Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bua Lefoko la Modimo ka Bopelokgale

Bua Lefoko la Modimo ka Bopelokgale

 Bua Lefoko la Modimo ka Bopelokgale

“Tsamaya, o ye go porofeta mo bathong ba me.”—AMOSE 7:15.

1, 2. Amose e ne e le mang, mme Baebele e re bolelela eng ka ene?

NAKO nngwe motlhanka mongwe wa ga Jehofa o ne a le mo bodireding mme a kopana le moperesiti. Moperesiti yono o ne a tlhaeletsa a re: ‘O se ka wa tlhola o rera! Tswaa o tsamaye!’ Motlhanka yono o ne a dirang? A o ne a dira jaaka a laelwa, kgotsa o ne a tswelela a bua lefoko la Modimo ka bopelokgale? O ka itse karabo ya potso eo ka gonne motlhanka yoo o ne a kwala ka se se neng sa mo diragalela mo bukeng e e bidiwang ka leina la gagwe. Ke buka ya Baebele ya Amose. Le fa go ntse jalo, pele re utlwa mo go oketsegileng ka go kopana ga gagwe le moperesiti yono, a re sekasekeng dintlha dingwe ka ga Amose.

2 Amose e ne e le mang? O ne a tshela leng le gone o ne a nna kae? Dikarabo tsa dipotso tseo di mo go Amose 1:1, e e balegang jaana: “Mafoko a ga Amose, yo e neng e le mongwe wa batlhokomedi ba dinku go tswa Tekoa, . . . mo metlheng ya ga Usia kgosi ya Juda le mo metlheng ya ga Jeroboame morwa Joashe, kgosi ya Iseraele.” Amose o ne a nna kwa Juda. O ne a tlholega kwa motseng wa Tekoa, dikilometara di le 16 kwa borwa jwa Jerusalema. O tshetse mo dingwageng tsa bofelo tsa lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E. fa Kgosi Usia a ne a busa kwa Juda mme Jeroboame II e le kgosi ya bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele. Amose e ne e le motlhokomedi wa dinku. Tota e bile Amose 7:14 ya re e ne e se “modisa” fela, mme gape e ne e le “[mmaakanyi] wa difeige tsa ditlhare tsa mosikamore.” (Bapisa Baebele e e Boitshepo.) Ka jalo, o ne a dirisa nako nngwe mo ngwageng a bereka mo tshimong. O ne a phunya difeige di ise di butswe. Seno se ne se direlwa gore difeige di butswe ka bonako. E ne e le tiro e e lapisang tota.

“Tsamaya, O ye Go Porofeta”

3. Go ithuta ka Amose go re thusa jang fa re ikutlwa re sa tshwanelege go rera?

3 Amose o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Ke ne ke se moporofeti, le gone ke ne ke se morwa moporofeti.” (Amose 7:14) E ne e se morwa moporofeti le gone o ne a sa thapisediwa go nna moporofeti. Le fa go ntse jalo, mo bathong botlhe ba Juda, Jehofa o ne a tlhopha Amose gore a dire tiro eno. Ka nako eo, Modimo ga a ka a tlhopha kgosi e e nonofileng, le fa e le moperesiti yo o rutegileng kgotsa kgosana e e humileng. Seno se re ruta thuto nngwe e e kgothatsang. Re ka tswa re le batho ba maemo a a kwa tlase kgotsa ba ba sa rutegang go le kalo. A mme seno se tshwanetse sa dira gore re ikutlwe re sa tshwanelege go rera lefoko la Modimo? Nnyaa le eseng! Jehofa a ka re tlhomelela gore re kgone go bolela molaetsa wa gagwe—tota le mo ditshimong tse di thata. E re ka Jehofa a ile a tlhomelela Amose fela jalo, go tla nna molemo gore batho botlhe ba ba eletsang go bua lefoko la Modimo ka bopelokgale ba sekaseke sekao se se molemo sa moporofeti yoo yo o pelokgale.

