Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Baatlhodi

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Baatlhodi

 Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Baatlhodi

JEHOFA o itshwara jang fa batho ba gagwe ba mo furalela ba bo ba simolola go obamela medimo ya maaka? Go tweng fa ba gana go mo ikobela gangwe le gape mme ba batla gore a ba thuse fela fa ba le mo tlalelong? A Jehofa o a ba thusa gore ba falole le ka nako eo? Buka ya Baatlhodi e araba dipotso tseno le tse dingwe tse di botlhokwa. E kwadilwe ke moporofeti Samuele mo e ka nnang ka 1100 B.C.E., mme e akaretsa ditiragalo tse di diragetseng dingwaga tse 330—go tloga ka loso lwa ga Joshua go fitlha ka nako ya go tlhomiwa ga kgosi ya ntlha ya Iseraele.

Buka ya Baatlhodi e botlhokwa thata mo go rona e re ka e le karolo ya lefoko le le maatla la Modimo kgotsa molaetsa wa lone. (Bahebera 4:12) Dipego tse di itumedisang tse di kwadilweng mo go yone di re naya kitso ka dinonofo tse Modimo a nang le tsone. Dilo tse re di ithutang mo go tsone di nonotsha tumelo ya rona e bile di re thusa go tshwara “botshelo jwa mmatota” ka thata, botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng ke Modimo. (1 Timotheo 6:12, 19; 2 Petere 3:13) Ditiro tsa poloko tse Jehofa a di direlang batho ba gagwe di re bontsha go se kae ka kgololo e kgolo e a tla e dirang ka Morwawe, Jesu Keresete mo isagweng.

KE KA NTLHA YANG FA GO NE GO TLHOKEGA BAATLHODI?

(Baatlhodi 1:1–3:6)

Fa dikgosi tsa naga ya Kanana di sena go fenngwa kafa tlase ga boeteledipele jwa ga Joshua, setso sengwe le sengwe sa Iseraele se ya kwa bosweng jwa sone go ya go tsaya naga. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba palelwa ke go amoga banni ba naga eo naga ya bone. Go palelwa ga bone go baya Iseraele mo kotsing e kgolo.

Kokomana e e tlang morago ga malatsi a ga Joshua ‘ga e itse Jehofa kgotsa tiro e a neng a e diretse Iseraele.’ (Baatlhodi 2:10) Mo godimo ga moo, batho ba tswelela pele go nyalana le Bakanana le go direla medimo ya bone. Ka jalo Jehofa o ne a tsenya Baiseraele mo diatleng tsa baba ba bone. Le fa go le jalo, fa bomorwa Iseraele ba gatelelwa thata, ba ne ba kopa Modimo gore a ba thuse. Mo gare ga seemo seno sa bodumedi, sa loago le sa bopolotiki, go nna le baatlhodi ba ba tlhatlhamanang ba Jehofa a ba tlhomang go boloka batho ba gagwe mo babeng ba bone.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:2, 4—Ke ka ntlha yang fa lotso lwa Juda lo abelwa go nna lwa ntlha go tsaya naga e lo e abetsweng? Tshiamelo eno e ne e tla ya kwa lotsong lwa ga Rubene, motsalwapele wa ga Jakobe. Mo boporofeting jwa ga Jakobe fa a ne a le gaufi le go swa, o ne a bolelela pele gore Rubene o ne a se kitla a tlhogonolofala ka go bo a ne a latlha tshwanelo ya gagwe ya botsalwapele. Simeone le Lefi, ba ba neng ba dirile ka bosetlhogo, ba ne ba tla gasama mo Iseraele. (Genesise 49:3-5, 7) Ka jalo e ne e tla tsewa ke Juda, morwa wa bonè wa ga Jakobe. Simeone, yo o neng a tsamaya le Juda, o ne a newa dikarolo tse dinnye tsa naga tse di phatlaletseng mo nageng e kgolo ya ga Juda. *Joshua 19:9.

1:6, 7—Ke ka ntlha yang fa menwana ya kgonotswe ya diatla le menwana e metona ya dinao ya dikgosi tse di fentsweng e ne e kgaolwa? Go bonala motho yo o neng a kgaolwa menwana ya kgonotswe le menwana e metona ya dinao a ne a golafadiwa gore a se ka a kgona go ya ntweng. Lesole le ne le ka tshwara jang tšhaka kgotsa lerumo le se na menwana ya kgonotswe? Mme fa motho a kgaotswe menwana e metona ya dinao go ne go tla dira gore a palelwe ke go itsetsepela sentle.

