Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Mogope wa Bathokgami o Tla Tlhogonolofala”

“Mogope wa Bathokgami o Tla Tlhogonolofala”

 “Mogope wa Bathokgami o Tla Tlhogonolofala”

FA Haramagedona e tlhasela e bo e fedisa Satane le tsamaiso ya gagwe e e boikepo ya dilo, “ntlo ya baikepi e tla nyelediwa.” Mme go tweng ka “mogope wa bathokgami”? Boammaaruri ke gore, mo lefatsheng le lesha la Modimo, mogope wa bone “o tla tlhogonolofala.”—Diane 14:11.

Le fa go ntse jalo, go fitlha nako eo e tla ya gore ‘baikepi ba kgaolwe mo lefatsheng mme maferefere one a kumolwe mo go lone,’ bathokgami ba tshwanetse go tswelela ba tshela le bone. (Diane 2:21, 22) A bathokgami ba ka kgona go atlega mo maemong ano? Ditemana 1 go ya go 11 tsa kgaolo 14 tsa buka ya Baebele ya Diane di bontsha gore fa re letla gore puo ya rona le ditiro tsa rona di laolwe ke botlhale, re ka kgona go atlega le go nna le go ritibala ka selekanyo se se rileng.

Fa Ntlo e Agiwa ka Botlhale

Fa Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo a bua ka tsela e mosadi yo o nyetsweng a ka solegelang lelapa la gagwe molemo ka yone, o ne a re: “Mosadi yo o botlhale tota o agile ntlo ya gagwe, mme yo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwe.” (Diane 14:1) Mosadi yo o botlhale o aga lelapa la gagwe jang? O tlotla thulaganyo ya Modimo ya botlhogo. (1 Bakorintha 11:3) Ga a tlhotlhelediwe ke moya wa go itaola o o tletseng mo lefatsheng la ga Satane. (Baefeso 2:2) O ikobela monna wa gagwe e bile o mmua sentle mo bathong, a dira gore ba bangwe ba mo tlotle le go feta. Mosadi yo o botlhale o nna le seabe ka tlhamalalo mo go ruteng bana ba gagwe dilo tsa semoya le ditiro tse dingwe. O dira ka natla gore ba lelapa la gagwe ba solegelwe molemo, o dira gore lelapa la gagwe le itumelele legae la bone. Tsela e a dirang dilo ka yone e bontsha gore o botlhale e bile o a somarela. Mosadi yo o botlhale tota o thusa gore lelapa la gagwe le atlege e bile le nne le thethebalo.

Mosadi yo o seeleele ene ga a tlotle thulaganyo ya Modimo ya botlhogo. Ga a tshabe go bua monna wa gagwe bosula. Ga a somarele, mme o senya madi a lelapa le a berekelang ka boima. Gape ke motho yo o senyang nako. Ka ntlha ya seo, legae la gagwe ga le phepa e bile ga a tlhokomele bana ka dilo tse ba di tlhokang tsa mmele le tsa semoya. Ee, mosadi yo o seeleele o rutlolola ntlo ya gagwe.

Mme gone, ke eng se se bontshang gore motho o botlhale kana ke seeleele? Diane 14:2 ya re: “Yo o tsamayang mo thokgamong ya gagwe o boifa Jehofa, mme yo o sokametseng mo ditseleng tsa gagwe o a Mo nyatsa.” Bathokgami ba boifa Modimo wa boammaaruri, mme “go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.” (Pesalema 111:10) Motho yo o botlhale tota o a itse gore o tshwanetse go “boifa Modimo wa boammaaruri mme [a] boloke ditaelo tsa gagwe.” (Moreri 12:13) Mo letlhakoreng le lengwe, motho yo o seeleele o latela tsela e e sa dumalaneng le  ditekanyetso tsa Modimo tsa tshiamo. Ditsela tsa gagwe di sokame. Motho yo o ntseng jalo o nyatsa Modimo, o bua jaana mo pelong ya gagwe: “Ga go na Jehofa.”—Pesalema 14:1.

