Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Samesone o ne a ka ama ditopo tsa batho ba a ba bolaileng jang mme a bo a sala e ntse e le Monasirite?

Mo Iseraeleng wa bogologolo, motho o ne a ka kgona go dira ikano ka go rata mme a nne Monasirite ka lobaka lo lo rileng lwa nako. * Nngwe ya dithibelo tse di neng di beelwa motho yo o neng a ikana e ne e le eno: “Mo malatsing otlhe a a nnang a lomololetswe Jehofa ka one a se ka a tla gaufi le moya ope o o suleng. A se ka a iteswafaletsa le eleng rraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa morwarraagwe kgotsa kgaitsadie fa ba swa.” Go tweng fa mongwe ‘a ka swa ka tshoganyetso fa thoko ga gagwe’? Go ama setopo sa motho yoo a sa ikemisetsa go ne go tla leswafatsa Bonasirite jwa gagwe. Ka jalo, go ne ga kwalwa jaana: “Malatsi a pele ga a kitla a balwa.” O ne a tla tshwanelwa ke go itshepisiwa mme a simolole lobaka lwa Bonasirite gape.—Dipalo 6:6-12.

Le fa go le jalo, Samesone ene e ne e le Monasirite ka tsela e sele. Pele ga Samesone a tsholwa, moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela mmaagwe jaana: “Bona! o tla ima, mme ruri o tla belega ngwana wa mosimane, mme go se ka ga tla legare lepe mo tlhogong ya gagwe, ka gonne ngwana o tla nna Monasirite wa Modimo fa a tswa mo sebopelong; mme ke ene yo o tla etelelang pele go boloka Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia.” (Baatlhodi 13:5) Samesone ga a ka a ikana gore o tla nna Monasirite. Modimo ke ene a mo tlhomileng gore e nne Monasirite mme Bonasirite jwa gagwe e ne e le jwa botshelo jotlhe. Molao wa go thibelwa go ama setopo o ne o sa mo ame. Fa o ne o mo ama mme a bo a ama setopo a sa ikemisetsa, o ne a ka simolola jang Bonasirite jwa gagwe jwa botshelo jotlhe jo bo simolotseng fa a sena go tsholwa? Ka jalo he, go bonala dilo tse di neng di batlega mo Bonasiriteng jwa botshelo jotlhe di ne di farologana ka ditsela dingwe le dilo tse di neng di batlega mo go ba ba ithaopetseng go nna Banasirite.

Akanya ka ditaelo tsa ga Jehofa mo bathong ba bararo ba e neng e le Banasirite botshelo jotlhe jwa bone—Samesone, Samuele le Johane Mokolobetsi—ba ba umakiwang mo Baebeleng. Jaaka go boletswe pelenyana, Samesone o ne a boleletswe gore a se ka a beola moriri wa tlhogo ya gagwe. Hana o ne a ikana jaana ka ngwana yo o neng a tla mo ima e bong Samuele: “Ke tla mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, mme legare ga le kitla le tla mo tlhogong ya gagwe.” (1 Samuele 1:11) Malebana le Johane Mokolobetsi, moengele wa ga Jehofa o ne a re: “Ga aa tshwanela go nwa beine le senō se se bogale ka gope.” (Luke 1:15)  Mo godimo ga moo, “Johane yono diaparo tsa gagwe e ne e le boboa jwa kamela le moitlamo wa letlalo mo lothekeng lwa gagwe; dijo tsa gagwe le tsone e ne e le tsie le tswina ya dinotshe ya naga.” (Mathaio 3:4) Ga go na motho ope wa ba bararo bano yo o neng a laetswe gore a se ka a atamela gaufi le setopo.

Le fa e ne e le Monasirite, Samesone e ne e le mongwe wa baatlhodi ba ba neng ba tlhomiwa ke Jehofa go boloka Baiseraele mo seatleng sa bathopi ba bone. (Baatlhodi 2:16) Mme fa a ne a dira tiro eno, o ne a ama ditopo. Ka nako nngwe, Samesone o ne a bolaya Bafilisitia ba le 30 mme a ba apola diaparo tsa bone. Moragonyana, o ne a itaya mmaba, “a koaganya maoto le dirope ka polao e e setlhogo.” Gape o ne a tsaya lerapo le le bongola la lotlhaa la esele mme a bolaya banna ba le sekete ka lone. (Baatlhodi 14:19; 15:8, 15) Samesone o ne a dira seno sotlhe ka thuso le kemonokeng ya ga Jehofa. Dikwalo di bua ka ene di re ke monna yo o tlhomang sekao sa tumelo.—Bahebera 11:32; 12:1.

A polelo ya gore Samesone o ne a kgaoganya tau “fela jaaka motho a kgaoganya potsane e tonanyana sebedi” e bontsha gore go kgaoganngwa ga dipotsane sebedi ke selo se go neng go tlwaelegile gore se dirwe mo motlheng wa gagwe?

Ga go na bosupi bope jwa gore ka nako ya Baatlhodi ba Iseraele, go ne go tlwaelegile gore batho ba kgaoganye dipotsane sebedi. Baatlhodi 14:6 ya re: “Moya wa ga Jehofa wa dira mo go ene [Samesone], mo a neng a e kgaoganya [tawana] sebedi, fela jaaka motho a kgaoganya potsane e tonanyana sebedi, mme ga bo go se na sepe gotlhelele mo seatleng sa gagwe.” Go bonala polelo eno e le setshwantsho fela.

Polelwana e e reng “a e kgaoganya sebedi” e ka raya dilo tse pedi. Samesone a ka ne a kgaogantse ditlhaa tsa tau kgotsa ditokololo tsa tau ka tsela nngwe. Fa polelwana eno e kaya gore o ne a kgaoganya ditlhaa tsa tau, motho a ka kgona go dira selo se se tshwanang ka potsane. Mo ntlheng eno, setshwantso seno se bontsha gore go kgaoganya tau ka diatla tsa gagwe fela go ne go se thata mo go Samesone fela jaaka e kete tau e ne e le potsane e tonanyana fela mo go ene. Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore Samesone o ne a bolaya tau ka go e kgaoganya ditokololo? Re ka se tseye seno e le selo sa mmatota mme e tla nna tshwantshanyo. Ntlha ya tshwantshanyo eno e tla raya gore moya wa ga Jehofa o ne wa naya Samesone maatla a go dira tiro e e tlhokang maatla a magolo fela thata. Kafa letlhakoreng le lengwe, papiso e re e bonang mo go Baatlhodi 14:6 e bontsha gore ka thuso ya ga Jehofa, tau e e maatla e ne e se bogale mo go Samesone fela jaaka potsane e tonanyana e ne e ka se nne bogale mo mothong fela yo o nang le maatla a a tlwaelegileng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Motho yo o neng a ikana ke ene yo o neng a itlhophela gore lobaka lwa gagwe lwa nako ya Bonasirite e tla nna lo lo kana kang. Le fa go ntse jalo, go ya ka setso sa Bajuda, lobaka lwa ikano eo e ne e le matsatsi a le 30. Go ne go tsewa gore lobaka lo lo kwa tlase ga loo lwa ikano lo ne lo tla dira gore ikano eo e nne sengwe se se tlwaelegileng.