Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ne Ba Ikanyega le go Nitama—Mo Nakong e e Fetileng le Gone Jaanong

Ba ne Ba Ikanyega le go Nitama—Mo Nakong e e Fetileng le Gone Jaanong

 Ba ne Ba Ikanyega le go Nitama—Mo Nakong e e Fetileng le Gone Jaanong

Kwa karolong e e kwa borwa ya Poland, gaufi le molelwane wa yone le Slovakia le Czech Republic, go na le torotswana ya Wisła. Le fa o ka tswa o ise o ko o utlwe ka Wisła, torotswana eno e na le hisitori e Bakeresete ba boammaaruri ba ka e kgatlhegelang thata. Ke hisitori e e buang ka ga go ikanyega le go tlhoafalela ga batho kobamelo ya ga Jehofa. Ka tsela efe?

WISŁA e kwa kgaolong nngwe e ntle e e dithaba, kwa motho a ka kgonang go bona bontle jwa tlholego gone. Melapo ya yone e mebedi e e elelang ka bofefo e kopana le Noka ya Vistula, e e itsoketsang ka mekgatšha le dithaba tse di nang le dikgwa. Batho ba ba botsalano ba lefelo leno, le tlelaemete e e tlhomologileng ya lone, di dira gore Wisła e nne lefelo le le ratwang thata la tsa kalafi, lefelo la go itumelela malatsi a boikhutso selemo le mariga.

Go bonala lefelo la ntlha le le neng le bidiwa ka leina leno le agilwe ka bo1590. Go ne ga tlhomiwa lefelo le go sagelwang ditlhare kwa go lone, mme go ise go ye kae batho ba ba neng ba ruile dinku le dikgomo e bile e le balemi, ba ne ba simolola go nna mo dikarolong tse di neng di sa tlhole di na le ditlhare tsa lefelo leno. Mme gone, batho bano ba maemo a a kwa tlase ba ne ba amiwa thata ke diphetogo tsa bodumedi tse di neng tsa direga ka bonako. Kgaolo eno e ne ya amiwa thata ke diphetogo tsa bodumedi tse di neng tsa simololwa ke Martin Luther, mme go ya ka mmatlisisi Andrzej Otczyk, Bolutere e ne ya nna jone “bodumedi jwa Naga ka 1545.” Le fa go ntse jalo, Nako ya go Fetolwa ga Phetogo e Kgolo le Ntwa ya Dingwaga di le Masomeamararo e e neng ya runya morago ga moo, e ne ya fetola seemo ka tsela e e gakgamatsang. Otczyk o tswelela a re: “Ka 1654, Baporotesetanta ba ne ba amogiwa dikereke tsotlhe, mme ditirelo tsa bone di ne tsa thibelwa ba bo ba amogiwa Dibaebele le dibuka tse dingwe tsa bodumedi.” Le fa go ntse jalo, bontsi jwa baagi ba lefelo leno ba ne ba tswelela e le Balutere.

 Peo ya Ntlha ya Boammaaruri

Se se itumedisang ke gore go ne go tloga go nna le phetogo nngwe ya botlhokwa thata ya bodumedi. Ka 1928 peo ya ntlhantlha ya boammaaruri jwa Baebele e ne ya jalwa ke Baithuti bangwe ba babedi ba ba tlhoafetseng ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Mo ngwageng o o latelang, Jan Gomola o ne a goroga kwa Wisła a tshotse fonokerafa, e a neng a tshameka mo go yone dipuo tse di rekotilweng tsa Dikwalo. Go tswa foo, o ne a fudugela kwa mokgatšheng mongwe o o fa gaufi kwa a neng a fitlhela motho mongwe yo a neng a mo reetsa ka kelotlhoko gone—Andrzej Raszka, monna yo mokhutshwane, yo o nonofileng, yo a neng a nna kwa dithabeng e bile a na le pelo e e utlwang. Ka yone nako eo Raszka o ne a ntsha Baebele ya gagwe go tlhomamisa se se neng se buiwa mo dipuong tsa fonokerafa. Go tswa foo o ne a re: “Mokaulengwe wa me, jaanong ke bone boammaaruri! Fa e sa le ke batlana le dikarabo ke le kwa Ntweng ya Lefatshe I!”

