Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Na le Tsholofelo ya go Tshela Kwa Paradaiseng?

A o Na le Tsholofelo ya go Tshela Kwa Paradaiseng?

 A o Na le Tsholofelo ya go Tshela Kwa Paradaiseng?

“Ke itse motho yo o seoposengwe le Keresete yo . . . o [neng] a phamolelwa kwa paradaiseng.”—2 BAKORINTHA 12:2-4.

1. Ke ditsholofetso dife tse di mo Baebeleng tse di kgatlhang batho ba le bantsi?

PARADAISE. A o gakologelwa gore o ne wa ikutlwa jang fa o ne o simolola go utlwa ka tsholofetso ya Modimo ya gore lefatshe e tla nna paradaise? O ka tswa o gakologelwa nako ya fa o ne o utlwa gore ‘matlho a difofu a tla bulwa, ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa, mme naga e tla pomponyega’ ka bontle jo bo boitshegang. Kgotsa fa o ne o utlwa ka boporofeti jwa gore phiri e tla nna le kwanyana le potsane e tla nna le lengau? A ga o a ka wa itumedisiwa ke go bala gore baratiwa ba ba suleng ba tla tsoga ba na le tsholofelo ya go nnela ruri mo Paradaiseng eo?—Isaia 11:6; 35:5, 6; Johane 5:28, 29.

2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore tsholofelo ya gago e e theilweng mo Baebeleng e na le mabaka? (b) Ke lebaka lefe le lengwe le le dirang gore re nne le tsholofelo?

2 O na le mabaka a go nna le tsholofelo. Go a utlwala gore o dumele ditsholofetso tsa Baebele ka Paradaise eo. Ka sekai, o tshepa mafoko ano a Jesu a neng a a raya modirabosula yo o neng a bapotswe: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) O dumela tsholofetso e e reng: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” Gape o dumela tsholofetso ya gore Modimo o tla re phimola dikeledi; loso lo ka se tlhole lo nna teng; bohutsana, selelo le botlhoko di tla fela. Seno se raya gore lefatshe la paradaise le tla boa le nna teng gape!—2 Petere 3:13; Tshenolo 21:4.

3 Lebaka le lengwe gape la gore re nne le tsholofelo eno ya Paradaise ke sengwe se Bakeresete mo lefatsheng lotlhe ba leng karolo ya sone gone jaanong. Ke eng seo? Modimo o dirile gore go nne le paradaise ya semoya mme o tsentse batho ba gagwe mo go yone. Polelwana e e reng “paradaise ya semoya” e ka lebega e le kgopolo fela e e ikakanyediwang kgotsa sengwe se se thata go se tlhaloganya, mme paradaise e e ntseng jalo e ne ya bolelelwa pele, e bile ke sengwe se se leng teng.

Ponatshegelo ya Paradaise

4. Ke ponatshegelo efe e e umakiwang mo go 2 Bakorintha 12:2-4, mme e ka tswa e bonwe ke mang?

4 Malebana le ntlha eno, ela tlhoko se moaposetoloi Paulo a neng a se kwala: “Ke itse motho yo o seoposengwe le Keresete yo . . . a neng a phamolelwa a ntse jalo kwa legodimong la boraro. Ee, ke itse motho yo o ntseng jalo—e ka ne a le mo mmeleng kgotsa kwantle ga mmele, ga ke itse, Modimo o a itse—gore o ne a phamolelwa kwa paradaiseng a ba a utlwa mafoko a a sa buegeng a go seng kafa molaong gore motho a a bue.” (2 Bakorintha 12:2-4) Temana eo e tla morago fela ga ditemana tse mo go tsone Paulo a neng a buelela go nna moaposetoloi ga gagwe. Mo godimo ga moo, Baebele ga e bue ka motho ope yo mongwe e re o ne a diragalelwa ke selo se se ntseng jalo, mme Paulo ke ene a re bolelelang ka tiragalo eno. Ka jalo, Paulo ke ene a tshwanetseng a bo a ile a bona ponatshegelo eno. Mme o ne a tsena mo “paradaiseng” efe mo tiragalong eno e e sa tlwaelegang?—2 Bakorintha 11:5, 23-31.

