Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O Tsamayetsamaye mo Lefatsheng”

“O Tsamayetsamaye mo Lefatsheng”

 “O Tsamayetsamaye mo Lefatsheng”

“O tsamayetsamaye mo lefatsheng o ralale boleele jwa lone le bophara jwa lone.”—GENESISE 13:17.

1. Modimo o ne a naya Aborahame taelo efe e e kgatlhang?

AO RATA go tsamaya mo nageng, gongwe o tsere loeto ka koloi ka mafelobeke? Ba bangwe ba rata go tsamaya ka baesekele gore ba itshidile mmele le gore ba bone naga ba iketlile. Mme ba bangwe bone ba rata go tsamaya ka dinao gore ba tlwaele naga le go e itumelela ba le kwa ga mothakga. Gantsi mesepele e e ntseng jalo ke ya nakwana fela. Mme akanya fela gore Aborahame o tshwanetse a bo a ile a ikutlwa jang fa Modimo a sena go mo raya a re: “Nanoga, o tsamayetsamaye mo lefatsheng o ralale boleele jwa lone le bophara jwa lone, ka gonne ke tlile go le go naya”!—Genesise 13:17.

2. Fa Aborahame a sena go tswa mo Egepeto, o ne a ya kae?

2 Ela tlhoko ditemana tse di dikologileng mafoko ao. Aborahame, mosadi wa gagwe le batho ba bangwe e ne e le bajaki mo Egepeto. Genesise kgaolo 13 e re bolelela gore ba ne ba tswa kwa Egepeto mme ba fudusetsa matsomane a bone kwa “Negebe.” Go tswa foo Aborahame o ne “a tsamaya go tswa bothibelelong go ya bothibelelong jo bongwe a tswa mo Negebe a ba a ya Bethele.” E rile go tsoga kgotlhang fa gare ga badisa ba gagwe le ba setlogolo sa gagwe e bong Lote mme go bonala gore bobedi jono bo ne bo tla tshwanelwa ke go batla mafulo a a farologaneng, Aborahame ka bopelotshweu o ne a letla Lote gore e nne ene a tlhophang pele. Lote o ne a tlhopha ‘Kgaolo ya Joredane,’ mokgatšha o o ungwang sentle e bile o “tshwana le tshingwana ya ga Jehofa,” mme moragonyana a nna kwa Sodoma. Modimo o ne a raya Aborahame a re: “Tsholetsa matlho a gago, tsweetswee, mme o lebe go tswa mo lefelong le o leng mo go lone, ntlheng ya bokone le ntlheng ya borwa le ntlheng ya botlhaba le ntlheng ya bophirima.” Aborahame o tshwanetse a bo a ne a le mo  lefelong le le kwa godimo gaufi le Bethele mme a kgona go bona dikarolo tse dingwe tsa lefatshe leno. Mme go ne go sa felele foo. Modimo o ne a re a “tsamayetsamaye mo lefatsheng” gore a tlwaele popego ya lone le dikarolo tsa lone.

3. Ke ka ntlha yang fa go ka nna thata go bona mesepele ya ga Aborahame ka leitlho la mogopolo?

3 Go sa kgathalesege sekgala se Aborahame a se tsamaileng pele a tsena kwa Heberone, ruri o ne a itse Lefatshe le le Solofeditsweng go feta bontsi jwa rona. Akanya ka mafelo a a umakilweng mo pegong eno—Negebe, Bethele, Kgaolo ya Joredane, Sodoma le Heberone. A o fitlhela go le thata go bona ka leitlho la mogopolo gore mafelo ano a ne a le kae? Ba le bantsi ba fitlhela go le thata ka gonne bontsi jwa batho ba ga Jehofa ga ba ise ba etele mafelo a ba balang ka one mo Baebeleng, ba ralala boleele le bophara jwa lefatshe leo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse ra kgatlhegela thata go itse ka mafelo a mo Baebeleng. Ka ntlha yang?