Raszka, a le matlhagatlhaga tota, o ne a tsamaya le Gomola go ya go mmontsha ditsala tsa gagwe e bong Jerzy le Andrzej Pilch, ba ba neng ba amogela molaetsa wa Bogosi ka tlhoafalo. Andrzej Tyrna, yo o neng a ithutile boammaaruri jwa Baebele kwa Fora, o ne a thusa banna bano gore ba oketse kitso ya bone malebana le molaetsa wa Modimo. Go ise go ye kae ba ne ba kolobediwa. Bakaulengwe ba ba neng ba nna mo ditoropong tse di fa gaufi ba ne ba etela setlhotshwana sa Baithuti ba Baebele kwa Wisła ka bo1930 go ya go se thusa. Diphelelo tsa seno e ne ya nna tse di gakgamatsang tota.

Batho ba ba sa tswang go kgatlhega ba ne ba thelegela ka bontsi. Malapa a lefelo leno a Balutere a ne a tlwaetse go bala Baebele mo magaeng a one. Ka jalo, ba le bantsi ba ne ba kgona go lemoga boammaaruri le se e seng boammaaruri fa ba sena go bona bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa Dikwalo malebana le thuto ya dihele le Tharonngwe. Malapa a le mantsi a ne a swetsa ka gore a tlogele go latela dithuto tsa bodumedi jwa maaka. Ka gone, phuthego ya kwa Wisła e ne ya gola, mme ka 1939 e ne e na le maloko a ka nna 140. Le fa go ntse jalo, se se neng se gakgamatsa ke gore bontsi jwa batho ba bagolo ba phuthego eno ba ne ba sa kolobediwa. Helena, yo e leng mongwe wa Basupi bao ba bogologolo a re: “Seno se ne se sa reye gore baboledi bano ba ba sa kolobediwang ba ne ba sa kgone go emela Jehofa.” Gape a re: “Ba ne ba supa boikanyegi jwa bone fa ba ne ba lekwa tumelo ka bonako morago ga moo.”

Go tweng ka bana? Ba ne ba lemoga gore batsadi ba bone ba bone boammaaruri. Franciszek Branc a re: “Fa rre a lemoga gore o bone boammaaruri, o ne a simolola go re ruta jone, nna le nkgonne. Ke ne ke na le dingwaga tse robedi mme nkgonne a na le tse lesome. Rre o ne a tle a re botse dipotso tse di motlhofo, tse di jaaka: ‘Modimo ke mang, mme leina la gagwe ke mang? Ke eng se o se itseng ka Jesu Keresete?’ Re ne re tshwanetse go kwala dikarabo tsa rona fa fatshe re bo re di tshegetsa ka ditemana tsa Baebele.” Mosupi yo mongwe a re: “E re ka batsadi ba me ba ne ba amogela molaetsa wa Bogosi ka go rata ba bo ba tlogela Kereke ya Lutere ka 1940, ke ne ka ganediwa le go itewa kwa sekolong. Ke leboga batsadi ba me thata go bo ba nthutile melaometheo ya Baebele. Seno se ne sa nthusa thata gore ke itshokele dinako tseo tsa mathata.”

 Go Bontsha Tumelo fa ba Lekwa

Fa Ntwa ya Lefatshe II e runya mme Banasi ba gapa lefelo leno, ba ne ba ikemiseditse go fedisa Basupi ba ga Jehofa. Kwa tshimologong, batho ba bagolo—segolo jang borre—ba ne ba kgothalediwa go saena lekwalo lengwe le le supang gore ke Bajeremane gore ba direlwe dilo dingwe. Basupi ba ne ba gana go tshegetsa Banasi. Bakaulengwe ba le bantsi le batho ba ba neng ba kgatlhega ba ba neng ba le mo dingwageng tsa gore ba ka ya sesoleng ba ne ba tshwanetse go tlhopha magareng ga dilo tseno tse pedi: Ba ne ba ka ya sesoleng, kgotsa ba ne ba ka ema ba nitame ba sa tseye letlhakore ba bo ba otlhaiwa botlhoko. Andrzej Szalbot, yo mapodise a Gestapo a neng a mo tshwara ka 1943 o tlhalosa jaana: “Fa motho a gana go ya sesoleng, o ne a isiwa kwa kampeng ya pogisetso, gantsi kwa Ausch­witz. Ke ne ke ise ke kolobediwe, mme gone ke ne ke itse mafoko a ga Jesu a a kgothatsang a a mo go Mathaio 10:28, 29. Ke ne ke itse gore Jehofa o tla ntsosa fa nka swa ka ntlha ya go nna le tumelo mo go ene.”

