Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bontshanang Moya wa go Tshola Baeng”

“Bontshanang Moya wa go Tshola Baeng”

 “Bontshanang Moya wa go Tshola Baeng”

FEBE, Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a na le bothata. O ne a tsere loeto go tswa kwa Kenkerea, kwa Gerika, go ya Roma, mme o ne a sa itse badumedi ka ene kwa motseng oo. (Baroma 16:1, 2) Moranodi wa Baebele e bong Edgar Goodspeed a re: “Lefatshe la Baroma [la metlha eo] le ne le le bosula e bile le le setlhogo mme matlo a baeti a ne a sa siamela motho wa mosadi yo o maitsholo mantle, segolobogolo mosadi wa Mokeresete.” Ka jalo Febe o ne a tla robala kae?

Batho ba ne ba tsamaya thata mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele. Jesu Keresete le barutwa ba gagwe ba ne ba dira jalo go rera dikgang tse di molemo go ralala Judea le Galalea. Moragonyana ga moo, barongwa ba Bakeresete ba ba tshwanang le Paulo ba ne ba isa molaetsa kwa mafelong a le mmalwa a a dikologileng lewatle la Mediterranean, go akaretsa Roma, motsemogolo wa Mmusomogolo wa Roma. Fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsaya loeto, e ka ne e le mo tshimong ya Bajuda kgotsa e e seng ya Bajuda, ba ne ba nna kae? Ba ne ba lebana le mathata afe fa ba ne ba batla manno? Re ka ithuta eng mo go bone ka go amogela baeng?

“Gompieno ke Tshwanetse go Nna mo Ntlong ya Gago”

Go amogela baeng go tlhalosiwa e le “go ba amogela go tswa pelong le ka diatla tsoopedi,” e bile ga e bolo go nna mokgwa wa baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa. Ka sekai, Aborahame, Lote le Rebeka ba ne ba rata go amogela baeng. (Genesise 18:1-8; 19:1-3; 24:17-20) Fa tlhogo ya lotso Jobe a ne a anela ka tsela e a lebang ka yone baeng, o ne a re: “Ga go moagi wa moeng ope yo o neng a tla lala kwa ntle; ke ne ke nna ke buletse dikgoro tsa me kwa tseleng.”—Jobe 31:32.

E le gore baeng ba amogelwe sentle ke Baiseraele ka bone, gantsi go ne go lekane go nna fa fatshe mo patlelong ya motse mme ba emele go lalediwa. (Baatlhodi 19:15-21) Beng ba legae gantsi ba ne ba tlhapisa dinao tsa baeng ba bone ba bo ba naya baeng bano dijo le dino, mme gape ba ne ba naya diphologolo tsa bone furu. (Genesise 18:4, 5; 19:2; 24:32, 33) Baeng ba ba neng ba sa batle go nna morwalo mo go ba e leng beng ba legae, ba ne ba itseela dilo tse ba di tlhokang—senkgwe le beine le go tseela diesele tsa bone lotlhaka le furu. Ba ne ba tlhoka fela lefelo le ba neng ba ka robala mo go lone.

Le fa Baebele e umaka ka sewelo fela kafa Jesu a neng a bona bonno ka gone ka maeto a gagwe a go rera, ene le barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go robala gongwe. (Luke 9:58) Fa Jesu a ne a etetse Jeriko, o ne a bolelela Sakaio jaana: “Gompieno ke tshwanetse go nna mo ntlong ya gago.” Sakaio o ne a amogela Jesu “ka go ipela.” (Luke 19:5, 6) Gantsi Jesu e ne e le moeng wa ditsala tsa gagwe e bong Maratha, Marea le Lasaro kwa Bethani. (Luke 10:38; Johane 11:1, 5, 18) Mme go bonala Jesu a ne a nna le Simone Petere kwa Kaperenama.—Mareko 1:21, 29-35.

 Ditaelo tse Jesu a neng a di naya baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 fa ba ne ba ya go rera di bontsha go le gontsi gore ba ne ba tla amogelwa ka tsela e e ntseng jang kwa Iseraele. Jesu o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa tseela dikgwama tsa lona tsa moitlamo gouta kgotsa selefera kgotsa kgotlho, kgotsa lwa tseela loeto kgetsana ya dijo, kgotsa diaparo tse pedi tsa kafa teng, kgotsa bompaatšhane kgotsa lore; gonne modiri o tshwanelwa ke dijo tsa gagwe. Mo motseng le fa e le ofe o lo tsenang mo go one kgotsa motsana, batlisisang gore ke mang mo go one yo o tshwanetseng, mme lo nne koo go fitlha lo tsamaya.” (Mathaio 10:9-11) O ne a itse gore batho ba ba dipelo di siameng ba ne ba tla amogela barutwa ba gagwe mme ba ba neye dijo, borobalo le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang.