4, 5. (a) Diane 18:15 e amana jang le go nna le kitso ka mafatshe a a umakwang mo Baebeleng le go a tlhaloganya? (b) Sefania kgaolo 2 e bontsha eng?

4 Lefoko la Modimo la re: “Pelo ya yo o nang le tlhaloganyo e bapala kitso, mme tsebe ya ba ba botlhale e senka go bona kitso.” (Diane 18:15) Go na le dilo tse dintsi tse motho a ka nnang le kitso kaga tsone, mme kitso e e tlhomameng e e amanang le Jehofa Modimo le ditirisano tsa gagwe le batho e botlhokwa fela thata. Ee ruri, se re se balang mo Baebeleng se ka re thusa thata gore re nne le kitso eo. (2 Timotheo 3:16) Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore go tlhokega go tlhaloganya. Go tlhaloganya go raya go kgona go lemoga kgang, go bona le go tlhaloganya kafa dikarolo tsa kgang di amanang ka teng le kgang eo yotlhe. Go ntse jalo ka dintlha tse di amanang le mafelo a a umakiwang mo Baebeleng. Ka sekai, bontsi jwa rona re itse kwa Egepeto e leng teng, mme re tlhaloganya go le kana kang ntlha ya gore Aborahame o ne a tswa mo Egepeto a  ya kwa “Negebe,” mme moragonyana a ya kwa Bethele, go tswa foo a bo a ya kwa Heberone? A o tlhaloganya gore mafelo ao a amana jang?

5 Kgotsa o ka tswa o badile Sefania kgaolo 2 fa o ne o dira mmalo wa gago wa Baebele. Mo go yone o ile wa bala maina a metse, ditšhaba le mafatshe. Gasa, Ashekelona, Ashedoda, Ekerone, Sodoma le Ninife mmogo le Kanana, Moabe, Amone le Asiria tsotlhe di umakiwa mo kgaolong eo. O ile wa atlega go le kana kang fa o ne o leka go bona mafelo ao ka leitlho la mogopolo, mafelo a go neng go nna batho ba mmatota mo go one, batho ba ba neng ba amana le go diragadiwa ga boporofeti jwa Modimo?

6. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba setse ba lemoga botlhokwa jwa dimmapa? (Bona lebokose.)

6 Baithuti ba le bantsi ba Lefoko la Modimo ba solegetswe molemo thata ke go tlhola dimmapa tsa mafatshe a a umakwang mo Baebeleng. Ga ba dire seno fela ka gonne ba kgatlhiwa ke dimmapa, mme ba dira jalo ka gonne ba lemoga gore fa ba dirisa dimmapa, ba ka oketsa kitso ya bone ka Lefoko la Modimo. Gape dimmapa di ka ba thusa gore ba tokafatse tsela e ba tlhaloganyang dilo ka yone, ba bone kafa dintlha tse ba setseng ba di itse di amanang ka teng le tshedimosetso e nngwe. Fa re ntse re sekaseka dikai dingwe, gongwe o tla tokafatsa le tsela e o ratang Jehofa ka yone mme o nne le tshedimosetso e e oketsegileng ka dipego tse di mo Lefokong la gagwe.—Bona lebokose mo tsebe 14.

Go Itse Sekgala go Dira Gore o Tlhaloganye Dilo Botoka

7, 8. (a) Samesone o ne a dira eng se se gakgamatsang malebana le Gasa? (b) Ke tshedimosetso efe e e ka dirang gore re bone bogolo jwa tiro ya ga Samesone? (c) Go itse le go tlhaloganya pego eno ya ga Samesone go ka re thusa jang?

