Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Thapiseditswe go Neela Bosupi ka Botlalo

Ba Thapiseditswe go Neela Bosupi ka Botlalo

 Ba Thapiseditswe go Neela Bosupi ka Botlalo

“Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—DITIRO 1:8.

1, 2. Petere o ne a romilwe go dira eng, mme o ne a romilwe ke mang?

“JESU yo o neng a tswa Nasaretha . . . o ne a re laela go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo gore yono ke Ene yo Modimo a neng a mo naya taelo ya go nna moatlhodi wa batshedi le baswi.” (Ditiro 10:38, 42) Ka mafoko ao, moaposetoloi Petere o ne a tlhalosetsa Korenelio le lelapa la gagwe ka thomo e a neng a e neilwe ya go rera.

2 Jesu o ne a mo neile thomo eno leng? Petere a ka tswa a ne a akantse ka se Jesu yo o tsositsweng a neng a se bolela pele fela ga a tlhatlogela kwa legodimong. Ka nako eo, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Le fa go ntse jalo, nako nngwe pele ga foo, Petere o ne a setse a itse gore jaaka morutwa wa ga Jesu, o ne a tla tshwanelwa ke go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gagwe mo go Jesu.

Thapiso ya Dingwaga Tse Tharo

3. Jesu o ne a dira kgakgamatso efe, mme o ne a laletsa Petere le Anderea go dira eng?

3 Dikgwedi di le mmalwa morago ga gore Jesu a kolobediwe ka 29 C.E., o ne a rera kwa Petere le morwarraagwe e bong  Anderea ba neng ba tshwara ditlhapi teng mo Lewatleng la Galalea. Ba ne ba dirile bosigo jotlhe mme ba sa tshware sepe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “Suteletsa kwa go leng boteng gone, mme lo digele matloa a lona kwa tlase gore lo tshware.” E rile ba dira jaaka Jesu a re ba dire “ba tswalela ditlhapi di le dintsi thata. Tota e bile, matloa a bone a ne a simolola go gagoga ka bogare.” Fa Petere a bona kgakgamatso eno, o ne a tsenwa ke poifo, mme Jesu o ne a mo ritibatsa a re: “Tlogela go boifa. Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.”—Luke 5:4-10.

4. (a) Jesu o ne a baakanyetsa barutwa ba gagwe jang gore ba neele bosupi? (b) Bodiredi jwa barutwa ba ga Jesu bo ne bo tla farologana jang le jwa gagwe?

4 Gone fela foo, Petere, Anderea—mmogo le Jakobe le Johane, bomorwa Sebede—ba ne ba tlogela mekoro ya bone ba latela Jesu. Ba ne ba tsamaya le Jesu dingwaga di ka nna tharo a ntse a rera e bile a ba thapisa go nna bareri. (Mathaio 10:7; Mareko 1:16, 18, 20, 38; Luke 4:43; 10:9) Kwa bokhutlong jwa nako eo, ka Nisane 14, 33 C.E., Jesu o ne a ba raya a re: “Yo o dumelang mo go nna, yoo le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang; mme o tla dira ditiro tse dikgolo go feta tseno.” (Johane 14:12) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla naya bosupi ka botlalo fela jaaka Jesu a ne a dira mme e le ka selekanyo se segolo thata. Fela jaaka ba ne ba utlwa morago ga moo, bone le barutwa botlhe ba mo nakong e e tlang ba ne ba tla rerela “ditšhaba tsotlhe,” go ya go fitlha kwa “bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Mathaio 28:19, 20.

5. Re ka solegelwa molemo jang ke thapiso e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe?

5 Re tshela mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.’ (Mathaio 24:3) Rona re ka se tsamaye le Jesu ra ba ra mmona a rerela batho jaaka barutwa bao ba ntlha ba ne ba dira. Le fa go ntse jalo, thapiso ya gagwe e ka re solegela molemo fa re bala mo Baebeleng go utlwa kafa a neng a rera ka teng le ditaelo tse a neng a di naya balatedi ba gagwe. (Luke 10:1-11) Le fa go ntse jalo, setlhogo seno se tla tlhalosa selo se sengwe sa botlhokwa se Jesu a neng a se bontsha barutwa ba gagwe—boikutlo jo bo tshwanetseng malebana le tiro ya go rera.

Go Amega ka Batho

6, 7. Ke nonofo efe ya ga Jesu e e neng e dira gore a nne le matswela mo tshimong, mme re ka mo etsa jang mo ntlheng eno?