5. Ke eng se Paulo a sa se bonang, mme ka gone “paradaise” eo e ne e le ya mofuta ofe?

5 Ditemana tse di dikologileng ga di bontshe gore “legodimo la boraro” le kaya loapi lo lo dikologileng polanete ya rona kgotsa lefaufau. Gantsi palo ya boraro mo Baebeleng e dirisiwa go gatelela. (Moreri 4:12; Isaia 6:3; Mathaio 26:34, 75; Tshenolo 4:8) Ka jalo, se Paulo a neng a se bona mo ponatshegelong e ne e le sa maemo a a kwa godimo. E ne e le sa semoya.

6. Ke tiragalo efe ya mo hisitoring e e nayang lesedi ka se Paulo a neng a se bona?

6 Dipolelelopele tsa bogologolo tsa Baebele di re naya lesedi. Fa batho ba Modimo ba bogologolo  ba ne ba sa ikanyege mo go ene, o ne a swetsa ka gore a letle Bababelona gore ba tlhasele Juda le Jerusalema. Seo se ne sa felela ka gore motse o senngwe ka 607 B.C.E., go ya kafa Baebele e tlhalosang tatelano ya ditiragalo ka teng. Boporofeti bo ne jwa bolela gore naga e ne e tla nna e swafetse ka dingwaga di le 70; mme go tswa foo Modimo o ne a tla letla Bajuda ba ba ikwatlhayang gore ba boe ba tsosolose kobamelo ya boammaaruri. Seo se ne sa direga go tloga ka 537 B.C.E. go ya pele. (Duteronome 28:15, 62-68; 2 Dikgosi 21:10-15; 24:12-16; 25:1-4; Jeremia 29:10-14) Mme go tweng ka naga ka boyone? Mo dingwageng tseo tse 70, e ne ya nna lefelo la dimela tsa naga, la mafelo a a kgakgabetseng le bonno jwa bophokoje. (Jeremia 4:26; 10:22) Le fa go ntse jalo, go ne go na le tsholofetso eno: “Jehofa ruri o tla gomotsa Siona. Ruri o tla gomotsa mafelo a gagwe otlhe a a swafetseng, mme o tla dira naga ya gagwe gore e tshwane le Edene le lebala la gagwe le le sekaka gore le tshwane le tshingwana [kgotsa Paradaise, go ya ka Septuagint] ya ga Jehofa.”—Isaia 51:3; ntlha e e kwa tlase go NW.

7. Go ne go tla diragala eng morago ga tshwafalo ya dingwaga tse 70?

7 Seno se diragetse morago ga dingwaga tseo tse 70. Ka thuso ya Modimo, maemo a ne a tokafala. A ko o akanye fela ka seemo seno: “Naga le kgaolo e e se nang metsi di tla itumela, le lebala le le sekaka le tla ipela le bo le ntsha dithunya jaaka saferone. Ruri le tla ntsha dithunya, mme le tla ipela ka boipelo le ka selelo sa boitumelo. . . . Setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo. Gonne metsi a tla bo a pomponyegile mo nageng, le melatswana e e phothoselang mo lebaleng le le sekaka. Mme mmu o o phaphaladitsweng ke mogote o tla nna jaaka mogobe o o tletseng lotlhaka, le mmu o o nyorilweng o tla nna jaaka metswedi ya metsi. Mo lefelong le bophokoje ba nnang mo go lone, lefelo la bone la go ikhutsa, go tla nna le bojang jo botala le lotlhaka le dimela tsa koma.”—Isaia 35:1-7.

