Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ne Rra Dira Tshwetso ya go Tshegetsa Bolaodi Jwa Modimo re Nitame

Re ne Rra Dira Tshwetso ya go Tshegetsa Bolaodi Jwa Modimo re Nitame

 Kgang ya Botshelo

Re ne Ra Dira Tshwetso ya go Tshegetsa Bolaodi Jwa Modimo re Nitame

JAAKA GO BOLETSE MICHAL ŽOBRÁK

Fa ke sena go fetsa kgwedi ke tswaletswe ke le nosi mo kgolegelong, ke ne ka gogagogelwa fa pele ga motho yo o neng a nthamathamisa ka dipotso. Go ise go ye kae, sefatlhego sa gagwe se ne sa nna sehibidu mme a goa a re: “Ditlhodi ke lona! Ditlhodi tsa Maamerika!” Ke eng se se neng se mo galefisitse thata jaana? O ne a sa tswa go mpotsa gore ke mo bodumeding bofe, mme ke ne ka mo araba ka re: “Ke Mosupi wa ga Jehofa.”

TIRAGALO eno e diregile dingwaga di feta masome a le matlhano tse di fetileng. Ka nako eo, naga ya gaetsho e ne e le kafa tlase ga puso ya Bokomonise. Le fa go ntse jalo, nako e telele pele ga foo, re ne re setse re kile ra ganediwa thata mo tirong ya rona ya Bokeresete ya go ruta.

Re Utlwa Ditlamorago Tse di Botlhoko Tsa Ntwa

Fa Ntwa ya Lefatshe I e simolola ka 1914, ke ne ke na le dingwaga di le robedi. Ka nako eo, motse wa gaetsho wa Zálužice, o ne o busiwa ke Mmusomogolo wa Austria le Hungary. Ga se fela gore ntwa eno e ne ya tlhakatlhakanya lefatshe mme gape e ne ya dira gore ke tshwanelwe ke go sikara maikarabelo a batho ba ba godileng ke sa le monnye. Rre e ne e le lesole mme o ne a tlhokafala mo ngwageng wa ntlha wa ntwa eno. Nna, mmè le bokgaitsadiake ba babedi re ne ra sala re le mo lehumeng le legolo. E re ka e ne e le nna ngwana wa mosimane yo mogolo mo lelapeng, ka bonako fela ke fa ke setse ke rwele boikarabelo jo bontsi mo polaseng ya rona e potlana le mo lelapeng. Ke ne ke rata bodumedi go tloga fela fa ke sa le monnye. Moruti wa Kereke ya rona ya Reformed (Ba-Calvin) o ne a bo a nkopa gore ke mo thuse go ruta baithuti mmogo le nna fa ene a seyo.

Ka 1918 Ntwa e Kgolo e ne ya khutla, mme re ne ra itumela thata. Mmusomogolo wa Austria le Hungary o ne wa phutlhamisiwa, mme re ne ra nna baagi ba Repaboliki ya Czechoslovakia. Ka bonako fela morago ga moo, batho ba le bantsi ba mo lefelong la rona ba ba neng ba fudugetse kwa United States  ba ne ba tla gae. Mongwe wa bone e ne e le Michal Petrík, yo o neng a goroga mo motseng wa rona ka 1922. Fa a ne a etetse lelapa lengwe le le gaufi le rona, nna le mmè re ne ra lalediwa go nna gone.