6 Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a na le matswela jaana fa a rera? Lebaka lengwe ke gore o ne a kgatlhegela batho thata e bile a amega ka bone. Mopesalema o ne a bolelela pele gore Jesu o ne a tla “utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko.” (Pesalema 72:13) Ruri o ne a diragatsa boporofeti joo. Baebele e bolela jaana ka tiragalo nngwe: “Fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Tota le baleofi ba ba feteletseng ba ne ba lemoga gore o amega ka bone mme ba ne ba mo rata.—Mathaio 9:9-13; Luke 7:36-38; 19:1-10.

7 Le rona gompieno re ka nna le matswela fa re amega fela jalo ka batho. Pele o ya tshimong, ke eng fa o sa iphe nako ya go akanya ka tsela e batho ba tlhokang thata tshedimosetso e o ba isetsang yone ka teng? Akanya ka mathata a ba ka tswang ba na le one a a tla rarabololwang fela ke Bogosi. Ititeye sehuba gore o nne moya montle mo bathong botlhe, ka gonne ga o itse gore ke mang yo o tla amogelang molaetsa. Gongwe motho yo o tla buang le ene o ntse a rapelela gore mongwe wa go tshwana le wena a tle go mo thusa!

Go Tlhotlhelediwa ke Lorato

8. Ke eng se se tlhotlheletsang balatedi ba ga Jesu go rera dikgang tse di molemo fela jaaka ene?

8 Dikgang tse di molemo tse Jesu a neng a di bolela di ne di amana le go diragadiwa ga thato ya ga Jehofa, go itshepisiwa ga leina la Gagwe le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa Gagwe—dikgang tse di botlhokwa go gaisa tsotlhe tse batho ba lebaneng le tsone. (Mathaio 6:9, 10) E re ka Jesu a ne a rata Rraagwe, o ne a tlhotlheletsega go nna a ikanyega go ya bokhutlong le go rera ka botlalo ka Bogosi, jo bo tla rarabololang dikgang tseo. (Johane 14:31) Gompieno balatedi ba ga Jesu ba rera ka tlhoafalo mo tshimong, ba tlhotlhelediwa ke lone lorato loo. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe,” go akaretsa  taelo ya gore re rere dikgang tse di molemo re bo re dire barutwa.—1 Johane 5:3; Mathaio 28:19, 20.

9, 10. Kwantle ga lorato lwa go rata Modimo, ke lorato lofe lo longwe lo lo re tlhotlheletsang go naya bosupi ka botlalo?

9 Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Fa lo nthata, lo tla boloka ditaelo tsa me. Yo o nang le ditaelo tsa me e bile a di boloka, ene yoo ke yo o nthatang.” (Johane 14:15, 21) Ka gone, go rata Jesu go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go rera ka ga boammaaruri le go ikobela ditaelo tse dingwe tsa ga Jesu. Nako nngwe fa Jesu a ne a bonala morago ga go tsosiwa, o ne a rotloetsa Petere jaana: “Fudisa dikwanyana tsa me. . . . Disa dinkunyana tsa me. . . . Fepa dinku tsa me tse dinnye.” Ke eng se se neng se tshwanetse go tlhotlheletsa Petere go dira jalo? Jesu o ne a bontsha karabo ya seo fa a ne a botsa Petere gangwe le gape a re: “A o [a] nthata? . . . A o a nthata? . . . A o a nthata?” Ee, lorato lo Petere a neng a rata Jesu ka lone lo ne lo tla mo rotloetsa gore a neye bosupi ka botlalo, a batle ‘dinku tse dinnye’ tsa ga Jesu mme go tswa foo a bo a nna modisa wa tsone wa semoya.—Johane 21:15-17.

10 Gompieno ga re tshele le Jesu jaaka Petere a ne a tshela le ene. Le fa go ntse jalo, re tlhaloganya ka botlalo se Jesu a re diretseng sone. Dipelo tsa rona di tlhotlhelediwa ke lorato lo logolo lo lo neng lwa felela ka gore a “utlwele motho mongwe le mongwe loso.” (Bahebera 2:9; Johane 15:13) Re ikutlwa jaaka Paulo a ne a ikutlwa fa a ne a kwala jaana: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela . . . O ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Re bontsha gore re tseela kwa godimo lorato lo Jesu a re ratang ka lone le gore le rona re a mo rata ka go tsaya masisi thomo ya gore re rere ka botlalo. (1 Johane 2:3-5) Re ka se batle go dira tiro ya go rera ka go latlhelela, jaaka e kete re tsaya setlhabelo sa ga Jesu e le sa boleng jo bo sa reng sepe.—Bahebera 10:29.