Fa Dipounama di Kaelwa ke Botlhale

Go ka tweng ka puo ya motho yo o boifang Jehofa le yo o mo nyatsang? Kgosi ya re: “Thupa ya mabela e mo molomong wa seeleele, mme dipounama tsa ba ba botlhale di tla ba disa.” (Diane 14:3) E re ka motho yo o seeleele a se na botlhale jo bo tswang kwa godimo, ga a na kagiso e bile ga a tekatekano. Dikgato tsa gagwe di kaelwa ke botlhale jwa selefatshe, jwa bophologolo, jwa bodimona. Mafoko a gagwe ke dikomang e bile a tletse lonyatso. Puo ya gagwe ya mabela e mo tsenya mo mathateng le batho ba bangwe.—Jakobe 3:13-18.

Dipounama tsa motho yo o botlhale di a mo sireletsa, di dira gore a itumele e bile a ikutlwe a ritibetse. Jang? Dikwalo di a re: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Diane 12:18) Motho yo o botlhale ga a bue mafoko a a sa akanyetseng kana a a tlhabang. Pelo ya gagwe e a tlhatlhanya pele a araba. (Diane 15:28) Mafoko a gagwe a a a tlhophang sentle ke phodiso—a kgothatsa meya e e tlhobaetseng e bile a lapolosa ba ba gateletsweng. Go na le gore mafoko a gagwe a kgopise batho ba bangwe, a rotloetsa kagiso le thethebalo.

Fa Ditiro Tsa Rona di Kaelwa ke Botlhale

Solomone o tswelela ka go bua ka seane sengwe se se kgatlhang se go bonalang se tlhalosa dipoelo le ditshenyegelo tsa go dira kana go se dire tiro nngwe. A re: “Kwa go se nang dikgomo teng bojelo jwa diruiwa ga bo na sepe, mme thobo e kgolo ka ntlha ya maatla a poo.”—Diane 14:4.

Fa buka nngwe ya ditshupiso e tlhalosa seane seno, e re: “Bojelo jwa diruiwa jo bo se nang sepe bo bontsha gore ga go na dikgomo tse di fepiwang, ka jalo motho ga a na tiro ya go phepafatsa le go tlhokomela diphologolo e bile ditshenyegelo tsa gagwe di kwa tlase. Mme ‘poelo’ eno e a fetoga mo temaneng ya 4b: go kaya gore fa go sa dirisiwe dikgomo, thobo ga e kitla e nna kgolo.” Molemi o tshwanetse go dira tshwetso e e botlhale.

A ga re a tshwanela go dirisa molaomotheo wa seane seno fa re akanyetsa go fetola tiro ya go itshedisa, fa re tlhopha ntlo e re batlang go nna mo go yone, fa re reka koloi le fa re rua phologolo ya mo gae? Motho yo o botlhale o tla batlisisa gore a go dira sepe sa dilo tseno go mosola fa a akanya ka matsapa le ditshenyegelo tse a tla nnang le tsone.

Fa Mosupi a le Botlhale

Solomone o tswelela ka go re: “Mosupi yo o ikanyegang ke yo o se kitlang a bua maaka, mme mosupi yo o maaka o bilola maaka fela.” (Diane 14:5) Maaka a mosupi yo o sa bueng boammaaruri a ka utlwisa ba bangwe botlhoko thata. Nabothe wa Mojesereele o ne a kgobotlediwa ka maje ka gonne banna bangwe ba babedi ba dieleele ba ne ba ntshitse bosupi jwa maaka ka ene. (1 Dikgosi 21:7-13) Le gone, a Jesu le ene ga a ka bolawa ka ntlha ya basupi ba maaka? (Mathaio 26:59-61) Gape basupi ba maaka ba ne ba bua maaka kgatlhanong le Setefane—morutwa wa ntlha wa ga Jesu yo o neng a bolaelwa tumelo ya gagwe.—Ditiro 6:10, 11.

 Motho yo o buang maaka a ka nna a tswelela a sa lemogiwe, mme akanya ka isagwe ya gagwe. Baebele ya re Jehofa o tlhoile “mosupi wa maaka yo o bilolang maaka.” (Diane 6:16-19) Motho yo o ntseng jalo o tla felela mo moleteng o o tukang ka molelo le sulefera—loso lwa bobedi—mmogo le badirabosula ba ba tshwanang le babolai, bagokafadi le baobamedi ba medingwana.—Tshenolo 21:8.