Mo masimologong a 1942, Banasi ba ne ba golega bakaulengwe ba le 17 ba kwa Wisła. Ba le 15 ba bone ba ne ba swela kwa Auschwitz mo lobakeng lwa dikgwedi di le tharo fela. Seno se ne sa ama jang Basupi ba ba neng ba setse kwa Wisła? Go na le gore seemo seno se dire gore ba tlogele tumelo ya bone, se ne sa ba kgothaletsa go ngaparela Jehofa ba sa ineele! Mo dikgweding di le thataro tse di latelang, palo ya baboledi kwa Wisła e ne ya menagana sebedi. Go ise go ye kae go ne ga golegwa bakaulengwe ba bangwe gape. Bakaulengwe ba le 83, go akaretsa le batho ba ba kgatlhegang le bana, botlhe ba ne ba amiwa ke bosetlhogo jwa puso ya ga Hitler. Ba le 53 ba bone ba ne ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso (segolobogolo kwa Auschwitz) kgotsa kwa dikampeng tse ba neng ba dira tiro e e bokete gone mo meepong le mo dikwaring kwa Poland, Jeremane le Bohemia.

Go Ikanyega le go Nitama

Kwa Auschwitz, Banasi ba ne ba leka go raela Basupi ka go ba solofetsa gore ba tla gololwa ka bonako. Modisa mongwe wa SS o ne a raya mokaulengwe mongwe a re: “Fa o ka saena pampiri eno fela e e bontshang gore o itatola Baithuti ba Baebele, re tla go golola, mme o ka nna wa ya gae.” Mokaulengwe yono o ne a bolelelwa seno gangwe le gape, mme gone o ne a ikanyega mo go Jehofa a sa ineele. Ka ntlha ya seno, o ne a itewa, a jewa ditshego le go dirisiwa tiro ya bokgoba kwa Auschwitz le kwa Mit­tel­bau-Dora kwa Jeremane. Nakwana fela pele ga a gololwa, mokaulengwe yono o ne a falola loso ka lesoba la nnale fa kampa e a neng a golegilwe mo go yone e ne e thuntshiwa ka bomo.

Paweł Szalbot, Mosupi yo o tlhokafetseng bosheng jaana, o kile a re: “Ka nako ya go botsolodiwa, mapodise a Gestapo a ne a mpotsa gangwe le gape gore ke eng fa ke gana go tsenela sesole sa Jeremane le go galaletsa Hitler.” Fa a sena go tlhalosa mabaka a a tswang mo Baebeleng a go bo a sa tseye letlhakore jaaka Mokeresete, o ne a newa katlholo ya gore a ye go dira kwa feketiring ya dibetsa. “Ga go pelaelo gore segakolodi sa me se ne se sa ntumelele go amogela tiro ya mofuta ono, ka jalo, ba ne ba nthomela gore ke ye go bereka kwa moepong mongwe.” Le fa go ntse jalo, mokaulengwe yono o ne a nna a ikanyega.

Ba ba neng ba sa golegwa—basadi le bana—ba ne ba romelela bakaulengwe ba ba kwa Auschwitz dijo. Mokaulengwe yo ka nako eo e neng e le mosha a re: “Ka selemo re ne re kgetla maungo a di-cranberry re bo re a ananya ka korong. Bokgaitsadi ba ne ba baka borotho ba bo ba bo ina mo mafureng. Go tswa foo re ne re romelela badumedi ka rona ba ba neng ba golegilwe marothonyana ano.”

Palogotlhe ya Basupi ba kwa Wisła ba ba neng ba romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso le go dirisiwa tiro e e bokete e ne e le 53. Go ne ga swa ba le 38.

 Go Tsena Kokomana e Ntšha

Bana ba Basupi ba ga Jehofa le bone ba ne ba amiwa ke puso e e gatelelang ya Banasi. Bangwe ba ne ba romelwa le bommaabone kwa dikampeng tsa nakwana tsa pogisetso kwa Bohemia. Ba bangwe ba ne ba kgaoganngwa le batsadi ba bone mme ba romelwa kwa kampeng nngwe ya bana e e itsegeng ka ditiro tse di setlhogo kwa Lodz.

Ba le bararo ba bone ba gakologelwa jaana: “Bajeremane ba ne ba tsenya ba le lesome ba rona mo sepalangweng sa ntlha go ya kwa Lodz, mme re ne re na le dingwaga tse di magareng ga tse tlhano le tse robongwe. Re ne re kgothatsana ka go rapela le ka go tlotla ka dikgang tsa Baebele. Go ne go se motlhofo go itshoka.” Ka 1945, bana bano botlhe ba ne ba boela gae. Ba ne ba sa ntse ba tshela, mme gone ba ne ba bopame e bile ba utlwisitswe botlhoko thata ke se se ba diragaletseng. Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se neng sa fedisa boikanyegi jwa bone.