Se re Ithutang Sone:

2:10-12. Re tshwanetse go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Baebele gore re ‘se ka ra lebala  ditiro tsa ga Jehofa.’ (Pesalema 103:2) Batsadi ba tshwanetse go tsenya boammaaruri jwa Lefoko la Modimo mo dipelong tsa bana ba bone.—Duteronome 6:6-9.

2:14, 21, 22. Jehofa o letlelela dilo tse di bosula go diragalela batho ba gagwe ba ba sa utlweng ka ntlha ya boikaelelo bongwe jo bo rileng—go ba otlhaya, go ba itshekisa le go ba tlhotlheletsa go boela mo go ene.

JEHOFA O TLHOMA BAATLHODI

(Baatlhodi 3:7–16:31)

Pego e e kgatlhang ya ditiro tsa baatlhodi e simolola fa Otheniele a fedisa go nna ga Baiseraele kafa tlase ga taolo ya kgosi ya Mesopotamia ka dingwaga di le robedi. A dirisa leano la bopelokgale, Moatlhodi Ehude o bolaya Egelone, kgosi e e nonneng ya Moabe. Shamegare wa segatlhamela masisi o bolaya Bafilisitia ba le 600 a dirisa setlhabi sa dikgomo a sa thusiwe ke ope. A kgothadiwa ke Debora, yo e leng moporofeti wa mosadi e bile a thusiwa ke Jehofa, Barake le masole a gagwe a le dikete di le lesome a a sa tlhomelang thata a fenya masole a a maatla a ga Sisera. Jehofa o tlhoma Gideone mme o dira gore ene le banna ba gagwe ba le 300 ba fenye Bamidiana.

Jehofa o golola Iseraele mo Baamoneng a dirisa Jefetha. Tola, Jaire, Ibesane, Elone le Abedone le bone ba gareng ga banna ba le 12 ba ba atlholang Iseraele. Nako ya Baatlhodi e fela ka Samesone, yo o lwantshang Bafilisitia.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

4:8—Ke ka ntlha yang fa Barake a gatelela gore moporofeti wa mosadi e bong Debora a tsamaye le ene kwa ntweng? Go bonala Barake a ne a inyatsa go tsamaya a le esi go ya go lwa le masole a ga Sisera. Go tsamaya le moporofeti wa mosadi go ne go tla tlhomamisa gore ene le banna ba gagwe ba kaelwa ke Modimo mme go ne go tla dira gore ba se ka ba inyatsa. Ka jalo fa Barake a ne a gatelela Debora gore a tsamaye le ene, e ne e se sesupo sa gore o bokoa mme sa gore o na le tumelo e e nonofileng.

5:20—Dinaledi di ne tsa tlhabana jang kwa legodimong mo boemong jwa ga Barake? Baebele ga e bolele gore a seno se ne se akaretsa go thusiwa ke baengele, le go wa ga dinaledi tse banna ba ba botlhale ba ga Sisera ba neng ba di tsaya e le botlhodi jwa masetlapelo kgotsa gongwe se balepadinaledi ba neng ba se bolelela pele ka Sisera se se neng sa itshupa e le maaka. Le fa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo, Modimo o ne a thusa ka tsela nngwe.

7:1-3; 8:10—Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a re banna ba le 32 000 ba ga Gideone ba ne ba le bantsi thata go ya go lwa le masole a baba a le 135 000? Seno ke ka gonne Jehofa o ne a naya  Gideone le banna ba gagwe phenyo. Modimo o ne a sa batle gore ba akanye gore ba fentse Bamidiana ka maatla a bone.

11:30, 31—Fa Jefetha a ne a ikana, a o ne a akantse ka setlhabelo sa motho? Jefetha o ne a sa akanye gotlhelele ka seo, ka go bo Molao o ne o re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o ralatsang morwawe kgotsa morwadie molelo.” (Duteronome 18:10) Le fa go ntse jalo, Jefetha o ne a akantse ka motho mme e seng ka phologolo. Diphologolo tse di siametseng go ntshiwa ditlhabelo gongwe di ne di seyo mo matlong a Baiseraele. Mme go ntsha phologolo tshupelo e ne e se kitla e nna mpho e e kgethegileng go le kalo. Jefetha o ne a itse gore motho yo o tswang mo ntlong ya gagwe a tla go mo kgatlhantsha e ka nna ya nna morwadie. Yono o ne a tshwanetse go ntshiwa “tshupelo e e fisiwang” ka gore a ineele ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa mo lefelong le le boitshepo.