Mosupi yo o ikanyegang ga a ke a ikana ka maaka. Bosupi jwa gagwe ga bo a tlala ka maaka. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore o patelesega go ntsha boammaaruri jotlhe mo bathong ba ba batlang go utlwisa batho ba ga Jehofa botlhoko. Ditlhogo tsa lotso e bong Aborahame le Isake ba ne ba fitlhela batho bangwe ba ba neng ba sa obamele Jehofa dintlha dingwe. (Genesise 12:10-19; 20:1-18; 26:1-10) Rahabe wa kwa Jeriko o ne a tseisa banna ba kgosi tsela e sele. (Joshua 2:1-7) Jesu Keresete le ene ga a ka a ntsha tshedimosetso yotlhe ka gonne go dira jalo go ne go ka mo tlhagisetsa kotsi go sa tlhokege. (Johane 7:1-10) O ne a re: “Lo se ka lwa naya dintša se se boitshepo.” Ka ntlha yang? Gore “di tle di se ka le ka motlha . . . tsa retologa tsa lo gagolaka.”—Mathaio 7:6.

Fa ‘Kitso e le Selo se se Motlhofo’

A batho botlhe ba tlhalefile? Diane 14:6 ya re: “Mosotli o senkile botlhale, mme ga bo yo; mme mo go yo o nang le tlhaloganyo, kitso ke selo se se motlhofo fela.” (Diane 14:6) Mosotli kana motho yo o lonyatso, a ka nna a senka botlhale, mme ga a kitla a bona botlhale jwa mmatota. E re ka mosotli a nyatsa dilo tsa Modimo ka boikgogomoso, ga a kgone go bona selo se se tlang pele ga botlhale—kitso e e leng yone ya Modimo wa boammaaruri. Boikgogomoso jwa gagwe bo mo thibela go ithuta ka Modimo gore a nne botlhale. (Diane 11:2) Mme gone ke ka ntlha yang fa a tsaya matsapa a go senka botlhale? Seane seno ga se tlhalose, mme gongwe o dira jalo gore ba bangwe ba akanye gore o botlhale.

“Kitso ke selo se se motlhofo” mo mothong yo o nang le tlhaloganyo. Go nna le tlhaloganyo go tlhalosiwa e le “go tshwarelela selo mo mogopolong: go se tlhaloganya,” “bokgoni jwa go lemoga kafa dintlha tse di farologaneng di amanang ka gone.” Ke bokgoni jwa go amanya dintlha tse di farologaneng go bona gore di amana jang, e seng go leba ntlha e le nngwe fela ka nako. Seane seno se bolela gore go motlhofo gore motho yo o nang le bokgoni jono a nne botlhale.

Ka jalo, akanya ka se se neng sa direga ka wena fa o ne a nna le kitso ya boammaaruri ya Dikwalo. Fa o ne o simolola go ithuta Baebele, go ka direga gore dilo tsa ntlha tse o neng wa di ithuta e ne e le dithuto tsa motheo ka Modimo, ditsholofetso tsa gagwe le Morwawe. Kwa tshimologong, dilo tseno e ne e le dilo fela tse di sa amaneng ka gope. Mme fa o ntse o tswelela go ithuta, dintlha tseno di ne tsa simolola go kopana, mme o ne wa kgona go bona sentle gore dintlha tse di farologaneng di amana jang le maikaelelo a magolo a ga Jehofa ka batho le ka lefatshe. Boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa simolola go utlwala le go dira tlhaloganyo. Go ithuta le go gakologelwa dilo tse disha go ne ga  simolola go nna motlhofo ka gonne o ne o kgona go bona gore di amana jang.

Kgosi e e botlhale e tlhagisa ka gore ke kae koo kitso ya boammaaruri e sa kgoneng go fitlhelwa gone. A re: “Tswa fa pele ga monna yo o sematla, gonne ruri ga o na go lemoga dipounama tsa kitso.” (Diane 14:7) Motho yo o seeleele ga a na kitso ya boammaaruri. Ga a na dipounama tse di buang kitso. Re gakololwa gore re kgaogane le motho yo o ntseng jalo, mme go botlhale gore re se ka ra mo atamela. Mongwe le mongwe yo o “dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.