4. Ke ka ntlha yang fa go ne go le thata gore Amose a porofete kwa Iseraele?

 4 Jehofa o ne a laela Amose jaana: “Tsamaya, o ye go porofeta mo bathong ba me ba Iseraele.” (Amose 7:15) Kabelo eo e ne e le thata. Ka nako eo, batho ba bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome ba ne ba tshela ka kagiso le ka pabalesego e bile ba humile. Ba le bantsi ba bone ba ne ba na le ‘matlo a mariga’ mmogo le ‘matlo a selemo’ a a neng a sa dirwa ka ditena tse di tlwaelegileng tsa mmu mme a dirilwe ka “leje le le betlilweng” le le tlhwatlhwakgolo. Bangwe ba ne ba na le fanitšhara e e kgabisitsweng ka dinaka tsa tlou, mme ba nwa beine e e tswang mo “masimong a a eletsegang a mofine.” (Amose 3:15; 5:11) Mme seo se ne se dira gore batho ba le bantsi ba tseye dilo motlhofo. Ruri go bonala tshimo e Amose a neng a e abetswe e ne e tshwana sentle le ditshimo tse bontsi jwa rona re di berekang gompieno.

5. Baiseraele bangwe ba ne ba dira ditiro dife tse di sa siamang?

5 Go ne go se phoso gore Baiseraele ba nne le dithoto. Le fa go ntse jalo, Baiseraele bangwe ba ne ba ikokoanyetsa dikhumo ka tsietso. Bahumi ba ne ba ‘tsietsa batho ba maemo a a kwa tlase’ e bile ba ‘gatelela bahumanegi.’ (Amose 4:1) Bagwebi, baatlhodi le baperesiti ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo ba ne ba dirisana mmogo go tsietsa bahumanegi. Jaanong a re boele kwa morago go sekae mme re bone se banna bano ba neng ba se dira.

Ba Tlola Molao wa Modimo

6. Bagwebi ba Baiseraele ba ne ba tsietsa ba bangwe jang?

6 Re tla simolola ka lefelo la marekisetso. Kwa go lone bagwebi ba ne ba dira “ifa go nna potlana” le “shekele go nna kgolo,” e bile ba rekisa “matlakalanyana fela” e le dijo tsa ditlhaka. (Amose 8:5, 6) Bagwebi ba ne ba tsietsa bareki ka go ba naya dilwana tse di kwa tlase ga madi a ba a ntshitseng, ditlhwatlhwa tsa dilo di le kwa godimo mme boleng jwa tsone bo le kwa tlase. Mme fa bagwebi ba sena go tsietsa bahumanegi gore ba sale ba se na sepe, bahumanegi bano ba ne ba tshwanelwa ke go ithekisa gore e nne makgoba. Go tswa foo, bone bagwebi bano ba ne ba ba reka “ka tlhwatlhwa ya bompaatšhane.” (Amose 8:6) Akanya fela! Bagwebi bao ba ba pelotshetlha ba ne ba tsaya Baiseraele ka bone e le batho fela ba ba ka rekisiwang ka madi a bompaatšhane! Ruri seno e ne e le go tlontlolola batlhoki le go tlola Molao wa Modimo mo go maswe fela thata! Mme bone bagwebi bano ba ne ba boloka “sabata.” (Amose 8:5) Ee, ba ne ba lebega e kete ba rata bodumedi mme tota go sa nna jalo.

7. Ke eng se se neng se dira gore bagwebi ba Baiseraele ba kgone go tlola Molao wa Modimo?

7 Go ne go tla jang gore bagwebi bano ba se ka ba otlhaelwa go tlola Molao wa Modimo o o reng: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata”? (Lefitiko 19:18) Ba ne ba sa otlhaiwe ka gonne e ne e le bajammogo le batho ba ba neng ba tshwanetse go ka bo ba tlhomamisa gore Molao o a diragadiwa, e leng baatlhodi. Kwa kgorong ya motse, kwa dikgetsi tsa kgotlatshekelo di neng di reediwa gone, baatlhodi ba ne ba ‘amogela madi a pipamolomo, e bile ba sa amogele batho ba ba humanegileng.’ Go na le gore baatlhodi bano ba sireletse bahumanegi, ba ne ba ba tsietsa ka gonne ba amogetse madi a pipamolomo. (Amose 5:10, 12) Ka jalo baatlhodi le bone ba ne ba itlhokomolosa Molao wa Modimo.