Go ne Ga Diregang Morago ga Moo?

Fa Ntwa ya Lefatshe II e ya kwa bokhutlong, Basupi ba kwa Wisła ba ne ba sa ntse ba nonofile mo tumelong mme ba iketleeleditse go simolola tiro ya bone ya go rera ka tlhoafalo le ka boikemisetso. Ditlhopha tsa bakaulengwe di ne tsa etela batho ba ba nnang sekgala sa dikilometara di le 40 go tswa kwa Wisła, ba ba rerela le go ba tsamaisetsa dibuka tsa Baebele. Jan Krzok a re: “Go ise go ye kae go ne ga nna le diphuthego tse tharo tse di tlhoafetseng mo toropong ya rona.” Le fa go ntse jalo, kgo­lolesego ya bone ya bodumedi ga e a ka ya nnela ruri.

Puso ya Bokomonise, e e neng ya emisetsa ya Banasi, e ne ya thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Poland ka 1950. Ka jalo, bakaulengwe ba lefelo leno ba ne ba tshwanelwa ke go nna botlhale mo bodireding jwa bone. Ka dinako tse dingwe ba ne ba etela batho kwa magaeng a bone ba itira e kete ba tlile go reka diruiwa kgotsa dijo tsa dithoro. Gantsi dipokano tsa Bokeresete di ne di tshwarwa bosigo ka ditlhotshwana. Le fa go ntse jalo, badiredi ba tsa tshireletsego ba ne ba kgona go tshwara baobamedi ba le bantsi ba ga Jehofa, ba ba latofatsa ka la gore ba berekela lephata la ditlhodi tsa naga e sele—tatofatso e e se nang mabaka a a utlwalang le e seng. Badiredibagolo bangwe ba ne ba tshosetsa Paweł Pilch jaana ba mo sotla: “Hitler ga a ka a fedisa boikanyegi jwa lona mme rona re tlile go bo fedisa.” Le fa go ntse jalo, mokaulengwe yono o ne a nna a ikanyega mo go Jehofa, mme o ne a golegwa dingwaga tse tlhano. Fa basha ba sekae ba Basupi ba ne ba gana go saena lekwalo lengwe la bopolotiki la bososhialise, ba ne ba kobiwa kwa sekolong kgotsa kwa ditirong tsa bone.

Jehofa O ne A Tswelela A na Le Bone

Ka ngwaga wa 1989, go ne ga nna le phetogo mo go tsa dipolotiki, mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amogelwa semolao kwa Poland. Baobamedi ba ga Jehofa ba ba nitameng ba kwa Wisła ba ne ba akofisa tiro ya bone, jaaka dipalo tsa babulatsela kgotsa badiredi ba nako e e tletseng di bontsha. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 100 mo lefelong leno ba tsenetse tirelo ya bobulatsela. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo toropo eno e teilwe leina go twe ke Feketiri ya Babulatsela.

Baebele e bolela jaana malebana le tsela e Modimo a neng a tshegetsa batlhanka ba gagwe ba bogologolo ka yone: “Fa nkabo e se gore Jehofa o ne a le kafa go rona fa batho ba ne ba re tsogologela, foo ba ka bo ba re komeditse re ntse re tshela.” (Pesalema 124:2, 3) Mo motlheng wa rona, le fa batho ka kakaretso ba sa re kgatlhegele e bile ba latela mekgwa ya lefatshe leno ya boitsholo jo bo sa siamang, baobamedi ba ga Jehofa kwa Wisła ba leka ka natla go nna ba ikanyega mme ba segofadiwa thata fela. Dikokomana tse di neng tsa latela tsa Basupi kwa lefelong leno di ka bua kafa mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a leng boammaaruri ka gone: “Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona?”—Baroma 8:31.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Emilia Krzok o ne a romelwa le bana ba gagwe e bong Helena, Emilia le Jan kwa kampeng ya nakwana kwa Bohemia

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Fa Paweł Szalbot a ne a gana go ya sesoleng, o ne a romelwa gore a ye go dira kwa moepong

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Fa bakaulengwe ba ne ba romelwa kwa Auschwitz ba bo ba swela teng, tiro e ne ya tswelela e gola kwa Wisła

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Paweł Pilch le Jan Polok ba ne ba isiwa kwa kampeng ya bana kwa Lodz

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Di-berry le dithunya: © R.M. Kosinscy/www.kosinscy.pl