Le fa go ntse jalo, nako e ne e tla e bareri ba ba neng ba eta ba tla tshwanelwang ke go itlamela ka bobone. Ka ntlha ya letlhoo le balatedi ba gagwe ba neng ba tla tlhoiwa ka lone le go gola ga tiro ya go rera mo ditshimong tse di kwa ntle ga Iseraele, Jesu o ne a re: “A ene yo o nang le sekgwama a se tseye, ka tsela e e tshwanang le kgetsana ya dijo.” (Luke 22:36) Go eta le go bona lefelo la bonno go ne go tla nna botlhokwa mo go anamisiweng ga dikgang tse di molemo.

“Latelang Mokgwa wa go Tshola Baeng”

Kagiso e e lekanyeditsweng le ditsela tse dintsi tse di siameng go ralala Mmusomogolo wa Roma mo lekgolong la ntlha la dingwaga di ne tsa dira gore batho ba le bantsi ba ete. * Go eta ga batho ba le bantsi go ne ga dira gore go tlhokege mafelo a le mantsi a go robala. Go tlhokega moo ga marobalo go ne ga dira gore go dirwe matlo a baeti a a neng a katogane sekgala sa mosepele wa letsatsi le le lengwe, a a neng a le fa thoko ga ditsela tse dikgolo. Le fa go ntse jalo, The Book of Acts in Its Graeco-Roman Setting ya re: “Go na le dilo dingwe tse di sa siamang ka mafelo ano tse go tlhalosiwang ka tsone mo dibukeng tse di buang ka one. Dibuka tse di leng gone le thutamarope gantsi di supa gore e ne e le mafelo a a senyegileng e bile a le leswe, a a se nang difenitšhara, a a nang le ditsitsiri, dijo le dino tsa maemo a a kwa tlase, beng ba mafelo ao le ba ba dirang mo go one ba ne ba sa ikanyege, go na le bareki ba ba sa siamang le boitsholo jo bo maswe.” Go a utlwala gore motsamai yo o maitsholo mantle o ne a tla tila go nna mo matlong ao a baeti fa go kgonega.

Ga go gakgamatse he go bo Dikwalo di gakolola Bakeresete gangwe le gape gore ba amogele ba bangwe. Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Abalanang le baitshepi go ya ka dilo tse ba di tlhokang. Latelang mokgwa wa go tshola baeng.” (Baroma 12:13) O ne a gakolola Bakeresete ba Bajuda jaana: “Lo se ka lwa lebala go tshola baeng, gonne ka go dira jalo bangwe ba ne ba amogela baengele ba sa itse.” (Bahebera 13:2) Petere o ne a gakolola baobamedi ka ene go ‘bontshana moya wa go tshola baeng ba sa ngongorege.’—1 Petere 4:9.

Le fa go ntse jalo, go ne go na le maemo a a dirang gore go amogela baeng go se ka ga kgonega. Malebana le “mongwe le mongwe yo o itshusumeletsang kwa pele mme a sa nne mo thutong ya ga Keresete,” moaposetoloi Johane o ne a re: “Lo se ka lwa ba lwa mo amogela mo magaeng a lona le ka motlha kgotsa lwa mo dumedisa. Gonne yo o mo dumedisang ke motlhakanedi mo ditirong tsa gagwe tsa boikepo.” (2 Johane 9-11) Malebana le baleofi ba ba sa ikwatlhaeng, Paulo o ne a kwala jaana: “Lo tlogele go ikopanya le motho yo o bidiwang mokaulengwe yo e leng mogokafadi kgotsa motho yo o bogagaru kgotsa moobamedi wa medingwana kgotsa mogobolodi kgotsa letagwa kgotsa yo o tsayang ka dikgoka, le gone lo se ka lwa ja le motho yo o ntseng jalo.”—1 Bakorintha 5:11.