Bolaodi Jwa Modimo e Nna Jwa Mmatota mo go Rona

Michal e ne e le Moithuti wa Baebele, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, mme o ne a bua ka dikgang tse di botlhokwa tsa Baebele tse di neng tsa nkgatlha. Selo se segolo mo go tsone e ne e le go tla ga Bogosi jwa ga Jehofa. (Daniele 2:44) Fa a sena go re bolelela gore go tla nna le pokano ya Bokeresete mo motseng wa Záhor ka Sontaga o o latelang, ke ne ka ikemisetsa go nna gone. Ke ne ka tsoga ka 4:00 a.m. mme ka tsamaya sekgala sa dikilometara di le 8 ka maoto go ya go adima baesekele kwa ga ntsalake. Fa ke sena go baakanya thaere ya yone e e neng e fedile mowa, ke ne ka tsamaya gape dikilometara di le 24 go ya kwa Záhor. Ke ne ke sa itse gore pokano eno e ne e tla tshwarelwa kae, ka jalo ke ne ka tsamaya ka iketlo mo go mongwe wa mebila. Mme morago ga moo, ke ne ka utlwa pina ya Bogosi e opelwa mo ntlong nngwe. Pelo ya me e ne ya tlola ka boitumelo. Ke ne ka tsena mo ntlong eno mme ka tlhalosa lebaka la go bo ke le foo. Lelapa leno le ne la nkopa go ja sefitlholo le lone, mme morago ga moo ba ne ba ya le nna kwa dipokanong. Le fa gone ke ile ka tshwanelwa ke go kgweetsa baesekele le go tsamaya ka maoto dikilometara di le 32 fa ke ne ke boela gae, ke ne ke sa lapa le eseng.—Isaia 40:31.

Ke ne ke gakgamaletse kafa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tlhalosa Baebele ka tsela e e utlwalang ka gone. Ke ne ka angwa thata ke kgang ya go itse gore nka kgona go nna le botshelo jo bo kgotsofatsang mo pusong ya Modimo. (Pesalema 104:28) Nna le mmè re ne ra kwala makwalo a gore re tlogela kereke. Seno se ne sa galefisa ba le bantsi mo motseng wa rona. Batho bangwe ba ne ba sa re buise ka nakwana, mme gone re ne re na le kamano e e molemo le Basupi ba le bantsi mo lefelong la rona. (Mathaio 5:11, 12) Nakwana fela morago ga moo, ke ne ka kolobediwa mo Nokeng ya Uh.

Bodiredi e Nna Tsela ya Rona ya Botshelo

Re ne ra dirisa tshono nngwe le nngwe go rera ka Bogosi jwa ga Jehofa. (Mathaio 24:14) Re ne re tlhomile mogopolo thata mo letsholong le le rulagantsweng sentle la go rera ka Bosontaga. Batho ba ne ba tsoga mo mosong thata ka nako eo, ka gone re ne re kgona go simolola go rera go sa le mo mosong thata. Moragonyana mo letsatsing leo, go ne go nna le pokano ya phatlalatsa. Gantsi barutisi ba Baebele ba ne ba baya dipuo ba se na aotlelaene. Ba ne ba akanyetsa fela palo ya batho ba ba kgatlhegang ba ba leng gone, bodumedi jwa bone le dilo tse ba neng ba amegile thata ka tsone.

Dithuto tsa Baebele tse re neng re di rera di ne tsa bula matlho a batho ba le bantsi ba dipelo tse di ikanyegang. Ka bonako fela fa ke sena go kolobediwa, ke ne ka rera mo motseng wa Trhovište. Mo ntlong nngwe, ke ne ka bua le mosadi mongwe yo o botsalano, Mohumagadi Zuzana Moskal. Ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba tsena kereke e ke neng ke e tsena pele ya Ba-Calvin. Le fa gone a ne a tlwaelane thata le Baebele, o ne a na le dipotso tse dintsi tsa Baebele tse a neng a se na dikarabo tsa tsone. Re ne ra fetsa ura re tlotla, mme ke ne ka mo tsamaisetsa buka ya The Harp of God. *

Ka bonako fela ba lelapa la ga Moskal ba ne ba simolola go bala buka eno ya Harp mo thutong ya bone ya ka metlha ya Baebele. Malapa a mangwe gape mo motseng a ne a bontsha kgatlhego mme a simolola go nna gone mo dipokanong tsa rona. Moruti wa bone wa kereke ya Calvin o ne a re tlhagisa ka bogale e bile a le kgatlhanong le dikgatiso tsa rona. Morago ga moo, bangwe ba batho ba ba neng ba kgatlhega ba ne ba kopa moruti gore a tle mo dipokanong tsa rona mme a tle go leka go re bontsha gore dithuto tsa rona ga di boammaaruri.

Moruti o ne a tla, mme o ne a palelwa ke go tshegetsa le fa e le nngwe fela ya dithuto tsa gagwe ka Baebele. O ne a ipata ka go re: “Re ka se dumele sengwe le sengwe se se mo Baebeleng. E kwadilwe ke batho, mme dipotso tsa bodumedi di ka tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng.” Seno se ne sa dira gore batho ba le bantsi ba tlhanogele kereke. Bangwe ba ne ba bolelela moruti gore fa e le gore ga a dumele Baebele, ba ka se tlhole ba tla go reetsa dithero tsa gagwe. Ka gone, ba ne ba kgaogana le Kereke ya Ba-Calvin, mme batho ba le 30 go tswa mo motseng oo ba ne ba emela dithuto tsa Baebele ba nitame.

Go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi e ne ya  nna tsela ya rona ya botshelo, mme ka nako ya fa ke ne ke batla molekane ke ne ka mmatla go tswa mo lelapeng le le nonofileng semoyeng. Mongwe wa badirimmogo le nna mo bodireding e ne e le Ján Petruška, yo o neng a ithutile boammaaruri kwa United States. Morwadie e bong Mária, o ne a nkgatlha ka go bo a ne a iketleeditse go rerela mongwe le mongwe, fela jaaka rraagwe. Re ne ra nyalana ka 1936, mme Mária o ne a nna molekane wa me yo o ikanyegang ka dingwaga di le 50, go fitlha a tlhokafala ka 1986. Morwaarona yo o esi e bong Eduard o ne a tsholwa ka 1938. Mme ka nako eo, ntwa e nngwe e ne e le gaufi le go tlhagoga kwa Yuropa. E ne e tla ama jang tiro ya rona ya go rera?

Boitlhaodi Jwa Rona Jwa Bokeresete bo a Lekwa

Fa Ntwa ya Lefatshe II e simolola, Slovakia, e e neng ya nna naga e e ikemetseng ka nosi, e ne e le kafa tlase ga Banasi. Mme gone, ga go kgato epe e puso e neng ya e tsaya kgatlhanong le mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa. Gone ke boammaaruri gore re ne re tshwanetse go dira tiro ya rona mo sephiring, mme dikgatiso tsa rona di ne di tlhatlhobiwa ka kelotlhoko ke badiredipuso. Le fa go ntse jalo, re ne ra tswelela ka ditiro tsa rona ka botlhale.—Mathaio 10:16.

Fa ntwa e ntse e nna maswe le go feta, ke ne ka kwadisediwa bosole, le fa gone ke ne ke na le dingwaga di feta 35. Ke ne ka gana go ya ntweng ka ntlha ya boitlhaodi jwa me jwa Bokeresete. (Isaia 2:2-4) Se se itumedisang ke gore, pele ga balaodi ba dira tshwetso ya gore ba dire eng ka nna, botlhe ba ba neng ba na le dingwaga tse di lekanang le tsa me ba ne ba gololwa.

Re ne ra kgona go lemoga gore go ne go le thata gore bakaulengwe ba rona ba kwa metsesetoropong ba itlamele ka dilo tse ba di tlhokang fa re ba bapisa le rona ba ba neng ba nna kwa metseselegaeng. Re ne re batla go abalana le bone dilo tse re neng re na le tsone. (2 Bakorintha 8:14) Ka gone, re ne re tsaya dijo di le dintsi ka mo re neng re ka kgona ka teng re bo re tsamaya sekgala sa dikilometara di le 500 go ralala naga go ya kwa Bratislava. Botsalano jwa Bokeresete le lorato tse re neng ra nna le tsone mo dingwageng tsa ntwa di ne tsa re nonotsha gore re kgone go emelana le dingwaga tse di thata tse di neng di sa ntse di larile kwa pele.

Go Amogela Kgothatso E re E Tlhokang

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Slovakia e ne ya boa ya nna karolo ya Czechoslovakia gape. Go tloga ka 1946 go ya go 1948, go ne ga tshwarwa dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa mo nageng yotlhe e ka tswa e le kwa Brno kgotsa kwa Prague. Rona ba re tswang kwa botlhaba jwa Slovakia re ne ra tsaya mosepele ka diterena tse di kgethegileng tse di neng di rulaganyeditswe batho ba ba yang kopanong. O ka nna wa bitsa diterena tseno o re ke diterena tse di opelang, e re ka re ne re opela tsela yotlhe.—Ditiro 16:25.

Ke gakologelwa segolobogolo kopano ya 1947 kwa Brno, koo balebedi ba le bararo ba Bakeresete ba ba tswang kwa ntlongkgolo ya lefatshe lotlhe, go akaretsa le Mokaulengwe Nathan H. Knorr ba neng  ba le gone. Gore re itsise puo ya phatlalatsa, bontsi jwa rona bo ne jwa tsamaya bo tshotse dipolakate mo toropong tse di neng di itsise setlhogo sa puo. Morwaarona e bong Eduard, yo a neng a na le dingwaga di le robongwe ka nako eo, o ne a sa itumela gotlhelele ka gonne a ne a sa fiwa polakate. Ka ntlha ya seo bakaulengwe ba ne ba direla ene le bana ba bangwe ba le bantsi dipolakate tse dinnye. Setlhopha seno sa bana se ne sa dira tiro e kgolo ya go itsise puo eno!

Ka February 1948 Bakomonise ba ne ba simolola go busa. Re ne re itse gore go ise go ye kae puso e ne e tlile go feleletsa e thibetse tiro ya rona. Go ne ga nna le kopano kwa Prague ka September 1948, mme re ne ra utlwa botlhoko thata e re ka re ne re itse gore re ne re tlile go thibelwa go nna le dikokoano tsa rona tsa phatlalatsa, morago ga gore re gololesege go tshwara dikopano ka lobaka lwa dingwaga di le tharo fela. Pele ga re phatlalala mo kopanong eno re ne ra amogela maitlamo a karolo nngwe ya one e neng e re: “Rona Basupi ba ga Jehofa ba re kopaneng mmogo fano . . . , re ikemiseditse go oketsa bodiredi jono jwa rona jo bo itumedisang, mme ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena, re tswelele pele re dira jalo ka paka e e dumelang le mo dinakong tsa teko, le go bolela efangele ya bogosi jwa Modimo ka tlhagafalo e kgolo go gaisa le e leng pele.”

“Baba ba Puso”

Dikgwedi di le pedi fela morago ga kopano ya kwa Prague, mapodise a sephiri a ne a tlhasela legae la Bethele le le gaufi le Prague. Ba ne ba gapa dikago tsa rona, dikgatiso dipe fela tse ba neng ba di bona mme ba tshwara badiredi ba kwa Bethele botlhe le bakaulengwe ba bangwe. Mme seno e ne e sa le dinyana fela, dikgolo di ne di tla.

Mo bosigong jwa February 3 go ya go 4, 1952, masole a tshireletso a ne a ralala naga mme a tshwara Basupi ba feta 100. Le nna ke ne ke le mo palong. Mo e ka nnang ka ura ya boraro mo mosong, mapodise a ne a re tsosa rotlhe mo lelapeng. Ba ne ba nkopa gore ke tsamaye le bone kwantle ga go ntlhalosetsa sepe. Ke ne ka bofiwa ka dikeetane le go bipiwa matlho gore ke se ka ka bona mme ke ne ka latlhelwa kafa morago mo loring le batho ba bangwe ba le mmalwa. Ke ne ka feleletsa ke latlhetswe mo kgolegelong ke le nosi.

Go ne ga feta kgwedi yotlhe go se na ope yo o buang le nna. Motho a le mongwe fela yo ke neng ke mmona e ne e le modisa yo o neng a tle a ntsenyetse dijonyana ka phatlhanyana e e mo setswalong. Morago ga moo, ke ne ka bidiwa ke motho yo o neng a nthamathamisa ka dipotso yo o umakilweng kwa tshimologong. Fa a sena go mpitsa setlhodi, o ne a tswelela a re: “Bodumedi ke selo sa dimatla. Ga go na Modimo! Ga re ka ke ra lo letla gore lo fetole batho ba rona ba ba berekang dieleele. Dilo di pedi fela, wa kgwagediwa kgotsa o tla swela teng mo kgolegelong. Mme fa Modimo wa gago a ka tla fano, le ene re tlile go mmolaya!”

E re ka balaodi ba ne ba itse gore go ne go se na molao o o beilweng o o neng o thibela tiro ya rona ya Bokeresete, ba ne ba batla go fetola tsela e ba tlhalosang tiro ya rona ka yone ka go re bitsa “baba ba Puso” le ditlhodi tse di tswang dinageng di sele. Gore ba dire jalo, ba ne ba batla go re kgoba marapo le go dira gore re “dumalane” le ditatofatso tsa maaka tse ba re pegang tsone. Fa ke sena go botsolodiwa mo bosigong joo, ke ne ka se ka ka letlwa go robala. Mo lobakeng lwa diura di se kae, ke ne ka botsolodiwa gape. Mo nakong eno, motho yo o neng a nthamathamisa ka dipotso o ne a batla gore ke saene lekwalo le le neng le balega jaana: “Nna, mmaba wa People’s Democratic Czechoslovakia ke ne ke se mo setlhopheng sa [batho ba ba mo polaseng] ka gonne ke ne ke emetse Maamerika.” Fa ke gana go saena maaka a a ntseng jalo, ke ne ka romelwa kwa seleng e batho ba otlhaiwang mo go yone.

Ke ne ka ilediwa go robala, go rapama fa fatshe tota le eleng go nna fa fatshe. Se ke  neng nka se dira fela e ne e le go ema ka maoto kgotsa go tsamayatsamaya. Fa ke setse ke lapile, ke ne ka robala fa fatshe mo bodilong jwa semente. Fa ke dira jalo badisa ba ne ba ntsaya ba nkisa gape kwa mothong yo o neng a nthamathamisa ka dipotso. Motho yo o neng a nthamathamisa ka dipotso o ne a re: “A jaanong o tla saena?” Fa ke ne ke gana gape, o ne a ntitaya mo sefatlhegong. Ke ne ka simolola go dutla madi. Morago ga moo o ne a goelela badisa a re: “O batla go ipolaya. Nnang lo mo disitse gore a se ka a ipolaya!” Ke ne ka romelwa gape kwa seleng ke le nosi. Ba ne ba nna ba nthamathamisa jalo ka dipotso di le dintsi ka lobaka lwa dikgwedi di le thataro. Matsapa le maiteko ape fela a ba neng ba a dirisa go mpateletsa gore ke dumele gore ke mmaba wa Puso ga a ka a dira gore ke kgaotse go ikemisetsa ga me gore ke tla ikanyega mo go Jehofa.

Kgwedi pele ga ke ya go sekisiwa, moatlhodi o ne a tla go tswa kwa Prague mme a botsolotsa mongwe le mongwe mo setlhopheng sa rona sa bakaulengwe ba le 12. O ne a mpotsa jaana: “O tlile go dirang fa dinaga tsa kwa Bophirima di ne di ka tlhasela naga ya rona?” “Se ke neng ka se dira fa naga eno mmogo le Hitler di ne di tlhasela USSR. Ga ke a ka ka lwa ka nako eo, mme ga ke na go lwa le gone jaanong ka gonne ke Mokeresete mme e bile ga ke tseye letlhakore.” Morago ga moo o ne a nthaya a re: “Re ka se kgone go itshokela Basupi ba ga Jehofa. Re tlhoka masole fa go ka direga gore dinaga tsa kwa Bophirima di re tlhasele, mme re tlhoka masole a a tla gololang batho ba rona ba ba berekang kwa Bophirima.”

Ka July 24, 1953, re ne ra isiwa kgotlatshekelong. Rotlhe re le 12, re ne ra bilediwa fa pele ga setlhopha sa baatlhodi ka bongwe ka bongwe. Re ne ra dirisa tshono eno go neela bosupi ka tumelo ya rona. Fa re sena go ikemela kgatlhanong le ditatofatso tsa maaka tse re neng re latofadiwa ka tsone, moatlhodi yo mogolo o ne a ema mme a re: “Ke ile ka nna gone mo kgotlatshekelong eno ka makgetlo a le mantsi. Gantsi batho ba le bantsi ba a ipobola, ba a ikwatlhaya tota le eleng go lela. Mme banna bano bone ba tlile go tswa fano ba nonofile go gaisa fa ba ne ba tsena.” Moragonyana, rotlhe re le 12 re ne ra bonwa molato wa go logela Puso maano a a bosula. Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le tharo mo kgolegelong le go tseelwa dithoto tsotlhe tsa me di newa Puso.

Ga ke A ka Ka Tlogela le mo Botsofeng Jwa Me

Fa ke sena go boela gae, ke ne ke sa ntse ke beilwe leitlho ke mapodise a sephiri. Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola ditiro tsa me tsa puso ya Modimo mme ke ne ka newa maikarabelo a go nna molebedi mo phuthegong ya rona. Le fa gone re ne re letleletswe go nna mo ntlong ya rona e e neng e gapilwe ke puso, re ne ra e busediwa semolao dingwaga di le 40 moragonyana, fa puso ya Bokomonise e sena go phutlhama.

Ga se nna fela mo lelapeng la me yo o neng a isiwa kgolegelong. Morago ga dingwaga di le tharo fela ke le mo gae, Eduard o ne a kwadisediwa tirelo ya sesole. Ka ntlha ya segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele, o ne a gana go nna lesole mme o ne a latlhelwa mo kgolegelong. Dingwaga moragonyana, setlogolwana sa me e bong Peter, le ene o ne a diragalelwa ke se se tshwanang le fa e ne e le motho yo o sekoa.

Ka 1989 puso ya Bokomonise kwa Czechoslovakia e ne ya phutlhama. A bo ke ne ka itumela jang ne fa ke ne ke kgona go rera ka ntlo le ntlo ke gololesegile, morago ga go thibelwa ka dingwaga di le masome a le manè! (Ditiro 20:20) Ke ne ke itumelela mofuta ono wa tirelo fa fela maemo a me a botsogo a ne a ntetla. E re ka jaanong ke na le dingwaga di le 98, ga ke tlhole ke na le botsogo jo bo siameng jaaka pele, mme gone ke itumelela gore ke sa ntse nka rerela batho ka ditsholofetso tsa ga Jehofa tse di itumedisang tsa mo isagweng.

Toropo ya gaetsho e ile ya busiwa ke balaodi ba le 12 ba dinaga di le tlhano. Ba ne ba akaretsa babusaesi, boporesidente le kgosi e le nngwe. Ga go ope wa bone yo o neng a tla ka tharabololo e e nnetseng ruri ya pogo e e neng e tlhasetse batho ba ba neng ba ba busa. (Pesalema 146:3, 4) Ke leboga Jehofa go bo a ile a dira gore ke mo itse fa ke ne ke sa le monnye. Ka gone, ke ile ka kgona go lemoga tharabololo ya gagwe ka Bogosi jwa ga Mesia le go tila go tshela botshelo jo bo se nang bokao ka ntlha ya go se direle Modimo. Ke rerile dikgang tse di molemolemo ka matlhagatlhaga ka dingwaga di feta 75, mme seno se dirile gore ke nne le boikaelelo mo botshelong, kgotsofalo le tsholofelo e e itumedisang ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Tota ke tla re ke batlang gape? *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 14 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

^ ser. 38 Ka maswabi, Mokaulengwe Michal Žobrák o ne a nna bokoa thata. O ne a tlhokafala a ikanyega, a na le tsholofelo e e nonofileng ya tsogo, ka nako ya fa setlhogo seno se ne se rulaganyediwa go gatisiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Moragonyana fela ga lenyalo la rona

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le Eduard mo masimologong a dingwaga tsa bo1940

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Re itsise kopano kwa Brno, 1947