Setšhaba se se Tsosolositsweng Sa ba Sa Fetolwa

8. Re itse jang gore Isaia kgaolo 35 e ne e bua thata ka batho?

8 A phetogo e kgolo! Lefelo le le neng le swafetse le nna paradaise. Le fa go ntse jalo, polelelopele eno mmogo le tse dingwe tse di ikanyegang di ne tsa bontsha gore batho le bone ba ne ba tla fetoga, fela jaaka naga e e swafetseng e simolola go ungwa. Ke ka ntlha yang fa re ka rialo? Isaia o ne a bua thata ka “ba ba golotsweng ke Jehofa,” ba ba neng ba tla boela kwa nageng ya bone “ba goa ka boipelo” mme ba bone “boitumelo le boipelo.” (Isaia 35:10) Mafoko ano a ne a sa bue ka mmu wa mmatota, mme a ne a bua ka batho. Mo godimo ga moo,  mo ditemaneng tse dingwe Isaia o ne a bolelela pele jaana ka batho ba ba buseditsweng kwa Siona: “Ba bidiwe ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo, tse di jadilweng ke Jehofa . . . Gonne jaaka lefatshe le ntsha letlhogela la lone, . . . Jehofa o tla dira gore tshiamo le pako di tlhoge fa pele ga ditšhaba tsotlhe.” Gape Isaia o ne a bua jaana ka batho ba Modimo: “Ruri Jehofa o tla go etelela pele ka metlha . . . , mme o tla nonotsha marapo a gago; mme o tla nna jaaka tshingwana e e nang le metsi a mantsi.” (Isaia 58:11; 61:3, 11; Jeremia 31:10-12) Ka jalo, fela jaaka maemo a naga ya mmatota a ne a tla tokafala, go ne go tla nna le diphetogo mo setšhabeng se se tsosolositsweng sa Bajuda.

9. Paulo o ne a bona “paradaise” efe mo ponatshegelong ya gagwe, mme ponatshegelo eno e ne ya diragadiwa leng?

9 Tsela eno e dilo di diragetseng ka yone mo hisitoring e re thusa go tlhaloganya se Paulo a neng a se bona mo ponatshegelong. Se ne se tla akaretsa phuthego ya Bokeresete, e a neng a e bitsa “tshimo ya Modimo e e lengwang” e e neng e tshwanetse go ungwa. (1 Bakorintha 3:9) Ponatshegelo eo e ne e tla diragadiwa leng? Paulo o ne a bitsa se a neng a se bona a re ke ‘tshenolo,’ sengwe se se neng se tla diragala mo isagweng. O ne a itse gore fa a sena go swa botlhanogi bo ne bo tla ata thata. (2 Bakorintha 12:1; Ditiro 20:29, 30; 2 Bathesalonika 2:3, 7) Ka nako e batlhanogi ba neng ba tletse ka yone e bile go lebega ba fekeetsa Bakeresete ba boammaaruri, Bakeresete ba ne ba ka se ka ba tshwantshiwa le tshingwana e e ungwang. Le fa go ntse jalo, go ne go tla tla nako ya gore bodumedi jwa boammaaruri bo tlotlomadiwe gape. Setšhaba sa Modimo se ne se tla tsosolosiwa gore ‘basiami ba phatsime thata fela jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabone.’ (Mathaio 13:24-30, 36-43) Tota seo se ne sa diragala dingwaga di le mmalwa Bogosi jwa Modimo bo sena go tlhomiwa kwa legodimong. Mme fa dingwaga di ntse di feta, go bonala sentle gore batho ba Modimo ba ipelela paradaise ya semoya, e Paulo a neng a e bonela pele mo ponatshegelong eo.

10, 11. Ke ka ntlha yang fa re ka re re mo paradaiseng ya semoya, le fa gone re sa itekanela?

10 Gone ke boammaaruri, re a itse gore mongwe le mongwe wa rona ga a itekanela, ka jalo ga re gakgamale fa ka dinako tse dingwe go tsoga mathata mo gare ga rona, fela jaaka a ne a tle a nne teng mo gare ga Bakeresete mo motlheng wa ga Paulo. (1 Bakorintha 1:10-13; Bafilipi 4:2, 3; 2 Bathesalonika 3:6-14) Mme le fa go ntse jalo, akanya ka paradaise ya semoya e re nang le yone gone jaanong. Fa e bapisiwa le bolwetse jwa semoya jo bo kileng jwa bo bo re tshwere, jaanong re fodile semoyeng. Gape o ka bapisa letlepu la dijo tsa semoya tse jaanong re di itumelelang le leuba le re neng re le mo go lone pele. Mo boemong jwa gore batho ba Modimo ba tshele bokete jaaka e kete ba mo nageng e e omeletseng ya semoya, Modimo o a ba amogela mme o ba nesetsa masego. (Isaia 35:1, 7) Ga re mo lefifing la semoya le le jaaka la molete, mme re bona lesedi la kgololesego le la go amogelwa ke Modimo. Batho ba le bantsi ba go neng go ntse  jaaka e kete ba susu fa go tliwa mo dipolelelopeleng tsa Baebele ba ile ba utlwa se Dikwalo di se bolelang ba bo ba se tlhaloganya. (Isaia 35:5) Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba le dimilionemilione go dikologa lefatshe ba ithutile boporofeti jwa ga Daniele, temana ka temana. Go tswa foo ba ne ba ithuta ka kelotlhoko kgaolo nngwe le nngwe ya buka ya Baebele ya Isaia. A dijo tse di lapolosang jalo tsa semoya ga se bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore re mo paradaiseng ya semoya?

