Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letsatsi la Kaloso—Letsatsi le le Itumedisang Thata

Letsatsi la Kaloso—Letsatsi le le Itumedisang Thata

 Letsatsi la Kaloso—Letsatsi le le Itumedisang Thata

“RE segofaditswe ka letsatsi le le itumedisang thata. Letsatsi le a phatsima. Loapi lo lobududu. Bojang bo botala. Dinonyane di a opela. Re na le dilo tse di dirang gore leno e nne letsatsi le le itumedisang mme re tlile go le itumelela. Jehofa ga se Modimo yo o swabisang. Ke Modimo wa masego.”

Mokaulengwe Samuel Herd, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa o ne a simolola thulaganyo ya kaloso ya tlelase ya bo117 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade ka mafoko ao. E ne e le ka September 11, 2004. Thulaganyo eo e e molemo e ne e akaretsa kgakololo e e kgothatsang e e theilweng mo Baebeleng le maitemogelo a baithuti ba Gileade le a barongwa. Eleruri e ne e le letsatsi le le itumedisang mo bathong botlhe ba le 6 974 ba ba neng ba le gone kwa Lefelong la Thuto la Watchtower kwa Patterson, New York, le kwa Brooklyn le Wallkill, ba ba neng ba golagantswe ka founo le thelebishine.

Mafoko a a Kgothatsang Baithuti

John Kikot, yo e leng leloko la Komiti ya Lekala la United States, o ne a bua ka tsela e e kgothatsang ka setlhogo se se reng “Nna o Itumetse o le Morongwa.” O ne a bontsha gore baithuti ba Gileade ba itsege ka go itumela ga bone jaaka fa go ne go ntse kwa kalosong eo. Thuto ya Dikwalo ka nako ya sekolo e ne ya dira gore baithuti ba itumele mme jaanong ba ne ba thapisitswe go thusa ba bangwe gore le bone ba itumele ka tsela e e tshwanang. Ka tsela efe? Ka go intsha setlhabelo mo bodireding jwa bone e le barongwa. Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bngwa. Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo boo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Jaaka fa barongwa ba basha ba etsa Jehofa Modimo, “Modimo yo o itumetseng” yo o pelotshweu yo o abelang ba bangwe boammaaruri, ba tla kgona go nna ba itumetse.—1 Timotheo 1:11.

Sebui se se latelang e ne ya nna leloko le lengwe la Setlhopha se se Laolang, e bong David Splane, yo setlhogo sa gagwe se neng se re “O Tlile go Dirisana Jang le ba Bangwe?” Ga go pelaelo gore go molemo e bile go a itumedisa go nna mmogo ka kutlwano, le fa seno se ka tlhoka go nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.” (1 Bakorintha 9:22; Pesalema 133:1) Mokaulengwe Splane o ne a bolela gore baithuti ba ba alogang ba tla bo ba dirisana le batho ba bangwe ba le bantsi mo tirong ya borongwa—batho mo tshimong, barongwa mmogo le bone, bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ya bone e ntšha le ba ba kwa ofising ya lekala ba ba kaelang tiro ya go rera le ya go ruta. O ne a ntsha dikakantsho tse di molemo tsa kafa ba ka dirang ka gone gore ditirisano tsa bone le ba bangwe e nne tse di itumedisang: Dira gore o itse puo ya lefelo le o nnang mo go lone, itse dingwao tsa lefelo leo, tlotla barongwa ba bangwe mme o utlwe ba ba eteletseng pele.—Bahebera 13:17.

 Sebui se se latelang, mokaedi wa Gileade e bong Lawrence Bowen o ne a botsa jaana, “Lo Akanya Eng?” O ne a gakolola baithuti gore ba ba ‘atlhotseng ka ponalo ya kafa ntle’ ga ba a ka ba amogela Jesu jaaka Mesia. (Johane 7:24) Jaaka batho ba ba sa itekanelang, rotlhe re tlhoka go itisa kgatlhanong le go ‘akanya dikakanyo tsa batho’ go na le “dikakanyo tsa Modimo.” (Mathaio 16:22, 23) Tota le batho ba semoya ba tshwanetse go tswelela ba fetola tsela e ba akanyang ka yone. Fela jaaka sekepe mo lewatleng, go dira diphetogo gone jaanong go ka go thusa go fitlhelela mokgele wa gago kgotsa go ka dira gore o thubegelwe ke sekepe ka tsela ya semoya. Go tswelela re ithuta Baebele go re thusa go akanya “dikakanyo tsa Modimo.”