7 Mo go Baatlhodi 16:2 o ka bala kaga Moatlhodi Samesone fa a ne a le kwa Gasa. Gompieno leina Gasa le tlhaga thata mo dipegong tsa dikgang, ka jalo gongwe o ka tswa o na le lesedinyana la kwa Samesone a neng a le teng, kwa nageng ya Filisitia gaufi le Lotshitshi lwa Mediterranean. [11] Jaanong ela tlhoko gore Baatlhodi 16:3 ya reng: “Samesone a nna a lala fela go fitlha bosigogare mme a nanoga bosigogare a tshwara ditswalo tsa kgoro ya motse le dikota tse pedi tse di kafa dithoko mme a di khumola mmogo le mophakalego a di baya mo magetleng a gagwe mme a tsamaya a di sikere go ya kwa godimo ga thaba e e fa pele ga Heberone.”

8 Dikgoro le dikota tse di kafa dithoko tsa motse o o nonofileng jaaka Gasa di tshwanetse tsa bo di ne di le dikgolo e bile di le bokete. Akanya fela o re o leka go di tsholetsa! Samesone o ne a di tsholetsa, mme o ne a di isa kae, le gone o ne a tshwanelwa ke go tsamaya mo lefelong le le ntseng jang? Gasa e mo lotshitshing, mme e batla e le bogodimo jo bo lekanang le jwa lewatle. [15] Le fa go ntse jalo, Heberone yone e kafa botlhabatsatsi mme e bogodimo jwa dimetara di le 900—e kwa godimo tota! Le fa re sa itse sentle gore tota “thaba e e fa pele ga Heberone,” e fa kae, motse oo o dikilometara di ka nna 60 go tswa kwa Gasa e bile o kwa godimo! Go itse gore Samesone o ne a tsamaya sekgala se se kae go re thusa go tlhaloganya tiro ya gagwe ya bopelokgale botoka, a ga go jalo? Mme gakologelwa gore ke ka ntlha yang fa Samesone a ne a ka dira ditiro tseno—“moya wa ga Jehofa [o ne o] dira mo go ene.” (Baatlhodi 14:6, 19; 15:14) Rona Bakeresete gompieno, ga re a lebelela gore moya wa Modimo o re neye maatla a a sa  tlwaelegang a mmele. Le fa go ntse jalo, one moya o o maatla oo o ka oketsa tsela e re tlhaloganyang ka yone dilo tse di kwa teng tsa semoya mme wa nonotsha motho yo re leng ene mo teng. (1 Bakorintha 2:10-16; 13:8; Baefeso 3:16; Bakolosa 1:9, 10) Ee, go tlhaloganya kgang ya ga Samesone go gatelela ntlha ya gore moya wa Modimo o ka re thusa.

9, 10. (a) Gidione o ne a fenya Bamidiana jang? (b) Go itse popego ya naga e go buiwang ka yone go ka re thusa jang go dira gore pego eno e nne le bokao thata?

9 Pego ya fa Gidione a ne a fenya Bamidiana le yone e bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng go itse sekgala. Bontsi jwa batho ba ba balang Baebele ba itse gore Moatlhodi Gidione le mophato wa gagwe wa banna ba le 300 ba ne ba fenya segopa sa batlhasedi ba le 135 000—Bamidiana, Baamaleke, le ba bangwe ba ba neng ba thibeletse mo lebaleng la Jesereele, gaufi le thaba ya More. [18] Banna ba ga Gidione ba ne ba letsa dinaka, ba phatlakanya dinkgo mme ba ntsha dirumola tsa bone ba bo ba goa ba re: “Tšhaka ya ga Jehofa le ya ga Gidione!” Seno se ne sa tlhakanya baba tlhogo le go ba tshosa, mo e leng gore ba ne ba simolola go tlhabana bone ka bobone. (Baatlhodi 6:33; 7:1-22) A ke sone sotlhe se se diragetseng, tiragalo e le nngwe fela ya ka bonako mo gare ga bosigo? Nna o bale mo go Baatlhodi kgaolo 7 le 8. O tla bona gore Gidione o ne a tswelela pele a tlhasela. Mafelo a le mantsi a a umakiwang foo ga a itsiwe gompieno, ka jalo a ka tswa a seyo mo dimmapeng tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, go na le a a lekaneng go re thusa gore re bone fa Gidione a neng a le teng.