11 Akanya le ka tsela e batho ba ba peloephepa ba mefuta yotlhe ba ileng ba fetola mekgwa ya bone ka teng fa ba ntse ba leka go tlhaloganya le go dirisa Lefoko la Modimo. Totatota, ba dirile ka natla go tlogela mekgwa ya bophologolo e ba kileng ba bo ba na le yone. Gongwe le wena o dirile jalo mme wa nna le matswela a a itumedisang, fela jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya. (Bakolosa 3:8-14) Ka jalo, fa o ntse o kopanela le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa, o mo gare ga batho ba jaanong ba ratang kagiso e bile ba le molemo go feta pele. Ee, gone ba sa ntse ba sa itekanela, mme ruri re ka se ka ra ba bitsa ditau tse di bolalome kgotsa dibatana tse di garolakang tsa naga. (Isaia 35:9) Go nna le botsalano jo bo nang le kagiso jaana jwa semoya go kaya eng? Go bontsha sentle gore re itumelela boemo jwa semoya jo re bo bitsang sentle re re ke paradaise ya semoya. Mme paradaise ya rona ya semoya e bontsha kafa go tla bong go ntse ka teng mo paradaiseng ya mo lefatsheng e re tla nnang mo go yone fa re ka nna re ikanyega mo Modimong.

12, 13. Re tshwanetse ra dirang gore re nne re le mo paradaiseng ya rona ya semoya?

12 Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se re sa tshwanelang go se tlodisa matlho. Modimo o ne a raya Baiseraele a re: “Lo boloke taelo yotlhe e ke e go laolelang gompieno, gore lo nonofe le gore ruri lo tsene lo rue lefatshe le lo kgabaganyetsang kwa go lone go ya go le rua.” (Duteronome 11:8) Yone naga eo e umakiwa mo go Lefitiko 20:22, 24: “Lo boloke melao ya me yotlhe le ditshwetso tsa me tsotlhe tsa boatlhodi lo bo lo di dire, gore lefatshe le ke lo tlisang kwa go lone gore lo nne kwa go lone le se ka la lo tlhatsetsa kwa ntle. Ka gone ke ne ka lo raya ka re: ‘Fa e le lona, lo tla rua lefatshe la bone, mme fa e le nna, ke tla le lo naya gore lo le rue, lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe.’” Ee, ba ne ba ka rua Lefatshe le le Solofeditsweng fa fela ba na le kamano e e molemo le Jehofa Modimo. E re ka Baiseraele ba ne ba sa utlwa Modimo, o ne a letla Bababelona gore ba ba fenye ba bo ba ba tlose mo lefelong le ba neng ba nna mo go lone.

13 Re ka tswa re itumelela dilo tse dintsi mo paradaiseng ya rona ya semoya. E monate e bile e a ritibatsa. Re mo kagisong le Bakeresete ba ba dirileng ka natla gore ba tlogele mekgwa ya bophologolo. Ba leka go nna pelonomi le go thusa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, gore re nne re le mo paradaiseng ya rona ya semoya ga re tlhoke fela go nna le kamano e e molemo le batho bano. Re tshwanetse go nna le kamano e e molemo le Jehofa re bo re dire thato ya gagwe. (Mika 6:8) Re tsene mo paradaiseng eno ya semoya ka go rata ga rona, mme re ka katogela kgakala le yone—kgotsa ra kobiwa mo go yone—fa re sa dire ka natla gore re nne re na le kamano e e molemo le Modimo.