Go se Iteege Tsebe

11, 12. Jesu o ne a tletseng mo lefatsheng, mme o ne a nna a sa iteege tsebe jang?

11 Fa Jesu a ne a le fa pele ga ga Ponto Pilato, o ne a re: “Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37) Jesu ga a ka a letla sepe se mo faposa mo tirong ya go rera ka ga boammaaruri. Thato ya Modimo e ne e le gore a dire tiro eo.

12 Satane o ne a leka Jesu tota mo ntlheng eno. Nakwana fela morago ga gore Jesu a kolobediwe, Satane o ne a mo solofetsa gore o tla mo dira motho yo mogolo mo lefatsheng, o tla mo naya “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one.” (Mathaio 4:8, 9) Moragonyana, Bajuda ba ne ba batla go dira Jesu kgosi. (Johane 6:15) Bangwe ba ka nna ba akanya ka melemo e gongwe e neng e ka tlela batho fa Jesu a kabo a dumetse go dirwa kgosi, gongwe ba ntsha mabaka a gore fa Jesu e ka bo e le kgosi ya mono mo lefatsheng o ka bo a diretse batho dilo tse dintsi tse di molemo. Mme Jesu ene o ne a kgaphela kwa thoko tsela e e ntseng jalo ya go akanya. O ne a tlhomile mogopolo mo go rereng ka ga boammaaruri.

13, 14. (a) Ke eng se se sa kang sa itaya Jesu tsebe? (b) Le fa Jesu a ne a humanegile, o ne a fitlhelela eng?

13 Mo godimo ga moo, Jesu o ne a sa itewe tsebe ke go batla dikhumo. Ka jalo, e ne e se mohumi. O ne a se na le fa e le legae le e leng la gagwe. Nako nngwe o kile a re: “Diphokoje di na le mengobo le dinonyane tsa legodimo di na le dintlhaga, mme Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Mathaio 8:20) Selo se le sosi fela sa boleng se go umakiwang gore Jesu o ne a na le sone fa a swa ke seaparo se masole a Baroma a neng a se abelana ka bola. (Johane 19:23, 24) A mme Jesu o ne a paletswe mo botshelong? Le e seng!

14 Jesu o ne a fitlheletse dilo tse dikgolo go feta dipe fela tse di ka dirwang ke motho yo o humileng go gaisa botlhe yo o ratang go direla batho dilo tse di molemo. Paulo o ne a re: “Lo itse bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena wa  rona Jesu Keresete, gore le fa a ne a humile o ne a humanega ka ntlha ya lona, gore lo tle lo hume ka lehuma la gagwe.” (2 Bakorintha 8:9; Bafilipi 2:5-8) Le fa Jesu a ne a humanegile, o ne a dira gore batho ba ba ikokobeditseng ba kgone go tshelela ruri ba itekanetse. Re mo leboga fela thata ka ntlha ya seo! Mme a bo re itumela jang ne ka ntlha ya tuelo e a neng a e newa ka gonne a ne a tlhomile mogopolo mo go direng thato ya Modimo!—Pesalema 40:8; Ditiro 2:32, 33, 36.

15. Ke eng se se mosola go feta dikhumo?

15 Bakeresete ba ba lekang go etsa Jesu gompieno le bone ba gana go itewa tsebe ke go lelekisa dikhumo. (1 Timotheo 6:9, 10) Ba a dumela gore dikhumo di ka dira gore botshelo bo nne monate, mme gape ba itse gore dikhumo ga di na go ba naya botshelo jo bo sa khutleng. Fa Mokeresete a swa, dikhumo tsa gagwe ga di na mosola mo go ene fela jaaka seaparo sa ga Jesu se ne se se na mosola mo go ene fa a swa. (Moreri 2:10, 11, 17-19; 7:12) Fa Mokeresete a swa, selo se le sosi fela sa botlhokwa se a nang le sone ke kamano ya gagwe le Jehofa le Jesu Keresete.—Mathaio 6:19-21; Luke 16:9.