8. Baperesiti ba ba boikepo ba ne ba itira e kete ga ba bone boitsholo bofe?

8 Le fa go ntse jalo, baperesiti ba Baiseraele bone ba ne ba dira eng? Gore re kgone go bona karabo ya potso eno, re tshwanetse go leba kwa lefelong le lengwe. Bona fela gore baperesiti ba ne ba letlelela maleo a a ntseng jang kwa “ntlong ya medimo ya bone”! Modimo o ne a bolela jaana a dirisa Amose: “Motho le rraagwe ba ile kwa mosetsaneng a le mongwe, ka boikaelelo jwa go itshepolola leina la me le le boitshepo.” (Amose 2:7, 8) Akanya fela! Rre wa Moiseraele le morwa wa gagwe ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le seaka se le sengwe fela sa tempele. Mme baperesiti ba ba boikepo bao ba ne ba itshela moriti o tsididi fela, ba itira e kete ga ba bone boitsholo jo bo maswe jaana!—Lefitiko 19:29; Duteronome 5:18; 23:17.

9, 10. Baiseraele ba ne ba tlola Molao wa Modimo ka ditsela dife, mme se se diragetseng ka nako eo se ka bapisiwa jang le se se diregang mo motlheng wa rona?

9 Jehofa o ne a bolela jaana a bua ka boitsholo jo bongwe jwa boleo: “Ba namalala fa thoko ga sebeso sengwe le sengwe mo godimo ga diaparo tse di tserweng e le sebeelo; mme beine ya ba ba lefisitsweng, ba e nwela mo ntlong ya medimo ya  bone.” (Amose 2:8) Ee, gape baperesiti le batho ka kakaretso ba ne ba itlhokomolosa molao o o kwadilweng mo go Ekesodo 22:26, 27, o o neng o re seaparo se se tserweng e le sebeelo se tshwanetse sa busediwa mong wa sone pele letsatsi le phirima. Mo boemong jwa gore ba se buse, ba ne ba se dirisa jaaka kobo e ba ka namalalang mo go yone fa ba ntse ba ja, ba nwa, ba ketekela medimo ya maaka. Mme ba ne ba dirisa madi a ba a amogang bahumanegi go reka beine, ba bo ba e nwa kwa meletlong ya bodumedi jwa maaka. A bo ba ne ba katogetse kgakala jang ne le kobamelo e e itshekileng!

10 Baiseraele ba ne ba tlola ditaelo tse pedi tse dikgolo go gaisa tsotlhe mo Molaong—go rata Jehofa le go rata bangwe ka bone—ba di tlola ba sa tlhabiwe ke ditlhong. Ka jalo Modimo o ne a romela Amose gore a ba kgale ka ntlha ya go tlhoka boikanyegi gono ga bone. Gompieno, seemo se se bosula sa kwa Iseraele wa bogologolo se teng mo ditšhabeng tsa lefatshe, go akaretsa le tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete. Le mororo batho bangwe ba huma, ba bangwe ba le bantsi ba tlogelwa ba se na le fa e le sente mme ba utlwisiwa botlhoko ke ditiro tse di sa siamang tsa baeteledipele ba ba sa ikanyegeng ba dikgwebo, ba dipolotiki le ba bodumedi jwa maaka. Le fa go ntse jalo, Jehofa o amegile ka batho ba ba bogang le ba ba tlhotlheletsegang go mmatla. Ka jalo, o abetse batlhanka ba gagwe ba motlha wa gompieno tiro e e tshwanang le ya ga Amose—ya go rera lefoko la gagwe ka bopelokgale.

11. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Amose?

11 Re tlile go solegelwa molemo thata ke go sekaseka sekao sa ga Amose ka gonne go na le ditsela tse tiro ya gagwe e tshwanang le ya rona ka tsone. Tota e bile, Amose o re bontsha gore (1) ke molaetsa ofe o re tshwanetseng go o rera, (2) re tshwanetse go rera jang, le gore (3) ke eng fa baganetsi ba ka se kgone go emisa tiro ya rona ya go rera. A re sekasekeng dintlha tseno ka bongwe ka bongwe.