14. Ke eng se se tla re thusang gore re nne re le mo paradaiseng ya semoya?

14 Sengwe sa botlhokwa se se tla re thusang ke gore re nne re nonotshiwe ke Lefoko la Modimo. Ela tlhoko puo ya tshwantshetso e e dirisitsweng mo go Pesalema 1:1-3: “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi . . . Mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. Mme ruri o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.” Mo godimo ga moo, dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tsa setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale di re naya dijo tsa semoya mo paradaiseng ya semoya.—Mathaio 24:45-47.

Go Nonotsha Se o Se Dumelang ka Paradaise

15. Ke ka ntlha yang fa Moshe a sa kgona go etelela Baiseraele pele go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, mme o ne a bona eng?

15 Akanya ka ponelopele e nngwe ya Paradaise. Fa Baiseraele ba sena go kgarakgatshega mo nageng ka dingwaga di le 40, Moshe o ne a ba etelela pele go ya kwa Dipoeng tsa Moabe, kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane. Ka ntlha ya phoso e Moshe a neng a kile a e dira, Jehofa o ne a dira tshwetso ya  gore Moshe o ne a ka se etelele Baiseraele pele go kgabaganya Joredane. (Dipalo 20:7-12; 27:12, 13) Moshe o ne a kopa Modimo jaana: “Mma ke kgabaganye tsweetswee, ke bone lefatshe le le molemo le le ka kwa ga Joredane.” Le fa Moshe a ne a ka se tsene mo lefatsheng leo, fa a sena go tlhatloga Thaba ya Pisega mme a bona dikgaolo tse di farologaneng tsa lone, o tshwanetse a bo a ile a lemoga gore e ne e le “lefatshe le le molemo.” O akanya gore lefatshe leo le ne le ntse jang?—Duteronome 3:25-27.

16, 17. (a) Lefatshe le le Solofeditsweng la metlha ya bogologolo le farologana jang le kafa le ntseng ka gone mo metlheng ya bosheng jaana? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka dumela gore Lefatshe le le Solofeditsweng le kile la bo le tshwana le paradaise?

16 Fa o ka araba o akantse kafa naga eo e ntseng e le ka teng mo metlheng ya bosheng, o ka nna wa akanya ka naga e e omeletseng, dikaka tse di tletseng mafika le mogote o o babolang. Le fa go ntse jalo, go na le lebaka la go swetsa ka gore kgaolo eo yotlhe e ne e sa nna jalo mo metlheng ya Baebele. Mo lokwalopakeng lwa Scientific American, moitse wa metsi le mmu e bong Dr. Walter C. Lowdermilk o ne a tlhalosa gore lefatshe leo le “sentswe ke go sa tlhokomelwe sentle ka diketekete tsa dingwaga.” O ne a kwala jaana: “‘Sekaka’ se se neng sa emisetsa lefatshe le pele le neng le ungwa sentle se dirilwe ke motho, ga se sa tlholego.” Tota e bile, dipatlisiso tsa gagwe di ne tsa bontsha gore “lefatshe leno e kile ya bo e le paradaise ya mafulo.” Go a bonala gore “paradaise ya mafulo” e sentswe ke batho ba ba neng ba sa e tlhokomele. *

17 Fa o akanya ka se o se badileng mo Baebeleng, o ka bona kafa go utlwalang ka teng go swetsa ka gore Lefatshe le le Solofeditsweng e ne e le paradaise ya mmatota. Gopola se Jehofa a neng a se tlhomamisetsa batho a dirisa Moshe: “Lefatshe le lo kgabaganyetsang kwa go lone go ya go le rua ke lefatshe le le nang le dithaba le mabala a mekgatšha. Le nwa metsi a pula ya magodimo; lefatshe le Jehofa Modimo wa gago a le tlhokomelang.”—Duteronome 11:8-12.

18. Isaia 35:2 e tshwanetse ya bo e ne ya dira gore Baiseraele ba ba ileng botshwarwa ba akanye gore Lefatshe le le Solofeditsweng le ne le tla nna jang?