10 Gidione o ne a leleka ba ba neng ba setse ba mephato eo go feta Bethe-shita, le go ya borwa, kwa Abele-mehola gaufi le Joredane. (Baatlhodi 7:22-25) Pego ya re: “Gidione a tla mo Joredane, a e kgabaganya, ene le banna ba ba makgolo a le mararo ba ba neng ba na le ene, ba lapile mme ba ntse ba ba latelela.” Fa Baiseraele ba sena go kgabaganya Joredane, ba ne ba latelela baba ba bone go ya kwa borwa kwa Sukothe le Penuele, gaufi le Jaboke ba bo ba tlhatloga dithota ba ya Jogebeha (gaufi le Amane ya gone jaanong, kwa Joredane). Ka jalo ba ne ba ba latelela le go ba lwantsha sekgala sa dikilometara di ka nna 80. Gidione o ne a tshwara dikgosi di le pedi tsa Bamidiana a bo a di bolaya; go tswa foo a boela kwa motseng wa gagwe, kwa Ofera, gaufi le fa ntwa e simolotseng teng. (Baatlhodi 8:4-12, 21-27) Go bonala sentle gore se Gidione a neng a se dira e ne e se go letsa dinaka, go tsholetsa dirumola tsa molelo le go goa ka metsotswana fela. Mme akanya fela kafa seno se dirang gore mafoko ano a nne le bokao ka teng, e leng mafoko a a neng a lebisitse kwa banneng ba tumelo: “Ke tla felelwa ke nako fa ke ka tswelela ke anela kaga Gidione [le ba bangwe ba e rileng] ba le bokoa, ba nonotshiwa, ba nna diganka mo ntweng.” (Bahebera 11:32-34) Bakeresete le bone ba ka lapa mo mmeleng, mme a ga go botlhokwa gore re tswelele pele re dira thato ya Modimo?—2 Bakorintha 4:1, 16; Bagalatia 6:9.

 Batho ba Akanya le go Itshwara Jang?

11. Go ne ga tsewa mesepele efe pele le morago ga Baiseraele ba fitlha kwa Kadeshe?

11 Bangwe ba ka ya kwa dimmapeng tsa Baebele gore ba bone mafelo, a mme o akanya gore dimmapa di ka re naya lesedi ka se batho ba neng ba se akanya? Ka sekai, akanya ka Baiseraele ba ba neng ba fuduga go tswa kwa Thabeng ya Sinai ba ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Ba ne ba tsamaya ba ema mo tseleng, mme kgabagare ba fitlha kwa Kadeshe (kgotsa, Kadeshe-barenea). [9] Duteronome 1:2 e bontsha gore e ne e le mosepele wa malatsi a le 11, sekgala sa dikilometara di ka nna 270. Go tswa foo Moshe o ne a romela ditlhola tse 12 go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dipalo 10:12, 33; 11:34, 35; 12:16; 13:1-3, 25, 26) Banna ba ditlhola ba ne ba ya bokone ba raletse Negebe, gongwe ba tsamaya go feta Beere-sheba, ba bo ba feta Heberone, mme ba goroga kwa melelwaneng e e kwa bokone ya Lefatshe le le Solofeditsweng. (Dipalo 13:21-24) E re ka Baiseraele ba ne ba amogela pego e e sa itumediseng ya ditlhola tse di lesome, ba ne ba tshwanelwa ke go kgarakgatshega mo nageng ka dingwaga di le 40. (Dipalo 14:1-34) Seno se bontsha eng ka tumelo ya bone le go iketleetsa ga bone go ikanya Jehofa?—Duteronome 1:19-33; Pesalema 78:22, 32-43; Jude 5.

12. Re ka dira tshwetso efe ka tumelo ya Baiseraele, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhatlhanya ka seo?

