Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botsalo jo bo Gopolwang

Botsalo jo bo Gopolwang

 Botsalo jo bo Gopolwang

“Lo tsaletswe Mmoloki gompieno, yo e leng Keresete Morena.”—Luke 2:11.

DINGWAGA di ka nna dikete tse pedi tse di fetileng, mosadi mongwe mo motseng wa Bethelehema o ne a tshola ngwana wa mosimane. Ke banni ba le mmalwa fela ba mo lefelong leo ba ba neng ba lemoga botlhokwa jwa botsalo jono. Mme badisa bangwe, ba ba neng ba le kwa ntle bosigo ba tlhokometse matsomane a bone kwa nageng, ba ne ba bona boidiidi jwa baengele mme ba ba utlwa ba opela ba re: “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimong jo bo kwa godimo, mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.”—Luke 2:8-14.

Go tswa foo badisa ba ne ba fitlhela Marea le monna wa gagwe, Josefa mo setaleng, fela jaaka baengele ba ne ba tlhalositse. Marea, yo o neng a reile ngwana leina a re Jesu, o ne a mo robaditse mo setaleng mo bojelong jwa diruiwa. (Luke 1:31; 2:12) Mme dingwaga di le dikete tse pedi morago ga moo, mo e ka nnang nngwetharong ya batho botlhe ba ipolela gore ke balatedi ba ga Jesu Keresete. Mme ditiragalo tse di amanang le botsalo jwa gagwe ke tsone tsa konokono mo polelong e e ka tswang e boletswe gantsi go feta tse dingwe tsotlhe mo hisitoring ya batho.

Spain, naga e batho ba yone ba nang le ngwao e e itsetsepetseng ya Katoliki e bile ba rata thata go keteka mekete ya setso, e na le ditsela tse dintsi tsa go keteka ditiragalo tse di diragetseng kwa Bethelehema mo bosigong joo jo bo sa tshwaneng le bope.

Keresemose ya Kwa Spain

Fa e sale go simolola ka lekgolo la bo13 la dingwaga, ditshwantsho tsa Botsalo jwa Morena e ntse e le karolo e e tlwaelegileng ya mekete ya kwa Spain. Malapa a mantsi a dira setshwantsho se sennye sa bojelo jwa diruiwa jo Jesu a neng a robaditswe mo go jone. Ditshwantsho tsa letsopa di bontsha badisa le Balepadinaledi (kgotsa “dikgosi tse tharo”), mmogo le Josefa, Marea le Jesu. Ditshwantsho tse dikgolo tsa Botsalo jwa Morena tse di batlang di lekana le batho ba mmatota ka bogolo gantsi di bewa gaufi le diholo tsa toropo ka nako ya Keresemose. Go lebega Francis wa kwa Assisi e le ene a simolotseng mokgwa oo kwa Italy ka maikaelelo a go dira gore batho ba akanye ka pego ya Efangele ya botsalo jwa ga Jesu. Moragonyana baitlami ba thulaganyo ya ga Francis ba ne ba dira gore mokgwa oo o ratwe thata kwa Spain le mo dinageng tse dingwe tse dintsi.

Balepadinaledi ba na le karolo e kgolo mo meketeng ya kwa Spain ya Keresemose, fela jaaka Santa Claus a na le karolo e kgolo mo meketeng ya dinaga tse dingwe. Go dumelwa gore Balepadinaledi ba naya bana ba Spain dimpho ka January 6, Día de Reyes (Letsatsi la Dikgosi), fela jaaka batho ba bantsi ba dumela gore Balepadinaledi ba ne ba tlisetsa Jesu yo o neng a sa tswa go tsholwa dimpho. Le fa go ntse jalo, ke batho ba le mmalwa fela ba ba itseng gore pego ya Efangele ga e umake palo ya Balepadinaledi ba ba neng ba etetse Jesu. Ba tlhalosiwa sentle gore ke balepadinaledi, e seng dikgosi jaaka bangwe ba dumela. * Gape, morago ga loeto lwa Balepadinaledi, Herode o ne a bolaya masea otlhe a bana ba basimane mo Bethelehema “go tloga ka ba ba nang le dingwaga di le pedi go ya kwa tlase,” ka gonne a ne  a leka go bolaya Jesu. Seno se kaya gore ba ne ba eta morago ga lobaka Jesu a sena go tsholwa.—Mathaio 2:11, 16.

