Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rera ga ga Saulo go Baka Letlhoo

Go Rera ga ga Saulo go Baka Letlhoo

 Go Rera ga ga Saulo go Baka Letlhoo

BAJUDA ba kwa Damaseko ba ne ba sa kgone go tlhaloganya gore mofemedi yo o tlhoafetseng wa dithuto tsa bodumedi a ka nna motlhanogi jang. Saulo o ne a itsege e le monna yo o neng a bogisa ba ba neng ba bitsa leina la ga Jesu kwa Jerusalema. O ne a tlile kwa Damaseko go bogisa barutwa koo. Mme jaanong ene ka boene o ne a rera gore Jesu, yo o neng a tsewa e le motho yo o dirileng tlolomolao e e masisi yo o bapoletsweng go tlhapatsa, e ne e le Mesia! A Saulo o ne a tsenwa?—Ditiro 9:1, 2, 20-22.

Gongwe go ne go ka tlhalosiwa sengwe ka kgang eno. Ba bangwe ba ba neng ba tsere loeto go tswa kwa Jerusalema mmogo le Saulo ba ka tswa ba ne ba bua ka se se neng sa direga mo tseleng. Fa ba atamela Damaseko, ka tshoganyetso go ne ga phatsima lesedi go ba dikologa, mme botlhe ba ne ba wela fa fatshe. Gape go ne ga utlwala lentswe. Saulo ke ene fela yo o neng a gobala. O ne a rapaletse mo tseleng. Fa kgabagare a rapamologa, ba ba neng ba tsamaya nae ba ne ba mo goga ka seatla ba mo isa kwa Damaseko, ka gonne o ne a sa bone.—Ditiro 9:3-8; 26:13, 14.

Mmaba wa ga Jesu o Simolola go Rera ka Ene

Go ne go diregile eng ka Saulo mo tseleng e e yang Damaseko? A gongwe o ne a koafaditswe ke loeto lo loleele kgotsa mogote wa letsatsi la motshegare? Fa batho ba ba belaelang ba segompieno ba leka go bona lebaka la se se neng se diragaletse Paulo, ba akanya gore gongwe ke ka gonne o ne a amegile thata mo maikutlong, o ne a bona dipono dingwe tse di sa tlwaelegang, o ne a na le mathata mangwe a tlhaloganyo a a bakiwang ke go tshwenngwa ke segakolodi se se molato, o ne a tshwenyegile thata mo tlhaloganyong le gore gongwe o ne a na le bolwetse jwa seebana.

Boammaaruri e ne e le gore Jesu Keresete o ne a bonala mo go Saulo ka lesedi leo le le foufatsang, a mo tlhatswa pelo gore e ne e le Mesia. Ditshwantsho dingwe tsa bataki tsa tiragalo eno di bontsha Saulo a wa mo godimo ga pitse. Le fa go ka tswa go ntse jalo, Baebele e re bolelela fela gore o ne a “wela fa fatshe.” (Ditiro 22:6-11) Go wa ga ga Saulo e ne e se ga sepe fa go bapisiwa le go wa ga gagwe mo maemong a gagwe a a neng a Ipelafatsa ka one. Jaanong o ne a tshwanetse go lemoga gore se balatedi ba ga Jesu ba neng ba se rera se ne se le boammaaruri. Tsela e e neng e le teng fela ka Saulo e ne e le gore a tsamaye le bone. Saulo yo e neng e le mmaba wa molaetsa wa ga Jesu o ne a nna mmueledi yo mogolo wa one. Fa a sena go bona gape le go kolobediwa, “Saulo a nna a bona maatla le go feta e bile o ne a akabatsa Bajuda ba ba neng ba nna mo Damaseko ka a ne a supa ka tsela e e utlwalang sentle gore yono ke Keresete.”—Ditiro 9:22.