Maferefere le batho ba bangwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba leka go tsietsa Bakeresete ba ba ratang go amogela baeng. Pego nngwe ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. e e seng ya Baebele ya tumelo ya Bokeresete e e itsegeng e le The Didache kgotsa Teaching of the Twelve Apostles, e buelela gore moreri yo o etang a amogelwe “letsatsi le le lengwe kgotsa a le mabedi fa go tlhokega.” Morago ga moo, fa a tsamaya, “a se ka a amogela sepe fa e se senkgwe fela . . . Fa a kopa madi, ke moporofeti wa maaka.” Pego eno e tswelela jaana: “Fa a batla go nna mo ntlung ya gago mme a na le bokgoni jwa go dira tiro nngwe, a a berekele dijo tsa  gagwe. Mme fa o itse gore ga a na bokgoni jwa go dira tiro epe o mo tlhokomele, gore motho ope a se ka a tshela a nna le lona a sa dire sepe ka gonne e le Mokeresete. Mme fa a sa dire jalo, o dirisa Bokeresete gore a iponele molemo; tlhokomelang ba ba ntseng jalo.”

Moaposetoloi Paulo o ne a le kelotlhoko gore a se ka a rwesa batho ba a neng a ba etetse mokgweleo wa ditshenyegelo fa a ne a etile ka lobaka lo loleele mo metseng mengwe. O ne a dira megope gore a itlamele. (Ditiro 18:1-3; 2 Bathesalonika 3:7-12) Go thusa batsamai ba ba tshwanelang mo go bone, go bonala Bakeresete ba pele ba ne ba dirisa makwalo a a ba buelelang, jaaka la ga Paulo ka Febe. Paulo o ne a kwala jaana: “Ke buelela Febe kgaitsadi wa rona mo go lona, . . . gore lo mo amogele mo Moreneng . . . le gore lo mo thuse mo kgannyeng epe e a ka lo tlhokang mo go yone.”—Baroma 16:1, 2.

Masego a go Amogela Baeng

Barongwa ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ikanya Jehofa go ba tlamela ka dilo tsotlhe tse ba di tlhokang. A mme ba ne ba ka lebelela gore ba solegelwe molemo ke go amogelwa ke badumedi ka bone? Lidia o ne a amogela Paulo le ba bangwe. Moaposetoloi o ne a nna le Akhwila le Peresila kwa Korintha. Legolegwa lengwe kwa Filipi le ne la naya Paulo le Silase dijo. Paulo o ne a amogelwa ka diatla tsoopedi ke Jasone kwa Thesalonika, ke Filipi kwa Kaesarea le ke Monasone mo tseleng e e tswang kwa Kaesarea go ya Jerusalema. Mo tseleng go ya kwa Roma, Paulo o ne a amogelwa ke bakaulengwe kwa Puteoli. A bo dinako tseno e tshwanetse ya bo e ile ya nna dipaka tse di lapolosang jang ne mo bathong ba ba neng ba mo amogetse!—Ditiro 16:33, 34; 17:7; 18:1-3; 21:8, 16; 28:13, 14.

Mokanoki Frederick F. Bruce a re: “Ditsala tseno le badirimmogo, batho bano ba ba amogelang baeng, ba ne ba sa tlhotlhelediwe ke sepe fela fa ba thusa fa e se go rata ga bone Paulo le go rata Mong yo a neng a mo direla. Ba ne ba itse gore fa ba ne ba direla Paulo ba ne ba direla Keresete.” Jono ke boikutlo jo bo molemo jwa go amogela baeng.

Go sa ntse go tlhokega gore re amogele baeng. Diketekete tsa baemedi ba ba etang ba Basupi ba ga Jehofa ba amogelwa ke badumedi ka bone. Baboledi bangwe ba Bogosi ba tsaya maeto ka ditshenyegelo tsa bone go rera mo mafelong a a sa fitlhelelweng gantsi ka dikgang tse di molemo. Re solegelwa molemo thata fa re amogela baeng mo magaeng a rona le fa e le a maemo a a kwa tlase jang. Go amogela baeng ka diatla tsoopedi le go ba naya dijo tse di motlhoswana go ka re naya sebaka sa go ‘kgothatsana’ le go bontsha bakaulengwe ba rona lorato le go bontsha Modimo wa rona lorato. (Baroma 1:11, 12) Dipaka tse di tshwanang le tseo di solegela segolobogolo batho ba ba amogetseng baeng molemo, ka go bo “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Go fopholediwa gore ka ngwaga wa 100 C.E., go ne go na le ditsela tse di siameng tsa dikilometara di le 80 000 kwa Roma.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bakeresete ‘ba latela mokgwa wa go tshola baeng’