Go se Kgobiwe Marapo ke Kganetso

16. Jesu o ne a lebana jang le kganetso?

16 Go ganediwa ga go a ka ga dira gore Jesu a tlogele go tlhoma mogopolo mo tirong ya go neela bosupi ka ga boammaaruri. Tota le go itse gore bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng bo ne bo tla felela ka gore a swe loso lwa go intsha setlhabelo ga go a ka ga mo kgoba marapo. Paulo o ne a bolela jaana ka Jesu: “Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo.” (Bahebera 12:2) Ela tlhoko gore Jesu o ne a “nyatsa ditlhong.” O ne a sa tshwenyege ka gore baganetsi ba akanyang ka ene. O ne a tlhomile mogopolo mo go direng thato ya Modimo.

17. Boitshoko jwa ga Jesu bo ka re ruta eng?

17 Paulo o kgothatsa Bakeresete jaana a dirisa thuto ya boitshoko jwa ga Jesu: “Akanyang ka kelotlhoko ka ga yo o itshoketseng puo e e ntseng jalo ya kganetso ya baleofi kgatlhanong le melemo ya bone, gore lo se ka lwa lapa le meya ya lona ya felelwa ke thata.” (Bahebera 12:3) Ke boammaaruri, go ka nna ga lapisa go lebana le kganetso kgotsa go sotliwa letsatsi le letsatsi. Go nna re emelana le dithaelo tsa lefatshe go ka nna ga re lapisa gongwe ga ba ga dira gore ba masika ba ba re kgothaletsang gore re “itirele sengwe” mo botshelong ba re tshwaye diphoso. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jesu, re batla thuso mo go Jehofa re ntse re ititeile sehuba go baya Bogosi kwa pele mo matshelong a rona.—Mathaio 6:33; Baroma 15:13; 1 Bakorintha 2:4.

18. Mafoko a Jesu a neng a a bolelela Petere a ka re naya thuto efe e e molemo?

18 Go gana ga ga Jesu go iteega tsebe go ne ga bonala fa a ne a simolola go bolelela barutwa ba gagwe gore o ne a tla tloga a swa. Petere o  ne a kgothaletsa Jesu gore a “ikutlwele botlhoko” mme a mo tlhomamisetsa gore o ne a se kitla a “nna le phelelo eno ka gope.” Jesu o ne a gana go reetsa sepe fela se se neng se ka mo koafatsa mo maikaelelong a gagwe a go dira thato ya ga Jehofa. O ne a hularela Petere mme a re: “Mpota kafa morago, Satane! O sekgopi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.” (Mathaio 16:21-23) A le rona re nne re ititeile sehuba fela jalo ka dinako tsotlhe gore re gane dikakanyo tsa batho. Mo boemong jwa moo, a ka metlha re kaelwe ke dikakanyo tsa Modimo.

Bo Tla Tlisa Melemo e e Nnelang Ruri

19. Le fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso, karolo ya botlhokwa thata ya bodiredi jwa gagwe e ne e le eng?

19 Jesu o ne a dira dikgakgamatso tse dintsi go supa gore e ne e le Mesia. O ne a ba a tsosa baswi. Ditiro tseo di ne di dira gore batho ba tle mo go Jesu ka bontsi, mme o ne a sa tlela mo lefatsheng fela go tla go direla setšhaba. O ne a tletse go neela bosupi ka ga boammaaruri. O ne a itse gore melemo epe fela e a neng a e direla batho ya dilo tse di bonalang e ne e le ya nakwana. Tota le batho ba a neng a ba tsositse ba ne ba tla swa gape. O ne a ka thusa bangwe go bona botshelo jo bo sa khutleng fela ka go ba neela bosupi ka ga boammaaruri.—Luke 18:28-30.

20, 21. Bakeresete ba boammaaruri ba nna tekatekano ka tsela efe malebana le ditiro tse di molemo?

20 Gompieno, batho bangwe ba leka go etsa ditiro tse di molemo tsa ga Jesu ka go aga dipatela kgotsa go dira ditiro tse dingwe tse di direlwang bahumanegi mo lefatsheng. Ka dinako tse dingwe, ba a latlhegelwa tota fa ba dira seno, mme ba akgolelwa bopeloephepa jwa bone; le fa go ntse jalo, thuso epe e ba ka e nayang batho ke ya nakwana fela. Bogosi ke jone fela bo tla tlisang thuso e e nnelang ruri. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tlhoma mogopolo mo go neeleng bosupi jwa boammaaruri ka ga Bogosi joo fela jaaka Jesu a ne a dira.