Wallace Liverance, mokaedi yo mongwe wa Sekolo sa Gileade, o ne a konela karolo eno ya thulaganyo. Setlhogo sa gagwe se ne se re “O Tla Reka Eng?,” a se theile mo go Isaia 55:1. O ne a kgothaletsa baithuti ‘go reka’ tapologo, boitumelo le tlhokomelo e e tswang mo molaetseng wa boporofeti jwa Modimo wa motlha wa rona. Boporofeti jwa ga Isaia bo tshwantshanya lefoko la Modimo le metsi, beine le mashi. Le ka rekwa jang “kwantle ga madi le kwantle ga tlhwatlhwa”? Mokaulengwe Liverance o ne a tlhalosa gore ke ka go ela tlhoko boporofeti jwa Baebele le ka go amogela  dikakanyo le ditsela tsa Modimo mme re tlose dikakanyo le ditsela tse e seng tsa semoya. (Isaia 55:2, 3, 6, 7) Ka go dira seno, barongwa ba basha ba ka kgona go nna mo dikabelong tsa bone tse di kwa dinageng di sele. Gantsi batho ba ba sa itekanelang ba akanya gore boitumelo bo ikaegile ka go leka go nna le dilo tse di bonalang. Sebui se ne sa rotloetsa jaana: “O se ka wa dumela seo. O se ka wa amogela tsela eo ya go akanya. Tlhomamisa gore o beela nako kwa thoko ya go ithuta Lefoko la Modimo la boporofeti ka tsela e e molemo. Le ka go lapolosa, la go nonotsha, la go tlisetsa boitumelo mo tirong ya gago ya borongwa.”

Maitemogelo a a Itumedisang a Baithuti le Dipotsolotso

Baithuti ba ne ba nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera. Ba kaelwa ke Mark Noumair, yo e leng mokaedi yo mongwe wa Gileade, baalogi ba le mmalwa go tswa mo tlelaseng ba ne ba dira dipontsho tse di neng di gatelela setlhogo se se reng “Ga ke Tlhabisiwe Ditlhong ke Dikgang Tse di Molemo.” (Baroma 1:16) Bareetsi ba ne ba itumelela go reetsa kafa baboledi bano ba ba nang le maitemogelo ba ileng ba neela bosupi ka gone ka ntlo le ntlo, mo seterateng le kwa marekelong. Baithuti ba ba neng ba itse dipuo tse dingwe ba ne ba ya mo tshimong ya phuthego ya bone go rerela batho ba ba buang puo e sele. Ba bangwe ba ne ba dirisa dikgatiso tsa Baebele tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ka tsela e e molemo mo maetong a go boela le fa ba simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. Ba ne ba ‘sa tlhabisiwe ditlhong’ ke go rera dikgang tse di molemo.

Mokaulengwe William Nonkes, yo o berekang mo Lephateng la Tirelo, o ne a botsolotsa barongwa ba ba nang le maitemogelo ba ba tswang kwa Burkina Faso, Latvia, le Russia. Ba ne ba ntsha kgakololo e e molemo ka setlhogo se se reng “Jehofa o Duela ba ba Ikanyegang ka Lorato.” Mongwe wa bakaulengwe ba ba neng ba botsolodiwa o ne a kgothaletsa baithuti go gakologelwa mophato wa masole a le 300 a ga Gideone. Lesole lengwe le lengwe le ne le na le tiro e e neng e thusa gore letsholo la ga Gideone le atlege. (Baatlhodi 7:19-21) Ka tsela e e tshwanang, barongwa ba ba nnang mo dikabelong tsa bone ba a duelwa.

