa go dira jalo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Gore o bone dintlha tse di oketsegileng mo ntlheng eno, bona setlhogo se se reng “Ke Eng fa Modimo o Letlile Pogo Gore e Tswelele?” mo kgaolong 8 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Banna ba ba neng ba gaeletswe ba ne ba tlhomamisegile gore Shackleton o tla ba namola fela jaaka a ba solofeditse

[Motswedi wa Setshwantsho]

© CORBIS

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

“Lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi”