Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Katlholo ya ga Jehofa e Tla Tlela Baikepi

Katlholo ya ga Jehofa e Tla Tlela Baikepi

 Katlholo ya ga Jehofa e Tla Tlela Baikepi

“Ipaakanyetse go kopana le Modimo wa gago.”—AMOSE 4:12.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Modimo o tla fedisa boikepo?

A JEHOFA o tla tsamaya a fedisa boikepo le pogo mo lefatsheng leno? Potso eo e tshwanela tota gone jaanong, fa lekgolo leno la dingwaga le simologa. Go lebega e kete gongwe le gongwe kwa re lebang gone, re bona kafa batho ba sa tshwareng ba bangwe sentle ka gone. A bo re eletsa jang go nna mo lefatsheng le le se nang thubakanyo, borukhutlhi le tsietso!

2 Se se itumedisang ke gore re ka ikanya Jehofa ka botlalo gore o tla fedisa boikepo. Dinonofo tsa Modimo di re tlhomamisetsa gore o tla tsaya kgato kgatlhanong le baikepi. Jehofa o na le tshiamo le tshiamiso. Lefoko la gagwe le re bolelela jaana mo go Pesalema 33:5: “Ke morati wa tshiamo le tshiamiso.” Pesalema e nngwe ya re: “Moya wa [ga Jehofa] o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Ruri Jehofa, Modimo yo o maatla otlhe, yo o ratang tshiamo le tshiamiso a ka se ka a itshokela se a se tlhoileng go ya go ile.

3. Go sekaseka boporofeti jwa ga Amose go ya pele go tla gatelela eng?

3 Akanya ka lebaka le lengwe gape le le re tlhomamisetsang gore Jehofa o tla fedisa boikepo. Tsela e a neng a dirisana le batho ka yone mo nakong e e fetileng e tlhomamisa seno. Mo bukeng ya Baebele ya Amose go na le dikai tse di tlhomologileng tse di bontshang tsela e Jehofa a tshwarang baikepi ka yone. Go sekaseka boporofeti jwa ga Amose go ya pele go tla gatelela dilo di le tharo ka katlholo ya Modimo. Sa ntlha, ka dinako tsotlhe e a bo e tshwanela. Sa bobedi, ga go na kwa e ka tshabelwang gone. Mme sa boraro, ga e tlele batho botlhe ka gonne Jehofa o atlhola badirabosula mme o kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba ikwatlhayang le mo bathong ba ba nang le tshekamelo e e siameng.—Baroma 9:17-26.

Ka Metlha Katlholo ya Modimo e a Tshwanela

4. Jehofa o ne a romela Amose kae, mme ka boikaelelo bofe?

4 Mo metlheng ya ga Amose, setšhaba sa Baiseraele se ne se setse se kgaogane go nna magosi a mabedi. Jo bongwe e ne e le bogosi jwa borwa jwa ditso tse pedi tsa Juda. Jo bongwe e ne e le bogosi jwa bokone jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele. Jehofa o ne a roma Amose gore a tswe kwa nageng ya gagabo ya Juda a ye go nna moporofeti kwa Iseraele. Fa Amose a tsena koo Modimo o ne a tla mo dirisa go bolela katlholo ya gagwe.

5. Amose o ne a simolola ka go porofeta kgatlhanong le ditšhaba dife, mme lebaka lengwe la go bo di ne di tshwanelwa ke katlholo e e bogale ya Modimo ke lefe?

5 Amose ga a ka a simolola tiro ya gagwe ka go bolela katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le batho ba ba diganana ba bogosi jwa bokone jwa Iseraele. Go na le moo, o ne a simolola ka go bolela katlholo e e bogale e e neng e tla tlela ditšhaba tse thataro tse di fa gaufi. Ditšhaba tseo e ne e le Siria, Filisitia, Ture, Edoma, Amona le Moabe. A mme ditšhaba tseo ruri di ne di tshwanelwa ke katlholo ya Modimo e e bogale? Ee ruri. Lebaka lengwe ke  gore di ne di ikemiseditse go nna baba ba batho ba ga Jehofa.

6. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a tlile go tlisetsa Siria, Filisitia le Ture masetlapelo?

6 Ka sekai, Jehofa o ne a kgala Basiria “ka ntlha ya go photha ga bone Gileade.” (Amose 1:3) Basiria ba ne ba gapa naga ya Gileade—kgaolo ya Iseraele e e kafa botlhaba jwa Noka ya Joredane—ba bo ba gobatsa batho ba Modimo fela thata gone koo. Go tweng ka Filisitia le Ture? Bafilisitia ba ne ba na le molato wa go tsaya batshwarwa ba Baiseraele, ba bo ba ba rekisetsa Baedoma, mme Baiseraele bangwe ba ne ba wela mo diatleng tsa batho ba kwa Ture ba ba gwebang ka makgoba. (Amose 1:6, 9) Akanya fela—go rekisa batho ba Modimo gore e nne makgoba! Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a tlile go tlisetsa Siria, Filisitia le Ture masetlapelo.

7. Ditšhaba tsa Edoma, Amona le Moabe di ne di amana jang le Baiseraele, mme di ne tsa tshwara Baiseraele jang?

7 Baedoma, Baamona le Bamoabe ba ne ba na le sengwe se se ba kopanyang ka bobone e bile se ba kopanya le Baiseraele. Ditšhaba tseno ka boraro jwa tsone di ne di amana ka losika le Baiseraele. Baedoma ba ne ba tswa mo go Aborahame ka Esau, morwarraagwe Jakobe wa lewelana. Ka gone, re ka re Baedoma le Baiseraele e ne e le bana ba motho. Baamona le Bamoabe e ne e le ditlogolwana tsa ga Lote, ngwana wa ga monnawe Aborahame. A mme Baedoma, Baamona le Bamoabe ba ne ba tshwara Baiseraele ka tsela e e bontshang gore ba amana le bone ka losika? Le e seng! Edoma o ne a latelela “morwarraagwe” ka tšhaka kwantle ga go mo utlwela botlhoko, mme Baamona ba ne ba le setlhogo mo batshwarweng ba Baiseraele. (Amose 1:11, 13) Le fa gone Amose a sa umake ka tlhamalalo tsela e Bamoabe ba neng ba sa tshware batho ba Modimo sentle ka yone, Bamoabe ba ne ba sa bolo go nna kgatlhanong le Baiseraele. Katlholo ya ditšhaba tseo tse tharo tse di amanang ka losika e ne e tla nna maswe tota. Jehofa o ne a tla di senya ka bogale jo bo boitshegang.

Ga go Kwa Katlholo ya Modimo e ka Tshabelwang Gone

8. Ke ka ntlha yang fa katlholo ya Modimo kgatlhanong le ditšhaba tse thataro tse di gaufi le Iseraele e ne e se na kwa e ka tshabelwang gone?

8 Go bonala sentle gore ditšhaba tse thataro tse go builweng le tsone kwa tshimologong ya boporofeti jwa ga Amose di ne di tshwanelwa ke katlholo e e bogale ya Modimo. Mo godimo ga moo, go ne go se na tsela e di neng di ka e falola ka yone. Go simolola ka Amose kgaolo 1, temana 3 go fitlha go kgaolo 2, temana 1, Jehofa o bolela jaana ka makgetlho a le marataro: “Ga nkitla ke se busetsa morago.” Fela jaaka a ne a solofeditse, ga a ka a ithiba go tlisa katlholo ya gagwe kgatlhanong le ditšhaba tseo. Hisitori e a supa gore sengwe le sengwe sa ditšhaba tseo se ne sa tlelwa ke masetlapelo moragonyana. Tota e bile, di le nnè tsa tsone—Filisitia, Moabe, Amona le Edoma—kgabagare di ne tsa se ka tsa tlhola di nna teng!

9. Banni ba Juda ba ne ba tshwanelwa ke eng, mme ka ntlha yang?

 9 Go tswa foo boporofeti jwa ga Amose bo ne jwa remelela mo setšhabeng sa bosupa, e leng naga ya gagabo ya Juda. Gongwe bareetsi ba ga Amose ba bogosi jwa Iseraele jwa bokone ba ka tswa ba ile ba gakgamadiwa ke go mo utlwa a bolela molaetsa wa katlholo kgatlhanong le bogosi jwa Juda. Ke eng fa banni ba Juda ba ne ba tshwanelwa ke katlholo e e bogale? Amose 2:4 ya re: “Ka ntlha ya go gana ga bone molao wa ga Jehofa.” Jehofa ga a ka a ba tlogela fela ba gana Molao wa gagwe ka boomo. Go ya ka Amose 2:5, o ne a bolelela pele jaana: “Ke tla romela molelo mo Juda, mme o tla laila ditora tsa bonno tsa Jerusalema.”

10. Ke ka ntlha yang fa Juda a ne a ka se ka a tshabela masetlapelo?

10 Go ne go se na kwa Juda yo o sa ikanyegeng a neng a ka tshabela masetlapelo a a tlang gone. Jehofa o ne a bolela jaana ka lekgetlho la bosupa: “Ga nkitla ke se busetsa morago.” (Amose 2:4) Juda e ne ya amogela kotlhao ya yone e e neng e boleletswe pele fa e ne e swafadiwa ke Bababelona ka 607 B.C.E. Re kgona go lemoga gape gore ga go na kwa batho ba ba boikepo ba ka tshabelang katlholo ya Modimo gone.

11-13. Amose o ne a porofeta thata kgatlhanong le setšhaba sefe, mme go ne go na le mefuta efe ya kgatelelo koo?

11 Moporofeti Amose o ne a sa tswa go bolela katlholo ya ga Jehofa mo ditšhabeng di le supa. Le fa go ntse jalo, motho ope yo o neng a akanya gore Amose o ne a feditse go porofeta, o ne a le phoso. Amose o ne a sa ntse a le kgakala le go fetsa! O ne a laetswe segolobogolo gore a bolele molaetsa wa katlholo e e bogale kgatlhanong le bogosi jwa Iseraele jo bo kwa bokone. Mme Iseraele o ne a tshwanelwa ke katlholo e e bogale ya Modimo ka gonne go senyega ga boitsholo le ga bodumedi ga setšhaba seo go ne go ferosa sebete.

12 Boporofeti jwa ga Amose bo ne jwa senola kgatelelo e e neng e setse e aname mo bogosing jwa Iseraele. Mo ntlheng eno, Amose 2:6, 7 ya re: “Jehofa o buile jaana, ‘Ka ntlha ya go tlhanoga gararo ga Iseraele, le ka ntlha ya go tlhanoga ganè, ga nkitla ke se busetsa morago, ka ntlha ya go rekisa ga bone motho yo o siameng ka seleferanyana fela, le motho yo o humanegileng ka tlhwatlhwa ya bompaatšhane ba babedi. Ba tlhologeletswe lorole lwa lefatshe mo tlhogong ya batho ba maemo a a kwa tlase; e bile ba faposa tsela ya batho ba ba pelonolo.’”

13 Batho ba ba siameng ba ne ba rekisiwa “ka seleferanyana fela,” se gongwe se kayang gore baatlhodi ba ne ba atlhola batho ba ba se nang molato fa ba sena go amogela selefera e le pipamolomo. Batho ba ba neng ba kolotiwa ba ne ba rekisa bahumanegi gore e nne makgoba ka tlhwatlhwa ya “bompaatšhane ba babedi,” gongwe e le gore ba ituele molato mongwe o monnye fela. Banna ba ba se nang kutlwelobotlhoko ba ne ba “tlhologeletswe,” kana ba leka thata, go dira gore “batho ba maemo a a kwa tlase” ba ye kwa tlase le go feta mo e leng gore batho bao ba ba humanegileng  ba ne ba itshela ka lorole mo ditlhogong, e leng selo se se bontshang go ngomoga pelo, khutsafalo kana tlontlologo. Tsietso e ne e tletsetletse mo e leng gore “batho ba ba pelonolo” ba ne ba se na tsholofelo epe ya gore ba ka direlwa tshiamiso.

14. Ke bomang ba ba neng ba sa tshwarwe sentle mo bogosing jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome?

14 Ela tlhoko gore ke bomang ba ba neng ba sa tshwarwe sentle. E ne e le ba ba siameng, ba ba humanegileng, ba maemo a a kwa tlase le ba ba pelonolo ba naga eo. Kgolagano ya Molao e Jehofa a neng a e dirile le Baiseraele e ne e laela gore batho ba ba sa kgoneng go iphemela le ba ba tlhokang ba utlwelwe botlhoko. Mme go na le moo, maemo a batho ba ba ntseng jalo kwa bogosing jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele a ne a le maswe fela thata.

“Ipaakanyetse go Kopana le Modimo wa Gago”

15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba tlhagisiwa go twe: “Ipaakanyetse go kopana le Modimo wa gago”? (b) Amose 9:1, 2 e bontsha jang gore baikepi ba ne ba ka se ka ba tshabela katlholo ya Modimo? (c) Go ne ga diragala eng ka bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome ka 740 B.C.E.?

15 E re ka boitsholo jo bo sa siamang le maleo a mangwe a ne a aname mo Iseraele, go ne go utlwala gore moporofeti Amose a tlhagise setšhaba se se tsuologang ka mafoko ano: “Ipaakanyetse go kopana le Modimo wa gago.” (Amose 4:12) Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba ne ba ka se tshabele go diragadiwa ga katlholo ya Modimo ka gonne Jehofa o ne a bolela jaana ka lekgetlho la borobedi: “Ga nkitla ke se busetsa morago.” (Amose 2:6) Modimo o ne a bolela jaana malebana le batho ba ba boikepo ba ba ka nnang ba leka go iphitlha: “Ope wa bone yo o tshabang, ga a na go tshaba ka katlego, e bile ope wa bone yo o falolang, ga a na a kgona go tshaba. Fa ba epela kwa tlase mo teng ga Sheole, seatla sa me ka nosi se tla ba ntsha koo; mme fa ba tlhatlogela kwa magodimong, ke tla ba folosa koo.”—Amose 9:1, 2.

16 Batho ba ba boikepo ba ne ba ka se ka ba tshabela katlholo ya ga Jehofa ka go epela “kwa tlase mo teng ga Sheole,” se ka tsela ya tshwantshetso se bolelang go leka go iphitlha mo mafelong a a kwa tlasetlase a lefatshe. Le gone ba ne ba ka se ka ba tshaba katlholo ya Modimo ka go “tlhatlogela kwa magodimong,” ke gore, ba leka go tshabela kwa dithabeng tse di goletseng kwa godimo. Tlhagiso ya ga Jehofa e ne e utlwala sentle: Ga go na lefelo lepe la go iphitlha le a ka palelwang ke go fitlha kwa go lone. Gore tshiamiso ya Modimo e dirwe, bogosi jwa Iseraele bo ne bo tshwanetse go ikarabelela ka ntlha ya ditiro tsa jone tse di boikepo. Mme nako eo e ne ya goroga. Ka 740 B.C.E.—dingwaga di ka nna 60 morago ga gore Amose a kwale boporofeti jwa gagwe—bogosi jwa Iseraele jwa bokone bo ne jwa fenngwa ke Baasiria.

Katlholo ya Modimo ga e Tlele Batho Botlhe

17, 18. Amose kgaolo 9 e bontsha eng ka kutlwelobotlhoko ya Modimo?

17 Boporofeti jwa ga Amose bo re bontshitse gore katlholo ya Modimo ka dinako tsotlhe e a bo e tshwanela le gore ga go kwa e ka tshabelwang gone. Mme buka ya Amose gape e bontsha gore katlholo ya ga Jehofa ga e tlele batho botlhe. Modimo o kgona go bona baikepi gongwe le gongwe kwa ba iphitlhileng gone a bo a diragatsa katlholo mo go bone. Mme a ka kgona le go bona ba ba ikwatlhayang le ba ba siameng—ba a tlhophang go ba utlwela botlhoko. Thuto eno e gatelelwa ka tsela e e gakgamatsang mo kgaolong ya bofelo ya buka ya Amose.

18 Go ya ka Amose kgaolo 9, temana 8, Jehofa o ne a re: “Ga nkitla ke nyeletsa ntlo ya ga Jakobe gotlhelele.” Jaaka go bontshitswe mo go temana 13 go ya go 15, Jehofa o ne a solofetsa gore o ne a tla  “busa batshwarwa” ba batho ba gagwe. Ba ne ba tla utlwelwa botlhoko mme ba sireletsege ba bo ba atlege. Jehofa o ne a solofetsa jaana: “Molemi o tla feta morobi.” Akanya fela—thobo e le kgolo mo e leng gore e tla bo e ise e wediwe mo nakong e e tlang ya gore go lengwe go bo go jalwe gape!

19. Go ne ga diragala eng ka masalela a Iseraele le Juda?

19 Go ka bolelwa gore katlholo ya ga Jehofa mo baikeping kwa Juda mmogo le kwa Iseraele e ne e sa tlele batho botlhe, ka gonne ba ba ikwatlhayang le ba ba nang le tshekamelo e e siameng ba ne ba utlwelwa botlhoko. Tsholofetso eno ya go tsosolosiwa e e mo go Amose kgaolo 9 e ne ya diragadiwa fa masalela a a ikwatlhayang a Iseraele le Juda a ne a boa kwa botshwarwa jwa Babelona ka 537 B.C.E. Fa ba setse ba boetse kwa nageng ya bone e e rategang, ba ne ba tsosolosa kobamelo e e itshekileng. Gape ba ne ba aga matlo a bone sesha le go jala masimo a mofine le ditshingwana ba sireletsegile.

Katlholo e e Bogale ya ga Jehofa e Tla Tla!

20. Go sekaseka ga rona melaetsa ya katlholo e e neng e bolelwa ke Amose go tshwanetse ga re tlhomamisetsa eng?

20 Go sekaseka ga rona melaetsa ya katlholo ya Modimo e e neng ya bolelwa ke Amose go tshwanetse ga re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla fedisa boikepo mo motlheng wa rona. Ke eng fa re ka dumela seno? Sa ntlha, dikai tseno tsa se Modimo a neng a se dira ka baikepi mo nakong e e fetileng di re bontsha kafa a tlileng go dira dilo ka gone mo motlheng wa rona. Sa bobedi, go diragadiwa ga katlholo ya Modimo mo bogosing jwa Iseraele jwa botlhanogi go re tlhomamisetsa gore Modimo o tla senya ditumelo tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete, tse e leng karolo e e molato thata ya “Babelona o Mogolo,” mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka.—Tshenolo 18:2.

21. Ke ka ntlha yang fa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di tshwanelwa ke katlholo e e bogale ya Modimo?

21 Ga go na pelaelo epe ya gore ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di tshwanelwa ke katlholo e e bogale ya Modimo. Seemo sa tsone se se ferosang sebete sa bodumedi le sa boitsholo se bonala sentle. Katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le ditumelo tseno—le lefatshe lotlhe la ga Satane—e a tshwanela. Gape ga go kwa e ka tshabelwang gone ka gonne fa e setse e le nako ya gore go diragadiwe katlholo, mafoko a a mo go Amose kgaolo 9, temana 1, a tla diragadiwa: “Ope wa bone yo o tshabang ga a na go tshaba ka katlego, e bile ope wa bone yo o falolang, ga a na a kgona go tshaba.” Ee, le fa baikepi ba ka iphitlha kae, Jehofa o tla ba bona.