Kafa re ka Etsang Amose ka Teng

12, 13. Jehofa o ne a bontsha jang gore o ne a sa itumedisiwe ke se Baiseraele ba se dirang, mme ba ne ba itshwara jang?

12 Rona Basupi ba ga Jehofa, bodiredi jwa rona jwa Bokeresete bo remeletse mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 28:19, 20; Mareko 13:10) Le fa go ntse jalo, gape re bolelela batho ditlhagiso tsa Modimo, fela jaaka Amose a ne a bolela gore Jehofa o ne a tla tlisa katlholo e e bogale mo baikeping. Ka sekai, Amose 4:6-11 e bontsha gore Jehofa o ne a bontsha gantsintsi kafa Baiseraele ba sa mo itumediseng ka teng. O ne a dira gore batho ba ‘tlhoke senkgwe,’ ‘a ba ganela ka pula e kgolo,’ a ba itaya “ka go tshubiwa ke phefo le ka mokobō,” a bo a ba romelela “bolwetse jwa leroborobo.” A dilo tseno di ne tsa tlhotlheletsa Baiseraele go ikwatlhaya? Modimo o ne a re: “Lo ne lwa se ka lwa boela mo go nna.” Ee, Baiseraele ba ne ba nna ba gana Jehofa gantsintsi jalo.

13 Jehofa o ne a otlhaya Baiseraele ba ba sa ikwatlhayeng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba newa tlhagiso ya boporofeti pele. Modimo o ne a bolela jaana tumalanong le seno: “Morena Molaodimogolo Jehofa ga a kitla a dira sepe fa a sa senolela batlhanka ba gagwe, e bong baporofeti sephiri sa gagwe.” (Amose 3:7) Modimo o ne a senoletse Noa gore Morwalela o etla a ba a mo laela gore a tlhagise ba bangwe ka one. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a bolelela Amose gore a neye batho tlhagiso ya bofelo. Ka maswabi, Baiseraele ba ne ba tlhokomologa molaetsa oo wa Modimo mme ba se ka ba tsaya kgato e e tshwanetseng.

14. Motlha wa ga Amose o tshwana le motlha wa rona ka ditsela dife?

14 Kwantle ga pelaelo, o tla dumela gore go na le dilo dingwe tse di tshwanang tota ka motlha wa ga Amose le motlha wa rona. Jesu Keresete o ile a bolelela pele masetlapelo a le mantsi a a neng a tla nna gone mo metlheng ya bofelo. Gape o ile a bolelela pele ka tiro ya go rera e e neng e tla dirwa mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:3-14) Le fa go ntse jalo, fela jaaka mo motlheng wa ga Amose, gompieno batho ba le bantsi ba itlhokomolosa ditshupo tsa metlha eno le molaetsa wa Bogosi. Batho bano ba tla diragalelwa ke se se neng sa diragalela Baiseraele ba ba sa ikwatlhayeng. Jehofa o ne a ba tlhagisa jaana: “Ipaakanyetse go kopana le Modimo wa gago.” (Amose 4:12) Ba ile ba kopana le Modimo fa a ne a ba otlhaya ka go dira gore ba fenngwe ke masole a Asiria. Gompieno, lefatshe leno le le bosula le tla ‘kopana le Modimo’ kwa Haramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Le fa go ntse jalo, fa fela Jehofa a sa ntse a tswelela a le pelotelele,  re kgothatsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng ka mafoko ano: “Batlang Jehofa, mme lo nne lo tshele.”—Amose 5:6.

Go Lebana le Kganetso Jaaka Amose

15-17. (a) Amasia e ne e le mang, mme o ne a itshwara jang fa a utlwa boporofeti jwa ga Amose? (b) Amasia o ne a latofatsa Amose ka dilo dife?