Se re Ithutang Sone:

3:10. Go atlega mo dilong tsa semoya ga go a ikaega ka botlhale jwa motho mme ka moya wa ga Jehofa.—Pesalema 127:1.

3:21. Ehude o ne a dirisa tšhaka ya gagwe sentle le ka bopelokgale. Re tshwanetse go nna le bokgoni jwa go dirisa “tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo.” Seno se raya gore re tshwanetse go dirisa Dikwalo ka bopelokgale mo bodireding jwa rona.—Baefeso 6:17; 2 Timotheo 2:15.

6:11-15; 8:1-3, 22, 23. Boikokobetso jwa ga Gideone bo re ruta dilo tse di botlhokwa tse tharo: (1) Fa re neilwe tshiamelo nngwe ya tirelo, re tshwanetse go akanya ka boikarabelo jo e bo akaretsang go na le go akanya ka go tuma go e ka nnang ya re tlisetsa gone. (2) Fa re dirisana le ba ba ratang go ganetsa, tsela e e botlhale ke go nna boikokobetso. (3) Boikokobetso bo a re sireletsa gore re se ka ra batla go gagamalela maemo.

6:17-22, 36-40. Le rona re tshwanetse go nna kelotlhoko mme ‘re se ka ra dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng.’ Go na le moo, re tshwanetse go ‘tlhatlhoba dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong.’ (1 Johane 4:1) Go tlhomamisa gore kgakololo e a batlang go e neela e tswa mo Lefokong la Modimo, mogolwane yo mosha wa Mokeresete o tla bo a dira dilo ka botlhale fa a ka batla kgakololo mo mogolwaneng mongwe yo o nang le maitemogelo.

6:25-27. Gideone o ne a dirisa botlhale gore a se ka a galefisa baganetsi ba gagwe go sa tlhokege. Fa re rera dikgang tse di molemo, re tshwanetse go ela tlhoko gore re se ka ra kgopisa ba bangwe go sa tlhokege ka tsela e re buang ka yone.

7:6. Fa go tla mo kgannyeng ya go direla Jehofa, re tshwanetse go tshwana le banna ba le 300 ba ga Gideone—re ntshe matlho dinameng le go nna kelotlhoko.

 9:8-15. A bo e le selo se se boeleele jang ne go dira dilo ka go ikgogomosa le go lwela go nna le maemo kgotsa go laola!

11:35-37. Kwantle ga pelaelo, sekao se se molemo sa ga Jefetha se ne sa thusa morwadie go nna le tumelo e e nonofileng le moya wa go intsha setlhabelo. Batsadi gompieno ba ka tlhomela bana ba bone sekao se se ntseng jalo.

11:40. Go akgola mongwe yo o nang le moya wa go intsha setlhabelo mo tirong ya ga Jehofa go kgothatsa motho yoo.

13:8. Fa batsadi ba ruta bana ba bone, ba tshwanetse go rapela Jehofa gore a ba kaele mme ba latele kaelo ya gagwe.—2 Timotheo 3:16.

14:16, 17; 16:16. Go pateletsa motho yo mongwe ka go lela le go ipetola go ka senya botsala.—Diane 19:13; 21:19.

MELATO E MENGWE KWA ISERAELE

(Baatlhodi 17:1–21:25)

Karolo ya bofelo ya buka ya Baatlhodi e na le dipego tse pedi tse di tlhomologileng. Pego ya ntlha e ka ga monna mongwe yo o bidiwang Mika, yo o tlhomang modingwana mo ntlung ya gagwe a bo a thapa Molefi mongwe go nna moperisiti wa gagwe. Fa a sena go senya motse wa Laishe kgotsa Lesheme, Badana ba aga motse wa bone mme ba bo ba o bitsa Dana. Ba dirisa modingwana wa ga Mika le moperesiti wa gagwe, ba tlhoma mofuta o mongwe wa kobamelo kwa Dana. Go bonala Laishe e gapiwa pele Joshua a tlhokafala.—Joshua 19:47.