12 Leba seno go ya kafa naga e neng e ntse ka teng. Fa Baiseraele ba ka bo ba ile ba bontsha tumelo mme ba latela kgakololo ya ga Joshua le Kalebe, a ba ka bo ba ile ba tshwanelwa ke go tsamaya sekgala se seleele gore ba tsene kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng? Kadeshe e ne e ka nna dikilometara di le 16 go tswa kwa Beere-lahai-roi, kwa Isake le Rebeka ba kileng ba nna teng. [7] E ne e le sekgala se se kwa tlase ga dikilometara di le 95 go tloga kwa Beere-sheba, e e mo molelwaneng o o kwa borwa wa Lefatshe le le Solofeditsweng. (Genesise 24:62; 25:11; 2 Samuele 3:10) E re ka ba ne ba tsamaile go tswa kwa Egepeto ba ya Thabeng ya Sinai ba bo ba tsamaya gape dikilometara di le 270 go ya kwa Kadeshe, go ne go ntse jaaka e kete ba fa kgorong ya Lefatshe le le Solofeditsweng. Rona re fa kgorong ya Paradaise e e solofeditsweng ya mo lefatsheng. Re ithuta eng? Moaposetoloi Paulo o ne a amanya seemo sa Baiseraele le kgakololo eno: “Jalo a re direng bojotlhe jwa rona gore re tsene mo boikhutsong joo, e se re kgotsa ope a wela mo go one mokgwa oo wa botlhokakutlo.”—Bahebera 3:16–4:11.

13, 14. (a) Bagibeone ba ne ba tsaya kgato ya botlhokwa mo seemong sefe? (b) Ke eng se se bontshang boikutlo jwa Bagibeone, mme re tshwanetse ra ithuta eng mo go seno?

 13 Kgang e e mo Baebeleng e e malebana le Bagibeone e bontsha boikutlo jo bongwe—jwa go ikanya Modimo gore o tla diragatsa thato ya gagwe. Fa Joshua a sena go etelela Baiseraele pele gore ba kgabaganye Noka ya Joredane ba tsene mo lefatsheng le Modimo a neng a le solofeditse lelapa la ga Aborahame, e ne ya nna nako ya gore a leleke Bakanana. (Duteronome 7:1-3) Seo se ne se tla akaretsa le Bagibeone. Baiseraele ba ne ba fenya Jeriko le Ai mme ba thibelela kwa Gilegala e e neng e le gaufi. Bagibeone ba ne ba sa batle go swa e le Bakanana ba ba hutsitsweng, ka jalo ba ne ba romela baemedi ba bone kwa go Joshua kwa Gilegala. Ba ne ba itira e kete ke batho ba ba tswang ka kwantle ga naga ya Kanana gore ba dire kgolagano ya botsalano le Bahebera.

14 Baemedi bao ba ne ba re: “Batlhanka ba gago ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala thata ka ntlha ya leina la ga Jehofa Modimo wa gago.” (Joshua 9:3-9) Diaparo tsa bone le dijo tsa bone go ne go lebega di tlhomamisa gore ba ne ba tswa kgakala, mme tota Gibeone e ne e le dikilometara di ka nna 30 go tswa kwa Gilegala. [19] E re ka Joshua a ne a ba dumela, ene le dikgosana tsa gagwe ba ne ba dira kgolagano ya botsalano le Gibeone le metse e e gaufi le yone. A leano la Bagibeone e ne e le tsela fela ya go iphalotsa? Nnyaa, go ne go bontsha gore ba batla go amogelwa ke Modimo wa Baiseraele. Jehofa o ne a dumela gore Bagibeone e nne “ba ba rwalelang dikgong le ba ba gelelang phuthego le sebeso sa ga Jehofa metsi,” ba rwalela dikgong tse di neng di tla dirisiwa mo sebesong sa setlhabelo. (Joshua 9:11-27) Bagibeone ba ne ba tswelela ba bontsha gore ba iketleeditse go dira ditiro tsa maemo a a kwa tlase ba direla Jehofa. Bangwe ba bone ba tshwanetse ba bo ba ile ba nna bangwe ba Banethinime ba ba neng ba boa kwa Babelona mme ba direla mo tempeleng e e agilweng sesha. (Esera 2:1, 2, 43-54; 8:20) Re ka etsa boikutlo jwa bone ka go leka go nna mo kagisong le Modimo le go iketleeletsa go mo direla le ditiro tsa maemo a a kwa tlase tota.