“Nna Sengwe le Sengwe mo Bathong ba Mefuta Yotlhe” e ne e le setlhogo se se neng sa gatelelwa mo dipotsolotsong tse di neng di tshwerwe ke Samuel Roberson, yo e leng mokaedi kwa Patterson. O ne a botsolotsa maloko a le manè a Komiti ya Lekala go tswa kwa Senegal, Guam, Liberia, le Madagascar. Barongwa ba le 170 ba direla kwa dinageng tseno. Baithuti ba ba alogang ba ne ba ithuta go tswa mo dikakgelong tseo kafa Dikomiti Tsa Makala di thusang ka gone barongwa ba basha gore ba tlwaelane le dikabelo tsa bone. Gantsi seo se raya gore ba ithute dingwao tse di ka bonalang di sa tlwaelega go ya ka melao ya Bophirima. Ka sekai, mo dinageng dingwe go tlwaelegile go bona banna, go akaretsa le ba ba leng mo phuthegong ya Bokeresete, ba tshwarane ka diatla jaaka ditsala fa ba tsamaya mmogo. Mo mafelong mangwe a a kafa tlase ga lekala la Guam, go jewa dijo tse di sa tlwaelegang. Mme ba bangwe ba ile ba tlwaela, ka jalo le barongwa ba basha ba ka tlwaela le bone.

Guy Pierce, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang o ne a tlotla ka setlhogo se se reng “Nna o Ikanyega mo ‘Bogosing Jwa Morena wa Rona.’” O ne a gakolola bareetsi jaana: “Jehofa o bopile dilo ka boikaelelo. O ne a ikaeletse sengwe ka popo ya gagwe. Boikaelelo jwa gagwe ka kgolokwe eno ga bo ise bo fetoge. Bo ya bo lebile go diragadiwa, mme ga go na sepe se se tla bo kgoreletsang. Ga go na sepe se se ka bo fetolang.” (Genesise 1:28) Mokaulengwe Pierce o ne a kgothaletsa botlhe go ineela ka boikanyegi mo bolaoding jwa Modimo go sa kgathalesege mathata a a nnileng gone ka ntlha ya boleo jwa motho wa ntlha, Adame. Mokaulengwe Pierce o ne a kgothatsa jaana: “Re tshela mo nakong ya katlholo. Re saletswe ke nako e nnye gore re fitlhelele batho ba ba dipelo di ikanyegang go ba thusa go itse boammaaruri. Dirisa nako eo sentle go fitlhelela ba bangwe ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi.” Ba ba tshegetsang Bogosi jwa Modimo ka boikanyegi ba ka tlhomamisega gore o tla ba tshegetsa.—Pesalema 18:25.

Mo puong ya bofelo, modulasetulo o ne a bala ditumediso le mafoko a a eleletsang barongwa masego a a tswang mo makaleng go dikologa lefatshe. Morago ga moo o ne a neela baithuti ba ba alogang dipoloma, mme mongwe wa bone o ne a bala lekwalo le le tswang mo tlelaseng ya bone, le mo go lone ba anaanelang thata thapiso e ba e amogetseng. E ne e le konelo e e tshwanelang letsatsi le le itumedisang thata le le tla gakologelwang ke botlhe ba ba neng ba le gone.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

DIPALOPALO TSA TLELASE

Palo ya dinaga tse ba tswang kwa go tsone: 11

Palo ya dinaga tse ba abetsweng go ya kwa go tsone: 22

Palogotlhe ya baithuti: 48

Palogare ya dingwaga: 34,8

Palogare ya dingwaga ba le mo boammaaruring: 18,3

Palogare ya dingwaga mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13,4

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Setlhopha sa bo117 sa Baalogi sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Thompson, E.; Norvell, G.; Powell, T.; Kozza, M.; McIntyre, T. (2) Reilly, A.; Clayton, C.; Allan, J.; Blanco, A.; Muñoz, L.; Rustad, N. (3) Guerrero, Z.; Garcia, K.; McKerlie, D.; Ishikawa, T.; Blanco, G. (4) McIntyre, S.; Cruz, E.; Guerrero, J.; Ritchie, O.; Avellaneda, L.; Garcia, R. (5) Powell, G.; Fiskå, H.; Muñoz, V.; Baumann, D.; Shaw, S.; Brown, K.; Brown, L. (6) Shaw, C.; Reilly, A.; Peloquin, C.; Münch, N.; McKerlie, D.; Ishikawa, K. (7) Münch, M.; Peloquin, J.; Kozza, T.; Avellaneda, M.; Allan, K.; Ritchie, E.; Norvell, T. (8) Cruz, J.; Baumann, H.; Clayton, Z.; Fiskå, E.; Thompson, M.; Rustad, J.