22. Ke dintlha dife tse di tlhalosiwang sentle mo go 2 Bathesalonika 1:6-8 malebana le katlholo ya Modimo?

22 Ka dinako tsotlhe katlholo ya Modimo e a bo e tshwanela, ga go kwa e ka tshabelwang gone e bile ga e tlele batho botlhe. Seno se bontshiwa ke mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Go siame mo Modimong go duela ka pitlagano ba ba lo pitlaganyang, mme, lona ba lo bogang pitlagano, go lo duela ka go lo golola mmogo le rona fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang, jaaka a tlisa pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.” (2 Bathesalonika 1:6-8) “Go siame mo Modimong” gore a atlhole ba ba tshwanelwang ke katlholo e e bogale ka ntlha ya go bogisa batlodiwa ba gagwe. Go tla bo go se na kwa katlholo eo e ka tshabelwang gone, gonne baikepi ga ba kitla ba falola ‘go senolwa ga ga Jesu a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang.’ Gape katlholo ya Modimo ga e ne e tlela batho botlhe ka gonne Jesu o tla ipusolosetsa “mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo.” Mme go diragadiwa ga katlholo ya Modimo go tla gomotsa batho ba ba boifang Modimo ba ba mo pitlaganong.

Tsholofelo ya Basiami

23. Buka ya Amose e ka re naya tsholofelo le kgomotso jang?

23 Boporofeti jwa ga Amose bo na le molaetsa o montle wa tsholofelo le wa kgomotso mo bathong ba ba nang le tshekamelo e e siameng. Jaaka go boleletswe pele mo bukeng ya ga Amose, Jehofa ga a ka a fedisa batho ba gagwe ba motlha wa bogologolo gotlhelele. Kgabagare o ne a phutha batshwarwa ba batho ba Iseraele le Juda, a ba busetsa kwa nageng ya bone a bo a dira gore ba babalesege ba bo ba atlege. Seno se bolelang ka motlha wa rona? Se re tlhomamisetsa gore ka nako ya go diragadiwa ga katlholo ya Modimo, Jehofa o tla kgona go bona baikepi gongwe le gongwe kwa ba iphitlhileng gone, mme gape o tla kgona go bona batho  ba ba tshwanelwang ke kutlwelobotlhoko ya gagwe gongwe le gongwe kwa ba ka tswang ba le gone mo lefatsheng.

24. Batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba segofaditswe ka ditsela dife?

24 Fa re ntse re emetse nako ya gore katlholo ya ga Jehofa e tlele baikepi, rona batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang re diragalelwa ke eng? Jehofa o re segofatsa ka go dira gore re atlege thata semoyeng! Re itumelela thulaganyo ya kobamelo e e se nang maaka a a nnileng gone ka ntlha ya dithuto tsa maaka tsa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete. Gape Jehofa o re segofaditse ka letlotlo la dijo tsa semoya. Mme gone, se lebale gore ditshegofatso tseno tse dintsi tse di tswang kwa go Jehofa di re pega boikarabelo jo bogolo. Modimo o lebeletse gore re tlhagise batho ba bangwe ka katlholo e e tlang. Re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang go senka ‘ba ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.’ (Ditiro 13:48) Ee, re batla go thusa batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka gone gore ba solegelwe molemo ke ditshegofatso tsa semoya tse re di itumelelang gone jaanong. Gape re batla gore ba falole go diragadiwa ga katlholo ya Modimo e e tla tlogang e tlela baikepi. Mme fa re batla go itumelela masego ano, re tshwanetse ra nna le boemo jo bo siameng jwa pelo. Seno le sone se gatelelwa mo boporofeting jwa ga Amose, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.

O ne O ka Araba Jang?

• Boporofeti jwa ga Amose bo bontsha jang gore dikatlholo tsa ga Jehofa di a bo di ntse di tshwanela ka metlha?

• Amose o naya bosupi bofe jwa gore ga go na kwa katlholo ya Modimo e ka tshabelwang gone?

• Buka ya Amose e bontsha jang gore katlholo ya Modimo ga e tlele batho botlhe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Bogosi jwa Iseraele ga bo a ka jwa tshabela katlholo ya Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ka 537 B.C.E., masalela a Iseraele le Juda a ne a boa kwa botshwarong jwa Babelona