Tiragalo ya bobedi e direga moragonyana ga loso lwa ga Joshua. Bokebekwa jo bogolo jo bo amang tlhakanelodikobo e e neng ya dirwa ke banna bangwe ba motse wa Benjamine wa Gibea bo dira gore go senngwe mo e batlang e nna setšhaba sotlhe sa Benjamine—go falola fela banna ba le 600. Le fa go ntse jalo, thulaganyo nngwe e e siameng e ba letla go nyala basadi mme palo ya bone e oketsega go nna batlhabani ba ba ka nnang 60-000 ka nako ya go busa ga ga Dafide.—1 Ditiragalo 7:6-11.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

17:6; 21:25—Fa ‘mongwe le mongwe a ne a tlwaetse go dira se se neng se siame mo matlhong a gagwe,’ a seno se ne sa baka tlhakatlhakano? Ga go reye jalo, ka go bo Jehofa o ne a dira dithulaganyo tse di lekaneng go kaela batho ba gagwe. O ne a ba naya Molao le boperesiti go ba ruta tsela ya gagwe. Ka go dirisa Urime le Thumime, moperesiti yo mogolo o ne a ka batla kgakololo kwa Modimong ka dikgang tse di botlhokwa. (Ekesodo 28:30) Gape, motse mongwe le mongwe o ne o na le banna ba ba godileng ba ba kgonang go ntsha kgakololo e e molemo. Fa Moiseraele a ne a dirisa dithulaganyo tseno, o ne a na le dilo tse di molemo tse di ka kaelang segakolodi sa gagwe. Fa a dira “se se neng se siame mo matlhong a gagwe” ka tsela eno, matswela a gone e ne e nna a a molemo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa motho a ne a itlhokomolosa Molao a bo a itirela ditshwetso ka boitsholo le kobamelo, diphelelo di ne di nna maswe.

20:17-48—Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a letla Babenjamine go fenya ditso tse dingwe gabedi, le fa bone ba ne ba tlhoka go otlhaiwa? Ka go letlelela ditso tse di ikanyegang gore pele di fenngwe gotlhelele, Jehofa o ne a leka go ntsha bosula mo Iseraele.

Se re Ithutang Sone:

19:14, 15. Go se batle ga batho ba Gibea go amogela baeng go ne go bontsha go tlhaela ga bone. Bakeresete ba gakololwa go ‘latela mokgwa wa go tshola baeng.’—Baroma 12:13.

Kgololo e sa Ntse e Tla

Go ise go ye kae, Bogosi jwa Modimo ka Keresete Jesu bo tla senya lefatshe le le boikepo mme bo golole bathokgami le ba ba se nang molato. (Diane 2:21, 22; Daniele 2:44) ‘Baba botlhe ba ga Jehofa ba tla nyelela, mme ba ba mo ratang ba tla nna jaaka fa letsatsi le tswa ka thata ya lone.’ (Baatlhodi 5:31) A re itshupeng re le gareng ga batho ba ba ratang Jehofa ka go dirisa se re se ithutileng mo bukeng ya Baatlhodi.

Thuto e e botlhokwa e e tlhagang gangwe le gape mo dipegong tsa Baatlhodi ke eno: Go ikobela Jehofa go felela ka masego a magolo, go se utlwe go felela ka mahutsana. (Duteronome 11:26-28) Go botlhokwa gore re nne “kutlo go tswa pelong” mo go direng thato ya Modimo, e a e re senoletseng!—Baroma 6:17; 1 Johane 2:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Balefi ba ne ba se ka ba newa boswa bope mo Lefatsheng le le Solofeditsweng ntle le metse e le 48 e e phatlaletseng mo Iseraele.

[Mmapa mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

“Jehofa o ne a tle a tsose baatlhodi, mme ba ne ba tle ba ba boloke mo seatleng sa bathopi ba bone.”—Baatlhodi 2:16

BAATLHODI

1. Otheniele

2. Ehude

3. Shamegare

4. Barake

5. Gideone

6. Tola

7. Jaire

8. Jefetha

9. Ibesane

10. Elone

11. Abedone

12. Samesone

DANA

MANASE

NAFETALI

ASHERE

SEBULONE

ISAKARE

MANASE

GADE

EFERAIME

DANA

BENJAMINE

RUBENE

JUDA

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

O ithutile thuto efe mo kgannyeng ya gore Barake a pateletse Debora go ya ntweng?