21 Ee gone, Bakeresete ba boammaaruri ba dira ditiro tse di molemo. Paulo o ne a kwala jaana: “Fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Ka dinako tsa mathata kgotsa fa mongwe a tlhoka, ga re okaoke go ‘dira se se molemo’ mo baagelaning ba rona le mo bakaulengweng ba rona ba Bakeresete. Le fa go ntse jalo, re nna re tlhomile mogopolo fa go tshwanetseng teng—mo tirong ya go neela bosupi ka ga boammaaruri.

Ithute mo Sekaong sa ga Jesu

22. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba rerela baagelani ba bone?

22 Paulo o ne a kwala jaana: “Tota, a bo go latlhega nna fa e le gore ga ke a bolela dikgang tse  di molemo!” (1 Bakorintha 9:16) O ne a sa tseye dikgang tse di molemo motlhofo ka gonne go di rera go ne go tla mo tlisetsa botshelo ene le ba ba mo utlwang. (1 Timotheo 4:16) Re leba bodiredi jwa rona fela jalo. Re batla go thusa baagelani ba rona. Re batla go bontsha gore re rata Jehofa. Re batla go supa gore re rata Jesu e bile re anaanela lorato lo logolo lo a re ratileng ka lone. Ka gone, re rera dikgang tse di molemo mme ka jalo ga ‘re tlhole re tshelela dikeletso tsa batho, fa e se thato ya Modimo.’—1 Petere 4:1, 2.

23, 24. (a) Kgakgamatso ya ditlhapi e re ruta eng? (b) Ke bomang ba gompieno ba neelang bosupi ka botlalo?

23 Fela jaaka Jesu, ga re iteege tsebe mo tirong ya rona fa batho ba re sotla kgotsa ba gana molaetsa wa rona ka bogale. Re ithuta sengwe mo kgakgamatsong e Jesu a neng a e dira fa a ne a bitsa Petere le Anderea a re ba mo sale morago. Re bona gore fa re ikobela Jesu, mme ka tsela ya tshwantshetso re latlhela matloa a rona mo metsing a a lebegang a se na ditlhapi, tiro ya rona e ka nna le matswela. Batshwaraditlhapi ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba tshwara ditlhapi tse dintsi morago ga go dira ka dingwaga tse dintsi mo metsing a a neng a lebega a se na ditlhapi. Ba bangwe ba ile ba kgona go fudugela kwa tiro e nang le matswela teng mme ba tshwara ditlhapi tse dintsi koo. Le fa re ka dira eng, ga re ne re tlogela go latlhela matloa a rona mo metsing. Re itse gore Jesu ga a ise a bolele fa tiro ya go rera e weditswe mo karolong epe ya lefatshe.—Mathaio 24:14.

24 Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione tse thataro jaanong ba tshwaregile mo dinageng di feta 230. Makasine wa Tora ya Tebelo wa February 1, 2005, o tla bo o na le pego ya ngwaga le ngwaga ya tiro ya bone mo lefatsheng lotlhe ya ngwaga wa tirelo wa 2004. Pego eo e tla bontsha kafa Jehofa a segofatsang thata tiro ya go rera ka teng. Mo nakong e e sa ntseng e saletse tsamaiso eno ya dilo, e kete re ka tswelela pele re ikobela mafoko ano a a kgothatsang a ga Paulo: “Rera lefoko, dira jalo ka potlako.” (2 Timotheo 4:2) E kete re ka tswelela pele re neela bosupi ka botlalo go fitlha Jehofa a re tiro e weditswe.

Go simolola monongwaga, Pego ya Basupi ba ga Jehofa Lefatshe ka Bophara ya Ngwaga wa Tirelo ga e ne e tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 1. Go na le moo, e tla gatisiwa mo makasineng wa February 1.

A o Ka Araba?

• Re ka solegelwa molemo jang ke thapiso e Jesu a neng a e neela barutwa ba gagwe?

• Jesu o ne a ikutlwa jang ka batho ba a neng a ba rerela?

• Ke eng se se re tlhotlheletsang go neela bosupi ka botlalo?

• Re ka dira ka ditsela dife gore jaaka Jesu re tlhome mogopolo mo go direng thato ya Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Re tla nna le matswela mo bodireding jwa rona fa re amega ka batho fela jaaka Jesu

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Jesu o ne a tla mo lefatsheng segolo bogolo gore a neele bosupi ka ga boammaaruri

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Basupi ba ga Jehofa ba tlhoma mogopolo mo go neeleng bosupi ka botlalo