Go Dira Bojotlhe

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela popego ya dinaga tse di umakwang mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika?

15 Tsela e dinaga tse di umakwang mo Baebeleng di neng di ntse ka yone e tlhalosiwa mo dipegong tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, jaaka mo mesepeleng le mo bodireding jwa ga Jesu le moaposetoloi Paulo. (Mareko 1:38; 7:24, 31; 10:1; Luke 8:1; 13:22; 2 Bakorintha 11:25, 26) Mo dipegong tse di latelang, leka go bona ka leitlho la mogopolo mesepele e e neng e tsewa.

16. Bakeresete ba kwa Berea ba ne ba bontsha jang gore ba anaanela Paulo?

16 Paulo o ne a goroga kwa Filipi, e jaanong e  leng mo Gerika, mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa (lo bontshiwa ka mola o o phepole mo mmapeng). [33] O ne a rera koo, a tshwarwa a bo a gololwa go tswa foo a bo a fetela kwa Thesalonika. (Ditiro 16:6–17:1) Fa Bajuda ba ne ba tlhotlheletsa gore go nne le dikhuduego, bakaulengwe ba kwa Thesalonika ba ne ba rotloetsa Paulo gore a ye kwa Berea, e e bokgakala jwa dikilometara di ka nna 65. Paulo o ne a atlega mo bodireding kwa Berea, mme Bajuda ba ne ba tla mme ba fudua setšhaba. Ka gone, “bakaulengwe ba [ne ba] tshabisa Paulo ka yone nako eo go ya go fitlha kwa lewatleng,” mme “ba ba neng ba buledisa Paulo ba ne ba mo tlisa go tla go fitlha mo Athena.” (Ditiro 17:5-15) Go lebega bangwe ba ba neng ba sa tswa go sokologa ba ne ba iketleeditse go tsamaya dikilometara tse 40 ba ya kwa Lewatleng la Aegean, ba duelela go tsamaya ka sekepe, ba bo ba tsaya loeto lwa dikilometara di le 500 ka sone. Mosepele o o ntseng jalo o ne o ka nna kotsi, mme bakaulengwe ba ne ba tsamaya fela ba ntse ba itse ka dikotsi tseo gore ba kgone go nna nako e telele le moemedi yono wa Modimo yo o mo loetong.

17. Ke eng se re ka se tlhaloganyang botoka fa re sena go lemoga sekgala se se fa gare ga Mileto le Efeso?

17 Paulo o ne a goroga kwa boemakepeng jwa Mileto mo mosepeleng wa gagwe wa boraro (mola o motala mo mmapeng). O ne a romela gore go bidiwe banna ba bagolwane ba phuthego ya Efeso, ba ba neng ba le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 50. Akanya fela bagolwane bao ba tlogela ditiro tse dingwe tsotlhe gore ba ye kwa go Paulo. Gongwe fa ba ntse ba tsamaya ba ne ba bua ba itumetse kaga go kopana ga bone le ene. Fa ba sena go kopana le Paulo le go mo utlwa a rapela, “go ne ga tsoga selelo se segolo thata mo gare ga bone botlhe, mme ba wela mo molaleng wa ga Paulo ba bo ba mo atla ka lorato.” Go tswa foo ba ne ba “mmuledisa go ya kwa mokorong” gore a fetele Jerusalema. (Ditiro 20:14-38) Ba ne ba na le dilo tse dintsi tse ba ka akanyang le go bua ka tsone fa ba le mo tseleng ba boela kwa Efeso. A ga o kgatlhiwe ke kanaanelo e ba neng ba e bontsha ka go tsamaya sekgala se se kalo gore ba pate modiredi yo o etang yo o neng a ka ba naya tshedimosetso le go ba kgothatsa? A o ithuta sengwe mo pegong eno se o ka se dirisang mo botshelong jwa gago le mo tseleng e o akanyang ka yone?

Ithute ka Lefatshe Leo Le ka Se se Larileng Kwa Pele

18. Ke eng se re tshwanetseng ra iketleetsa go se dira malebana le mafelo a a umakwang mo Baebeleng?

18 Dikai tse di fa godimo di bontsha mosola wa go itse lefatshe le Modimo a neng a le naya Baiseraele le go buiwang thata ka lone mo dipegong tse dintsi tsa Baebele. (Mme re ka oketsa kitso ya rona ka go ithuta le ka dinaga tse dingwe tse di mabapi tse di umakwang mo dipegong tsa Baebele.) Fa re ntse re oketsa kitso ya rona le se re se tlhaloganyang bogolo segolo ka Lefatshe le le Solofeditsweng, re tshwanetse go nna re gopotse sengwe sa botlhokwa se Baiseraele ba neng ba tshwanetse go se dira gore ba tsene ba bo ba ipelele lefatshe la “mashi le tswina ya dinotshe.” Seo e ne e le go boifa Jehofa le go boloka ditaelo tsa gagwe.—Duteronome 6:1, 2; 27:3.

19. Ke mefuta efe e mebedi ya paradaise e re tshwanetseng go nna re akantse ka yone?

19 Gompieno le gone, re tshwanetse go dira seabe sa rona, re boife Jehofa le go latela ditsela tsa gagwe. Fa re dira jalo, re tla thusa go tlhabolola le go ntlafatsa paradaise ya semoya e e leng teng gone jaanong mo phuthegong ya Bokeresete ya lefatshe lotlhe. Re tla nna le kitso e e oketsegileng ka dikarolo tsa yone le masego a yone. Mme re itse gore go sa ntse go tla tla a mangwe. Joshua o ne a etelela Baiseraele pele gore ba kgabaganye Joredane ba tsene mo lefatsheng le le ungwang le le le kgotsofatsang. Jaanong re na le lebaka le le utlwalang la go leba kwa pele ka tsholofelo kwa Paradaiseng ya mmatota, lefatshe le le molemo le le larileng kwa pele ga rona.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra batla go oketsa kitso ya rona ka mafelo a a umakiwang mo Baebeleng le tsela e re a tlhaloganyang ka yone?

• Ke eng se se tlhalositsweng mo setlhogong seno kaga lefelo lengwe se se dirileng gore o tlhaloganye dilo botoka?

• Ke ntlha efe e o e tlhalogantseng botoka fa o ntse o ithuta mo go oketsegileng ka popego ya lefelo le tiragalo nngwe e diragetseng mo go lone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 14]

‘Bona Lefatshe le le Molemo’

Kwa dikopanong tsa 2003 le 2004, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amogela ka boitumelo boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo.’ Kgatiso eno e ntšha, e e leng teng ka dipuo di ka nna 80, e tletse ka dimmapa tsa mebalabala le ditšhate tse di bontshang mafelo a a farologaneng a go buiwang ka one mo Baebeleng, bogolo jang kafa Lefatshe le le Solofeditsweng le neng le ntse ka teng ka dinako tse di farologaneng.

Setlhogo seno se umaka dimmapa tse di farologaneng ka go bontsha dinomoro tsa ditsebe tseo ka mokwalo wa bontsho jo bo tseneletseng, jaaka [15]. Fa e le gore o na le boroutšhara jono, iphe nako gore o tlwaelane le dikarolo tse di tlhomologileng tse di ka go thusang go oketsa kitso ya gago le tsela e o tlhaloganyang Lefoko la Modimo ka yone.