Leano la Polao le Itaya se Fololetse

Saulo, yo moragonyana a neng a bidiwa Paulo, o ne a ya kae fa a sena go sokologa? Fa a ne a kwalela Bagalatia, o ne a re: “Ke ne ka tswa ka tsena mo Arabia, mme ka boela gape kwa Damaseko.” (Bagalatia 1:17) Lefoko le le reng “Arabia’’ le kaya loeto go ya kwa lefelong lepe fela la Pheninsula ya Arabia. Bakanoki bangwe ba akantsha gore Paulo a ka tswa a ne a ile kwa Sekakeng sa Siria kgotsa felo gongwe kwa bogosing  jwa kwa Nabataea jwa ga Aretas IV. Go bonala Saulo a ne a ya kwa lefelong le le didimetseng gore a ye go tlhatlhanya fa a sena go kolobediwa, fela jaaka Jesu a ne a ya kwa nageng morago ga go kolobediwa.—Luke 4:1.

Fa Saulo a boela kwa Damaseko, “Bajuda ba gakololana mmogo gore ba mmolaye.” (Ditiro 9:23) Mmusi yo e neng e le moemedi wa ga Kgosi Aretase kwa Damaseko o ne a disitse motse gore a tshware Saulo. (2 Bakorintha 11:32) Mme fa baba ba ne ba loga leano la go bolaya Saulo, barutwa ba ga Jesu ba ne ba rulaganyetsa leano la go mo falotsa.

Gareng ga ba ba neng ba thusa Saulo gore a tshabe e ne e le Ananiase le barutwa ba ba neng ba na le moaposetoloi yono fa a sena go sokologa. * (Ditiro 9:17-19) Bangwe ba ba neng ba nna badumedi ka ntlha ya go rera ga ga Saulo kwa Damaseko le bone ba ka tswa ba thusitse, ka go bo Ditiro 9:25 ya re: “Barutwa ba gagwe ba mo tsaya mme ba mo folosetsa kwa tlase bosigo ka phatlha mo loboteng, ba mo isa kwa tlase a le mo serotong.” Polelwana e e reng “barutwa ba gagwe” e ka tswa e raya ba Saulo a ba rutileng. Go bonala go atlega ga gagwe mo bodireding e le gone go gakaditseng letlhoo le a neng a tlhoilwe ka lone.

Se re Se ithutang mo go Seno

Fa re sekaseka dingwe tsa ditiragalo tsa go sokologa le go kolobediwa ga ga Saulo, re bona sentle gore o ne a sa kgathalele gore batho ba bangwe ba ne ba mo leba jang; e bile ga a ka a tlogela ka gonne a bogisiwa thata. Selo se se neng se le botlhokwa thata mo go Saulo e ne e le thomo ya go rera e a neng a e neilwe.—Ditiro 22:14, 15.

A o sa tswa go tlhatswega pelo bosheng jaana ka botlhokwa jwa go rera dikgang tse di molemo? Fa go le jalo, o a itse gore Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tshwanetse go nna bareri ba Bogosi. Ga wa tshwanela go gakgamala fa bodiredi jwa gago ka dinako tse dingwe bo baka letlhoo. (Mathaio 24:9; Luke 21:12; 1 Petere 2:20) Tsela e Saulo a neng a itshwara ka yone fa a ganediwa e tlhoma sekao. Bakeresete ba ba itshokang fa ba lekiwa ba sa ineele ba tla amogelwa ke Modimo. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me.” Le fa go ntse jalo, o ne a ba tlhomamisetsa jaana: “Lo tla bona meya ya lona ka go itshoka ga lona.”—Luke 21:17-19.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Bokeresete bo ka ne bo simologile mo Damaseko morago ga go rera ga ga Jesu kwa Galalea kgotsa morago ga Pentekosete ya 33 C.E.—Mathaio 4:24; Ditiro 2:5.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Saulo ‘o ne a wela fa fatshe’ fa Jesu a bonala mo go ene

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Saulo o ne a falola leano la go bolawa kwa Damaseko