15 Re ka etsa Amose e seng fela ka se re se rerang mme le ka tsela e re rerang ka yone. Ntlha eno e gatelelwa mo go kgaolo 7, mo re bolelelwang teng ka moperesiti yole yo o umakilweng mo tshimologong ya motlotlo wa rona. E ne e le “Amasia moperesiti wa kwa Bethele.” (Amose 7:10) Motse wa Bethele e ne e le lefelo la konokono la bodumedi jwa botlhanogi jwa Baiseraele, jo bo neng bo akaretsa go obamela namane. Ka jalo, Amasia e ne e le moperesiti wa bodumedi jwa Naga eo. O ne a tsibogela jang molaetsa o Amose a neng a o bua ka bopelokgale?

16 Amasia o ne a raya Amose a re: “Wena mmoni wa diponatshegelo, tsamaya, tshabela kwa lefatsheng la Juda, mme o je senkgwe koo, e bile o ka nna wa porofeta koo. Mme o se ka wa tlhola o porofeta gape kwa Bethele, gonne ke lefelo le le boitshepo la kgosi e bile ke ntlo ya bogosi.” (Amose 7:12, 13) Ka jalo, re ka re tota Amasia o ne a re: ‘Tsamaya o ye gaeno! Re na le bodumedi jwa rona.’ Gape o ne a leka go tlhotlheletsa puso go thibela tiro ya ga Amose, a raya Kgosi Jeroboame II a re: “Amose o go logetse leano la boferefere mo teng ga ntlo ya Iseraele.” (Amose 7:10) Ee, Amasia o ne a latofatsa Amose ka la gore o batla go menola puso! O ne a raya kgosi a re: “Amose o buile jaana, ‘Jeroboame o tla swa ka tšhaka; mme fa e le Iseraele ene, ruri o tla ya botshwarwa a tswa mo lefatsheng la gagwe.’”—Amose 7:11.

17 Amasia o ne a bua dilo tse tharo tse di seng boammaaruri mo mafokong ao. O ne a re: “Amose o buile jaana.” Mme Amose ga a ise a ke a tsamaye a bolele fa mafoko ano a boporofeti e le a gagwe. Go na le moo, ka metlha o ne a re: “Jehofa o buile jaana.” (Amose 1:3) Gape Amose o ne a latofadiwa ka la gore o rile: “Jeroboame o tla swa ka tšhaka.” Le fa go ntse jalo, jaaka go kwadilwe mo go Amose 7:9, Amose o ne a boleletse pele jaana: “[Nna Jehofa] ke tla tsogologela ntlo ya ga Jeroboame ka tšhaka.” Modimo o ne a boleletse pele  gore masetlapelo ano a ne a tla diragalela “ntlo” ya ga Jeroboame, ditlogolwana tsa gagwe. Mo godimo ga moo, Amasia o ne a bolela gore Amose o ne a rile: ‘Ruri Iseraele o tla ya botshwarwa.’ Mme gape Amose o ne a boleletse pele gore Baiseraele bape fela ba ba boelang kwa Modimong ba ne ba tla segofadiwa. Go bonala sentle gore Amasia o ne a sokamisa dilo a leka go dira gore tiro ya ga Amose ya go rera e thibelwe semolao.

18. Mekgwa e e neng e dirisiwa ke Amasia le e e dirisiwang ke baruti gompieno e tshwana ka ditsela dife?

18 A o lemogile kafa mekgwa e Amasia a neng a e dirisa e tshwanang ka gone le e e dirisiwang ke batho ba ba ganetsang batho ba ga Jehofa gompieno? Fela jaaka Amasia a ile a leka go didimatsa Amose, gompieno bangwe ba baruti, bobishopo le batho ba e leng ditlhogo tsa dikereke ba leka go thibela tiro ya go rera ya batlhanka ba ga Jehofa. Amasia o ile a latofatsa Amose ka maaka, a re o batla go menola puso. Gompieno, baruti bangwe le bone ba latofatsa Basupi ba ga Jehofa ka maaka, ba re ke batho ba ba kotsi mo setšhabeng. Mme fela jaaka Amasia a ile a batla gore kgosi e mo thuse go lwantsha Amose, baruti le bone gantsi ba batla thuso ya ditsala tsa bone tsa bopolotiki gore ba bogise Basupi ba ga Jehofa.