(1) Dimmapa di le dintsi di na le mafoko kgotsa lebokose le le tlhalosang matshwao a a kgethegileng a a mo mmapeng [18]. (2) Bontsi jwa dimmapa di na le mola o o supang selekanyo sa dimaele le dikilometara o o tla go thusang go tlhaloganya bogolo kgotsa sekgala se go buiwang ka sone [26]. (3) Gantsi go nna le letshwao le le supang kwa bokone le le go thusang go bona gore mmapa o lebile kae [19]. (4) Gantsi dimmapa di a takiwa go bontsha dipharologanyo tsa bogodimo jwa naga [12]. (5) Go dikologa mmapa go ka nna le ditlhaka/dinomore gore o kgone go bona mela e e mo mmapeng, e e ka go thusang go bona metse kgotsa maina a yone [23]. (6) Mo intekeseng ya ditsebe tse pedi ya maina a mafelo [34-5], o ka bona nomore ya tsebe e kwadilwe ka bontsho jo bo tseneletseng, gantsi e latelwa ke ditlhaka tse di supang fa e leng teng mo mmapeng, jaaka E2. Fa o sena go dirisa dilo tseno ka makgetlhonyana, o ka nna wa gakgamadiwa ke kafa di leng mosola ka teng go go thusa go oketsa kitso ya gago le tsela e o tlhaloganyang Baebele ka yone.

[Tšhate/Mmapa mo go tsebe 16, 17]

MMAPA WA DIKGAOLO TSA TLHOLEGO

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

A. Lotshitshi Lwa Lewatle le Legolo

B. Mabala a a Kafa Bophirima Jwa Joredane

1. Lebala la Ashera

2. Lotshitshi Lwa Dora

3. Mafulo a Sharona

4. Lebala la Filisitia

5. Mokgatšha O o Fa Gare ga Botlhaba le Bophirima

a. Lebala la Megido

b. Lebala le le Kwa Tlase la Jesereele

C. Dithaba Tse di Kafa Bophirima Jwa Joredane

1. Dithaba Tsa Galalea

2. Dithaba Tsa Karemele

3. Dithaba Tsa Samarea

4. Shefela (dithotana tse di kwa tlase)

5. Naga e e Dithaba ya Juda

6. Naga ya Juda

7. Negebe

8. Naga ya Parane

D. Areba (Mokgatšha o o Bakilweng ke go Phatloga ga Lefatshe)

1. Mokgatšha wa Hula

2. Kgaolo ya Lewatle la Galalea

3. Mokgatšha wa Joredane

4. Lewatle la Letswai (Lewatle le le Suleng)

5. Areba (kafa borwa jwa Lewatle la Letswai)

E. Dithaba le Dipoa Tse di Kafa Botlhaba Jwa Joredane

1. Bashana

2. Gileade

3. Amone and Moabe

4. Thaba e e Nang le Setlhaba ya Edoma

F. Dithaba Tsa Lebanona

[Mmapa]

Thaba ya Heremone

More

Abele-mehola

Sukothe

Jogebeha

Bethele

Gilegala

Gibeone

Jerusalema

Heberone

Gasa

Beere-sheba

Sodoma?

Kadeshe

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

KANANA

Megido

GILEADE

Dothane

Shekema

Bethele (Luse)

Ai

Jerusalema (Salema)

Bethelehema (Eferatha)

Mamere

Heberone (Makapela)

Gerare

Beere-sheba

Sodoma?

NEGEBE

Rehobothe?

[Mountains]

Moria

[Metswedi ya metsi]

Lewatle la Letswai

[Dinoka]

Joredane

[Setshwantsho]

Aborahame o ne a ralala lefatshe

[Mmapa mo go tsebe 18]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Teroase

SAMOTHARAKE

Neapolisa

Filipi

Amfipolisa

Thesalonika

Berea

Athena

Korintha

Efeso

Mileto

RODESA