Fa e sale go simolola ka lekgolo la bo12 la dingwaga, kwa ditoropong dingwe tsa Spain go ile ga nna le motshameko kwa mafelong a bobogelo o o tshwantshetsang botsalo jwa ga Jesu, go akaretsa le loeto lo badisa ba neng ba lo tsaya go ya kwa Bethelehema le go eta ga Balepadinaledi morago ga foo. Mo malatsing a gompieno, ditoropo tse dintsi kwa Spain di dira cabalgata, kgotsa mokoloko ngwaga le ngwaga ka January 5, mme “dikgosi tse tharo” di tsamaya ka dikoloi tse di kgabisitsweng go ralala toropo, di naya batho ba ba bogetseng dimonamone. Mekgabiso e e tlwaetsweng go dirwa ka Keresemose le villancicos (dipina) di dira gore mokete o nne monate.

Malapa a le mantsi a kwa Spain a rata go ja dijo tse di kgethegileng tsa maitseboa Letsatsi pele ga la Keresemose (December 24). Dijo tse di tlwaetsweng go jewa di akaretsa turrón (dimonamone tse di dirilweng ka almond le tswina ya dinotshe), marzipan, maungo a a omisitsweng, nama ya nku e e besitsweng, le tlhapi. Maloko a lelapa, le a a nnang kgakala, a ka nna a dira maiteko a a kgethegileng go kopana mmogo ka moletlo ono. Fa go jewa dilo tse dingwe tse ka tlwaelo di jewang ka January 6, ba lelapa ba ja roscón de reyes, kuku e e bopegileng jaaka leseka ya “Dikgosi” e e nang le sorpresa (setshwantshonyana) se fitlhilwe mo teng ga yone. Mo metlheng ya Baroma mokgwa o o tshwanang le oo o ne o dira gore motlhanka yo kuku ya gagwe e nang le sengwe se se fitlhilweng mo teng ga yone e nne “kgosi” mo letsatsing leo.

‘Nako ya Ngwaga e Batho ba Itumetseng Thata e Bile ba Tshwaregileng Thata ka Yone’

Le fa batho ba ka tswa ba latela ngwao epe fela ya lefelo la bone, Keresemose e setse e le moletlo o mogolo go gaisa yotlhe mo lefatsheng. The World Book Encyclopedia e tlhalosa Keresemose e re ke “nako ya ngwaga e mo go yone Bakeresete ba le bantsi le batho bangwe ba e seng Bakeresete mo lefatsheng lotlhe ba itumetseng e bile ba tshwaregileng thata ka yone.” A tota mokete oo o na le mosola?

Go bonala sentle gore botsalo jwa ga Keresete e ne e le tiragalo e e itsegeng thata. Lebaka la go bo baengele ba ile ba bo ba itsise tiragalo eno e le e e tlisang “kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang” le bontsha sentle gore e na le bokao jo bogolo.

Le fa go ntse jalo, mokwaladikgang wa kwa Spain, Juan Arias, a re “mo metlheng ya pele ya Bokeresete, Botsalo jwa Morena bo ne bo sa direlwe mokete.” Fa e le gore go ntse jalo, go keteka Keresemose go simologile kae? Tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go gopola botsalo le botshelo jwa ga Jesu ke efe? O tla bona dikarabo tsa dipotso tseo mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 La Sagrada Escritura—Textoy comentario por profesores de la Compañía de Jesús (Dikwalo Tse di Boitshepo—Mokwalo le Dikakgelo Tse di Kwadilweng ke Boporofesa ba Mokgatlho wa ga Jesu) e tlhalosa gore “mo gare ga Baperesia, Bameda le Bakaladia, Balepadinaledi e ne e le setlhopha sa baruti se se neng se rotloetsa dilo tsa masaitseweng, bolepadinaledi le dilo tsa kalafi.” Le fa go ntse jalo, ka Metlha ya Bogare setlhopha sa Balepadinaledi ba ba neng ba ya go bona Jesu yo mmotlana, ba ne ba tlhomilwe go nna baitshepi mme ba teilwe maina Melchior, Gaspar, le Balthasar. Gatwe masalela a ditopo tsa bone a beilwe kwa kerekeng e kgolo ya kwa Cologne, kwa Jeremane.