Solomone o tswelela a re: “Botlhale jwa yo o botlhale ke go tlhaloganya tsela ya gagwe, mme boeleele jwa dimatla ke tsietso.” (Diane 14:8) Motho yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe. O sekaseka gore a ka tsaya tshwetso efe a bo a akanyetsa gore nngwe le nngwe e tla felela jang. O tlhopha tsela ya gagwe ka botlhale. Go tweng ka motho yo o seeleele? O tlhopha tsela ya boeleele, a dumela gore o itse se a se dirang le gore o dira tshwetso e e siameng go feta tse dingwe. O tsiediwa ke boeleele jwa gagwe.

Fa Botlhale bo Kaela Dikamano Tsa Rona le ba Bangwe

Motho yo o kaelwang ke botlhale o na le dikamano tse di siameng le ba bangwe. Kgosi ya Iseraele e bolela jaana: “Ba ba sotlang molato ke dieleele, mme go na le tumalano mo go ba ba thokgameng.” (Diane 14:9) Go ikutlwa molato kana go ikwatlhaya ke selo se se tshegisang mo mothong yo o seeleele. Ga a utlwane le batho kwa gae le go sele ka gonne o “ikgogomosa thata gore a ka kopa maitshwarelo,” le go dira kagiso. (The New English Bible) Motho yo o thokgameng o iketleeditse go amogela makoa a batho ba bangwe. O iketleeditse go kopa maitshwarelo le go baakanya dilo fa a diretse ba bangwe phoso. Ka gonne a latelela kagiso, o kgona go tshedisana le ba bangwe ka boitumelo.—Bahebera 12:14.

Morago ga moo, Solomone o umaka sengwe se se dirang gore go nne thata gore motho a tsalane le ba bangwe. A re: “Pelo e lemoga botlhoko jwa moya wa motho, mme ga go na motswakwa ope yo o tla itlhakanyang le go ipela ga yone.” (Diane 14:10) A ka metlha re kgona go bolelela ba bangwe maikutlo a rona a a kwa tengteng—a kutlobotlhoko kana a boitumelo—re ba bolelela kafa tota re ikutlwang ka gone? Le gone a motho o kgona go tlhaloganya ka dinako tsotlhe kafa batho ba bangwe ba ikutlwang ka teng? Ga go a nna jalo mo maemong oomabedi.

Ka sekai, akanya ka maikutlo a go batla go ipolaya. Gantsi motho yo o nang le maikutlo ano ga a kgone go bolelela mongwe wa lelapa kana tsala. Mme le ba bangwe ga se gantsi ba kgonang go lemoga maikutlo a a ntseng jalo mo ditsaleng tsa bone. Ga re tlhoke go ikutlwa molato fa re sa lemoge matshwao ano re bo re sa kgone go ba thusa. Seane seno se re ruta le gore le fa gone go gomotsa go bolelela tsala e e go emang nokeng ka maikutlo ano le e e go tshegetsang, batho ga ba kgone go gomotsana ka botlalo. Re ka tshwanelwa ke go ikaega ka Jehofa fela fa re tshwanetse go itshokela mathata mangwe.

“Dilo Tse di Tlhwatlhwakgolo le Dikhumo di mo Ntlong ya Gagwe”

Kgosi ya Iseraele ya re: “Ntlo ya baikepi e tla nyelediwa, mme mogope wa bathokgami o tla tlhogonolofala.” (Diane 14:11) Motho yo o bosula a ka nna a atlega mo tsamaisong eno ya dilo, e bile a ka tswa a nna mo ntlong e ntle, mme gone seno se tla mo solegela molemo jang fa a sa tlhole a le teng? (Pesalema 37:10) Mo letlhakoreng le lengwe, motho yo o thokgameng a ka nna a bo a nna mo ntlong ya maemo a a kwa tlase. Mme Pesalema 112:3 ya re: “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo le dikhumo di mo ntlong ya gagwe.” Dilo tseno ke eng?

Fa mafoko a rona le ditiro tsa rona di kaelwa ke botlhale, re na le “dikhumo le kgalalelo” tse re di fiwang ke botlhale jo re nang le jone. (Diane 8:18) Di akaretsa go nna le kamano e e itumedisang le Modimo le batho ba bangwe, le go nna re itumetse e bile re ritibetse. Ee, “mogope wa bathokgami” o ka tlhogonolofala le e leng gone jaanong.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Mosadi yo o botlhale o aga ntlo ya gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

“Loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso”