Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Solegelwa Molemo ke go Batla Dilo Tsa Semoya

Solegelwa Molemo ke go Batla Dilo Tsa Semoya

 Solegelwa Molemo ke go Batla Dilo Tsa Semoya

“Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno.”—Moreri 5:10.

GO BEREKA ka tsela e e feteletseng go ka dira gore motho a gatelelwe mo maikutlong, mme go gatelelwa mo maikutlong go ka baka mathata a botsogo, a ka dinako tse dingwe a ka felelang ka loso. Mo dinageng tse dintsi, malapa a kgaoganngwa ke tlhalo. Go tshwenyega thata ka dithoto ke gone mo gantsi go bakang matlhotlhapelo a a ntseng jalo. Go na le gore motho yo o ratang go kokoanya dithoto a itumelele se a nang le sone, o ka iphitlhela a nnela go batla dithoto tse di oketsegileng go sa kgathalesege gore seo se mo ama jang. Buka nngwe e e nayang batho dikgakololo ya re: “Go rata go gaisana le batho ba bangwe ke selo se se tlwaelegileng thata, le fa motho yoo yo go gaisanwang le ene a bereketse ruri e bile a le gaufi le go ema pelo a sa ntse a le mmotlana.”

Fa motho a batla dilo tse dintsi a sa kgotsofale, a ka se nne le boitumelo jo a ka bong a na le jone. E re ka re na le bothata joo jwa go se kgotsofale, gantsi re tlhotlhelediwa ke sengwe se se maatla—papatso! Dithulaganyo tsa thelebishene di tletse ka dipapatso tse di go kgothaletsang gore o reke dilo tse gongwe o sa di tlhokeng le tse o ka  tswang o ka se kgone go di duelela. Seno sotlhe se ka felela ka mathata a magolo.

Go ikgotsofatsa ka tsela e e feteletseng go ka re ama ka tsela e e sa lemotshegeng, mme e le kotsi mo mmeleng le mo boitsholong. Ka sekai Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama.” (Diane 14:30) Mme go bereka ka tsela e e feteletseng, tlhobaelo le kgatelelo e e nnang teng ka ntlha ya go kokoanya dikhumo, go ka koafatsa botsogo jwa rona mme ga re tlhokisa boitumelo. Le dikamano tse re nang le tsone le batho di a senyega fa botshelo jwa rona bo laolwa ke go rata dikhumo. Mme fa motho a sa tlhole a na le dikamano tse di siameng le ba lelapa le ditsala, seno se ama le botshelo jwa gagwe ka kakaretso.

Botlhokwa Jwa Dilo Tsa Semoya

Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana makgolokgolo a dingwaga a a fetileng: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.” (Baroma 12:2) Lefatshe le rata batho ba ba latelang mekgwa ya lone. (Johane 15:19) Le leka go re gogela ka dilo tse re kgonang go di tshwara, go di latswa, go di dupa le go di utlwa—gore re latelele botshelo jwa go rata dikhumo. Le gatelela thata “keletso ya matlho” gore wena le ba bangwe lo latelele dikhumo.—1 Johane 2:15-17.

Mme go na le dilo tse di leng botlhokwa go feta madi, go tuma, le khumo. Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, Kgosi Solomone o ne a kokoanya dikhumo tsotlhe tsa lefatshe. O ne a aga matlo mme a dira ditshingwana, ditshingwana tsa maungo, a nna le batlhanka, diphologolo, baopedi ba banna le ba basadi mmogo le gouta e ntsi le selefera. Solomone o ne a ikokoanyetsa dithoto tse dintsi go feta batho botlhe ba ba tlileng pele ga gagwe. Ke gore e ne e le mohumi yo o seng kana ka sepe. O ne a na le sengwe le sengwe se se rategang. Mme le fa go ntse jalo, e ne ya re a leba dilo tsotlhe tse a di fitlheletseng a re: “Sengwe le sengwe e ne e le lefela le go kgaratlhela phefo.”—Moreri 2:1-11.

Ka botlhale jwa maemo a a kwa godimo jo Solomone a neng a na le jone, o ne a itse gore kgotsofalo e e feletseng e tlisiwa ke go batla dilo tsa semoya. O ne a kwala jaana: “Bokhutlo jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13.

Letlotlo le le fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Baebele, ke la botlhokwa go feta gouta le selefera. (Diane 16:16) Jaaka maje a a tlhokegang, e na le dithuto tsa botlhokwa tsa boammaaruri tse o ka di epololang. A o tla di batla le go di epa? (Diane 2:1-6) Mmopi wa rona, Motswedi wa dilo tse tota e leng tsa botlhokwa, o go kopa gore o dire jalo mme o tla go thusa. Jang?

Jehofa o re naya boammaaruri jo bo tlhwatlhwakgolo ka Lefoko la gagwe, moya wa gagwe le phuthego ya gagwe. (Pesalema 1:1-3; Isaia 48: 17, 18; Mathaio 24:45-47; 1 Bakorintha 2:10) Fa o sekaseka dithuto tseno tsa botlhokwa thata o tla nna le sebaka sa go tlhopha ka botlhale tsela e e molemolemo le e e kgotsofatsang ya botshelo. Mme seo ga se na go nna thata go se dira ka gonne Jehofa, Mmopi wa rona, o itse se re se tlhokang gore re itumele tota.

Baebele e Kgothaletsa Ditekanyetso Tsa Maemo a a Kwa Godimo

Kgakololo e e molemo e e mo Baebeleng e mosola e bile ga go na e e ka bapisiwang le yone. Melao ya boitsholo e Baebele e e buelelang ga e gaisiwe ke epe. Ka metlha kgakololo ya yone e solegela molemo. Ga e felelwe ke nako. Dikai tsa kgakololo e e molemo ya Baebele ke go dira ka natla, go ikanyega, go dirisa madi ka botlhale le go tila botshwakga.—Diane 6:6-8; 20:23; 31:16.

Go dumalana le seo, Jesu o ne a re: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng, mo motoutwane le ruse di jang gone, le mo magodu a thubang gone a ba a utswa. Go na le moo, ipolokeleng matlotlo kwa legodimong, kwa motoutwane le fa e le ruse di sa jeng gone, le kwa magodu a sa thubeng gone a ba a utswa.”—Mathaio 6:19, 20.

Kgakololo eo e e mo nakong e a dira gompieno fela jaaka e ne e dira dingwaga tse 2 000 tse di fetileng. Go na le gore re tshwarege ka go batla khumo ya dithoto, re ka solegelwa molemo gone jaanong ke go tlhopha tsela ya maemo a a kwa godimo ya botshelo. Re ka kgona go dira jalo ka go ipolokela matlotlo a semoya, a a tla dirang gore re tshele re itumetse tota e bile re kgotsofetse. Re ka dira seo jang? Ka go bala Lefoko la Modimo, Baebele, le ka go dirisa se e se rutang.

Dilo Tsa Semoya di Solegela Molemo Tota

Fa dithuto tsa semoya di dirisiwa sentle, di ka re solegela molemo mo mmeleng, mo maikutlong le semoyeng. Fela jaaka boalo jwa ozone kwa godimo ga lefatshe bo re sireletsa gore re se ka ra amiwa ke marang a a kotsi a letsatsi, melaometheo e e molemo ya boitsholo e thusa go re sireletsa ka go senola diphelelo tse di kotsi tsa go rata dikhumo. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwala jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

Go rata dikhumo go raela batho gore ba batle khumo e ntsi, maemo, le go nna le maatla. Gantsi go dirisiwa mekgwa ya boferefere le e e sa ikanyegeng gore go fitlhelelwe dilo tseno. Go latelela dikhumo go ka dira gore motho a senyegelwe ke nako, maatla le bokgoni. O ka nna a ba a tlhorega boroko. (Moreri 5:12) Go batla dithoto tse dintsi go kgoreletsa kgatelopele ya motho ya semoya. Monna yo mogolo go feta botlhe ba ba kileng ba tshela, Jesu Keresete, o ne a tlhalosa tsela e e botoka: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) O ne a itse gore dikhumo tsa semoya di ka naya motho tuelo e e nnelang ruri e bile di botlhokwa thata go feta dikhumo tsa nakwana.—Luke 12:13-31.

 A Ruri Go na Le Mosola?

Greg a re: “Batsadi ba me ba ne ba leka ka thata go mpontsha gore dilo tsa semoya ga di na mosola. Le fa go ntse jalo, ke na le kagiso e kgolo ya mogopolo fa ke batla dilo tsa semoya ka gonne ga ke na kgatelelo e e bakwang ke go gaisana ka ntlha ya dikhumo.”

Dilo tsa semoya gape di dira gore o nne le dikamano tse di botoka le batho ba bangwe. Ditsala tsa mmatota di go ratela se o leng sone, e seng se o nang le sone. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.” (Diane 13:20) Gape, lelapa le le atlegileng le agiwa ka botlhale le ka lorato, e seng ka dithoto.—Baefeso 5:22–6:4.

Ga re tsholwe re itse melaometheo e e re thusang go lemoga se tota se leng botlhokwa. Re tshwanetse go e ithuta mo dithakeng tsa rona kgotsa mo motsweding wa maemo a a kwa godimo. Ke gone ka moo thuto e e theilweng mo Baebeleng e ka kgonang go fetola gotlhelele tsela e re akanyang ka yone malebana le dithoto. Don, yo pele a neng a bereka mo bankeng, a re: “Ke ne ka thusiwa go akanyetsa bosha dilo tse ke di tsayang di le botlhokwa.”

Batla Dikhumo Tse di Nnelang Ruri Tsa Semoya

Go batla dilo tsa semoya go na le maduo a a nnelang ruri, ga se go ikgotsofatsa ga nakwana fela. Paulo o ne a kwala jaana: “Dilo tse di bonwang [dithoto] ke tsa nakwana, mme dilo tse di sa bonweng [tsa semoya] ke tse di sa khutleng.” (2 Bakorintha 4:18) Ke boammaaruri gore go latelela dikhumo go ka kgotsofatsa dikeletso tsa nakwana, mme go nna pelotshetlha go ka se solegele motho molemo ka lobaka lo loleele. Dilo tsa semoya di nnela ruri.—Diane 11:4; 1 Bakorintha 6:9, 10.

Baebele e kgala mokgwa o o anameng thata gompieno wa go rata dikhumo. E re ruta kafa re  ka thibelang bopelotshetlha ka teng ka go nna le leitlho le le sa raraanang, re tlhomile mogopolo mo dilong tsa botlhokwa thata, e leng dikhumo tsa semoya. (Bafilipi 1:10) E senola se bopelotshetlha e leng sone—go ikobamela. Fa re dirisa se re se ithutang mo Lefokong la Modimo, re nna batho ba ba itumetseng thata. Re simolola go akanya thata ka go aba go na le go amogela. Eno ke kgothatso e e molemo thata ya go batla dilo tsa semoya go na le go ikgotsofatsa!

Ke boammaaruri gore madi a ka nna tshireletso, ka selekanyo se se rileng. (Moreri 7:12) Mme Baebele e baya dilo jaaka di ntse fa e re: “Madi a gago a ka fela ka ponyo ya leitlho, jaaka e kete a tlhogile diphuka mme a bo a fofa jaaka ntsu.” (Diane 23:5, Today’s English Version) Batho ba latlhegetswe ke dilo tsa botlhokwa tota gore ba nne le dithoto—ba latlhegetswe ke botsogo jo bo molemo, malapa, le e leng segakolodi se se siameng—mme seo se nnile le diphelelo tse di botlhoko. Gape, go rata dilo tsa semoya go dira gore re bone dilo tsa botlhokwa tse re di tlhokang—go ratiwa, go nna le se re se tshelelang, go obamela Modimo yo o lorato, Jehofa. Gape go re bontsha tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng re itekanetse mo lefatsheng la paradaise—tsholofelo e Modimo a e re nayang.

Go ise go ye kae, tsholofelo e batho ba nang le yone ya go atlega mo botshelong e tla diragadiwa ka botlalo mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Pesalema 145:16) Ka nako eo lefatshe lotlhe le tla bo le ‘tletse kitso ya ga Jehofa.’ (Isaia 11:9) Dilo tsa semoya di tla atlega. Go rata dikhumo le diphelelo tsa gone tse di botlhoko di tla bo di tlositswe gotlhelele. (2 Petere 3:13) Mme dilo tse di kgotsofatsang thata mo botshelong—botsogo jo bontle, tiro e e kgotsofatsang, boitlosobodutu jo bo siameng, go dirisana ka lorato le ba lelapa, botsalano jo bo nnelang ruri le Modimo—di tla dira gore batho ba bone boitumelo jwa mmatota ka bosakhutleng.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Dirisa Madi a Gago ka Botlhale!

Lemoga dilo tse o di tlhokang. Jesu o ne a re ruta go rapela jaana: “Re neye senkgwe sa rona sa letsatsi go ya ka se re se tlhokang mo letsatsing leo.” (Luke 11:3) O se ka wa tsaya dilo tse o di batlang e le dilo tse o di tlhokang. Gakologelwa gore botshelo jwa gago ga bo a ikaega ka dilo tse o nang le tsone.—Luke 12:16-21.

Rulaganya kafa o dirisang madi a gago ka gone. O se ka wa itlwaetsa go reka fela o sa rulaganya. Baebele ya re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Diane 21:5) Jesu o ne a gakolola bareetsi ba gagwe gore ba bale ditshenyegelo pele ga ba simolola tiro nngwe e e batlang madi.—Luke 14:28-30.

Se tsene mo dikolotong go sa tlhokege. Fa go kgonegang teng, baya madi gore o tle o duelele dilo tse o di rekang go na le go reka ka sekoloto. Seane sa re: “Moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang.” (Diane 22:7) Fa o ikgalema mme o latela tsela e o rulagantseng gore o tla dirisa madi a gago ka yone, o ka kgona le go rulaganyetsa go reka dilo tsa madi a a kwa godimo.

Tlogela tshenyo. Dira gore dilo tse o setseng o na le tsone di nne lobaka lo loleele ka go di tlhokomela sentle, mme ka go dira jalo o fokotse tshenyo. Jesu o ne a na le boikutlo jo bo siameng malebana le go somarela dilo tse a di dirisang.—Johane 6:10-13.

Dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele. Motho yo o botlhale o tla “ithekela nako” gore a latelele mekgele ya botlhokwa thata.—Baefeso 5:15, 16.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go na Le Tsela e e Botoka ya go Ithuta Go na Le go Ithuta ka go Diragalelwa ke Sengwe

Go diragalelwa ke sengwe—se se molemo kana se se bosula—go ka re ruta dithuto tsa botlhokwa. A mme go boammaaruri gore batho ba ithuta botoka mo dilong tse di ba diragaletseng? Nnyaa, go na le motswedi o mongwe wa maemo a a kwa godimo wa kaelo. Mopesalema o ne a o umaka fa a ne a rapela jaana: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me le lesedi la tsela ya me.”—Pesalema 119:105.

Ke eng fa go ithuta mo kaelong ya Modimo go le botoka thata go gaisa go ithuta mo sengweng se se go diragaletseng? Lebaka ke gore go ithuta fela mo dilong tse di re diragaletseng—ka go lekeletsa dilo—go ka nna kotsi e bile go ka nna le diphelelo tse di botlhoko. Gape ga go tlhokege. Modimo o ne a raya Baiseraele ba bogologolo a re: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”—Isaia 48:18.

Lebaka le le dirang gore Lefoko la Modimo le atlege thata jaaka e le lone motswedi wa tao ke gore le na le pego ya bogologolo tala le e e tlhomameng go di feta tsotlhe ya dilo tse di diragaletseng batho. Gongwe o lemoga gore go ithuta ka tsela e e se nang go go utlwisa botlhoko, mo dilong tse ba bangwe ba ileng ba atlega mo go tsone le tse ba ileng ba palelwa mo go tsone, go botoka go na le go dira diphoso tse ba di dirileng. (1 Bakorintha 10:6-11) Sa botlhokwa le go feta ke gore mo Baebeleng, Modimo o re naya melao e e molemolemo le melaometheo e e kaelang e e ikanyegang ka botlalo. “Molao wa ga Jehofa o itekanetse . . . Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.” (Pesalema 19:7) Eleruri go ithuta mo botlhaleng jwa Mmopi yo o lorato ke tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go ithuta.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Lefatshe le batla gore o lebe dilo ka tsela ya lone ya go rata dikhumo

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Letlotlo le le fitlhelwang mo Baebeleng le botlhokwa go feta gouta le selefera