Baganetsi Ba ka Se Emise Tiro ya Rona ya go Rera

19, 20. Amose o ne a itshwara jang fa a ganediwa ke Amasia?

19 Amose o ne a itshwara jang fa Amasia a mo ganetsa? Sa ntlha, Amose o ne a botsa moperesiti yoo jaana: “A wa re: ‘O se ka wa porofeta kgatlhanong le Iseraele’?” Go tswa foo moporofeti yo o pelokgale wa Modimo o ne a bua one mafoko a Amasia a neng a sa a rate mme a a bua a sa okaoke. (Amose 7:16, 17) Amose o ne a sa tshosiwe ke sepe. Ruri o re tlhometse sekao se se molemo tota! Fa go tliwa mo kgannyeng ya go bua lefoko la Modimo, ga re ne re tlola molao wa Modimo wa rona, tota le mo dinageng tse Bo-Amasia ba gompieno ba tlhotlheletsang gore re bogisiwe setlhogo mo go tsone. Jaaka Amose, re nna re re: “Jehofa o buile jaana.” Mme baganetsi ga ba na go tsamaya ba emisa tiro ya rona ya go rera, ka gonne “seatla sa ga Jehofa” se na le rona.—Ditiro 11:19-21.

20 Amasia o ne a tshwanetse go ka bo a ile a itse gore matshosetsi a gagwe a ne a tlile go itaya sefololetse. Amose o ne a setse a tlhalositse gore ke eng fa go ne go se na motho ope mo lefatsheng yo o neng a ka mo thibela go bua—mme eno ke ntlha ya boraro e re ratang go e sekaseka. Go ya ka Amose 3:3-8, Amose o ne a dirisa motseletsele wa dipotso le ditshwantsho go bontsha gore sengwe le sengwe se direga ka lebaka. Go tswa foo, o ne a tlhalosa jaana: “Go na le tau e e kurutlileng! Ke mang yo o se kitlang a boifa? Morena Molaodimogolo Jehofa ka boene o buile! Ke mang yo o se kitlang a porofeta?” Ka mafoko a mangwe, Amose o ne a raya bareetsi ba gagwe a re: ‘Fela jaaka motho a boifa fa a utlwa tau e kurutla, le nna nka se kgaotse go bua lefoko la Modimo fa ke utlwa Jehofa a ntaela gore ke dire jalo.’ Selo se se neng se tlhotlheletsa Amose go bua ka bopelokgale ke gore o ne a boifa Jehofa kgotsa a mo tlotla tota.

21. Re tsibogela jang taelo ya Modimo ya gore re rere dikgang tse di molemo?

21 Le rona re utlwa taelo ya ga Jehofa ya gore re rere. Re tsibogela taelo eo jang? Fela jaaka Amose le balatedi ba ga Jesu ba bogologolo, ka thuso ya ga Jehofa re bua lefoko la gagwe ka bopelokgale. (Ditiro 4:23-31) Ga go na sepe se se ka re didimatsang, le fa e ka tswa e le pogiso e e tlhotlhelediwang ke baganetsi ba rona kgotsa boikutlo jwa go tsaya dilo motlhofo jo bo bontshiwang ke batho ba re ba rerelang. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tlhotlheletsega go tswelela pele ba rera dikgang tse di molemo ka bopelokgale, ba bontsha gore ba tlhagafetse fela jaaka Amose. Re na le boikarabelo jwa go tlhagisa batho ka katlholo ya ga Jehofa e e tlang. Katlholo eo e akaretsa eng? Potso eo e tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.

O ne O ka Araba Jang?

• Amose o ne a diragatsa thomo e a neng a e neilwe ke Modimo mo maemong afe?

• Fela jaaka Amose, re tshwanetse go rera ka eng?

• Re tshwanetse go dira tiro ya rona ya go rera re na le boikutlo bofe?

• Ke ka ntlha yang fa baganetsi ba sa kgone go emisa tiro ya rona ya go rera?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Modimo o ne a tlhopha Amose, mmaakanyi wa difeige, gore a dire tiro e a neng a mo roma go e dira

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Fela jaaka Amose, a o bolela molaetsa wa ga Jehofa ka bopelokgale?