18 Tsela e Lefatshe le le Solofeditsweng le neng le le letala e bile le ungwa ka yone e ne e dira gore fela fa go umakwa mafelo mangwe a lone motho a akanye ka maemo a a tshwanang le paradaise. Seno se bontshiwa sentle ke polelelopele e e mo go Isaia kgaolo 35, e e diragaditsweng la ntlha fa Baiseraele ba ne ba boa ba tswa kwa Babelona. Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Ruri le tla ntsha dithunya, mme le tla ipela ka boipelo le ka selelo sa boitumelo. Le tla newa kgalalelo ya Lebanona, le bontlentle jwa Karemele le Sharona. Go tla nna le ba ba tla bonang kgalalelo ya ga Jehofa, bontlentle jwa Modimo wa rona.” (Isaia 35:2) Lebanona, Karemele le  Sharona ke mafelo a e tshwanetseng ya bo e ne e re fa a umakwa, Baiseraele ba bo ba bona ka leitlho la mogopolo lefelo le le kgotsofatsang, le lentle.

19, 20. (a) Tlhalosa naga ya Sharona wa bogologolo. (b) Re ka nonotsha tsholofelo ya rona ka Paradaise jang?

19 Akanya ka Sharona, dipoa tse di fa gare ga dithaba tsa Samarea le Lewatle le Legolo, kgotsa Mediterranean. (Bona setshwantsho mo tsebe 10.) E ne e itsege ka bontle jwa yone le go ungwa ga yone. E ne e le naga e e nang le metsi a mantsi, ka jalo e ne e tshwanela go nna mafulo, mme gape e ne e na le dikgwa le ditlhare tse dikgolo tsa moakere kwa dikarolong tse di kwa bokone. (1 Ditiragalo 27:29; Sefela sa Difela 2:1, ntlha e e kwa tlase mo go NW; Isaia 65:10) Ka jalo Isaia 35:2 e ne e bolelela pele ka tsosoloso le lefatshe le le penologang ka bontle, le bo le nna jaaka paradaise. Gape boporofeti joo bo ne bo bolela ka paradaise e e itumedisang ya semoya, go dumalana le se Paulo a neng a se bona moragonyana mo ponatshegelong. Labofelo, polelelopele eno mmogo le tse dingwe, di nonotsha tsholofelo ya rona ya gore batho ba tla nna mo lefatsheng la paradaise.

20 Fa re ntse re le mo paradaiseng ya rona ya semoya, re ka nonotsha tsela e re e anaanelang ka yone le tsholofelo e re nang le yone ka Paradaise ya mo lefatsheng. Jang? Ka go oketsa tsela e re tlhaloganyang ka yone se re se balang mo Baebeleng. Ditlhaloso tsa Baebele le dipolelelopele gantsi di umaka mafelo mangwe. A o ka rata go tlhaloganya mo go oketsegileng gore mafelo ano a ne a le fa kae le gore a ne a amana jang le mafelo a mangwe? Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka gore o ka dira seo jang ka tsela e e tla go solegelang molemo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Denis Baly mo bukeng ya The Geography of the Bible a re: “Tsela e dimela di golang ka yone mo nageng eno e tshwanetse ya bo e ile ya fetoga fela thata fa e sa le mo metlheng ya Baebele.” Seo se bakilwe ke eng? “Batho ba ne ba tlhoka dikgong tsa go gotsa le tsa go aga mme ka jalo . . . ba simolola go kgaola ditlhare mme seno sa dira gore naga e se ka ya kgona go itshokela maemo a a sa itumediseng a bosa. Ditlamorago tsa go tshwenngwa ga naga ka tsela eno e ne ya nna gore tlelaemete . . . ka iketlo e nne lone lebaka le legolo la go senyega ga naga.”

A o A Gakologelwa?

• Moaposetoloi Paulo o ne a bona “paradaise” efe mo ponatshegelong?

Isaia kgaolo 35 e ne ya diragadiwa jang la ntlha, mme e amana jang le se Paulo a neng a se bona mo ponatshegelong?

• Re ka nonotsha jang tsela e re anaanelang paradaise ya rona ya semoya ka yone le tsholofelo ya rona ya lefatshe la paradaise?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Dipoa tsa Sharona, lefelo le le ungwang mo Lefatsheng le le Solofeditsweng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Moshe o ne a lemoga gore e ne e le “lefatshe le le molemo”